Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Neilwe Keletso ya go Tshela

Re Neilwe Keletso ya go Tshela

 Re Neilwe Keletso ya go Tshela

MARY o ne a tshwenyegile thata mo maikutlong mme a lwala le malwetse a mangwe gape. Le fa go ntse jalo, ga se gore ba lelapa la gagwe ba ne ba mo latlhile, e bile ga se gore o ne a dirisa bojalwa kana diokobatsi ka tsela e e sa siamang. Kgang ya ga Mary e bontsha sentle gore motho ga a tlhoke go nna le matshwao otlhe a go batla go ipolaya gore a leke go ipolaya.

Ka nakwana go ne go bonala Mary a tlile go oketsa dipalopalo tse di bontshang kafa batho ba ba godileng ba atlegang ka teng go ipolaya. O ne a nna mo kidibalong e kgolo ka malatsi a le mmalwa, a sa utlwe sepe, a le mo phaposing ya balwetse ba ba newang tlhokomelo e e kgethegileng kwa bookelong jwa gagabo, mme go ne go se na tsholofelo e kalo ka ene. Monna wa gagwe, John, yo o neng a tshwenyegile thata, o ne a sa tloge fa thoko ga gagwe. Dingaka di ne tsa tlhagisa John le ba lelapa gore Mary a ka nna a se ka a tshela le gore le fa go ka direga gore a tshele ba ka lebelela gore o tlile go gobalela ruri mo bobokong.

Mary o ne a etelwa letsatsi le letsatsi ke moagelani wa gagwe, e bong Sally, yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. “Ke ne ke rotloetsa ba lelapa leno gore ba se ka ba itlhoboga,” go rialo Sally. “Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, mmè, yo o nang le bolwetse jwa sukiri, o ne a nna mo kidibalong e kgolo ka dibeke di le mmalwa. Dingaka di ne tsa bolelela lelapa la gaetsho gore ga a kitla a tshela, mme o ne a tshela. Ke ne ke tle ke tseye letsogo la ga Mary mme ke bue le ene, fela jaaka ke ne ke tle ke dire ka mmè, mme ke ne ke utlwa e kete o a tsiboga le fa e ne e le ka tsela e e bokoa.” Ka letsatsi la boraro, Mary o ne a le botoka thata, mme a bonala a kgona go lemoga batho, le mororo a ne a sa kgone go bua.

‘A ke Ne Nka Dira Sengwe go Thibela Seno?’

Sally a re: “John o ne a ikutlwa a le molato thata. O ne a tlhomamisegile gore gotlhe gono e ne e le phoso ya gagwe.” Eno ke yone tsela e batho ba le bantsi ba ikutlwang ka yone fa mongwe yo ba mo ratang a ipolaile kana a kile a leka go ipolaya. “Ke ne ka mo gakolola gore Mary o ne a ntse a alafelwa go tshwenyega thata mo maikutlong. O ne a lwala mme go ne go se na se a ka se dirang ka go tshwenyega ga gagwe thata mo maikutlong fela jaaka le ene John go ne go se na se a ka se dirang ka go lwala ga gagwe.”

Batho bao baratiwa ba bone ba ipolaileng gantsi ba tshwenngwa ke potso eno, Ke ne nka dirang go thibela seno? Go ela tlhoko matshwao le maemo a a bakang bothata jono go ka thusa go thibela motho go ipolaya. Mme fa go sa nna jalo, gakologelwa gore ga se molato wa gago fa motho yo mongwe a senya botshelo jwa gagwe. (Bagalatia 6:5) Go botlhokwa thata go gakologelwa seno segolo jang fa leloko lengwe la lelapa le le lekang go ipolaya le dira jalo ka boomo gonne le batla go dira gore ba bangwe ba ikutlwe ba le molato. Dr. Hendin, yo o nopotsweng pelenyana, o akgela jaana: “Go tshwanetse ga gakologelwa gore batho ba ba lekang go ipolaya gantsi ke batho ba ba solofelang go tlhotlheletsa kana go laola maikutlo a batho ba bangwe le mororo ba se kitla ba nna teng go bona gore a maiteko ano a bone a atlega kana a retelelwa.”

Dr. Hendin o tswelela pele go tlhalosa jaana: “Mo kgannyeng ya batho ba ba godileng ba ba batlang go ipolaya, gantsi go a bo go na le bana ba ba godileng, ba lelapa kana balekane ba lenyalo bao motho yono a batlang go ba tlhotlheletsa, go ba laola, kana go ba patelela go mo tlhokomela go feta jaaka fa ba dira. Gantsi motho yono o batla dilo tse motho a ka se kang a kgona go di dira, e bile ga a batle go utlwa sepe ka tsone,  mme maitekonyana a a sa reng sepe ao a a dirang a go leka go ipolaya gantsi a felela ka gore a feleletse a ipolaile.”

Ba lelapa ba ba iphitlhelang ba le mo maemong ano ba ka nna ba ikutlwa ba gateletswe fela thata, mo ba sa kgoneng go itshoka. Le fa go ntse jalo, o se ka wa lebala gore Jehofa o tsosa baswi le gore bano ba ka nna ba akaretsa baratiwa ba rona ba ba neng ba ipolaya ka gonne ba ne ba tshwenyegile thata mo maikutlong, ba na le bolwetse jwa tlhaloganyo kana ba tlaletswe.—Bona “Maikutlo a Bibela: A ba Ba Ipolaileng ba Tlile go Tsoga?” mo Tsogang! ya September 8, 1990, ditsebe 26-7.

Le mororo go ipolaya go sa siama, go a gomotsa go gakologelwa gore ditebelelo tsa isagwe ka baratiwa ba rona di mo diatleng tsa Modimo yo o tlhaloganyang sentle gore makoa le go sa itekanelang  di ka tlhotlheletsa motho go tsaya kgato eno ya go itlhoboga. Baebele e bua jaana ka Jehofa: “Gonne jaaka legodimo le ntse le le kwa godimo, godimo ga lefatshe, boutlwelobotlhoko jwa gagwe mo go ba ba mmoifang bo ntse bogolo jalo. Jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi; le ene o re tloseditse ditlolo tsa rona bokgakala jo bo kalo. Jaaka rrabana a tle a utlwele bana ba gagwe botlhoko; Jehofa le ene o tlhomogela ba ba mmoifang pelo jalo. Gonne o itse popego ya rona, o gakologetswe fa re le lorole fela.”—Pesalema 103:11-14.

Diphelelo Tse di Itumedisang

Botshelo jwa ga Mary bo ne bo ntse bo tshwere ka tlhale fela ka malatsi a le mabedi, mme le fa go ntse jalo o ne a tshela. Tlhaloganyo ya gagwe e ne ya rarabologelwa ka iketlo, mme John o ne a mo isa gae, kwa ntlong e melemo yotlhe e neng e lotleletswe mo lefelong le le babalesegileng gone. Jaanong Mary o etelwa ka metlha ke badirediloago ba ba etelang batho ba ba nang le malwetse a tlhaloganyo go tla go mo tlhatlhoba gangwe le gape mme o bolela gore ga a kgone go tlhalosa kana le e leng go gakologelwa selo se se maswe seo se se batlileng se mmolaya.

Jaanong Sally, moagelani wa ga John le Mary, o ba tshwarela thuto ya Baebele beke le beke. Ba ithutile go tswa mo Baebeleng gore one mathata ano a a lebegang a ka se rarabologe, segolobogolo mo bathong ba ba godileng, Modimo o tlile go a rarabolola go ise go ye kae. Sally o tlhalosa jaana: “Gone ke boammaaruri gore thuto ya Baebele ka boyone, ga se makgonatsotlhe. O tshwanetse go nna le bosupi ka bowena go tswa mo Dikwalong gore ditsholofetso tseno di boammaaruri, mme morago ga moo o tshwanetse go dirisa se o se ithutang. Le fa go ntse jalo, ke akanya gore John le Mary ba nna le tsholofelo ya mmatota ka isagwe.”

Fa isagwe ya gago e bonala e le letobo mme o rata go nna le tsholofelo ya mmatota, ke ka ntlha yang fa o sa ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa? Ba letle gore ba go bontshe, fela jaaka ba ne ba bontsha John le Mary, gore ga go na mathata ape a Modimo o ka se keng o a rarabolole le a o se kitlang o a rarabolola mo isagweng e e gaufi. Le fa dilo di ka lebega di sa tsamaye sentle gone jaanong, go na le tharabololo. Tsweetswee sekaseka mmogo le rona tsholofelo ya mmatota ya isagwe e e dirileng gore batho ba le bantsi ba nne le keletso ya go tshela gape.

[Lebokoso mo go tsebe 16]

Dilo Tse di ka Bakang go Ipolaya le Matshwao a a Tlhagisang

“Dilo tse di dirang gore batho ba ba godileng ba ipolaye ga di tshwane le tse di dirang gore basha ba ipolaye,” go akgela jalo The Journal of the American Medical Association. Dilo tseno di akaretsa “go dirisa bojalwa ka tsela e e feteletseng le go tshwenyega thata mo maikutlong, go dirisa mekgwa e e kotsi thata ya go ipolaya, le go itlhaola mo bathong. Mo godimo ga moo, batho ba ba godileng . . . ba na le malwetse a le mantsi mo mmeleng e bile ba lwala thata le mo maikutlong.” Buka ya Suicide, ya ga Stephen Flanders, e ntsha lenaane la mabaka a a latelang a a bakang go ipolaya, a a tshwanelwang ke go tsewa tsia otlhe.

Go tshwenyega thata mo maikutlong go go sa foleng:

“Babatlisisi ba bega gore 50% kana go feta ya batho ba ba ipolayang ba kile ba tshwenyega thata mo maikutlong.”

Go itlhoboga:

Mo dipatlisisong dingwe, tota le batho ba ba neng ba sa bonale ba tshwenyegile thata mo maikutlong go ne go ka direga thata gore ba ipolaye fa ba se na tsholofelo epe ka isagwe.

Go tshwakgolwa ke bojalwa le go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang:

“Go lekanyediwa gore mo e ka nnang magareng ga 7% le 21% [ya batho ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa] ba a ipolaya, fa e bapisiwa le palo e e kwa tlase ga 1% ya batho ba bangwe fela ba ba tlwaelegileng.”

Go tlhotlhelediwa ke ba lelapa:

“Dipatlisiso di bontsha gore fa go na le mongwe mo lelapeng yo o ipolaileng, go ka direga thata gore maloko a mangwe le one a batle go ipolaya.”

Go lwala:

“Go boifa gore o tla koafala mo mmeleng, mo o tla feleletsang o ile kwa legaeng le go tlhokomelwang bagodi kwa go lone, go ka lekana go tlhotlheletsa bagodi bangwe go ipolaya.”

Go latlhegelwa:

“E ka nna go latlhegelwa ke sengwe se se tshwaregang, se se jaaka molekane kana tsala, tiro, kana boitekanelo jwa motho. Mme gape e ka nna go latlhegelwa ke sengwe se se sa tshwaregeng. Dilo tse di jaaka go latlhegelwa ke seriti, maemo, kana go ikutlwa o sa babalesega.”

Mo godimo ga dilo tseno tse di kotsi, buka ya ga Flanders e ntsha lenaane la matshwao a a latelang a a tlhagisang, a le ka motlha a sa tshwanelwang go tsewa motlhofo.

Maiteko a nako e e fetileng a go ipolaya:

“Leno ke letshwao le legolo thata le le bontshang gore motho a ka kgona go ipolaya.”

Go bua ka go ipolaya:

“Dipolelo tse di jaaka ‘Ga ba na go tlhola ba tlhoka go tshwenyega ka nna’ kana ‘Ba tla kgona le fa ke seo’ ke dikai tsa matshosetsi a a bontshang sentle gore motho o batla go ipolaya.”

Go dira dithulaganyo tsa bofelo:

“Seno se akaretsa dilo tse di jaaka go kwala wili, go naya batho ba bangwe dilo tse o di ratang, le go rulaganya go tlhokomelwa ga diruiwa.”

Go nna motho o sele kana go itshwara ka tsela e e sa tlwaelegang:

Fa motho wa teng “a tla a bua dilo tse di bontshang gore o ikutlwa e se wa sepe kana o itlhobogile,” e ka nna “letshwao la gore o gateletswe thata mo maikutlong mo a ka nnang a ipolaya.”

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Gantsi batho ba ba salang ba tshela ba tlhoka go thusiwa gore ba itshoke fa molekane wa bone a ipolaile