Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Lepalepana Jang le Bolwetse Jwa Gago ka Katlego?

O ka Lepalepana Jang le Bolwetse Jwa Gago ka Katlego?

 O ka Lepalepana Jang le Bolwetse Jwa Gago ka Katlego?

TLHOMAMISEGA gore go a utlwala go bo o ka tswa o kgarakgatshega maikutlo. Le mororo bolwetse jwa gago kana go golafala ga gago e ka nna bothata jo bo go amang mo mmeleng, mogopolo wa gago o gana go amogela diphetogo tse bolwetse bo di go pateleditseng. Go ka nna ga lebega e kete wena le bolwetse jwa gago lo a gogagogana, lo lwa kaga motho yo o kileng wa bo o le ene le yo o ka nnang wa fetoga go nna ene. Mme gone jaanong go ka nna ga lebega e kete bolwetse jwa gago bo a go fekeetsa. Le fa go ntse jalo, o ka kgona go fetola seemo. Jang?

Dr. Kitty Stein o akgela jaana: “Fa go na le mongwe yo o lwalang, go tshwana fela le fa e kete go na le mongwe yo o tlhokafetseng.” Ka jalo, fa o latlhegetswe ke selo se se tlhwatlhwakgolo mo go wena jaaka boitekanelo jwa gago, go tlwaelegile fela gore o ineye nako ya go hutsafala le go lela, fela jaaka o ne o tla dira fa mongwe yo o mo ratang a tlhokafetse. Tota e bile, o ka nna wa se ka wa latlhegelwa ke boitekanelo jwa gago fela. Jaaka mosadi mongwe a tlhalosa, “Ke ne ka tshwanelwa ke go tlogela tiro ya me. . . . Ke ne ke sa tlhole ke ipelela go itirela dilo jaaka ke ne ke dira pele.” Le fa go ntse jalo, leba dilo tse di go latlhegetseng ka tekatekano. Dr. Stein, yo o nang le multiple sclerosis (bolwetse jwa go omelela dithishu tse di apesitseng ditshika), o oketsa jaana: “O tshwanetse go lelela dilo tse di go latlhegetseng, le fa go ntse jalo, gape o tshwanetse go itse gore ke dilo dife tse o sa ntseng o ka kgona go di dira.” Eleruri, fa o setse o mekamekane le mathata a ntlha a a utlwisang botlhoko, o tla bona gore go sa ntse go na le dilo tse di botlhokwa tse o sa ntseng o ka kgona go di dira. Lengwe la mabaka ke gore o na le bokgoni jwa go tlwaela seemo se o leng mo go sone.

Motsamaisasekepe ga a ka ke a kgona go laola sefefo, mme a ka kgona go se itshokela le go tswa mo go sone a babalesegile ka go fetola diseile tsa sekepe sa gagwe. Le wena o ka nna wa se ka wa kgona go laola bolwetse jo bo tlhasetseng botshelo jwa gago, mme o ka kgona go lepalepana le jone ka go fetola “diseile” tsa gago, ke gore, mmele, mogopolo le maikutlo a gago. Ke eng se se neng sa thusa batho ba bangwe ba ba nang le malwetse a a sa foleng go dira jalo?

Ithute ka Bolwetse Jwa Gago

Batho ba le bantsi fa ba sena go amogela kutlobotlhoko e ba nnang le yone kwa tshimologong e e bakwang ke dipholo tsa ditlhatlhobo tsa bolwetse jwa bone, ba simolola go nna le boikutlo jwa gore go botoka go itse boammaaruri le fa go le botlhoko, go na le go nna le poifo e o sa itseng gore e bakwa ke eng. Le fa go boifa go ka nna ga dira gore o se ka wa tsaya dikgato dipe, go itse se se go diragalelang go ka nna ga go thusa go akanya gore o ka dira eng—mme gantsi seno se go ama ka tsela e e siameng. Dr. David Spiegel wa Stanford University o bolela jaana: “Bona kafa go go dirang gore o ikutlwe botoka ka teng ka sepe fela se se go tshwenyang fa o tlhaga ka leano la go lepalepana le sone. Fa o simolola fela ka go loga maano a se o ka se dirang, o setse o fokoditse go tshwenyega ga gago bogologolo le pele o ka dira sengwe.”

O ka nna wa utlwa go tlhokega gore o ithute go le gontsi ka bolwetse jwa gago. Jaaka seane sengwe sa Baebele se bolela, “motho yo o nang le kitso o nonotsha maatla.” (Diane 24:5) Monna mongwe yo o gateletsweng ke bolwetse mo bolaong o gakolola jaana: “Senka dibuka kwa laeboraring. Ithute go le gontsi kafa o ka kgonang ka teng ka bolwetse jwa gago.” Jaaka fa o ntse o ithuta ka mefuta ya dikalafi tse di leng teng le ka ditsela tsa go lepalepana le bolwetse, o ka nna wa fitlhela gore gongwe bolwetse jwa gago ga bo maswe thata jaaka o ne o boifa pele. E bile o ka nna wa bona le mabaka mangwe a go nna le tsholofelo.

Le fa go ntse jalo, go tlhaloganya bolwetse jwa gago sentle ga se mokgele wa gago wa bofelo. Dr. Spiegel o tlhalosa jaana: “Go kokoanya tshedimosetso ka tsela eno ke tsela e e botlhokwa ya go lepalepana le bolwetse, go bo tlhaloganya le go bo leba ka tsela e e siameng.” Go amogela gore botshelo jwa gago bo fetogile mme ga e ise e nne bokhutlo jwa jone, ke kgato e e masisi le e gantsi e leng bonya. Le fa go ntse jalo, kgatelopele eno—e e simololang ka go tlhaloganya bolwetse jwa gago sentle mme e felela ka gore o bo amogele—ke e o ka kgonang go e dira. Jang?

Go Nna Tekatekano ka Tsela e e Nonofileng

O ka nna wa tlhoka go fetola tsela e o akanyang ka yone malebana le se se bolelwang ke go amogela  gore o a lwala. Gone e bile, fa o amogela gore o a lwala seno ga se bontshe gore o paletswe, fela jaaka go sa bontshe gore motsamaisasekepe o paletswe fa a amogela gore o lebane le sefefo. Go na le moo, fa a amogela ka tsela ya mmatota gore o lebane le sefefo, seno se mo tlhotlheletsa go dira sengwe. Le wena fa o amogela bolwetse jwa gago ga go bolele gore o paletswe mme go bolela gore “o gatela pele mo tseleng e ntšha,” jaaka go ne ga bolela jalo mosadi mongwe yo o tshwerweng ke bolwetse bongwe jo bo sa foleng.

Le fa mmele wa gago o sa tlhole o kgona go dira dilo di le dintsi, o ka nna wa tlhoka go ikgakolola gore dinonofo tsa gago tsa mogopolo, maikutlo le tsa semoya ga di tlhoke go amega. Ka sekai, a o sa ntse o na le botlhale le bokgoni jwa go rulaganya dilo le go ntsha mabaka? Gongwe o sa ntse o na le monyenyo wa gago o o botsalano, boikutlo jwa go amega ka batho ba bangwe, le bokgoni jwa go nna moreetsi yo o molemo le tsala ya boammaaruri. Se se botlhokwa le go feta ke gore o sa ntse o na le tumelo mo Modimong.

Mo godimo ga moo, gakologelwa gore le mororo o ka se ka wa kgona go fetola maemo otlhe a gago, o sa ntse o ka kgona go ithuta gore o itshware jang ka one. Irene Pollin wa Setheo sa Bosetšhaba sa Kankere o bolela jaana: “Ke wena yo o kgonang go laola tsela e o itshwarang ka yone ka bolwetse jwa gago. O na le thata eno go sa kgathalesege gore bolwetse jwa gago bo go laola jang.” Mosadi mongwe wa dingwaga tse 70 yo bolwetse jwa gagwe jwa multiple sclerosis bo etegetseng, e bong Helen, o tlhomamisa jaana: “Bolwetse jwa gago ga se jone jo tota bo laolang gore a o tla itekanela gape kana nnyaa, mme ke tsela e o itshwarang ka yone malebana le jone.” Monna mongwe yo o kgonneng go lepalepana le bogole jwa gagwe ka dingwaga di le dintsinyana o bolela jaana: “Boikutlo jo bo siameng ke pilara e e bolokang sekepe se tsepame.” Ga go gakgamatse go bo Diane 18:14 e bolela jaana: “Moya wa motho o ka itshokela botlhoko jwa gagwe; mme fa e le moya o o hutsafetseng one, ke mang yo o ka o itshokelang?”

Go Nna le Taolo Gape

Jaaka o setse o kgona go laola maikutlo a gago, dipotso tse di jaaka ‘Ke ka ntlha yang fa seno se ntiragaletse?’ di ka nna tsa fetoga go nna ‘E re ka seno se ntiragaletse, ke tlile go dira eng?’ Mo nakong eno o ka nna wa tlhopha go tsaya dikgato tse di oketsegileng go fetola boemo jwa gago jwa jaanong. Nte re sekaseke di le mmalwa.

Sekaseka boemo jwa gago, akanya ka se o tlhokang go se fetola, mme morago ga moo leka go fetola dilo tse o ka kgonang go di fetola. Dr. Spiegel o bolela jaana: “Go lwala ke nako ya gore o sekaseke botshelo jwa gago sesha—ke nako ya go thanya, e seng letshwao la gore o a swa.” Ipotse jaana, ‘Ke dilo dife tse di neng di le botlhokwa mo go nna pele ke lwala? Di fetogile jang?’ Lebaka la go bo o ipotsa dipotso tseno ga se ka gonne o batla go itse gore ke dilo dife tse o se kitlang o tlhola o kgona go di dira, mme ke go batla go bona gore ke dilo dife tse o sa ntseng o ka kgona go di dira, gongwe ka go fetola tsela e o di dirang ka yone. Ka sekai, akanya ka Helen yo o umakilweng fa godimo.

Mo dingwageng di le 25 tse di fetileng, bolwetse jwa multiple sclerosis bo ne jwa koafatsa mesifa ya gagwe. Kwa tshimologong, o ne a dirisa seikokotlelo fa a tsamaya. Morago ga moo, fa a ne a sa tlhole a kgona go dirisa letsogo  la gagwe la moja, o ne a simolola go dirisa la molema. Go tswa foo, letsogo la gagwe la molema le lone le ne la se ka la tlhola le dira. Morago ga moo, dingwaga di ka nna robedi tse di fetileng, o ne a sa tlhole a kgona go tsamaya. Jaanong o tshwanelwa ke go tlhapisiwa, go jesiwa le go apesiwa ke batho ba bangwe. Seno se mo utlwisa botlhoko thata, mme le fa go ntse jalo, o bolela jaana: “Moano wa me e tla nna e ntse e le, ‘Akanya ka se o ka kgonang go se dira e seng ka se o neng o kgona go se dira pele.’” Mme ka thuso ya monna wa gagwe le baoki ba ba tlholang ba mo etela mmogo le tsela ya gagwe e e botlhale e a akanyang ka yone, o kgona go tswelela a dira dingwe tsa dilo tse a neng a tlhola a ipelela go di dira pele. Ka sekai, tiro ya go bolelela batho ba bangwe ka tsholofetso e e mo Baebeleng ya lefatshe le lesha le le tlang le le nang le kagiso ga e bolo go nna tiro e e botlhokwa mo botshelong jwa gagwe fa e sa le a le dingwaga di le 11, mme le gompieno o sa ntse a e dira beke nngwe le nngwe. (Mathaio 28:19, 20) Helen o tlhalosa gore o e dira jang:

“Ke kopa mooki yo o nketetseng gore a ntshwarele lokwalodikgang. Mme ka bobedi jwa rona re bala karolo ya ditatolo tsa baswi re bo re tlhopha dingwe tsa tsone. Morago ga moo, ke bolelela mooki dintlha tse ke ratang go di tsenya mo lekwalong le ke le kwalelang ba losika lwa moswi, mme mooki o tlanya lekwalo leno. Ke romela lekwalo leno le boroutšhara jwa Fa Mongwe Yo O Mo Ratang a Tlhokafala, * jo bo tlhalosang tsholofelo e e tswang mo Baebeleng e e gomotsang ya tsogo. Ke dira jalo Sontaga sengwe le sengwe maitseboa. Ke itumelela gore ke sa ntse ke kgona go bolelela batho ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo.”

Itlhomele mekgele e e lekalekaneng le e o ka kgonang go e fitlhelela. Lebaka lengwe le le dirang gore Helen a leke go fetola dilo tse a ka kgonang go di fetola ke gore seno se dira gore a kgone go itlhomela mekgele le go e fitlhelela. Seno se botlhokwa le mo go wena. Ka ntlha yang? Ka gonne go tlhoma mekgele go dira gore mogopolo wa gago o akanye ka isagwe, mme go fitlhelela mekgele go dira gore o ikutlwe gore o fitlheletse sengwe. Gape go ka nna ga dira gore o itshepenyana. Le fa go ntse jalo, tlhomamisa gore o a itse gore mokgele wa gago ke eng. Ka sekai, o ka nna wa swetsa jaana: ‘Gompieno ke ya go bala kgaolo e le nngwe ya Baebele.’ Gape itlhomele mekgele e o ka kgonang go e fitlhelela. E re ka mmele wa gago le maikutlo a gago a farologane le a batho ba bangwe ba ba nang le malwetse a a sa foleng, o ka nna wa se ka wa kgona go fitlhelela mekgele e e tshwanang le e bone ba kgonang go e fitlhelela.—Bagalatia 6:4.

Lex, yo o nnang kwa Netherlands o bolela jaana: “Le fa mokgele o ka tswa o lebega o le monnye jang, go o fitlhelela go go tlhotlheletsa go dira mo go oketsegileng.” Dingwaga di feta di le 20 tse di fetileng, fa a ne a le dingwaga di le 23, o ne a tlhagelwa ke kotsi  e e neng ya dira gore a sale a golafetse. Ka nako ya fa a ne a alafiwa mmele makgetlhonyana, o ne a kgothalediwa go itlhomela mekgele, e e jaaka go itlhapisa sefatlhego ka letsela la go tlhapa. Go ne go lapisa go dira jalo, le fa go ntse jalo, o ne a atlega. E ne ya re fa a lemoga gore o kgonne go fitlhelela mokgele oo, o ne a itlhomela o mongwe gape—go ipulela le go itswalela tšhupu ya sesepa sa meno. Le fano o ne a atlega. Lex o bolela jaana: “Le mororo go ne go se motlhofo, ke ne ka fitlhela gore nka kgona go dira go le gontsi go feta jaaka ke ne ke akanya.”

Eleruri, ka thuso ya mosadi wa gagwe, e bong Tineke, Lex o ne a fitlhelela mekgele e megolo. Ka sekai, a tsamaya mmogo le Tineke, jaanong o tsamaya ka ntlo le ntlo ka setulo sa maotwana go abelana kitso ya Baebele le batho ba bangwe. Gape beke le beke o etela monna mongwe yo o golafetseng thata yo a ithutang Baebele le ene go ya go mo kgothatsa. Lex o bolela jaana: “Go thusa batho ba bangwe go nkgotsofatsa thata.” Jaaka Baebele e bolela, “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng, go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

A le wena o ka itlhomela mekgele ya go thusa batho ba bangwe? Go lwala kana go golafala go ka nna ga go thusa gore o nne mogomotsi yo o nang le boitemogelo thata ka gonne mathata a gago a dira gore o amege thata ka botlhoko jo batho ba bangwe ba bo utlwang.

Nna o ikgolaganya le batho ba bangwe. Dipatlisiso tsa kalafi di bontsha gore go ikgolaganya le batho ba bangwe go siametse botsogo jwa gago. Le fa go ntse jalo, gape ke boammaaruri gore fa o sa ikgolaganye le batho ba bangwe seno se ka dira gore o se ka wa nna le botsogo jo bontle. Mmatlisisi mongwe o bolela jaana: “Go itlhaola mo bathong go ka nna kotsi thata mo botshelong jwa motho . . . fela jaaka go goga motsoko . . . go le kotsi mo botshelong jwa motho.” O oketsa jaana: “Go tokafatsa botsalano jwa gago le batho ba bangwe go ka nna botlhokwa mo botsogong jwa gago fela jaaka go le botlhokwa go kgaotsa go goga motsoko.” Ga go gakgamatse go bo a bolela gore bokgoni jwa rona jwa go boloka botsalano le batho ba bangwe “ke selo sa botlhokwa thata se se dirang gore re nne re tshele”!—Diane 18:1.

Le fa go ntse jalo, jaaka go boletswe mo setlhogong se se fetileng, bothata e ka nna gore ditsala dingwe tsa gago ga di tlhole di go etela. Fa o batla go tshela sentle, o tshwanetse go lwa ka natla le boikutlo jo bo ntseng bo gola jwa go batla go itlhaola mo bathong. Mme seno o ka se dira jang? O ka nna wa simolola ka go laletsa ditsala tsa gago gore di go etele.

Dira gore batho ba itumelele go go etela. * O ka dira jalo ka go kgaotsa go bua thata ka bolwetse jwa gago go dira gore baeng ba gago ba se ka ba lapisiwa ke go nna ba utlwa ka jone. Mosadi mongwe yo o nang le bolwetse bongwe jo bo sa foleng o ne a rarabolola bothata jono ka gore a lekanyetse nako e a tlotlang ka yone le monna wa gagwe ka bolwetse jwa  gagwe. O bolela jaana: “Re ne ra tshwanelwa fela ke go lekanyetsa motlotlo o o amanang le bolwetse jwa me.” Eleruri, bolwetse jwa gago ga bo a tshwanela go nna kgangkgolo ya sengwe le sengwe se o ka tlotlang ka sone. Motho mongwe yo a neng a etela tsala ya gagwe e e neng e tshwanelwa ke go nna fela mo bolaong ka ntlha ya bolwetse, o ne a bua jaana fa a sena go tlotla le yone ka tsa botaki, hisitori le mabaka a a neng a dira gore a nne le tumelo mo go Jehofa Modimo: “O itumetse tota le fa a ntse a lwala. Ke itumeletse thata go tlotla le ene.”

Gape, go nna motho yo o dirang metlae go tla dira gore ditsala tsa gago di itumelele go go etela. Mo godimo ga moo, go tshega go go solegela molemo. Monna mongwe yo o tshwerweng ke bolwetse jwa Parkinson o bolela jaana: “Go dira metlae go go thusa go itshoka mo maemong a le mantsi le go lepalepana le maemo a le mantsi.” Eleruri, setshego se ka nna molemo o o thusang thata. Diane 17:22 e bolela jaana: “Pelo e e ipelang e dira sentle jaaka kalafi.” Le e leng fa o tsaya metsotso e le mmalwa fela o tshega seno se tla dira gore o ikutlwe o le botoka. Mo godimo ga moo, mokwadi Susan Milstrey Wells, yo le ene a tshwerweng ke bolwetse bongwe jo bo sa foleng a re, “go farologana le melemo e mengwe e re e lekang, setshego ga se kotsi le e seng, ga se na botlhole e bile se a itumedisa. Fa re tshega re kgarameletsa boikutlo jo bo sa siamang kwa thoko.”

Batla ditsela tsa go fokotsa go ngomoga pelo. Dipatlisiso di bontsha gore go ngomoga pelo go ka nna ga gakatsa matshwao a bolwetse a a bonalang mo mmeleng, fa go fokotsa go ngomoga pelo gone go dira gore motho a kgone go a itshokela. Ka gone, dira gore o nne le nako ya go ikhutsa gangwe le gape. (Moreri 3:1, 4) O se ka wa ja, wa robala le go hema bolwetse jwa gago. Fa o tshwanelwa ke go nna fela mo ntlong, o ka nna wa leka go fokotsa tsela e maikutlo a gago a gateletsweng ka yone ka go reetsa mmino o o ritibetseng, go bala buka, go tlhapa nako e telele, go kwala makwalo kana maboko, go taka ditshwantsho, go tshameka seletswa sa mmino, go bua le tsala e e ikanyegang, kana go nna le seabe mo ditirong tse di tshwanang le tseno. Go dira jalo ga go kitla go rarabolola bothata jwa gago ka tsela e e feletseng, mme go ka nna ga dira gore o ikutlwe o lapologile ka nakwana.

Nna o tsamayatsamaya fa o kgona, o ye kwa mabenkeleng go ya go reka, o dire mo tshingwaneng ya gago, kgweetsa koloi kana fa go kgonega tsaya loeto lwa boikhutso. Ke boammaaruri gore bolwetse jwa gago bo ka nna jwa dira gore go nne thatanyana go tsaya loeto, le fa go ntse jalo, fa o rulaganya dilo go sa le gale e bile o dira le maanonyana, o ka fenya dikgoreletsi tseno. Ka sekai, Lex le Tineke, ba ba umakilweng fa godimo, ba ne ba kgona go etela mafatshe a a kwa moseja. Lex o bolela jaana: “Re ne re sa ritibala ka gone kwa tshimologong, mme le fa go ntse jalo, re ne ra nna le loeto lo lo monate thata lwa boikhutso!” Eleruri, bolwetse jwa gago e ka nna karolo ya botshelo jwa gago, mme ga se jone jo bo tshwanetseng go laola botshelo jwa gago.

Nonotshiwa ke tumelo. Bakeresete ba boammaaruri ba ba ileng ba lepalepana ka katlego le malwetse a a masisi ba bolela gore go dumela ga bone mo go Jehofa Modimo le go nna karolo ya phuthego ya Bokeresete ke dilo tse di ba gomotsang le tse di ba nonotshang ka metlha. * Dingwe tsa dikakgelo tsa bone ke tseno tse di bontshang mosola wa go rapela, go ithuta Baebele, go tlhatlhanya ka isagwe, le go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete kwa Holong ya Bogosi.

● “Ke sa ntse ke tshwenyega thata mo maikutlong ka dinako dingwe. Fa seno se direga, ke rapela Jehofa, mme o shafatsa boikemisetso jwa me jwa go tswelela pele ke dira dilo tse nka kgonang go di dira.”—Pesalema 55:22; Luke 11:13.

● “Go bala Baebele le go tlhatlhanya ka se ke se balang go nthusa thata gore ke nne ke ritibetse mogopolo.”—Pesalema 63:6; 77:11, 12.

● “Go ithuta Baebele go nkgopotsa gore botshelo jwa mmatota bo sa ntse bo larile kwa pele le gore ga nkitla ke golafalela ruri.”—Isaia 35:5, 6; Tshenolo 21:3, 4.

● “Go nna le tumelo mo isagweng e e solofeditsweng mo Baebeleng go nnaya maatla a go dirisana le botshelo letsatsi lengwe le lengwe.”—Mathaio 6:33, 34; Baroma 12:12.

● “Go nna gone kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi go dira gore mogopolo wa me o nne o akanye thata ka dilo tse di kgothatsang e seng ka bolwetse jwa me.”—Pesalema 26:12; 27:4.

● “Botsalano jo bo kgothatsang jo ke nang le jone le maloko a phuthego bo dira gore ke itumele thata.”—Ditiro 28:15.

Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Jehofa o molemo, ke kago e e thata mo motlheng wa matshwenyego. Gape o itse ba ba batlang botshabelo mo go ene.” (Nahume 1:7) Go nna le kamano e e gaufi thata le Jehofa Modimo le go nna karolo ya phuthego ya Bokeresete go a gomotsa e bile go naya motho maatla.—Baroma 1:11, 12; 2 Bakorintha 1:3; 4:7.

 Iphe Nako

Go lepalepana ka katlego le bolwetse kana bogole jwa gago jo bo masisi ke selo se se “tsayang nako mme ga se selo se se diregang ka bonako fela,” go bolela jalo modiredi mongwe wa loago yo o thusang batho go lepalepana le ditlamorago tsa bolwetse jo bo tsayang lobaka lo loleele. Mankge mongwe o gakolola gore o tshwanetse go ipha nako, ka gonne o ithuta “tiro e ntšha gotlhelele: go lepalepana le bolwetse jo bo masisi.” Ela tlhoko gore le fa o bontsha boikutlo jo bo siameng, o ka nna wa nna le malatsi kana dibeke dingwe tse di seng monate tse mo go tsone bolwetse jwa gago bo go koafatsang thata. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, o ka nna wa bona maemo a tokafala. Seno ke sone se se neng sa diragalela mosadi mongwe, yo a neng a bolela jaana: “Ke ne ke itumetse thata fa ke lemoga gore ke tsere letsatsi lotlhe ke sa akanye sepe ka kankere ya me. . . . Nako nngwe e e fetileng, ke ne ke se kitla ke akanya gore seno se ka kgonega.”

Eleruri, fa o setse o fentse boikutlo jwa go boifa jo o nnang le jone kwa tshimologong mme o setse o itlhometse mekgele e mesha, o ka nna wa gakgamadiwa ke go bona kafa o ka kgonang go lepalepana sentle le bolwetse jwa gago ka teng—jaaka setlhogo se se latelang se bontsha.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 Bo gatisitswe ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

^ ser. 24 Gone mme, dikakantsho tsa kafa o tshwarang baeng ka gone di bereka thata le mo tseleng e o tshwarang molekane wa gago, bana ba gago le motlhokomedi wa gago ka yone.

^ ser. 28 Selo se se kgatlhang ke gore, dipatlisiso di le dintsi tsa kalafi di ile tsa bontsha gore tumelo e nonotsha botsogo jwa motho. Go ya ka Porofesa Dale Matthews wa Sekolo sa Kalafi sa Yunibesithi ya kwa Georgetown, “tumelo ga e bolo go tlhalosiwa e le selo se se mosola thata.”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go ithuta ka bolwetse jwa gago go ka go thusa go lepalepana le jone

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Helen o kwala makwalo a a kgothatsang, a thusiwa ke batho ba bangwe

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

“Ke itumelela go bolelela batho ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo”

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

“Ke ne ka lemoga gore, le mororo ke golafetse, nka kgona go dira dilo di le dintsi go feta jaaka ke ne ke akanya.”—Lex