Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke Tshwanetse go Nna le Karata ya Sekoloto?

A ke Tshwanetse go Nna le Karata ya Sekoloto?

 Basha ba Botsa Jaana . . .

A ke Tshwanetse go Nna le Karata ya Sekoloto?

“Ke ile ka amogela tshono ya me ya ntlha ya go nna le karata ya sekoloto ka poso fa ke ne ke na le dingwaga di le 16. . . . Fa ke tshwara dingwaga di le 18, sekoloto sa me se ne se ka tshwara $60 000 [R364 000].”—Kristin.

KWA tshimologong, Kristin o ne a rulagantse go dirisa karata ya gagwe ya sekoloto mo maemong a tshoganyetso fela—mme gongwe le mo sengweng se a batlang go se reka ka sewelo fela mme a se na madi a go se reka. Mme dilo tsa tswa mo taolong. Kristin o bolela jaana: “Ke ne ka simolola go reka ke sa kgaotse mme ke gaketse ke otara dilo tse di mo dikhatalokong. Ke ne ke reka le dilo tse ke neng ke sa di batle.” Jaanong Kristin o leba dikarata tsa sekoloto ka tsela e e farologaneng. O bolela jaana: “Ke ne ke sa itse gore karatanyana eo ya polasetiki e ne e ka ntlhakatlhakanyetsa botshelo jaana.”—Makasine wa Teen.

Seno ga se a diragalela Kristin fela. Palo e e ntseng e oketsega ya basha e tsena mo mathateng a madi ka gonne e dirisa fela polasetikinyana eo, karata ya sekoloto. Mo mabakeng a mangwe, dikhampani di batla basha thata. Ba ka tswa ba itse gore mo bathong ba bantsi ba ba ratang go reka thata, dikarata tsa sekoloto di ka nna “seokobatsi sa madi,” jaaka mogakolodi mongwe wa tsa madi e bong Jane Bryant Quinn a di bitsa. O bolela jaana: “Fa di dirisiwa thata, go nna boima go tlogela.”

Ke boammaaruri gore go nna le karata ya sekoloto go ka nna le mosola—ka sekai, fa go tlhaga maemo a tshoganyetso kana fa go se botlhale go tsamaya o tshwere madi. Ke lone lebaka le lengwe le le dirileng gore dikarata tsa sekoloto di bo di dirisiwa thata jaana kwa United States mme le mo dinageng tse dingwe. Le fa go ntse jalo, fa karata ya sekoloto e sa dirisiwe sentle, e ka wetsa yo o e dirisang mo sekolotong se se seng kana ka sepe. Ka gone, pego nngwe e e gatisitsweng ke pampiri ya dikgang ya Globe and Mail ya Toronto e ne ya bontsha koketsego e e menaganeng gararo “ya palo ya basha ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya go 23 ba ba neng ba itsentse mo dikolotong tse dikgolo mme ba ile go kopa thuso mo Lephateng la go Gakolola ka Dikoloto la Toronto.” Pego eno e ne e bontsha gore batho ba bantsi ba ne ba kolota madi a a ka tshwarang $25 000 (R99 000), mme madi a a tshwanetseng go duelwa a dikarata tsa sekoloto e ne e le one thata a a bakileng sekoloto seno.

A o tshwanetse go nna le karata ya sekoloto? Ke selo se batsadi ba gago ba tshwanetseng go go direla tshwetso mo go sone. Fa ba akanya gore o tshwanetse go leta, nna pelotelele. Fa o itshupa gore o kgona go dirisa madi ka ditsela tse di botlhale, gongwe go ise go ye kae batsadi ba gago ba tla go neela maikarabelo a a oketsegileng a go dirisa madi. (Bapisa Luke 16:10.) Le fa go ntse jalo, o tshwanetse go itse gore go dirisa karata ya sekoloto—fela jaaka go kgweetsa koloi—go na le maduo mmogo le dikotsi tsa gone.

Go Bala Ditshenyegelo

Go reka ka karata ya sekoloto go tshwana le go adima madi. Fela jaaka fa o adimile, o tshwanetse  go duela se o se adimilweng. (Diane 22:7) Mme o duela jang dilwana tse o di rekileng ka karata ya sekoloto?

Gantsi, o romelelwa seteitemente fa kgwedi nngwe le nngwe e ela go fela, se se bontshang dilo tse di rekilweng ka karata mmogo le palogotlhe ya madi a o a kolotang. Gape seteitemente se bontsha madi a o tshwanetseng go a duela ka nako eo. Gantsi, madi ano a mannye thata. Ka ntlha ya seo, o ka nna wa re, ‘Ga se bothata. Fa nka duela bonnye jwa madi ano fela a a tlhokegang kgwedi le kgwedi, fa nako e ntse e ya sekoloto sa me se tla bo se duetswe.’ Le fa go ntse jalo, bothata ke gore morago ga nako e o rekileng ka yone, o tla tshwanelwa ke go duedisiwa madi mangwe—morokotso—mo godimo ga madi a o sa ntseng o a kolota. Mme selekanyo sa morokotso sa karata ya sekoloto se ka nna kwa godimo thata. *

Akanya ka Joseph, yo madi a a neng a a kolota mo seteitementeng sa kgwedi e le nngwe fela a neng a ka nna R6 000. Ke boammaaruri gore Joseph o ne a tshwanetse go duela fela bonnye jwa madi a a tlhokegang, e leng R121. Mme fa Joseph a tlhatlhoba seteitemente sa gagwe, o ne a lemoga gore mo mading a a a kolotang mo kgweding eo go ne go akareditswe le madi a morokotso a a kana ka R103! Seno se ne se kaya gore tota le fa Joseph a ne a ka duela bonnye jo bo kana ka R121, go ne go tla nna jaaka e kete o duetse R18 fela mo sekolotong sa gagwe sa R6 000!

Go go tsaya nako e kana kang gore o duele madi a karata ya sekoloto fa o duela fela bonnye jwa madi a a tlhokegang? Fa bukana nngwe e e gatisitsweng ke Federal Trade Commission le American Express e ne e nopola sekai sengwe fela, e bolela jaana: “Fa o kolota madi a a kana ka $2 000 [R12 000], ka morokotso wa 18,5% mme kgwedi le kgwedi o duela bonnye jwa madi a a tlhokegang, go tla go tsaya dingwaga tse di fetang 11 gore o fetse sekoloto mme go tla go tlhoka madi a mangwe a a kana ka $1 934 [R11 720] e le morokotso fela, e leng tlhwatlhwa ya selo se o se rekileng e batla e menagane gabedi.”

Jaaka o ka bona, fa o se kelotlhoko, o ka itigela mo dikolotong tse dikgolo fa o dirisa karata ya sekoloto. Kristin o bolela jaana: “Tota ke ne ke duelela sengwe le sengwe go menagane gabedi. Fa ke ne ke simolola go palelwa ke go duela, baduedisi ba ne ba ntuedisa madi a gore ke ne ke diega go duela. Ke ne ke sa itse gore ke dire eng.”

Go Dirisa Karata ya Sekoloto ka Botlhale

Kristin o ithutile ka tsela e e botlhoko gore mokgwa wa go reka wa go “tsaya dilo gone jaanong, o duele morago” o ka nna kotsi. Dikoloto di ka oketsega, mme pele o ka lemoga, bonnye jwa madi a o a duelang kgwedi le kgwedi a ka tswa a duelela fela morokotso. Badirisi ba dikarata ba ba botlhale  ba tila jang go wela mo lemeneng le le ntseng jalo la madi?

● Ba kwala dilo tse ba di rekileng le go tlhatlhoba ka kelotlhoko diteitemente tsa bone tsa kgwedi le kgwedi go tlhomamisa gore ba duedisitswe fela dilwana tse ba di rekileng.

● Ba duela dikoloto tsa bone ka bonako, e re ka ba lemoga gore moragonyana ba ka nna ba solegelwa molemo fa ba itiretse leina le lentle la go duela sekoloto ka tshwanelo—gongwe fa ba batla tiro kana inshorense kana go duelela koloi kana ntlo.

● Fa go kgonega, ba duela madi otlhe a ba a kolotang e le gore ba se ka ba duedisiwa selekanyo se se kwa godimo sa morokotso sa madi a a setseng.

● Ga ba ke ba bolelela ope nomoro ya karata ya bone ya sekoloto le letlha le e felang ka yone mo founong kwantle ga fa ba itse motho yoo kana khampani e ba dirisanang le yone.

● Ga ba ke ba adima ope karata ya bone ya sekoloto, tota le fa e le tsala. Gakologelwa gore go senyega leina la mong wa karata fa karata e sa dirisiwe sentle.

● Ga ba dirise karata ya bone ya sekoloto e le tsela ya go bona madi ka bonako, jaaka e kete ke karata ya banka. Gakologelwa, madi a a gogilweng a na le selekanyo se se kwa godimo thata sa morokotso go feta a dilo tse o di rekileng.

● Ga ba tlatse kana go romela foromo nngwe le nngwe ya kopo ya karata ya sekoloto e ba e amogelang. Basha ba le bantsi ba lekanwe ke karata e le nngwe fela.

● Ba dirisa karata ya bone ya sekoloto ka botlhale, ba lemoga sentle gore fa ba reka ka yone, ba sa ntse ba dirisa madi a mmatota, le fa tota ba sa dirise madi a pampiri kana a tshipi.

Go Ipelela Melemo

Fa e le gore o na le karata ya sekoloto gone jaanong kana o akanyetsa go nna le yone mo isagweng, itlwaetse thata melemo ya yone le dikotsi tsa yone. Ipotse dipotso tse di latelang: Ke eng fa ke akanya gore ke tlhoka karata ya sekoloto? A ke fela gore ke nne le dilo tse di bonalang, go nna le dilo tse di tseneng mo fesheneng, go kgatlha ditsala tsa me? A ke tshwanetse go ithuta go kgotsofalela dilo tse di tlhokegang, se moaposetoloi Paulo wa Mokeresete a se biditseng “ditlamedi mmogo le diaparo”? (1 Timotheo 6:8) A dikoloto tse di dirwang ka karata ya sekoloto di tla mpakela mokgweleo o mogolo wa madi o o tla dirang gore ke se ka ka tlhola ke kgona go bona dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong?—Mathaio 6:33; Bafilipi 1:8-11.

Akanyetsa dipotso tseno, mme o di tlotle le batsadi ba gago. Fa o dira jalo, o ka tswa o na le karata ya sekoloto kana o se na yone, o ka se nne le mathata a madi a batho ba le bantsi ba iteretseng one.—Diane 22:3.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 O ka kgona go bona gore khampani ya dikarata tsa sekoloto e go duedisitse morokotso o o kana kang ka go leba diperesente tsa selekanyo sa dituelo sa ngwaga (annual percentage rate [APR]) se se bontshitsweng mo foromong ya kopo kana mo seteitementeng sa kgwedi le kgwedi.

[Lebokoso mo go tsebe 30]

Botlhokwa Jwa go Nna le Tetla ya Batsadi

Basha ba le bantsi ba simolola go neelwa sebaka sa go nna le karata ya bone ya sekoloto fa ba amogela foromo ya kopo ya yone mo posong. Tota e bile, fa nako e ntse e ya, ba bangwe ba amogela diforomo tsa dikopo di le dintsi. Jane Bryant Quinn o tlhalosa jaana: “Dikhampani di gaisana thata ka go batla go neela basha dikarata tsa sekoloto, ka gonne dipatlisiso di bontsha gore gantsi re boloka karata e re simolotseng ka yone.”

Gantsi motsadi kana mogolo yo o itiretseng leina le lentle ka go duela dikoloto tsa gagwe o tshwanetse go saena foromo ya kopo ya karata ya sekoloto e le gore khampani ya karata eo e tlhomamisege gore madi a dilo tse di rekilweng a tla duelwa. Ka maswabi, basha ba le bantsi ba dirisa boferefere gore ba tlole kgato eno. Mosha mongwe o ne a kwala leina la ga nkokoagwe gore ke ene yo o dirang kopo mme a kwala la gagwe gore o kopanela le ene kopo eno, nkokoagwe a sa itse. Akanya fela gore nkokoagwe o ne a gakgamala jang fa a utlwa gore o kolota masome a dikete a diranta!

Go etsa mosaeno wa motsadi kana wa mogolo mongwe mo foromong ya kopo ya karata ya sekoloto ke go sa ikanyege, mme Modimo o nyatsa go sa ikanyege. (Diane 11:1; Bahebera 13:18) Ka jalo fa o batla go nna le karata ya sekoloto, bua le batsadi ba gago ka gone. Fa ba go neetse tetla, seno se tla go solegela molemo moragonyana. Gakologelwa, batsadi ba gago ba ka tswa ba na le boitemogelo jwa go duela dikoloto, mme ba ka go neela kgakololo e e molemo. Ka jalo bua le bone, mme o se ka wa dirisa mekgwa e e sa ikanyegeng gore o nne le karata ya sekoloto.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Go dirisa karata ya sekoloto ka bofafalele go ka go wetsa mo mathateng a madi