Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dirisa Diokobatsi ka Tsela E e Sa Tshwanelang—Go na Le Tharabololo!

Go Dirisa Diokobatsi ka Tsela E e Sa Tshwanelang—Go na Le Tharabololo!

 Go Dirisa Diokobatsi ka Tsela E e Sa Tshwanelang—Go na Le Tharabololo!

“KHOKEINI e Ntsi e Fitlhetswe mo Mabotlolong a Beine.” Pego ya lokwalodikgang ya setlhogo seo e ne ya tlhalosa kafa mapodise mo Johannesburg, mo Afrika Borwa a neng a tshwara lebokoso le legolo le go romelwang dithoto ka lone le le nang le mabotlolo a le 11 600 a a nang le beine ya kwa Amerika Bokone. Beine eno e ne e tswakantswe le khokeine ya dikilogerama tse di magareng ga 150 le 180. Go ne go dumelwa gore go tla go fitlha nako eo, seno ke khokeine e ntsi go gaisa epe fela e e kileng ya tsenngwa mo nageng ka bokukuntshwane.

Le fa go tshwarwa ga diokobatsi ka tsela eno go ka tswa go kgothatsa, boammaaruri ke gore mo lefatsheng lotlhe, mapodise a tshwara mo e ka nnang diperesente di le 10 go ya go di le 15 fela tsa diokobatsi tse di sa letlelelwang semolao. Ka maswabi, seno se tshwana le fa modiri wa mo tshingwaneng a tlhotlhora makakaba a setlhare sa modi o o golang thata o o senyang mme a tlogela modi oo mo mmung.

Dipoelo tse di seng kana ka sepe tse di dirilweng ka diokobatsi di dira gore puso e se ka ya kgona go thibela go dirwa ga tsone le go rekisiwa ga tsone. Kwa United States fela, go fopholediwa gore ngwaga le ngwaga, go dirwa dimilione tse di diketekete tsa diranta ka go rekisa diokobatsi tse di sa letlelelwang semolao. E re ka seno se ama madi a le mantsi jalo, ga go gakgamatse go bo batlhankedi bangwe ba  mapodise le ba puso, le bangwe ba maemo a a kwa godimo ba dira ditiro dingwe tsa boferefere.

Alex Bellos wa lekwalodikgang la beke le beke la The Guardian Weekly o ne a bega go tswa kwa Brazil gore go ya ka patlisiso e e neng ya dirwa mo palamenteng, “banna ba le bararo ba kongerese, bathusababusi ba le 12 ba mo pusong le boratoropo ba le bararo ba ne ba umakiwa ka maina . . . mo lenaaneng la batho ba ba fetang 800 ba go neng go twe ba ne ba nna le seabe mo bokebekweng jo bo rulagantsweng le mo go rekiseng diokobatsi kwa Brazil.” Lenaane leno gape le ne le akaretsa “mapodise, boramolao, batho ba kgwebo le balemirui mo dinageng di le 17 tsa tse 27.” Porofesa ya dipolotiki kwa Brasília University o ne a bolela jaana ka pego eno: “Ke mafoko a a pegang setšhaba sotlhe sa Brazil molato.” Go ka bolelwa se se tshwanang le ka ditšhaba tse dingwe tse dintsi tse di dirisang diokobatsi thata. Melao ya mebaraka ya go dira le go rekisa ke yone e e bakang bothata.

E re ka dithibelo dingwe tsa semolao di sa atlege, batho bangwe ba buelela go letlelelwa ga diokobatsi dingwe semolao. Kgopolo e bontsi bo nang le yone ke gore batho ba tshwanetse go letlelelwa gore ba nne le diokobatsi di le dinnye fela tse ba tla di dirisang. Go akanngwa gore seno se tla dira gore go nne motlhofo gore puso e di laole e bile go tla fokotsa dipoelo tse di seng kana ka sepe tsa madi tse baeteledipele ba ba okametseng thekiso ya diokobatsi ba nnang le tsone.

Bangwe ba a Atlega

Dilo tse di dirang gore batho ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi ba di tlogele di simolola pele ka go ba ntsha mo diokobatsing mme morago ga moo di bo di tokafatsa boitekanelo jwa bone jwa mmele. Maswabi ke gore, fela fa motho yo o tshwakgogileng a boela gape mo maemong a gagwe a a a tlwaetseng, o tla raelesega go simolola go dirisa diokobatsi gape. Mokwadi e bong Luigi Zoja o ntsha lebaka la seno: “Ga go kgonege go tlosa mokgwa o molwetse a nang le one kwantle ga go dira gore a simolole go akanya ka tsela e ntšha.”

Darren, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, o ne a simolola go “akanya ka tsela e ntšha” e e neng ya fetola botshelo jwa gagwe. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke le molatolamodimo yo mogolo, mme fa nako e ntse e tsamaya, le fa ke ne ke le mo maibing a diokobatsi go simolola mo mosong go fitlha maitseboa, ke ne ka lemoga gore Modimo o tshwanetse a bo a le teng. Mo lobakeng lwa dikgwedi di le pedi kgotsa di le tharo, ke ne ka leka go kgaogana le diokobatsi, mme ditsala tsa me di ne di sa batle ke di gana. Le fa ke ne ka tswelela ke di dirisa, ke ne ka simolola go bala Baebele ka metlha pele ke ya go robala. Ke ne ka simolola go ngotla nako e ke neng ke e senya le ditsala tsa me. Maitseboa mangwe nna le tsala e ke neng ke nna le yone re ne re tagilwe thata ke diokobatsi. Ke ne ka mmolelela ka Baebele. Mo mosong o o latelang o ne a founela mogolowe yo e neng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a re bolelela ka Mosupi mongwe yo o neng a nna mo toropong e re neng re nna mo go yone, mme ke ne ka ya kwa go ene.

“Re ne ra tlotla go fitlha ka 11:00 p.m., mme ke ne ka boa ke tshwere dikgatiso di le dintsi tse di neng di nthusa go ithuta Baebele. Ke ne ka simolola go ithuta Baebele le ene mme ka tlogela go dirisa diokobatsi ka tsela e e  sa tshwanelang ka ba ka tlogela go goga motsoko. Mo e ka nnang dikgwedi di le robonngwe moragonyana, ke ne ka kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.”

Ga go motlhofo go tlogela diokobatsi. Michael, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, o bolela ka mathata a a ileng a nna le one fa a ne a tlogela go dirisa diokobatsi morago ga go di dirisa ka tsela e e sa tshwanelang dingwaga di le 11: “Go ne go se motlhofo go ja mme boima jwa mmele wa me bo ne jwa fokotsega. Gape ke ne ke na le go swa bogatsu, ke fufulelwa le go bona e kete batho ba dikaganyeditswe ke lesedi. Ke ne ka tlelwa ke keletso e e nonofileng thata ya go batla go dirisa diokobatsi gape, mme go atamela Jehofa ka thapelo le go ithuta Baebele go ne ga nthusa gore ke nne ke ntse ke le phepa.” Batho bano ba ba neng ba dirisa diokobatsi mo nakong e e fetileng ba dumela gore go ne go le botlhokwa tota go kgaogana gotlhelele le ditsala tsa bone tsa pele.

Lebaka La go Bo Maiteko a Batho a Folotsa

Go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang ke bongwe jwa mathata a magolo mo lefatsheng lotlhe. Lefatshe lotlhe le ngangatletswe ke tlhotlheletso e e seng kana ka sepe ya go dira bosula, bothubaki le bosetlhogo. Baebele e bolela jaana: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Moaposetoloi Johane o tlhalosa “yo o boikepo” yono jaana mo go Tshenolo 12:9: “Jalo kgogela e kgolo ya piriganyediwa kwa tlase, noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane, yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni; ya piriganyediwa kwa tlase kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase le yone.”

Mo godimo ga makoa a motho a nang le one, o ile a tshwanelwa ke go lwantshana le mmaba yo o nonofileng. Satane ke ene yo kwa tshimologong a ileng a dira gore motho a tsene mo mathateng. O ikemiseditse go senya batho le go feta le go ba faposetsa kgakala le Modimo. Go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang ga batho go bonala e le lengwe la maano a a a dirisang. O galefile tota ka gonne a itse gore “o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.”—Tshenolo 12:12.

Modimo o Tla Rarabolola Dilo Jang?

Baebele e re bolelela ka paakanyetso e e molemo ya Mmopi ya go golola batho mo boleong. Re bolelelwa jaana mo go 1 Bakorintha 15:22: “Fela jaaka mo go Adame botlhe ba swa, jalo le mo go Keresete botlhe ba tla tshedisiwa.” Jesu o ne a tla mo lefatsheng ka go rata e le motho yo o itekanetseng mme a ntsha botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng setlhabelo gore a golole batho mo diphelelong tsa boleo le loso.

Fa batho ba le bantsi ba sena go itse lebaka la go bo batho ba swa mmogo le tharabololo ya mathata a batho, ba ile ba tlhotlheletsega ba bo ba nna pelokgale go tlogela diokobatsi. Mme Baebele e bua ka se se fetang fela go thusa batho ka bongwe go lwantshana le bothata jwa go dirisa diokobatsi gone jaanong. E re bolelela ka nako e e tla reng fa tlhotlheletso ya ga Satane e se na go fedisiwa, mathata otlhe mo lefatsheng go akaretsa le go sa diriseng diokobatsi a tla fedisiwang ka bosakhutleng.

Buka ya Tshenolo e tlhalosa “noka ya metsi a botshelo, e galalela jaaka legweka, e elela e tswa kwa setulong sa bogosi sa Modimo le sa Kwana.” (Tshenolo 22:1) Metsi ano a tshwantshetso a emela dipaakanyetso tsa Modimo ka Jesu Keresete tsa go naya batho botshelo jo bo itekanetseng gape mo lefatsheng la paradaise. Tshenolo e tlhalosa ditlhare tsa botshelo tse di golang bontle kafa thoko ga metsi e bo e tlhalosa jaana: “Matlhare a ditlhare tseno e ne e le a go alafa ditšhaba.” (Tshenolo 22:2) Matlhare ao a tshwantshetso a emela dipaakanyetso tsa phodiso tsa ga Jehofa tsa go dira gore batho ba itekanele gape mo semoyeng le mo mmeleng.

Kgabagare batho ba tla bo ba gololesegile, e seng fela mo go diriseng diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang mme gape le mo malwetseng le mo mathateng a a aparetseng batho mo tsamaisong eno e e senyegileng!

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

Matekwane a Babalesegile go le Kana Kang?

Dinaga di le mmalwa di batla gore matekwane a letlelelwe semolao, gore segolobogolo a dirisiwe mo go tsa kalafi. Go lemogilwe gore seokobatsi seno se fokotsa bothata jwa go feroga sebete jo bo bakwang ke kalafi ya dikhemikale, mme go bonala se thusa batho ba ba tshwerweng ke AIDS go lepalepana le bothata jwa go se eletse dijo. Gape se ile sa dirisiwa jaaka molemo o o kokobetsang ditlhabi.

Le mororo go sa dumalanwe ka diphelelo tsa dipatlisiso tse di dirilweng, diteko tse go neng ga begwa ka tsone mo makasineng wa New Scientist di ile tsa bontsha dingwe tsa diphelelo tse di kotsi tse di bakwang ke matekwane.

Teko e e neng ya dirwa kwa Yunibesithi ya Harvard e ne ya bapisa setlhopha sa batho ba ba neng ba goga matekwane letsatsi le letsatsi le batho ba ba neng ba sa a dirise thata. Go ne ga fitlhelwa go se na pharologano e e kalo mo tseleng e matekwane a amang tlhaloganyo ya batho bano ka yone. Le fa go ntse jalo, fa go ne go dirwa teko ya go bona gore a ba ka kgona go lepalepana le maemo a masha, batho ba ba neng ba dirisa matekwane thata ba ne ba lebega ba palelwa fela thata.

Yunibesithi e nngwe e ne ya dira diteko mo setlhopheng sa batho ba ba gogang matekwane ka metlha le setlhopha sa batho ba ba gogang sekerete, mo lobakeng lwa dingwaga di le 15. Gantsi batho ba ba neng ba goga matekwane ba ne ba goga disekerete di le tharo kana di le nnè tsa matekwane ka letsatsi, fa batho ba ba gogang sekerete se se tlwaelegileng bone ba ne ba goga di le 20 kana go feta ka letsatsi. Palo e e lekanang ya batho ba ba mo ditlhopheng tseno tsoopedi e ne e na le bothata jo bo tshwanang jwa go gotlhola le jwa bronchitis. Teko e e neng ya dirwa go tlhatlhoba makgwafo a bone e ne ya bontsha gore disele tsa makgwafo a bone di ne di senyegile ka tsela e e tshwanang mo bathong ba ditlhopha tseno tsoopedi.

Le mororo batho ba ba gogang matekwane ba ne ba sa o goge thata, go ne ga fitlhelwa gore sekerete se le sengwe fela sa matekwane se ntsha bokgakga jo bo fetang jwa sekerete se se tlwaelegileng ka makgetlho a le mararo. Mo godimo ga moo, New Scientist e ne ya bega jaana: “Batho ba ba gogang matekwane ba gogela mosi wa one kwa botennyeng ba bo ba o tshwara ka nako e telelenyana.”

Gape go ne ga fitlhelwa gore disele tse di lwantshang malwetse tsa makgwafo a batho ba ba gogang matekwane di ne di fokotsegile ka diperesente di le 35 go lwantsha dibaketeria go feta disele tsa batho ba ba gogang sekerete se se tlwaelegileng.

[Motswedi wa Setshwantsho]

U.S. Navy photo

[Lebokoso mo go tsebe 11]

“Molato o o Ngomolang Pelo” wa Batsadi

Kgatiso nngwe ya lokwalodikgang lwa mo Afrika Borwa lwa Saturday Star e ne ya bontsha kafa e tshwenyegileng ka gone ka palo e e ntseng e gola thata ya basha ba ba dirisang diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang mo Afrika Borwa e bo e akgela jaana:

“Gore bana ba rona ba dira seno [ba dirisa diokobatsi] gantsi ke molato o o ngomolang pelo wa batsadi le wa setšhaba ka kakaretso. Beke nngwe le nngwe re dira ka natla gore re nne le madi, re dirisa nako le maatla a rona go batla go atlega mo go boneng dikhumo. Bana ba rona ba leka megopolo wa rona, maatla a rona. A re ipha nako e e mosola le bone? Go motlhofo go ba naya madi gore ba se ka ba tlhola ba re tshwenya. Go motlhofo thata go feta go ba reetsa—go utlwa dilo tse ba di boifang, dilo tse ba di solofetseng, mathata a bone. Mo bosigong jono, fa re ntse kwa resetšhurenteng kana re itapolositse fa pele ga thelebishene, a re itse gore ba dira eng?”

Kana, re ka nna ra oketsa ka gore, a re a itse gore ba akanya eng?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Batho ba le bantsi ba ile ba tlhotlheletsega go tlogela go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang