Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Maiteko a a Ntseng a Dirwa a go Batla Ditharabololo

Maiteko a a Ntseng a Dirwa a go Batla Ditharabololo

 Maiteko a a Ntseng a Dirwa a go Batla Ditharabololo

GO TLOGA fela ka nako e lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le neng le tlhomiwa ka yone, e sa le le ntse le kgatlhegela bana le mathata a ba lebaneng le one. Kwa bokhutlong jwa 1946, le ne la tlhoma United Nations International Children’s Emergency Fund (UNICEF) e le tsela ya nakwana ya go tlhokomela bana ba ba kwa mafelong a a kgautlhantsweng ke ntwa.

Ka 1953, letlole leno le le neng le thusa mo maemong a tshoganyetso le ne la fetolwa go nna mokgatlho wa go ya go ile. Le mororo jaanong le itsege semolao e le United Nations Children’s Fund, le ne la nna le ntse le bidiwa ka leina la lone la kwa tshimologong, e leng UNICEF. Ka jalo, UNICEF e feditse dingwaga di feta masometlhano e ntse e tlamela bana mo lefatsheng lotlhe ka dijo, diaparo le tlhokomelo ya kalafi, mme e ntse e leka go tlhokomela bana ka dilo tse ba di tlhokang ka kakaretso.

Dilo tse bana ba di tlhokang di ne tsa newa tlhokomelo e kgolwane ka 1959 fa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne le dira Maiphako a Ditshwanelo Tsa Bana. (Bona lebokose, mo tsebeng ya 5.) Go ne go solofetswe gore lekwalo leno le tla dira gore batho ba amege thata ka mathata a a aparetseng bana le go thusa go a rarabolola ka go rotloetsa batho gore ba ba eme nokeng, ba ba tshegetse ka madi le ka dilo tse dingwe.

Le fa go ntse jalo, go ya ka 1980 Year Book ya ga Collier, “dingwaga di le masome a mabedi morago ga moo, ‘ditshwanelo’ tseno—segolobogolo tse di amanang le go ba tlamela ka dijo tse di nang le dikotla, kalafi le dithoto—di ne di sa ntse di ise di newe bana ba le bantsi mo go ba ba dimilione di le dikete di le 1,5 mo lefatsheng.” Ka jalo, ka ntlha ya gore lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le tlhokometse gore mathata a a aparetseng bana a sa ntse a tlhoka go rarabololwa, tumalanong le mekgele e le buileng ka yone, le ne la bitsa ngwaga wa 1979 Ngwaga wa Boditšhabatšhaba wa Bana. Dipuso, baagi, bodumedi le ditlhopha tsa batho ba ba thusang batlhoki mo lefatsheng lotlhe di ne tsa arabela ka bonako mo go batleng ditharabololo.

A Tsotlhe Tseno E ne E le “Motlae o o Setlhogo” Fela?

Sebe sa phiri ke gore, go ya ka pego nngwe ya UNICEF, bana ba ba nnang kwa dinageng tse di tlhabologang ga ba a ka ba solegelwa molemo ka nako ya Ngwaga wa Boditšhabatšhaba wa Bana. Kwa bokhutlong jwa ngwaga oo, bana ba ka nna dimilione di le 200 ba ne ba sa ntse ba sa bone dijo tse di lekaneng, mme go ka bolelwa gore halofo ya dintsho  tsa bana ba le dimilione di le 15 ba ba tlhokafetseng ba le dingwaga tse di kwa tlase ga di le tlhano di bakilwe ke go ja dijo tse di se nang dikotla. Mo baneng ba le 100 ba ba neng ba tsholwa motsotso mongwe le mongwe mo ngwageng oo kwa dinageng tseo, ba le 15 ba ne ba tlhokafala pele ba fetsa ngwaga wa bone wa ntlha. Ke bana ba ba kwa tlase ga diperesente di le 40 fela ba ba neng ba kgona go fetsa sekolo sa poraemari. E ne ya re fa setlhogo sengwe sa lokwalodikgang lwa Indian Express se akgela ka pego eno ya UNICEF, se ne sa ngongoregela gore Ngwaga wa Bana o ne wa fetoga go nna “motlae o o setlhogo.”

Batho bangwe ba ne ba bonela pele go palelwa gono. Ka sekai, kwa tshimologong fela ya ngwaga oo, Fabrizio Dentice o ne a kwala jaana mo makasineng wa L’Espresso: “Go tlhokega se se fetang fela Ngwaga wa Bana go rarabolola bothata jono.” Makasine ono o ne wa akgela jaana: “Tsela e re tshelang ka yone gompieno e re bopa go nna se re leng sone, mme seno ke sone se se tlhokang go fetolwa.”

Fa go ne go ntse go tsweletswe go batlwa ditharabololo tsa mathata a a aparetseng bana, go ne ga tshwarwa kokoano ya lefatshe kwa ntlokgolo ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ka September 1990. E ne e le nngwe ya dikokoano tse dikgolo go gaisa mo hisitoring tsa baeteledipele ba lefatshe. Go ne go na le baeteledipele ba feta 70 ba dipuso. Kokoano eno e ne ya tshwarwa morago ga Tumalano E e Ka ga Ditshwanelo Tsa Bana, e e neng ya dirwa ka November 20, 1989, mme ya simololwa go dirisiwa ka September 2, 1990. Kwa bokhutlong jwa kgwedi eo, tumalano eno e ne e setse e amogetswe ke dinaga di le 39.

Bosheng jaana UNICEF e ne ya akgela jaana: “Tumalano eno e e ne ya nna selo se se amogelwang ka bonako thata go gaisa tsotlhe sa ditshwanelo tsa batho, mme se tlhotlheleditse lefatshe lotlhe go kgatlhegela bana.” Eleruri, go tloga ka November 1999, Tumalano eno e ne e setse e amogetswe ke dinaga di le 191. UNICEF e ne ya ipelafatsa jaana: “Go ile ga dirwa kgatelopele e kgolo thata mo go lemogeng ditshwanelo tsa bana le go di sireletsa mo dingwageng di le lesome morago ga gore go dirwe Tumalano E e Ka ga Ditshwanelo Tsa Bana go feta mo nakong epe fela e nngwe mo hisitoring ya batho.”

Le mororo go ile ga dirwa kgatelopele eno, Poresidente wa Jeremane e bong Johannes Rau o ne a tlhotlheletsega go akgela jaana: “Go utlwisa botlhoko gore mo motlheng wa rona re sa ntse re tshwanelwa ke go gakololwa gore bana ba na le ditshwanelo.” Kana go gakololwa gore ba sa ntse ba aparetswe ke mathata a a masisi! UNICEF e ne ya tlhalosa jaana fa e ne e dumela ka November 1999 gore “go sa ntse go na le dilo di le dintsi tse di tshwanetseng go  dirwa”: “Go fopholediwa gore bana ba ka nna dimilione di le 12 ba ba kwa tlase ga dingwaga tse tlhano ba a swa ngwaga mongwe le mongwe mo lefatsheng lotlhe, gantsi ba bolawa ke dilo tse di neng di ka thibelwa motlhofo fela. Bana ba ka nna dimilione di le 130 ba ba nnang kwa dinageng tse di tlhabologang ga ba tsene sekolo sa poraemari . . . Mo e ka nnang bana ba le dimilione di le 160 ga ba bone dijo tse di lekaneng. . . . Bana ba le bantsi ba ba sa batliweng ba nna kwa magaeng a masiela le kwa ditheong tse dingwe, ga ba newe tshono ya go ithuta le tlhokomelo e e siameng ya kalafi. Gantsi bana bano ga ba tshwarwe sentle. Go fopholediwa gore bana ba ka nna dimilione di le 250 ba dira tiro nngwe e e boima.” Gape go ne ga buiwa le ka bana ba le dimilione di le 600 ba ba tshelang mo khumanegong e kgolo le ba le dimilione di le 13 ba ba tla bong ba latlhegetswe bobotlana ke motsadi a le mongwe ka ntlha ya AIDS fa ngwaga wa 2000 o fela.

Go lebega baeteledipele ba dipolotiki ba sa kgone go bona ditsela tse di kgotsofatsang tsa go rarabolola mathata ano. Le fa go ntse jalo, ga se bana ba ba nnang kwa dinageng tse di tlhabologang fela ba ba aparetsweng ke mathata. Bana ba le bantsi kwa dinageng tsa kwa Bophirima le bone ba aparetswe ke mathata mangwe a a rileng.

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

“Go utlwisa botlhoko gore mo motlheng wa rona re sa ntse re tshwanelwa ke go gakololwa gore bana ba na le ditshwanelo”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]

Maiphako a Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a Ditshwanelo Tsa Bana:

● Tshwanelo ya go nna le leina le morafe.

● Tshwanelo ya go kgatlhegelwa, go ratiwa, go tlhaloganngwa mmogo le go tlhokomelwa ka dilo tse di bonalang.

● Tshwanelo ya go nna le dijo tse di lekaneng, legae le go thusiwa ka tsa kalafi.

● Tshwanelo ya go tlhokomelwa ka tsela e e kgethegileng fa ba golafetse, e ka ne e le mo mmeleng, mo tlhaloganyong kana ka tsela ya loago.

● Tshwanelo ya go nna gareng ga ba ntlha go sirelediwa le go thusiwa mo maemong otlhe.

● Tshwanelo ya go sirelediwa mo mefuteng yotlhe ya go tlhokomologiwa, go tshwarwa makgwakgwa, le go sotliwa.

● Tshwanelo ya go nna le tshono e e feletseng ya go tshameka le go itlosa bodutu le tshono e e lekanang ya go bona thuto ya mahala le e ngwana a tshwanelwang ke go e newa, go dira gore a kgone go godisa bokgoni jwa gagwe le gore e nne motho yo o mosola mo setšhabeng.

● Tshwanelo ya gore ngwana a godise bokgoni jwa gagwe ka botlalo mo maemong a a nang le kgololesego mo go one le seriti.

● Tshwanelo ya go godisediwa mo tikologong e e nang le moya wa go tlhaloganyana, wa go itshokelana, wa botsalano gareng ga batho, wa kagiso le wa bokaulengwe jwa ditšhaba tsotlhe.

● Tshwanelo ya go ipelela ditshwanelo tseno go sa kgathalesege lotso, mmala, bong, bodumedi, kgopolo ya dipolotiki kana e nngwe fela e ngwana a nang le yone, setšhaba kana morafe o a tswang mo go one, le gore o na le dithoto di le kana kang, o tsholetswe kae, kana sepe fela se sengwe.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Tshobokanyo eno e tserwe mo go Everyman’s United Nations

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 3]

UN PHOTO 148038/Jean Pierre Laffont

UN photo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]

Photos on pages 4 and 5 Giacomo Pirozzi/Panos Pictures