Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motswedi wa Letlhoo

Motswedi wa Letlhoo

 Motswedi wa Letlhoo

LETLHOO le sa le le nna teng kwa tshimologong ya hisitori ya motho. Pego ya Baebele mo go Genesise 4:8 e bolela jaana: “Go ne ga diragala gore fa ba le kwa nageng Kaine a tlhasele Abele monnawe mme a mmolaye.” “Mme ke ka ntlha yang a ne a mmolaya?” go botsa jalo mokwadi wa Baebele e bong Johane. “Ka gonne ditiro tsa gagwe di ne di le boikepo, mme tsa ga morwarraagwe di siame.” (1 Johane 3:12) Abele o ne a bolawa ka ntlha ya sengwe sa dilo tse gantsi di bakang letlhoo: lefufa. Diane 6:34 e bolela jaana: “Tšararego ya monna yo o nonofileng ke lefufa.” Gompieno, go fufegela batho ka ntlha ya maemo a bone mo setšhabeng, khumo, madi le dilo tse dingwe tse ba di itumelelang, go tswelela go lotlhanya batho.

Go Tlhoka Kitso le Poifo

Le fa go ntse jalo, lefufa ke se le sengwe fela sa dilo tse dintsi tse di bakang letlhoo. Gantsi letlhoo le bakwa le ke go tlhoka kitso le go boifa. Mosha mongwe yo e leng leloko la setlhopha se se tletseng tlhaolele o ne a bolela jaana: “Pele ke ithuta letlhoo, ke ne ka ithuta go boifa.” Gantsi poifo e e ntseng jalo e bakwa ke go tlhoka kitso. Go ya ka The World Book Encyclopedia, batho ba ba tlhaolang ba bangwe ba na le go dumela dilo dingwe “tse ba sa batleng go di fetola le fa ba bona gore di phoso. . . . Batho ba ba tlhaolang batho ba bangwe ba na le go sokamisa dintlha, go di tlhalosa ka tsela e e seng boammaaruri, kgotsa go di itlhokomolosa ka gonne di thulana le dikgopolo tsa bone.”

Dikgopolo tseno di tswa kae? Tshedimosetso nngwe e e tswang mo Internet e bolela jaana: “Ditiragalo tsa nako e e fetileng di bakile gore batho ba ditso di le dintsi ba se ka ba leba ba ditso tse dingwe sentle, mme se se re diragaletseng ka namana  le sone se bakile bothata jo bo seng kana ka sepe jwa tlhaolele.”

Ka sekai, kwa United States, go rekisiwa ga batho gore ba dirwe makgoba go bakile bothata jwa dikgotlhang fa gare ga batho ba le bantsi ba basweu le batho ba Baafrika—dikgotlhang tse di ntseng di tswelela pele le gompieno. Gantsi, batsadi ba ruta bana dikgopolo tse di maswe ka batho ba ditso di sele. Motho mongwe yo mosweu yo o ipolelang ka boene gore o na le moya wa go tlhaola batho ka ntlha ya lotso lwa bone o ne a bolela gore o ne a simolola go tlhoa batho jalo ka ntlha ya lotso “le fa gone a ise a ko a nne le tirisano epe le batho ba bantsho.”

Gape go na le ba ba dumelang fela gore batho ba ba sa tshwaneng le bone ga ba a siama. Motho a ka nna a nna le kgopolo eno ka ntlha ya go bo motho mongwe wa morafe o sele a kile a mo dira sengwe se se sa siamang. Fa seo se sena go direga, ba dira tshwetso e e feteletseng ya gore mongwe le mongwe wa morafe oo kgotsa wa lotso loo ga a siama.

Le fa tlhaolele e sa siama le fa e dirwa ke motho a le mongwe fela, e ka nna kotsi tota fa e dirwa ke setšhaba sotlhe kgotsa lotso lotlhe. Go dumela ga motho gore setšhaba sa gagwe, mmala wa gagwe wa letlalo, lotso lwa gagwe, kgotsa puo e a e buang e dira gore a nne kwa godimo ga ba bangwe go ka dira gore a nne le moya wa tlhaolele le gore a se ka a baya batswakwa sebete. Mo lekgolong la bo20 la dingwaga, gantsi moya o o ntseng jalo wa tlhaolele o ne o bontshiwa ka tirisadikgoka.

Se se kgatlhang ke gore letlhoo le moya wa tlhaolele ga se gore di bakwa fela ke mmala wa letlalo kgotsa bosetšhaba. Mmatlisisi e bong Clark McCauley wa Yunibesithi ya Pennsylvania o kwala gore “go kgaoganya batho fela ka ditlhopha tse pedi, tota le ka go kgatikanya fela ledi la tshipi, go ka dira gore motho a rate setlhopha se a leng mo go sone go feta se sengwe.” Morutabana mongwe wa mophato wa boraro o ne a supa seno ka go dira teko e e rategang thata, a kgaoganya setlhopha sa barutwana ba gagwe ka ditlhopha tse pedi—sa bana ba ba nang le matlho a a pududu le sa ba ba nang le matlho a  marokwa. Go ise go ye kae, go ne ga tsoga letlhoo fa gare ga ditlhopha tseno tse pedi. Le botsalano jo bo bakwang ke dilo tse di sa reng sepe tse di jaaka go rata setlhopha se le sengwe sa motshameko bo ka baka dikgotlhang tse di tsalang thubakanyo.

Ke Eng Fa go Na le Thubakanyo e e Kanakana?

Mme ke ka ntlha yang fa letlhoo le le ntseng jalo gantsi le bontshiwa ka ditiro tsa thubakanyo? Babatlisisi ba ile ba sekaseka dikgang tseno fela thata mme ba sa ntse ba kgona go ntsha dikarabo tse e leng dikgopolo fela. Clark McCauley o ne a kwala pego e telele thata ya dipatlisiso tse di dirilweng malebana le thubakanyo le ditlhaselo tse di dirwang ke batho. O nopola patlisiso nngwe e e bontshang gore “bokebekwa jwa thubakanyo bo amana le go lwa dintwa le go di fenya.” Babatlisisi ba fitlhetse gore “ditšhaba tse di nnang le seabe mo Ntweng ya Lefatshe I le mo Ntweng ya Lefatshe II, segolo jang ditšhaba tse di fenyang mo dintweng tseno, di tswelela pele ka dipolaano fa ntwa e sena go fela.” Go ya ka Baebele, re tshela mo motlheng wa ntwa. (Mathaio 24:6) A e ka tswa e le gore ka tsela nngwe dintwa tse di ntseng jalo di dirile gore mefuta e mengwe ya thubakanyo e oketsege?

Babatlisisi ba bangwe ba batla tlhaloso ya thutotshelo gore ba kgone go tlhalosa ditlhaselo tse di dirwang ke batho. Patlisiso nngwe e ile ya leka go amanya ditlhaselo tsa mefuta mengwe le “go ngotlega ga serotonin mo bobokong.” Kgopolo e nngwe e e tumileng thata ke ya gore go tlhasela ba bangwe ke mokgwa o o mo dijining o motho a tsetsweng ka one. Rasaense mongwe wa dipolotiki o ne a bolela jaana: “Bontsi jwa letlhoo e ka tswa e le le motho a le gotsitseng.”

Baebele ka boyone e bolela gore batho ba ba sa itekanelang ba tsalwa ba na le mekgwa e e sa siamang le bogole bongwe. (Genesise 6:5; Duteronome 32:5) Gone ke boammaaruri gore mafoko ao a dira mo bathong botlhe. Mme ga se batho botlhe ba ba tlhoileng ba bangwe ka ntlha ya mabaka a a sa utlwaleng. Seo ke se batho ba tshwanetseng ba se ithuta. Ka jalo, moithutatlhaloganyo mongwe yo o itsegeng thata e bong Gordon W. Allport o ne a bontsha gore masea “ga a na . . . maikutlo ape a a sa siamang. . . . Lesea le na le maikutlo a a siameng, le tsibogela sengwe le sengwe le mongwe le mongwe.” Dikakgelo tse di ntseng jalo di tlatsa ntlha ya gore go tlhasela ba bangwe, go nna le moya wa tlhaolele le letlhoo tota ke mekgwa e e ithutiwang mo go ba bangwe! Go bonala bokgoni jono jwa batho jwa go ithuta letlhoo bo ntse bo dirisiwa thata ke batho ba ba rutang ba bangwe letlhoo.

Go Tlhotlheletsa Megopolo ka Tsela e e Bosula

Ba ba di gogang kwa pele ke baeteledipele ba ditlhopha tse di farologaneng tse di tletseng letlhoo, tse di jaaka botlhogoborethe ba ba tshegetsang Bonasi le ditlhopha tsa Ku Klux Klan. Ditlhopha tseno gantsi di kobile basha ba ba sa ntseng ba na le tlhaloganyo e e bobebe ba ba mo malapeng a a sa ba tlhokomeleng sentle gore ba ba tsenye mo ditlhopheng tsa bone. Basha ba ba tshwenngwang ke maikutlo a go nyatsega le go ipona ba se sepe ba ka nna ba ikutlwa gore go tsena mo ditlhopheng tse di tlhoileng ba bangwe go dira gore ba nne le ditsala.

Internet ke sedirisiwa se se maatla thata se bangwe ba se dirisitseng go rotloetsa letlhoo. Go ya ka dipalopalo tsa bosheng jaana, go ka tswa go na le diaterese tsa Internet di le 1 000 tse di tlhotlheletsang letlhoo. Makasine wa The Economist o nopola mongwe yo o nang le aterese ya Internet e e tlhotlheletsang letlhoo a ikgantsha a re: “Internet e re neile sebaka sa go tlhalosetsa batho ba le makgolo a a diketekete maikutlo a rona.” Aterese ya gagwe ya Internet e na le “Aterese ya Bana [Kids’ Page].”

Fa basha ba dingwaga tsa bolesome ba ntse ba batla mmino mo teng ga Internet, ba ka nna ba fitlha  mo dikarolong tse ba ka kopang mmino wa letlhoo mo go tsone. Gantsi mmino o o ntseng jalo o kwa godimo e bile o tletse thubakanyo, mme mafoko a one a na le melaetsa e e tletseng moya wa tlhaolele. Diaterese tseno tsa Internet le tsone di kgona go golaganya motho le ditlhopha tse di farologaneng tsa batho ba a ka buisanang le bone ka khomputara kgotsa le diaterese tse dingwe tsa Internet tse di tlhotlheletsang letlhoo.

Diaterese dingwe tsa Internet tse di tlhotlheletsang letlhoo di na le dikarolo tse di kgethegileng tse di nang le metshameko le ditiro dingwe tse basha ba ka di dirang. Aterese nngwe ya Internet ya setlhopha se se tshegetsang Bonasi se leka go dirisa Baebele go buelela tlhaolele le go ila Bajuda. Gape, setlhopha seno se dirile aterese e e nang le di-crossword puzzle tse di nang le dikakgelo tse di nang le moya wa tlhaolele. Boikaelelo jwa sone ke eng? “Go thusa basha ba setšhaba sa batho ba basweu go tlhaloganya ntwa e re e lwang.”

Mme ga se batlhotlheletsi botlhe ba letlhoo ba ba tswang mo gare ga batho bano ba ba feteletsang dilo. Moithutaloago mongwe yo o kwadileng ka dikgotlhang tsa bosheng jaana tsa kwa dinageng tsa Balkan o ne a bolela jaana ka bakwadi bangwe ba ba itsegeng le batho ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo mo setšhabeng: “Ke ne ka sala ke gakgametse tota go [ba] bona ba simolola mokgwa wa go kwala o o kgotsofatsang maikutlo a a bosula tota a batho ba naga ya bone, o o tlhotlheletsang letlhoo le legolo, o o dirang gore ba se ka ba leba boitshwaro bope jaaka jo bo ileditsweng . . . , e bile ba sa bontshe dilo jaaka di ntse.”

Sengwe se re sa tshwanelang go se tlodisa matlho mo kgannyeng eno ke seabe sa baruti. Mokwadi James A. Haught o dira kakgelo eno e e tshosang mo bukeng ya gagwe ya Holy Hatred: Religious Conflicts of the ’90’s: “Selo se se gakgamatsang thata mo dingwageng tsa bo1990 ke gore bodumedi—jo bo ka bong bo rotloetsa bopelonomi le go amega ka batho ba bangwe—ke jone bo di gogang kwa pele mo go bakeng letlhoo, ntwa le borukhutlhi.”

Ka jalo, go bonala dilo tse di bakang letlhoo di le dintsi e bile di raraane. A seno se bolela gore ga go na tsela e ka yone batho ba ka tilang go boeletsa boeleele jwa hisitori ya bone e e tletseng letlhoo? A go na le sengwe se motho ka bongwe a ka se dirang kgotsa se se ka dirwang ke batho mo lefatsheng lotlhe go fedisa dikgotlhang, botlhokakitso le poifo, tse e leng tsone di tsalang letlhoo?

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

Moya wa tlhaolele le letlhoo ke mekgwa e e ithutiwang mo go ba bangwe!

[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Ga re tsalwe re na le . . .

. . . maikutlo a letlhoo le moya wa tlhaolele

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Ditlhopha tsa batho ba ba letlhoo di dirisa Internet go tsenya basha mo ditlhopheng tsa bone

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Gantsi bodumedi bo baka dikgotlhang

[Motswedi wa Setshwantsho]

AP Photo