Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tsaya Batho ka Dikgoka—Kgwebo ya Lefatshe Lotlhe

Go Tsaya Batho ka Dikgoka—Kgwebo ya Lefatshe Lotlhe

 Go Tsaya Batho ka Dikgoka—Kgwebo ya Lefatshe Lotlhe

MO DINGWAGENG tse di lesome tse di fetileng, go nnile le koketsego e e gakgamatsang mo lefatsheng lotlhe ya go tsewa ga batho ka dikgoka. Pego nngwe e bolela gore gareng ga 1968 le 1982, go ne ga nna le batshwarwa ba ka nna sekete go tswa kwa dinageng di le 73 ba ba neng ba tlhoka go rekololwa. Mme mo bofelong jwa bo1990, go lekanyediwa gore batho ba le 20 000 go ya go 30 000 ba ne ba tsewa ka dikgoka ngwaga le ngwaga.

Go tsaya batho ka dikgoka ke tlolomolao e go bonalang dikebekwa di le dintsi di e rata thata go tswa kwa Russia go ya kwa Philippines, mme batho bano ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka ba iketleeditse go phamola sengwe le sengwe fela se se tshelang. Mo tiragalong nngwe go ne ga tsewa lesea lengwe le le neng le ise le bo le nne le letsatsi le tshela. Kwa Guatemala mosadi mongwe wa dingwaga di le 84 yo o dirisang setulo sa maotwana o ne a gapiwa le go dirwa motshwarwa jalo ka dikgwedi di le pedi. Kwa Rio de Janeiro, dikebekwa tsa mo seterateng di tsubula batho gone mo seterateng, ka dinako dingwe di batla thekololonyana ya bokana ka diranta di le 600 fela.

Le e leng diphologolo ga go bonale di bolokesegile. Dingwaga tse di fetileng dikebekwa dingwe tse di setlhogo tsa kwa Thailand di ne tsa tsaya ka dikgoka tlou nngwe ya ditone di le thataro e e dirisediwang go bereka mme ba batla thekololo ya diranta di le 9 000. Go bolelwa fa digongwana tsa dikebekwa tsa kwa Mexico di kgothaletsa maloko a tsone a masha gore ba itlwaetse ka diphologolonyana tsa mo gae gore ba nne le maitemogelo a a lekaneng pele ga ba ka leka go tsaya batho ka dikgoka.

Mo nakong e e fetileng, batho ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka ba ne ba tlhasela bahumi thata, mme dinako di fetogile. Pego nngwe ya Reuters e bolela jaana: “Go tsaya batho ka dikgoka e setse e le selo sa letsatsi le letsatsi kwa Guatemala, kwa batho ba teng ba gakologelwang malatsi a a monate a a fetileng a mo go one dirukhutlhi di neng di tlhasela borakgwebo ba le mmalwa fela ba ba humileng. Gone jaanong bahumi le bahumanegi, basha le bagolo go itshwanela fela mo ditlhopheng tsa batho ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka.”

Dikgetsi tse dikgolwanyane gantsi ke tsone tse go buiwang thata ka tsone mo dikgannyeng, mme bontsi jwa dikgetsi tsa go tsaya batho ka dikgoka di siamisiwa kwantle ga gore di tlhagelele mo dikgannyeng. Tota e bile, ka ntlha ya mabaka a le mmalwa, dinaga “ga di rate go phasalatsa fa go na le bothata jwa go tsewa ga batho ka dikgoka.” Setlhogo se se latelang se tla sekaseka a le mmalwa a mabaka a seo.

[Mmapa mo go tsebe 19]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

MEXICO

Ka ntlha ya batho ba le 2 000 ba ba tsewang ka dikgoka ka ngwaga, go tsaya batho ka dikgoka go tsewa e le “kgwebo e e potlana fela.”

GREAT BRITAIN

Inshorense ya go tsewa ga batho ka dikgoka ya khampani ya Lloyd’s of London e oketsegile ka diperesente di le 50 ka ngwaga fa e sa le ka 1990.

RUSSIA

Kwa kgaolong ya Caucasus kwa borwa jwa Russia fela, palo ya batho ba ba tserweng ka dikgoka e tlhatlogile go tswa go 272 ka 1996 go ya go 1 500 ka 1998.

PHILIPPINES

Go ya ka “Asiaweek,” “go bonala Philippines e le lefelo le go tsewang batho thata ka dikgoka mo go lone kwa Asia.” Go na le ditlhopha tse di fetang 40 tsa digongwana tse di tsayang batho ka dikgoka koo.

BRAZIL

Mo ngwageng o le mongwe go begilwe fa batho ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka koo ba gogotse diranta di le dikete di le dimilione di le 7,3 e le madi a thekololo.

COLOMBIA

Mo dingwageng tsa bosheng jaana diketekete tsa batho di tsewa ka dikgoka ngwaga le ngwaga. Ka May 1999, dirukhutlhi di ne tsa tsaya batho ba ba tlileng kerekeng ka dikgoka ka nako ya Mmisa.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.