Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matseno

Matseno

“Lo nne baetsi ba bao ka tumelo le bopelotelele ba ruang ditsholofetso.”—BAHEBERA 6:12.

1, 2. Molebedi mongwe wa potologo o ne a leba jang batho ba ba ikanyegang ba go buiwang ka bone mo Baebeleng, mme ke eng fa ba ka nna ditsala tse di molemo?

“FA A bua ka batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng, e kete o bua ka batho ba a sa bolong go nna ditsala le bone.” Mafoko ano a ne a buiwa ke kgaitsadi mongwe wa Mokeresete morago ga go reetsa puo e e neng e neetswe ke molebedi wa potologo yo o neng a setse a tsofetse. Go ne go tshwanela gore a bue jalo ka gonne mokaulengwe yono o ne a feditse dingwaga di le dintsi a ithuta Lefoko la Modimo e bile a ruta go tswa mo go lone—ka jalo go ne go ntse jaaka e kete banna le basadi ba tumelo ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ke ditsala tse a sa bolong go tlwaelana le tsone botshelo jotlhe jwa gagwe.

2 A mme bontsi jwa batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng e ka nna ditsala tse di molemo? A o ba tsaya e le batho ba mmatota? Akanya fela gore go ne go tla nna jang go tsamaya le bone lo ntse lo tlotla, o fetsa nako e ntsi o batla go itse banna le basadi ba ba jaaka Noa, Aborahame, Ruthe, Elija le Esethere. Akanya kafa ba neng ba ka go tlhotlheletsa ka gone—kgakololo le kgothatso e ba neng ba ka go naya yone!—Bala Diane 13:20.

3. (a) Re ka solegelwa molemo jang ke go ithuta ka banna le basadi ba tumelo ba go buiwang ka bone mo Baebeleng? (b) Re tla tlotla ka dipotso dife?

3 Ke boammaaruri gore ka nako ya “tsogo ya ba ba siameng,” go tla kgonega gore re nne le botsala jo bo ntseng jalo le bone. (Dit. 24:15) Le fa go ntse jalo, tota le gompieno re ka solegelwa molemo ke go ithuta ka banna le basadi ba tumelo ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. Seo se ka kgonega jang? Moaposetoloi Paulo o re naya karabo e e ka re thusang: “Lo nne baetsi ba bao ka tumelo le bopelotelele ba ruang ditsholofetso.” (Baheb. 6:12) Jaaka re tla simolola go ithuta ka banna le basadi ba tumelo, a re tlotleng ka dipotso tse mafoko a ga Paulo a ka dirang gore re ipotse tsone: Tota tumelo ke eng, mme ke eng fa re tshwanetse go nna le yone? Re ka etsa jang batho ba ba ikanyegang ba go buiwang ka bone mo Baebeleng?

Tumelo ke Eng Mme ke Eng fa re Tshwanetse go Nna le Yone?

4. Ke eng se gantsi batho ba se akanyang ka tumelo, mme ke eng fa ba le phoso?

4 Tumelo ke nonofo e e kgatlhang, e banna botlhe le basadi ba re tla ithutang ka bone mo bukeng eno ba neng ba e tsaya e le botlhokwa thata. Batho ba le bantsi gompieno ga ba tseye tumelo e le botlhokwa mo ba felelang ba akanya gore e kaya go dumela fela o se na bosupi kgotsa o sa tlhomamisega ka se o se dumelang. Mme gone ba phoso. Tumelo ga se go dumela sengwe le sengwe; ga se boikutlo jo motho a nang le jone; e feta go dumela fela mo sengweng. Go dumela  sengwe le sengwe go kotsi. Maikutlo ke sengwe se se tlang se bo se feta; mme go dumela fela mo sengweng le gone ga go a lekana fa go tliwa mo kgannyeng ya Modimo, ka gonne “madimona a a dumela mme a rorome.”—Jak. 2:19.

5, 6. (a) Tumelo ya rona e ikaegile ka mefuta efe e mebedi ya dilo tse di sa bonweng? (b) Tumelo ya rona e tshwanetse go nonofa go le kana kang? Tshwantsha.

5 Tumelo ya boammaaruri e gaisa go dumela sengwe le sengwe kgotsa go dumela fela mo sengweng. Ela tlhoko kafa Baebele e tlhalosang tumelo ka gone. (Bala Bahebera 11:1.) Paulo o ne a re tumelo e ikaegile ka dilo di le pedi tse re ka se kgoneng go di bona. Sa ntlha, e ikaegile ka dilo tsa mmatota tse di leng teng tse di ‘sa bonweng.’ Re ka se kgone go bona dilo tsa mmatota tse di kwa legodimong—tse di jaaka Jehofa Modimo, Morwawe kgotsa Bogosi jo jaanong bo busang kwa legodimong. Sa bobedi, tumelo e ikaegile ka “dilo tse di solofetsweng”—dilo tse di iseng di direge. Gone jaanong ga re kgone go bona lefatshe le lesha le Bogosi jwa Modimo bo tla tlogang bo le tlisa. A mme gone, seo se raya gore ga go na bosupi jwa go dumela mo dilong tseo tsa mmatota le dilo tse di solofetsweng?

6 Le eseng! Paulo o ile a tlhalosa gore tumelo ya boammaaruri e na le motheo o o nonofileng. Fa a ne a re tumelo ke “go lebelela ka tlhomamisego,” o ne a dirisa polelwana e gape e ka tlhalosiwang e le “lekwalo la semolao.” A re re motho mongwe o go fa ntlo. A ka nna a go naya lekwalo la semolao la setsha seo a bo a re, “legae la gago le lesha ke le.” Ke boammaaruri gore ga a reye gore o tla nna mo pampiring eo; o raya gore lekwalo leo la semolao ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore ntlo eo e setse e le ya gago. Ka tsela e e tshwanang, bosupi jwa tumelo ya rona bo tlhatswa pelo, bo nonofile thata jaana mo bo ka tshwantshanngwang le tumelo ya rona.

7. Tumelo ya boammaaruri e akaretsa eng?

7 Ka jalo, tumelo ya boammaaruri e akaretsa boikanyegi jo bo ikaegileng ka dilo tse di diregileng mo nakong e e fetileng le bosupi jo bo tlhatswang pelo ka Jehofa Modimo. Tumelo e re tlhotlheletsa go mo tsaya e le Rraarona yo o lorato e bile e dira gore re ikanye gore ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe di tla direga. Mme gone tumelo ya mmatota e akaretsa se se fetang seo. Jaaka sengwe se se tshelang, e tlhoka go tlhokomelwa gore e tswelele e tshela. E tshwanetse go bontshiwa ka ditiro, go seng jalo e tla swa.—Jak. 2:26.

8. Ke eng fa tumelo e le botlhokwa thata jaana?

8 Ke eng fa tumelo e le botlhokwa thata jaana? Paulo o re naya karabo. (Bala Bahebera 11:6.) Re ka se kgone go atamalana le Jehofa kgotsa go mo itumedisa fa re se na tumelo. Ka jalo, go botlhokwa gore re nne le tumelo fa e le gore re batla go diragatsa boikaelelo jwa botlhokwa thata jo motho a nang le jone: go atamalana le Rraarona yo o kwa legodimong Jehofa le go mo galaletsa.

9. Jehofa o bontshitse jang gore o itse gore re tlhoka tumelo?

9 Jehofa o itse gore re tlhoka tumelo go le kana kang, ka jalo o re naya dikao go re ruta gore re ka nna le tumelo jang le gore re ka e bontsha  ka tsela efe. O segofatsa phuthego ya Bokeresete ka dikao tsa banna ba ba ikanyegang ba ba etelelang pele. Lefoko la Gagwe le re laela jaana: ‘Etsa tumelo ya bone.’ (Baheb. 13:7) Mme o re file se se fetang seo. Paulo o ne a kwala ka “leru le legolo . . . la basupi.” (Baheb. 12:1) Lenaane la batho ba ba ikanyengang le Paulo a neng a le kwala mo go Bahebera kgaolo 11, ga le a felela. Baebele e tletse ka dipego di le dintsi tse di boammaaruri tsa banna le basadi, ba basha le ba ba godileng, ba maemo a a farologaneng, ba ba ileng ba bontsha tumelo, mme go na le mo gontsi thata mo re ka ithutang gone mo go bone, le fa gone re tshela mo dinakong tse batho ba sa bontsheng tumelo.

Re ka Etsa Jang Tumelo ya ba Bangwe?

10. Go ithuta re le nosi go ka re thusa jang go etsa tumelo ya banna le basadi ba ba ikanyegang ba go buiwang ka bone mo Baebeleng?

10 Gore o kgone go etsa motho yo mongwe o tshwanetse wa mo ithuta pele. Fa o ntse o bala kgatiso eno, o tla lemoga gore go dirilwe dipatlisiso tse di tseneletseng go go thusa go itse sentle banna le basadi bano ba tumelo. Le wena o ka dira se se tshwanang, wa itirela dipatlisiso tse di oketsegileng. Fa o ithuta o le nosi, batla tshedimosetso e e oketsegileng mo Baebeleng o dirisa didirisiwa tse dingwe tsa go dira dipatlisiso tse o nang le tsone. Fa o ntse o tlhatlhanya ka se o ithutang sone, leka go bona ka leitlho la mogopolo ditiragalo tse go buiwang ka tsone mo dipegong tsa Baebele. Leka go bona mafelo a go buiwang ka one, utlwa medumo e e utlwalang moo, o bo o dupe le menko e e nkgang moo jaaka e kete o teng foo. Sa botlhokwa le go feta, leka go bona tsela e batho ba go buiwang ka bone ba ikutlwang ka yone. Fa o itsenya mo ditlhakong tsa banna le basadi bao ba ba ikanyegang, ba tla nna batho ba mmatota mo go wena, o tla tlwaelana le bone—bangwe ba bone e bile ba tla nna jaaka ditsala tse o sa bolong go tlwaelana le tsone.

11, 12. (a) Ke eng se se ka go thusang gore o ikutlwe o atamalane le Aberame le Sarai? (b) Ke ka tsela efe o ka solegelwang molemo ke dikao tsa ga Hana, Elija le Samuele?

11 Fa o ka ba itse botoka, ga go pelaelo gore o tla batla go etsa tumelo ya bone. Ka sekai, akanya o tlhatlhanya ka kabelo e ntšha e o e neilweng. Phuthego ya ga Jehofa e go kopile gore o oketse bodiredi jwa gago ka tsela nngwe. Gongwe o kopilwe go fudugela kwa go nang le tlhokego e kgolo ya bareri gone, kgotsa gongwe o kopilwe gore o leke mofuta mongwe wa go rera o o sa o tlwaelang kgotsa o bona o ka se o kgone. Fa o ntse o tlhatalhanya ka kabelo eno e bile o rapela ka yone, a go tlhatlhanya ka sekao sa ga Aberame go ka go thusa? Ene le Sarai ba ne ba iketleeleditse go tlogela manobonobo a Ure mme ba ne ba segofalediwa seo. Fa o latela sekao sa bone, ga go pelaelo gore o tla ba itse botoka go feta kafa o ntseng o ba itse ka gone.

12 Mme go tweng fa e le gore mongwe yo o atamalaneng le ene o go tshwara makgwakgwa mme o ikutlwa o kgobegile marapo—e bile o ikutlwa o patelesega go tlogela go tlhola o ya dipokanong? Go tlhatlhanya ka sekao sa ga Hana le kafa a ileng a itshokela tsela e e sa siamang e  Penina a neng a mo tshwara ka yone, go tla go thusa go dira tshwetso e e siameng—mme go ka dira gore le wena o lebe Hana e le tsala e o e ratang thata. Ka tsela e e tshwanang, fa o kgobiwa marapo ke go ikutlwa o sa tshwanelege, o ka nna wa ikutlwa o atamalana le Elija fa o ntse o ithuta ka pitlagano e a neng a lebana le yone le kafa Jehofa a ileng a mo gomotsa ka gone. Mme basha ba ba lebanang le kgatelelo go tswa mo baneng ba ba tsenang sekolo le bone ba ba se nang boitsholo jo bo siameng, ba ka ikutlwa ba atamalane le Samuele, fa ba sena go ithuta kafa a ileng a itshwara ka gone fa a lebane le tlhotlheletso e e bosula ya bomorwa Eli kwa motlaaganeng.

13. A go etsa tumelo ya mongwe yo go buiwang ka ene mo Baebeleng go dira gore o nyatsege ka tsela nngwe? Tlhalosa.

13 A go etsa tumelo ya batho bao ba go buiwang ka bone mo Baebeleng go dira gore o nyatsege ka tsela nngwe? Le e seng! Se lebale gore Lefoko la ga Jehofa le re kgothaletsa go etsa batho ba ba nang le tumelo. (1 Bakor. 4:16; 11:1; 2 Bathes. 3:7, 9) Mo godimo ga moo, batho bangwe ba re tlileng go ithuta ka bone le bone ba ile ba etsa bangwe ba ba ikanyegang ba ba ileng ba tshela pele ga bone. Ka sekai, mo go Kgaolo 17 ya buka eno, Marea o ile a nopola mafoko a ga Hana, se se bontshang gore o ne a mo tsaya e le sekao sa gagwe. A seo se ile sa dira gore tumelo ya ga Marea e se ka ya nonofa? Nnyaa! Go na le moo, sekao sa ga Hana se ile sa thusa Marea go nna le tumelo e e neng ya mo thusa go itirela leina le le molemo le Jehofa Modimo.

14, 15. Ke dikarolo dife tse di kgatlhang tse buka eno e nang le tsone, mme re ka e dirisa jang ka tsela e e molemo?

14 Buka eno e diretswe go go thusa go nonotsha tumelo ya gago. Ditlhogo tse di latelang di tserwe mo motseletseleng wa ditlhogo tse di reng, “Etsa Tumelo ya Bone,” tse di neng tsa gatisiwa mo makasineng wa Tora ya Tebelo go tloga ka 2008 go fitlha ka 2013. Le fa go ntse jalo, go tsentswe tshedimosetso nngwe. Go na le dipotso tse di tla re thusang go tlotla ka dintlha dingwe le go bona kafa re ka di dirisang ka gone. Go dirilwe ditshwantsho tse dintsi tse dintle gore di dirisiwe mo bukeng eno, mme tse di neng di ntse di le teng di ile tsa godisiwa le go tokafadiwa. Go tsentswe le dikarolo tse dingwe tse di kgatlhang tse di jaaka lenaane le ditiragalo le dimmapa. Buka ya Etsa Tumelo ya Bone e diretswe gore re ithute re le nosi, re le lelapa re bo re ithute yone kwa phuthegong. Malapa a le mantsi a ka itumelela go balela dipolelo tsa yone kwa godimo ba le mmogo.

15 E kete buka eno e ka go thusa go etsa tumelo ya batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba nako e e fetileng. Mme e kete e ka go thusa gore tumelo ya gago e nonofe le go feta fa o ntse o atamalana le Rrago yo o kwa legodimong, Jehofa!