Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BOROBEDI

O ne A Itshoka Le fa A Lebane le Maemo a a Kgobang Marapo

O ne A Itshoka Le fa A Lebane le Maemo a a Kgobang Marapo

1. Ke eng fa batho ba Shilo ba ne ba utlwile botlhoko e bile ba hutsafetse?

SAMUELE o ne a kgona go utlwa kutlobotlhoko e e wetseng Shilo. Go ne go bonala motse otlhe o le mo khutsafalong. Ke basadi le bana ba le kae ba ba neng ba lelela borraabone, banna ba bone, bomorwaabone le bokgaitsadiabone ba ba neng ba se kitla ba boela gae? Se re se itseng fela ke gore Bafilisitia ba ne ba fentse Baiseraele botlhoko mme ba bolaya masole a le 30 000, le gore masole a mangwe a Baiseraele a le 4 000 a ne a sa tswa go bolawa mo ntweng e nngwe.—1 Sam. 4:1, 2, 10.

2, 3. Ke ditiragalo dife tsa masetlapelo tse di latelanang tse di neng tsa dira gore Shilo e tlhabise ditlhong e bo e latlhegelwe ke kgalalelo ya yone?

2 Mme eo e ne e le nngwe ya ditiragalo tsa masetlapelo tse di neng tsa latelana. Barwa ba babedi ba ba bosula ba Moperesiti yo Mogolo e bong Eli, Hofeni le Finease, ba ne ba dule mo Shilo ba tshotse letlole le le boitshepo la kgolagano. Letlole leno la botlhokwa le ne le tshwantshetsa go nna gone ga Modimo mme gantsi le ne le nna mo karolong e e boitshepo ya motlaagana—tempele e e keteng mogope. Ka jalo, batho ba ne ba ya ntweng ba tshotse Letlole, ka boeleele ba akanya gore le ne le tla nna jaaka pheko e e neng e tla dira gore ba fenye. Le fa go ntse jalo, Bafilisitia ba ne ba gapa Letlole mme ba bolaya Hofeni le Finease.—1 Sam. 4:3-11.

3 Motlaagana wa kwa Shilo o ne o sa bolo go tlotlomadiwa ka gonne ka makgolokgolo a dingwaga Letlole le ne le nna mo go one. Jaanong le ne le sa tlhole le le teng. Fa Eli wa dingwaga tse 98 a utlwa dikgang tseo, o ne a wa mo setulong mme a swa. Ngwetsi ya gagwe, e monna wa yone a neng a swa mo go lone letsatsi leo, le yone e ne ya swa fa e belega. Pele ga ngwetsi eno e swa, e ne ya re: “Kgalalelo e dule mo Iseraele e ile botshwarwa.” Ruri dilo di ne di fetogile mo Shilo.—1 Sam. 4:12-22.

4. Re tlile go tlotla ka eng mo kgaolong eno?

4 Samuele o ne a tla itshokela jang maemo ano a a kgobang marapo? A tumelo ya gagwe e ne e tla nna e nonofile gore a kgone go thusa batho ba Jehofa a neng a sa tlhole a ba sireletsa le go ba amogela? Ka dinako dingwe le rona re ka lebana le mathata le dilo tse di kgobang marapo tse di lekang tumelo ya rona, ka jalo a re boneng gore re ka ithuta eng mo go Samuele.

 O ne A “Diragatsa Tshiamo”

5, 6. Pego eno ya Baebele e bua thata ka eng mo lobakeng lwa dingwaga di le 20, mme Samuele o ne a ntse a dira eng mo nakong eo?

5 Go tloga fano Baebele ga e tlhole e bua ka Samuele mme e bua ka Letlole le le boitshepo e bile e tlhalosa kafa Bafilisitia ba ileng ba boga ka teng ka gonne ba le tsere, mo ba ileng ba patelesega go le busa. Fa e simolola go bua ka Samuele gape, go ne go setse go fetile dingwaga di ka nna 20. (1 Sam. 7:2) O ne a dira eng mo dingwageng tseo? Baebele e re naya karabo.

Samuele o ne a ka thusa jang batho ba gaabo go itshokela go swelwa le maemo a a kgobang marapo?

6 Re utlwa gore pele lobaka lono lo simologa, “lefoko la ga Samuele [le ne] la tswelela go tla mo Iseraele yotlhe.” (1 Sam. 4:1) Pego eno e tlhalosa gore morago ga lobaka loo, Samuele o ne a nna a etela metse e meraro ya Iseraele gangwe mo ngwageng, a rarabolola dikgotlhang le go araba dipotso. Go tswa foo o ne a boela kwa motseng wa gaabo wa Rama. (1 Sam. 7:15-17) Go bonala sentle gore Samuele o ne a nna a tshwaregile, mme mo lobakeng loo lwa dingwaga tse 20, o ne a na le mo gontsi go go dira.

Le fa gone pego ya Baebele e sa bue sepe ka Samuele mo lobakeng lwa dingwaga di ka nna 20, re ka tlhomamisega gore o ne a tswelela a direla Jehofa

7, 8. (a) Ke molaetsa ofe o Samuele a neng a o bolelela batho morago ga go dira ka natla dingwaga di le masome a mabedi? (b) Batho ba ne ba itshwara jang ka se Samuele a neng a ba tlhomamisetsa sone?

7 Boitsholo jo bo sa siamang le ditiro tse di bosula tsa bomorwa Eli di ne di koafaditse tumelo ya batho. Go bonala seo se ile sa dira gore bontsi jwa batho ba simolole go obamela medingwana. Le fa go ntse jalo, morago ga go dira ka natla dingwaga di le 20, Samuele o ne a naya batho molaetsa ono: “Fa e le gore lo boela kwa go Jehofa ka pelo ya lona yotlhe, tlosang medimo e sele mo gare ga lona le ditshwantsho tsa ga Ashethorethe, mme lo kaele pelo ya lona ka tlhomamo kwa go Jehofa lo bo lo direle ene a le esi, mme o tla lo golola mo seatleng sa Bafilisitia.”—1 Sam. 7:3.

8 ‘Seatla sa Bafilisitia’ se ne se gatelela batho. E re ka masole a Baiseraele a ne a ripitlilwe, Bafilisitia ba ne ba akanya gore ba ka gatelela batho ba Modimo ba sa kgorelediwe ke sepe. Mme Samuele o ne a tlhomamisetsa batho gore dilo di ne di tla fetoga fa fela ba ne ba ka boela kwa go Jehofa. A ba ne ba iketleeleditse go dira jalo? Samuele o ne a itumela fa ba tlogela go obamela medingwana mme ba “simolola go direla Jehofa a le esi.” Samuele o ne a laela gore batho ba phuthegele kwa Misepa, motse o o mo nageng e e dithaba kwa bokone jwa Jerusalema. Batho ba ne ba phuthega, ba itima dijo mme ba ikwatlhaela maleo a bone a mantsi a go obamela medingwana.—Bala 1 Samuele 7:4-6.

Bafilisitia ba ne ba akanya gore go phuthega ga batho ba ga Jehofa ba ba ikwatlhaileng go ne go tla ba naya tshono ya go ba bogisa

9. Bafilisitia ba ne ba bona tshono ya go dira eng, mme batho ba Modimo ba ne ba tsibogela jang kotsi eo?

9 Le fa go ntse jalo, Bafilisitia ba ne ba utlwela ka kokoano eno e kgolo mme ba tsaya seo e le tshono ya go tlhasela. Ba ne ba romela  masole a bone kwa Misepa gore a nyeletse baobamedi bao ba ga Jehofa. Baiseraele ba ne ba utlwela ka kotsi e e tlang. E re ka ba ne ba tshogile, ba ne ba kopa Samuele gore a ba rapelele. O ne a dira jalo, a bo a ntsha le setlhabelo. Ka nako eo ya kokoano e e boitshepo, masole a Bafilisitia a ne a tlhasela Misepa. Jehofa o ne a araba thapelo ya ga Samuele. Tota e bile, Jehofa o ne a dira gore go utlwale modumo wa tšhakgalo. O ne a “dira gore maru a dume ka modumo o o kwa godimo mo letsatsing leo kgatlhanong le Bafilisitia.”—1 Sam. 7:7-10.

10, 11. (a) Ke eng fa go ka tswa go ne go na le sengwe se se sa tlwaelegang ka tumo ya maru e Jehofa a neng a e tlisetsa masole a Bafilisitia? (b) Ntwa e e neng ya simologa kwa Misepa e ne ya felela jang?

10 A jaanong re tshwanetse go akanya gore Bafilisitia bao ba ne ba tshwana le bana ba ba boi, ba ba iphitlhang ka bommaabone fa ba utlwa modumo wa dikgadima? Nnyaa, banna bano e ne e sa bolo go nna masole mme ba ne ba nonofile. Ka jalo, tumo eno ya maru e tshwanetse ya bo e ne e le modumo o ba iseng ba tsamaye ba o utlwe. A ba ka tswa ba ne ba tshosiwa ke tsela e “modumo [ono] o o kwa godimo” o neng o utlwala ka yone? A maru a ka tswa a ne a duma loapi lo apogile kgotsa go utlwala modumo o mogolo o o tswang mo dithabeng? Ga re itse gore go ne go direga eng, mme gone modumo oo o ile wa tshosa Bafilisitia bao fela thata. Fa ba ntse ba tlhakane tlhogo jalo, dilo di ne tsa fetoga ka ponyo ya leitlho mme ya nna bone ba tlhaselwang. Banna ba Baiseraele ba ne ba tswa mo Misepa, ba ba thologela mme ba ba fenya, go tswa foo ba ba lelekisa sekgala sa dikilometara di le dintsi go ya kwa lefelong le le kwa borwabophirima jwa Jerusalema.—1 Sam. 7:11.

11 Ntwa eo e ne ya tlisetsa batho ba Modimo phetogo e kgolo. Bafilisitia ga ba a ka ba tlhola ba tlhasela batho ba Modimo fa Samuele e ntse e le moatlhodi. Mme batho ba Modimo ba ne ba boa ba tsaya metse ya bone e Bafilisitia ba neng ba e gapile.—1 Sam. 7:13, 14.

12. Go kaya eng fa go twe Samuele o ne a “diragatsa tshiamo,” mme ke dinonofo dife tse di mo thusitseng go nna a tlhagafetse?

12 Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a umaka Samuele e le mongwe wa baatlhodi le baporofeti ba ba ikanyegang ba ba neng ba “diragatsa tshiamo.” (Baheb. 11:32, 33) Tota Samuele o ne a thusa gore go dirwe se se molemo le se se siameng mo matlhong a Modimo. O ne a nna a tlhagafetse ka gonne a ne a leta Jehofa ka bopelotelele, a dira tiro ya gagwe ka boikanyegi le fa a ne a lebane le maemo a a kgobang marapo. Gape o ne a bontsha gore o na le kanaanelo. Morago ga phenyo ya kwa Misepa, Samuele o ne a tlhoma sefikantswe go nna segopotso sa kafa Jehofa a thusitseng batho ba gagwe ka gone.—1 Sam. 7:12.

13. (a) Ke dinonofo dife tse re tlhokang go nna le tsone fa re batla go etsa Samuele? (b) O akanya gore ke leng re tshwanetseng go lwela go nna le dinonofo tse di tshwanang le tsa ga Samuele?

 13 A le wena o batla go “diragatsa tshiamo”? Fa go le jalo, go ka nna molemo gore o ithute go nna pelotelele, go nna boikokobetso le go nna le kanaanelo fela jaaka Samuele. (Bala 1 Petere 5:6.) Ke mang mo go rona yo o sa tlhokeng dinonofo tseno? Go molemo go bo Samuele a ile a nna le dinonofo tseo le go di bontsha fa a sa ntse a le mosha, ka gonne o ne a lebana le maemo a a kgobang marapo tota fa a setse a godile.

“Bomorwao Ga ba A Tsamaya mo Ditseleng Tsa Gago”

14, 15. (a) Ke eng se se ileng sa swabisa Samuele thata fa ‘a setse a tsofetse’? (b) A Samuele e ne e le rre yo o leseletsang dilo jaaka Eli? Tlhalosa.

14 Fa pego ya Baebele e bua gape ka Samuele, o ne a “setse a tsofetse.” Ka nako eo Samuele o ne a na le barwa ba babedi ba ba neng ba setse ba godile e bong Joele le Abija, mme o ne a ba naya boikarabelo jwa go mo thusa mo tirong ya go atlhola. Le fa go ntse jalo, ba ne ba mo swabisa. Le mororo Samuele a ne a ikanyega e bile a siame, bomorwawe ba ne ba dirisa maemo a bone go itsholegela molemo, ba sokamisa katlholo e bile ba amogela pipamolomo.—1 Sam. 8:1-3.

15 Letsatsi lengwe, banna ba bagolwane ba Iseraele ba ne ba ya kwa moporofeting yono yo o godileng ba ya go ngongorega. Ba ne ba re:  “Bomorwao ga ba a tsamaya mo ditseleng tsa gago.” (1 Sam. 8:4, 5) A Samuele o ne a itse ka bothata jono? Pego eo ga e tlhalose. Mme gone, Samuele e ne e le rre yo o molemo, o ne a sa leseletse dilo jaaka Eli. Jehofa o ne a kgalema Eli le go mo otlhaela go bo a sa kgalemela bomorwawe fa ba dira bosula le go bo a ile a ba tlotla go feta Modimo. (1 Sam. 2:27-29) Jehofa ga a ka a fitlhela Samuele a dira se se tshwanang.

Samuele o ne a itshokela jang boemo jo bo kgobang marapo jwa go nna le bana ba ba neng ba tsuologa?

16. Batsadi ba ikutlwa jang fa bana ba bone ba tsuologa, mme ba ka bona jang kgomotso le kaelo mo sekaong sa ga Samuele?

16 Pego eno ga e tlhalose gore Samuele o ne a tlhabiwa ke ditlhong, a tlhobaela kgotsa a tshwenyega go le kana kang fa a sena go utlwa ka boitsholo jo bo bosula jwa bomorwawe. Le fa go ntse jalo, batsadi ba le bantsi ba tshwanetse ba bo ba tlhaloganya gore o ne a ikutlwa jang. Mo metlheng eno e e bosula, go tlwaelegile thata gore bana ba tsuologele taolo le kotlhao ya batsadi ba bone. (Bala 2 Timotheo 3:1-5.) Batsadi ba ba mo kutlobotlhokong e e ntseng jalo ba ka bona kgomotso le kaelo mo sekaong sa ga Samuele. Ga a ka a letla go tlhoka tumelo ga bomorwawe go fetola tsela e a neng a tshela ka yone. Se lebale, le fa batsadi ba sa kgona go fitlhelela dipelo tsa bana ba bone tse di kgwaraletseng ka mafoko le ka go ba otlhaya, ba sa ntse ba ka di fitlhelela ka sekao sa bone se se molemo. Mme batsadi ba ka kgona go tswelela ba itumedisa Rraabone yo o kwa legodimong e bong Jehofa Modimo—fela jaaka Samuele a ne a dira.

“A ko O re Tlhomele Kgosi”

17. Banna ba bagolwane ba Iseraele ba ne ba pateletsa Samuele go dira eng, mme o ne a itshwara jang?

17 Bomorwa Samuele ba ne ba sa lemoge gore bopelotshetlha le bogagapa jwa bone bo tla felela ka eng. Banna ba bagolwane ba Iseraele ba ne ba raya Samuele ba re: “Jaanong a ko o re tlhomele kgosi gore e re atlhole jaaka ditšhaba tsotlhe.” A mafoko ao a ne a dira gore Samuele a ikutlwe e kete ga a tlhole a batliwa? Aitsane, go ne go setse go fetile dingwaga di le dintsi Jehofa a mo dirisa e le moatlhodi. Jaanong ba ne ba sa tlhole ba batla go atlholwa ke moporofeti yo o nyatsegang jaaka Samuele, mme ba ne ba batla go atlholwa ke kgosi. Ditšhaba tse di ba dikologileng di ne di na le dikgosi, mme Baiseraele le bone ba ne ba batla kgosi! Samuele o ne a itshwara jang? Re bala jaana: “Selo seno se ne se le bosula mo matlhong a ga Samuele.”—1 Sam. 8:5, 6.

18. Jehofa o ile a gomotsa Samuele jang, mme gone o ile a senola jang boleo jo bo masisi jwa Iseraele?

18 Ela tlhoko kafa Jehofa a ileng a araba ka gone fa Samuele a mo rapela ka kgang eno: “Reetsa lentswe la batho malebana le sotlhe se ba se go rayang; gonne ga ba a gana wena, mme ba ganne nna gore ke se ka ka nna kgosi ya bone.” Mafoko ao a ne a gomotsa Samuele, mme ruri batho bao ba ne ba tlhapaditse Modimo Mothatayotlhe! Jehofa o ne a bolelela moporofeti wa gagwe gore a tlhagise Baiseraele ka ditlamorago tse di botlhoko tse ba neng ba tla lebana le tsone fa ba nna le kgosi ya motho. Fa Samuele a dira jaaka a laetswe, ba ne ba tatalala ba re: “Nnyaa,  mme re tla okamelwa ke kgosi.” E re ka Samuele a ne a ikobela Modimo wa gagwe ka metlha, o ne a ya go tlotsa kgosi e Jehofa a neng a e tlhophile.—1 Sam. 8:7-19.

19, 20. (a) Ke ka ditsela dife Samuele a ileng a ikobela taelo ya ga Jehofa ya go tlotsa Saulo gore a nne kgosi ya Iserale? (b) Samuele o ile a tswelela jang a thusa batho ba Modimo?

19 Mme gone Samuele o ne a dira seo jang? A o ne a dira ka go ikgolola fela? A o ne a itetla go kgobiwa marapo le go kgopisiwa ke maemo ao a a bosula? Batho ba le bantsi ba ka dira seo fa ba lebane le maemo ao, mme Samuele ga a ka a dira jalo. O ne a tlotsa Saulo mme a amogela gore monna yono e ne e le ene yo Jehofa a mo tlhophileng. A mo atla go bontsha gore o a mo amogela le go mo ikobela gonne e le kgosi e ntšha. Mme o ne a raya batho a re: “A lo bone ene yo Jehofa a mo tlhophileng, gore ga go na ope yo o tshwanang le ene mo bathong botlhe?”—1 Sam. 10:1, 24.

20 Samuele ga a ka a tlhoma mogopolo mo diphosong tsa monna yo Jehofa a mo tlhophileng, go na le moo o ne a o tlhoma mo dilong tse di molemo tse a di dirang. Mme o ne a nna a akantse ka go ikanyega ga gagwe mo Modimong, go na le go batla go amogelwa ke batho ba ba fetofetogang. (1 Sam. 12:1-4) Gape o ne a dira tiro ya gagwe ka boikanyegi, a gakolola batho ba Modimo ka dilo tse di ka koafatsang tumelo ya bone, e bile a ba kgothaletsa go nna ba ikanyega mo go Jehofa. Kgakololo ya gagwe e ne ya fitlhelela dipelo tsa bone, mme ba kopa Samuele gore a ba rapelele. O ne a ba araba ka tsela e e molemo a re: “Go ka se direge gore ke leofele Jehofa ka go kgaotsa go lo rapelela; mme ke tla lo laya ka tsela e e molemo le e e siameng.”—1 Sam. 12:21-24.

Sekao sa ga Samuele se re gopotsa gore le ka motlha re se ka ra itetla go nna lefufa kgotsa go galefa

21. Sekao sa ga Samuele se ka go thusa jang fa go ka direga gore o ikutlwe o kgobegile marapo fa mongwe a newa maikarabelo kgotsa tshiamelo nngwe?

21 A o kile wa ikutlwa o kgobegile marapo fa mongwe a newa maikarabelo kgotsa tshiamelo nngwe e e rileng? Sekao sa ga Samuele se re bontsha sentle gore le ka motlha ga re a tshwanela go itetla go fufega kgotsa go kgopisega. (Bala Diane 14:30.) Modimo o segofatsa motlhanka mongwe le mongwe wa gagwe yo o ikanyegang ka tiro e ntsi le e e kgotsofatsang.

“O Tla Hutsafalela Saulo ka Lobaka lo lo Kae?”

22. Ke eng fa go utlwala go bo kwa tshimologong Samuele a ne a bona molemo mo go Saulo?

22 Go a utlwala go bo Samuele a ne a bona se se molemo mo go Saulo; ruri monna yono o ne a le molemo. O ne a katogile monyo, a lebega, a le pelokgale e bile a le botlhale mme ka nako eo o ne a le boingotlo e bile a sa ikgogomose. (1 Sam. 10:22, 23, 27) Kwantle ga dinonofo  tseo tse di molemo, o ne a na le mpho e nngwe e e tlhwatlhwakgolo—kgololesego ya go itlhophela, bokgoni jwa go itlhophela tsela e a neng a tla tshela ka yone le go itirela ditshwetso. (Dute. 30:19) A o ne a dirisa mpho eo sentle?

23. Saulo o ne a felelwa ke nonofo efe e e molemo, mme o ne a bontsha jang gore o nna mabela?

23 Ka maswabi, gantsi fa batho ba nna le maemo, ba felelwa ke boingotlo. Go ise go ye kae, Saulo o ne a simolola go ikgodisa. O ne a tlhopha go se ikobele ditaelo tsa ga Jehofa tse Samuele a mo neileng tsone. Nako nngwe Saulo o ne a fela pelo mme a ntsha setlhabelo se se neng se tlile go ntshiwa ke Samuele. Samuele o ne a tshwanelwa ke go mo kgalemela a tiisitse mme a bolelela pele gore bogosi bo ne bo ka se tswelele bo le mo lelapeng la ga Saulo. Go na le gore Saulo a ithute mo kotlhaong eo, o ne a dira ditiro tse di maswe le go feta, tse di bontshang go tlhoka kutlo.—1 Sam. 13:8, 9, 13, 14.

24. (a) Ke jang Saulo a sa kang a ikobela Jehofa fa a ne a lwa le Baamaleke? (b) Saulo o ne a itshwara jang fa a kgalemelwa, mme Jehofa o ne a dira tshwetso efe?

24 Jehofa o ne a dirisa Samuele go bolelela Saulo gore a ye go tlhabana le Baamaleke. Nngwe ya ditaelo tsa ga Jehofa e ne e le gore Saulo a bolaye kgosi ya bone e e boikepo e bong Agage. Le fa go ntse jalo, Saulo ga a ka a bolaya Agage e bile ga a ka a senya thopo e e neng e tshwanetse go senngwa. Fa Samuele a tla go mo kgalemela, Saulo o ne a bontsha gore o fetogile fela thata. Mo boemong jwa go amogela kotlhao ka boikokobetso, o ne a dira diipato, a buelela se a se dirileng, a tlhokomologa kgang e bile a leka go pega batho ba bangwe molato. Fa Saulo a ne a leka go tila kotlhao ka go bolela gore dingwe tsa diphologolo tse di neng di thopilwe di ne di tla dirisediwa go ntshetsa Jehofa setlhabelo, Samuele o ne a bua mafoko ano a a itsegeng thata: “Bona! Go utlwa go botoka go na le setlhabelo.” Samuele o ne a nna pelokgale mme a kgalemela monna yono a bo a bolela tshwetso ya ga Jehofa: Bogosi bo tla tsewa mo go Saulo mme bo newe mongwe o sele—mongwe yo o botoka. *1 Sam. 15:1-33.

25, 26. (a) Ke eng fa Samuele a ile a hutsafalela Saulo, mme Jehofa o ile a kgalemela jang moporofeti yono wa Gagwe ka bonolo? (b) Ke thuto efe e Samuele a neng a ithuta yone fa a le kwa ntlong ya ga Jese?

25 Samuele o ne a utlwisitswe botlhoko thata ke diphoso tsa ga Saulo. O ne a fetsa bosigo jotlhe a rapela Jehofa ka kgang eno. O ne a bo a  hutsafalela monna yono. Samuele o ne a bone gore Saulo o na le bokgoni e bile a ka kgona go dira molemo, mme jaanong o ne a mo swabisitse. Monna yono o ne a setse a fetogile jaanong—a sa tlhole a na le dinonofo tse di molemo e bile a tlhanogetse Jehofa. Samuele o ne a sa tlhole a batla go bona Saulo gape. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, Jehofa o ne a kgalemela Samuele jaana ka bonolo: “O tla hutsafalela Saulo ka lobaka lo lo kae, fa nna, kafa letlhakoreng le lengwe, ke mo ganne gore a se tlhole a busa e le kgosi ya Iseraele? Tlatsa lonaka lwa gago ka leokwane mme o tsamaye. Ke tla go roma kwa go Jese wa Mobethelehema, ka gonne ke ineile kgosi mo gare ga bomorwawe.”—1 Sam. 15:34, 35; 16:1.

26 Boikaelelo jwa ga Jehofa ga bo a ikaega ka batho ba ba sa itekanelang ba ka dinako tse dingwe ba sa ikanyegeng. Fa motho a sa ikanyege, Jehofa o tla bona yo mongwe gore a diragatse boikaelelo jwa Gagwe. Ka jalo, Samuele yo o godileng o ne a tlogela go hutsafalela Saulo. O ne a latela kaelo ya ga Jehofa mme a ya kwa legaeng la ga Jese kwa Bethelehema, kwa a neng a fitlhela bomorwa Jese teng ba e neng e le makau a maratagolejwa. Mme fela fa Samuele a sena go bona wa ntlha, Jehofa o ne a mo gopotsa gore a se ka a leba ponalo ya bone fela. (Bala 1 Samuele 16:7.) Kgabagare, Samuele o ne a kopana le morwa yo mmotlana mo go bone botlhe, mme e ne e le ene yo Jehofa a mo tlhophileng—Dafide!

Samuele o ne a ithuta gore ga go na bothata bope jo bo kgobang marapo jo Jehofa a ka se kgoneng go bo fedisa, go bo rarabolola kgotsa go dira gore bo fetoge tshegofatso

27. (a) Ke eng se se neng sa thusa Samuele gore tumelo ya gagwe e nne e nonofile? (b) O ikutlwa jang ka sekao se Samuele a re tlhometseng sone?

27 Mo dingwageng tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe, Samuele o ile a lemoga gore ke eng fa tshwetso ya ga Jehofa ya gore Dafide a nne kgosi mo boemong jwa ga Saulo e ne e siame. Saulo o ne a nna lefufa mme seo sa mo tlhotlheletsa gore a batle go bolaya Dafide, gape o ne a nna motlhanogi. Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a bontsha dinonofo tse di molemo—bopelokgale, bothokgami, tumelo le boikanyegi. Fa Samuele a le gaufi le go swa, tumelo ya gagwe e ne ya nonofa le go feta. O ne a lemoga gore ga go na bothata kgotsa boemo bope jo bo kgobang marapo jo Jehofa a ka se kgoneng go bo fedisa, go bo rarabolola kgotsa go dira gore bo fetoge tshegofatso. Kgabagare, Samuele o ne a swa, a sena go tshela botshelo jo bo molemo ka dingwaga tse di batlileng di tshwara lekgolo. Ga go gakgamatse go bo Baiseraele botlhe ba ile ba hutsafala fa monna yoo yo o ikanyegang a swa! Le gompieno, go botlhokwa gore batlhanka ba ga Jehofa ba ipotse jaana, ‘A ke tla nna le tumelo e e tshwanang le ya ga Samuele?’

^ ser. 24 Samuele o ne a bolaya Agage. Tota kgosi eo e e bosula le ba ntlo ya yone, ba ne ba sa tshwanela go utlwelwa botlhoko. Masome a dingwaga moragonyana, go bonala ditlogolwana tsa ga Agage di ne di akaretsa le “Hamane wa Moagage,” yo o neng a leka go nyeletsa batho botlhe ba Modimo.—Esethere 8:3; bona Kgaolo 15 le 16 ya buka eno.