Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Dirisana Jang le go Tlhorontshiwa ka Tsa Tlhakanelodikobo?

Nka Dirisana Jang le go Tlhorontshiwa ka Tsa Tlhakanelodikobo?

 Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Dirisana Jang le go Tlhorontshiwa ka Tsa Tlhakanelodikobo?

“Basimane ba tswirinyaka melodi le go goakaka.”—Carla, Ireland.

“Basetsana ba aga ba go founela. Ba leka go go emelela gore o ineele.”—Jason, United States.

“O ne a nnela go ama letsogo la me le go leka go ntshwara ka seatla.”—Yukiko, Japane.

“Basetsana ba nthaya dipuo tse di leswe.”—Alexander, Ireland.

“Mosimane mongwe o ne a nnela go nkgoa a le mo beseng ya sekolo a nthaya dilo. E ne e se gore tota o batla go intsha le nna. O ne a ntshwenya fela.”—Rosilyn, United States.

GO LEBA motho e kete o batla go ratana le ene, “go akgola motho” ka tsela e e tlisang kgopolo ya tlhakanelodikobo, motlae o o leswe, go tshwara motho ka tsela e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo—dilo tseno, fa di sa ratege e bile di dirwa gangwe le gape, gantsi e a bo e le se re ka se bitsang go tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo. Le fa gone dipalopalo tsa lefatshe di sa bonwe motlhofo, dipatlisiso di supa gore basha ba bantsi ba ba tsenang sekolo kwa United States ba diragaletswe ke seno.

Tota go tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo ke eng? Buka ya Coping With Sexual Harassment and Gender Bias ya ga Dr. Victoria Shaw e go tlhalosa e le “go tshwenya motho ka tsela e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo . . . E ka nna ka go ama (jaaka go tshwara motho ka tsela e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo), ka go bua (jaaka go bua dilo dingwe tse di sa itumediseng ka ponalo ya mongwe), kana ka tsela e e sa tlhokeng gore o bue sepe.” Ka dinako tse dingwe go tlhorontsha motho go akaretsa go mo gogela mo go direng boitsholo jo bo sa siamang.

Gantsi batho ba ba go tlhorontshang kwa sekolong ke balekane ba gago. Le fa go ntse jalo, mo maemong a mangwe batho ba bagolo ba ba jaaka barutabana ke bone ba ba dirang dilo tse di kgopisang. Setlhogo sengwe mo makasineng wa Redbook se fopholetsa gore palo e nnye thata ya barutabana ba totatota ba sekisediwang melato ya tlhakanelodikobo “e tshwanetse ya bo e le lemme fela la palo e kgolo ya ba ba e dirang.”

Basadi—mme ka dinako tse dingwe le banna—ba ne ba tshwarwa ka tsela e e sa siamang jalo le e leng bogologolo mo metlheng ya Baebele. (Genesise 39:7; Ruthe 2:8, 9, 15) Mme Baebele e ne ya bolelela pele kgang eno e e boifisang: “Go tla nna le dipaka tse di botlhoko mo metlheng ya bofelo. Batho ba tla nna bogagapa, ba le pelotshetlha, ba ipelafatsa e bile ba ikgodisa; ba tlhapatsa . . . ; ba se pelonomi, ba sena kutlwelobotlhoko, ba senya batho maina, ba rata ntwa, e bile ba le bogale.” (2 Timotheo  3:1-3, Today’s English Version) Ka jalo go a kgonega, e bile go ka direga, gore le wena o tlhorontshiwe ka tsa tlhakanelodikobo.

Pono ya Modimo

Ke boammaaruri gore ga se basha botlhe ba ba sa rateng go tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo. Bangwe ba ka nna ba go fitlhela go ba kgatlha—kana e bile go ba tlotlomatsa. Patlisiso e nngwe e e tshosang ya kwa United States e bontshitse gore gareng ga batho ba ba tlhorontshiwang ka tlhakanelodikobo, diperesente di le 75 tsa bone ba dumetse gore le bone ba kile ba tlhorontsha ba bangwe. Batho bangwe ba bagolo ba ka nna ba gakatsa bothata jono ka go itlhokomolosa bomasisi jwa go tlhorontsha motho ka tsa tlhakanelodikobo, ba go tlodisa matlho fela ba re ke go rata go lekeletsa dilo ga bongwana fela. Mme Modimo o go leba jang?

Lefoko la Modimo e bong Baebele le kgala ka phepafalo mefuta yotlhe ya go tlhorontsha batho ka tsa tlhakanelodikobo. Re bolelelwa gore re se ‘tsenelele mo ditshwanelong’ tsa ba bangwe ka go tlola melelwane ya tsa tlhakanelodikobo. (1 Bathesalonika 4:3-8) Tota e bile, makau a laelwa ka tlhamalalo gore a tshware “makgarebenyana jaaka [barwadiarraaone] ka boitsheko jotlhe.” (1 Timotheo 5:1, 2) Mo godimo ga moo, Baebele e kgala “nyao e e bifelesegang.” (Baefeso 5:3, 4) Ka gone, o na le tshwanelo ya go ikutlwa o galefile, o tshwenyegile, o tlhakatlhakane e bile o nyaditswe fa o tlhorontshiwa!

Ke Tla Reng?

Ka jalo, he, o tshwanetse go tsiboga jang fa mongwe a go tshwenya ka tsela eno? Ka dinako tse dingwe go tsiboga ka tsela e e bokoa kana e e sa utlwaleng go dira gore motho yo o go tlhorontshang a leke ka natla go feta pele. Baebele e re bolelela gore fa Josefa a ne a hepisiwa ke mosadi wa mong wa gagwe, ga a ka a mo itlhokomolosa fela. Go na le moo, o ne a gana maitekonyana a gagwe a a sa siamang a sa kgale mathe. (Genesise 39:8, 9, 12) Gompieno, go nna o tiile e bile o tlhamaletse e sa ntse e le yone tsela e e molemolemo ya go kganela go tlhorontshiwa.

Ke boammaaruri gore motho yo o go tshwenyang a ka tswa a sa ikaelela go go kgopisa. Se se lebegang jaaka go go tlhorontsha totatota e ka tswa e le maiteko a boramatla a go batla go gapa kgatlhego ya gago. Ka jalo o se ke wa ikutlwa gore o tshwanetse go nna makgakga go thibela boiteko jo bo sa batlegeng jono. Go bolela fela gore, ‘Ga ke rate puo eo,’ kana, ‘Ke kopa gore o ntlogele,’ go ka tswa go lekane go bontsha maikutlo a gago. Go tla tswa mo go wena gore o dirisa mafoko afe, mme fela o se ke wa koafatsa molaetsa wa gago. A nnyaa wa gago e nne nnyaa! Andrea yo mosha o go tlhalosa ka tsela eno: “Fa ba sa tlhaloganye ditlhagiso tse di dirwang ka bonolo, o tshwanetse go ba  bolelela ka tlhamalalo. Gantsi o feletsa o tshwanelwa ke go dira jalo.” Go bolela o tiile gore ‘Tlogela go dira jalo!’ go ka thusa.

Fa boemo bo gakala, o se ke wa leka go itharabololela kgang o le nosi. Leka go bua ka gone le batsadi ba gago kana batho bangwe ba ba godileng sentle. Ba ka tswa ba na le dikakantsho tse di dirang tsa kafa o ka dirisanang ka teng le boemo jono. Fa go se nko e tswang lemina, ba ka bona go tlhokega go itsise balaodi ba sekolo ka seno. Le fa gone go dira jalo go ka go tlhabisa ditlhong, go ka go sireletsa gore o se ka wa tlhola o tlhaselwa gape.

Go Thibela go Tlhorontshiwa

Gone mme, go botoka go tila go tlhorontshiwa di tloga fela. Ke eng se se ka thusang mo ntlheng eno? Andrea o gakolola jaana: “O se ke wa dira e kete o a kgatlhega. Ba bangwe ba tla utlwa ka gone, mme ba tla tswelela go go tshwenya.” Tsela e o aparang ka yone e ka nna le seabe se segolo. Mara yo mosha o bolela jaana: “Ga ke apare jaaka mosadimogolo, mme gone ke tila go apara diaparo tse di ka gogelang matlho a batho mo mmeleng wa me.” Go se amogele kgatlhego e o e bontshiwang ya tsa tlhakanelodikobo mme o apara diaparo tse di bontshang e kete o batla go tlhakanela dikobo go ka tswa go sa bontshe sentle gore tota o eme fa kae. Baebele e akantsha go apara “ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo.”—1 Timotheo 2:9.

Ditsala tse o di tlhophang le tsone di ama tsela e o tshwarwang ka yone. (Diane 13:20) Rosilyn o lemogile seno: “Fa basetsana bangwe mo setlhopheng ba rata go gapa tlhokomelo ya basimane, basimane ba ka nna ba tsaya fela gore basetsana botlhe mo setlhopheng seo ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang.” Carla o ne a bolela se se tshwanang: “Fa o tsamaya le batho ba ba ineelang mo dipuong tse ditshesane kana ba ba ipelelang go gapa tlhokomelo ya ba bangwe, le wena o tla tlhorontshiwa.”

Baebele e re bolelela ka mosetsanyana mongwe yo o bidiwang Dina yo o neng a tsalana le basetsana ba kwa Kanana—kwa basadi ba teng ba neng ba itsiwe ka boitsholo jwa bone jo bo sa siamang. Seno se ne sa felela ka gore a tlhaselwe ka tlhakanelodikobo. (Genesise 34:1, 2) Go a utlwala go bo Baebele e bolela jaana: “Nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale.” (Baefeso 5:15) Ee, go nna “kelotlhoko” kaga gore o apara jang, o bua jang le gore o itsalanya le bomang go ka dira go tlala seatla go go sireletsa gore o se ke wa tlhorontshiwa.

Le fa go ntse jalo, mo basheng ba Bakeresete, tsela e nngwe e e molemo ya gore o se ke wa tlhorontshiwa ke fela go itsise ba bangwe boemo jwa gago jwa bodumedi. Timon yo mosha, yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o gakologelwa jaana: “Bana ba ne ba itse gore ke Mosupi, ka jalo seno se ne sa emisa mo e batlileng e le go tlhorontshiwa gotlhe.” Andrea o akgela jaana: “Go ba bolelela gore o Mosupi go dira pharologanyo e kgolo. Ba tla lemoga gore o farologane le bone ka ditsela di le dintsi e bile o na le melaometheo ya boitsholo e e gagametseng.”—Mathaio 5:15, 16.

Fa o Tlhorontshiwa

Le fa gone o ka leka ka natla, o ka se tile gotlhelele batho ba ba makgakga, ba ba ratang go sotla. Mme fa e le gore o a tlhorontshiwa, ga go na lebaka lepe la gore o nne o tshwenyegile ka gore o molato—fa fela wena o ntse o itshwere jaaka Mokeresete. (1 Petere 3:16, 17) Fa e le gore boemo jono bo dira gore o tlalelwe mo maikutlong, senka thuso ka go bua le batsadi ba gago kana le bangwe ba ba godileng mo phuthegong ya Bokeresete. Rosilyn o a dumela gore go thata go ikamogela fa o tlhorontshiwa. O bolela jaana: “Go nna le tsala fela, mongwe yo o ka buang le ene, go thusa thata.” Gakologelwa gape gore “Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang.”—Pesalema 145:18, 19.

Ga go motlhofo go tsaya kgato kgatlhanong le go tshwarwa ka tsela e e sa siamang, mme go a thusa. Ka sekai, akanya ka pego ya mo Baebeleng ya lekgarebe lengwe la kwa Shunema. Le fa gone a sa ka a tlhorontshiwa jaaka lefoko leno le tlhaloganngwa gompieno, o ne a fereiwa a sa rate ke Solomone, kgosi ya mohumi le e e nang le maatla ya Juda. Ga a ka a dumela fa a mo fereya ka gonne o ne a ratana le monna yo mongwe. Ka gone o ne a ka kgona go ipolela jaana ka boipelo, “Nna ke lorako.”—Sefela sa Difela 8:4, 10.

Le wena bontsha boitsholo jo bo nonofileng jalo le boikemisetso. Nna “lorako” fa o tshwenngwa o sa batle. Dira gore botlhe ba lemoge boemo jwa gago jwa Bokeresete. Ka go dira jalo, o ka nna o sa “pegwa molato e bile o se na molato” le go tshepa gore o itumedisa Modimo.—Bafilipi 2:15. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 27 Tlhagiso e e oketsegileng kaga go tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo e neetswe mo dimakasineng tsa Tsogang! tsa June 8, 1996; September 8, 1995; le June 8, 1991.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Go dira gore ditumelo tsa gago tsa Bokeresete di itsiwe ke botlhe go ka go sireletsa

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

O ka nna wa thibela go tlhorontshiwa ka go sa tsalane le setlhopha sa batho ba ba sa siamang