Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BOBEDI

“O ne A Tsamaya le Modimo wa Boammaaruri”

“O ne A Tsamaya le Modimo wa Boammaaruri”

1, 2. Ke tiro efe e Noa le ba lelapa la gagwe ba neng ba tshwaregile ka yone, mme dingwe tsa dikgwetlho tse ba neng ba lebana le tsone ke dife?

NOA o ne a itshidila mokwatla le go otlolola mesifa ya gagwe e e opang. Mmone ka leitlho la mogopolo a ntse mo mosipuring, a ikhuditse go se kae mme a lebile moago o mogolo wa araka. Go utlwala monko o o bogale wa tere e e mogote; go na le modumo o mogolo wa dithulusu tse di betlang logong. Mo Noa a neng a ntse teng, o ne a kgona go bona bomorwawe ba dira ka natla mo dikarolong tse di farologaneng tsa moago o mogolo wa logong. Bomorwawe, basadi ba bone le mosadi wa gagwe yo a mo ratang, botlhe ba ntse ba dira le ene ka natla mo tirong eno ka masomesome a dingwaga. Ba ne ba setse ba dirile tiro e ntsi, mme gone ba sa ntse ba saletswe ke namane e tona ya tiro!

2 Batho ba mo lefelong la bone ba ne ba akanya gore ke dieleele. Fa tiro ya go aga araka e ntse e tsweletse, batho ba ne ba ba ja ditshego le go feta fa ba akanya ka kgang ya morwalela o o tlileng go khurumetsa lefatshe lotlhe. Go ne go lebega masetlapelo a Noa a neng a ba tlhagisa ka one e le toro fela, selo se se ka se kgonegeng! Ba ne ba sa tlhaloganye gore ke eng fa monna yono a senya nako e ntsi jaana ya botshelo jwa gagwe—le jwa ba lelapa la gagwe—mo tirong eno ya boeleele. Le fa go ntse jalo, Modimo wa ga Noa e bong Jehofa, o ne a sa mo tseye e le seeleele.

3. Ke ka tsela efe Noa a neng a tsamaya le Modimo?

3 Lefoko la Modimo la re: “Noa o ne a tsamaya le Modimo wa boammaaruri.” (Bala Genesise 6:9.) Seo se ne se kaya eng? Se ne se sa kaye gore Modimo o ne a tsamaya mo lefatsheng kgotsa gore gongwe Noa o ile a ya legodimong. Go na le moo, Noa o ne a ikobela Modimo wa gagwe ka botlalo e bile a mo rata thata jaana mo go neng go ntse jaaka e kete ene le Jehofa ba tsamaya mmogo jaaka ditsala. Dingwaga di le diketekete moragonyana, Baebele e ne ya bua jaana ka Noa: “Ka tumelo [ya gagwe] o ne a bontsha fa lefatshe le le molato.” (Baheb. 11:7) O ne a dira seo jang? Re ka ithuta eng mo tumelong ya gagwe gompieno?

Monna Yo o Se Nang Molato mo Lefatsheng le le Boikepo

4, 5. Mo motlheng wa ga Noa, ke ka tsela efe lefatshe le neng le senyegile go feta selekanyo?

4 Noa o ne a golela mo lefatsheng le le neng le senyegela pele. Le ne le ntse le le bosula le mo motlheng wa ga rraagwemogologolwane e bong  Enoke, monna yo mongwe yo o siameng yo o neng a tsamaya le Modimo. Enoke o ne a boleletse pele gore letsatsi la katlholo le tla wela batho ba ba boikepo. Mme jaanong mo motlheng wa ga Noa, boikepo bo ne bo etegetse. Tota e bile, go ya ka Jehofa, lefatshe le ne le senyegile, ka gonne le ne le tletse thubakanyo. (Gen. 5:22; 6:11; Jude 14, 15) Ke eng se se neng se dirile gore dilo di nne maswe jaana?

5 Go ne ga direga sengwe se se maswe tota mo gare ga bomorwa Modimo ba semoya, baengele. Mongwe wa bone o ne a setse a tsuologetse Jehofa, mme a nna Satane Diabolo ka go senya Modimo leina le go raela Adame le Efa gore ba dire boleo. Mo motlheng wa ga Noa, baengele ba bangwe ba ne ba simolola go tsuologela taolo e e siameng ya ga Jehofa. Ba ne ba tlogela dikabelo tsa bone tse ba di neilweng ke Modimo kwa legodimong, ba tla mo lefatsheng, ba ikapesa mebele ya batho mme ba itseela makgarebe a mantle gore e nne basadi ba bone. Baengele bao ba batsuolodi ba ba mabela le ba ba pelotshetlha, ba ne ba na le tlhotlheletso e e bosula mo bathong.—Gen. 6:1, 2; Jude 6, 7.

6. Banefilime ba ne ba senya lefatshe jang, mme Jehofa o ne a swetsa ka gore a dire eng?

6 Fa baengele bao ba ba ikapesitseng mebele ya batho ba tlhakanela dikobo le basadi ba mo lefatsheng, ba ne ba nna le bana ba diganka ba ba goletseng kwa godimo e bile ba le maatla ka tsela e e sa tlwaelegang. Baebele ya re ke Banefilime, lefoko le le kayang, ba ba digang ba bangwe. Banefilime bao, ba ba neng ba le setlhogo e bile ba kgerisa, ba ne ba dira gore lefatshe le senyege le go feta. Ga go gakgamatse go bo Mmopi a ile a re, “bosula jwa motho bo ne bo le bogolo mo lefatsheng le tshekamelo nngwe le nngwe ya dikakanyo tsa pelo ya gagwe e ne e le bosula fela ka dinako tsotlhe.” Jehofa o ne a swetsa ka gore mo dingwageng di le 120 o tla nyeletsa baikepi bao.—Bala Genesise 6:3-5.

7. Noa le mosadi wa gagwe ba ne ba lebane le kgwetlho efe ya go sireletsa barwa ba bone mo tlhotlheletsong e e bosula ya motlha oo?

 7 Akanya fela o tshwanelwa ke go godisa bana mo lefatsheng le le ntseng jalo! Mme gone, Noa o ne a kgona go go dira. O ne a nyala mosadi yo o siameng. Fa Noa a sena go nna le dingwaga di le 500, mosadi wa gagwe o ne a mo tsholela barwa ba le bararo—Sheme, Hame le Jafethe. * Batsadi bano ba ne ba tshwanelwa ke go sireletsa basimane ba bone mo tlhotlheletsong e e bosula e ba neng ba tshela mo go yone. Gantsi basimanyana ba kgatlhiwa ke banna “ba ba thata” le “ba ba tumileng”—e leng tsela e Banefilime ba neng ba le ka yone. Noa le mosadi wa gagwe ba ne ba ka se kgone go sireletsa bana ba bone mo pegong nngwe le nngwe e e bosula e e ka ga diganka tseno, mme gone ba ne ba ka kgona go ba ruta boammaaruri jo bo amang pelo ka ga Jehofa Modimo yo o tlhoileng boikepo jotlhe. Ba ne ba tshwanetse go thusa basimanyana ba bone go lemoga gore Jehofa o utlwisiwa botlhoko ke thubakanyo le botsuolodi jo bo mo lefatsheng.—Gen. 6:6.

Noa le mosadi wa gagwe ba ne ba tshwanelwa ke go sireletsa bana ba bone mo tlhotlheletsong e e bosula

8. Gompieno batsadi ba ba botlhale ba ka etsa jang sekao sa ga Noa le mosadi wa gagwe?

8 Gompieno batsadi ba ka tswa ba tlhaloganya se Noa le mosadi wa gagwe ba neng ba lebane le sone. Lefatshe la rona le lone le tletse ka thubakanyo le botsuolodi. Gantsi metse e tletse ka digongwana tsa basha ba ba sa laolesegeng. Tota le boitlosobodutu jo bo direlwang bana bo tletse thubakanyo. Batsadi ba ba botlhale ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go lwantsha ditlhotlheletso tse di ntseng jalo ka go ruta bana ba bone ka Modimo wa kagiso e bong Jehofa, yo letsatsi lengwe a tla fedisang thubakanyo yotlhe. (Pes. 11:5; 37:10, 11) Ba ka kgona go atlega mo maitekong ano a bone! Noa le mosadi wa gagwe ba ile ba atlega. Basimanyana ba bone ba ne ba gola go nna banna ba ba siameng mme ba nyala basadi ba le bone ba neng ba ikemiseditse gore Modimo wa boammaaruri, Jehofa, a tle pele mo matshelong a bone.

“Itirele Araka”

9, 10. (a) Ke taelo efe e e tswang kwa go Jehofa e e neng ya fetola botshelo jwa ga Noa? (b) Jehofa o ne a bolelela Noa eng malebana le kafa araka e tshwanetseng go lebega ka gone le boikaelelo jwa yone?

9 Letsatsi lengwe botshelo jwa ga Noa bo ne jwa fetoga. Jehofa o ne a bua le motlhanka yoo wa gagwe yo o rategang mme a mmolelela gore o ikaeletse go fedisa lefatshe la motlha oo. Modimo o ne a laela Noa jaana: “Itirele araka ka dikgong tsa setlhare sa boroku.”—Gen. 6:14.

10 Araka eno e ne e se sekepe, jaaka bangwe ba akanya. E bile e ne e sa bopega jaaka sekepe, e se na dikota kgotsa diseile tse di dirisiwang go laola sekepe. Tota e ne e le letlole kgotsa lebokose le legolo. Jehofa o ne a naya Noa dilekanyo tse di tlhomameng tsa araka le dintlha ka botlalo malebana le kafa e tshwanetseng go lebega ka gone, mme a mo laela gore a e tshase  tere ka fa teng le ka fa ntle. O ne a naya Noa lebaka la go bo a tshwanetse go dira jalo: “Ke tlisa morwalela wa metsi mo lefatsheng . . . Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng se tla swa.” Mme Jehofa o ne a dira kgolagano kgotsa tumalano eno le Noa: “O tsene mo teng ga araka, wena le bomorwao le mosadi wa gago le basadi ba bomorwao ba na le wena.” Gape Noa o ne a tshwanetse go tlisa mefuta yotlhe ya diphologolo mo arakeng. Diphologolo le batho ba ba neng ba le mo arakeng ke bone fela ba ba neng ba tla falola Morwalela!—Gen. 6:17-20.

Noa le ba lelapa la gagwe ba ne ba dira mmogo gore ba kgone go wetsa tiro e Modimo a ba neileng yone

11, 12. Ke tiro efe e kgolo e Noa a neng a tshwanetse go e dira, mme o ne a lebana jang le kgwetlho eo?

11 Noa o ne a lebane le namane e tona ya tiro. Araka eno e ne e tshwanetse go nna kgolo—boleele jwa dimetara di le 133, bophara jwa dimetara di le 22 le bogodimo jwa dimetara di le 13. E ne e feta kgakala dikepe dipe fela tse di dirilweng ka logong tse le gompieno go tsewang gore di dikgolo go gaisa. A Noa o ne a leka go tshabela kabelo eno, a ngongoregela gore e thata kgotsa a leka go fetola dilo dingwe go itlhofofaletsa tiro? Baebele e araba jaana: “Noa a dira kafa go sotlhe se Modimo a neng a se mo laetse. A dira fela jalo.”—Gen. 6:22.

12 Go aga araka go ne ga tsaya masomesome a dingwaga, gongwe dingwaga di le 40 go ya go di le 50. Ba ne ba tshwanetse go rema ditlhare, go dira dikota le go betla mesipuri mme ba e kopanye. Araka e ne e tshwanetse go nna le matlhatlaganyane a le mararo, diphaposi di le mmalwa le kgoro ka fa letlhakoreng. Go bonala e ne e na le difensetere kwa godimo mo matlhakoreng le borulelo jo bo nang le setlhoa fa gare, gore metsi a kgone go elela.—Gen. 6:14-16.

13. Ke tiro efe e nngwe ya ga Noa e e ka tswang e ne e le thata go feta go aga araka, mme batho ba ne ba itshwara jang?

13 Fa dingwaga di ntse di ya mme tiro ya go aga araka e ya bokhutlong, Noa o tshwanetse a bo a ile a itumela thata go bo ba lelapa la gagwe ba ile ba mo ema nokeng! Go ne go na le tiro e nngwe e e ka tswang e ne e le thata go gaisa go aga araka. Baebele ya re Noa e ne e le “moreri wa tshiamo.” (Bala 2 Petere 2:5.) Ka jalo, o ne a nna pelokgale mme a di goga kwa pele mo tirong ya go tlhagisa batho ba ba boikepo ba motlha oo ka tshenyego e e tlang. Ba ne ba itshwara jang? Moragonyana fa Jesu Keresete a ne a bua ka se se neng sa direga mo motlheng oo, o ne a re batho bao ba ne “ba se ka ba tsaya tsia.” O ne a re ba ne ba tshwaregile thata ka botshelo jwa letsatsi le letsatsi—ba a ja, ba a nwa, ba nyala ba neelwa nyalong—mo ba ileng ba se ka ba reetsa Noa. (Math. 24:37-39) Ga go pelaelo gore ba le bantsi ba ne ba mo sotla, ene le lelapa la gagwe; bangwe ba ka tswa ba ile ba mo tshosetsa le go mo ganetsa ka dikgoka. Ba ka tswa ba ile ba leka le go kgoreletsa tiro ya go aga.

Le fa go ne go bonala gore Modimo o segofatsa Noa, batho ba ne ba mo sotla le go itlhokomolosa molaetsa wa gagwe

14. Gompieno malapa a Bakeresete a ka ithuta eng mo go Noa le ba lelapa la gagwe?

14 Mme gone, Noa le ba lelapa la gagwe ga ba a ka ba ineela. Ba ne ba tswelela ka go aga araka le fa batho ba ba neng ba tshela le bone ba ne ba akanya gore seo ke tshenyo ya nako, go tlhoka tlhaloganyo kgotsa boeleele. Ka jalo, gompieno malapa a Bakeresete a ka ithuta go le gontsi ka tumelo ya ga Noa le ba lelapa la gagwe. Aitsane, re tshela mo nakong e Baebele  e e bitsang ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso ya dilo ya lefatshe leno. (2 Tim. 3:1) Jesu o ne a re motlha wa rona o tla tshwana le motlha wa fa Noa a ne a aga araka. Go molemo gore Bakeresete ba gopole Noa fa batho ba sa kgatlhegele molaetsa wa Bogosi jwa Modimo, ba ba sotla e bile ba ba bogisa. Ga se bone ba ntlha go lebana le dikgwetlho tse di ntseng jalo.

“Tsena . . . mo Teng ga Araka”

15. Ke tatlhegelo efe e Noa a neng a lebana le yone fa a tloga a tshwara dingwaga di le 600?

15 Go ile ga feta dingwaga di le dintsi mme ka bonya ka bonya tiro ya go aga araka e ne e ya bokhutlong. Fa Noa a tloga a tshwara dingwaga di le 600, o ne a latlhegelwa ke batho bangwe ba a ba ratang. Rraagwe e bong Lameke, o ne a swa. * Dingwaga di le tlhano moragonyana, rraagwe Lameke e bong Methusela, rremogolo wa ga Noa, o ne a swa a le dingwaga di le 969—a nna motho yo o tshetseng lobaka lo loleele go gaisa batho botlhe ba ba umakiwang mo Baebeleng. (Gen. 5:27) Methusela mmogo le Lameke ba tshetse ka nako e le nngwe le monna wa ntlha e bong Adame.

16, 17. (a) Noa o ne a amogela molaetsa ofe o mosha fa a le dingwaga di le 600? (b) Tlhalosa tiragalo e e sa lebalegeng e Noa le ba lelapa la gagwe ba neng ba e bona.

16 Fa Noa a le dingwaga di le 600, tlhogo eo ya lotso e ne ya amogela molaetsa o mosha o o tswang kwa go Jehofa Modimo: “Tsena, wena le botlhe ba ntlo ya gago, mo teng ga araka.” Mo go yone nako eo, Modimo o ne a laela Noa gore a tsenye diphologolo tsa mefuta yotlhe mo arakeng—tse di phepa tse di ka dirisediwang go ntsha setlhabelo, di tsenngwe ka  bosupa ka bosupa, mme tse dingwe tsotlhe a di tsenye ka bobedi ka bobedi.—Gen. 7:1-3.

17 Ruri e tshwanetse ya bo e ne e le tiragalo e e sa lebalegeng. Diphologolo di le diketekete di ne tsa ologela mo teng ga araka—tse di tsamayang, tse di fofang, tse di gagabang, tse di pharumang le tse di tsamayang ka bonya—tsa bogolo le dipopego tse di farologaneng, dingwe tsa tsone di le bogale mme tse dingwe di le bokgwabo. Akanya fela Noa wa batho a ntse a leka go thiba le go tlhatlhela diphologolo tseo tsotlhe tse di tlhaga mo phaposing e di neng di tshwanetse go nna mo go yone mo arakeng. Pego ya Baebele ya re “di ne tsa tsena . . . kwa go Noa mo teng ga araka.”—Gen. 7:9.

18, 19. (a) Re ka araba jang dipotso tse batshwayadiphoso ba di botsang ka ditiragalo tse di mo pegong ya ga Noa? (b) Re bona jang botlhale jwa ga Jehofa mo tseleng e a ileng a e dirisa go boloka diphologolo tse a di bopileng?

18 Batshwayadiphoso bangwe ba ka nna ba botsa gore: ‘A tota selo sa mofuta oo se a kgonega? Diphologolo tseo tsotlhe di ne di tla kgona jang go nna mmogo ka kagiso mo lefelong le lennye jalo?’ Akanya ka seno: A tota Mmopi wa lobopo lotlhe a ka palelwa ke go laola diphologolo tse a di bopileng, le go dira gore di nne bokgwabo fa go tlhokega? Se lebale gore Jehofa ke Modimo yo o bopileng diphologolo. Dingwaga moragonyana, o ile a kgaoganya metsi a Lewatle le Lehibidu a bo a dira gore letsatsi le eme. A o ne a ka palelwa ke go dira dilo tsotlhe tse di tlhalositsweng mo pegong ya ga Noa? Ga go pelaelo gore o ne a ka kgona, mme o ne a go dira!

19 Gone ke boammaaruri gore Modimo o ne a ka dirisa tsela e nngwe go boloka diphologolo tse a di bopileng. Le fa go ntse jalo, ka botlhale o ne a tlhopha tsela e e re gopotsang gore kwa tshimologong o ne a neile batho boikarabelo jwa go tlhokomela ditshedi tsotlhe tse di mo lefatsheng. (Gen. 1:28) Ka jalo, batsadi ba le bantsi gompieno ba dirisa pego ya ga Noa go ruta bana ba bone gore Jehofa o tsaya diphologolo le batho ba a ba bopileng ba le botlhokwa.

20. Noa le ba lelapa la gagwe ba ka tswa ba ne ba tshwaregile ka eng mo bekeng ya bofelo pele ga Morwalela?

 20 Jehofa o ne a bolelela Noa gore Morwalela o tla tla mo lobakeng lwa beke. Lelapa leo le tshwanetse la bo le ne le tshwaregile thata mo nakong eo. Akanya fela tiro ya go tsenya diphologolo, go phutha dijo tsa diphologolo le tsa ba lelapa le dithoto tsa bone le go di tsenya mo arakeng, mme tsotlhe di tsenngwa ka thulaganyo. Mosadi wa ga Noa le basadi ba bomorwawe ba tshwanetse ba bo ba ne ba tshwaregile thata ka go baakanya lefelo le ba neng ba tla nna mo go lone mo arakeng.

21, 22. (a) Ke eng fa re sa tshwanela go gakgamadiwa ke go bo batho ba motlha wa ga Noa ba ne ba sa kgathale? (b) Go sotliwa ga ga Noa le ba lelapa la gagwe go ne ga fela leng?

21 Go tweng ka batho ba mo lefelong la bone? Ba ne ba sa ntse ba ‘sa tseye tsia’—tota le fa go ne go bonala gore Jehofa o segofatsa Noa le maiteko a gagwe. Ga go pelaelo gore ba ne ba bona fa diphologolo di ntse di ologela mo arakeng. Mme gone, ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke go bo ba ne ba sa kgathale. Le gompieno batho ga ba tseye tsia bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore jaanong re tshela mo malatsing a bofelo a tsamaiso eno ya dilo. Mme jaaka moaposetoloi Petere a ile a bolelela pele, basotli ba tsweletse ka go sotla batho ba ba tsayang tsia tlhagiso ya Modimo. (Bala 2 Petere 3:3-6.) Ga go pelaelo gore batho ba ne ba sotla Noa le ba lelapa la gagwe.

22 Go sotliwa ga bone go ne ga fela leng? Pego ya re, fa Noa a sena go tsenya ba lelapa la gagwe le diphologolo mo teng ga araka, “Jehofa a tswala kgoro fa a sena go tsena.” Fa e le gore go ne go na le basotli gaufi, ga go pelaelo gore se Modimo a ileng a se dira se ne sa ba tswala melomo. Fa go sa nna jalo, pula yone e ne ya ba tswala melomo—ka gonne e ne ya tshologa! E ne ya na, ya tshologa, ya tsorotla—go fitlha metsi a khurumetsa lefatshe, fela jaaka Jehofa a ne a buile.—Gen. 7:16-21.

23. (a) Re itse jang gore Jehofa o ne a sa itumedisiwe ke go swa ga baikepi ba motlha wa ga Noa? (b) Ke eng fa go le botlhale go etsa tumelo ya ga Noa gompieno?

23 A Jehofa o ne a itumedisiwa ke go swa ga batho bao ba ba boikepo? Nnyaa! (Esek. 33:11) O ne a ba neile nako e e lekaneng gore ba fetole ditsela tsa bone le go dira se se siameng. A gone ba ka bo ba kgonne go dira jalo? Tsela e Noa a ileng a tshela ka yone e araba potso eo. Ka go tsamaya le Jehofa le go utlwa Modimo wa gagwe mo dilong tsotlhe, Noa o ne a bontsha gore ba ne ba ka kgona go falola. Tota re ka re, tumelo ya gagwe e ne ya atlhola lefatshe la motlha wa gagwe; e ne ya bontsha gore tota kokomana ya motlha oo e ne e le boikepo. Tumelo ya gagwe e ne ya boloka ene le ba lelapa la gagwe. Fa o etsa tumelo ya ga Noa, le wena o ka kgona go ipoloka le go boloka ba o ba ratang. Fela jaaka Noa, o ka kgona go tsamaya le Jehofa Modimo e le Tsala ya gago. Mme botsala joo bo ka nnela ruri!

^ ser. 7 Batho ba mo motlheng oo wa bogologolo ba ne ba tshela lobaka lo loleele thata go feta rona. Go bonala ba ne ba tshela lobaka lo loleele ka gonne ba ne ba sa ntse ba na le maatla e bile ba le gaufi le boitekanelo jo Adame le Efa ba kileng ba nna le jone mme jwa ba latlhegela.

^ ser. 15 Lameke o ne a teile morwawe leina la Noa—le gongwe le kayang “Boikhutso” kgotsa “Kgomotso”—mme o ne a bolelela pele gore Noa o tla diragatsa bokao jwa leina la gagwe ka go etelela batho pele gore ba ikhutse go bereka thata mo mmung o o hutsitsweng. (Gen. 5:28, 29) Lameke ga a ka a tshela go fitlha boporofeti jono bo diragadiwa. Mmaagwe Noa, bomorwarraagwe le bokgaitsadie ba ka tswa ba ile ba fedisiwa ke Morwalela.