Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa Lorato lo Fela?

Ke ka Ntlha Yang fa Lorato lo Fela?

 Ke ka Ntlha Yang fa Lorato lo Fela?

“Go bonala go le motlhofo thata go simolola go ratana le motho go na le go tswelela o ratana le ene.”—DR. KAREN KAYSER.

GONGWE go ka tswa go sa gakgamatse go bo manyalo a a se nang lorato a oketsega. Lenyalo ke kamano e e raraaneng fa gare ga batho, mme ba le bantsi ba tsena mo go lone ba sa le ipaakanyetsa sentle. Dr. Dean S. Edell o bolela jaana: “Go lebeletswe gore re nne le bokgoni fa re ya go tsaya laesense ya go kgweetsa, mme laesense ya lenyalo yone e tsewa fela ka go saena.”

Ka jalo, le fa go na le manyalo a le mantsi a a tswelelang sentle e bile a itumetse tota, a mantsi a na le mathata. Gongwe molekane a le mongwe wa lenyalo kgotsa ba le babedi ba tsene mo lenyalong ba solofetse go le gontsi mme ba se na bokgoni jo bo tlhokegang jwa go dira gore ba nne le botsalano jo bo sa feleng. Dr. Harry Reis o tlhalosa jaana: “Fa batho ba simolola go ratana, mongwe le mongwe wa bone o ikutlwa a tlhomamisega thata ka yo mongwe.” O nna le maikutlo a gore molekane wa gagwe ke “ene fela mo lefatsheng yo o lebang dilo ka tsela e a di lebang ka yone. Ka dinako tse dingwe boikutlo jo bo ntseng jalo bo a fela, mme fa bo fela, seno se ka gobatsa lenyalo fela thata.”

Go a itumedisa go bona gore manyalo a le mantsi ga a felele jalo. Mme mma re sekasekeng mabaka a le mmalwa a ka dinako tse dingwe a dirileng gore lorato lo fele.

Go Swabisiwa—“Seno Ga se Se ke Neng ke se Lebeletse”

Rose o bolela jaana: “Fa ke ne ke nyalana le Jim, ke ne ke solofetse gore o ne a tlile go diragatsa ditoro tsotlhe tsa me—nna le ene re ratana thata e bile re akanyetsana.” Le fa go ntse jalo, morago ga nakonyana, monna wa ga Rose o ne a se ka a lebega a na le lorato lo logolo loo. O bolela jaana: “O ne a feleletsa a ntshwabisitse fela thata.”

Difilimi di le dintsi, dibuka le dipina tse di ratwang thata di tlhalosa lorato ka tsela e tota lo seng ka yone. Fa monna le mosadi ba sa ntse ba ratana, ba ka nna ba bona e kete ditoro tsa bone di a diragadiwa; mme morago ga dingwaga di le mmalwa ba setse ba nyalane, ba ka nna ba swetsa ka gore tota ba ne ba ijesa dijo tsa ditoro! Dibuka tsa marato di ka nna tsa dira gore lenyalo le le atlegileng le lebege e kete ga le tsamaye sentle gotlhelele.

Ke boammaaruri gore ga go na molato ope ka go solofela dilo dingwe mo lenyalong. Ka sekai, ga go na molato ope ka go solofela gore molekane wa gago wa lenyalo a go bontshe lorato, a go neye tlhokomelo ya gagwe, le go go ema nokeng. Le fa go ntse jalo, dilo tseno tse o di eletsang di ka nna tsa se ka tsa diragadiwa. Mosadi mongwe yo mmotlana yo o nyetsweng kwa India e bong Meena o bolela jaana: “Ke ikutlwa e kete ga ke a nyalwa. Ke ikutlwa ke jewa ke bodutu e bile ke tlhokomologilwe.”

Go sa Tshwanelane—“Ga re Rate Dilo Tse di Tshwanang”

Mosadi mongwe o bolela jaana: “Ga go na sepe fela se se re kopanyang nna le monna wa me. Ga go na letsatsi lepe le le fetang fela ke sa ikwatlhae mo go botlhoko  go bo ke ile ka dira tshwetso ya gore ke nyalane le ene. Ga re tshwane gotlhelele.”

Gantsi ga go tseye nako e telele gore banyalani ba lemoge gore tota ga ba tshwane go le kalo jaaka ba ne ba bona ba tshwana fa ba sa ntse ba ratana. Dr. Nina S. Fields o kwala jaana: “Gantsi lenyalo le tlhagisa mekgwa e banyalani ka bobone ba neng ba sa e lemoge fa ba ne ba ise ba nyalane.”

Ka ntlha ya seno, morago ga lenyalo banyalani bangwe ba ka nna ba swetsa ka gore ga ba tshwanelane gotlhelele. Dr. Aaron T. Beck o bolela jaana: “Le fa batho ba le bantsi ba ka tswa ba rata dilo tse di tshwanang e bile botho jwa bone bo tshwana, ba tsena mo lenyalong ba sa tshwane gotlhelele ka mekgwa, ditlwaelo le maikutlo.” Banyalani ba le bantsi ga ba itse gore ba ka rarabolola jang go sa tshwane mo go ntseng jalo.

 Dikgotlhang—“Re Omana ka Metlha”

Fa Cindy a akanya ka malatsi a ntlha a lenyalo la gagwe, o bolela jaana: “Re gakgamalela kafa re neng re tle re lwe thata ka gone—tota le go omana, kgotsa go dira se se maswe go feta seo, re fetsa malatsi a le mantsi re fetana fela re sa buisane.”

Go tlhoka kutlwano ga go ke go tlhokega mo lenyalong. Mme go rarabololwa ka tsela efe? Dr. Daniel Goleman o kwala jaana: “Mo lenyalong le le itumetseng, monna le mosadi ba ikutlwa ba gololesegile go tlhalosa se ba ngongoregang ka sone. Mme gantsi fa ba galefile thata, ba tlhalosa dingongorego tsa bone ka mokgwa o o senyang, jaaka go tlhasela mokgwa o molekane yo mongwe a dirang dilo ka one.”

Fa seno se direga, puisano e nna ntwa e mongwe le mongwe a sireletsang ka bogale tsela e a lebang dilo ka yone mme mafoko ke dibetsa go na le gore e nne didirisiwa tsa puisano. Setlhopha sengwe sa baitse se bolela jaana: “Selo sengwe se se senyang malebana le dikomang tse di duleng mo taolong ke gore banyalani ba na le go bua dilo dingwe tse di tshosetsang lenyalo la bone.”

Go sa Kgathale—“Re Itlhobogile”

Mosadi mongwe o ne a bolela jaana morago ga dingwaga di le tlhano a ntse a nyetswe: “Ke itlhobogile malebana le go dira gore lenyalo la rona le atlege. Ke a itse gore le ka se tlhole le atlega. Ka jalo bana ba rona ke bone fela ba ke tshwenyegang ka bone.”

Gatwe phapang ya mmatota ya lorato ga se letlhoo mme ke go sa kgathale. Eleruri, go sa kgathale go ka senya lenyalo fela jaaka le ka senngwa ke maikutlo a bobaba.

Le fa go ntse jalo, se se utlwisang botlhoko ke gore banyalani bangwe ba tlwaela lenyalo le le se nang lorato fela thata mo e leng gore ba itlhobogile gore ga le kitla le tlhola le fetoga. Ka sekai, monna mongwe o ne a bolela gore go fetsa dingwaga di le 23 o nyetse go tshwana le “go dira tiro e o sa e rateng.” O ne a oketsa jaana: “O dira sotlhe se o ka se kgonang mo maemong a a ntseng jalo.” Ka tsela e e tshwanang, mosadi mongwe yo o nyetsweng yo o bidiwang Wendy o itlhobogile ka monna wa gagwe yo a feditseng dingwaga di le supa a nyalane le ene. O bolela jaana: “Ke lekile makgetlho a le mantsi mme ka metlha o ne a ntshwabisa. Ke ne ka feleletsa ke tshwenyegile thata mo maikutlong. Ga ke batle gore seo se ntiragalele gape. Go nna le tsholofelo ke go ikutlwisa botlhoko fela. Bogolo ke se ka ka solofela sepe—ga nkitla ke itumela, mme se se monate ke gore ga nkitla ke tshwenyega thata mo maikutlong.”

Go swabisiwa, go sa tshwanelane, dikgotlhang le go sa kgathale ke dingwe tsa dilo tse di ka dirang gore go se ka ga nna le lorato mo lenyalong. Ga go na pelaelo gore go na le tse dingwe tse dintsi—tse di le mmalwa tsa tsone di umakilweng mo lebokosong le le mo go tsebe 5. Go sa kgathalesege gore seno se bakwa ke eng, a go na le tsholofelo epe ka banyalani ba go lebegang ba iphitlhela ba le mo lenyalong le le se nang lorato?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]

DILO TSE DINGWE TSE DI BAKANG LENYALO LE LE SE NANG LORATO

Madi: “Motho a ka nna a akanya gore tekanyetso ya madi mo lelapeng e ka thusa banyalani gore ba utlwane malebana le botlhokwa jwa go dirisana mmogo, ba dirisetse madi a bone go bona dilo tse di botlhokwa mo botshelong, le go ipelela maungo a letsapa la bone. Mme le fano, se se ka kopanyang banyalani gore ba dirisane mmogo gantsi se a ba kgaoganya.”—Dr. Aaron T. Beck.

Botsadi: “Re fitlhetse gore go kgotsofala mo lenyalong ga banyalani ba le diperesente di le 67 go wela kwa tlase fela thata fa ba sena go nna le ngwana wa ntlha, mme dikgotlhang tsa bone di menagana ga robedi. Seno e batla e le ka go bo batsadi ba lapile mme ba se na nako e ntsi e ba e senyang ba le bosi.”—Dr. John Gottman.

Go Tsietsa: “Go sa ikanyege mo lenyalong gantsi go akaretsa go tsietsa, mme tota go tsietsa ke go dira boferefere jo bo dirang gore o se ka wa tlhola o ikanngwa. E re ka go ikanyega e le selo se se botlhokwa thata mo manyalong otlhe a a atlegileng e bile a tshwareletse lobaka lo loleele, a go a gakgamatsa go bo go tsietsa go senya kamano e banyalani ba nang le yone?”—Dr. Nina S. Fields.

Tlhakanelodikobo: “Ka nako ya fa batho ba rulaganyetsa go tlhalana, go tlwaelegile gore ba bo ba feditse dingwaga di le dintsi thata ba timana tlhakanelodikobo. Ka dinako tse dingwe banyalani ba a bo ba ise nke ba nne le kamano ya go tlhakanela dikobo, mme ka tse dingwe, go tlhakanela dikobo e ne e le go ikgolola fela, e le fela go kgotsofatsa ditlhoko tsa mmele tsa molekane yo mongwe wa lenyalo.”—Judith S. Wallerstein, moithutatlhaloganyo yo o alafang balwetse.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

BANA BA AMEGA JANG?

A tsela e lenyalo la gago le ntseng ka yone e ka ama bana ba gago? Go ya ka Dr. John Gottman, yo o feditseng dingwaga di ka nna 20 a dira dipatlisiso ka banyalani, karabo ke ee. O bolela jaana: “Mo dipatlisisong di le pedi tse di dirilweng mo dingwageng di le lesome, re fitlhetse gore bana ba batsadi ba ba sa itumelang ba na le bothata jo bogolo jwa go itaya thata ga pelo fa ba tshameka mme ga ba kgone go ithetebatsa. Fa nako e ntse e tsamaya, dikgotlhang mo lenyalong di dira gore ngwana a se ka a dira sentle kwa sekolong, go sa kgathalesege gore o botlhale go le kana kang.” Go farologana le seno, Dr. Gottman a re, bana ba banyalani ba ba utlwanang “ba dira sentle kwa sekolong le mo setšhabeng, ka gonne batsadi ba bone ba ba bontshitse tsela ya go tlotla batho ba bangwe le go dirisana le dilo tse di ba utlwisang botlhoko mo maikutlong.”