Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itshireletse O bo O Sireletse le Baratiwa ba Gago

Itshireletse O bo O Sireletse le Baratiwa ba Gago

 Itshireletse O bo O Sireletse le Baratiwa ba Gago

INTERNET e ka nna sedirisiwa se se molemo thata. Le fa go ntse jalo, fela jaaka didirisiwa tse dingwe tse dintsi e ka nna ya dirisiwa ka tsela e e sa siamang. Mme cyberporn—e leng ditshwantsho tse di hepisang tsa khomputara—ke sekai sa go dirisiwa ga yone ka tsela e e sa siamang.

E re ka batsadi ba itse kafa setshwantsho se ka tlhotlheletsang motho thata ka gone, ba tshwanetse go dira sengwe le sengwe se ba ka se kgonang go dira gore bana ba bone ba se ka ba kgona go bula diaterese tse di belaetsang tsa Internet. Bukana ya Teen Safety on the Information Highway e naya tshedimosetso e e molemo mo kgannyeng eno. E bolela jaana: “Jaanong go setse go na le ditirelo tse di kayang gore diaterese tsa web di bontsha dilo tsa mofuta ofe le dithulaganyo tse dingwe tsa khomputara tse di kgontshang motho go batlisisa mo diatereseng tse di farologaneng tsa Internet, tse di nayang batsadi dithata tsa go tswala mefuta ya diaterese e ba akanyang gore ga e a siama. Dithulaganyo tseno di dira ka ditsela tse di sa tshwaneng. Tse dingwe di tswala diaterese tse di itsegeng ka go bontsha dilo tse di belaetsang. Tse dingwe di thibela badirisi ba tsone go tsenya mefuta e e rileng ya tshedimosetso e e jaaka maina le diaterese tsa bone. Dithulaganyo tse dingwe di dira gore bana ba se ka ba kgona go bula dithulaganyo tsa go tshwara motlotlo ka khomputara kana go romela kana go bala melaetsa epe ya E-mail. Gantsi motsadi a ka dirisa dithulaganyo tseno go thibela fela mefuta ya diaterese e a akanyang gore e a belaetsa.”—Gape bona lebokose le le reng “Go Sireletsa Bana mo Ditshwantshong Tse di Hepisang.”

Le fa go ntse jalo, gone go tshwanetse ga dumelwa gore batsadi ba ka se kgone go ntsha gotlhelele diaterese tse di sa siamang tse bana ba bone ba ka nnang ba di bona. Ga ba ka ke ba kgona go disa bana ba bone motsotso mongwe le mongwe. Mme ngwana kana mosha yo o sa lebeng ditshwantsho tse di hepisang kwa gagabo a ka nna a kgona go di bona a gololesegile mo khomputareng ya kwa sekolong kana kwa gagabo tsala nngwe ya gagwe e a tsenang sekolo le yone. Ka jalo, mo godimo ga gore batsadi ba dire sengwe le sengwe se ba ka se kgonang go thibela bana ba bone go leba ditshwatsho tse di hepisang, ba tshwanetse go ba thusa go nna le segakolodi se se tsibogang se se tla ba tlhotlheletsang go gana go leba ditshwantsho tse di hepisang kwantle ga go bolelelwa gore ba dire jalo.

E ka nna phoso go fetsa ka gore batho ba bagolo ba tshwanelega thata go feta bana gore ba lebe ditshwantsho tse di hepisang. Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, ditshwantsho tse di hepisang ga di a siamela motho ope!

Le fa go ntse jalo, nte re re gongwe e setse e le lobakanyana o leba ditshwantsho tse di hepisang. O setse o lemoga gore selo seno se o ntseng o se dira ga se itumedise Modimo, mme o batla go lesa mokgwa ono. A go ka kgonega? Ebu, go ka kgonega. Batho ba lesa mekgwa e e sa siamang letsatsi le letsatsi. Fa e le gore ruri o batla go lesa go leba ditshwantsho tse di hepisang, o ka kgona go dira jalo.

 Fa o Batla go Lesa

Selo sa ntlha se o tshwanetseng go se dira ke go kgaotsa go leba ditshwantsho tse di hepisang—kwantle ga go senya nako! Fa o nna o diega go tla nna thata le go feta gore o kgaotse. Le fa go ntse jalo, go kgaotsa go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go le kalo. Baebele e boammaaruri fa e re motho a ka ja monate wa boleo ka nakwana. (Bahebera 11:25) Le fa go ntse jalo, gape boleo bo ka felela ka loso. (Baroma 6:23) Kwa tshimologong o ka iphitlhela o dira diipato di le dintsi gore o lebe ditshwantsho tse di hepisang gape. O se ka wa reetsa maikutlo a gago! Mme o se ka wa ineela mo thaelong ya gore o nne o di lebe!

Jaaka go ne ga umakiwa pelenyana mo motseletseleng ono wa ditlhogo, go leba ditshwantsho tse di hepisang go ka ama botshelo jwa gago thata. Leba sentle kafa mokgwa ono o amang botsalano jwa gago le ba lelapa le ditsala tsa gago ka teng. A o monna yo o nyetseng yo o nang le bana? Go ka direga gore mosadi wa gago le bana ba gago ba lemogile diphetogo tse di rileng mo boitshwarong jwa gago. Go ka nna ga direga gore fa e sa le o simolola go leba ditshwantsho tse di hepisang o setse o simolotse go fetofetoga maikutlo thata, go sulafalelwa, go rata go dira dilo mo sephiring, kana go ikgogona mo bathong—gongwe e bile o sa lemoge. Ka dinako tse dingwe o ka nna wa garumela ba lelapa ba sa dira sepe. Fa e le gore o leba ditshwantsho tse di hepisang, gongwe boitshwaro jwa gago bo a go senola. Ditsala tsa gago le ba lelapa ba lemogile gore go na le sengwe se se phoso. Ke fela gore ga ba ise ba itse gore ke eng!

Gangwe le gape fa o iphitlhela o raelesega go leba ditshwantsho tse di hepisang, o se ka wa leka go lwantsha bothata jono o le nosi. Batla thuso. Bulela tsala nngwe ya gago mafatlha. Ke boammaaruri gore go tla go tlhoka gore o nne pelokgale go dumela gore o na le bothata jwa go leba ditshwantsho tse di hepisang, mme gongwe tsala e e godileng sentle e tla kgatlhwa ke go bo o tsere kgato ya go kgaotsa mokgwa ono.

Go eletsa thata go ipedisa Modimo ruri ke lone lebaka le le nonofileng thata la go lwantsha bothata jwa go leba ditshwantsho tse di hepisang. Fa re nna re latelela go dira molemo, re ipedisa pelo ya Modimo. (Diane 27:11) Mme fa re latelela tsela e e sa siamang, re mo “tlhokofatsa pelo.” (Genesise 6:6) Fa o le Mokeresete, ga go pelaelo gore o amegile thata ka gore Modimo o ikutlwa jang. Gape o tshwanetse go amega ka tsela e o dirisang mogopolo le pelo ya gago ka yone, tse o neng wa di neela Modimo mme di tshwanetse go bolokiwa di le phepa mo tirelong ya gagwe. (Esekiele 44:23) Baebele e rotloetsa Bakeresete go intlafatsa “teswafalo nngwe le nngwe ya nama le moya, [ba itekanedise] boitshepo mo go boifeng Modimo.” (2 Bakorintha 7:1) Ee, poifo e e siameng ya go boifa go hutsafatsa Modimo, yo o bonang dilo tsotlhe, e ka go tlhotlheletsa go kgaotsa go leba ditshwantsho tse di hepisang.

Le fa go ntse jalo, nte re re gongwe fa o ntse o lwela go kgaotsa jalo, go direga gore o bule aterese nngwe ya Web e e bontshang ditshwantsho tse di hepisang ka phoso. Tswa mo atereseng eo ka yone nako eo! Mme fa go tlhokega, tswala Internet ka boyone! Fa o iphitlhela o raelesega go boela kwa atereseng eo gape, rapela Modimo ka tlhoafalo, o mo kope gore a go thuse go fenya thaelo. Baebele e bolela  gore “mo go sengwe le sengwe, a ditōpō tsa lona di itsisiwe Modimo.” Fa o iphitlhela o gatelelwa ke dikakanyo tse di sa siamang, rapela go fitlha o ikutlwa o gololesegile. Mme ‘kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa pelo ya gago le maatla a gago a mogopolo.’ (Bafilipi 4:6, 7) Gone ke boammaaruri gore o tla tshwanelwa ke go emisetsa dikakanyo tse di sa siamang ka tse di ‘boammaaruri, tse di tsewang masisi, tse di siameng, tse di itshekileng, tse di rategang le tse di buiwang molemo.’—Bafilipi 4:8.

O ka nna wa go fitlhela go thusa thata go tshwara makwalo a a latelang a Baebele ka tlhogo le go tlhatlhanya ka one.

“Lona ba lo ratang Jehofa, a ko lo ileng bosula.”—Pesalema 97:10.

“Ke itaaka mmele wa me ke ba ke o tshwara jaaka motlhanka, gore, fa ke sena go rerela ba bangwe, nna ka bonna ke se ka ka nna yo o sa amogelweng ka tsela nngwe.”—1 Bakorintha 9:27.

“Jalo, bolayang, ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng malebang le kgokafalo, bosengphepa, go fisegela tlhakanelodikobo.”—Bakolosa 3:5.

“Mongwe le mongwe wa lona a itse kafa o ka tsholang sejana sa gagwe ka gone mo boitshepisong le mo tlotlegong, e seng mo go fisegeleng tlhakanelodikobo ka keletso ya bopelotshetlha.”—1 Bathesalonika 4:4, 5.

“Mongwe le mongwe yo o nnang a leba mosadi mo a mo gotelelang o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.”—Mathaio 5:28.

 “Banna ba ba nyetseng ba tshwanetse ba bo ba rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata.”—Baefeso 5:28.

Go na le mabaka a mantsi a gore o tlogele go leba ditshwantsho tse di hepisang. Go ka ama botshelo jwa gago thata, go ka kgopamisa tsela e o atlholang dilo ka yone, go bo go senye botsalano jwa gago le batho ba bangwe, mme thatathata go ka senya botsalano jwa gago le Modimo. Fa e le gore ga o ise o itlwaetse mokgwa ono wa go leba ditshwantsho tse di hepisang, o se ka wa o simolola. Fa e le gore o setse o simolotse, kgaotsa gone jaanong! Le fa ditshwantsho tseno di ka tswa di tlhagisiwa mo bukeng kana mo makasineng kana mo khomputareng, ga di a siamela Bakeresete. Di tile ka ditsela tsotlhe!

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

Go Sireletsa Bana mo Ditshwantshong Tse di Hepisang

Dikakantsho tse di latelang di ka nna tsa go thusa go sireletsa bana ba gago mo dikotsing tsa ­ditshwantsho tse di hepisang tsa Internet.

O se ka wa letlelela ngwana wa gago go bula Internet a le kwa kamoreng ya gagwe. Baya dikhomputara dipe fela tse di kgonang go bula Internet mo kamoreng e go leng motlhofo gore mongwe le mongwe mo lelapeng a ka kgona go tsena mo go yone.

Dira gore o itse dithulaganyo tsa khomputara tse ngwana wa gago a di dirisang.

Lekola go bona gore a gongwe ngwana wa gago a ka tswa a itiretse aterese ya Web o sa itse. Gore o kgone go dira jalo, leka go batla leina la gagwe ka dithulaganyo tsa go batlisisa tse di kgonang go batla mo Internet yotlhe fela. Tsenya leina la gagwe le le feletseng mo matshwaong a nopolo gore o se ka wa bula diaterese di sele.

O se ka wa letlelela ngwana wa gago go rulaganya go kopana ka namana le motho yo mongwe yo o dirisang khomputara yo wena o sa mo itseng.—Bona lebokose le le reng “Ga go Felele ka Motlotlonyana Fela O o Sa Reng Sepe.”

O se ka wa araba melaetsa kana dilo tse di kwalwang mo lomating lwa tshedimosetso lwa khomputara tse di utlwalang di sa siama, tse di makgapha, tse di rotloetsang ntwa kana tse di boifisang.

Tlhagisa bana ba gago ka dikotsi tsa go bula dilo tse di sa siamang mo Internet. Ba rute gore bone ka bobone ba ikele tlhoko gore ba se lebe dilo tse di sa siamang fa wena o seyo. Gakologelwa gore dikhomputara tsa kwa sekolong kana tsa kwa gagabo tsala nngwe ya ngwana wa gago di ka tswa di sa rulaganngwa gore di se ka tsa bontsha bana ditshwantsho tse di hepisang.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Dingwe tsa dintlha tseno di theilwe mo boroutšhareng jwa Child Safety on the Information Highway le mo setlhogong sengwe sa lokwalodikgang lwa Los Angeles Times, July 5, 1999.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ga se Motlotlonyana Fela O o Sa Reng Sepe

Motho o tshwanetse go nna kelotlhoko thata fa a dirisa thulaganyo ya go tshwara motlotlo ka khomputara. Thulaganyo eno ke e e kgontshang badirisi ba Internet go buisana. Ke boammaaruri gore batho ba le bantsi ba dirisa E-mail go buisana le ditsala tsa bone tse ba ntshanang seinong natso. Ba bangwe ba ba nnang kgakala le ba lelapa ba kgona go buisana le bone ka metlha ka go e dirisa. Le fa go ntse jalo, go na le pharologano magareng ga go romelela motho yo o mo itseng E-mail le go tlotla le motho yo o sa mo itseng. A o ne o ka tobetsa nomoro nngwe le nngwe fela ya mogala mme o bo o itsalanya le motho mongwe le mongwe fela yo o tla arabang mogala oo? Legoka! Jaanong he, ke ka ntlha yang fa o simolola botsalano mo khomputareng le motho yo o sa mo itseng?

Bothata bongwe jwa go bua le motho yo o sa mo itseng ke gore e ka nna ya bo e se motho yo o akanyang gore ke ene. Ka sekai, e ka nna ya bo e le motho yo o tlhakanelang dikobo le bana yo o solofetseng go dirisa tshono eo go tshwara ngwana kana mosha yo o seng kelotlhoko.

Moitsemolao mongwe yo e leng mankge mo dikgetsing tse di amanang le Internet e bong Parry Aftab, o tlhalosa kafa seno se ka nnang motlhofo ka teng. O bolela jaana: “Gantsi bana ba bula dithulaganyo tsa go tshwara motlotlo. Batho ba ba tlhakanelang dikobo le bana ba lemoga seno, mme ba bala melaetsa eno yotlhe le dikarabo tsa yone ba bo ba lemoga gore ke bana bafe ba ba jewang ke bodutu. Ngwana mongwe a ka nna a romela melaetsa e e tshwanang le ono, ‘Batsadi ba me ba a tlhalana . . . Ke tlhoile mmè, ga a nke a nthekela motshameko o ke o batlang wa khomputara.’ . . . Motho yono yo o tlhakanelang dikobo le bana le ene o tsena mo motlotlong a bo a re, ‘Batsadi ba me ba a tlhalana . . . Ke tlhoile mmè . . . Ga nke ke nna le motshameko o ke o batlang wa khomputara, go fitlhela Malome Puso a nnaya yone. . . . Se o tshwanetseng go se dira fela ke gore o ye kwa marekelong mme o kopane le Malome Puso gone.’” Tota “Malome Puso” yono ke ene motho yono yo o tlhakanelang dikobo le bana yo o ntseng a senka ngwana yo a ka tlhakanelang dikobo le ene.

Ka gone, batsadi ba tshwanetse go nna le kamano e e nonofileng ya lorato le bana ba bone. Dirang gore bana ba lona ba ikutlwe ba gololesegile go buisana le lona gore ba tle ba se ka ba ikutlwa ba tlhoka go ya go batla batho ba ba tla ba emang nokeng mo maikutlong kwa mafelong a a sa siamang.

Batho ba bagolo ba ba ikutlwang ba jewa ke bodutu kana ba ba sa itumelang mo lenyalong ga ba a tshwanela go dirisa dithulaganyo tsa go tshwara motlotlo ka khomputara go batla batho ba ba tla ba emang nokeng mo maikutlong. Go kotsi go buisana le batho ba o sa ba itseng. Bagolo bangwe ba ile ba tlogela balekane ba bone ka ntlha ya motho mongwe yo ba neng ba “kopana” le ene ka khomputara. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 38 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le dithulaganyo tsa go tshwara motlotlo ka khomputara, tsweetswee bona setlhogo se se reng “Basha ba Botsa Jaana . . . Nka Tila Jang Dikotsi Tsa Internet?” mo makasineng wa Tsogang! ya February 8, 2000.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Thapelo e ka thusa motho go fenya thaelo