Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tshelwa Madi—Hisitori e Telele e e Tsositseng Dipuopuo

Go Tshelwa Madi—Hisitori e Telele e e Tsositseng Dipuopuo

 Go Tshelwa Madi—Hisitori e Telele e e Tsositseng Dipuopuo

“Fa disele tse dikhibidu tsa madi e ne e le seokobatsi se sesha gompieno, go ne go tla nna thata go bona tetla ya semolao ya go di dirisa.”—Dr. Jeffrey McCullough.

MO MARIGENG a 1667, monna mongwe yo o dikgoka yo o sa tseyeng sentle mo tlhogong yo o bidiwang Antoine Mauroy o ne a tlisiwa mo go Jean-Baptiste Denis, ngaka e e itseweng thata ya ga Kgosi Loius XIV wa Fora. Denis o ne a na le “kalafi” e e tshwanetseng e e ka alafang botsenwa jwa ga Mauroy—go mo tshela madi a namane, a a neng a akanya gore a tla ritibatsa molwetse wa gagwe. Mme dilo ga di a ka tsa tsamaela Mauroy sentle. Gone ke boammaaruri gore morago ga go tshelwa madi ka lekgetlho la bobedi, o ne a tokafala. Mme ka bonako fela botsenwa bo ne jwa simolola gape mo monneng yono wa Mofora, mme go ise go ye kae a tlhokafala.

Le fa gone moragonyana go ne ga lemogiwa gore totatota Mauroy o bolailwe ke botlhole jwa arsenic, go lekeletsa ga ga Denis ka madi a phologolo go ne ga tsosa kganetsanyo e e matlho mahibidu kwa Fora. Kgabagare, ka 1670 kalafi eno e ne ya thibelwa. Fa nako e ntse e ya, Palamente ya kwa Engelane le mopapa ka boene le bone ba ne ba iletsa kalafi eno. Go tshelwa madi go ne ga nyelela ka dingwaga di le 150 tse di neng tsa latela.

Dikotsi Tsa Kwa Tshimologong

Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, go ne ga simololwa gape kalafi ya go tshela batho madi. Motho wa ntlha go simolola mofuta ono wa kalafi gape e ne e le ngaka nngwe ya pelegi ya kwa Engelane e bong James Blundell. Blundell, ka mekgwa ya gagwe e e tokafaditsweng le didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo—le go gatelela ga gagwe gore go dirisiwe fela madi a batho—o ne a busetsa go tshelwa ga madi.

Mme ka 1873, ngaka nngwe ya kwa Poland e bong F. Gesellius o ne a dira gore go fokodiwe go tshela batho madi ka go ntsha thibololo e e tshosang: Batho ba ba fetang sephatlo mo go ba ba tshetsweng madi ba feletse ba sule. Fa dingaka tse di itsegeng di utlwa ka seno, di ne tsa simolola go kgala kalafi eno. Go tshela batho madi go ne ga boa ga nyelela gape.

Go tswa foo, ka 1878, ngaka nngwe ya kwa Fora e bong Georges Hayem o ne a dira motswako wa saline, oo a neng a bolela gore o ne o ka dirisiwa mo boemong jwa madi. Go farologana le madi, motswako wa saline o ne o sa lwatse motho, o ne o sa gwame e bile go ne go le motlhofo go o tsamaisa. Ke gone ka moo motswako wa saline wa ga Hayem o neng wa dirisiwa thata jaana. Le fa go ntse jalo, se se gakgamatsang, ka bonako fela batho ba bantsi ba ne ba simolola go dirisa madi gape. Ka ntlha yang?

Ka 1900, Karl Landsteiner, ngaka ya kwa Austria ya malwetse a ditogwa tsa mmele o ne a lemoga gore go na le mefuta e e farologaneng ya madi, mme o ne a lemoga gore mofuta o mongwe wa madi ga se ka metlha o tshwanelanang le o mongwe. Ke gone ka  moo dikaro di le dintsi jaana tse go neng go tshelwa madi mo go tsone mo nakong e e fetileng di neng di felela ka masetlapelo! Jaanong seo se ne se ka fetolwa, ka go tlhomamisa fela gore mofuta wa madi a motho yo o abang madi a gagwe o tshwana le wa yo o tlileng go a amogela. Ka go itse seno, dingaka di ne tsa boa tsa simolola go tshepa tshelo ya madi gape—ka nako e e tshwanetseng fela ya Ntwa ya Lefatshe I. 

Ditshelo Tsa Madi le Ntwa

Ka Ntwa ya Lefatshe I, masole a a gobetseng a ne a tshelwa madi ka tshosologo fela. Gone mme, madi a gwama ka bonako mme mo nakong e e fetileng go ne go batla go ka se kgonege go isa madi kwa ntweng. Mme mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga, Dr. Richard Lewisohn wa Mount Sinai Hospital, kwa New York City, o ne a atlega go lekeletsa selo se se dirang gore madi a se ke a gwama se se bidiwang sodium citrate. Dingaka tse dingwe di ne tsa kaya phitlhelelo eno e e itumedisang e le kgakgamatso e kgolo thata. Dr. Bertram M. Bernheim, ngaka e e neng e itsege thata mo motlheng wa gagwe, o ne a kwala jaana: “Go ne go ntse jaaka e kete letsatsi le emisitswe tsi.”

Ntwa ya Lefatshe II e ne ya dira gore madi a batliwe thata. Batho ba ne ba tlhasetswe ka dipolakate tsa phasalatso tse di nang le mafoko a a jaaka “Re fe Madi Gone Jaanong,” “Madi a Gago a ka Mmoloka,” le “O re File Madi a Gagwe. A o Tla Re fa A Gago?” Boikuelo jwa go bona madi a mantsi bo ne jwa tsibogelwa thata. Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, go ne ga abiwa diyuniti di le 13 000 000 tsa madi kwa United States. Go lekanyediwa gore kwa Lontone go ne ga kgobokanngwa ga ba ga abiwa dilitara di le 260 000 tsa madi. Gone mme, go tshela madi go ne go na le dikotsi tse dintsi mo boitekanelong, jaaka go ne ga bonala ka bonako fela morago ga moo.

Bolwetse jo bo Tshelanwang ka Madi

Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, go ne ga dirwa kgatelopele e kgolo mo go tsa kalafi e e neng ya dira  gore go kgonege go dira dikaro dingwe tse pele go neng go sa akanngwe le go akanngwa gore di ka dirwa. Ka ntlha ya moo, go ne ga simologa kgwebo e e neng e dira dimilionemilione tsa diranta ka ngwaga ya go tlamela ka madi, ao dingaka di neng tsa simolola go a tsaya e le yone fela tsela ya go ara.

Le fa go ntse jalo, ka bonako fela go ne ga tsoga bothata jwa malwetse a a amanang le go tshelwa madi. Ka sekai, ka nako ya Ntwa ya Korea, mo e ka nnang diperesente di le 22 tsa batho ba ba amogetseng sere sengwe sa madi ba ne ba tshwarwa ke bolwetse jwa sebete—ba ne ba feta ba Ntwa ya Lefatshe II gararo. Ka bo1970, Centers for Disease Control ya United States e ne ya lekanyetsa gore palo ya batho ba ba swang ba bolawa ke bolwetse jwa sebete ka ntlha ya go tshelwa madi e le 3 500 ka ngwaga. Ba bangwe ba ne ba lekanyetsa gore e ka nna palo eo e menagane ga lesome.

Ka ntlha ya go tlhatlhobiwa sentle ga madi le go nna kelotlhoko fa go tlhophiwa batho ba ba abang madi a bone, palo ya batho ba ba tshwarwang ke bolwetse jwa sebete jwa mofuta wa B e ne ya fokotsega. Mme le fa go ntse jalo mofuta o mosha wa baerase e bile ka dinako tse dingwe o le kotsi thata—bolwetse jwa sebete jwa mofuta wa C—o ne wa simolola go tlhasela batho. Go lekanyediwa gore batho ba ka nna dimilione di le nnè ba kwa Amerika ba tsenwe ke baerase eno, ba le dikete di le makgolo a le mmalwa ba bone e le ka ntlha ya go tshelwa madi. Gone ke boammaaruri gore go dira diteko ka kelotlhoko kgabagare go ne ga fokotsa go anama ga bolwetse jwa sebete jwa mofuta wa C. Le fa go ntse jalo, bangwe ba boifa gore go ka nna ga tlhaga dikotsi dingwe tse disha mme di tla tlhaloganngwa fela go setse go le thari.

Matlhabisaditlhong a Mangwe: Madi a a Nang le HIV

Ka bo1980, go ne ga fitlhelwa gore madi a ka kgotlelwa ke HIV, e leng baerase e e dirang gore motho a tshwarwe ke AIDS. Sa ntlha, mabolokelo a madi a ne a sa rate go tlhola gore a madi a ba nang le one a ka tswa a kgotletswe. Ba le bantsi ba bone kwa tshimologong ba ne ba sa dumele gore go na le matshosetsi a mogare wa HIV. Go ya ka Dr. Bruce Evatt, “go ne go ntse jaaka e kete mongwe o ne a tswa go kailakaila kwa sekakeng a bo a tla a re, ‘Ke bone setshedi se se tswang polaneteng e sele.’ Ba ne ba reetsa, mme ba se ka ba dumela.”

Le fa go ntse jalo, dinaga tse dintsi di nnile le matlhabisaditlhong fa go ne go senolwa gore di na le madi a a nang le mogare wa HIV. Go lekanyediwa gore kwa Fora, gareng ga batho ba le 6 000 le 8 000, ba ne ba tshwaediwa ka mogare wa HIV ka go tshelwa madi gareng ga 1982 le 1985. Go tshela madi ke gone go tshwaeditseng diperesente di le 10 tsa batho ba ba nang le mogare wa HIV mo Afrika yotlhe le diperesente di le 40 tsa batho ba ba tshwerweng ke AIDS kwa Pakistan. Gompieno, ka ntlha ya go tlhatlhobiwa ga madi mo go tokafaditsweng, ga se gantsi go anamisiwang mogare wa HIV ka go tshela batho madi kwa dinageng tse di tlhabologileng. Le fa go ntse jalo, go fetisediwa ga bolwetse jono mo bathong ba bangwe e sa ntse e le bothata kwa dinageng tse di tlhabologang tse di se nang dithulaganyo tsa go tlhatlhoba madi.

Go a utlwala he go bo mo dingwageng tsa bosheng jaana go ne ga kgatlhegelwa thata kalafi le karo e e sa diriseng madi. Mme a yone ke kalafi e e bolokesegileng e e ka dirisiwang mo boemong jwa madi?

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Go Tshelwa Madi—Ga se Yone Fela Kalafi

Ngwaga le ngwaga kwa United States fela, balwetse ba ka nna 3 000 000 ba tshelwa diyuniti di feta 11 000 000 tsa disele tse dikhibidu tsa madi. Fa go lebiwa palo e e kwa godimo eno, motho a ka tsaya fela gore go na le molao o o gagametseng gareng ga dingaka malebana le go tshela batho madi. Le fa go ntse jalo, The New England Journal of Medicine e bontsha gore go na le tshedimosetso e nnye thata “e e kaelang malebana le ditshwetso tsa go tshela batho madi.” Eleruri, go dirisiwa ditsela tse di farologaneng thata mo kalafing eno, e seng fela mo kgannyeng ya gore go tshwanetswe ga tshelwa madi a mofuta mang le gore go tshelwe a a kana kang mme gape le mo kgannyeng ya gore a gone go a tlhokega go tshela motho madi. Lokwalopaka longwe lwa kalafi lwa Acta Anæsthesiologica Belgica lo bolela jaana: “Go tshela motho madi go ikaegile ka ngaka, e seng ka molwetse.” Fa o akanya ka se se fa godimo, ga go gakgamatse go bo patlisiso e e gatisitsweng mo go The New England Journal of Medicine e fitlhetse gore “diperesente tse di lekanyediwang go di le 66 tsa batho ba ba tshelwang madi ba tshelwa go ne go sa tshwanela.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Madi a ne a batliwa thata ka Ntwa ya Lefatshe II

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Imperial War Museum, London

U.S. National Archives photos