Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Maitsholo a Senyegile go Feta Pele?

A Maitsholo a Senyegile go Feta Pele?

 A Maitsholo a Senyegile go Feta Pele?

FA O ne o ka botsa borahisitori gore, “A tsela e batho ba itsholang ka yone gompieno e botoka kana e senyegile go feta pele?” bangwe ba ka nna ba araba ka gore go thata go farologanya tsela e batho ba itsholang ka yone ka dinako tse di sa tshwaneng. Ba ka nna ba akanya gore motlha mongwe le mongwe o tshwanetse go sekasekwa go ya ka maemo a one.

Ka sekai, akanya ka ga go simolola ga bokebekwa jwa tirisodikgoka kwa Yuropa fa e sa le ka lekgolo la bo16 la dingwaga. Batho ba ne ba ntse ba bolawa dingwaga di le 400 tse di fetileng. Gantsi batho ba ne ba itseela molao mo diatleng, mme dintwa tsa tshololo ya madi di ne di tlwaelegile.

Le fa go ntse jalo, mo bukeng ya Människovärdet och makten (Seriti le Nonofo ya Batho), borahisitori ba babedi e bong Arne Jarrick le Johan Söderberg ba kwala gore nako ya fa gare ga 1600 le 1850 e ne e “itsege ka go dira gore batho ba itshware ka tsela e e botho tota” mo mafelong mangwe. Batho ba ne ba kgona go akanyetsa dilo tse di tlhokwang ke batho ba bangwe ka tsela e e botokanyana—ba ne ba le kutlwelobotlhoko thata. Ka sekai, borahisitori bangwe ba bolela gore bogodu le go senya dithoto tsa batho ba bangwe di ne di sa tlwaelega thata mo lekgolong la bo16 la dingwaga jaaka di ntse gompieno. Digongwana tsa magodu di ne di sa tlwaelega, segolobogolo mo bathong ba ba nnang kwa magaeng.

Gone ke boammaaruri gore batho ba ne ba tlwaetse go dira batho ba bangwe makgoba, mme seno se ne sa felela ka tlolomolao e e maswe thata mo hisitoring—go tsewa ga batho ka dikgoka mo Afrika ke bagwebi ba Yuropa le go tshwarwa setlhogo ga makgoba ano a a dimilionemilione kwa dinageng tse ba neng ba isiwa kwa go tsone.

Ka jalo, fa re leba kwa morago kwa makgolong a dingwaga a a fetileng, go lebega re tla fitlhela gore fa re leba dilo go ya ka hisitori, maemo mangwe a ne a le botoka, fa a mangwe a ne a le maswe thata. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se se farologaneng thata le se se masisi thata—ee ruri, se se iseng se ko se direge pele—se se neng sa direga mo lekgolong la bo20 la dingwaga mme se sa ntse se direga.

Lekgolo la Bo20 la Dingwaga—Nako ya Diphetogo

Borahisitori Jarrick le Söderberg ba akgela jaana: “Ka dingwaga tsa bo1930 dipolao tsa batho di ne tsa oketsega gape, mme, ka maswabi, fa e sa le ka nako eo mokgwa ono o ile wa nna wa tswelela pele ka dingwaga di feta halofo ya lekgolo la dingwaga.”

Go ya ka batlhalosi ba le bantsi, maitsholo a ne a senyega thata mo lekgolong la bo20 la dingwaga. Setlhogo sengwe se se buang ka filosofi ya boitsholo sa re: “Motho o kgona go bona sentle gore tsela e batho ba lebang tlhakanelodikobo ka yone le e ba lebang maitsholo a a siameng ka yone e fetogile thata mo dingwageng di le 30 go ya go di le  40 tse di fetileng—go tswa mo bathong ba ba neng ba bontsha sentle se se siameng, ka go tlhoma melao e e gagametseng, go ya kwa bathong ba ba lebang dilo ka kgololesego e kgolwanyane le ka tsela ya gore mongwe le mongwe o tshwanetse go dira se a se batlang.”

Seno se bolela gore tlhakanelodikobo le dikarolo tse dingwe tsa boitsholo jaanong e setse e le dilo tse batho ba le bantsi ba akanyang gore ba ka itirela ditshwetso mo go tsone. Go tshwantsha seno, setlhogo seno se umaka dipalopalo tse di bontshang gore ka 1960 ke diperesente di le 5,3 fela tsa bana botlhe kwa United States ba ba neng ba tsholwa ke batsadi ba ba seng mo lenyalong. Ka 1990 palo eno e ne e le diperesente di le 28.

E ne ya re fa Mosenate wa United States, e bong Joe Lieberman a tlhatlhelela baithuti kwa Yunibesithing ya Notre Dame, o ne a tlhalosa maitsholo a motlha wa rona a re “ga a eletsege le e seng, . . . motlha o dikgopolo tsele tse re di itseng tsa se se siameng le se se sa siamang di ileng tsa nyelela ka iketlo mo go one.” Go ya ka Lieberman, seno “se ile sa direga thata mo dikokomaneng tse pedi.”

Go Hularela Bodumedi

Borahisitori le basekaseki ba bangwe ba re ke eng se se dirileng gore dilo di fetoge thata jaana mo lekgolong la bo20 la dingwaga? Buka ya Människovärdet och makten e akgela jaana: “Nngwe ya diphetogo tse dikgolo thata tse di diregileng mo bathong mo makgolong a le mabedi a dingwaga a a fetileng ke go hularela bodumedi.” Go hularela bodumedi go ne go bolela gore “batho ba ne ba newa tshono ya go leba dilo tse di farologaneng ka tsela ya bone ka bobone. Kgopolo eno . . . e simolotswe ke borafilosofi ba Tshedifalelo ba lekgolo la bo18 la dingwaga, ba e neng e le bone ba ntlha go . . . gana gore Baebele ke motswedi o le osi fela wa boammaaruri.” Ka jalo, batho ga ba tlhole ba leba kwa bodumeding jaaka ba ne ba dira pele, segolobogolo mo go Labokeresete, gore bo ba kaele gore ba itshole jang.

Le fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa filosofi e e simolotsweng mo lekgolong la bo18 la dingwaga e tsere dingwaga di feta di le 200 pele e ka ratwa thata? Buka e e umakilweng fa godimo e bolela jaana: “Go ne go se motlhofo go anamisetsa dikgopolo tseno kwa bathong. Batho ba ile ka iketlo kwa kgopolong ya go hularela bodumedi.”

Tota le fa mokgwa wa batho wa go tlogela ditekanyetso tse di tlwaelegileng tsa boitsholo jo bontle le melao e e siameng ya Bokeresete o ne o ntse o tswelela ka bonya segolobogolo mo dingwageng di le 200 tse di fetileng, o ne wa akofa thata mo lekgolong la bo20 la dingwaga. Seno se ne sa direga thatathata mo masomeng a le mmalwa a dingwaga a a fetileng. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo?

Bopelotshetlha le Bogagaru

Lebaka lengwe le legolo ke gore batho ba ne ba gatela pele ka bonako thata mo go tsa boranyane le tsa ikonomi mo lekgolong la bo20 la dingwaga. Setlhogo sengwe mo makasineng wa dikgang wa kwa Jeremane wa Die Zeit se ne sa bolela gore re tshela mo “motlheng wa diphetogo, e seng mo lefatsheng le le emeng kgotla e le yosi fela, jaaka go ne go ntse mo makgolong a a fetileng a dingwaga.” Setlhogo seno se ne sa tlhalosa gore seno se ne sa felela ka gore go nne le tsamaiso ya kgwebo  e e gololesegileng, e e theilweng mo kgaisanong e bile e tlhotlhelediwa ke bopelotshetlha.

Setlhogo seno se ne sa tswelela jaana: “Ga go na sepe se se neng se ka kgona go kgaotsa bopelotshetlha jono. Seno se feletse ka bosetlhogo jo bo ntsifetseng gompieno, mmogo le bonweenwee, e leng dilo tse mo dinageng tse dintsi di ileng tsa fitlha le kwa pusong tota. Batho ba akanya ka bone fela le kafa ba tla kgotsofatsang ditlhoko tsa bone thata ka teng.”

E ne ya re fa moithutaloago mongwe e bong Robert Wuthnow, wa Princeton University a ne a dira dipatlisiso tse di tseneletseng, o ne a fitlhela gore gompieno Baamerika ba tlhomile matlho thata mo mading go feta jaaka ba ne ba dira mo kokomaneng e e fetileng. Go ya ka patlisiso eno “bontsi jwa Baamerika ba boifa gore go rata madi thata go fekeeditse mekgwa e mengwe e mentle e e jaaka go tlotla ba bangwe, go ikanyega kwa tirong le go nna le seabe mo ditirong tsa setšhaba.”

Batho ba ile ba nna bogagaru thata ka gonne balaodibagolo ba le bantsi ba dikgwebo ba ile ba ikokeletsa madi a le mantsi thata a ba a amogelang ba ba ba ipeela madi a mantsi a ba tla a dirisang fa ba setse ba le mo pensheneng mme ka fa letlhakoreng le lengwe ba ntse ba kgothaletsa bathapiwa ba bone gore ba se ka ba batla go duelwa madi a le mantsi. “Bothata jo bo bakwang ke baeteledipele ba dikgwebo ka go nna ba batla morokotso ke gore maikutlo ano a bone a a tshwaetsana e bile a dira gore selekanyo sa batho sa boitsholo se wele kwa tlase,” go akgela jalo Kjell Ove Nilsson, yo e leng porofesammogo wa melao ya boitsholo e bile e le mokaedi wa thuto ya bodumedi mo Lekgotleng la Bokeresete la Sweden. “Gone ke boammaaruri gore seno se senya maitsholo a mantle—a setšhaba le a motho ka boene.”

Se se Dirwang ke Metswedi ya Tshedimosetso

Lebaka le lengwe le legolo le le dirang gore maitsholo a mantle a senyege ka bonako jaana mo sephatlong sa bofelo sa lekgolo la bo20 la dingwaga ke se se dirwang ke metswedi ya tshedimosetso. Mosenate Lieberman o bolela jaana: “Batho ba bangwe ba ba fetisetsang mekgwa e mesha ya maitsholo mo go rona ke barulaganyi ba dithulaganyo tsa thelebishene, batshameki ba ba tumileng ba dibaesekopo, babapatsi ba feshene, ditlhopha tsa dikebekwa tsa mmino wa repe le batho ba bangwe ba bantsi ba ba dirisang mafaratlhatlha a eleketeroniki a metswedi ya tshedimosetso. Batho bano ba ba tlhomelang ba bangwe mekgwa ya go itshola ba laola setso sa rona thata mme bogolo jang bana ba rona, e bile gantsi ga ba nke ba ikutlwa ba le molato ka go bo ba anamisa mekgwa eno e e kotsi.”

 Ka sekai, Lieberman o umaka rekoto nngwe ya setlhopha sengwe sa mmino wa heavy-metal se se bidiwang Cannibal Corpse. Baopedi ba yone ba tlhalosa ka botlalo kafa mosadi mongwe a betelelwang ka gone a supilwe ka thipa. Ene le modirikaene ba ne ba kopa khampani e e rekotang gore e se ka ya phasalatsa rekoto eo. Mme jaaka Lieberman a tlhalosa, ga go a ka ga thusa sepe.

Ka jalo, gompieno batsadi ba ba lebang maikarabelo a bone ka tsela e e masisi ba tshwere phage ka mangana mo kgaisanong ya bone le metswedi ya tshedimosetso, go lwelwa gore ke mang yo o tla laolang le go godisa bana ba bone. Le fa go ntse jalo, go tweng ka malapa a mo go one batsadi ba seng kelotlhoko? Lieberman o bolela jaana: “Mo maemong a a ntseng jalo, metswedi ya tshedimosetso e tlhoma ditekanyetso kwantle ga mathata, mme boikutlo jwa ngwana jwa go lemoga se se siameng le se se sa siamang le jwa go itse dilo tsa botlhokwa tse di tlang pele mo botshelong bo fetolwa thata ke se ba se ithutang mo thelebeshineng, mo dibaesekopong le mo motšhineng o o tshamekang di-CD.” Mme bosheng jaana, re ka nna ra balela le Internet mo lenaaneng leno.

Go Boela Kwa “Metlheng ya Maloba ya Boitsholo”

Ditlhotlheletso tseno tse di sa siamang di bonala jang mo basheng? Sa ntlha fela, bosheng jaana bana le basha ba le bantsi ba ile ba dira ditiro tse di setlhogo tsa thubakanyo mo baneng ba bangwe mmogo le mo bagolong.

Go ne ga nna le tiragalo nngwe e e garolang pelo kwa Sweden ka 1998. Basimane ba babedi, ba dingwaga tse tlhano le tse supa, ba ne ba kgama yo mongwe yo ba neng ba tshameka le ene wa dingwaga tse nnè go fitlha a bo a swa! Batho ba le bantsi ba ne ba ipotsa jaana: A bana ga ba a tsholwa ba na le selo se se ba thibang se se ba bolelelang gore ba kgaotse fa ba fetelela? Ngaka nngwe ya bana ya malwetse a tlhaloganyo e ne ya bua ntlha eno e e boammaaruri: “Selo se se ba bolelelang gore ba kgaotse fa ba fetelela thata se tshwanetse go ithutiwa. Go ka nna ga amana le . . . gore bana ba tlhomelwa sekao ke bomang le gore ba ithutang mo bathong ba bagolo ba ba gaufi le bone.”

Motho o kgona go bona boemo jo bo tshwanang le jono mo bathong ba dikebekwa ba ba thubakang. Go ya ka porofesa nngwe ya malwetse a tlhaloganyo kwa Sweden e bong Sten Levander, diperesente tse di fa gare ga 15 le 20 tsa batshwarwa botlhe gompieno ke batho ba ba nang le malwetse a tlhaloganyo—batho ba ba akantseng ka bone fela, ba ba sa utlweleng ba bangwe botlhoko mme ga ba kgone kana ga ba batle go tlhaloganya kgopolo ya se se siameng le se se sa siamang. Tota le mo baneng le mo basheng ba ba lebegang ba itshiametse fela, batho ba ba elang dilo tlhoko ba ile ba tlhokomela gore le mo go bone maitsholo a ntse a senyega ka iketlo. Porofesa nngwe ya filosofi e bong Christina Hoff Sommers o bolela jaana: “Re buseditswe kwa Metlheng ya Maloba ya boitsholo.” O ne a bolela gore fa baithuti ba gagwe ba babotlana ba tshwanelwa ke go tlhaola se se siameng le se se sa siamang, bontsi jwa bone ba a etsaetsega. Go tswa foo ba araba ka gore ga go na selo sa go nna jalo se go tweng selo se siame kana ga se a siama. Ba dumela gore motho mongwe le mongwe o tshwanetse go ipatlela dilo tse di molemo tse di mo siametseng.

Bosheng jaana bontsi jwa baithuti ba gagwe ba ile ba ganetsa gore botshelo jwa motho bo na le seriti se se tlhomologileng e bile bo botlhokwa. Ka sekai, fa ba ne ba bodiwa gore ba ne ba tla dirang fa ba ne ba tshwanelwa ke go tlhopha magareng ga gore ba boloke botshelo jwa seruiwa sa bone kana botshelo jwa motho yo ba sa mo itseng, bontsi jwa bone ba ne ba bolela gore ba ne ba tla tlhopha go boloka botshelo jwa phologolo.

Porofesa Sommers o bolela jaana: “Bothata ga se gore basha ga ba na kitso, kana gore ga ba tshepe batho ba bangwe, gore ba setlhogo kana gore ba boferefere. Fa re bua puo phaa fela, ga ba itse se se siameng le se se sa siamang.” O bolela gore tota e bile basha ba le bantsi gompieno ga ba dumele gore a go na le se go tweng ke selo se se siameng le se se sa siamang mme o akanya gore boikutlo jono bo kotsi thata mo bathong.

Ka jalo, ke boammaaruri gore batho ga ba tseye maitsholo a le botlhokwa gompieno. Ba le bantsi ba boifa gore seno se ka felela ka ditlamorago tse di tsitlisang marapo. Setlhogo sa Die Zeit se se umakilweng pelenyana se bolela gore tsamaiso ya gompieno ya kgwebo e e gololesegileng e ka nna ya “koafala ka iketlo mme gongwe ka letsatsi lengwe e ka nna ya phutlhama fela jaaka tsamaiso ya loago e ne ya phutlhama bosheng jaana.”

Tota dilo tseno tsotlhe di bolelang? Mme re tshwanetse go lebelela isagwe ya mofuta ofe?

[Ditshwantsho mo go tsebe 6, 7]

“Batho ba bangwe ba ba fetisetsang mekgwa e mesha ya maitsholo mo go rona ke barulaganyi ba dithulaganyo tsa thelebishene, batshameki ba ba tumileng ba dibaesekopo, babapatsi ba feshene, digongwana tsa dikebekwa tsa mmino wa repe . . . ”