Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ipolaya—Leroborobo Le le Sa Iponatsheng

Go Ipolaya—Leroborobo Le le Sa Iponatsheng

 Go Ipolaya—Leroborobo Le le Sa Iponatsheng

JOHN LE MARY * ba tloga ba digela dingwaga tsa bone tsa bo50 mme ba nna mo ntlong e nnye kwa magaeng kwa United States. John o ntse a swa ka iketlo a bolawa ke bolwetse jwa go thibana makgwafo le jwa pelo. Mary ga a kgone go ipona a tshela kwantle ga John, mme ga a kgone go itshokela botlhoko jwa go mmona jaaka fa a ntse a koafalela pele ka iketlo nako le nako fa a hema. Mary le ene o lwala a gagwe malwetse mme o ile a nna a tshwenyega thata mo maikutlong ka dingwaga di le dintsi. Bosheng jaana John o tshwenyegile thata ka gonne Mary o ntse a bua ka go ipolaya. Go tshwenyega thata mo maikutlong le melemo yotlhe e a ntseng a e nwa di mo tlhakantse tlhogo le go feta. A re ga a kgone go amogela kgang ya gore o tlile go sala a le esi.

Ntlo e tletse ka melemo—dipilisi tsa pelo, dipilisi tse di okobatsang go tshwenyega thata mo maikutlong, le diokobatsi tse dingwe. Moso mongwe go sa ntse go le phakela, Mary o ya kwa ntlong ya boapeelo, mme o simolola go nwa dipilisi. Ga a emise go di nwa, go fitlha John a mmona a bo a tsaya dipilisi tseno mo go ene. John o founela setlhopha sa banamodi fa Mary a simolola go idibala. O rapela fela gore a bo a mo tshwere ka nako.

Se Dipalopalo di se Senolang

Go ile ga kwalwa dilo di le dintsi thata mo dingwageng tsa bosheng jaana malebana le dipalo tse di ntseng di oketsega tsa basha ba ba ipolayang—mme go a tshwanela, ka gonne ke eng se se ka utlwisang botlhoko go feta go bona mosha yo o matlhagatlhaga le yo go lebeletsweng go le gontsi mo go ene a swa pele ga nako? Le fa go ntse jalo, kgang e ditlhogo tsa dikgang di e tlodisang matlho ke ya gore selekanyo se batho ba ipolayang ka sone mo dinageng di le dintsi se tlhatloga ka iketlo fa batho ba ntse ba gola. Go ntse jalo le fa selekanyo  se batho ba ipolayang ka sone mo nageng e e rileng se le kwa godimo kana kwa tlase, jaaka lebokoso le le mo tsebeng e e fetileng le bontsha. Fa motho a latlhela bofofu fela mo dipalopalong tseno o bona gape kafa leroborobo leno le le sa iponatsheng le aparetseng lefatshe lotlhe ka gone.

Ka 1996, Centers for Disease Control ya United States e ne ya bega gore palo ya batho ba Amerika ba ba ipolayang ba ba nang le dingwaga tse 65 le go feta e ne ya tlhatloga thata ka diperesente di le 36 fa e sa le ka 1980. Sengwe sa dilo tse di bakileng go tlhatloga ga dipalo tseno ke gore go na le batsofe ba le bantsi thata kwa Amerika—mme leno ga se lone fela lebaka. Ka 1996 palo ya mmatota ya batho ba ba fetang dingwaga tse 65 ba ba ipolayang e ne ya tlhatloga, ka diperesente di le 9, ka lekgetlho la ntlha mo dingwageng tse 40. Mo dintshong tse di bakilweng ke dikotsi, go wa le go thula ka dikoloi ke tsone fela tse di neng tsa bolaya batsofe ba le bantsi ba Amerika. Tota e bile, le e leng dipalo tseno tse di tshosang di ka tswa di le kwa tlase thata. A Handbook for the Study of Suicide e akgela jaana: “Go dumelwa gore, mo dipalong tse di theilweng mo dipegong tsa se se bakileng loso, go begwa palo e e kwa tlase thata ya batho ba ba ipolayang.” Buka eno e oketsa ka gore bangwe ba lekanya gore dipalo tsa mmatota di ka tswa di feta gabedi dipalopalo tseno tse di begilweng.

Go feletse ka eng? United States, fela jaaka dinaga tse dingwe tse dintsi, e na le bothata jono jwa leroborobo le le sa iponatsheng la lefatshe lotlhe la go ipolaya ga baagi ba yone ba ba godileng. Dr. Herbert Hendin, mankge mo kgannyeng eno, o akgela jaana: “Le mororo palo ya batho ba ba ipolayang kwa United States e ntse e oketsega e sa kgaotse e bile e bonala sentle jaana fa batho ba ntse ba gola, ga go buiwe thata ka bothata jono jwa go ipolaya ga batho ba ba godileng.” Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? O akantsha gore sengwe se se bakang bothata jono ke gore, ka gonne palo e batho ba ba godileng ba ipolayang ka yone e ntse e le kwa godimo go le gale, “ga e ise e tshose batho jaaka fa ba tshosiwa ke palo e e kwa godimo e basha ba ipolayang ka yone.”

Ba go Dira ka Botswerere jo Bogolo Thata

Dipalopalo tseno, le mororo di tshosa, ke dinomoro fela tse di sa reng sepe. Ga di kgone go bontsha bodutu jo motho yo o tshelang a se na molekane wa gagwe yo a neng a mo rata thata a salang ka jone, go utlwisiwa botlhoko ke gore ga o tlhole o kgona go itirela dilo ka nosi, go tlalelwa ka ntlha ya bolwetse jo bo sa batleng go fola, go utlwisiwa botlhoko ke kgatelelo ya maikutlo e e sa feleng, go itlhoboga gonne o na le bolwetse jo bo sa foleng. Boammaaruri jo bo utlwisang botlhoko ke gore le mororo basha ba ka nna ba bo ba rarabolola mathata a nakwana fela ka go leka go ipolaya, batho ba ba godileng bone gantsi ba bo ba lebane le mathata a a lebegang a nnetse ruri e bile a sa rarabologe. Ka ntlha ya moo, gantsi ba bo ba sweditse le mogopolo tota go feta basha fa ba ipolaya mme ba go dira ka botswerere jo bogolo thata.

Dr. Hendin o akgela jaana mo bukeng ya gagwe ya Suicide in America: “Ga se fela gore go ipolaya go aname thata mo bathong ba ba godileng, mme gape go bontsha dilo tsa botlhokwa tse batho ba ba godileng le basha ba farologanang ka tsone. Segolobogolo, palo ya ba ba lekang go ipolaya fa e bapisiwa le ya ba tota ba ipolayang e fetoga thata mo bathong ba ba godileng. Mo bathong botlhe ka kakaretso, palo ya batho ba ba lekang go ipolaya fa e bapisiwa le ya batho ba tota ba ipolayang e ile ya lekanyediwa gore e ka nna batho ba le 10 go a le 1; mo basheng (ba dingwaga di le 15 go ya go 24), e ile ya lekanyediwa gore e ka nna basha ba le 100 go a le 1; mme mo bathong ba ba fetang dingwaga tse 55, e ile ya lekanyediwa gore e ka nna motho a le 1 go a le 1.”

A dipalopalo tse di tshosang! A bo go tsofala, go koafala, go utlwa botlhoko le go lwala go tshwenya maikutlo thata jang ne! Ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi jaana ba ipolaya. Le fa go ntse jalo, go na le lebaka le le nonofileng le le dirang gore re anaanele botshelo thata—tota le fa re le mo maemong a a boima. Akanya ka se se neng sa diragalela Mary, yo o neng a umakiwa kwa tshimologong.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Maina a fetotswe.

[Tšhate mo go tsebe 13]

Dipalo Tsa go Ipolaya mo Bathong ba ba 100 000, Go ya Ka Dingwaga le Bong

Banna/Basadi Dingwaga Tse 15 Go ya Go 24

8,0/2,5 Argentina

4,0/0,8 Gerika

19,2/3,8 Hungary

10,1/4,4 Japane

7,6/2,0 Mexico

53,7/9,8 Russia

23,4/3,7 United States

Banna/Basadi Dingwaga Tse 75 le go Feta

55,4/ 8,3 Argentina

17,4/ 1,6 Gerika

168,9/60,0 Hungary

51,8/37,0 Japane

18,8/ 1,0 Mexico

93,9/34,8 Russia

50,7/ 5,6 United States