Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Mang yo e Leng Modiredi?

Ke Mang yo e Leng Modiredi?

 Kgopolo E e Mo Baebeleng

Ke Mang yo e Leng Modiredi?

LETSATSI pele ga loso lwa ga Jesu lwa go intsha setlhabelo, ditsala tsa gagwe tse di gaufiufi di ne tsa nna le kganetsano e e bogale. Go ya ka Luke 22:24, “go ne ga tsoga kganetsano e e gotetseng gareng ga bone kaga gore ke ofe wa bone yo o neng a bonala a le mogolo thata.” E ne e se la ntlha baaposetoloi ba ga Jesu ba nna le kganetsano e e ntseng jalo. Mo makgetlhong a ka nna mabedi pele ga foo, Jesu o ne a tshwanelwa ke go siamisa tsela e ba neng ba akanya ka yone.

A bo go ne go swabisa jang ne gore mo bosigong jo bo masisi jono, Jesu o iphitlhela a tshwanelwa ke go ba gakolola gape se tota modiredi wa Mokeresete a tshwanetseng go nna sone. O ne a bolela jaana: “A yo o leng mogolo thata gareng ga lona a nne jaaka yo mmotlana thata, le yo o dirang jaaka kgosi jaaka yo o direlang.”—Luke 22:26.

Ga go a tshwanela go re gakgamatsa go bo baaposetoloi ba ne ba na le kgopolo e e sa siamang jaana kaga botlhokwa jwa go nna le maemo le go tlotlomala. Pele ga Jesu, sekao sa bone se segolo mo kgannyeng ya boeteledipele jwa bodumedi e ne e le bakwadi le Bafarasai. Mo boemong jwa go naya batho kaelo ya bomoya, badiredi bano ba maaka ba ne ba kgothaletsa dingwao le melao e e gatelelang e e ‘tswalang bogosi jwa magodimo fa pele ga batho.’ E ne e le batho ba ba ratang maemo, ba ba batlang go tlotlomadiwa, ba ba ikakanyetsang e le bone fela ba ba neng ba dira ditiro tsa bone “gore ba bonwe ke batho.”—Mathaio 23:4, 5, 13.

Mofuta o Mosha wa Modiredi

Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe kgopolo e ntšha ya bodiredi jwa semoya. O ne a ruta jaana: “Lo se ka lwa bidiwa Rabi, gonne moruti wa lona o mongwe, mme lona lotlhe lo bakaulengwe. Mo godimo ga moo, lo se ka lwa bitsa ope rraalona mo lefatsheng, gonne Rraalona o mongwe, Wa selegodimo. . . . Mme yo mogolo thata mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona.” (Mathaio 23:8-11) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba sa tshwanela go etsa baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa bone. Fa ba ne ba batla go nna badiredi ba mmatota, ba ne ba tshwanetse go etsa Jesu. O ne a ba tlogelela sekao sa mofuta ofe?

Gantsi Baebele e dirisa lefoko la Segerika e bong di·aʹko·nos fa e bua ka “modiredi.” The Encyclopedia of Religion e tlhalosa gore lefoko leno le emela “e seng maemo mme kamano ya go direla e modiredi a nang nayo le yo o direlwang: go latela sekao sa ga Keresete . . . ke selo sa konokono mo tseleng e Bakeresete ba tlhaloganyang bodiredi ka yone.”

Tumalanong le tlhaloso e e tshwanetseng ya lefoko leno la “modiredi,” Jesu o ne a dira bojotlhe jwa gagwe go thusa ba bangwe. O ne a tlhalosa jaana ka bopelotelele: “Morwa motho [o] ne a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Jesu o ne a dirisa nako, maatla le bokgoni jwa gagwe a sa ikgogone go thusa ba bangwe mo mmeleng le mo semoyeng. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a utlwela botlhoko boidiidi jwa batho ba ba neng ba thelesegela ba tla go mmona, ba ba neng ba sotlilwe semoyeng. O ne a batla go thusa. Bodiredi jwa gagwe bo ne bo tlhotlhelediwa ke lorato lwa bopelotshweu mme o ne a batla gore barutwa ba gagwe le bone ba bontshe jone boikutlo jono jwa go aba.—Mathaio 9:36.

Mo botshelong jotlhe jwa gagwe, Jesu o ne a tlhomela badiredi ba nako e e tlang sekao. O ne a bolela jaana: “Thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana. Jalo, lopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Mathaio  9:37, 38) Ee, badiredi ba ga Keresete ba ne ba tshwanetse go nna badiri mo tirong e kgolo go feta epe fela e e kileng ya dirwa mo lefatsheng—ba naya batho botlhe kgomotso ya semoya ka go rera le go ruta dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo.—Mathaio 28:19, 20.

Mokgwa ono wa go tsaya go aba le go direla ba bangwe dilo tse ba di tlhokang e le tsone dilo tsa konokono ke one o o dirileng gore tsela ya ga Keresete ya bodiredi e nne e e tlhomologileng jaana. O ne a ruta badiredi ba gagwe go nna babereki, batshwari ba ditlhapi tsa semoya le badisa e seng batho ba ba tshelang botshelo jwa masaitseweng le ba ba rutegileng thata ba ba aparang diaparo tse di kgethegileng le tse di mabaibai.—Mathaio 4:19; 23:5; Johane 21:15-17.

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Ka maswabi, fa makgolo a dingwaga a ntse a feta kgopolo eno e e tlotlegang, ya go sa ikgodise ya gore badiredi e nne bareri le barutisi ba ba intshang setlhabelo e ne ya fetolwa. Se se simologileng e le bodiredi jwa Bokeresete se ne sa fetoga go nna tsamaiso e e rulagantsweng ya ditlhopha tsa baruti. Go ne ga tlhomiwa mekgatlho ya bodumedi le maemo a yone mme ba ba mo go one ba ne ba newa maemo a a kwa godimo le thata mme gantsi ba ikokoanyetsa dithoto tse dintsi. Seno se ne sa baka dikarogano. Go ne ga nna le setlhopha sa baruti se se neng se ineetse thata mo go laoleng disakaramente tsa bodumedi le go kgalema batho ba ba tswang mo tseleng. Bokeresete jwa lekgolo la ntlha la dingwaga bo ne jwa fetoga mo makgolong a dingwaga a a neng a latela jwa kgaotsa go nna bodumedi jo bo tlhagafetseng jo mo go jone mongwe le mongwe e neng e le modiredi, mme jwa nna jo bo sa direng sepe jo mo go jone batho ba ba ka rerang le go ruta e leng ba ba mmalwa fela ba ba boneng thapiso e e kgethegileng e bile ba letleletswe go dira jalo.

Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhaola modiredi wa Mokeresete ka gore a bo a dira kwantle ga bopelotshetlha, e seng ka diaparo tse di tlhomologileng, ngwaokobamelo e e dirwang ka maatlametlo, tuelo ya gagwe kana ka gore a bo a tlhomilwe ke puso. Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha boikutlo jo badiredi ba Bakeresete ba tshwanetseng go nna le jone. O ne a ba kgothaletsa gore ba ‘se dire sepe ka ntlha ya boikgopolo, fa e se gore ka kgobalalo ya mogopolo.’—Bafilipi 2:3.

Ruri Paulo o ne a dira se a neng a rera ka sone. E re ka a ne a ngaparela thata tsela e Keresete a neng a dira dilo ka yone, o ne a se ke a ‘senka tsholegelomelemo ya gagwe fa e se ya ba bantsintsi, e le gore ba tle ba bolokwe.’ O ne a tlhaloganya e bile a dumela tota gore o na le boikarabelo jwa gore a “neele dikgang tse di molemo kwantle ga tuelo,” jaaka a ne a bolela a re, “gore ke tle ke se ka ka dirisa ka fa go sa tshwanelang bolaodi jwa me mo dikgannyeng tse di molemo.” O ne a sa “senke kgalalelo mo bathong.”—1 Bakorintha 9:16-18; 10:33; 1 Bathesalonika 2:6.

A bo e le sekao se se tlhomologileng jang ne sa modiredi wa boammaaruri wa Mokeresete! Batho ba ba etsang sekao sa gagwe se se molemo e bile ba tsamaya ka tsela ya go tlhoka bopelotshetlha e e tlhomilweng ke Jesu Keresete, ba intsha setlhabelo ka tshosologo gore ba tlamele ba bangwe ka thuso ya semoya le kgomotso ya dikgang tse di molemo, ba bontsha gore ke badiredi ba Modimo ba boammaaruri.—1 Petere 2:21.