Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna le Tumelo ka fa Tlase ga Kgatelelo ya Bobusaesi

Go Nna le Tumelo ka fa Tlase ga Kgatelelo ya Bobusaesi

 Go Nna le Tumelo ka fa Tlase ga Kgatelelo ya Bobusaesi

JAAKA GO BOLETSE MICHAEL DASEVICH

“Kwa Jeremane kwa, re thunya Basupi ba ga Jehofa. A o bona tlhobolo ele?” modiredimogolo mongwe wa Gestapo o ne a mpotsa jalo a supa tlhobolo e e neng e le mo khoneng. “Nka go tlhaba ka thipa e e tlhometsweng mo tlhobolong eno ke bo ke ikutlwa ke se molato ope.”

Ke ne ke le dingwaga tse 15 fela fa ke ne ke tshosiwa jalo ka nako ya fa Banasi ba ne ba gapile naga ya gaetsho ka 1942.

KE BELEGWE ka November 1926 kwa motsaneng mongwe gaufi le Stanislav (e jaanong e bidiwang Ivano-Frankivs’k), e ka nako eo e neng e le karolo ya Poland. Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, go tloga ka September 1939 go ya go May 1945, kgaolo ya rona e ne ya gapiwa sa ntlha ke Soviet Union morago ga moo ke Jeremane ka nakwana, mme kgabagare ya gapiwa gape ke Ba-Soviet. Morago ga ntwa e ne ya nna karolo ya Repaboliki ya Bososhiale ya Ukraine le Soviet, mme fa Soviet Union e ne e kgaotsa go tlhola e nna teng ka 1991, e ne ya nna karolo ya Ukraine.

Rre, wa Mo-Poland le mmè wa Mo-Belorussia e ne e le maloko a Kereke ya Katoliki ya Gerika. Le fa go ntse jalo, morago ga moo, ka 1939, basadi bangwe ba babedi ba e neng e le maloko a phuthego nngwe e e nang le Basupi ba ga Jehofa ba le 30 mo motsaneng o o gaufi le wa rona wa Horyhliady ba ne ba re naya bukana ya Universal War Near. E ne e tlhalosa ditiragalo tse ke neng ke di bona di direga. Ka gone, e ne ya re fa bukana eno e botsa gore, “Tota ke eng se se dirang gore ditšhaba di itlhaganelele ntwa?” ke ne ka ela tlhoko thata tlhaloso ya yone e e neng e theilwe mo Baebeleng.

Ntwa e ne e se jone fela bothata jwa rona mo Ukraine. Go ne go na le leuba le legolo. Melawana ya Tautona ya Soviet e bong Joseph Stalin e ne ya dira gore batswagosele ba fudusetswe kwa Russia ka dikgoka. Dipogo tse di neng tsa ntlela di ne tsa dira gore ke tlhatlhobe Baebele ka kelotlhoko thata. Ke ne ka kopa Mosupi mongwe kwa Horyhliady gore a nthute Baebele.

Motse wa rona wa Odajiv o kwa moseja ga Noka ya Dniester go tswa kwa Horyhliady, mme makgetlho a le mmalwa ka beke, ke ne ke dirisa mokoro o monnye go kgabaganya noka eno go ya go ithuta Baebele. Ka August 1941, nna le nkgonne Anna re ne ra kolobediwa mo go yone noka eo re na le ba bangwe ba babedi.

Go Tlhomiwa Dipotso Thata ke Ba-Gestapo

Jeremane e ne ya simolola go gapa kgaolo ya rona ka 1941, mme le mororo re ne re ntse re boifisiwa gore re tla otlhaiwa, ga re a ka ra kgaotsa tiro ya rona ya Bokeresete. Mo ngwageng o o latelang ke ne ka simolola bobulatsela, ke tsamaya ka baesekele. E ne e ise e nne lobaka lo loleele morago ga moo fa ke tla kopana le Mo-Gestapo yole wa Mojeremane yo o umakilweng kwa tshimologong. Go ne ga direga jaana.

Letsatsi lengwe fa ke ne ke ya gae ke tswa kwa bodireding, ke ne ka etela Bakeresetekanna bangwe ba babedi, mmè le morwadie. Monna wa  morwadie o ne a ganetsa tumelo ya rona e bile a tlhoafaletse go itse gore mosadi wa gagwe o bona kae dibuka tsa Baebele. Ka letsatsi leo ke ne ke sa tshwara dibuka di se kae fela mme gape ke ne ke tshwere le dipego tsa bodiredi tsa Bakeresetekanna. Monna yono o ne a mpona ke tswa mo ntlong.

O ne a goa a re: “Ema!” Ke ne ka phamola beke ya me mme ka sia.

A goa a re: “Mo emiseng! Legodu!” Badiri ba mo tshimong ba ne ba akanya gore ke tshwanetse ka bo ke utswile sengwe, ka jalo ba ne ba mpateletsa go ema. Monna yono o ne a nkisa kwa seteisheneng sa mapodise, koo go neng go na le modiredimogolo mongwe wa Gestapo gone.

E ne ya re fa modiredimogolo yono a bona dibuka mo bekeng ya me, a goa ka Sejeremane a re: “Rutherford! Rutherford!” Ke ne ke sa tlhoke moranodi gore ke tlhaloganye gore o ne a kgopisitswe ke eng. Leina la ga Joseph F. Rutherford, yo o kileng ya bo e le poresidente wa Watch Tower Bible and Tract Society, le ne le tlhaga mo tsebeng ya setlhogo ya dibuka tse di neng di gatisiwa ke Basupi ba ga Jehofa. Morago ga moo, monna wa mosadi yono o ne a ntatofatsa ka gore nna ke ratana le mosadi wa gagwe. Mapodise le modiredimogolo yono wa Gestapo ba ne ba bona gore seno ga se utlwale, ka gonne mosadi wa gagwe o ne a le mogolo mo go lekaneng gore e ka nna mmè. Morago ga moo ba simolola go mpotsa dipotso.

Ba ne ba batla go itse gore ke mang le gore ke tswa kae, mme segolobogolo gore ke ne ke tsere dibuka tseno kae. Mme ga ke a ka ka ba bolelela. Ba ne ba mpetsa makgetlho a le mmalwa ba bo ba sotla ka nna, morago ga moo ba ntswalela mo kamoreng nngwe e e ka fa tlase ga lefatshe. Ke ne ka bodiwa dipotso malatsi a le mararo a a latelang. Morago ga moo ka isiwa kwa kantorong ya modiredimogolo yono wa Gestapo, moo a neng a ntshosetsa ka gore o tla ntlhaba ka thipa ya gagwe e e tlhometsweng mo tlhobolong. Ka nakwana ke ne ke sa itse gore a o tlile go ntlhaba kana nnyaa. Ke ne ka oba tlhogo, mme go ne ga didimala ka nakwana ga re tuu! Morago ga moo a bua jaana ka tshoganyetso: “O ka nna wa tsamaya.”

Jaaka o ka bona, ka nako eo go rera e ne le kgwetlho tota mo go rona, mme go ne go ntse fela jalo le ka go tshwara dipokano tsa rona. Re ne ra keteka Segopotso sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa ga Keresete ka April 19, 1943, re dirisa diphaposi tse pedi tsa ntlo nngwe kwa Horyhliady. (Luke 22:19) Fa re tla tloga re simolola pokano ya rona, mongwe o ne a goa a re bolelela gore mapodise a tla a lebile kwa ntlong eno. Bangwe ba rona re ne ra iphitlha mo tshingwaneng, mme nkgonne Anna le basadi ba bangwe ba bararo ba ne ba tsena mo phaposing e e kwa tlase ga ntlo. Mapodise a ne a ba bona mme a ba goga ka go latelana a ba ntsha moo go ya go ba tlhoma dipotso. Go ne ga feta diura tse dintsi ba tshwerwe makgwakgwa, mme mongwe wa bone o ne a gobetse thata.

Seemo sa Lefatshe se a Fetoga

Ka selemo sa 1944, Bajeremane ba ne ba boela morago mme Ba-Soviet ba boela mo lefelong la rona. Jaaka batlhanka ba ga Jehofa, re ne ra kgomarela yone melaometheo ya Baebele e re neng re tshela ka yone fa re ne re le ka fa tlase ga taolo ya Banasi. Re ne ra gana go nna le seabe sepe fela mo  ditirong tsa sesole kana tsa bopolotiki. Go ise go ye kae, boikanyegi jwa rona jwa go boloka melaometheo eno bo ne jwa lekwa.—Isaia 2:4; Mathaio 26:52; Johane 17:14.

Mo malatsing a le mmalwa fela, Ba-Soviet ba ne ba simolola go tsaya makawana go ba isa bosoleng. Se se neng sa dira gore maemo a nne thata le go feta ke gore, Ba-Soviet e ne e se bone fela ba ba neng ba batla makawana go a isa bosoleng. Masole a majelathoko a Ukraine a ne a hukutsa lefelo la rona a batlana le makawana, a ba neng ba a isa kwa sekgweng go ya go ba thapisa jaaka batlhabani. Ka jalo, rona Basupi re ne ra lebana le seemo se se bokete sa go tshwanelwa ke go bontsha makoko a mabedi a a lwantshanang ano—Ba-Soviet le masole a majelathoko—gore ga re tseye letlhakore lepe.

Ditlhopha tseno tse pedi di ne di lwela mo motseng wa rona, di tlogela masole a mabedi a majelathoko a bolailwe mo mmileng o o ka fa ntle ga ntlo ya gaetsho. Balaodi ba Ba-Soviet ba ne ba tla kwa ntlong ya gaetsho go tla go batlisisa gore a re ne re itse batho ba ba neng ba tlhokafetse bano. Balaodi ba ba neng ba tla bano ba ne ba swetsa ka gore ke tsamaye le bone gore ba ntsenye mo sesoleng sa bone, se se neng se dira mophato wa masole a Poland. Ka ntlha ya gore ke ne ke le wa lotso lwa Se-Poland, ke ne ka tshwanelwa ke go kwadisiwa mo mophatong ono.

Nna le Basupi ba bangwe ba banè, re ne ra gana go kwadisiwa mo sesoleng, ka jalo re ne ra tsewa ka terena ra isiwa kwa Dnipropetrovs’k, e leng motse o o ka nnang dikilometara di le 700 go ya kwa botlhaba. Koo, e ne ya re fa re se na go tlhalosa gore re ne re sa kgone go direla mo sesoleng ka ntlha ya tumelo ya rona e e theilweng mo Baebeleng, re ne ra tsenngwa mo kgolegelong fa go sa ntse go rulaganngwa dilo tse re tlileng go latofadiwa ka tsone. Fa re tlhagelela kwa kgotlatshekelo, re ne ra utlwa gore mosekisi wa teng yo e neng e se lesole e ne e le Mojuda. Fa re iphemela, re ne ra tlhalosa dilo tse re di dumelang mosekisi a reeditse ka kelotlhoko. Re ne ra umaka dilo tse re neng re itse gore di tlile go mo kgatlha, go akaretsa le go gatelelwa ga Baiseraele le go gololwa ga bone kwa Egepeto ke Moshe.

Mo dikgweding tse kgotlatshekelo e neng ya di tsaya gore e ntshe katlholo, re ne ra tsenngwa mo seleng le batshwarwa ba bangwe ba ka nna 25. E ne ya re fa ba utlwa gore re ne re ganne go ya bosoleng, ba goa ba re: “Lo bakaulengwe ba rona!” Le fa go ntse jalo, moragonyana re ne ra lemoga gore e ne e se Basupi mme e le Ba-Baptist. Ba ne ba dumela go ya bosoleng, mme ba ne ba tshwarwa fa ba ne ba gana go tshwara dibetsa.

Ka May 1945, fa re ne re sa ntse re tlhatlhetswe kwa Dnipropetrovs’k, re ne ra tsosiwa mo gare ga mpa ya bosigo ke medumo ya ditlhobolo le batho ba goa go tswa kwa matlong a masole le kwa mebileng e e kwa ntle. Re ne re ipotsa gore a go tsogile khuduego, ntwa kana a ke moletlo. Mo mosong o o latelang ka nako ya sefitlholo, re ne ra utlwa dikgang tseno kwa lefelong la go beola moriri: Ntwa e fedile! Ka bonako fela morago ga moo, kgotlatshekelo e ne ya re itsise kafa e neng e re atlhotse ka gone. Rona le Ba-Baptist re ne ra newa katlholo e e tshwanang—dingwaga di le lesome kwa dikampeng tsa kgolegelo.

Kampa ya Kgolegelo Kwa Russia

Rona Basupi ba batlhano re ne ra romelwa kwa kampeng nngwe ya kgolegelo kwa Russia. Morago ga loeto lwa dibeke tse pedi ka terena, kgabagare re ne ra fologa kwa Sukhobezvodnoje, dikilometara di ka nna 400 kwa botlhaba jwa Moscow. Sukhobezvodnoje e ne e le lefelo la botsamaisi la dikampa tse 32 tsa batho ba ba berekisiwang ka thata tse di neng di namaletse go bapa le seporo. Kampa nngwe le nngwe e ne e na le bagolegwa ba le diketekete. Morago ga dikgwedi tse thataro kwa Sukhobezvodnoje, ke ne ka isiwa kwa Kampeng ya No. 18. Bontsi jwa bagolegwa koo e ne e le dikebekwa kana batshwarwa ba dipolotiki.

Balaodi ba ne ba re naya tiro ya go saga ditlhare, e leng tiro e e neng e le thata. Ka dinako tse dingwe re ne re tshwanetse go tsamaya mo semathaneng se se re fitlhang mo mathekeng, re saga ditlhare ka saga ya letsogo, morago ga moo re bo re goga dikutu tsa tsone mo semathaneng. Gangwe fela mo bekeng, ka Sontaga morago ga nako ya sefitlholo, ke ne ke nna le tshono ya go tlotla sengwe go tswa mo Baebeleng le Basupi ba bangwe ba banè mo kampeng. Tseno e ne e le tsone dipokano tsa rona. Gape re ne ra keteka Segopotso, mme ngwaga mongwe re ne ra se keteka mo ntlwaneng nngwe ya botlhapelo. Re ne ra dirisa matute a mmulubere o montsho ka gonne re ne re se na beine e re ka e dirisang go tshwantshetsa madi a ga Jesu.

Boikutlo jwa go tlhaolwa mo bathong bo ne bo re fekeetsa thata. Ke ne ka tshololela pelo ya me kwa go Jehofa, yo a neng a nnonotsha fela jaaka a ne a nonotsha moporofeti Elija fa a ne a imelwa ke maikutlo a ke neng ke na le one. (1 Dikgosi 19:14,  18) Modimo o ne a nthusa go bona gore re ne re se nosi. Eleruri o ne a le pilara e e tlhomameng, e e nitameng mo botshelong jwa me, le e leng mo maemong ao a a thata.

Nngwe le nngwe ya dikampa tse dingwe tse di gaufi le Sukhobezvodnoje e ne e na le Basupi ba le mmalwa fela, mme re ne re kgona go nna re ikgolaganya le bone nako le nako ka Mosupi mongwe yo tiro ya gagwe e neng e mo letla go etela dikampa tsotlhe. O ne a dira jaaka motsereganyi, a tsenya le go ntsha dibuka ka bokhukhuntshwane mo dikampeng. Seno se ne sa re thusa go tlhakanela dibuka di le mmalwanyana fela tse re neng re na le tsone. A bo seno se ne se re kgothatsa thata jang ne?

Go Boela Kwa Ukraine

Ka ntlha ya gore Puso e ne ya nkutlwela botlhoko, katlholo ya me e ne ya fokodiwa go tswa go dingwaga di le lesome go ya go di le tlhano. Ka gone, ka April 1950, ke ne ka boela kwa phuthegong ya gaetsho kwa Horyhliady. Tiro ya rona e ne e sa ntse e thibetswe kwa Ukraine, mme dikotsi tsa go nna le seabe mo bodireding di ne di le dikgolo. Mme matswela le one a ne a le magolo.

Ka bonako fela fa ke sena go boa, ke ne ka bua le monna mongwe yo leina la gagwe e neng e le Kozak yo a neng a nna kwa Zhabokruky, e leng motse o o leng dikilometara di ka nna 20 go tswa kwa gaetsho. Ke ne ka mmotsa gore ene le ba lelapa la gagwe ba ntse ba tshela jang. Ke ne ke itse gore batho ba ba berekang mo dipolaseng tse di laolwang ke puso ba ne ba tshwenyegile thata ka gore ba tla itlamela jang, ka jalo ke ne ke itse gore go mmotsa jalo e ne e le tsela e e molemo ya go simolola motlotlo. Ke ne ka mo tlhalosetsa gore Baebele e ne ya bolelela pele gore go tla nna le ditlhaelo tsa dijo le dintwa mo motlheng wa rona. (Mathaio 24:3-14) O ne a batla go itse mo go oketsegileng. Ka jalo ke ne ka mo etela gape. Beke le beke ke ne ke tsamaya sekgala sa dikilometara di ka nna 40 go ya le go boa, ke ya kwa Zhabokruky go ya go ithuta Baebele le ba lelapa la ga Kozak. Ke ne ke lebetse ka dikotsi tse di neng di ka ntlhagela, tota le nako e ntsi thata e ke neng ke e dirisa, fa ba lelapa looraKozak ba kolobediwa ka August 1950.

Ka bonako fela morago ga gore ba lelapa looraKozak ba kolobediwe ba ne ba isiwa botshwarwa mmogo le Basupi ba bangwe ba ba diketekete. Ba ne ba kokoanngwa mmogo ka tshoganyetso mo masimologong a April 1951 ke masole a a neng a tlhometse mme—kwantle ga go sekisiwa—ba fudusediwa kwa Siberia. Ba lelapa looraKozak le bontsi jwa ditsala tse dingwe tsa me, ba ne ba patelesega go dira lefelo leno legae la bone le lesha. *

Go ne ga fudusiwa malapa a le 4 fela a Basupi mo go a le 15 kwa Horyhliady. Le fa go ntse jalo, kwa diphuthegong tse dingwe, palo ya Basupi ba ba neng ba fudusiwa e ne le kwa godimo thata. Go fudusiwa ga bontsi jono go ne go rulagantswe jang? Balaodi ba ne ba na le manaane a Basupi mme ka jalo ba ne ba kgona go ba kokoanya jaaka ba rata. Go lebega e kete manaane ano a ne a dirwa ka 1950, fa ke ne ke sa ntse ke le kwa kgolegelong kwa Russia, ka jalo leina la me le ne le seyo mo go one. Kgwedi e le nngwe pele ga moo, ka March 1951, ke ne ka nyala Fenia, motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa. Ba lelapa la gagabo Fenia ba ne ba isiwa botshwarwa botlhe, mme ene ga a ka a isiwa koo ka ntlha ya go bo ke ne ke mo nyetse mme jaanong a dirisa sefane sa me, se se neng se se gone mo lenaaneng leno.

Diteko Tse di Thata Tsa Tumelo

Morago ga gore Basupi bangwe ba fudusiwe, rona ba re neng re sa ntse re setse kwa gae re ne ra tshwanelwa ke go rulaganya tiro sesha. Ke ne ka kopiwa go tlhokomela diphuthego tse di leng mo kgaolong e e mabapi tsa Ivano-Frankivs’k, koo, le e leng morago ga gore Basupi bangwe ba fudusiwe, go ne go sa ntse go na le ba ka nna 30 ba ba setseng mo go nngwe le nngwe ya diphuthego tse 15. E re  ka ke ne ke ipereka ka go betla ka dikgong, ke ne ke na le thulaganyo e e fetofetogang, ka jalo ke ne ke kopana ka sephiri le bakaulengwe kwa phuthegong nngwe le nngwe gangwe ka kgwedi.

Gantsi re ne re kopanela kwa mabitleng bosigo koo re neng re tlhomamisega gore e tla nna rona fela. Kgang e re neng re tlotla thata ka yone e ne e le kafa re neng re ka tlhomamisa ka gone gore diphuthego tsotlhe di na le dibuka di le mmalwa tsa Baebele. Re ne re tle re amogele makasine wa bosheng wa Tora ya Tebelo ka Se-Poland kana ka Se-Romania mme re bo re e ranolela mo puong ya Se-Ukraine. Le fa go ntse jalo, ka metlha balaodi ba ne ba ntse ba re beile leitlho, ba leka go batla kwa re beileng metšhine ya rona ya bogologolo ya go gatisa gone gore ba e senye.

Le fa go ntse jalo, bothata jwa rona jo bogolo thata e ne le gore re ne re kgaogantswe le bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba kwa dinageng tse dingwe, go akaretsa le ba ba kwa Brooklyn, New York, ba ba neng ba etelela tiro ya rona ya Bokeresete pele. Seno se ne sa felela ka gore gantsi diphuthego tsa rona di se utlwane, di tlale magatwe, le ditiro tsa go tsietsa. Basupi bangwe ba ne ba tlogela phuthego ba bo ba bopa ditlhopha tse di ganetsang. E bile go ne go buiwa maaka le dilo tse di sa siamang ka ba ba neng ba etelela tiro pele kwa Brooklyn.

Ka jalo, bontsi jwa rona bo ne jwa fitlhela gore tumelo ya rona e ne e sa lekiwe thata ke go bogisiwa ke baganetsi ba rona mme ke dikgotlhang tse di neng di le mo teng ga diphuthego. Le mororo bangwe ba ile ba tlhopha go se tlhole ba obamela le rona, re ne ra lemoga gore go ne go le botlhokwa go ngaparela phuthego le go leta Jehofa gore a rarabolole dilo. Go a itumedisa go bona gore bontsi jwa Basupi ba mo lefelong la rona ba ne ba dira fela jalo. Gape ke itumelela go bolela gore bontsi jwa batho ba ba neng ba tlogela phuthego ba ne ba lemoga phoso ya bone mme morago ba ne ba boa go tla go direla Jehofa mmogo le rona.

Tota le mo dinakong tseo tse di thata tsa go kgaoganngwa le bakaulengwe ba rona, re ne re ntse re tshwaregile mo tirong ya go bolela phatlalatsa mme ra segofadiwa thata. Mme a bo re ne ra duelwa thata jang ne! Nako nngwe le nngwe fa ke ya kwa Thutong ya rona ya Buka ya Phuthego, ke gakologelwa masego a ga Jehofa. Mongwe le mongwe wa batho ba ba 20 kana go feta mo setlhopheng sa rona sa thuto ya buka o ne a thusiwa go ithuta boammaaruri ke maloko a lelapa la gaetsho.

Batsadi ba me le nkgonne Anna ba tlhokafetse botlhe, mme ba ile ba nna ba ikanyega mo go Jehofa. Nna le Fenia re sa ntse re tlhagafetse ka fa re ka kgonang ka teng mo go direleng Jehofa. Ruri nako e tsamaile ka bonako. Mo dingwageng di le 30 tse di fetileng, Basupi ba ga Jehofa kwa Ukraine ba ile ba diragalelwa ke dilo tse di fuduang maikutlo tse nka se kang ka kgona go di anela tsotlhe mo pegong eno e khutshwane. Le fa go ntse jalo, ke itumelela go leba kwa morago kwa dingwageng tsa me tse dintsi tse ke diretseng Jehofa ka tsone, ke tlhomamisegile gore o tla nna a ntse a le pilara le seikokotlelo sa me se se nitameng, ka gonne o ipolela jaana: “Ke nna Jehofa; ga ke fetoge.”—Malaki 3:6NW.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 32 Bona setlhogo se se reng, “Go Feta Dingwaga Tse 40 Re Thibetswe ke Bakomonise,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya March 1, 1999, ditsebe 24-9, le se se reng “Go Isiwa Botshwarwa Kwa Siberia!,” mo makasineng wa Tsogang! ya May 8, 1999,ditsebe 20-5

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Nna le Fenia ka 1952

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Ke na le Fenia gompieno