Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Nka Nwa Di-Aspirin Letsatsi le Letsatsi Kana Nnyaa?

A Nka Nwa Di-Aspirin Letsatsi le Letsatsi Kana Nnyaa?

 A Nka Nwa Di-Aspirin Letsatsi le Letsatsi Kana Nnyaa?

Kgang e e latelang e e neng ya anelwa ke ngaka nngwe ke kgang ya mmatota e e diragetseng. E senola bothata bongwe jo bogolo jo ka maswabi bo nang le go direga gangwe le gape.

LELAPA lotlhe le ne le tshwenyegile. Mme jaanong le ngaka ka boyone e ne e tshwenyegile. Ngaka eno e ne ya re: “Fa a sa kgaotse go dutla madi ka bonako, re ka nna ra tshwanelwa ke go mo tshela madi.”

E ne e setse e le dibeke di le mmalwa monna yono a ntse a dutla madi ka bonya mo maleng, mme bothata jono bo ne bo bakwa ke ntho e e neng e mo tswile mo mpeng, kana gastritis. “A o a tlhomamisa gore ga go na melemo epe e o e nwang?” go ne ga botsa jalo ngaka eno e e neng e tshwenyegile.

Monna yono o ne a re: “Nnyaa. Ke nwa fela dipilisinyana tseno tse di tlwaelegileng tse di rekisediwang mongwe le mongwe tse ke di reketseng bolwetse jwa me jwa arthritis.”

Ka bonako fela ngaka eno e ne ya thaakanya ditsebe. “Nte ke di bone.” Fa a sena go batla ka kelotlhoko pampitshana e e bontshang gore di dirilwe ka eng, o ne a bona se a neng a se batla. Acetylsalicylic acid! Bothata bo ne bo rarabolotswe. E ne ya re fa molwetse yono a kgaotsa go nwa dipilisi tse di nang le motswako wa aspirin mme a bo a fiwa iron le melemo mengwe go alafa mala a gagwe, o ne a kgaotsa go dutla madi mme selekanyo sa gagwe sa madi se ne sa boela kwa seemong se se tlwaelegileng ka iketlo.

Melemo e e Dirang Gore Batho ba Dutle Madi

Bothata jwa go dutla madi mo mpeng jo bo bakwang ke melemo mengwe ke bothata jo bogolo mo go tsa kalafi gompieno. Le fa gone mefuta e le mentsi ya kalafi e ka bo baka, bontsi jwa mathata ano a bakwa ke melemo e e dirisediwang bolwetse jwa arthritis le ditlhabi. Seno se akaretsa mefuta mengwe ya melemo e e bidiwang gore ke nonsteroidal anti-inflammatory drugs (diokobatsi tse di se nang metswako ya di-steroid e e thibelang borurusa), kana NSAIDS. Naga nngwe le nngwe e ka bitsa melemo eno ka maina a a farologaneng.

Melemo e le mentsi e e rekisiwang e na le aspirin, mme mo dingwageng tsa bosheng jaana mo dinageng tse dintsi go ile ga nna le batho ba le bantsi thata ba ba nwang di-aspirin letsatsi lengwe le lengwe. Ka ntlha yang?

Go Rata Di-Aspirin Thata

Ka 1995 Harvard Health Letter e ne ya bega gore “go nwa di-aspirin letsatsi lengwe le lengwe go namola matshelo.” E ne ya re fa babatlisisi ba nopola dipatlisiso di le mmalwa tsa lefatshe lotlhe, tse di neng tsa boelediwa gantsintsi fa e sa le go tloga ka nako eo, ba ne ba konela jaana: “Mo e ka nnang motho mongwe le mongwe yo o kileng a nna le bolwetse jwa go ema pelo kana seterouku, bolwetse jwa angina, kana yo o kileng a dirwa karo go tsenya selo se madi a mothapo wa pelo a ka fetang ka sone o tshwanetse go nwa pilisi e le nngwe ya aspirin kana halofo ya yone fa fela seokobatsi seno se sa mo lwatse.” *

Babatlisisi ba bangwe ba bolela gore go na le melemo mengwe e banna ba ba fetang dingwaga tse 50 ba ba leng mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jwa go ema pelo le basadi ba ba leng mo boemong jo bo tshwanang ba ka e bonang fa ba nwa di-aspirin letsatsi lengwe le lengwe. Mo godimo ga moo, go na le dipatlisiso tse di bontshang gore go nwa di-aspirin letsatsi lengwe le lengwe go ka fokotsa kotsi ya go tshwarwa ke kankere ya lela le legolo, mme fa batho ba ba nang le bolwetse jwa sukiri ba nwa aspirin e ntsi ka nako e telele seno se ka dira gore selekanyo sa sukiri mo mading a bone se fokotsege.

Ke eng se aspirin e se dirang mo mothong se se dirang gore go nne le melemo eno e e bolelwang? Le mororo go sa itsiwe dintlha tsotlhe, bosupi bo bontsha gore aspirin e thusa go dira gore dipolatelete tsa madi di se ka tsa nna bonyedi, ka jalo seno se dira  gore madi a se ka a gwama. Go dumelwa gore seno se thusa go thibela ditshikana tsa pelo le tsa boboko go kabala, mme ka tsela eno se thusa dirwe tse di botlhokwa tsa mmele gore di se ka tsa gobala.

E re ka go dumelwa gore di-aspirin di ka nna le melemo eno yotlhe, ke ka ntlha yang fa batho botlhe ba sa di nwe? Lebaka lengwe ke gore go sa ntse go na le dilo di le dintsi tse di sa ntseng di sa itsiwe. Tota go sa ntse go sa itsiwe sentle le gore motho o tshwanetse go nwa selekanyo se se kae. Go akantshiwa gore motho a ka nwa aspirin e le nngwe e e tlwaelegileng gabedi ka letsatsi go ya go kakantsho ya gore a nwe e le nngwe e e diretsweng bana a tlodisa letsatsi. A banna ba tshwanetse go nwa selekanyo se se sa tshwaneng le sa basadi? Dingaka ga di a tlhomamisega. Le mororo go ka tsewa gore aspirin e e tlhaologang fa e fitlha mo mpeng e ka nna ya thusa ka tsela nngwe, go sa ntse go sa dumalanwe ka gore aspirin e e tsentsweng setlhaolosa asiti e mosola ka eng.

Mabaka a go Nna Kelotlhoko

Le mororo aspirin e le selo sa tlholego—Baindia ba Amerika ba ne ba bona dilo tse di dirang aspirin go tswa mo lekwating la setlhare sa mogokare—e na le mathata a mangwe a mantsi. Mo godimo ga gore aspirin e dira gore batho bangwe ba dutle madi, go na le mathata a mangwe a mantsi a e ka nnang ya a baka, go akaretsa le go lwatsa batho ba e sa ba tshwareng sentle. Go bonala sentle he gore ga se mongwe le mongwe yo a ka nwang di-aspirin letsatsi le letsatsi.

Le fa go ntse jalo, motho yo o mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jwa go ema pelo kana seterouku kana yo o nang le mathata a mangwe a magolo a a ka mo tsenyang mo kotsing, a ka botsa ngaka ya gagwe ka dikotsi le melemo ya go nwa di-aspirin letsatsi le letsatsi. Ga go pelaelo gore molwetse o tla tshwanelwa ke go tlhomamisa gore ga a na mathata a go dutla madi, gore aspirin ga e mmakele mathata fa a e nole, le gore ga a na mathata ape a mala. Mme pele a simolola ka kalafi o tshwanetse go sekaseka le ngaka mathata mangwe a a ka nnang a tsoga gongwe le kafa melemo e ka nnang ya mo ama ka teng fa a e nole.

Jaaka go setse go boletswe, aspirin le dipilisi dingwe tse di tshwanang le yone e na le kotsi e kgolo ya gore e ka baka gore motho a dutle madi. Mme madi ano a ka dutla ka tsela e e bofitlha, a sa bonale ka bonako, mme a bo a dutla thata fa nako e ntse e ile. Melemo e mengwe le yone e tshwanetse go dirisiwa ka kelotlhoko, segolobogolo melemo mengwe e e alafang go ruruga. Fa e le gore o dirisa mengwe ya melemo eno tlhomamisa gore o bolelela ngaka ya gago ka gone. Gantsi go molemo go kgaotsa go dirisa melemo eno pele motho a ya go ariwa. Gongwe e bile go tlhola selekanyo sa disele tsa madi ka metlha go ka thusa thata.

Fa re batla go itshireletsa mo mathateng a a ka re tlhagelang mo isagweng, re tla tsaya seane seno sa Baebele tsia: “Motho yo o bonokopela a bona bosula mme a iphitlhe, mme ba ba sa tlhalefang ba fete fela, mme ba utlwe botlhoko ka gone.” (Diane 22:3) Mo kgannyeng eno ya kalafi, e kete re ka nna gareng ga batho ba ba bonokopela gore re tle re se ka ra ipakela mathata a botsogo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Tsogang! ga e buelele mofuta ope o o kgethegileng wa kalafi.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Ke Bomang Ba ba Ka Akanyetsang go Nwa Di-Aspirin Letsatsi le Letsatsi

● Batho ba ba nang le bolwetse jwa ditshika tse dikgolo tsa pelo kana ba ditshika tsa bone tse dikgolo tsa thamo tsa madi di kabetseng.

● Batho ba ba kileng ba nna le seterouku se se bakwang ke go gwama ga madi kana batho ba ba kileng ba tlhaselwa go sekae ke seterouku sa nakwana.

● Banna ba ba nang le dingwaga tse di fetang tse 50 ba ba nang le bothata bo le bongwe kana go feta jwa dilo tse di latelang tse di ka bakang bolwetse jwa pelo: go goga, kgatelelo e e kwa godimo thata ya madi, bolwetse jwa sukiri, selekanyo se se kwa godimo sa kholeseterole, selekanyo se se kwa tlase sa kholeseterole ya HDL, ba ba nonneng thata, ba ba nwang bojalwa thata, fa mongwe mo lelapeng a kile a nna le bolwetse jwa pelo (bolwetse jwa go ema pelo pele motho a nna dingwaga tse 55) kana seterouku, le ba ba tshelang botshelo jwa go tlhola ba ntse fela fa fatshe.

● Basadi ba ba nang le dingwaga tse di fetang 50 ba ba nang le mathata a mabedi kana go feta a dikotsi tseno.

O ka nna wa rata go ikgolaganya le ngaka ya gago pele o ka dira epe fela ya ditshwetso tseno mo kgannyeng eno.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Motswedi: Consumer Reports on Health