Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nyenya—Go go Siametse!

Nyenya—Go go Siametse!

 Nyenya—Go go Siametse!

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA JAPANE

FA GO dirwa ka pelo yotlhe, go fedisa dipelaelo dipe fela tse di ka tswang di le teng. Go tlosa letlhoo le lentsintsi le le sa bolong go nna gone ka dingwagangwaga. Go nolofatsa dipelo tse di kgwaraladitsweng ke go se dumele le go se ikanye sepe. Go dira gore bontsi bo wele makgwafo e bile bo ipele. Go go raya go re, “Ke a tlhaloganya. O se ka wa tshwenyega.” Go ikuela mo go wena go re, “Ke solofela gore re ka nna ditsala.” Selo seno se se maatla jaana ke eng? Ke go nyenya. E ka nna go nyenya ga GAGO.

Go nyenya ke eng? Gantsi didikishinare di tlhalosa go nyenya e le ‘tsela e sefatlhego se lebegang ka yone e mo go yone ditlhakore tsa molomo di obegelang go le gonnye kwa godimo, go bontsha gore motho o kgatlhilwe ke sengwe, o dumalana le sengwe kana o itumetse.’ Go dira jalo ke go nyenya ka tsela e e botsalano. Go nyenya ke tsela e motho a bontshang kana a tlhalosetsang batho ba bangwe maikutlo a gagwe ka yone a sa bue sepe. Gone ke boammaaruri gore, gape go nyenya go ka nna ga bontsha go sotla kana go nyatsa, mme le gale, eo ke kgang e sele.

A ruri go nyenya go kgona go fetola seemo? Ebu, a o sa ntse o gakologelwa kafa o neng wa ikutlwa o nametsega kana o wela makgwafo ka teng fa motho mongwe a ne a go gasa ka monyenyo? Kana a o sa ntse o gakologelwa kafa o neng o tshogile gongwe e bile o ikutlwa o ilwa ka teng fa mongwe a ne a sa nyenye le wena? Ebu, go nyenya go kgona go fetola seemo. Go ama motho yo o nyenyang le yo go nyenywang le ene. Jobe wa Baebele o ne a bua jaana ka baba ba gagwe: “Ke ne ke nyenya le bone—mme ba ne ba sa dumele—mme ba ne ba ka se fedise go phatsima ga sefatlhego sa me.” (Jobe 29:24, NW) “Go phatsima” ga sefatlhego sa ga Jobe go ka tswa go kaya boipelo kana tsela e a neng a itumetse ka yone.

Le gompieno go nyenya go sa ntse go ama batho ka tsela eno e e molemo. Go nyenya ka tsela e e botsalano go ka thusa go fokotsa matshwenyego a motho a nang le one. Go ka ritibatsa maikutlo a motho fa a ikutlwa a gateletswe. Fa re ikutlwa re sa phuthologa kana re tshwenyegile, go nyenya go ka re thusa go fokotsa go tshwenyega mme ga re thusa go lepalepana le mathata a rona. Ka sekai, ka metlha Tomoko o ne a ela tlhoko batho ba ba mo lebileng. O ne a tsaya gore ba ne ba mo tshwaya diphoso, e re ka ba ne ba leba go sele ka bonako fa ba lemoga gore o ba bone. Tomoko o ne a ikutlwa a latlhegile e bile a sa itumela. Ka letsatsi lengwe tsala nngwe ya gagwe e ne ya akantsha gore a leke go nyenya fa a rakanya matlho le batho. Tomoko o ne a leka go dira jalo ka dibeke tse pedi mme o ne a gakgamadiwa ke go bona gore fa a nyenya batho botlhe ba ne ba nyenya le ene! Matshwenyego a gagwe a ne a  fedile. A re: “Ke simolotse go ipelela botshelo eleruri.” Ebu, go nyenya go dira gore re ikutlwe re phuthologile fa re na le batho ba bangwe e bile go re thusa go nna botsalano le go feta.

Kafa go Solegelang Wena le Batho ba Bangwe Molemo ka Teng

Go nyenya go ka ama maikutlo a motho. Go thusa motho go nna le boikutlo jo bo siameng. Gape go siametse boitekanelo jwa motho. Go na le polelwana nngwe e e reng, “Setshego ke molemo o o siameng.” Tota e bile, ba tsa kalafi ba bolela gore tsela e motho a ikutlwang ka yone e amana thata le seemo sa gagwe sa botsogo. Dipatlisiso di le dintsi di bontsha gore go ngomoga pelo le go nna le maikutlo a a sa siamang ka nako e telele le dilo tse di tshwanang le tseno, go koafatsa thulaganyo ya mebele ya rona ya go lwantsha malwetse. Kafa letlhakoreng le lengwe, go nyenya go dira gore re ikutlwe re itumetse, mme go tshega gone go nonotsha thulaganyo ya mebele ya rona ya go lwantsha malwetse.

Go nyenya go ama batho ba bangwe thata. Nte re re gongwe mongwe o a go gakolola kana o go tlhagisa ka sengwe. O ne o ka rata sefatlhego sa motho yo o go gakololang se nna jang? Fa sefatlhego sa gagwe se se botsalano kana a menne phatla go ka nna ga raya gore o galefile, o tenegile, ga a go batle, kana e bile o go tlhoile. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa motho yono yo o go gakololang a ne a ka nyenya ka tsela e e botsalano, a seno se ne se se kitla se dira gore o ikutlwe o phuthologile o bo o batle le go amogela kgakololo sentle? Eleruri, go nyenya go thusa go fokotsa go se tlhaloganyane go go ka bakwang ke dikgotlhang.

Megopolo e e Siameng e Dira Gore go Nyenya go Nne Motlhofo

Ke boammaaruri gore bontsi jwa rona ga re tshwane le batshameki ba maemo a a kwa godimo ba ba kgonang go tlhaga ba nyenya ka bonako fela nako nngwe le nngwe; e bile ga re eletse go nna jalo. Re batla gore menyenyo ya rona e nne ya tlholego le ya mmatota. Mokaedi mongwe wa sekolo wa tsa puisano o ne a akgela jaana: ‘Go botlhokwa go phuthologa le go nyenya go tswa pelong, e seng jalo monyenyo wa gago o ka nna wa lebega e se wa tlholego.’ Totatota re ka kgona jang go nyenya go tswa pelong? Baebele e ka re thusa mo kgannyeng eno. E re bolelela jaana mo go Mathaio 12:34, 35, malebana le tsela ya go bua: “Molomo o bua se se tletseng mo pelong. Motho yo o molemo o ntsha dilo tse di molemo mo letlotlong la gagwe le le molemo, fa motho yo o boikepo ene a ntsha dilo tsa boikepo mo letlotlong la gagwe le le boikepo.”

Gakologelwa gore go nyenya ke tsela e re tlhalosang maikutlo a rona ka yone re sa bue sepe. E re ka re bua “se se tletseng mo pelong” le gore “dilo tse di molemo” di tswa mo “letlotlong le le molemo,” go bonala sentle gore monyenyo wa mmatota o ikaegile ka tsela e re akanyang ka yone le e re ikutlwang ka yone. Ebu, ga go pelaelo gore, go ise go e kae se se mo dipelong tsa rona se tla senolwa e seng ke mafoko le ditiro tsa rona fela, mme gape le ke tebego ya difatlhego tsa rona. Ka jalo, re tshwanetse go leka go nna re  akanya dilo tse di siameng ka metlha. Tsela e difatlhego tsa rona di lebegang ka yone e angwa thata ke dilo tse re di akanyang ka batho ba bangwe. Ka jalo, a re tlhomeng mogopolo mo dinonofong tse di molemo tsa ba lelapa, tsa baagelani ba rona le tsa ditsala tsa rona tse dikgolo. Re tla fitlhela go le motlhofo thata go nyenya le bone. O tla bo o nyenya monyenyo wa mmatota, ka gonne pelo ya gago e tla bo e tletse ka bomolemo, boutlwelobotlhoko le bopelonomi. Matlho a rona a tla bo a tletse boitumelo, mme batho ba bangwe ba tla bona gore ga re ba tshase bobi mo matlhong.

Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gakologelwa gore batho bangwe ka ntlha ya tsela e ba godisitsweng ka yone kana tikologo ya bone ga ba kgone go nyenya motlhofo jaaka batho ba bangwe. Le fa ba ka tswa ba na le maikutlo a a siameng ka baagelani ba bone, ke fela gore ga ba a tlwaela go nyenya le bone. Ka sekai, ke ngwao gore banna ba Bajapane ba nne ba gagametse le go nna ba didimetse ka dinako tsotlhe. Ka jalo, bontsi jwa bone ga bo a itlwaetsa go nyenya le batho ba ba sa ba itseng. Gongwe go ka tswa go ntse jalo le ka ditso tse dingwe. Kgotsa batho bangwe ba ka tswa ba le ditlhong ka tlholego mme go ka nna ga se ka ga nna motlhofo gore ba nyenye le batho ba bangwe. Ka gone, ga re a tshwanela go atlhola batho ba bangwe go ya ka gore ba nyenya thata go le kana kang kana ba nyenya gangwe le gape go le kae. Batho ga ba tshwane, mme le dinonofo le ditsela tsa bone tsa go bua le batho ba bangwe ga di tshwane.

Le fa go ntse jalo, fa go se motlhofo go nyenya le batho ba bangwe, ke ka ntlha yang fa o sa tokafatse boemo jono? Baebele e gakolola jaana: “A re se leseng go dira se se molemomogolo . . . A re direng se se molemo mo go botlhe.” (Bagalatia 6:9, 10) Tsela nngwe ya go dira “se se molemo” mo go ba bangwe ke go nyenya le bone—mme o ka kgona! Ka jalo, dira gore e nne wena wa ntlha go dumedisa batho ba bangwe le go ba kgothatsa o nyenya. Ba tla anaanela seo thata. Gape, o tla lemoga gore go nyenya go nna motlhofo thata fa o ntse o itlwaetsa go go dira.

[Lebokoso mo go tsebe 30]

Tlhagiso

Go botlhoko go itse gore ga se batho botlhe ba ba nyenyang go tswa kwa botennyeng jwa dipelo tsa bone. Batsietsi ba ba boferefere, barekisi ba ba seng maitseo, le batho bangwe ba ka nna ba nyenya le wena ka tsela e e gogelang. Ba a itse gore go nyenya go ka tsietsa batho le go dira gore ba se nne kelotlhoko. Batho ba ba nang le maitsholo a a belaetsang kana maitlhomo a a sa siamang le bone ba ka nna ba nyenya ka tsela ya go hepisa. Le fa go ntse jalo, menyenyo ya bone ga se ya mmatota; e a tsietsa. (Moreri 7:6) Ka jalo, le mororo re sa batle go belaela batho ba bangwe ka tsela e e feteletseng, re tshwanetse go gakologelwa gore e re ka re tshela mo “malatsing a bofelo,” a go leng boima go dirisana le one re tshwanetse go ‘itshupa re le bonokopela jaaka dinoga mme le fa go ntse jalo re le ba ba se nang molato jaaka maphoi,’ jaaka Jesu a ne a bolela.—2 Timotheo 3:1; Mathaio 10:16.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Dira gore e nne wena wa ntlha go dumedisa ba bangwe o nyenya