Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Tlwaelo ya go Bolaya” e Rotloediwa Jang?

“Tlwaelo ya go Bolaya” e Rotloediwa Jang?

 “Tlwaelo ya go Bolaya” e Rotloediwa Jang?

“Bana ba batshabi ba ba utlwisitsweng botlhoko ba kwa Kosovo ba katologane ka diketekete tsa dimaele le bana ba kwa Amerika ba ba bonang thubakanyo le dilo tse dingwe tse di utlwisang botlhoko, mme ba ka nna ba bo ba amega ka tsela e e tshwanang mo maikutlong.”—Marc Kaufman, The Washington Post.

Re rata kana re sa rate, loso lo re ama rotlhe ka tlhamalalo kana e se ka tlhamalalo. Seno ke boammaaruri go sa kgathalesege gore re nna kae—mo nageng e e tlhasetsweng ke kgotlhang e e setlhogo kana e batho ba yone ba tshelang ka kagiso.

“TLWAELO ya go bolaya” e ka bonwa ka go tshwenyega thata mo maikutlong, go tlalelwa, go tshwakgolwa ke diokobatsi, go senya mpa, boitsholo jo bo kotsi, go ipolaya le go bolaya batho ka bontsi mo go diragalang thata gompieno. Porofesa Michael Kearl wa Lephata la Sosioloji le Thutomotho kwa Yunibesithing ya Trinity kwa San Antonio, Texas, U.S.A., o ne a tlhalosa jaana malebana le tsela e kgang eno ya loso e tlhotlheletsang ka teng: “Go ya kafa rona batho ba karolo ya bofelo ya lekgolo la bomasomeamabedi la dingwaga [1999] re lebang dilo ka teng, re fitlhela gore . . . loso lo tsewa e le selo sa konokono se botshelo, nonofo le go bopega ga setšhaba di theilweng mo go sone. Loso ke selo se ditumelo tsa rona, difilosofi, dikgopolo tsa dipolotiki, botaki le boranyane jwa kalafi di remeletseng mo go sone. Lo tlhotlheletsa batho go reka makwalodikgang le diinshorense, lo dira gore dithulaganyo tsa rona tsa thelebishene di kgatlhe e bile . . . lo nonotsha diintaseteri tsa rona.” A re tlhatlhobeng dikai dingwe tse di bontshang kafa selo seno se se bidiwang tlwaelo ya go bolaya se bonalang ka teng mo motlheng wa rona.

 Kgwebo ya Dibetsa

“Tlwaelo ya go bolaya” e bonala letsatsi le letsatsi mo kgwebong ya dibetsa. Dibetsa di dirisediwa go bolaya masole, mme go le gantsi di bolaya baagi, gareng ga bone basadi le bana ba ba se nang molato. Mo dintweng, e ka tswa e le tsa semorafe kana tse dingwe fela, ka dinako tsotlhe botshelo bo tsewa e le jo bo sa reng sepe. Lerumo la mmolai kana la lesole le le hulang le iphitlhile le ja bokae?

Go bonwa motlhofo ga dibetsa kwa dinageng tse dingwe go dirile gore go nne le koketsego e e boifisang le e e tswelelang ya go swa ga batho ka bongwe mmogo le ka ditlhopha. Morago ga masetlapelo a go hulwa ga batho kwa sekolong se segolo kwa Littleton, kwa Colorado, batho ba ne ba dira megwanto ka ntlha ya go rekisiwa thata ga dibetsa le kafa go leng motlhofo ka teng gore bana ba nne le tsone. Palo ya basha ba ba swang setlhogo kwa United States e a boifisa—go ya ka makasine wa Newsweek, ke palogare ya ba le 40 ka beke. Mo go bone bano, diperesente di ka nna 90 tsa bone ke ba ba hulwang. Seno se lekana le dipolao tsa kgailo di le 150 tse di diragalang ngwaga le ngwaga tse di tshwanang le ya kwa Littleton!

Dilo Tsa Boitlosobodutu

Dibaesekopo di dirisa loso bobe. Ka sekai, baesekopo e ka godisa boitsholo jo bo sa siamang, thubakanyo, go gweba ka diokobatsi kana bokebekwa jwa digongwana mme ka go dira jalo e dira gore botshelo le melaometheo ya boitsholo di se ka tsa tsewa e le tsa sepe. Go na le dibaesekopo tse mo go tsone loso lo dirwang gore lo utlwale e le selo se se monate—di bontsha tlhamane ya botshelo morago ga loso go bo go bonale e kete baswi bangwe ba boile go etela batshedi—mme seo se dira fela gore loso lo bonale e le dinyana fela.

Go ntse jalo le ka dithulaganyo dingwe tsa thelebishene le mmino. Go ya ka dipego tsa dikgang, babolai ba basha ba kwa Littleton ba ne ba rata seopedi sa roko thata, se se tumileng thata ka “ditshwantsho tsa gagwe tsa go nna monna/mosadi, tsa bosatane,” le dipina tse di “buang ka botsuolodi le loso.”

Kwa United States, tsela e dithulaganyo tsa thelebishene di lekanyediwang ka yone e ne ya tlhabololwa gore e sireletse basha gore ba se ke ba bona dilo tse di ka ba amang ka tsela e e sa siamang. Mme seno ga se a thusa ka sepe. Jonathan Alter, fa a kwala mo go Newsweek, o bolela gore seno “se ka dira gore bana ba batle thata leungo le le ileditsweng.” O ne a oketsa ka gore e le go tlhabisa ba ba ikarabelang ditlhong le go dira gore ba fokotse thubakanyo mo metsweding ya bone ya tshedimosetso, Poresidente Clinton o tla tshwanelwa ke go “itsise phatlalatsa maina a dikhampani tsotlhe tse dikgolo (le baokamedi ba tsone)” tse di sa direng fela dibaesekopo tse go tlhabanwang ka dithipa mo go tsone le mmino wa ‘repe ya digongwana’ mme gape tse di dirang dithulaganyo tsa metshameko ya khomputara e e letlang bana go “‘batla’ ba bolaya batho.”

Loso mo Metshamekong ya Bidio le mo Internet

Mo bukeng ya gagwe ya The Deathmatch Manifesto, Robert Waring o sekaseka kafa metshameko ya go gaisanela go bolaya e atileng ka teng gareng ga basha ba dingwaga tsa bolesome. * Rre Waring o dumela gore go na le setlhopha se se sa lemosegeng sa batshameki ba ba inaakantseng le metshameko eno. Se metshameko eno e se dirang tota ga se go naya thuto e e siameng, mme ke go ruta bana go bolaya. Waring o akgela jaana: “Go tshameka le moganetsi yo o tshelang yo o tswang gongwe le gongwe fela mo lefatsheng le go leka go bontsha bokgoni jwa gago, ke selo se se gogelang tota. Go motlhofo thata go iphitlhela o setse o tseneletse mo go direng jalo.” Basha ba gapiwa ke maatla a ditshwantsho tse di lebegang e le dilo tsa mmatota tse di tlhagisiwang kafa morago ga dintwa tseno tse di matlho mahibidu. Ka go bo ba bangwe ba se na Internet, ba reka metshameko ya bidio gore ba e dirise mo thelebisheneng kwa gae. Ba bangwe ba tlwaetse go ya kwa mafelong a batho botlhe kwa ba hirang teng metšhini ya metshameko ya bidio le go ‘dira e kete’ ba lwela losong le baganetsi ba bangwe.

Le fa gone metshameko ya “go gaisanela go bolaya” e farologantswe go ya ka dingwaga tsa motshameki, boammaaruri ke gore ga di laolwe thata. Eddie wa dingwaga di le 14 wa kwa United States o boletse jaana: “Gantsi batho ba go bolelela gore o sa ntse o le monnye, mme ga ba gane fa o reka [motshameko ono].” Ene o rata o mo go one go thuntshanwang ka tsela ya botsenwa. Le fa  gone batsadi ba gagwe ba itse ka seno e bile ba sa rate fa a o tshameka, ga ba ke ba tlhola gore a o tshameka motshameko ono. Mosha mongwe wa dingwaga tsa bolesome o ne a fitlhelela tshwetso eno: “Kokomana ya rona e kgwaraletse pelo malebana le thubakanyo go feta kokomana epe e nngwe. Gone jaanong dithelebishene ke tsone di godisang bana go feta kafa batsadi ba dirang ka teng e bile thelebishene e kgotsofatsa dikakanyo tsa bana tse di sekametseng mo thubakanyong.” John Leland, fa a kwala mo go Newsweek, o ne a bolela jaana: “E re ka e le dimilione di le 11 tsa bana ba dingwaga tsa bolesome ba ba setseng ba kgona go dirisa Internet [mo United States], basha ba ba ntseng ba oketsega ba tshela botshelo jo batsadi ba bantsi ba sa bo tlhaloganyeng.”

Mekgwa ya Botshelo e e Bolayang

Go tweng ka boitsholo jo bo ka kwa ntle ga lefatshe la metshameko ya “go gaisanela go bolaya” le dibaesekopo tse di tletseng thubakanyo? Le fa gone mo botshelong jwa mmatota re sa tlhoke go kgaratlhela go bolaya dibopiwa tse di sa tlwaelegang, mokgwa wa botshelo wa batho ba le bantsi o akaretsa boitsholo jwa go ikoafatsa. Ka sekai, le mororo go na le tlhotlheletso ya lelapa, ya dithulaganyo tsa boitekanelo le ya batho ba bangwe ba maemo ba ba tlhagisang ka kotsi e e ka bakiwang ke go goga le go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang, ditlwaelo tseno di ntse di tswelela go oketsega. Mo maemong a le mantsi, di dira gore motho a swe a sa le mosha. E le go oketsa poelo e e seng kafa molaong, dikgwebo tse dikgolo le bagwebi ba diokobatsi ba ntse ba tswelela go ja ntsoma batho ba ba tlhobaelang, ba ba itlhobogileng le ba ba humanegileng semoyeng.

Ke Mang yo o Tlhotlheletsang Dilo Tseno Tsotlhe?

A Baebele e tlhagisa loso e le sengwe se se tshwanelang gore batho ba ka itlosa bodutu ka sone? A mekgwa ya botshelo e e ka felelang ka loso e siame? Nnyaa. Bakeresete ba boammaaruri, fela jaaka moaposetoloi Paulo, ba tsaya loso e le “mmaba” fela. (1 Bakorintha 15:26) Bakeresete ga ba lebe loso jaaka sengwe se se kgatlhang le  se se ipedisang, mme go na le moo, jaaka sengwe se se leng kgatlhanong le tlholego, sengwe se se bakilweng ka tlhamalalo ke boleo le go tsuologela Modimo. (Baroma 5:12; 6:23) Loso ga e ise e ko e nne karolo ya boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka motho.

Satane o bolelwa a na le “dithata tsa go baka loso.” O bidiwa “mmolayabatho,” e seng ka gonne a bolaya batho ka tlhamalalo, mme ka gonne o dira jalo ka go dirisa tsietso, ka go gogela batho mo boleong, ka go rotloetsa boitsholo jo bo bakang tshenyo le loso le ka go godisa boikutlo jwa go batla go bolaya batho mo megopolong le mo dipelong tsa banna, basadi le e leng bana. (Bahebera 2:14, 15; Johane 8:44; 2 Bakorintha 11:3; Jakobe 4:1, 2) Le fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa go tlhaselwa basha segolobogolo? Re ka dirang go ba thusa?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Tlhatlhobo eno e bolela gore mo metshamekong ya “Go Gaisanela go Bolaya,” “batshameki [ba] tlhotlhelediwa go bolaana mo metshamekong ya metšhine e e nang le ditshwantsho tse e keteng ke dilo tsa mmatota.”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

“Kokomana ya rona e kgwaraletse pelo malebana le thubakanyo go feta kokomana epe e nngwe”