Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pono e e Lekalekaneng ka Dingwao Tse di Ratwang Thata

Pono e e Lekalekaneng ka Dingwao Tse di Ratwang Thata

 Kgopolo E e Mo Baebeleng

Pono e e Lekalekaneng ka Dingwao Tse di Ratwang Thata

“GA GO NA BOITSHOLO BOPE JO BO ISENG BO KO BO NYADIWE NAKO NNGWE GO LO GONGWE, MME BO ISE BO KO BO LATELWE MO NAKONG E NNGWE MO LEFELONG LE LENGWE.”

KA POLELO eno, mokwalahisitori mongwe wa Mo-Ireland e bong William Lecky o sobokanya tsela e batho ba fetofetogang motlhofo ka yone. Dikakgelo tsa gagwe di ka dirisiwa gape fa go buiwa ka dingwao le ditso go ralala dingwaga. Eleruri, ditlwaelo di le dintsi tse ka nako nngwe di neng di lejwa e le karolo ya botlhokwa ya botshelo jwa letsatsi le letsatsi di ne tsa nyadiwa moragonyana. Seno ga se gakgamatse, ka gonne jaaka moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo a ne a kwala, “seemo sa lefatshe leno se a fetoga.”—1 Bakorintha 7:31.

Ee, batho ba fetofetoga ka metlha yotlhe. Gantsi seno se bonala mo tseleng e ba fetolang maikutlo le mekgwa ya bone thata ka yone. Bakeresete ga ba a tshwanela go nna “karolo ya lefatshe”—ke gore, ba tshwanetse go nna ba farologane le batho ba ba tlhoboganeng le Modimo. Le fa go ntse jalo, Baebele e a dumela gore Bakeresete ba “mo lefatsheng,” mme ga e ba laele gore ba nne batshelanosi. Ka gone, go botlhokwa go nna le pono e e lekalekaneng ka dingwao.—Johane 17:11, 14-16; 2 Bakorintha 6:14-17; Baefeso 4:17-19; 2 Petere 2:20.

Dingwao ke Eng?

Dingwao ke ditiro tse batho ba tlwaetseng go di dira mo botshelong jwa bone e bile e le tse di tlwaelegileng thata mo lefelong lengwe kana mo setlhopheng se se rileng sa batho. Dingwao dingwe, tse di jaaka maitsholo le maitseo a mo tafoleng, di ka nna tsa bo di dirilwe ka gonne go ne go tlhokega gore go laolwe boitshwaro jwa batho fa ba le setlhopha, go ba kgontsha go itshwara ka maitseo le ka go tlotlana. Mo maemong a a ntseng jalo, maitseo a batho a ka tshwantshiwa le oli, ka gonne a rethefatsa dikamano tsa batho.

Dingwao di ile tsa tlhotlhelediwa thata ke bodumedi. Tota e bile, bontsi jwa tsone di ne tsa tlhaga mo go dumeleng botlhodi ga bogologolo le mo dikgopolong tse di sa tsweng mo Baebeleng tsa bodumedi. Ka sekai, go naya batho ba ba tlhokafaletsweng dithunya, go ka tswa go simolotse mo ditumelong tsa botlhodi tsa bodumedi. * Mo godimo ga moo, mmala o mobududu—o gantsi o amanngwang le bana ba basimane—go ne go akanngwa gore o tshosa badimona. Mascara e ne e dirisiwa go itshireletsa mo matlhong a a leretseng motho bomadimabe, fa lipstick e ne e dirisiwa go thibela badimona go tsena mo molomong wa mosadi le go mo laola. Tota le ngwao e e sa reng sepe e e jaaka go itswala molomo fa o edimola e ka tswa e ne e tlhaga mo kgopolong ya gore moya wa motho o ka tswa ka molomo fa a o atlhamisitse thata. Le fa go ntse jalo, go amana ga tsone le bodumedi go ne ga nyelela fa dingwaga di ntse di feta, mme gompieno ditlwaelo tseno le dingwao tseno ga di tlhole di kaya sepe mo bodumeding.

Se Bakeresete ba Tshwenyegileng ka Sone

Fa Mokeresete a tshwanelwa ke go swetsa gore a o tla latela ngwao nngwe kana nnyaa, se a tshwanetseng go tshwenyega thata ka sone e tshwanetse ya nna gore, Modimo o leba kgang eno jang, jaaka go bolelwa mo Baebeleng? Mo nakong e e fetileng Modimo o ne a nyatsa ditlwaelo dingwe tse di ka tswang di ne di letlelelwa mo ditšhabeng dingwe. Ditlwaelo tseno di ne di akaretsa go dira bana ditlhabelo, go dirisa madi ka tsela e e sa siamang, le ditlwaelo tse di farologaneng tse di amanang le tlhakanelodikobo. (Lefitiko 17:13, 14; 18: 1-30; Duteronome 18:10) Ka mo go tshwanang, dingwao dingwe tse di tlwaelegileng gompieno go bonala sentle gore ga di dumalane le melaometheo ya Baebele. Gareng ga tsone go na le ditlwaelo tse di sa tsweng mo Baebeleng tse di amanang le malatsi a boikhutso a bodumedi a a jaaka Keresemose le Paseka kana ditlwaelo tsa ditumelo tsa botlhodi tse di amanang le go dirisana le meya.

Le fa go ntse jalo, go tweng ka dingwao tse pele di neng di ka tswa di golaganngwa le ditiro tse di belaetsang mme gompieno di tsewa e le maitseo fela a batho? Ka sekai, dingwao di le dintsi tse di ratwang tsa manyalo—go akaretsa le go tsenyana dipalamonwana le go ja kuku ya lenyalo—di ka tswa di simolotse mo boheitaneng. A seno se raya gore Bakeresete ba ileditswe go latela dingwao tse di ntseng jalo? A Bakeresete ba tshwanetse go sekaseka ka kelotlhoko ngwao nngwe le nngwe ya batho go bona gore a golo gongwe kana nako nngwe e kile ya bo e na le dikgopolo tse di sa siamang?

Paulo o bontsha gore “koo moya wa ga Jehofa o leng gone, go na le kgololesego.” (2 Bakorintha 3:17; Jakobe 1:25) Modimo o batla gore re dirise kgololesego eno, e seng go re tlhotlheletsa go eletsa dilo ka mo go feteletseng ka bogagapa, mme go thapisa dikgono tsa rona tsa go lemoga gore di farologanye se se siameng le se se sa siamang. (Bagalatia 5:13; Bahebera 5:14; 1 Petere 2:16) Ka jalo, mo kgannyeng e go sa bonaleng go tlolwa melaometheo ya Baebele mo go yone, Basupi ba ga Jehofa ga ba dire molao o o boima le o o gagametseng. Go na le moo, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go akanya ka kelotlhoko ka boemo jo a lebaneng le jone mme a itirele tshwetso ka boene.

Senkela ba Bangwe Molemo

A seno se bolela gore ka metlha go siame go nna le seabe mo ngwaong nngwe, fa fela e sa tlole dithuto tsa Baebele ka tlhamalalo? Nnyaa. (Bagalatia 5:13) Paulo o ne a bontsha gore Mokeresete ga a tshwanela go senka molemo wa gagwe fela “fa e se [wa] ba bantsintsi.” O tshwanetse go “[dira] dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo” mme a se nne lebaka la go kgopisa ba bangwe. (1 Bakorintha 10:31-33) Ka jalo, motho yo o batlang go amogelwa ke Modimo o tla batla go ipotsa jaana: ‘Batho ba bangwe ba leba ngwao eno jang? A batho ba e amanya le sengwe se se sa siamang? A go nna le seabe go tla kaya gore ke dumalana le ditlwaelo kana dikgopolo tse di sa itumediseng Modimo?’—1 Bakorintha 9:19, 23; 10:23, 24.

Le mororo dingwao dingwe di ka nna tsa bo di sa re sepe tota, mo lefelong le le rileng di ka nna tsa bo di latelwa ka ditsela tse di leng kgatlhanong le melaometheo ya Baebele. Ka sekai, go naya batho dithunya ka dinako tse di rileng go ka nna ga bolela sengwe se se thulanang le dithuto tsa Baebele. Ka jalo, Mokeresete o tshwanetse go tshwenyega ka eng thatathata? Le mororo go ka nna le lebaka la go sekaseka tshimologo ya ngwao e e rileng, ka dinako dingwe go botlhokwa thata go akanya gore ke eng se ngwao eno e se bolelang mo bathong ka nako eno le mo lefelong le motho a nnang mo go lone jaanong. Fa ngwao nngwe e na le dikgopolo tse di sa tsweng mo Dikwalong kana tse di sa siamang ka tsela nngwe ka nako e e rileng ya ngwaga kana mo maemong mangwe, Bakeresete ba ka nna ba swetsa ka botlhale go tila ngwao eno ka nako eo.

Paulo o ne a rapelela gore Bakeresete ba tswelele go letlelela lorato lwa bone go tota ka kitso e e leng yone le temogo e e tletseng. Ka go leba dingwao tse di ratwang thata ka tsela e e lekalekaneng, Bakeresete “[ba tlhomamisa] dilo tse di botlhokwa segolo, e le gore [ba] nne [ba] se na tlhaelo e bile [ba] sa kgopise ba bangwe.” (Bafilipi 1:9, 10) Ka nako e e tshwanang, ba tla letlelela “go nna kakanyetso ga [bone] go itsiwe mo bathong botlhe.”—Bafilipi 4:5.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Go ya ka batho bangwe ba ba ithutileng ka mekgwa ya batho, ka dinako dingwe dithunya di ne di dirisiwa gore e nne tshupelo e e ntshetswang baswi go ba thibela gore ba se ka ba pokela batshedi.

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Dingwao dingwe tsa bogologolo, tse di jaaka go itswala molomo fa o edimola le go naya motho yo o tlhokafaletsweng dithunya, ga di tlhole di na le bokao jo di neng di na le jone kwa tshimologong