Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tsaya Batho ka Dikgoka—Theregiso e e Dirilweng Kgwebo

Go Tsaya Batho ka Dikgoka—Theregiso e e Dirilweng Kgwebo

 Go Tsaya Batho ka Dikgoka—Theregiso e e Dirilweng Kgwebo

“GO TSAYA batho ka dikgoka ga go tshwane le go utswa dithoto tsa motho. Ke go tshwara setlhopha se se botlhokwa thata sa batho, e leng lelapa, ka bolotsana, setlhogo le ka go sa se kgathalele,” go bolela jalo Mark Bles mo bukeng ya gagwe ya The Kidnap Business. Go tsewa ga batho ka dikgoka go baka bohutsana jo bogolo mo go ba lelapa. Motsotso mongwe le mongwe le ura nngwe le nngwe ba ntse ba akgaakgega fela mo moweng ba sa itse gore a ke ba nne le tsholofelo kana ba tlalelwe fa ba ntse ba tshwenngwa ke maikutlo a go ipona molato, letlhoo le go itlhoboga. Boemo jo bo boifisang jono bo ka tswelela pele ka malatsi, dibeke, dikgwedi kana ka dinako dingwe le e leng ka dingwaga.

Mo maitekong a bone a a sa kgaotseng a go batla madi, batho ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka ba dirisa thata maikutlo a lelapa. Setlhopha sengwe se se neng se tsere mongwe ka dikgoka se ne sa mo patelela go kwala se se latelang mo lekwalong le le neng le tla balwa ke botlhe mo lokwalodikgannyeng: “Ke kopa gore Baanamisi ba Dikgang ba phasalatse seno gongwe le gongwe gore fa nka se boe go itsiwe gore ke molato wa batho ba ba ntsereng ka dikgoka le wa ba lelapa la me ba ba itshupileng gore ba rata madi go feta nna.” Batho ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka ba kwa Italy ba ne ba dira gore go lerwe madi a thekololo ka go sega dikarolo tsa mmele le go di romelela ba losika kana diteishene tsa thelebishene. Mongwe yo o tsayang batho ka dikgoka wa kwa Mexico o ne a bo a teketa batho ba a ba tsereng fa a ntse a buisana le ba malapa a bone mo mogaleng.

Mo letlhakoreng le lengwe, batho bangwe ba ba tsayang batho ka dikgoka ba leka go ithatisa batho ba ba ba tshwereng. Ka sekai, kwa Philippines rakgwebo mongwe yo o neng a tserwe ka dikgoka o ne a bolokwa mo hoteleng nngwe ya manobonobo kwa Manila, kwa bathopi ba gagwe ba neng ba mo naya bojalwa le go mo itumedisa ka diaka go fitlha madi a thekololo a duelwa. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batshwarwa ba lotlelelwa fela go sa kgathalelwe dilo tse ba di tlhokang mo mmeleng kana mo boitekanelong. Ba le bantsi ba tshwarwa setlhogo. Le fa go ntse jalo, motho yo o tshwerweng ka metlha o nna a ntse a tshwenyegile a ipotsa gore go tlile go diragala eng ka ene.

Go Itshokela Botlhoko Jwa Teng

Le e leng morago ga gore batshwarwa bano ba gololwe, ba ka sala ba utlwile botlhoko thata mo maikutlong. Mooki mongwe wa kwa Sweden yo o neng a tsewa ka dikgoka kwa Somalia o ne a tlhalosa jaana: “Go na le sengwe se se botlhokwa go gaisa tse dingwe. O tshwanetse wa bua le ditsala le ba losika mme o bone thuso ya bomankge fa o e tlhoka.”

 Dingaka di tlhamile mokgwa wa go thusa batshwarwa bano. Ka dithulaganyo di le mmalwa tse dikhutshwane, batshwarwa ba tlotla ka maitemogelo a bone le bomankge ba ba ithutetseng tiro eno pele ga ba kopana le ba malapa a bone le go tswelela ba tshela ka tsela e e tlwaelegileng. Rigmor Gillberg, mankge yo o alafang batho ba ba tswang mo masetlapelong wa Sefapaano se Sehibidu o bolela jaana: “Fa motho a bona kalafi ka bonako fela morago ga tiragalo eno seno se ka fokotsa kotsi ya gore a nne le kutlobotlhoko e e sa feleng.”

Ditlamorago Tse Dingwe

Batshwarwa le ba malapa a bone ga se bone fela ba ba amiwang ke go tsewa ga mongwe ka dikgoka. Go boifa go tsewa ka dikgoka go thibela bojanala e bile go koafatsa tsadiso ya madi; gape go dira gore batho ba ikutlwe ba sa sireletsega. Mo dikgweding di le mmalwa fela ka 1997, dikhampani di le thataro tsa boditšhabatšhaba di ne tsa tloga kwa Philippines ka ntlha ya mathata ano a go tsaya batho ka dikgoka. Mosadi mongwe wa kwa Philippines yo o berekelang setlhopha se se bidiwang Citizens Against Crime o tsibogile jaana: “Re tshelela fela mo poifong.”

Setlhogo sengwe mo go The Arizona Republic se bolela jaana: “Gareng ga badiredibagolo ba mo Mexico, go boifa go tsewa ka dikgoka go fetoga sengwe se ba amegileng thata ka sone e bile e le mo go tshwanetseng.” Makasine wa kwa Brazil e bong Veja o bega gore batho ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka le bathukuthi ba tsere boemo jwa dilalome tse bana ba kwa Brazil ba di boifang thata. Kwa Taiwan, bana kwa sekolong ba rutiwa gore ba ka itshireletsa jang gore ba se ka ba tsewa ka dikgoka, mme kwa United States, dikhamera tsa tshireletso di tsentswe kwa dikeretšheng go thibela go tsaya bana ka dikgoka.

Go Ntsifala ga Bomankge ba Pabalesego

Go oketsega ga go tsewa ga batho ka dikgoka le dikgang tse di masisi tse di tsamaisanang le gone  go dirile gore difeme tsa pabalesego tse e seng tsa puso di ntsifale. Kwa motseng wa Brazil wa Rio de Janeiro, go na le difeme tse di fetang 500 tse di ntseng jalo, tse di tsenyang madi a a kana ka diranta di le dimilione di le dikete di le 11.

Palo e e ntseng e oketsega ya difeme tsa pabalesego tsa boditšhabatšhaba di ruta go thibela go tsewa ga batho ka dikgoka, di phasalatsa dipego kaga mafelo a a kotsi e bile di thusa ka go rerisana le batho ka madi a thekololo. Di gakolola malapa le dikhampani, di ba ruta mekgwa e e dirisiwang ke batho ba ba tsayang batho ka dikgoka le go ba thusa go itshokela maemo ao mo tlhaloganyong. Difeme tse dingwe di leka le go tshwara batho ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka di bo di boa di bona gape madi a thekololo morago ga gore batho ba ba tshwerweng ba gololwe. Le fa go ntse jalo, tirelo ya bone ga se mahala.

Go sa kgathalesege maiteko a a ntseng jalo, go tsaya batho ka dikgoka go ntse go oketsega kwa dinageng di le dintsi. Richard Johnson yo o leng motlatsaporesidente wa Seitlin & Company, o bolela jaana fa a akgela ka boemo jono kwa Latin America: “Re ka lebelela fela gore selekanyo sa go tsaya batho ka dikgoka se oketsege.”

Mabaka A go Bo go Oketsega

Bomankge ba bolela mabaka a mantsi a a ka tswang a baka gore mokgwa ono o gole jaana bosheng jaana. Lengwe la one ke boemo jo bo tlhobaetsang jwa ikonomi kwa mafelong mangwe. Modiredi mongwe wa namolo kwa toropong ya Nal’chik, kwa Russia, o boletse jaana: “Tsela e e molemo thata ya go bona madi ke ka sedirisiwa seno se se rategang thata, go tsaya batho ka dikgoka.” Kwa dinageng dingwe tse e kileng ya bo e le tsa Soviet, go bolelwa gore go dirisiwa go tsaya batho ka dikgoka go duelela masole a mo sephiring a balaodi ba masole ba mo dinageng tseo.

Batho ba bantsi ba tsamaya thata ka ntlha ya kgwebo kana e le bajanala go feta pele, ka go dira jalo ba bulela batho ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka sebaka sa go dira tiro ya bone. Palo ya batswakwa ba ba neng ba tserwe ka dikgoka e oketsegile gabedi mo dingwageng di le tlhano. Gareng ga 1991 le 1997, bajanala ba ne ba tsewa ka dikgoka kwa dinageng dingwe di le 26.

Batho bano ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka ba tswa kae? Dintwa dingwe tsa sesole di emisitse, di tlogela ba e kileng ya bo e le masole ba se na tiro, ba se na madi. Batho bano ba na le botswerere jotlhe jo bo tlhokegang go simolola kgwebo eno e e duelang thata.

Ka mo go tshwanang, go dirisa mekgwa ya maemo a a kwa godimo ya go lwantsha go kgothotsa dibanka le go lwantsha kgwebo ya diokobatsi go dirile gore dikebekwa di simolole go tsaya batho ka dikgoka gore di kgone go bona madi. Mankge mo dikgannyeng tsa go tsaya batho ka dikgoka e bong Mike Ackerman o tlhalositse jaana: “Fa re dira gore mo dinageng tsotlhe go nne thata go dira bokebekwa mo dithotong, seno se dira gore jaanong  bokebekwa bo dirwe mo bathong.” Go phasalatsa madi a a kwa godimo thata a thekololo le gone go ka dira gore ba batle go tsaya ba bangwe ka dikgoka.

Ga se Ka Metlha go Dirwang ka Boikaelelo jo bo Tshwanang

Bontsi jwa batho ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka ga ba batle sepe fa e se madi fela. Madi a a batliwang a thekololo a farologana go tswa go diranta di le mmalwa fela go ya go madi a mantsi thata a a kileng a batlwa a diranta di le dimilione di le 364 a a neng a duelwa go rekolola mohumi mongwe wa kwa Hong Kong yo o sa kang a gololwa le mororo madi ao a duetswe.

Mo letlhakoreng le lengwe, batho bangwe ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka ba ne ba dirisa batshwarwa ba bone go dira gore ba itsiwe, ba bone dijo, melemo, diradio le dikoloi mmogo le go bona go agiwa dikolo tse disha, ditsela le maokelo. Modiredimogolo mongwe wa kwa Asia yo o neng a tserwe ka dikgoka o ne a gololwa morago ga gore batho ba ba mo tsereng ka dikgoka ba newe diaparo tsa baseketebolo le dibolo tsa yone. Ditlhopha tse dingwe le tsone di dirisa go tsaya batho ka dikgoka go boifisa le go tshosetsa babeeletsi ba dinaga di sele le bajanala, ka maikaelelo a go thibela go tshwakgolwa ga naga le dilo tsa tlhago.

Ka jalo go ka dirwa ka maikaelelo a mantsi a a farologaneng, ga dirwa ka mekgwa e mentsi e e farologaneng, go dirwa ke batho ba bantsi ba ba farologaneng kana ba go dira mo bathong ba ba farologaneng. A ditsela tsa go rarabolola bothata jono le tsone di dintsi jalo? Dingwe tsa tsone ke dife, mme a ruri di ka rarabolola bothata jono? Pele ga re araba dingwe tsa dipotso tseno, a re tlhatlhobeng mangwe a mabaka a magolo, a konokono a a dirang gore kgwebo eno ya go tsaya batho ka dikgoka e gole jaana.

[Lebokoso mo go tsebe 21]

Fa o Tserwe ka Dikgoka

Ba ba ithutileng ka kgang eno ba na le dikakantsho tse di latelang mo bathong ba go ka diregang gore ba tsewe ka dikgoka.

• Nna le tirisanommogo; o se ka wa nna tlhogoethata. Batshwarwa ba ba manganga gantsi ke bone ba ba tshwarwang makgwakgwa thata mme ba nna mo kotsing e kgolo ya gore ba ka bolawa kana ba beelwa go otlhaiwa.

• O se ke wa tlalelwa. Gakologelwa gore bontsi jwa batho ba ba neng ba tserwe ka dikgoka ba a falola.

• Dira tsela ya go itse gore ke nako mang.

• Leka go itirela thulaganyo ya letsatsi le letsatsi e e latelwang.

• Ikatise, le mororo go ka nna ga se ka ga kgonega go tshikinyega.

• Nna kelotlhoko; leka go gakologelwa dintlha ka botlalo, medumo le menko. Ithute dintlha tse di feletseng ka batho ba ba go tsereng ka dikgoka.

• Nna o tlotlenyana le bone fa go kgonega mme o leke go bona tsela ya go buisana le bone. Fa batho ba ba go tsereng ka dikgoka ba lemoga gore o motho, ga se gantsi ba ka go gobatsang kana ba go bolaya.

• Ba bolelele dilo tse o di tlhokang ka tsela e e maitseo.

• O se ke wa leka go rerisana le bone ka thekololo ya gago.

• Fa o iphitlhela o le fa gare ga ba ba go tsereng ka dikgoka le ba ba lekang go go falotsa, itatlhele fa fatshe mme o nne moo o sa tshikinyege gore o bone gore go diragalang.

[Lebokoso mo go tsebe 22]

Inshorense ya go Tsewa ga Motho ka Dikgoka—Kgang e e Tsositseng Dipuopuo

Kgwebo e kgolo thata e e amanang le go oketsega ga go tsewa ga batho ka dikgoka ke inshorense. Lloyd’s of London e ne ya oketsa dituelo tsa yone ka diperesente di le 50 ngwaga le ngwaga mo inshorenseng ya go tsewa ga batho ka dikgoka ka dingwaga tsa bo1990. Dikhampani tse dintsi di rekisa inshorense eno. Inshorense eno e duelela thuso ya motho yo o buisanang le batsaya ka dikgoka, e duela thekololo mme ka dinako tse dingwe maiteko a maemo a a kwa godimo a go busa madi a thekololo. Le fa go ntse jalo, kgang ya inshorense eno e tsositse dipuopuo thata.

Batho ba ba ganetsang inshorense eno ba bolela gore e dira gore bokebekwa e nne selo sa kgwebo le gore ga go a siama go dira kgwebo ka go tsewa ga motho ka dikgoka. Gape ba bolela gore motho yo o duelang inshorense eno a ka nna a se ka a nna kelotlhoko le gore inshorense e tla dira gore batho ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka ba kgone go gapa madi motlhofo, ka go dira jalo ba kgothaletsa tiro eno ya bokebekwa. Bangwe e bile ba boifa le gore go nna teng ga inshorense go tla dira gore batho ba ithulaganyetse go tsewa ka dikgoka gore fela ba bone madi a inshorense. Inshorense ya go tsewa ga motho ka dikgoka e thibetswe kwa Colombia, Italy le Jeremane.

Baemanokeng ba inshorense ya go tsewa ga motho ka dikgoka ba bontsha gore fela jaaka diinshorense tse dingwe tsotlhe, e dira gore ba le bantsi ba duelele go latlhegelwa ga ba se kae fela. Ba bolela gore inshorense e dira gore motho a nne a babalesegile ka selekanyo se se rileng, e re ka e dira gore malapa le dikhampani tse di sireleditsweng ke inshorense eno di kgone go duelela ditshenyegelo tsa thuso ya batho ba ba tshwanelegang, ba ba ka fokotsang boikutlo jwa go sa iketla, ba rerisana ka madi a a kwa tlase a thekololo le go dira gore go nne motlhofo go tshwara batho ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka.

[Lebokoso mo go tsebe 23]

Matshwao a Stockholm

Ka 1974 go tsewa ka dikgoka ga ga Patty Hearst, morwadia rradimilione wa lokwalodikgang e bong Randolph A. Hearst go ne ga gakgamatsa thata fa a ne a tsaya letlhakore la batho ba ba mo tsereng ka dikgoka mme a nna le seabe mo go kgothotseng ba tlhometse le setlhopha seo. Mo kgannyeng e nngwe gape motshameki mongwe wa kgwele ya dinao wa kwa Spain yo o neng a tserwe ka dikgoka o ne a itshwarela batho ba ba neng ba mo tsere ka dikgoka a bo a ba eleletsa masego.

Mo masimologong a dingwaga tsa bo1970, seno se ne sa bidiwa Matshwao a Stockholm, morago ga gore batho bangwe ba tsewe ka dikgoka ka 1973 kwa bankeng nngwe kwa Stockholm, kwa Sweden. Mo tiragalong eo bangwe ba batshwarwa ba ne ba dira botsala le batho ba ba neng ba ba tshwere. Kamano e e ntseng jalo e ne ya sireletsa batho ba ba neng ba tserwe ka dikgoka, jaaka buka ya Criminal Be­hav­ior e tlhalosa: “Fa batho ba ba tshwerweng le ba ba ba tshwereng ba itsane botoka, ba simolola go ratana. Tiragalo eno e supa gore morago ga nako e e rileng motho yono yo o gaketseng go ka direga gore a se ke a gobatsa motshwarwa wa gagwe.”

Mongwe wa kwa Engelane yo o neng a tshwerwe kwa ­Chechnya yo o neng a betelelwa o ne a bolela seno: “Ke dumela gore fa motlhokomedi a simolola go amogela gore re batho o ne a lemoga gore go ne go sa siama go mpetelela. O ne tlogela go re betelela mme a kopa maitshwarelo.”

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Mo malokong a lelapa go tsaya motho ka dikgoka ke nngwe ya dilo tse di hutsafatsang thata, tse di feretlhang maikutlo go gaisa tsotlhe

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Batho ba ba tserweng ka dikgoka ba tlhoka go gomodiwa

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Bontsi jwa batshwarwa ba lotlelelwa fela go sa kgathalelwe dilo tse ba di tlhokang mo mmeleng kana mo boitekanelong