Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sephiri se se Fitlhegileng Thata

Sephiri se se Fitlhegileng Thata

 Sephiri se se Fitlhegileng Thata

“Ga go na ope yo o tla dirwang lekgoba kana motlhanka; bokgoba le kgwebo ya makgoba di ileditswe ka mefuta yotlhe ya tsone.”—Maiphako A Lefatshe Lotlhe A Ditshwanelo Tsa Botho.

MO NAKONG e e tlang fa o tshela sukiri mo kofing ya gago, akanya ka Prevot, monna mongwe wa kwa Haiti yo o neng a solofeditswe tiro e e siameng kwa nageng nngwe ya Ba-Carib. Go na le moo, o ne a rekisiwa ka diranta di le 50.

Prevot o diragaletswe ke se se diragaletseng batho ba le diketekete ba ba dirilweng makgoba ba kwa nageng ya gaabo, ba ba patelelwang go sega letlhaka la sukiri ka dikgwedi di le thataro kana di le supa, ba duelwa go le gonnye fela kana ba sa duelwe sepe. Batshwarwa bano ba nna mo mafelong a a kgotlaganeng, a a leswe. Fa ba sena go tseelwa ditsabone, ba newa melelema ya dithipa. Ba tshwanetse go dira ka natla gore ba bone dijo. Fa ba ka leka go tshaba, ba ka nna ba itewa.

Akanya ka kgang ya ga Lin-Lin, mosetsana mongwe wa kwa Borwabotlhaba jwa Asia. O ne a na le dingwaga di le 13 fa mmaagwe a tlhokafala. Setheo sengwe se se thusang batho go bona ditiro se ne sa mo reka mo go rraagwe ka diranta di le 2 940, se mo solofetsa tiro e e siameng. Madi a a neng a duelwa go mo reka a ne a bidiwa “tuelo e e ntshiwang go sa le gale”—tsela ya go tlhomamisa gore o tlile go nna le beng ba gagwe goyagoile. Go na le gore Lin-Lin a newe tiro e e tlotlegang, o ne a isiwa kwa lefelong la diaka, kwa batho ba ba akafalang le ene ba duelang mong wa gagwe diranta di le 25 ka ura. Lin-Lin o batla e nna legolegwa, gonne a ka se tsamaye go fitlha molato wa gagwe o duetswe otlhe. One o akaretsa le madi a mong wa lefelo la diaka a mo rekileng ka one mo godimo ga madi a morokotso le a ditshenyegelo. Fa Lin-Lin a gana go dira dilo tse mong wa gagwe a batlang gore a di dire, a ka nna a itewa kana a teketiwa. Se se maswe le go feta ke gore fa a ka leka go tshaba, a ka nna a bolawa.

A ke Kgololesego mo go Botlhe?

Bontsi jwa batho ba akanya gore bokgoba ga bo tlhole bo le teng. Eleruri, morago ga go tshwara dikopano tse dintsi, go dira maiphako le go tlhoma melao, go ne ga itsisiwe semolao gore bo fedisitswe mo dinageng di le dintsi. Batho gongwe le gongwe ba bolela gore ba ila bokgoba ka dipelo tsa bone tsotlhe. Melao ya bosetšhaba e ileditse bokgoba, mme go fedisiwa ga jone go bolokilwe mo dibukeng tsa semolao tsa boditšhabatšhaba—segolobogolo mo Molawaneng wa Bonè wa 1948 wa Maiphako a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Botho, o o umakilweng fa godimo.

Le fa go ntse jalo, bokgoba bo teng e bile bo ntse bo tswelela—le mororo mo go ba bangwe e le sephiri se se fitlhegileng thata. Go tswa kwa Phnom Penh go ya kwa Paris, go tswa kwa Mumbai go ya kwa Brasília, dimilionemilione tsa bengkarona—banna, basadi le bana—ba patelelwa go tshela le go dira e le makgoba kana mo maemong a bokgoba. Anti-Slavery International e e theilweng kwa Lontone, e leng mokgatlho wa bogologolo mo lefatsheng lotlhe o o sa leng o etse tlhoko gore batho ba se ka ba patelelwa go bereka, o lekanyetsa gore palo ya batho ba ba dirilweng makgoba e fitlha go dimilione di le makgolo. Eleruri, go ka tswa go na le makgoba a mantsi mo lefatsheng gompieno go feta pele!

Gone ke boammaaruri gore mo makgobeng a gompieno ga re bone dilo tse re tlwaetseng go di bona tsa dihakaboe, dime le go rekisiwa kwa fantising. Go patelelwa go bereka, lenyalo la bokgoba, go dirwa lekgoba la sekoloto, go berekisiwa ga bana ka thata mme gantsi le go dira batho diaka ke mengwe fela ya mefuta e e itseweng gompieno ya go dira batho makgoba. Makgoba ano a ka dirwa dinyatsi, bakgweetsi ba dikamela, ba ba segang letlhaka la sukiri, ba ba logang dikhapete kana ba ba agang ditsela. Ke boammaaruri gore bontsi jwa bone ga ba rekisiwe mo fantising, mme ruri ba itshwanela fela le makgoba a a nnileng teng pele ga bone. Mo maemong a mangwe ba tshwarwa setlhogo le go feta.

Ke bomang ba ba nnang makgoba? Go tla jang gore ba nne makgoba? Ke eng se se dirwang go ba thusa? A go ka direga gore bokgoba bo fedisiwe gotlhelele?

 [Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 4]

BOKGOBA JWA GOMPIENO KE ENG?

Eno ke potso e le e leng lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le tshwereng bothata go e araba morago ga go dira maiteko ka dingwagangwaga. Tlhaloso nngwe ya bokgoba ke e e neng ya tlhamiwa kwa Kopanong ya Bokgoba ya 1926, e e neng ya bolela jaana: “Bokgoba ke seemo kana boemo jwa motho yo dithata tsa go laolwa ke mong di dirisiwang mo go ene.” Le fa go ntse jalo, lefoko leno le ka tlhalosiwa ka tsela le fa e le efe. Go ya ka mokwadi wa dikgang e bong Barbara Crossette, “bokgoba ke lefoko le le dirisiwang go tlhalosa badiri ba ba duelwang madi a mannye thata ba ba berekang kwa madirelong a diaparo le a diaparo tsa metshameko kwa dinageng tse dingwe le kwa madirelong a mangwe a a berekisang batho ka thata mme ba duelwa madi a mannye thata mo ditoropong tsa Amerika. Le dirisiwa go nyatsa kgwebo ya go dira madi ka tlhakanelodikobo le go berekisiwa ga mogolegwa ka thata.”

Mike Dottridge, yo o leng mokaedi wa Anti-Slavery International, o dumela gore “jaaka fa bokgoba bo ntse bo fetoga—kana jaaka fa lefoko leno le dirisiwa mo maemong a mantsinyana—go na le kotsi ya gore bokao jwa lone bo tla fetoga gotlhelele kana le e leng go nyelela.” O na le maikutlo a gore “bokgoba bo bonala fa motho a ruile botshelo jwa motho yo mongwe kana a bo laola.” Bo akaretsa go gatelela metsamao ya motho le go e kgoreletsa—gore “motho ga a a gololesega go tsamaya, go fetola mohiri wa gagwe.”

Fa A. M. Rosenthal a kwala mo go The New York Times, o akgela jaana: “Makgoba a tshela botshelo jwa bokgoba—go berekisiwa tiro e e boima, go betelelwa, tlala, go tlhokofadiwa, go tlontlololwa ka mo go feletseng.” O ne a oketsa jaana: “O ka reka lekgoba ka didolara di le 50 [diranta di le 300], ka jalo tota ga se selo se se tshwenyang [mo go beng ba bone] gore ba tla ba dirisa lobaka lo lo kae pele ga ba latlhela mebele ya bone mo nokeng nngwe.”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Ricardo Funari