Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bokgoba Jwa Gompieno—Bo Gaufi le go Fela!

Bokgoba Jwa Gompieno—Bo Gaufi le go Fela!

 Bokgoba Jwa Gompieno—Bo Gaufi le go Fela!

“Kgololesego ya motho a le mongwe ke karolo ya kgololesego ya batho botlhe. O ka se ame e nngwe o sa beye e nngwe mo kotsing.”—Victor Schoelcher, Mokwadi Wa Dikgang Le Radipolotiki Wa Mofora, 1848.

BAKWADI ba The UNESCO Courier ba botsa jaana: “Ke eng se se maswemaswe jaana ka motho se ka metlha se mo tlhotlheleditseng go nyatsa batho ba bangwe, go ba gatelela le go ba tshwara makgwakgwa? Mme go tla jang gore batho ba ba dirang tlolomolao e e ntseng jalo kgatlhanong le batho ba bangwe ba nne ba sa otlhaiwe le e leng fa e sa le go tloga batho ba simolola go tshwenyega ka Ditshwanelo Tsa Botho?”

Karabo e raraane. Bopelotshetlha ke jone jo bo dirang gore bana ba berekisiwe ka thata mme ba sa duelwe le gore batho ba dirwe makgoba ka ntlha ya dikoloto. Go bolelwa gore ke molato wa khumanego le go sa rutega go bo basetsana ba rekisiwa go nna diaka le go patelelwa go nyalwa. Ditlwaelo tsa bodumedi le setso ke tsone tse di dirang gore batho ba dirwe makgoba a bodumedi. Mo kgannyeng ya banna ba ba etelang kwa Bangkok kana kwa Manila go ya go senka basimanyana kana basetsanyana ba ba se nang AIDS, ba tlhotlhelediwa ke go tsentshiwa ke tlhakanelodikobo le boitsholo jo bo sa siamang. Dilo tseno tsotlhe ke karolo ya lefatshe la batho bao e leng “baithati, barati ba madi, . . . ba ba se nang katamalano e e bothitho ya tlholego, . . . ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale bo tshabegang,” fa re dirisa mafoko a ga moaposetoloi Paulo, moithutamolao wa lekgolo la ntlha la dingwaga. (2 Timotheo 3:1-5) Ke karolo ya lefatshe le mo go lone ‘se se sokameng se sa kakeng sa siamisiwa; le se se tlhokafalang se sa kakeng sa balwa,’ fa re dirisa mafoko a ga radipolotiki wa bogologolo yo o bidiwang Solomone.—Moreri 1:15.

Go Fetola Mogopolo

A seno se raya gore ga go na sepe se se ka dirwang kana se se tla dirwang go fedisa bokgoba gotlhelele—e ka tswa e le mofuta wa jone wa bogologolo kana e le wa gone jaanong? Nnyaa legoka!

Ofisi ya Mokomisinara yo Mogolo wa Ditshwanelo Tsa Botho (Office of the High Commissioner for Human Rights [OHCHR]) ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bolela gore bokgoba ke “boemo jwa tlhaloganyo,” e oketsa ka gore: “Le e leng fa bokgoba bo ka fedisiwa, bo tlogela dilo dingwe kwa morago. Bo ka tswelela bo tshwenya mo tlhaloganyong—mo bathong ba e kileng ya nna makgoba le bana ba bone le mo bathong ba ba dirang ba bangwe makgoba—ka lobaka lo loleele morago ga gore bo nyelediwe semolao.”

Ka jalo tsela e nngwe ya go fedisa bokgoba e tla nna ka go fetola  mogopolo—go fetola pelo—mo bathong botlhe. Mme seno se akaretsa go fetola thuto—go ruta batho go ratana le go tlotla seriti sa ba bangwe. Go raya go thusa batho go ntsha bopelotshetlha ka medi mo dipelong tsa bone le go ikobela melao e e kwa godimo ya boitsholo. Ke mang yo o ka rutang batho go dira seno? OHCHR e bolela gore “mongwe le mongwe o na le seabe mo go direng gore mo lefatsheng go nne le thulaganyo e e se kitlang e tlhola e letlelela go dirisiwa ga batho ka tsela e e setlhogo jalo.”

Akanya ka thulaganyo ya thuto e e sa leng e dirwa mo lefatsheng lotlhe ke Bakeresete ba Basupi ba ga Jehofa. Thulaganyo eno e kgonne go ruta batho ba ba dipelo di ikanyegang gore ba se ke ba letlelela kana ba mpampetsa go dirisa batho ka tsela e e setlhogo. Ka yone, dimilione tsa batho go tswa kwa dinageng tse di fetang 230 di rutilwe go tshwara bengkabone ka tlotlo. Ke ka ntlha yang fa thulaganyo eno e atlega?

Ka gonne e theilwe mo Baebeleng, buka e e tlhotlheleditsweng ke Mmopi wa motho. Ke buka e e tlotlomatsang seriti sa motho. Batho ba ba rutilweng Baebele ka thulaganyo eno ya thuto ya Basupi ba ga Jehofa ba ithutile gore Mmopi wa rona, e bong Jehofa, ene ka boene ke Modimo yo o nang le seriti. (1 Ditirafalo 16:27) O naya popo yotlhe ya gagwe seriti. Seno se akaretsa banna le basadi, ba ditso tsotlhe, ba maemo otlhe a botshelo le a ikonomi.—Bona lebokoso la “Kgololesego ya Batho le Seriti sa Bone—Di Tswa Kae?”

Go Lekalekana ga Batho le go Tlotla Seriti

Baebele e ruta gore Modimo o “dirile morafe mongwe le mongwe wa batho go tswa mo mothong a le mongwe, gore ba nne mo godimo ga lefatshe  lotlhe.” (Ditiro 17:26) Ka jalo, ga go na motho yo o ka bolelang gore o kwa godimo ga batho ba bangwe kana yo o ka reng o na le tshwanelo ya go gatelela kana go dirisa ba bangwe ka tsela e e sa siamang. Batho ba ba ratang go ithuta ba lemoga gore “Modimo ga o tlhaole, mme mo morafeng mongwe le mongwe motho yo o o boifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go one.” (Ditiro 10:34, 35) Ba lemoga gore lorato lwa Modimo lo akaretsa botlhe, e re ka tshiamelo ya go nna le kamano e e gaufi le ene e bulegetse batho botlhe. Tota e bile, “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo o bileng wa ntsha Morwaone yo o tsetsweng a le esi, e le gore mongwe le mongwe yo o supang tumelo mo go ene a tle a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.

Thuto eno e e theilweng mo Baebeleng e ka ama boikutlo jwa batho thata. E ka dira gore dipelo le ditlhaloganyo tsa batho di “ntšhwafadiwe gotlhelele.” (Baefeso 4:22-24, Today’s English Version) E ba rotloetsa go tshwara bengkabone ka seriti le ka tlotlo. Ba ititeile sehuba go ‘dira se se molemo mo go botlhe.’ (Bagalatia 6:10) Ga go na ope yo o ka reng e le Mokeresete wa boammaaruri a bo a nna le seabe mo go diriseng bengkaene ka tsela e e sa tshwanelang le ka go ba gatelela. Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go nna setšhaba sa Bakeresete se se tshwanang le phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga, e mo go yone ‘go neng go se na Mojuda lefa e le Mogerika, go se na motlhanka lefa e le mogololesegi. Botlhe ba ne ba le seoposengweng le Keresete Jesu.’—Bagalatia 3:28.

Go Fetola Puso

Le fa go ntse jalo, gore mefuta yotlhe ya bokgoba e fedisiwe gotlhelele, go tlhokega gore batho ba fetoge gotlhelele. International Labor Organization e bolela gore go fedisa go sotliwa ga batho, go tlhokega gore “go fetolwe tikologo e e letlelelang le e e mpampetsang” ditiro tse di ntseng jalo. Mokgatlho oo o akantshitse gape gore go tlhokega gore ditšhaba tsotlhe di tseye kgato, di dirisane mmogo le go ikemisetsa.

Seno se bolela gore go tla tlhokega maatla a a tla kgonang go laola polanete yotlhe ya rona, maatla a a tla kgonang go tlhomamisa gore go nne le kgololesego ya batho botlhe. Boutros Boutros-Ghali, yo o kileng ya bo e le mokwaledikakaretso wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, o ne a bolela gore mathata a mmatota a a aparetseng polanete ya rona a tlhoka maiteko a “lefatshe lotlhe” go a rarabolola. Mme ga se mongwe le mongwe yo o tlhomamisegileng gore seno se ka direga. Maitemogelo a nako e e fetileng a bontsha gore balaodi ba le bantsi ba tletse bogagapa le boithati mo dilong tse ba di ratang le mo mekgeleng ya bone gore ba ka fitlhelela tirisanommogo e e ntseng jalo ya lefatshe lotlhe.

Le fa go ntse jalo, Baebele—yone buka e e rutileng dimilione tsa batho go tlotla seriti sa bengkabone—e bontsha gore Modimo o ikaeletse go tlhoma puso e e ntseng jalo ya lefatshe. Mo Baebeleng o tla fitlhela ditsholofetso tse dintsi tsa lefatshe le lesha la tshiamo. (Isaia 65:17; 2 Petere 3:13) Ke boikaelelo jwa Modimo gore a tlose mo lefatsheng mongwe le mongwe yo o sa rateng Modimo le moagelani. Modimo o senotse boikaelelo jwa gagwe jwa go tlhoma puso ya lefatshe lotlhe e e tla okamelang batho gore e laole lefatshe ka tshiamo. Jesu o ne a re ruta go rapelela puso eo mo go se se itsegeng thata e le Thapelo ya Morena kana Rara wa Rona.—Mathaio 6:9, 10.

Go dirisa batho ka tsela e e sa siamang le mofuta mongwe le mongwe wa bokgoba di tla nyelela mo tlase ga bolaodi jwa puso eno ka gonne Keresete Kgosi, o tla busa “ka katlholo le ka tshiamo.” (Isaia 9:7) Ba ba gateletsweng ba tla bona kgololesego mo bolaoding jwa gagwe jwa tshiamo, ka go bo Baebele e bolela jaana: “O tlaa golola motlhoki mogang o lelang; le mohumanegi yo o se nang mothusi. O tlaa tlhomogela bahumanegi le batlhoki pelo; mme mewa ya batlhoki o tlaa e boloka. O tlaa golola mewa ya bone mo pogisong le mo thubakong.”—Pesalema 72:12-14.

Fa e le gore o eletsa go bona bokgoba bo fedile—mefuta yotlhe ya bokgoba—re go laletsa gore o ithute mo go oketsegileng ka boikaelelo jwa Modimo jwa go tlhoma puso eno e e tla gololang lefatshe. Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la ga lona ba tla itumelela go go thusa go dira seno.

[Lebokoso mo go tsebe 11]

KGOLOLESEGO YA BATHO LE SERITI SA BONE—DI TSWA KAE?

Rotlhe re tsetswe re tlhoka e bile re eletsa go newa seriti le kgololesego. Kofi Annan, e bong mokwaledikakaretso wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, o ne a bua maikutlo a batho ba bantsi ba nang le one fa a ne a botsa jaana: “Ke mang yo o ka ganetsang gore rotlhe re batla go tshela re sa boife, re sa tlhokofadiwe e bile re sa tlhaolwe? . . . A o kile wa utlwa lentswe le le gololesegileng le kopa gore go fedisiwe kgololesego? O kile wa utlwa kae lekgoba le re le rata bokgoba?”

Dikgopolo tse di ntseng jalo ga di simolole jaanong. Fa mofilosofi mongwe wa kwa Roma wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Seneca a ne a ganetsa kgopolo ya gore bangwe ba tsaletswe go nna makgoba, o ne a kwala jaana mo go Letters to Lucilius: “Tsweetswee akanya gore monna yo o mmitsang lekgoba la gago yono o ne a tsholwa ka tsela e e tshwanang le ya gago, le ene o na le loapi lo lontle fa godimo ga gagwe, o a hema fela jaaka le wena o hema, o a tshela fela jaaka le wena o tshela, o a swa fela jaaka le wena o swa!”

Imam ʽAlī, yo o neng a tsewa e le molaodi wa bonè morago ga Muhammad, o ne a bolela gore batho botlhe ba a “lekana mo popong.” Saʽdī, mmoki wa lekgolo la bo13 la dingwaga wa Moperesia o ne a bolela jaana: “Bana ba ga Adame ke bana ba leloko le le lengwe mme ba bopilwe ka selo se le sengwe. Fa lefatshe le hutsafatsa yo mongwe, ba bangwe le bone ba a hutsafala.”

Pego ya hisitori e e tlhotlheleditsweng ke Modimo e e fitlhelwang mo Baebeleng e gatelela gore batho botlhe ba na le seriti. Ka sekai, Genesise 1:27 e tlhalosa go bopiwa ga motho, e bolela jaana: “Modimo wa tlhola motho mo setshwanong sa one tota, wa mo tlhola mo setshwanong sa Modimo; wa ba tlhola nona le tshadi.” Mmopi wa rona ke Modimo wa kgololesego. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Koo moya wa ga Jehofa o leng gone, go na le kgololesego.” (2 Bakorintha 3:17) Fa a bopa motho mo setshwanong sa gagwe, Jehofa o ne a naya batho boikutlo jwa go tshwanela, jwa go itlotla le seriti ka selekanyo se se rileng. E tla re fa a golola popo ya gagwe mo “go dirweng motlhanka ke go bola,” gape o tla tlhomamisa gore batho ba tla ipelela kgololesego e e ntseng jalo le seriti ka bosakhutleng—Baroma 8:21.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Mongwe le mongwe o tshwanetse a newa seriti le kgololesego

 [Ditshwantsho mo go tsebe 10]

THUTO YA BAEBELE E GATELELA GORE BATHO BA NEWE SERITI E BILE E NAYA BATHO TSHOLOFELO KA ISAGWE

Setlhopha sa thuto ya Baebele kwa Benin

Bontle jwa diphororo tseno tsa noka ya Blue Nile di bontsha fela kafa paradaise e e tsosolositsweng e tla nnang ka teng