Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Senola Modi wa Bothata

Go Senola Modi wa Bothata

 Go Senola Modi wa Bothata

“Gantsi, go tshwenyega thata mo maikutlong ga basha ga go bakwe ke selo se le sengwe fela mme go bakwa ke dilo di le mmalwa.”—Dr. Kathleen McCoy.

KE ENG se se dirang gore basha ba tshwenyege thata mo maikutlong? E ka tswa e le ka ntlha ya mabaka a le mmalwa. Selo se sengwe ke gore diphetogo tse di nnang teng mo mmeleng le mo maikutlong tse di tlisiwang ke nako ya boroba di ka dira gore basha ba ikutlwe ba sa tlhomamisege ka sepe e bile ba le mo poifong, e leng se se dirang gore ba nne mo kotsing thata ya go nna le maikutlo a a sa siamang. Gape, gantsi basha ba ka nna le maikutlo a a sa siamang fa ba akanya gore ba kgaphetswe kwa thoko ke dithaka tsa bone kgotsa motho mongwe wa bong bo sele yo ba neng ba mo rata. Gape, jaaka go begilwe mo setlhogong sa rona sa ntlha, gompieno basha ba golela mo lefatsheng le le ka dirang gore ba tshwenyege thata mo maikutlong. Ruri re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana la tsone.’—2 Timotheo 3:1.

Se se etegetsang bothata ke gore basha ba lebane le mathata a botshelo e le la ntlhantlha, mme ga ba na bokgoni le fa e le maitemogelo a bagolo ba nang le one. Ka gone, gantsi basha ba nna jaaka bajanala ba ba tsereng loeto mo lefelong le ba sa le itseng—ba tsamaya ba ntse ba timela mme ba sa ikemisetsa go kopa thuso. Maemo ano e ka nna one a a bakang gore ba tshwenyege thata mo maikutlong.

Mme go na le dilo tse dingwe gape di le mmalwa tse di ka dirang gore basha ba tshwenyege thata mo maikutlong. Mma re sekaseke di sekae fela.

Go Tshwenyega Thata mo Maikutlong le go Latlhegelwa

Ka dinako tse dingwe, go tshwenyega thata mo maikutlong go bakwa ke go latlhegelwa fela thata—gongwe go swelwa ke mongwe yo o mo ratang kgotsa go latlhegelwa ke motsadi ka ntlha ya tlhalo. Tota le go swa ga seruiwa sa fa gae go ka dira gore mosha a utlwe botlhoko thata.

Go na le dilo tse dingwe gape tse di sa bonaleng go le kalo tse di ka latlhegelang mosha. Ka sekai, go fudugela kwa lefelong le lengwe go raya go kgaogana le lefelo le a le itseng sentle le ditsala tse a di ratang. Tota le go palelwa ke go fitlhelela mokgele o a o batlang ka pelo yotlhe—jaaka go aloga kwa sekolong se segolo—go ka dira gore a ikutlwe a latlhegetswe. Aitsane, go simolola botshelo jo bosha go raya go latlhegelwa ke thetebalo le tshireletsego tse a neng a na le tsone mo nakong e e fetileng. Gape go na le basha ba ba tshwanetseng go itshokela mofuta mongwe wa bolwetse jo bo tsayang lobaka lo loleele. Mo boemong jo bo ntseng jalo, fa mosha a utlwa  botlhoko ka gonne a farologane le dithaka tsa gagwe—gongwe le go tlhokomologiwa ke tsone—seno se ka nna sa dira gore a ikutlwe a sa tshwane le batho ba bangwe.

Ke boammaaruri gore basha ba le bantsi ba lebana le mathata a a ntseng jalo a go latlhegelwa ba bo ba sa hutsafale go feta selekanyo. Ba utlwa botlhoko, ba a lela, ba a hutsafala—mme fa nako e ntse e tsamaya ba tlwaela maemo a bone. Le fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa basha ba le bantsi ba kgona go itshokela mathata a botshelo mme ba bangwe bone a ba fekeetsa gore ba bo ba tshwenyege thata mo maikutlong? Ga re na dikarabo tse di motlhofo, ka gonne go tshwenyega thata mo maikutlong ke bothata jo bo raraaneng. Mme basha bangwe bone ba ka tswa ba tshabelelwa ke go tshwenyega thata mo maikutlong go feta ba bangwe.

Bothata Jwa Dikhemikale

Diporofeshenale di le dintsi tsa botsogo jwa tlhaloganyo di dumela gore go sa lekalekane ga dikhemikale mo bobokong ke sone selo sa konokono se se bakang go tshwenyega thata mo maikutlong. * Go sa lekalekane ga tsone go ka tshelanwa ka dijini, ka gonne babatlisisi ba lemogile gore basha ba ba nang le motsadi yo o nang le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong ba mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jono. Buka ya Lonely, Sad and Angry e bolela jaana: “Gantsi bana ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba na le bobotlana motsadi a le mongwe yo le ene a nang le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong.”

Seno se tsosa potso e e latelang, A tota bana ba tsholwa ba na le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong, kgotsa ba ithuta go tshwenyega thata mo maikutlong ka go nna le motsadi yo o tshwerweng ke bolwetse jono? Ga go motlhofo go araba potso eno ka gonne boboko bo raraane ka tsela e e boitshegang fela jaaka dilo tse dingwe tse dintsi tse di ka tswang di dira gore basha ba tshwenyege thata mo maikutlong le tsone di raraane fela jalo.

Go Tshwenyega Thata mo Maikutlong le Seemo sa mo Lapeng

Go tshwenyega thata mo maikutlong go bidiwa kgang ya mo lapeng mme ka lebaka le le utlwalang. Jaaka go setse go umakilwe, go ka tswa go na le jini e e fetisang tshekamelo eno ya go tshwenyega thata mo maikutlong go tswa kokomaneng e nngwe go ya go e nngwe. Mme seemo sa mo lapeng le sone se ka tswa se na le seabe. Dr. Mark S. Gold o kwala jaana: “Bana ba ba sotlwang ke batsadi ba mo kotsing ya go tshwenyega thata mo maikutlong. Go ntse jalo le ka bana ba batsadi ba bone ba ratang go ba tshwayatshwaya diphoso ka tsela e e feteletseng e bile ba rata go tlhoma mogopolo wa bone thata mo makoeng a bone.” Gape bana ba ka tshwenyega thata mo maikutlong fa batsadi ba bone ba ba bontsha lorato go feta selekanyo e bile ba ba sireletsa go feta selekanyo. Le fa go ntse jalo, se se kgatlhang ke gore mmatlisisi mongwe o ne a lemoga gore bana ba ka tshwenyega thata mo maikutlong motlhofo fela fa batsadi ba bone ba bontsha go sa ba kgathalele.

Le fa go ntse jalo, seno ga se bolele gore basha botlhe ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba a bo ba dirilwe jalo ke go bo batsadi ba bone ba sa ba tshwara sentle. Go leba kgang eno ka tsela e e feteletseng jalo go ka dira gore re tlhokomologe dilo tse dingwe tse dintsi tse di ka bakang bothata jono. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe seemo sa mo lapeng ke sone se ka nnang sa baka bothata. Dr. David G. Fassler o kwala jaana: “Bana ba ba nnang mo magaeng a mo go one go nang le dikgotlhang tse di sa feleng fa gare ga batsadi ba mo kotsing e kgolo ya go tshwenyega thata mo maikutlong go na le bana ba ba golelang mo tikologong e e didimetseng. Lebaka le lengwe ke gore batsadi ba ba lwang ba tshwarega thata ka dikomano tsa bone mo e leng gore ba tlhokomologa dilo tse bana ba bone ba di tlhokang. Le lengwe ke gore gantsi batsadi ba dira bana ba bone lebaka la go omana, se se dirang gore bana ba ikutlwe ba le molato, ba galefile e bile ba ba tlhoile.”

Ano ke mangwe fela a mabaka a a ka nnang a dira gore basha ba tshwenyege thata mo maikutlong. Go na le a mangwe gape. Ka sekai, bomankge bangwe ba bolela gore dilo dingwe tse di diregang mo tikologong (tse di jaaka go ja dijo tse di se nang dikotla, dilo tse di botlhole le go dirisa diokobatsi) di ka dira gore ba tshwenyege thata mo maikutlong. Bangwe ba tlhalosa gore melemo mengwe ya kalafi (e e jaaka di-antihistamine le diritibatsi) le tsone di ka baka bothata jono. Gape, go bonala bana ba ba nang le bokoa jwa go ithuta le bone ba nna le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong gongwe ka gonne ba latlhegelwa ke seriti sa bone fa ba lemoga gore ga ba kgone jaaka bana ba ba mo tlelaseng le bone.

Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore bo bakwa ke eng, go botlhokwa go akanya ka potso e e reng, Basha ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba ka thusiwa jang?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Bangwe ba belaela gore le fa batho ba le bantsi ba ba nang le bolwetse jono ba tsholwa ba na le bothata jwa go sa lekalekane ga dikhemikale, ba bangwe ba simolola ba itekanetse mme ba bo ba tshabelelwa ke bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong fa tiragalo nngwe e e utlwisang botlhoko e fetola dikhemikale tsa boboko jwa bone.

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Dikgotlhang tsa mo lapeng gantsi di nna sengwe sa dilo tse di bakang go tshwenyega thata mo maikutlong