Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

El Niño ke Eng?

El Niño ke Eng?

 El Niño ke Eng?

Fa Noka ya Apurímac gaufi le Lima, kwa Peru, e gantsi e nnang e se na metsi e ne e gogola mo e ka nnang sengwe le sengwe se Carmen a neng a na naso, o ne a bua jaana a hutsafetse: “Re bantsi ba re diragaletsweng ke seno, re bantsi thata. Ga se nna fela.” Go ela kwa bokone, ka nakwana dipula tsa merwalela di ne tsa fetola karolo ya Sekaka sa Sechura se se ka fa lobopong, tsa e dira letsha la bobedi le legolo thata kwa Peru, le le bogolo jwa disekwerekilometara di le 5 000. Golo gongwe go sele mo kgolokweng eno, merwalela e megolo thata, dipula tsa matlakadibe le komelelo e e tseneletseng di ne tsa baka leuba, malwetse a leroborobo, go runya ga molelo mo nageng, tsa ba tsa senya dijalo, dithoto le tikologo. Seno sotlhe se ne se bakwa ke eng? Ba le bantsi ba supa El Niño, e e neng ya runya kwa Lewatleng la Pacific ya boboatsatsi, kana ya ekhweitha, mo bokhutlong jwa 1997 mme ya tswelela jalo ka dikgwedi di ka nna robedi.

Totatota El Niño ke eng? E simolola jang? Ke ka ntlha yang fa diphelelo tsa yone di anama thata jaana? A go ka kgonega go bonela pele ka tlhomamo gore e tla boa e tla leng gape, gongwe go dirwe gore e se ka ya baka tshenyo e kanakana mo bathong le mo dithotong tsa bone?

E Simolola ka go Thuthafala ga Metsi

“Fa go buiwa boammaaruri fela, El Niño ke metsi fela a a thuthafetseng a a tswang ka fa lobopong lwa Peru dingwaga dingwe le dingwe di le pedi go ya go di le supa,” go rialo makasine wa Newsweek. Ka lobaka lo lo fetang dingwaga di le lekgolo, batsamaya ka dikepe ba ba tsamayang gaufi le lobopo lwa Peru ba ne ba ntse ba etse tlhoko gore metsi ano a na le go thuthafala ka tsela eno. Ka gantsi metsi ano a thuthafala ka dinako tsa Keresemose, a ne a bidiwa El Niño, e leng lefoko la Se-Spain le le kayang lesea Jesu.

Go thuthafala ga metsi gaufi le lobopo lwa Peru go bolela gore naga eo e tla nna le pula e ntsi. Dipula tseno di dira gore dikaka di thunye le diruiwa di kgane. Mme gape fa di na thata di baka merwalela mo karolong eno. Mo godimo ga moo, metsi a a thuthafetseng a a kwa godimo a lewatle a kganela metsi a a tsiditsana a a nang le dikotla a a kwa tlase gore a se ka a tlhatlogela kwa godimo. Ka ntlha ya moo, ditshedi di le dintsi tsa mo metsing le eleng dinonyane dingwe di fudugela kwa mafelong a mangwe go ya go senka dijo gone. Mme gape le mafelo a mangwe a a kgakala thata le lobopo lwa Peru a utlwalelwa ke El Niño. *

E Bakwa ke Phefo le Metsi

Ke eng se se dirang gore themperetšha ya lewatle e tlhatloge ka tsela e e sa tlwaelegang jaana gaufi le lobopo lwa Peru? Gore o tlhaloganye seno, akanya pele ka modikologo o mogolo wa kelelo ya mowa, o o bidiwang Walker Circulation, o o mo lefaufaung le le fa gare ga Pacific ya  boboatsatsi e e ka fa botlhaba le e e ka fa bophirima. * Jaaka fa letsatsi le gotetsa metsi a a kwa godimo ka fa bophirima, gaufi le Indonesia le Australia, go tlhatloga mowa o o fisang e bile o le bongola mo lefaufaung, mme seno se dira gore go foke mowa o o iketlileng mo godimo ga metsi. Mowa ono o o tlhatlogang o a tsidifala o bo o sa tlhole o nna bongola jaaka pele, mme seno se lere dipula mo lefelong leno. Mowa ono o o sa tlholeng o le bongola o kgokgoeletswa kwa botlhaba ke diphefo kwa loaping lo lo kwa godingwana. Jaaka fa mowa ono o ntse o kgokgoelediwa kwa botlhaba, o nna tsiditsana thata o bo o nne bokete mme o simolola go wela kwa tlase fa o fitlha kwa Peru le Ecuador. Seno se dira gore go foke mowa o o nonofileng thata mo godimo ga lewatle. Mme kwa mafelong a a kwa tlase, mowa o o fokang o o bidiwang diphefo tsa boboatsatsi o fokela gape kwa bophirima go ela kwa Indonesia, ka go dira jalo o digela modikologo ono wa go elela ga mowa.

Diphefo tseno tsa boboatsatsi di ama jang themperetšha ya Pacific ya boboatsatsi? Newsweek e bolela jaana: “Gantsi diphefo tseno di tshwana le dipheswana tse di tsiditsana mo lokadibeng lo lonnye, tse di phuthelang metsi a a bothitho kwa Pacific e e kwa bophirima mo e leng gore lewatle koo le tlhatloga ka dikgato di le pedi [disentimitara di le 60] e bile le thuthafala ka didikirii di le 15 tsa Fahrenheit [didikirii di le 8 tsa Celsius] go feta jaaka le ntse, ka sekai, kwa Ecuador.” Kwa Pacific e e kwa botlhaba, metsi a a tsiditsana a a tletseng dikotla a a tswang kwa tlase a tlhatlogela kwa godimo, a dira gore go nne le ditshedi tsa mo lewatleng. Ka gone, ka dingwaga tse di tlwaelegileng, kana tse go se nang El Niño mo go tsone, go nna tsiditsana kwa godimo ga lewatle kwa botlhaba go feta kwa bophirima.

Go a bo go direga diphetogo dife mo atemosefereng fa go nna le El Niño? National Geographic e tlhalosa jaana: “Ka mabaka a borasaense ba sa ntseng ba sa a tlhaloganye, dingwaga dingwe le dingwe di le mmalwa diphefo tseno tsa boboatsatsi di a kokobela kana gongwe e bile di nyelele gotlhelele.” Jaaka fa diphefo tseno di ngotla lobelo lwa tsone, metsi a a bothitho a a koelaneng gaufi le Indonesia a phatšhegela gape kwa botlhaba, a dira gore themperetšha ya lewatle le le kwa Peru le kwa mafelong a mangwe a a kwa botlhaba e tlhatlogele kwa godimo. Ka go dira jalo, tiragalo eno e ama tsela e mowa o o mo atemosefereng o tsamayang ka yone. Buka nngwe e bolela gore “fa karolo e e ka fa botlhaba ya boboatsatsi ya Lewatle la Pacific e thuthafala, seno se koafatsa  Walker Circulation mme se isa dipula tse di maatla thata kwa botlhaba, go tswa kwa karolong e e ka fa bophirima ya Pacific ya boboatsatsi go ya kwa gare le kwa botlhaba jwa yone. Ka go rialo seno se ama maemo a bosa a a gaufi le karolo yotlhe ya Pacific.

Jaaka Lefika mo Nokeng

Gape El Niño e kgona go fetola seemo sa loapi sa mafelo a a kgakala thata le metsi a Pacific e e mo boboatsatsi. Jang? Ka go dirisa medikologo e e mo atemosefereng. Se se diregang fa go elela ga mowa o o mo atemosefereng go ka kgorelediwa ka tsela nngwe mo lefelong le le rileng se ka tshwantshiwa le tsela e lefika le le lengwe mo gare ga noka le ka dirang makhubu ka teng mo nokeng yotlhe. Maru a a kitlaneng a pula a a tlhatlogang mo godimo ga metsi a lewatle le le bothitho la boboatsatsi a bopa sekgoreletsi se se tshwanang le lefika mo atemosefereng, mme seno se ama tsela e maemo a bosa a tla nnang ka yone mo lefelong le le dikilometara di le diketekete go tswa foo.

Kwa mafelong a a kwa godingwana, El Niño e a nonofa e bo e tsaya boemo jwa diphefo tse di fokang ka lobelo lo logolo thata, tse di yang kwa botlhaba, tse di itsiweng e le di-jet stream. Di-jet stream tseno di kaela tsela e bontsi jwa difefo di tsamayang ka yone mo mafelong ano. Go nonofa le go fetofetoga ga di-jet stream gape go kgona go gakatsa kana go kgwabofatse maemo a bosa a ditlha tse di farologaneng. Ka sekai, mariga a El Niño gantsi ga a tlhabe jaaka a a tlwaelegileng mo dikarolong dingwe tsa United States e e ka fa bokone, le fa gone a na le dipula tse dintsi thata e bile a le tsididi thata mo dinageng dingwe tse di ka fa borwa.

E ka Kgona go Bonelwa Pele ka Tlhomamo go le Kana Kang?

Motho o kgona go bonela pele se difefo dingwe di ka se dirang malatsi a se kae fela go sa le gale. A go ntse jalo le ka maiteko a go bonela pele El Niño? Nnyaa. Fa go bonelwa pele El Niño, go na le gore go bonwe fela dilo tse di tla diregang mo lobakeng lo lokhutshwane, go bonelwa pele maemo a a sa tlwaelegang a loapi a a tla nnang teng mo dikarolong tse dikgolo thata e bile a tlile go direga ka lobaka lwa dikgwedikgwedi ka nako e le nngwe. Mme babatlisisi ba maemo a loapi ba ile ba atlega go ya bokgakaleng jo bo rileng fa ba ne ba bonela pele El Niño.

Ka sekai, ponelopele ya El Niño ya 1997-98 e ne ya ntshiwa ka May 1997—dikgwedi di le thataro pele ga e tlhaga. Gone jaanong go ralala Pacific e e mo boboatsatsi go tlhomilwe didirisiwa di le 70 mo mafelong a a farologaneng, tse di dirisiwang go lekanya maemo a phefo mo godimo ga lewatle le go lekanya dithemperetšha tsa lewatle go ya go fitlha kwa botennyeng jwa dimitara di le 500. Fa tshedimosetso eno e tsena mo dikhomputareng tse di berekang ka maemo a loapi, e bontsha go sa le gale gore maemo a bosa a tla bo a ntse jang.

Fa batho ba tlhagisitswe go sa le gale gore El Niño e etla, seno eleruri se ka ba thusa go ipaakanyetsa diphetogo tse di lebeletsweng. Ka sekai, fa e sa le ka 1983, go bonela El Niño pele kwa Peru go dirile gore balemirui ba le bantsi ba rue dikgomo le go jala dipeo tsa dilo tse di siametseng maemo a dipula, mme batshwaraditlhapi bone ba ne ba tlogela go tshwara ditlhapi mme ba simolola go tshwara di-shrimp tse di tlang le metsi a a bothitho. Ee, go bonela El Niño pele ka tlhomamo mmogo le go e ipaakanyetsa go sa le gale go ka dira gore e se ka ya baka tshenyo e kalo mo bathong le mo ikonoming.

Go dirisa saense go batlisisa ka ditiragalo tse di laolang maemo a loapi a lefatshe la rona, go bontsha kafa mafoko a a tlhotlheleditsweng a a kwadilweng ke Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo dingwaga di ka nna 3 000 tse di fetileng, a leng boammaaruri ka teng. O ne a kwala jaana: “Phefo e ye ntlheng ya borwa mme e retologele ntlheng ya botsheka; e tlhole e ntse e retologa fela mo tsamaong ya yone, mme phefo e boele gape kwa dipotologong tsa yone.” (Moreri 1:6) Motho wa gompieno o ithutile go le gontsi ka maemo a bosa ka go ithuta tsela e phefo le lewatle di tsamayang ka yone. E kete re ka solegelwa molemo ke kitso eo ka go tsaya tsia ditlhagiso tse di malebana le ditiragalo tseno tse di tshwanang le El Niño.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Ka fa letlhakoreng le lengwe, La Niña (lefoko la Se-Spain le le kayang “mosetsanyana”) ke go tsidifala ga metsi gangwe le gape go tswa ka fa lobopong lo lo ka fa bophirima jwa Amerika Borwa. La Niña le yone e ama maemo a bosa fela thata.

^ ser. 8 Modikologo ono o teeletswe ka Sir Gilbert Walker, rasaense wa Moboritane yo o neng a ithuta ka modikologo ono mo dingwageng tsa bo1920.

[Lebokoso mo go tsebe 19]

TSHENYO E E NTSENG E BAKWA KE EL NIÑO

1525: El Niño ya ntlhantlha e e kwadilweng mo hisitoring kwa Peru.

1789-93: El Niño e ne ya bolaya batho ba le 600 000 kwa India mme ya baka leuba le le maswe thata mo borwa jwa Afrika.

1982-83: Tiragalo eno e ne ya baka dintsho tsa batho ba feta 2 000 ya ba ya baka tshenyo e e jang diranta di le dimilione di le dikete di le 80, thatathata kwa dikarolong tsa boboatsatsi.

1990-95: Ditiragalo di le tharo tse di latelanang di ne tsa kopana go dira El Niño e e tsereng lobaka lo loleele thata mo hisitoring.

1997-98: Le fa gone go ile ga atlegwa thata mo go boneleng pele la ntlha merwalela le dikomelelo tsa El Niño mo mafelong mangwe, El Niño e ne ya bolaya mo e ka nnang batho ba le 2 100 mme ya baka tshenyo e e jang madi a a ka fitlhang go diranta di le dimilione di le dikete di le 202 mo lefatsheng lotlhe.

[Ditshwantsho/Mmapa mo go tsebe 16, 17]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

 MAEMO A A TLWAELEGILENG

Modikologo wa Walker Circulation

Diphefo tse di maatla tsa boboatsatsi

Metsi a a bothitho a lewatle

Metsi a a tsididi a lewatle

EL NIÑO

“Di-jet stream” di a fuduga

Diphefo tse di seng maatla tsa boboatsatsi

Metsi a a bothitho a ya botlhaba

Go bothithonyana kana go omile go feta jaaka gale

Go tsiditsana kana dipula di na go feta jaaka gale

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

EL NIÑO

Mmala o mohibidu mo kgolokweng ya lefatshe e e fa godimo o bontsha themperetšha ya metsi e e kwa godimo go feta e e tlwaelegileng

MAEMO A A TLWAELEGILENG

Metsi a a bothitho a phuthegela kwa Pacific e e kwa bophirima, a dira gore metsi a a tsiditsana a a tletseng dikotla a tlhatlogele kwa godimo kwa botlhaba

EL NIÑO

Diphefo tse di bokoa tsa boboatsatsi di dira gore metsi a a bothitho a boele kwa botlhaba, a kgoreletsa metsi a a tsiditsana gore a se ka a tlhatlogela kwa godimo

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

PERU

Sekaka sa Sechura se rwaleletse

MEXICO

Hurricane Linda

CALIFORNIA

Seretse

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Pages 16-7 left to right: Fotografía por Beatrice Velarde; Image produced by Laboratory for Atmospheres, NASA Goddard Space Flight Center; FEMA photo by Dave Gatley