Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lenyalo la Gago le ka Bolokiwa!

Lenyalo la Gago le ka Bolokiwa!

 Lenyalo la Gago le ka Bolokiwa!

Baebele e na le kgakololo e ntsi e e mosola e e ka thusang banna le basadi. Seno ga se gakgamatse ka gope, ka gonne Ene yo o tlhotlheleditseng Baebele gape ke ene Mosimolodi wa thulaganyo ya lenyalo.

BAEBELE e tlhalosa lenyalo ka tsela e tota le ntseng ka yone. E dumela gore monna le mosadi ba tla nna le “pitlagano” kgotsa, jaaka fa New English Bible e ranola lefoko leno, “botlhoko le bohutsana.” (1 Bakorintha 7:28) Le fa go ntse jalo, gape Baebele e bolela gore lenyalo le ka tlisa boitumelo, le eleng go tlhapelwa ke boitumelo, e bile le tshwanetse go dira jalo. (Diane 5:18, 19) Dintlha tseno tse pedi ga di ganetsane. Di bontsha fela gore go sa kgathalesege mathata a a masisi, banyalani ba ka kgona go atamalana thata le go ratana.

 A o tlhoka seo mo lenyalong la gago? A botlhoko le maswabi di kgaphetse kwa thoko botsalano jo bogolo le boitumelo jo lo kileng lwa bo lo na le jone? Le fa lenyalo la lona le ka tswa le feditse dingwaga di le dintsi le se na lorato, lo ka kgona go boa gape lwa nna le se se neng sa lo latlhegela. Gone ke boammaaruri gore o tshwanetse go leba dilo ka tekatekano. Ga go na monna le mosadi bape ba ba sa itekanelang ba ba ka kgonang go bopa lenyalo le le itekanetseng. Le fa go ntse jalo, go na le dikgato tse o ka di tsayang gore o tlose mekgwa e e sa siamang.

Fa o ntse o bala dintlha tse di latelang, leka go bona gore ke dintlha dife tse di amang lenyalo la gago ka tsela e e kgethegileng. Go na le go tlhoma mogopolo mo diphosong tsa molekane wa gago wa lenyalo, tlhopha dikakantsho di le mmalwa tse wena o ka di dirisang, mme o dirise kgakololo ya Dikwalo. O ka nna wa fitlhela gore tota lenyalo la gago le ka atlega go na le kafa o akantseng ka teng.

Sa ntlha, a re tlotleng ka maikutlo a o tshwanetseng go nna le one ka gonne tsela e o lebang maitlamo a lona ka yone le tsela e o ikutlwang ka yone ka molekane wa gago wa lenyalo e botlhokwa thata.

Kafa o Lebang Maitlamo a Lona ka Gone

Go botlhokwa gore o lebe maitlamo a lona e le a a tshwanetseng go tsaya lobaka lo loleele fa e le gore o tlile go baakanya lenyalo la gago. Tota e bile, Modimo o ne a tlhoma thulaganyo ya lenyalo gore a kopanye batho ba babedi mme ba se ka ba kgaogana. (Genesise 2:24; Mathaio 19:4, 5) Ka jalo, kamano ya gago le molekane wa gago wa lenyalo ga e tshwane le tiro e o ka e tlogelang kgotsa folete e o ka fudugang mo go yone ka go fedisa tumalano e e dirilweng. Go na le moo, fa o ne o tsena mo lenyalong, o ne wa dira maikano a a masisi a gore o tla ngaparela molekane wa gago wa lenyalo go sa kgathalesege gore go direga eng. Bomasisi jwa maitlamo ano bo dumalana le se Jesu Keresete a neng a se bua mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng: “Se Modimo o se jokileng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.”—Mathaio 19:6.

Bangwe ba ka nna ba re, ‘Mme gone, re sa ntse re le mmogo. A seno ga se bosupi jwa gore re bolokile maitlamo a rona?’ Gongwe. Le fa go ntse jalo, jaaka go tlhalositswe kwa tshimologong ya motseletsele wa ditlhogo tseno, banyalani bangwe ba ba nnang mmogo ba na le mathata a a seng kana ka sepe, ba iphitlhela ba le mo lenyalong le le se nang lorato. Mokgele wa gago ke go dira gore lenyalo la gago e nne le le itumedisang, e seng fela le le tshwarelelang. Maitlamo a gago a tshwanetse go bontsha gore o a ikanyega e seng fela mo thulaganyong ya lenyalo mme gape le mo mothong yo o ikanneng gore o tla mo rata le go mo tlhokomela.—Baefeso 5:33.

Dilo tse o di rayang molekane wa gago wa lenyalo di ka senola gore o tsaya maitlamo a gago masisi go le kana kang. Ka sekai, fa banna le basadi bangwe ba setse ba jana ka meno, ba bolelelana mafoko a a tlhabang a a jaaka “Ke a go tlogela!” kgotsa, “Ke ya go ipatlela mongwe yo o nthatang!” Le fa mafoko a a ntseng jalo a sa reye gore tota ba tla dira jalo, ba nyatsa maitlamo a lenyalo ka go bolela gore ba ka nna ba kgaogana nako nngwe le nngwe le gore yo o buang mafoko ano a ka nna a tsamaya nako nngwe le nngwe.

Gore o tsosolose lorato mo lenyalong la gago, tlogela go  bua ka tsela e e ntseng jalo e e tshosetsang. Tota e bile, a o ne o tla kgabisa folete ya gago o ntse o itse gore o ka nna wa fuduga mo go yone letsatsi lengwe le lengwe? Ka jalo, ke ka ntlha yang fa o lebelela gore molekane wa gago wa lenyalo a baakanye lenyalo le le ka nnang la se ka la tshwarelela? Ikemisetse gore o tla leka ka tlhoafalo go rarabolola mathata.

Seno ke se mosadi mongwe a neng a se dira fa a sena go nna le nako ya mathata a a seng kana ka sepe le monna wa gagwe. O bolela jaana: “Le fa ke ne ke mo ila tota ka dinako tse dingwe, ke ne ke sa akanye gore ke kgaogane le ene. Ka tsela nngwe, re ne re tlile go baakanya sepe fela se se neng se sa tsamaye sentle. Mme jaanong, morago ga dingwaga di le pedi tsa mathata a magolo, ruri ke kgona go bua ke phuthologile gore re itumetse gape fela thata.”

Ee, maitlamo a lenyalo a bolela tirisanommogo—e seng go nna mmogo fela mme go leka go fitlhelela mokgele o o tshwanang. Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ikutlwa gore mo nakong eno, selo se se dirang gore lenyalo la gago le bo le sa ntse le tsweletse ke fela gore o a ikgolola ka gonne o tsene mo go lone. Fa e le gore go ntse jalo, o se ka wa itlhoboga. Go ka direga gore o kgone go tsosolosa lorato. Jang?

Go Tlotla Molekane wa Gago wa Lenyalo

Baebele e bolela jaana: “A lenyalo le tlotlege mo go botlhe.” (Bahebera 13:4; Baroma 12:10) Mafoko a Segerika a fano a ranotsweng ka go re ‘tlotlega,’ mo dikarolong tse dingwe tsa Baebele a ranolwa ka go re “rategang,” “tseelwang kwa godimo,” le “tlhwatlhwakgolo.” Fa re rata selo thata, re dira maiteko a magolo a go se tlhokomela. Gongwe o kile wa tlhokomela kafa monna yo o nang le koloi e ntšha e e tlhwatlhwakgolo a dirang seno ka gone. O boloka koloi eno ya gagwe e a e ratang thata e ntse e phatsima e bile e se na bothata bope. E nna masetlapelo a magolo mo go ene fa e ka ngapega go le gonnye fela! Batho ba bangwe ba tlhokomela botsogo jwa bone ka tsela e e ntseng jalo. Ka ntlha yang? Ka gonne ba rata botsogo jwa bone thata, e bile ba batla go bo sireletsa.

Tlhokomela lenyalo la gago ka go le sireletsa ka tsela e e tshwanang. Baebele e bolela gore lorato “lo solofela dilo tsotlhe.” (1 Bakorintha 13:7) Go na le gore o nne le maikutlo a go itlhoboga gore o paletswe —gongwe ka go tlosa tsholofelo mo mogopolong wa gago ya gore dilo ga di kitla di tokafala, ka go bua o re “Tota ga re ise re ko re ratane,” “Re nyetse re le bannye,” kgotsa “Re ne re sa itse se re neng re se dira”—ke ka ntlha yang o sa solofele dilo tse di botoka mme o leke go tokafatsa maemo, o ntse o letetse matswela ka bopelotelele? Mogakolodi mongwe wa manyalo o bolela jaana: “Ke utlwa batho ba le bantsi ba ke ba thusang ba re, ‘Ga ke tlhole ke kgona go itshoka!’ Go na le gore ba sekaseke lenyalo la bone go bona gore ke fa kae fa le tlhokang go tokafadiwa gone, ba nna bofefo go phuaganya lenyalo lotlhe, go akaretsa le dilo tse ba di ratang, dilo tse ba fetileng mo go tsone mmogo, le isagwe epe fela e ba ka kgonang go nna le yone.”

Ke dilo dife tse lo fetileng mo go tsone wena le molekane wa gago wa lenyalo? Go sa kgathalesege mathata a lo nnileng le one mo lenyalong la lona, ruri lo ka kgona go akanya ka dinako tse di itumedisang tse lo nnileng le tsone, dilo tse lo di fitlheletseng, le dikgwetlho tse lo neng lwa lebana le tsone lo le mmogo. Akanya ka dinako tseno mme o bontshe gore o tlotla lenyalo la gago le molekane wa gago wa lenyalo ka go leka ka pelo yotlhe go tokafatsa lenyalo la lona. Baebele e bontsha gore Jehofa Modimo o kgatlhegela thata tsela e banyalani ba tshwaranang ka yone. Ka sekai, mo motlheng wa ga moporofeti Malaki, Jehofa o ne a atlhola banna ba ba nyetseng ba Baiseraele ba ba neng ba tsietsa basadi ba bone ka go ba tlhala ka mabaka a a sa utlwaleng. (Malaki 2:13-16) Bakeresete ba batla gore lenyalo la bone le tlotle Jehofa Modimo.

Dikgotlhang—Di Masisi go le Kana Kang?

Go bonala lebaka la konokono le le dirang gore go se ka ga nna le lorato mo lenyalong e le ka go bo monna le mosadi ba sa itse go rarabolola dikgotlhang. E re ka go se na batho bape ba babedi ba ba tshwanang kgo, ka dinako tse dingwe, manyalo otlhe a tla nna le mathata. Mme banyalani ba ba sa utlwaneng ka metlha ba ka nna ba fitlhela gore go fetile dingwaga di le dintsi lorato lwa bone lo tsidifetse. E bile ba ka nna ba swetsa ka go re, ‘Ga re tshwanelane gotlhelele. Re a lwa ka metlha!’

Le fa go ntse jalo, dikgotlhang tse lo nang le tsone ga se tsone di tshwanetseng go fedisa lenyalo. Potso ke gore, Dikgotlhang di rarabololwa jang? Mo lenyalong le le atlegileng, monna le mosadi ba ithutile go bua ka mathata a bone kwantle ga gore ba nne “baba ba ba atamalaneng thata” jaaka ngaka e nngwe e tlhalosa.

‘Maatla a Loleme’

A wena le molekane wa gago wa lenyalo lo itse go buisana ka mathata a lona? Lo tshwanetse gore ka bobedi jwa lona lo iketleeletse go bua ka one. Ruri seno se batla bokgoni—jo go bo ithuta e leng selo se se gwetlhang eletota. Ka ntlha yang? Lebaka ke gore rotlhe re ‘kgotšwa mo lefokong’ ka ntlha ya go bo re sa itekanela. (Jakobe 3:2) Lebaka le lengwe gape ke gore, bangwe ba godiseditswe mo magaeng a batsadi ba neng ba nna fela ba le bogale ka metlha. Ka jalo go tloga fa ba sa le bannye, ka tsela nngwe ba ne ba gola ba dumela gore go galefa le go dirisa puo e e kgobang go itshiametse fela. Mosimane yo o godisitsweng mo lelapeng le le ntseng jalo e ka nna ya re fa a se na go gola, a bo a nna “motho yo o bogale,” yo o “gakalang.”  (Diane 29:22) Ka tsela e e tshwanang, mosetsana yo o godisitsweng jalo a ka nna a nna “mosadi yo o bogale yo o buang a sa rekegele.” (Diane 21:19, The Bible in Basic English) Go ka nna boima tota go fedisa mekgwa e e tseneletseng thata ya go akanya le ya go dirisana le batho ba bangwe. *

Ka jalo, go fedisa dikgotlhang go bolela go ithuta ditsela tse disha tsa go bua. Seno ga se kgetsi e potlana, gonne seane sa Baebele se tlhalosa jaana: “Loso le botshelo di mo thateng ya loleme.” (Diane 18:21) Ee, le fa seno se ka utlwala se le motlhofo, tsela e o buang ka yone le molekane wa gago wa lenyalo e ka senya lenyalo la lona kgotsa ya le tsosolosa. Seane se sengwe sa Baebele se bolela jaana: “Go na le go bua ka kgakgabuelo jaaka ditlhabo tsa putlela, mme loleme lwa motho yo o botlhale ke phodiso.”—Diane 12:18.

Le fa molekane wa gago e le ene a nang le molato o mogolo mo go seno, wena tlhokomela dilo tse o di buang fa lo omana. A mafoko a gago a utlwisa botlhoko kgotsa a a fodisa? A a tlhotlheletsa bogale kgotsa a a bo reba? Baebele e bolela jaana: “Lefoko le le tlhokofatsang le tle le tlhotlheletse bogale.” Go farologana le seno, “phetolo e e bonolo e thibosa bogale.” (Diane 15:1) Mafoko a a utlwisang botlhoko—le fa a buiwa ka bonolo—a a galefisa.

Ke boammaaruri gore o na le tshwanelo ya go bua fa sengwe se go tshwenya. (Genesise 21:9-21) Mme o ka kgona go dira jalo kwantle ga go dirisa puo ya tshotlo, ya matlhapa le e e nyatsang. Ipeele melelwane e e gagametseng—ya dilo tse o ipoleletseng gore ga o kitla o di bua mo molekaneng wa gago wa lenyalo, tse di jaaka “Ke go tlhoile” kgotsa, “Ke eletsa e kete re ka bo re sa nyalana.” Mme le mororo moaposetoloi wa Mokeresete Paulo a ne a sa tlotle ka lenyalo fano, go botlhale go dira gore lo se ka lwa iphitlhela lo dira se a neng a se bitsa “dikganetsano ka mafoko” le “dikganetsano tsa bogale ka dilo tse e seng tsa sepe.” * (1 Timotheo 6:4, 5) Fa molekane wa gago a bua ka mokgwa o o ntseng jalo, ga o tlhoke go araba ka tsela e e tshwanang le eo. Wena kafa o ka kgonang ka gone, latelela kagiso.—Baroma 12:17, 18; Bafilipi 2:14.

Ke boammaaruri gore motho ga a kgone go laola puo ya gagwe fa a setse a galefile. Mokwadi wa Baebele e bong Jakobe  o bolela jaana: “Loleme ke molelo. Ga go na le a le mongwe wa batho yo o ka dirang gore lo kgwabofale. Ke selo se se sa laolesegeng se se utlwisang botlhoko, lo tletse botlhole jo bo bolayang.” (Jakobe 3:6, 8) Ka jalo, ke eng se o ka se dirang fa o utlwa o tlala bogale? O ka bua jang le molekane wa gago wa lenyalo ka tsela e e tla fedisang dikgotlhang go na le go di gakatsa?

Go Fedisa Dikomang

Bangwe ba ile ba fitlhela gore go motlhofo go fokotsa bogale le go rarabolola bothata ka bojone fa ba tlhoma mogopolo thata mo tseleng e ba ikutlwang ka yone go na le mo dilong tse di dirwang ke molekane wa bone wa lenyalo. Ka sekai, mafoko a a reng “Ke utlwisitswe botlhoko ke se o se buileng” a thusa thata go na le “O nkutlwisitse botlhoko” kgotsa, “O a itse gore ga o a tshwanela go bua jalo.” Gone ke boammaaruri gore fa o tlhalosa kafa o ikutlwang ka gone, modumo wa lentswe la gago ga o a tshwanela go utlwala o na le bogale kgotsa lenyatso. Mokgele wa gago e tshwanetse gore e nne go senola se bothata e leng sone go na le go tlhasela motho.—Genesise 27:46–28:1.

Mo godimo ga moo, ka metlha gakologelwa gore go na le “motlha wa go didimala le motlha wa go bua.” (Moreri 3:7) Fa batho ba babedi ba bua ka nako e le nngwe, ga go na ope yo o reeditseng, e bile ga go fitlhelelwe sepe. Ka jalo fa e le nako ya gago ya go reetsa, nna “bofefo kaga go utlwa, bonya kaga go bua.” Se se botlhokwa ka tsela e e tshwanang ke gore o nne “bonya kaga go shakgala.” (Jakobe 1:19) Fa molekane wa gago wa lenyalo a bua sengwe ka tsela e e makgwakgwa, o se ka wa tsaya sengwe le sengwe fela jaaka a se bua; le gone o se ka wa “potlaka mo moweng wa gago go nna bogale.” (Moreri 7:9) Go na le moo, fa molekane wa gago a bua, leka go lemoga kafa a ikutlwang ka gone. Baebele e bolela jaana: “[“Temogo,” NW] ya motho e mo dira gore a nne bonya go galefa; le gone ke kgalalelo ya gagwe go tlhokomologa tlolo.” (Diane 19:11) Temogo e ka thusa monna kgotsa mosadi go bona gore komang e bakilwe ke eng.

Ka sekai, go ngongorega ga mosadi gore monna ga a iphe nako le ene ga se kgang ya go ngongorega fela ka diura le metsotso. Seno se ka tswa se amana thata le go ikutlwa ga gagwe a tlhokomologilwe kgotsa a sa anaanelwe. Ka tsela e e tshwanang, go ngongorega ga monna gore mosadi wa gagwe o rekile dilo dingwe go sa tlhokege go bonala e se fela go ngongorega ka diranta le disente. E ka tswa e le ka gonne a sa bua le ene gore ba dire tshwetso ya gore go rekwe eng. Monna kgotsa mosadi yo o nang le temogo ga a kitla a leba dilo fela fa godimo mme o tla leba motswedi wa bothata.—Diane 16:23.

A go motlhofo go bua seno go na le go se dira? Ee! Ka dinako tse dingwe, go sa kgathalesege maiteko a a molemo a lo a dirang, lo tla bua mafoko a a seng lorato e bile lo tla galefa. Fa o bona seno se simolola go direga, o ka nna wa batla go dirisa kgakololo ya Diane 17:14, (NW): “Pele ga komano e tsoga, tswa o tsamaye.” Ga go na molato ope ka go busetsa motlotlo kwa morago go fitlha lo wetse dibete. Fa e le gore ga lo kgone go bua lo sa omane, go ka nna botlhale  gore tsala nngwe e e godileng e nne le lona lo le babedi mme e lo thuse go rarabolola mathata a lona. *

Leba Dilo ka Tekatekano

O se ka wa kgobega marapo fa lenyalo la gago le se ka tsela e o neng o lebeletse gore le nne ka yone fa lo ne lo sa ntse lo ratana. Setlhopha sengwe sa baitse se bolela jaana: “Mo bathong ba le bantsi, lenyalo ga se boitumelo jo bo sa feleng. Ka dinako tse dingwe le monate mme ka dinako tse dingwe le boima tota.”

Ee, lenyalo le ka nna la se ka la nna ka tsela e le tlhalosiwang ka yone mo dibukeng tsa marato, mme le teng ga le a tshwanela go nna masetlapelo. Le fa gone go tla nna le dinako tse wena le molekane wa gago wa lenyalo lo tla tshwanelwang ke gore lo itshokelane, gape go tla nna le dinako tse lo tla beelang dikgotlhang tsa lona kwa thoko lo bo lo itumelela go nna mmogo, lo dira dilo dingwe tse di itumedisang, e bile lo tlotla jaaka ditsala. (Baefeso 4:2; Bakolosa 3:13) Tseno ke dinako tse ka tsone o ka nnang wa kgona go tsosolosa lorato lo lo fedileng.

Gakologelwa gore batho ba babedi ba ba sa itekanelang ga ba ka ke ba bopa lenyalo le le itekanetseng. Mme ba ka kgona go itumela ka selekanyo se se rileng. Eleruri, tota le fa lo na le mathata, kamano ya gago le molekane wa gago wa lenyalo e ka nna motswedi wa boitumelo jo bogolo. Re tlhomamisega ka selo se le sengwe fela: Fa wena le molekane wa gago wa lenyalo lo iteka mme lo iketleeleditse go fetofetoga le go batlela yo mongwe molemo, go na le lebaka le le utlwalang la gore lenyalo la lona le ka kgona go bolokwa.—1 Bakorintha 10:24.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 22 Go gotsa batsadi ba gago ga go dire gore go bua le molekane wa gago wa lenyalo ka tsela e e makgwakgwa e nne selo se se siameng. Le fa go ntse jalo, go ka thusa go tlhalosa kafa mokgwa o o ntseng jalo o ka tsenelelang ka gone go bo go nna thata go kgaogana le one.

^ ser. 25 Lefoko la ntlhantlha la Segerika le le ranotsweng ka go re “dikganetsano tsa bogale ka dilo tse e seng tsa sepe” le ka ranolwa gape ka go re “go tenana.”

^ ser. 31 Basupi ba ga Jehofa ba na le thuso ya bagolwane ba phuthego. Le mororo bagolwane ba sa tshwanela go itshunya nko mo dilong tsa banyalani, ba ka nna thuso e e lapolosang mo banyalaning ba ba nang le mathata.—Jakobe 5:14, 15.

[Mafoko a a mo go tsebe 12]

A mafoko a gago a utlwisa botlhoko, kgotsa a a fodisa?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 10]

KOLOPELA BOLO KA BONOLO

Baebele e bolela jaana: “A puo ya lona ka metlha e nne ka bopelontle, e lokilwe ka letswai, e le gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.” (Bakolosa 4:6) Ruri temana eno e a dira mo lenyalong! Ka sekai: Mo motshamekong o go kolopelanwang bolo mo go one, o e kolopela kwa mothong yo mongwe gore a kgone go e tshwara motlhofo. Ke boammaaruri gore ga o e kolopele ka maatla thata gore e gobatse motho yo o tshamekang le ene. Dirisa molaomotheo o o tshwanang fa o bua le molekane wa gago wa lenyalo. Go mo kolopela mafoko a a botlhoko go tla mo gobatsa. Go na le moo, bua ka bonolo—ka bopelontle—gore molekane wa gago wa lenyalo a tle a kgone go tshwara ntlha ya gago.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 11]

IKGAKOLOLE DILO TSA NAKO E E FETILENG!

Bala makwalo le dikarata tsa nako e e fetileng. Leba ditshwantsho. Ipotse jaana, ‘Ke eng se se neng sa nkgogela mo molekaneng wa me wa lenyalo? Ke dinonofo dife tse ke neng ke di rata thata? Ke dilo dife tse re neng re di dira mmogo? Re ne re tshegisiwa ke eng?’ Morago ga moo bua le molekane wa gago wa lenyalo ka dilo tseno. Motlotlo o o simololang ka mafoko a a reng “A o gakologelwa nako ya fa . . . ?” o ka thusa wena le molekane wa gago wa lenyalo go tsosolosa tsela e yo mongwe wa lona a neng a ikutlwa ka yone ka yo mongwe.

[Lebokoso mo go tsebe 12]

MOLEKANE YO MOSHA WA LENYALO, MATHATA A A TSHWANANG

Banyalani bangwe ba ba iphitlhelang ba le mo lenyalong le le se nang lorato ba raelesega go simolola botshelo le molekane yo mosha wa lenyalo. Le fa go ntse jalo, Baebele e kgala boaka, e bolela gore motho yo o dirang boleo jono “ga a na tlhaloganyo [“ke seeleele se se se nang tlhaloganyo,” New English Bible]” e bile “o senya mowa wa gagwe tota.” (Diane 6:32) Kgabagare, moakafadi yo o sa ikwatlhayeng ga a tlhole a amogelwa ke Modimo—tshenyo e e maswe go di feta tsotlhe e e ka diregang.—Bahebera 13:4.

Boeleele jo bogolo jwa go dira boaka bo bontshiwa gape ka ditsela tse dingwe. Selo sa botlhokwa ke gore moakafadi yo o nyalang motho yo mongwe ga go na pelaelo gore o tlile go nna le mathata a a tshwanang le a a neng a na le one mo lenyalong la ntlha. Dr. Diane Medved o ntsha ntlha e nngwe gape e e tshwanetseng go akanyediwa. O bolela jaana: “Selo sa ntlha se molekane wa gago yo mosha a se ithutileng ka wena ke gore o ikemiseditse go sa ikanyege. O a itse gore o ka tsietsa motho yo o solofeditseng gore o tla mo tlotla. Gore o na le bokgoni jwa go dira diipato. Gore o ka kgona go tlogedisiwa maitlamo a gago. Gore o gogelwa ke go rata menate le go tsholetsa seriti sa gago. . . . Molekane wa gago wa bobedi wa lenyalo o tla itse jang gore ga o kitla o raelesega gape?”

[Lebokoso mo go tsebe 14]

BOTLHALE JO BO TSWANG MO DIANENG TSA BAEBELE

Diane 10:19: “Mo bontsing jwa mafoko ga go ko go tlhokafala tlolo, mme yo o thibang dipounama tsa gagwe o botlhale.”

Fa o tenegile, o ka nna wa bua se tota o neng o sa batle go se bua—kwa morago wa bo o se ikwatlhaela.

Diane 15:18: “Motho yo o šakgalang bobe o tlhotlheletsa kgang, mme yo o bonya go galefa o kokobetsa komano.”

Ga go na pelaelo gore go latofatsa molekane wa gago wa lenyalo ka mafoko a a tlhabang go tla mo dira gore a ganele dilo tse o mo latofatsang ka tsone, mme go mo reetsa ka bopelotelele gone go tla lo thusa gore ka bobedi jwa lona lo rarabolole mathata.

Diane 17:27: “Yo o rekegelang mafoko a gagwe o na le kitso, le yo o mowa o o tsididi ke motho wa tlhaloganyo.”

Fa o ikutlwa gore o tlala bogale, go botoka go didimala gore o se ka wa tlhasela yo mongwe.

Diane 29:11: “Seeleele se tle se b[u]lele bogale jotlhe jwa sone, mme motho yo o botlhale o a bo kganela a bo didimatse.”

Boikgapo bo botlhokwa. Go tlhasela molekane wa gago wa lenyalo ka mafoko a a bogale go tla dira gore a go hularele.