Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tsaya Batho ka Dikgoka—Dilo Tsa Konokono Tse di go Bakang

Go Tsaya Batho ka Dikgoka—Dilo Tsa Konokono Tse di go Bakang

 Go Tsaya Batho ka Dikgoka—Dilo Tsa Konokono Tse di go Bakang

GO TSAYA batho ka dikgoka go fetogile sebetso sa segompieno. Mme go ntse jalo le ka go bolaya, go betelela, go utswa, go sotla bana ka tlhakanelodikobo le e leng kgailo ya morafe. Ke ka ntlha yang fa botshelo bo le kotsi jaana mo e leng gore batho gantsi ba tshaba go tswa mo magaeng a bone bosigo?

Dilo tsa konokono tse di bakang leroborobo leno la bokebekwa, go akaretsa le go tsaya batho ka dikgoka, di golagana thata le makoa a magolo thata a batho ba nang le one. A o lemogile gore Baebele e ne ya bolelela pele dinako tseno tse di kotsi mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng? Tsweetswee ela tlhoko se se boleletsweng pele mo go 2 Timotheo 3:2-5.

“Batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng ka nitamo, ba ba se nang katamalano e e bothitho ya tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, basenyabathomaina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale bo tshabegang, ba ba se nang lorato lwa bomolemo, ba ba neelang batho ka boferefere, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le barati ba Modimo, ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone.”

Gongwe o a dumela gore mafoko ano a a boletsweng bogologolo tala a tlhalosa sentle boemo jwa gompieno. Mo nakong e re tshelang mo go yone makoa a mantsi a batho a gaketse fela thata. Tlhokomela gore tlhaloso e e fa godimo eno ya boitshwaro jo bo hutsafatsang jwa batho e simololwa ka mafoko ano mo Baebeleng: “Mo malatsing a bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) A re sekasekeng fela makoa a mararo a magolo a batho a a bakileng leroborobo leno la go tsewa ga batho ka dikgoka.

Mathata ka go Diragadiwa ga Molao

“Ereka katlholo ka ga tiro e e bosula e sa dirafadiwe ka bonako, ke gone ka moo pelo ya bana ba batho e tlhomameng mo go bone ka mokgwa o o tletseng, go tla ba dira bosula.”Moreri 8:11.

Mapodise a mantsi ga a na didirisiwa tsa go lebana le leroborobo leno la bokebekwa. Ka jalo kwa dinageng tse dintsi, go tsaya motho ka dikgoka ke tlolomolao e e duelang. Ka 1996, go ne ga sekisiwa fela diperesente di le 2 tsa batho ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka kwa Colombia. Kwa Mexico, go ne ga duelwa bobotlana diranta di le dimilione di le dikete di le 1,2 tsa madi a thekololo ka 1997. Batho bangwe ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka kwa Philippines ba bile ba amogela le ditšheke tsa madi a thekololo.

Mo godimo ga moo, bonweenwee jwa badiredipuso ka dinako dingwe bo kgoreletsa maiteko a go lwantsha bokebekwa. Baeteledipele ba ba ikanngwang thata ba ditlhopha tse di lwantshang go tsewa ga batho ka dikgoka kwa Mexico, Colombia le kwa dinageng  tse e kileng ya bo e le tsa Soviet bone ka bobone ba kile ba latofadiwa ka gore ba tsaya batho ka dikgoka. Mo makasineng wa Asiaweek poresidente wa Senate ya kwa Philippines e bong Blas Ople, o bolela gore dipalopalo tsa semolao di bontsha gore diperesente di le 52 tsa go tsewa ga batho ka dikgoka kwa Philippines di akaretsa batho ba ba mo sepodiseng kana mo sesoleng kana ba ba tlogetseng tiro eno. Mongwe yo o tsayang batho ka dikgoka yo o tumileng thata kwa Mexico go bolelwa fa a ne a sireleditswe ke “lomota lwa tshireletso ya semolao lo lo neng lo nitamisitswe ke go naya mmasepala, mapodise a puso le a mekgatlho e mennye ya puso le basekisi pipamolomo.”

Khumanego le Tshiamololo mo Setšhabeng

“Ka menoga mme ka bona dipatiko tsotlhe tse di dirwang tlase ga letsatsi; mme bonang, dikeledi tsa ba ba patikwang, mme ba bo ba se na mogomotsi; mo ntlheng ya bapatiki ba bone go ne go na le nonofo, mme bone ba bo ba se na mogomotsi.”Moreri 4:1.

Batho ba bantsi gompieno ba mo maemong a ikonomi le a setšhaba a a seng monate, mme gantsi ke bone ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka. Ka jalo mo lefatsheng le mo go lone bahumi ba ntseng ba humela pele le bahumanegi ba ntseng ba humanegela pele mme go ka direga sewelo fela gore motho a bone madi ka tsela e e tshwanetseng, batho ba tla nna ba ntse ba raelesega go tsaya batho ka dikgoka. Fa fela go ntse go na le kgatelelo, go tsaya batho ka dikgoka e tla nna one mokgwa wa go ipusolosetsa le wa go dira gore batho ba bone se go tsewang e le boemo jo bo ka se letlelelweng.

Bopelotshetlha le go Tlhoka Lorato

“Lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko.” (1 Timotheo 6:10) “Mme ka ntlha ya go oketsega ga bosenangmolao lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala.”Mathaio 24:12.

Mo hisitoring yotlhe go rata madi go tlhotlheleditse batho go dira dilo tse di boifisang. Mme gongwe ga go na bokebekwa jo bo dirisang poifo, khutsafalo le go tlalelwa jaaka go tsaya motho ka dikgoka go dira. Mo go ba le bantsi ke bopelotshetlha—go rata madi—jo bo ba tlhotlheletsang go nna setlhogo le go teketa motho yo ba sa mo itseng le go dira gore lelapa la gagwe le nne le tshwenyegile ka dibeke, dikgwedi mme ka dinako tse dingwe le dingwaga.

Ka phepafalo, go na le sengwe se se phoso ka batho bano ba ba ratang madi le ba ba gatakelang mekgwa e mentle ya batho ka boomo. Kwantle ga pelaelo, seno se baka mefuta yotlhe ya ditiro tsa bokebekwa, go akaretsa le go tsaya batho ka dikgoka.

A seno se raya gore re mo go se Baebele e se bitsang “metlha ya bofelo”? Fa go ntse jalo, seno se tla raya eng ka lefatshe le ka rona? A go na le tharabololo mo mathateng a a boitshegang a batho ba lebaneng le one, go akaretsa le go tsewa ga batho ka dikgoka?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]

Ga se Selo se Sesha

Go tloga bogologolo mo lekgolong la bo15 la dingwaga B.C.E., Molao wa ga Moshe o ne o ntshitse taelo ya gore batho ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka ba atlholelwe loso. (Duteronome 24:⁠7) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga B.C.E., Julius Caesar o ne a tsewa ka dikgoka gore a rekololwe, le Richard I, Mogale, kgosi ya kwa Engelane mo lekgolong la bo12 la dingwaga C.E. Madi a mantsi thata a thekololo a a kileng a duelwa e ne e le ditone di le 24 tsa gauta le selefera tse Ba-Inca ba neng ba di naya mofenyi wa kwa Spain e bong Francisco ­Pizarro gore ba golole kgosi ya bone e e neng e tshwerwe e bong Atahuallpa ka 1533. Le fa go ntse jalo, batho bano ba ba neng ba mo gapile ba ne ba mo kgama go fitlha a swa.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Le fa mapodise a dirisa eng, go tsaya batho ka dikgoka go atile