Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tsaya Batho ka Dikgoka—A go Na le Tharabololo?

Go Tsaya Batho ka Dikgoka—A go Na le Tharabololo?

 Go Tsaya Batho ka Dikgoka—A go Na le Tharabololo?

TONAKGOLO ya Chechnya e ne ya bolela jaana fa e ne e solofetsa go nyeletsa sebetso seno mo nageng ya gagwe ya Russia e e aparetsweng ke bothata jwa go tsewa ga batho ka dikgoka: “Go tsaya batho ka dikgoka ka tsela eno go fitlhile mo setšhaba sotlhe se sa tlholeng se kgona go go itshokela mme batho botlhe ba tshwanetse go lwantsha boikepo jono.”

Go fedisa go tsewa ga batho ka dikgoka? E ka nna selo se sentle tota, mme potso ke gore, Jang?

Maiteko a a Dirwang

Puso ya kwa Colombia e tlhomile badiredi ba mo sephiring ba le 2 000, basekisi ba kwa kgotlatshekelo ba le 24 le e leng mookamedi yo o kgethegileng wa setlhopha se se kgethegileng se se lwantshang go tsewa ga batho ka dikgoka. Kwa Rio de Janeiro, Brazil, mogwanto wa phatlalatsa wa batho ba ba neng ba ngongoregela dikgetsi di le mmalwa tsa mo motseng oo tsa go tsewa ga batho ka dikgoka o ne wa tsenelwa ke batho ba le 100 000 ba ba neng ba  gwanta. Kwa Brazil le Colombia, ditlhopha tsa masole di ne tsa ipusolosetsa ka go tsaya ka dikgoka ba masika a batho ba ba tsayang batho ka dikgoka. Bangwe kwa Philippines ba ne ba dirisa go itseela molao mo matsogong—ba ne ba ipolaela batho ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka!

Puso ya kwa Guatemala e ne ya simolola go atlholela batho ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka loso mme poresidente wa teng o ne a rulaganya masole go thibela leroborobo la go tsewa ga batho ka dikgoka. Kwa Italy puso e ne ya simolola go gagamatsa molao go thibela batho ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka, ka go dira gore go duela madi a thekololo e nne tlolomolao le go gapa madi le dithoto go thibela ba losika go duela. Badiredibagolo ba kwa Italy ba ipelafatsa ka gore dikgato tseno di fokoditse go tsewa ga batho ka dikgoka. Le fa go ntse jalo, batshwayadiphoso ba re ka ntlha ya seno, malapa a leka go rarabolola dikgetsi tseno mo sephiring le gore seno se fokotsa palo e e begiwang ya go tsewa ga batho ka dikgoka. Bomankge ba ditheo tsa pabalesego tse e seng tsa puso ba lekanyetsa gore palo ya batho ba ba tserweng ka dikgoka kwa Italy tota e imenne sebedi fa e sa le ka bo1980.

Dikakantsho Tse Dintsi—Ditharabololo di le Mmalwa

Mo malapeng a mantsi a batho ba ba tserweng ka dikgoka, go na le tharabololo e le nngwe fela e e bonalang e le yone e ka thusang—go golola baratwa ba bone ka bonako jo bo kgonegang. Mme bomankge ba tlhagisa ka gore fa madi a thekololo a le kwa godimo mme e duelwa ka bonako thata, batho ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka ba ka tsaya gore lelapa leo le ka tlhaselwa motlhofo mme ba boa gape lekgetlho la bobedi. Kana ba ka kopa thekololo ya bobedi pele ga ba golola motho yo ba mo tshwereng.

Malapa a mangwe a duetse madi a mantsi a thekololo mme ba fitlhela motho yo o tshwerweng a setse a sule. Ka jalo bomankge ba bolela gore motho ga a tshwanela go duela madi a thekololo kana go tshwara ditherisanyo pele a bona bosupi jwa gore motshwarwa o sa ntse a tshela. Bosupi jo bo ntseng jalo e ka nna ka mokgwa wa go dira gore go arabiwe potso e e tla nnang motshwarwa fela yo o ka kgonang go e araba. Malapa a mangwe a kopa senepe sa motshwarwa a tshwere lokwalodikgang lwa bosheng.

Go tweng ka dikgato tsa phalotso? Gantsi di tsewa di le kotsi thata. Mankge mongwe mo dikgannyeng tsa go tsewa ga batho ka dikgoka e bong Brian Jenkins o bolela jaana: “Diperesente di le 79 tsa batshwarwa botlhe ba ne ba bolawa fa go ne go lekwa go ba falotsa kwa Latin America.” Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe batho ba ba lekang go falotsa ba a atlega.

Ga go gakgamatse go bo ditharabololo tse dintsi di tlhomile mogopolo mo go thibeleng go tsewa ga batho ka dikgoka. Ga se dipuso fela tse di tshwaregileng ka maiteko a go thibela go tsewa ga batho ka dikgoka. Makwalodikgang a ruta batho kafa ba ka tilang go tsewa ka dikgoka ka teng, kafa ba ka itatlhelang fa fatshe ka teng go tswa mo koloing e e tsamayang le kafa ba ka tsietsang batho ba ba ba tsereng ka dikgoka ka teng ka tlhaloganyo. Mafelo a go ithutela mathaithai a go lwa a ruta batho go itshireletsa kgatlhanong le go tsewa ka dikgoka. Dikhampani di rekisa didirisiwa tse dinnyennye tse di jang diranta di le 91 000 tsa motlakase tse di ka tsenngwang mo menong a bana go thusa mapodise go bona kwa ngwana a leng teng fa e le gore o tserwe ka dikgoka. Mo go ba ba ka kgonang go di duelela, badiri ba dikoloi ba dira dikoloi “tse o ka se kgoneng go tsaya motho ka dikgoka mo go yone” ba di tsenya dilo tse di ntshang gase e e ledisang, marobana a tlhobolo, difensetere tsa dithibelamarumo, dithaere tse di sa gagogeng le dilwana tse di ntshang oli gore koloi e e lelekisang e relele.

Bangwe ba ba humileng ba bona fa go nna le batlhokomedi e le yone tharabololo. Le fa go ntse jalo, malebana le boemo jono kwa Mexico, mankge wa polokesego e bong Francisco Gomez Lerma o bolela jaana: ‘Batlhokomedi ga ba thuse ka gonne ba gapa tlhokomelo ya batho e bile ba ka tswa ba dirisana le batho ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka.’

Bothata jwa go tsaya batho ka dikgoka bo raraane thata e bile bo bogolo thata mo e leng gore ga go na sepe se motho a ka se dirang se se bonalang se lekane go bo fedisa. Ka jalo, a ga go na tharabololo ya boammaaruri?

Go na Le Tharabololo

Ke ka makgetlho a mantsi makasine ono o ntse o supa tharabololo e le yosi fela ya mathata otlhe a a ntseng jalo a batho ba lebaneng le one. Tharabololo eo ke e Morwa Modimo e bong Jesu Keresete a neng a supa ka ga yone fa a ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:10.

Go phepafetse gore re tlhoka puso ya lefatshe e e siameng go laola dikgang tsa batho ba ba farologaneng thata ba lefatshe—ee, Bogosi jwa Modimo  jo Jesu a buileng ka jone. E re ka batho ba sa kgone go tlhoma puso e e ntseng jalo, go botlhale go leba kwa Mmoping wa rona Jehofa Modimo. Lefoko la gagwe Baebele le bolela gore o ikaeletse go dira sone seo.—Pesalema 83:18.

Moporofeti Daniele o ne a kwala maikaelelo a ga Jehofa, a kwala jaana: “E tlaa re mo metlheng ya dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlaa tlhoma bogosi jo bo se ketlang bo senngwa gope, . . . mme bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe, mme bo tlaa ema ka bosakhutleng.” (Daniele 2:44) Baebele e tlhalosa kafa puso eno ya Modimo e tla tsayang dikgato tse di tshwanetseng ka teng go senya ditiro tsotlhe tsa bokebekwa, go akaretsa le go tsewa ga batho ka dikgoka.

Go Tlhokega Thuto e e Tshwanetseng

Ga go pelaelo gore o tla dumalana gore go tsenya mekgwa e mentle mo bathong go botlhokwa go rarabolola bothata jwa go tsaya batho ka dikgoka. Ka sekai, akanya fela gore go ne go tla nna jang mo bathong fa botlhe ba ne ba utlwa kgakololo e e latelang ya Baebele: “A mokgwa wa lona wa botshelo o se nne wa go rata madi, lo ntse lo kgotsofetse ka dilo tsa jaanong.” (Bahebera 13:5) “Lona lo se ka lwa bo lo kolota ope lefa e le sepe, fa e se go ratana.”Baroma 13:8.

O ka ikutlwela gore botshelo bo ka nna jang ka go sekaseka thulaganyo ya thuto e e tshwarwang ke Basupi ba ga Jehofa mo dinageng tse di fetang 230 mo lefatsheng lotlhe. Thulaganyo eno e ne ya nna le ditlamorago tse di molemo mo bathong ba bantsi ba pele ba neng ba le pelotshetlha kana e le dikebekwa tse di kotsi. Motho mongwe yo pele a neng a tsaya batho ka dikgoka o boletse jaana: “Fa nako e ntse e ya, ke ne ka lemoga gore go itumedisa Modimo ke ne ke tlhoka go apola botho jwa bogologolo le go apara jo bosha—jone jwa go nna pelonomi le jo bo tshwanang le jwa ga Keresete Jesu.”

Le fa go ntse jalo, le e leng thulaganyo e e molemo ya go ruta ga e kitla e fetola dikebekwa tsotlhe, gongwe le e leng bontsi jwa bone. Go tla diregang ka ba ba ganang go fetoga?

Go Tlosiwa ga Basiamolodi

Basiamolodi ba ka boomo ga ba kitla ba letlelelwa go nna babusiwa ba Bogosi jwa Modimo. Baebele ya re: “A ga lo itse gore batho ba ba sa siamang ga ba na go rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa timediwa. Go le bagokafadi, . . . lefa e le batho ba ba bogagaru, . . . lefa e le batsayakadikgoka ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” (1 Bakorintha 6:9, 10) “Bathokgami ba tlaa aga mo lefatsheng . . . Baikepi ba tlaa kgaolwa ba tlosiwa mo lefatsheng.”Diane 2:21, 22.

Go ya ka Molao wa Modimo mo metlheng ya bogologolo, motho yo o tsayang ba bangwe ka dikgoka a sa ikwatlhaye o ne a tshwanetse go bolawa. (Duteronome 24:7) Batho ba ba pelotshetlha, ba ba jaaka ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka ga ba kitla ba bona sebaka mo Bogosing jwa Modimo. Dikebekwa tsa gompieno di ka nna tsa tila tshiamiso ya batho, mme ga di kitla di kgona go tila tshiamiso ya Modimo. Basiamolodi botlhe ba tla tshwanelwa ke go fetola ditsela tsa bone fa e le gore ba batla go tshela mo tlase ga puso ya Bogosi jo bo siameng jwa ga Jehofa.

Go phepafetse gore fa e le gore maemo a a bakang ditiro tsa bokebekwa a tswelela a ntse a le teng, bokebekwa le jone bo tla tswelela bo ntse bo le teng. Le fa go ntse jalo, Bogosi jwa Modimo ga bo kitla bo letlelela seo, ka go bo Baebele e solofetsa jaana: “Bogosi joo . . . bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe,” go akaretsa batho botlhe ba ba dirang tlolomolao. Boporofeti jono jwa Baebele bo tswelela ka go bolela gore Bogosi jwa Modimo bo tla ema ka bosakhutleng. (Daniele 2:44, NW) Akanya fela ka diphetogo tse di tla nnang teng!

Lefatshe le Lesha la Tshiamo

Akanya ka boporofeti jo bongwe jwa Baebele. Ke jo bo tlhalosang isagwe ka tsela e e kgatlhang ka mafoko ano: “Ba tlaa aga matlo, ba nna mo go one; ba tlaa tlhoma masimo a mafine, ba ja maungo a one. Ga ba ketla ba aga, mme go nne o sele; ga ba ketla ba tlhoma, mme go je o sele; gonne jaaka malatsi a setlhare a ntse, malatsi a batho ba me a tlaa nna jalo, mme baitshenkedwi ba me ba tlaa ja tiro ya diatla tsa bone ka monate, ka lobaka lo loleele.”Isaia 65:21, 22.

Bogosi jwa Modimo bo tla fetola polanete yotlhe. Botlhe ba ba tshelang ba tla kgona go itumelela botshelo ka botlalo, ba godise dikgono tsa bone tsa tlholego ka go dira tiro e e kgotsofatsang ba nne le boitlosobodutu jo bo siameng. Boemo mo lefatsheng lotlhe e tla nna jo mo go jone go se kitlang go nna le mongwe yo o akanyang ka go tsaya moagelani wa gagwe ka dikgoka. Batho ba tla ikutlwa ba bolokesegile thata. (Mika 4:4) Ka jalo, Bogosi jwa Modimo bo tla tlosa go tsewa ga batho ka dikgoka mo go tshosetsang batho mo lefatsheng lotlhe gompieno bo dire gore go se ka ga tlhola go akanngwa ka gone gotlhelele mo hisitoring.—Isaia 65:17.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

“Ope ga a ketla a ba boifisa.”—Mika 4:4