Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna Rraagwe Bana—A go Dira Motho Monna wa Mmatota?

Go Nna Rraagwe Bana—A go Dira Motho Monna wa Mmatota?

 Basha ba Botsa Jaana . . .

Go Nna Rraagwe Bana—A go Dira Motho Monna wa Mmatota?

“Ke itse [basimane] ba le mmalwa ba ba tleng ba re, ‘Ke na le ngwana wa mosetsana fano le wa mosimane fale,’ mme tsela e ba buang ka yone, e bontsha gore ga ba kgathale.”—Harold.

NGWAGA le ngwaga bana ba dingwaga tsa bolesome ba basetsana ba ka nna milione kwa United States ba a ima. Bana ba bantsi ba ba tsholwang ke bommè bano ke bana ba dikgora. Mo go bommè bano ba dingwaga tsa bolesome, a le 1 go ba le 4 ba bone o tla felela a na le ngwana wa bobedi mo dingwageng tse pedi tse di latelang. Makasine wa Atlantic Monthly o bolela gore: “Fa dilo di tswelela ka tsela e di tsamayang ka yone gone jaanong, e tla nna palo e e kwa tlase ga sephatlo fela ya bana ba ba tsholwang gompieno ba ba tla tswelelang ba tshela le bommaabone le borraabone mo dingwageng tsotlhe tsa bone tsa bongwana. Bana ba bantsi ba kwa Amerika ba tla fetsa dingwaga di le mmalwa tsa bone mo lelapeng la mmè yo o sa nyalwang.”

Le fa gone United States e na le palo e e kwa godimo thata ya bana ba dingwaga tsa bolesome ba ba imang go feta dinaga tse dingwe tse di tlhabologileng, bothata jwa go nna le bana ba dikgora ke jwa lefatshe lotlhe. Kwa dinageng dingwe tsa kwa Yuropa, tse di jaaka Engelane le Fora, dipalo tsa batho ba ba nnang le bana ba ba ntseng jalo di lekana le tsa kwa United States. Kwa dinageng dingwe tsa Afrika le tsa Amerika Borwa, palo ya bana ba ba tsholwang ke basetsana ba ba mo dingwageng tsa bolesome e batlile e lekana le ya kwa United States go menagane gabedi. Ke eng se se bakang leroborobo leno?

Se se Bakang Leroborobo Leno

Go ya selekanyong se se rileng, boemo jono bo supa kafa boitsholo bo senyegileng ka teng mo “malatsing a bofelo” a re tshelang mo go one. (2 Timotheo 3:1-5) Mo masomeng a bosheng jaana a dingwaga dipalo tsa batho ba ba tlhalanang di tlhatlogetse kwa godimo thata. Bosodoma le mekgwa e mengwe ya botshelo e setse e le dilo tse di tlwaelegileng thata. Basha ba ile ba tlhaselwa ka bontsintsi jwa dipuo tse di sa thuseng sepe tsa metswedi ya tshedimosetso—mmino le dibidio tsa mmino o o sa siamang, ditlhogo tse di tshosang tsa dimakasine le diphasalatso, dithulaganyo tsa thelebishene le tsa dibaesekopo tse di tlotlomatsang go tlhakanela dikobo le mongwe le mongwe. Go dira gore ditirelo tsa go ntsha mpa le dithibelapelegi di bonwe ke mongwe le mongwe motlhofo fela le gone go dirile gore basha ba bantsi ba dumele gore ga go na go direga sepe fa o tlhakanela dikobo le mongwe. Rrabana mongwe yo o sa nyalang o bolela jaana: “Ke batla go tlhakanela dikobo mme ga ke batle boikarabelo.” Yo mongwe ene o bolela gore: “Tlhakanelodikobo ke go ijesa monate le go itshamekela fela.”

 Maikutlo a a ntseng jalo a ka tswa a aname thata mo basheng ba ba humanegileng. Mmatlisisi mongwe e bong Elijah Anderson o ne a botsolotsa basha ba mo ditoropong mme a lemoga seno: “Mo basimaneng ba le bantsi, go tlhakanela dikobo ke letshwao la botlhokwa le le bontshang gore o na le maemo a a rileng mo tikologong e a nnang mo go yone; go tlhakanela dikobo le batho ba le bantsi e nna letshwao le le bontshang se o se fitlheletseng.” Eleruri, rrabana mongwe yo o sa nyalang o ne a bolelela Tsogang! gore go tlhakanela dikobo le batho ba bantsi go tsewa jaaka “dikgele tse o ka kgabisang ka tsone.” Ke eng se se dirang gore ba nne le boikutlo jono jwa go se kgathale? Anderson o tlhalosa gore mo mabakeng a mantsi batho ba ba botlhokwa thata mo botshelong jwa mosha wa mo toropong “ke balekane ba gagwe. Ke bone ba ba mo tlhomelang ditekanyetso tse a tla itsholang ka tsone, mme go botlhokwa gore a tshele tumalanong le ditekanyetso tseo.”

Ka jalo Anderson o lemoga gore mo makaung a le mantsi, go tlhakanela dikobo le batho ba bantsi ke motshameko fela, “o maitlhomo a one e leng go dira motho yo mongwe seeleele, segolobogolo lekgarebe.” O oketsa ka gore “motshameko ono o amana le tsela e mosimane a itlhagisang ka yone, go akaretsa le tsela e a aparang ka yone, e a ikgabisang ka yone, e a lebegang ka yone, e a kgonang go bina le go tlotla ka yone.” Basimane ba le bantsi ba na le bokgoni tota jwa go fenya “motshameko” ono. Mme Anderson o akgela jaana: “Fa mosetsana a ima, mosimane o a mo tlogela.”—Young Unwed Fathers—Changing Roles and Emerging Policies, e e kwadilweng ke Robert Lerman le Theodora Ooms.

Tsela e Modimo o Lebang Dilo ka Yone

Mme gone a go nna rrangwana go dira gore motho e nne monna wa mmatota? A tlhakanelodikobo ke motshameko fela? E seng go ya kafa Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo a lebang dilo ka teng. Mo lefokong la gagwe e bong Baebele, Modimo o bontshitse ka phepafalo gore tlhakanelodikobo e diretswe boikaelelo bongwe jwa maemo a a kwa godimo. Fa Baebele e se na go bua ka go bopiwa ga monna le mosadi ba ntlha, ya re: “Modimo wa ba segofatsa; Modimo wa ba raya wa re: ‘Atang, lo ntsifale lo tlale ka lefatshe.’” (Genesise 1:27, 28) Modimo ga o ise o batle gore borre ba latlhe bana ba bone. O ne a kopanya monna le mosadi ba ntlha mo kgolaganong e e nnelang ruri ya lenyalo. (Genesise 2:24) Ka jalo o ne a batla gore ngwana mongwe le mongwe a nne le mmaagwe le rraagwe.

Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae ke fa banna ba simolola go nyala basadi ba bantsi. (Genesise 4:19) Genesise 6:2 e re bolelela gore le e leng baengele bangwe ba ne “ba bona bomorwadia batho fa ba le bantle.” Fa baengele bano ba se na go iphetola batho, “ba tsaya basadi mo go bone,” ka bogagapa ba itseela “botlhe ba ba ba ratang.” Morwalela wa motlha wa ga Noa o ne wa pateletsa badimona bano go boela kwa lefelong la moya. Le fa go ntse jalo, Baebele e supa gore jaanong ba tswaletswe fela mo lefatsheng. (Tshenolo 12:9-12) Ka jalo Satane le badimona ba gagwe ba tlhotlheletsa batho thata gompieno. (Baefeso 2:2) Makawana a ineela mo tlhotlheletsong e e boikepo jalo ba sa lemoge, fa ba nna le bana ba ba sa ba batleng le ba ba sa ba rateng.

Go a utlwala he, go bo Dikwalo di bolela jaana: “Ke se Modimo o se ratang, go itshepisiwa ga lona, gore lo ikehe mo kgokafalong; gore mongwe le mongwe wa lona a itse kafa o ka tsholang sejana sa gagwe ka gone mo boitshepisong le mo tlotlegong, e seng mo go fisegeleng tlhakanelodikobo ka keletso ya bopelotshetlha mo go ntseng jaaka mo merafe e e sa itseng Modimo le yone e nang le gone; gore motho a se ka a ya ntlheng ya go gobatsa a ba a tsenelela mo ditshwanelong tsa mokaulengwe wa gagwe mo kgannyeng eno, ka gonne Jehofa ke ene yo o diragatsang kotlhao ka dilo tseno tsotlhe.”—1 Bathesalonika 4:3-6.

“Lo ikehe mo kgokafalong”? Makawana a mantsi a ka nna a nyatsa kgopolo eno. Mo godimo ga moo, ba sa ntse ba le basha mme dikeletso tsa bone di maatla! Mme lemoga gore kgokafalo e akaretsa go ‘gobatsa le go tsenelela mo ditshwanelong’ tsa ba bangwe. A ga go gobatse mosetsana go mo tlogela a na le lesea mme a se na monna yo o mo tlhokomelang? Mme go tweng ka dikotsi tsa go mo tshwaetsa ka bolwetse jo bo tshelanwang ka tlhakanelodikobo, jo bo jaaka genital herpes, thosola, rasephiphi kana AIDS? Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe ditlamorago tse di ntseng jalo di ka tilwa. Le e leng le fa go ntse jalo, go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go sa ntse go tsenelela tshwanelo ya mosetsana ya go nna le leina le lentle le go tsena mo lenyalong a sa ntse a le lekgarebane. Ka gone, go ikeha mo kgokafalong go a utlwala e bile go bontsha gore motho o godile. Ke boammaaruri gore go tlhoka boikgapo le go ititaya sehuba go ‘itse kafa o ka tsholang sejana sa  gago’ ka teng mme o ikehe mo go tlhakaneleng dikobo pele ga lenyalo. Mme jaaka Isaia 48:17, 18 e re bolelela, Modimo o re ‘ruta go itsholegela molemo,’ ka melao ya gagwe.

“Tswelelang Pele Jaaka Banna”

Le fa go ntse jalo, lekau le ka itshupa jang gore ke monna wa mmatota? Eleruri e seng ka go nna le bana ba dikgora. Baebele e gakolola jaana: “Nnang lo tsogile, emang lo nitame mo tumelong, tswelelang pele jaaka banna, nnang thata. A merero ya lona yotlhe e diragale ka lorato.”—1 Bakorintha 16:13, 14.

Lemoga gore ‘go tswelela pele jaaka banna’ go akaretsa go ntsha matlho dinameng, go nitama mo tumelong, go nna pelokgale le go nna lorato. Gone mme, melaometheo eno e dira mo banneng le mo basading ka tsela e e tshwanang. Mme fa o tlhagolela dinonofo tse di tshwanang le tseno tsa semoya, batho ba tla nna le lebaka le le siameng la gore ba go tlotle le go go rata jaaka monna wa mmatota! Ithute go tswa mo monneng yo mogolo go gaisa botlhe yo o kileng a tshela—Jesu Keresete. Akanya fela kafa a neng a itshwara senna le ka bopelokgale ka teng fa a ne a lebane le pogiso le e leng loso. Mme Jesu o ne a itshwara jang fa a na le batho ba bong bo sele?

Eleruri Jesu o ne a itumelela go nna le basadi. O ne a na le balatedi ba le bantsi ba basadi, bangwe ba bone ‘ba ne ba mo direla le baaposetoloi ba gagwe ka di tsa bone.’ (Luke 8:3) O ne a le gaufi thata le bokgaitsadie Lasaro ba babedi. Tota e bile, Baebele e bolela gore “Jesu o ne a rata Maratha le morwadiarraagwe.” (Johane 11:5) A Jesu o ile a dirisa botlhale jwa gagwe, moratiso kana ponalo ya gagwe e ntle, e kwantle ga pelaelo a neng a na le yone ka go bo e ne e le motho yo o itekanetseng, go hepisetsa basadi bano mo ditirong tsa boitsholo jo bo sa siamang? Go na le moo, Baebele e bolela gore Jesu “ga aa ka a dira boleo bope.” (1 Petere 2:22) Ga a ka a itshwara ka tsela e e sa tshwanelang le e leng le fa mosadi yo o neng a itsewe thata gore ke moleofi, gongwe e le seaka, “a [ne a] lela mme a simolola go kolobetsa dinao tsa gagwe ka dikeledi tsa gagwe mme a di phimole ka moriri wa tlhogo ya gagwe.” (Luke 7:37, 38) Jesu ga a ka a akanya le ka go dirisa boemo jwa mosadi yono jo bo neng bo ka dira gore a dirisiwe motlhofo! O ne a bontsha bokgoni jwa go laola maikutlo a gagwe—e leng sesupo sa monna wa mmatota. O ne a tshwara basadi, e seng jaaka batho ba a ka tlhakanelang dikobo le bone fa a batla, mme jaaka batho ba ba tshwanelwang ke go ratiwa le go tlotlwa.

Fa o le lekawana la Mokeresete, go latela sekao sa ga Keresete—mme e seng sa bangwe ba balekane ba gago—go tla go thibela go ‘gobatsa le go tsenelela mo ditshwanelong’ tsa motho yo mongwe. Gape go tla go sireletsa gore o se ka wa welwa ke bomadimabe jo bo botlhoko jwa go nna le ngwana wa dikgora. Ke boammaaruri gore ba bangwe ba ka nna ba go tshega ka go bo o ikeha mo kgokafalong. Mme kgabagare, go ratiwa ke Modimo go tla go solegela molemo thata go feta go ratiwa ka nakwana ke balekane ba gago.—Diane 27:11.

Le fa go ntse jalo, go tweng fa mosha a ne a tshela ka go tlhoka boitsholo mo nakong e e fetileng mme a setse a fetotse tsela ya gagwe ya go sa itshole sentle e bile a ikwatlhaile tota? Fa go ntse jalo, jaaka Kgosi Dafide yo o neng a ikwatlhaya, yo le ene a neng a wetse mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, a ka tlhomamisega gore Modimo o tla mo itshwarela. (2 Samuele 11:2-5; 12:13; Pesalema 51:1, 2) Mme gone fa mosetsana a imisitswe ke lekawana le a sa nyalanang le lone, lekawana leno le ka nna la bo le sa ntse le na le ditshwetso tse di masisi tse le tshwanetseng go di dira. A o tshwanetse go nyala mosetsana yono? A o na le maikarabelo ape ka ngwana wa gagwe? Setlhogo sengwe mo nakong e e tlang se tla tlotla ka dipotso tseno.

[Ditshwantsho mo go tsebe 30]

Basha ba bantsi ba dira phoso ya go dumela gore ga go na go direga sepe fa o tlhakanela dikobo le mongwe