Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dirisana le Mathata a Kgeleswa ya Setlha

Go Dirisana le Mathata a Kgeleswa ya Setlha

 Go Dirisana le Mathata a Kgeleswa ya Setlha

Fa ne ke na le dingwaga di le 54, ke ne ka simolola go ntsha metsi gantsintsi, ka dinako tse dingwe, mo metsotsong mengwe le mengwe e le 30. Bothata jono bo ne jwa dira gore ke ye go bona ngaka, mme ka fitlhela gore kgeleswa ya me ya setlha e ne e tlhoka go ntshiwa.” Mo lefatsheng lotlhe, ditliliniki tse di berekanang le bothata jwa kgeleswa ya setlha di kopana le mathata a le mantsi a a ntseng jalo. Ke eng se monna a ka se dirang gore a se ka a nna le bolwetse jwa kgeleswa ya setlha? O tshwanetse go ya go bona ngaka leng?

KGELESWA YA SETLHA ke kgeleswa e e kafa tlase ga setlha fa thoko ga mosele o o ntshang metsi mme e bopegile jaaka thapo ya kgeru. (Bona setshwantsho sa setlhana sa monna.) Boima jwa yone mo mothong wa monna yo o godileng sentle ke digerama di le 20 mme gantsi e boleele jwa disentemetara di le 3, le boatlhamo jwa disentemetara di le 2. Tiro ya yone ke go tlhagisa seedi se diperesente tse di ka nnang 30 tsa sone e leng peo e e tswang mo monneng. Go bonala seedi seno, se se nang le citric acid, calcium le diensaeme, se dira gore peo eno e kgone go tsamaya bonolo le go imisa. Mo godimo ga moo, seedi se se tlhagisiwang ke kgeleswa eno ya setlha se na le zinc, e baitsesaense ba bolelang gore e sireletsa mosele wa dirwe tsa tsalo gore o se ka wa tshwaediwa ke malwetse.

Go Lemoga Kgeleswa ya Setlha e e Nang le Bothata

Matshwao a le mantsi a bolwetse jwa setlhana mo banneng a amana le go ruruga ga kgeleswa ya setlha kana go tswa tlhagala. Prostatitis—go ruruga ga kgeleswa ya setlha—go ka baka letshoroma, go ntsha metsi ka bothata, le ditlhabi mo lerapong la mokwatla le mo setlheng. Fa kgeleswa ya setlha e rurugile thata, e ka dira gore molwetse a se ka a kgona go  ntsha metsi. Fa e le gore go ruruga mono go bakwa ke dibaketeria, bolwetse jwa teng bo bidiwa bacterial prostatitis, mme e ka nna jo bo botlhoko thata kgotsa jo bo sa foleng. Gantsi bo amana le bothata jwa mosele o o ntshang metsi. Le fa go ntse jalo, gantsi ga go ke go bonwa gore ke eng se se bakileng gore e ruruge, fa go ntse jalo, bolwetse jwa teng bo bidiwa nonbacterial prostatitis.

Mathata a a tlwaelegileng a kgeleswa ya setlha ke a go ntsha metsi gantsintsi, go ntsha metsi bosigo, go fokotsega ga maatla a a tswang ka one, le go utlwa gore ga a a tswa otlhe mo setlheng. Gantsi matshwao ano a supa gore motho o tshwerwe ke bolwetse jwa benign prostatic hyperplasia (BPH)—go ruruga ga kgeleswa ya setlha mo go sa bakeng kankere—jo bo tshwarang banna ba ba fetang dingwaga tse 40. Bolwetse jwa BPH bo a oketsega fa motho a ntse a gola. Bo tshwere diperesente di le 25 tsa banna ba ba nang le dingwaga di le 55 le diperesente di le 50 tsa ba ba nang le dingwaga di le 75.

Kgeleswa ya setlha gape e ka tlhaselwa ke ditlhagala tse di kotsi. Gantsi kankere ya kgeleswa ya setlha e lemogiwa fa motho a tlile go tlhatlhobiwa, le fa matshwao a bolwetse jwa kgeleswa ya setlha a sa bonale. Fa kankere eno e setse e etegetse, metsi a ka nna a se ka a tswa otlhe mo setlheng mme seno sa dira gore setlha se ruruge. Fa kankere eno e setse e anametse kwa dirweng tse dingwe, motho a ka nna a tshwarwa ke mokwatla, go tlhotlhona ga mesifa, le go ruruga maoto ka ntlha ya go thibana ga dilimfe. Mo ngwageng wa bosheng jaana, kwa United States fela, go ne ga begwa gore batho ba bangwe gape ba le 300 000 ba tshwerwe ke kgeleswa ya setlha le gore ba le 41 000 ba bolailwe ke yone. Baitsesaense ba dumela gore diperesente di le 30 tsa banna ba ba fa gare ga dingwaga di le 60 le 69 le diperesente di le 67 tsa banna ba ba fa gare ga dingwaga di le 80 le 89 ba tla nna le kankere ya kgeleswa ya setlha.

Ke Mang Yo go Ka Diregang Gore e mo Tshware?

Dipatlisiso di bontsha gore fa motho a fetile dingwaga di le 50, go motlhofo fela thata gore a tshwarwe ke kankere ya kgeleswa ya setlha. Kwa United States, kankere eno e tshwara banna ba bantsho ka selekanyo se se menaganeng gabedi go feta kafa e tshwarang banna ba basweu ka gone. Bolwetse jono ga bo ate ka tsela e e tshwanang  mo lefatsheng lotlhe, bo bontsi thata kwa Amerika Bokone le kwa dinageng tsa Yuropa, bo lekanetse sentle fela kwa Amerika Borwa, mme bo kwa tlase kwa Asia. Seno se akantsha gore tikologo e batho ba nnang mo go yone kgotsa dijo tse ba di jang e ka tswa e le tsone di bakang go gola ga kankere ya kgeleswa ya setlha. Fa motho wa monna a fudugela kwa nageng e bolwetse jono bo atileng thata kwa go yone, a ka nna mo kotsing e kgolo ya gore bo mo tsene.

Go ka direga fela thata gore banna bao ba losika lwa bone ba nang le kankere ya kgeleswa ya setlha le bone ba nne le yone. Mokgatlho wa Kankere wa Amerika o tlhalosa jaana: “Fa monna a na le rre kgotsa morwarraagwe yo o nang le kankere ya kgeleswa ya setlha, kotsi ya gore e mo tshware e menagane sebedi.” Dilo dingwe tse di bakang gore go nne motlhofo go tsenwa ke bolwetse jono ke dingwaga tse motho a nang le tsone, lotso lo a tswang mo go lone, morafe o a tswang mo go one, bolwetse jo bo tlwaelegileng mo go ba lelapa, dijo le go sa nne matlhagatlhaga mo mmeleng. Banna ba ba jang dijo tse di  nang le mafura a mantsi le ba ba senyang nako e ntsi ba ntse fa fatshe ba mo kotsing e kgolo ya go tshwarwa ke kankere eno.

Go Thibela Malwetse a Kgeleswa ya Setlha

Le mororo baitsesaense ba sa ntse ba sa itse gore tota ke eng se se bakang kankere ya kgeleswa ya setlha, ba akanya gore matsapa di a tsaya mo dijining le mo dihoromoneng. Se se itumedisang ke gore re ka kgona go laola dilo di le pedi tse di bakang seno—dijo le go sa tlhagafale mo mmeleng. Mokgatlho wa Kankere wa Amerika o akantsha gore motho a “fokotse go ja nama ya diphologolo e e nang le mafura a mantsi mme gantsi a tlhophe go ja merogo.” Gape o akantsha go ja “maungo le merogo gatlhano kana go feta ka letsatsi,” mmogo le senkgwe, dijo tsa dithoro, dijo tse di dubilweng, dijo tse dingwe tsa korong, raese le dinawa. Ditamati, dipomelo le magapu di na le di-lycopenese tse dintsi—dilo tse di se nang okosejene tse di thusang go dira gore DNA e se ka ya senyega e bile di ka nna tsa thusa go fokotsa kotsi ya go tshwarwa ke kankere ya kgeleswa ya setlha. Gape baitse bangwe ba bolela gore ditlhatshana dingwe tsa kalafi mmogo le diminerale di ka thusa.

Mokgatlho wa Kankere wa Amerika le Mokgatlho wa Amerika wa Malwetse a Motlhapo di dumela gore go tlhatlhoba batho go bona gore a ba na le kankere ya kgeleswa ya setlha go ka boloka matshelo. Mo mabakeng a mantsi kalafi e ka atlega fa kankere eno e lemogiwa go sa le gale. Mokgatlho wa Kankere wa Amerika o akantsha gore banna ba ba fetileng dingwaga di le 50, kgotsa ba ba fetileng di le 45 mo go ba ba leng mo setlhopheng se se mo kotsing e kgolo ya go tsenwa ke bolwetse jono, ba tlhatlhobiwe ke ngaka gangwe ka ngwaga. *

Go tlhatlhobelwa bolwetse jono go tshwanetse ga akaretsa go tlhatlhobiwa ga madi a prostate-specific antigen (PSA). Antigen eno ke poroteine e e bakwang ke disele tsa kgeleswa ya setlha. Selekanyo sa yone se kwa godimo mo bathong ba ba tshwerweng ke malwetse a kgeleswa ya setlha. Mokgatlho wa Kankere wa Amerika o bolela jaana: “Fa e le gore dipholo tsa gago tsa go tlhatlhobelwa PSA ga di a siama, kopa ngaka ya gago gore e tlotle le wena ka dikotsi tsa kankere eno le gore a go a tlhokega gore o tlhatlhobiwe gape.” Gape, go dirisiwa mokgwa wa go tlhatlhoba wa go tsenya molwetse monwana mo leleng le le kafa morago o o bidiwang digital rectal exam (DRE). Fa ngaka e dira jalo, e kgona go utlwa bothata bope fela jo bo leng teng jwa kgeleswa ya setlha, e re ka kgeleswa eno e batla e le kwa nkong ya lela le le kafa morago. (Bona setshwantsho sa setlhana sa motho wa monna mo tsebeng 16.) Mokgwa wa go tlhatlhoba wa transrectal ultrasound (TRUS) o mosola “fa PSA kgotsa DRE e bontsha gore go na le bothata,” mme ngaka e tlhoka go dira tshwetso ya gore a e akantshe gore go ntshiwe karolo e e nang le bothata ya kgeleswa eno ya setlha. Go dira tlhatlhobo eno go tsaya metsotso e ka nna 20.

Mo godimo ga go lemoga kankere ya kgeleswa ya setlha, go tlhatlhobiwa ga motlhapo gangwe ka ngwaga go ka dira gore go lemogiwe BPH, e re e umakileng kwa godimonyana, e sa ntse e simologa, e e tla dirang gore go se ka ga dirisiwa kalafi e e tseneletseng thata. (Bona lebokoso le le nang le setlhogo se se reng “Kalafi ya BHP.”) Boitsholo jo bo siameng bo sireletsa motho gore a se ka a tsenwa ke malwetse a tlhakanelodikobo, a a ka bakang go ruruga ga kgeleswa ya setlha.

Eleruri, kgeleswa ya gago ya setlha e tlhoka go sirelediwa le go tlhokomelwa. Monna yo o umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno o ne a tlhalosa gore karo e a neng a e dira e fodile gotlhelele. Kgopolo ya gagwe ke gore “banna botlhe ba tlhatlhobiwe ke ngaka gangwe ka ngwaga gore ba sireletsege,” le fa ba se na matshwao ape a bolwetse jono.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Fa e le gore o mo dingwageng tseno, o lalediwa gore o sekaseke lebokoso le le nang le setlhogo se se reng “Matshwao a Bolwetse Jwa Benign Prostatic Hyperplasia (BPH).”

[Lebokoso mo go tsebe 17]

Matshwao a Bolwetse Jwa Benign Prostatic Hyperplasia (BPH)

Ditaelo: Araba dipotso tse di fa tlase ka go agelela nomore e e tshwanetseng.

Dipotso 1-6 di tshwanetse go arabiwa jaana:

0—Matshwao a jone ga a yo gotlhelele

1—Kafa tlase ga lekgetlho le le lengwe mo go a matlhano

2—Kafa tlase ga halofo ya makgetlho otlhe a le matlhano

3—Mo e ka nnang halofo ya makgetlho otlhe a le matlhano

4—Go feta halofo ya makgetlho otlhe a le matlhano

5—Mo e batlang e nna ka makgetlho otlhe a le matlhano

1. Mo kgweding e e fetileng, fa o se na go tlhapologa, o ile wa utlwa makgetlho a le kae gore ga o a ntsha motlhapo otlhe mo teng ga setlha? 0 1 2 3 4 5

2. Mo kgweding e e fetileng, o ne wa tshwanelwa ke go ntsha motlhapo ga kae mo diureng di le pedi morago ga o se na go tlhapologa lekgetlho la ntlha? 0 1 2 3 4 5

3. Mo kgweding e e fetileng, ke ga kae motlhapo wa gago o neng wa tswa o tla o ntse o ema makgetlhonyana fa o ntse o tlhapologa? 0 1 2 3 4 5

4. Mo kgweding e e fetileng, ke ga kae o ileng wa fitlhela go le thata go itshoka ka motlhapo? 0 1 2 3 4 5

5. Mo kgweding e e fetileng, ke ga kae motlhapo wa gago o ileng wa tswa ka tsela e e bokoanyana? 0 1 2 3 4 5

6. Mo kgweding e e fetileng, ke ga kae o ileng wa tshwanelwa ke go ntsha motlhapo ka thata? 0 1 2 3 4 5

7. Mo kgweding e e fetileng, o ile wa nna wa tsoga makgetlho a le kae bosigo o ya go tlhapologa, go simolola ka nako ya fa o ne o ya go robala bosigo go fitlha o tsoga mo mosong? (Agelela dinomore go bontsha gore ke makgetlho a le kae.) 0 1 2 3 4 5

Palogotlhe ya dinomore tse di ageletsweng ke maduo a matshwao a gago a bolwetse jwa BPH. Bo kwa tlase: 0-7; Bo fa gare: 8-19; Bo totile: 20-35.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Go Tswa go Mokgatlho wa Amerika wa Malwetse a Motlhapo

[Lebokoso mo go tsebe 18]

Kalafi ya BPH

DIOKOBATSI: Go dirisiwa mefuta e le mentsi ya melemo, go ya ka matshwao a bolwetse a molwetse mongwe le mongwe. Ngaka ya gago ke yone fela e ka go bolelelang gore ke efe e o tshwanetseng go e dirisa.

GO LETA GA MOLWETSE A NTSE A BEILWE LEITLHO: Molwetse o na le dinako tse a yang go tlhatlhobiwa ka tsone ke ngaka mme ga a dirise diokobatsi dipe.

GO ARA MOTHO KWANTLE GA GO MO SEGA:

(a) Transurethral resection of the prostate (TURP), ngaka e e arang e tsenya lomao (resectoscope) mo moseleng o motlhapo o tsamayang mo go one lo lo nang le sengwenyana sa motlakase se se kgaolang thisu se bo se tswala mesifa ya madi. Molwetse ga a tlhoke go segwa kafa ntle. Go tsaya metsotso e ka nna 90 fela go dira tiro eno ya go ara. Mokgwa wa go ara wa Transurethral ga o botlhoko jaaka fa motho a ariwa ka go segiwa.

(b) Transurethral incision of the prostate (TUIP) e tshwana le TURP. Le fa go ntse jalo, mokgwa ono wa go ara o atolosa mosele o motlhapo o tsamayang mo go one ka go dira mesegonyana e le mmalwa fa mosele ono o kopanang le setlha gone le mo kgelesweng ya setlha ka boyone.

(c) Go ara ka go sega go dirwa fa go sa kgonege go ara ka mokgwa wa transurethral ka go bo kgeleswa ya setlha e le kgolo thata. Go ara ka mokgwa ono go batla gore motho a segiwe go tswa kafa ntle.

(d) Karo ya leisara ke e mo go yone go dirisiwang dileisara go thuba dithisu tsa kgeleswa ya setlha tse di kgoreletsang.

Molwetse o tshwanetse go itirela tshwetso ya gore o tla amogela kalafi efe fa e le gore o tlhopha nngwe ya tsone. Pego ya bosheng jaana ya The New York Times e ne ya akgela ka gore bomankge bangwe ga ba tlhomamisege le eleng ka go dira ditlhatlhobo tsa kankere ya kgeleswa ya setlha, segolobogolo mo banneng ba ba godileng, ka gonne e “ka nna bolwetse jo bo bonya thata jo bo ka se kang jwa tsenya boitekanelo jwa bone mo kotsing go ya go ile, fa go alafiwa ga yone gone go ka nna le matswela a a kotsi thata.”

[Lebokoso mo go tsebe 18]

Dipotso Tse O ka Di Botsang Ngaka ya Gago Pele ga Karo

1. O akantsha gore go dirwe karo ya mofuta ofe?

2. Ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go arwa?

3. A go na le kalafi e nngwe kwantle ga karo?

4. Karo e na le melemo efe?

5. Dikotsi tsa karo ke dife? (Ka sekai, go tshologa madi a mantsi thata kgotsa ka sekai, go sa tsogelwe.)

6. Go tweng fa ke sa dirwe karo eno?

7. Nka bona kae motho yo mongwe yo o ka ntlhalosetsang ka seno?

8. A o kile wa dira karo eno kwantle ga go tshela madi?

9. Karo e tla direlwa kae? A dingaka tsa bookelo le baoki ba tlotla ditshwanelo tsa molwetse kaga ditshelo tsa madi?

10. Ke tlile go idibadiwa ka mokgwa ofe? A moidibatsi o na le maitemogelo a go ara kwantle ga go tshela madi?

11. Ke tla fola morago ga lobaka lo lokae?

12. Karo e tla nna bokae?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Setshwantsho sa setlhana sa monna

Setlha

Kgeleswa ya setlha

Lela

Mosele o motlhapo o tsamayang mo go one

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Go ja dijo tse di nang le dikotla le go ikatisa ka tsela e e lekaneng go ka thusa mo go fokotseng kotsi ya go tshwarwa ke kankere ya kgeleswa ya setlha