Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlhatlhoba Mefuta e Mengwe ya Kalafi

Go Tlhatlhoba Mefuta e Mengwe ya Kalafi

 Go Tlhatlhoba Mefuta e Mengwe ya Kalafi

“Go buisana ka tsa tiro ga dingaka le bomankge ba tsa mefuta e mengwe ya kalafi go botlhokwa thata go tokafatsa tsela ya go tlhokomela botsogo jwa balwetse ba ba tlhophang go dirisa mefuta e mengwe ya kalafi.”

MAFOKO ao a ne a gatisiwa mo go The Journal of the American Medical Association (JAMA) ya November 11, 1998. Setlhogo seno se ne sa bolela jaana: “Go ka lebelelwa gore go tlhokega [ga puisano] eno go gole fa go ntse go dirisiwa mefuta e mengwe ya kalafi, segolobogolo fa diinshorense tsa boitekanelo di tsenya dikalafi tseno mo dithulaganyong tsa tsone.”

Balwetse ba le bantsi ba dirisa mefuta e mengwe ya kalafi le fa ba ntse ba dirisa e mengwe e e tlwaelegileng thata. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ga ba itsise dingaka tsa bone ka se ba ntseng ba se dira. Ka jalo, Tufts University Health & Nutrition Letter ya April 2000 e ne ya rotloetsa jaana: “O dire dilo ka tsela e e tla go tswelang molemo ka go dirisana mmogo le ngaka ya gago go na le go itirela dilo o le esi.” E ne ya tswelela jaana: “Le fa ngaka e ka tswa e amogela tsela e o dirang dilo ka yone kana e sa e amogele, o sa ntse o ka kgona go bona molemo ka go buisana le yone.”

Seno se ne sa bolelwa ka ntlha ya dikotsi tse di ka nnang tsa ama botsogo jwa motho fa mere mengwe  e dirisiwa mmogo le mefuta e e tlwaelegileng ya kalafi. E re ka bomankge ba le bantsi ba tsa kalafi ba lemoga gore bangwe ba balwetse ba bone ba tlhopha go dirisa mefuta e mengwe ya kalafi, ba lwela gore ba se ka ba letlelela dikgopolo tsa bone malebana le kalafi gore di ba thibele go dirisana mmogo le dingaka tse di dirisang mefuta e mengwe ya kalafi gore balwetse ba bone ba solegelwe molemo.

Go naya babadi ba rona lesedinyana malebana le mefuta e mengwe ya kalafi e jaanong e dirisiwang ke palo e e oketsegang ya batho mo dinageng di le dintsi, re tla tlhalosa di le mmalwa fela tsa tsone ka bokhutshwane. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore Tsogang! ga e buelele mofuta le fa e le ope fela wa kalafi.

Kalafi ya go Dirisa Mere

Gongwe eno ke kalafi e e tlwaelegileng thata ya mefuta e mengwe ya kalafi. Le mororo mere e ntse e dirisiwa mo go tsa kalafi ka makgolokgolo a dingwaga, borasaense ba ile ba dira dipatlisiso tse di tseneletseng ka dimela di le mmalwanyana. Ba ile ba dira patlisiso e e tseneletseng fela thata ka dimela tse di seng dintsi go le kalo le dilo tse ba di kgetlileng mo go tsone mo e leng gore go na le tshedimosetso malebana le kotsi ya tsone le melemo ya tsone. Bontsi jwa tshedimosetso e e malebana le mere bo tserwe mo dilong tse di neng tsa diragala mo nakong e e fetileng ka ntlha ya go dirisiwa ga yone.

Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng jaana, go ile ga dirwa dipatlisiso di le mmalwa tsa saense tse di bontshang melemo ya mere mengwe mo go alafeng mathata a a jaaka go tshwenyega thata mo maikutlong, go lebala thata go go bakwang ke botsofe, le matshwao a go ruruga go go seng kotsi ga kgeleswa ya prostate. More mongwe o go neng ga dirwa dipatlisiso ka one ke black cohosh, o ka dinako tse dingwe o itsiweng e le black snakeroot, bugbane kana rattleroot. Baindia ba kwa Amerika ba ne ba apaya modi ono ba bo ba o dirisa go alafa matlhoko mangwe a go bona kgwedi le fa ngwana a belegwa. Go ya ka Harvard Women’s Health Watch ya April 2000, dipatlisiso tsa bosheng jaana di akantsha gore more o o kgetlilweng wa black cohosh o o rekisiwang kwa Jeremane o ka nna wa thusa thata “go alafa matshwao a a bontshang gore modikologo wa go bona kgwedi o tla tloga o khutla.”

Go bonala lebaka le le dirang gore batho ba le bantsi ba batle go dirisa melemo eno ya tlholego e le ka go bo ba akanya gore melemo eno ga e kotsi jaaka diokobatsi tse di itirelwang. Le mororo gantsi seno se ka tswa se le boammaaruri, mere mengwe e na le ditlamorago tse di sa itumediseng, segolobogolo fa e tswakanngwa mmogo le melemo e mengwe. Ka sekai, more mongwe o o ratwang thata o o buelelwang e le molemo  wa tlholego o o bulang dinko tse di thibaneng le o o fokotsang boima jwa mmele o ka oketsa kgatelelo ya madi le lebelo le pelo e itayang ka lone.

Gape go na le mere mengwe e e oketsang go dutla madi ga molwetse. Fa mere eno e dirisiwa mmogo le diokobatsi tsa kalafi “tse di fokotsang madi,” seno se ka felela ka mathata a magolo tota. Batho ba ba nang le malwetse a a sa foleng, jaaka bolwetse jwa sukiri kana kgatelelo e e kwa godimo ya madi, kana ba ba dirisang melemo e mengwe ba tshwanetse go nna kelotlhoko malebana le go dirisa mere.—Bona lebokoso.

Bothata jo bongwe jwa mere ke gore ga se ka metlha motho a ka tlhomamisang boleng jwa yone fa e dirwa. Mo dingwageng tsa bosheng jaana go ile ga begwa gore go fitlhetswe mengwe ya yone e kgotletswe ke dimetale tse di boima le diteswafatsi tse dingwe. Mo godimo ga moo, go ile ga fitlhelwa gore mere mengwe e na le metswako e mennye thata kgotsa ga e na yone gotlhelele e e kwadilweng mo pampitshaneng ya teng. Dikai tseno di gatelela botlhokwa jwa go reka mere eno, mmogo le melemo epe fela e mengwe ya kalafi, kwa bathong ba ba itsegeng le ba ba ikanyegang.

Dilo Tse di Nayang Mmele Dikotla

Go ile ga begwa gore dilo tse di nayang mmele dikotla, jaaka dibitamine le diminerale di thusa thata go thibela le go alafa mathata a le mantsi a botsogo, go akaretsa bothata jwa go tlhaela madi le jwa osteoporosis—le e leng go thibela mathata mangwe a a tlhagang ka nako ya tsalo. Selekanyo  sa letsatsi le letsatsi sa dibitamine le diminerale se se akantshiwang ke puso se motho a tshwanetseng go se dirisa se tsewa se se kotsi e bile se thusa thata.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, dilekanyo tse di kwa godimo tse di buelelwang go alafa malwetse mangwe di ka nna tsa tsenya botsogo jwa motho mo kotsing. Di ka nna tsa kgoreletsa thulaganyo ya go monya dikotla dingwe kana tiro ya tsone mme gape di ka nna le diphelelo tse di kotsi. Ga re a tshwanela go itlhokomolosa kgang ya gore seno se ka direga, mmogo le gore ga go bosupi jo bo utlwalang jo bo tshegetsang lebaka la go dirisa dibitamine tse dintsi.

Kalafi ya Homeopathy

Homeopathy e ne ya simolola ka dingwaga tsa bo1700 e le mofuta wa kalafi e e bonolo go gaisa dikalafi tse di neng di dirisiwa thata ka nako eo. Kalafi ya homeopathy e theilwe mo kgopolong ya gore “botlhoko bo fodisiwa ka botlhoko” le mo kgopolong ya go dirisa selekanyo se sennye sa molemo. Melemo ya homeopathy e dirwa ka go tlhaolosa gangwe le gape molemo o o alafang—ka dinako tse dingwe, o tlhaolosiwa thata mo e leng gore ga go sale le fa e le molekhule o le mongwe fela wa molemo o o neng o dirilwe pele.

Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa melemo ya homeopathy e bapisiwa le kalafi ya go alafa mogopolo, ga fitlhelwa gore e ka thusa go alafa malwetse a a jaaka asema, go lwadiwa ke dilo dingwe, le go tsholola ga bana. Melemo ya homeopathy e tsewa e se kotsi, ka e tlhaolositswe thata. Setlhogo sengwe se se gatisitsweng mo makasineng wa March 4, 1998, wa JAMA se ne sa akgela jaana: “Balwetse ba le bantsi ba ba tshwerweng ke bolwetse bongwe jo bo sa foleng jo go sa itsiweng sentle gore bo bakwa ke eng, homeopathy e ka nna ya nna kalafi e e botlhokwa le e e thusang thata e ba ka e tlhophang. Fa homeopathy e dirisiwa go ya kafa e lekanyeditsweng ka gone e ka thusana le kalafi ya segompieno e le ‘tsela e nngwe e e ka dirisiwang ya kalafi.’” Le fa go ntse jalo, mo maemong a tshoganyetso a a ka tsenyang botshelo jwa motho mo kotsing, go ka nna botlhale thata go dirisa mefuta e e tlwaelegileng thata ya kalafi.

Kalafi ya Chiropractic

Go na le mefuta e le mmalwa ya kalafi e mo go yone go sidilwang dikarolo dingwe tsa mmele. Kalafi ya chiropractic ke nngwe ya mefuta e mengwe ya kalafi e e dirisiwang thata, segolobogolo kwa United States. E theilwe mo kgopolong ya gore motho a ka kgona go fola fa go tlhamaladiwa lerapo la mokwatla. Ke gone ka moo batho ba ba sidilang mokokotlo e leng bomankge ba go tlhamalatsa marapo a mokokotlo a balwetse ba bone.

Ga se ka metlha kalafi e e tlwaelegileng e kgonang go alafa mathata a karolo e e kwa tlase ya mokokotlo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, balwetse bangwe ba ba amogelang dikalafi tsa chiropractic ba bolela gore ba kgotsofala thata. Ga go bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore go ka dirisiwa kalafi ya chiropractic fa go se botlhoko bope jo molwetse a bo utlwang.

Go bonala go se na ditlamorago tse dintsi tse di sa itumediseng fa go sidilwa ga lerapo la mokokotlo go dirwa ke ngaka ya teng e e nang le bokgoni. Le fa go ntse jalo, ka nako e e tshwanang, motho o tshwanetse go lemoga gore go sidila thamo go ka baka kotsi ya gore motho a tshwarwe ke malwetse a mangwe, go akaretsa seterouku le go swa ditokololo tsa mmele. Go fokotsa kotsi ya go ka  tshwarwa ke malwetse a mangwe, bomankge bangwe ba akantsha gore motho a tlhatlhobiwe ka tsela e e tseneletseng go bona gore a mofuta o o rileng wa go mo sidila o ka mo siamela.

Go Sidila

Melemo ya go sidila ga e bolo go bonwa mo e batlileng e nna mo ditsong tsotlhe. E bile Baebele e bega ka gone. (Esethere 2:12, NW) British Medical Journal (BMJ) ya November 6, 1999, e ne ya akgela jaana: “Mekgwa ya go sidila e na le seabe se segolo thata mo kalafing ya setso sa Ba-China le Baindia. Mokgwa wa go sidila wa kwa Yuropa o ne wa rulagangwa mo masimologong a lekgolo la bo19 la dingwaga ke Per Henrik Ling, yo o simolotseng se jaanong se itsegeng e le mokgwa wa go sidila wa kwa Sweden.”

Go bolelwa gore go sidila go lapolosa mesifa, go tokafatsa go elela ga madi mo mmeleng, e bile go ntsha botlhole jo bo kokoaneng mo dithisung tsa mmele. Jaanong dingaka di sidila balwetse ba tsone go alafa malwetse a a jaaka go utlwa ditlhabi mo mokwatleng, go opiwa ke tlhogo, le mathata a go silwa ga dijo mo mmeleng. Bontsi jwa batho ba ba sidilwang ba bolela kafa go ba dirang gore ba ikutlwe botoka ka teng. Go ya ka Dr. Sandra McLanahan, “diperesente di le masomearobedi tsa malwetse di bakwa ke go tshwenyega thata, mme go sidila go fokotsa bothata jwa go tshwenyega thata.”

Makasine wa BMJ o ne wa bega jaana: “Mekgwa e le mentsi ya go sidila ga e na diphelelo di le dintsi tse di kotsi. Dilo tse motho a sa tshwanelang go di dira fa a sidila motho yo mongwe di theilwe thata mo goreng motho a dirise kakanyo ya gagwe (ka sekai, go tila go sidila mo motho a sheleng gone, kana go sidila tokololo nngwe ya mmele e e nang le tshikana e madi a omeletseng thata mo go yone) . . . Ga go na bosupi jo bo bontshang gore go sidila balwetse ba ba nang le kankere go dira gore e anamele le kwa dikarolong tse dingwe tsa mmele.”

“E re ka mokgwa wa go sidila o simolola go tlwaelega thata, batho ba ba batlang go alafiwa ka tsela eo ba simolola go tshwenyega ka kgang ya gore a batho ba ba sidilang ba a tshwanelega go dira jalo, mme ba tshwanetse go tshwenyega,” go ne ga bolela jalo E. Houston LeBrun, poresidente wa maloba wa Mokgatlho wa Kalafi ya go Sidila wa kwa Amerika. Makasine wa BMJ o ne wa gakolola gore go tila go sidilwa ke motho yo o sa tshwanelegeng, “balwetse ba tshwanetse go tlhomamisa gore batho ba ba dirang tiro eno ba ikwadisitse kwa mokgatlhong wa batho ba ba e dirang.” Pego nngwe ya ngwaga o o fetileng e ne ya bega gore dingaka tsa kalafi eno di ne tsa newa makwalo a yone mo dinageng di le 28 tsa United States.

Kalafi ya Acupuncture

Acupuncture ke mokgwa wa go alafa o o setseng o dirisiwa thata mo lefatsheng ka bophara. Le mororo  lefoko leno “acupunture” le akaretsa mekgwa e le mentsi e e farologaneng ya kalafi, gantsi le akaretsa thata go dirisiwa ga dinnale tse di tsenngwang mo dikarolong dingwe tse di rileng tsa mmele go alafa botlhoko. Dipatlisiso tse di neng tsa dirwa mo masomeng a le mmalwa a dingwaga a a fetileng di bontsha gore kalafi ya acupuncture e ka nna ya bereka mo maemong mangwe ka go ntsha dikhemikale dingwe tse di leng mo methapong, jaaka di-endorphin, e leng se se ka thusang go kokobatsa botlhoko le go ruruga.

Dipatlisiso dingwe di bontsha gore kalafi ya acupuncture e ka thusa go alafa malwetse a le mantsinyana le gore ke kalafi e e seng kotsi go feta go dirisa diidibatsi. World Health Organization e etse tlhoko gore kalafi ya acupuncture e dirisiwa go alafa mathata a le 104 a botsogo. E bile komiti nngwe e e neng ya tlhophiwa ke National Institutes of Health ya kwa United States e ne e ya umaka bosupi jo bo bontshang gore acupuncture ke kalafi e e siameng ya go alafa botlhoko jo motho a bo utlwang morago ga karo, go opelwa ke mesifa, go gogega mesifa ka nako ya go bona kgwedi, le go feroga sebete le go kgwa go go bakwang ke kalafi ya dikhemikale kana go ima.

Le mororo go sa direge thata gore kalafi ya acupuncture e nne le matswela a a sa itumediseng, batho ba ka nna ba utlwa botlhoko, ba swa bogatsu, kana ba ikutlwa ba longwa. Go tlhatswa dinnale sentle ka dibolayamegare kana go dirisa dinnale tse di dirisiwang gangwe fela go ka fokotsa dikotsi tsa go tshwaediwa. Dingaka di le dintsi tsa acupuncture ga di na bokgoni jwa kalafi jo bo tlhokegang jwa go bolela gore motho o tshwerwe ke eng kana go akantsha gore go dirisiwe kalafi e nngwe e e siameng. Go tla bo go se botlhale gore motho a itlhokomolose kgang ya gore dingaka tse dingwe ga di kgone go bolela gore motho o tshwerwe ke eng, segolobogolo fa a tlhopha go dirisa kalafi eno ya acupuncture go mo thusa go fodisa matshwao a malwetse a a sa foleng.

Ditlhopho di Dintsi

Dilo tse di umakilweng fa godimo fano di re naya fela dikai tsa dikalafi di le dintsi tse kwa mafelong mangwe jaanong di bidiwang ka tlwaelo gore ke mefuta e mengwe ya kalafi. Mo isagweng, mengwe ya yone mmogo le e mengwe e e sa umakiwang fano, e ka nna ya tsewa e le mefuta e e tlwaelegileng ya kalafi, fela jaaka e setse e tsewa jalo kwa dikarolong dingwe tsa lefatshe. Gone ke boammaaruri gore e mengwe yone e ka nna ya kgaotsa go dirisiwa kana ya simolola go nyadiwa.

Sebe sa phiri ke gore botlhoko le bolwetse ke dilo tse di diragalelang batho thata, tota le Baebele e bolela jaana ka tlhomamo: “Gonne re itse gore tlhōlō yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo go fitlha jaanong.” (Baroma 8:22) Go lebeletswe gore batho ba senke tharabololo. Le fa go ntse jalo re ka e bona kae? Tsweetswee sekaseka dingwe tsa dikakantsho tse di ka nnang tsa go thusa fa o tlhopha kalafi.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]

Go Tswakanya Mere le Melemo e Mengwe—DIKOTSI TSA GONE KE DIFE?

Gantsi batho ba ile ba tlhagisiwa ka kgang ya gore ba se ka ba tswakanya diokobatsi tse ba di neilweng ke ngaka le tse dingwe kana go di nwa ka bojalwa. A gape go kotsi go tswakanya mere mmogo le melemo mengwe e motho a e neilweng ke ngaka? Mokgwa ono o tlwaelegile go le kana kang?

Setlhogo sengwe mo go The Journal of the American Medical Association se ne sa bua ka “go dirisa melemo e motho a e neilweng ke ngaka le mere ka nako e le nngwe.” Se ne sa bolela jaana: “Diperesente di le 44 tsa bagolo ba ba boletseng gore ka metlha ba nwa melemo e ba e neilweng ke ngaka, mo e batlileng e nna mogolo a le 1 (18,4%) mo go ba ba 5 o ne a bega gore o dirisa bobotlana molemo o le 1 o o dirilweng ka more, bitamine e ntsi, kana tsoopedi ka nako e le nngwe.” Go botlhokwa thata gore batho ba itse ka dikotsi tse di ka nnang tsa bakwa ke mokgwa ono.

Batho ba ba nwang mere ba tshwanetse gore gape ba tshwenyege fa go dirwa thulaganyo nngwe ya kalafi e e tlhokang gore ba idibadiwe. Dr. John Neeld, yo e leng poresidente wa Mokgatlho wa Amerika wa Dingaka Tse di Dirang ka Diidibatsi, o ne a tlhalosa jaana: “Go na le dipego tsa batho bangwe tse di bontshang gore mere mengwe e e dirisiwang thata, go akaretsa le ginseng le St. John’s wort, di ka dira gore kgatelelo ya madi e ye kwa godimo le kwa tlase. Seno se ka nna kotsi thata ka nako ya fa motho a idibaditswe.”

Ngaka eno e ne ya oketsa jaana: “Tse dingwe, jaaka ginkgo biloba, ginger le feverfew, di ka dira gore madi a se ka a emisa go dutla, e leng kotsi e kgolo segolobogolo ka nako ya fa motho a dirwa epidural anesthesia—fa motho a dutla madi gaufi le lerapo la mokwatla, seno se ka dira gore a swe ditokololo. St. John’s wort le yone e ka gakatsa ditlamorago tse di bakwang ke diokobatsi tse di dirang gore motho a swe bogatsu kana tse di idibatsang.”

Go phepafetse gore go botlhokwa go itse ka dikotsi tse di ka bakwang ke go dirisa mere mengwe le melemo e e rileng ka nako e le nngwe. Basadi ba ba imileng le ba ba amusang bana ba tshwanetse go lemoga dikotsi tse di ka tlhagelang bana ba bone ka ntlha ya go tswakanya mere mengwe le melemo. Ka jalo, balwetse ba kgothalediwa go tlotla le dingaka tsa bone gore ba dirisa melemo efe, le fa e ka tswa e le ya mefuta e mengwe ya kalafi kana e mengwe e sele.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Mere mengwe e ile ya thusa go alafa mathata mangwe a botsogo

“Black cohosh”

“Saint-John’s wort”

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Bill Johnson/Visuals Unlimited

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Gore go nne le matswela a a molemo, balwetse le bomankge ba tsa kalafi ba tlhoka go dirisana mmogo