Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BOSOMETHARO

O ne A Ithuta mo Diphosong Tsa Gagwe

O ne A Ithuta mo Diphosong Tsa Gagwe

1, 2. (a) Phoso e Jona a neng a e dirile e ne ya dira gore ene le batsamaisasekepe ba a neng a na le bone ba diragalelwe ke eng? (b) Kgang ya ga Jona e ka re thusa jang?

JONA o ne a eletsa e kete a ka didimatsa medumo e e tshosang. E ne e se fela diphefo tse di bogale tse di neng di dira gore dikgole tsa sekepe di dire modumo; kgotsa makhubu a magolo a a neng a itaaka matlhakore a sekepe a dira gore mapolanka a sone a tsose modumo. Se se neng se tshosa Jona le go feta e ne e le go goa ga batsamaisasekepe, kapotene le setlhopha sa gagwe fa ba ntse ba leka ka natla gore sekepe se se ka sa nwela. Jona o ne a tlhomamisegile gore banna bao ba ne ba tla tloga ba swa ka ntlha ya gagwe!

2 Ke eng se se neng se dirile gore Jona a tlalelwe jaana? O ne a diretse Jehofa Modimo phoso e e masisi. O ne a dirile eng? A kamano ya gagwe le Jehofa e ne e senyegetse ruri? Dikarabo tsa dipotso tseno di ka re ruta go le gontsi. Ka sekai, kgang eno ya ga Jona e re thusa go lemoga gore tota le batho ba ba nang le tumelo e e nonofileng ba ka dira diphoso—le gore ba ka di baakanya jang.

Moporofeti yo o Tswang Kwa Galalea

3-5. (a) Gantsi batho ba akanya eng fa go buiwa ka Jona? (b) Ke eng se re se itseng ka tsela e Jona a godileng ka yone? (Bona le ntlha e e kwa tlase.) (c) Ke eng fa tiro ya ga Jona ya go nna moporofeti e ne e se motlhofo e bile e sa itumedise?

3 Gantsi fa batho ba akanya ka Jona, go bonala ba akanya ka makoa a gagwe a a jaaka go se nne kutlo le go nna tlhogoethata. Mme gone, go na le dilo di le dintsi tse di siameng tse Jona a ileng a di dira. Se lebale gore Jona o ne a tlhophilwe go nna moporofeti wa ga Jehofa Modimo. Jehofa o ne a ka se mo tlhophe gore a dire maikarabelo ao a a boima fa e ne e le gore ga a ikanyege kgotsa ga a siama.

Go na le dilo di le dintsi tse di siameng tse Jona a ileng a di dira

4 Baebele ga e re bolelele go le gontsi ka tsela e Jona a godileng ka yone. (Bala 2 Dikgosi 14:25.) O ne a tswa kwa Gathe-hefere, motse o o dikilometara di ka nna nnè go tswa kwa Nasaretha, e leng motse o Jesu  Keresete a neng a tla golela kwa go one dingwaga di ka nna 800 moragonyana. * Jona o ne a nna moporofeti fa go ne go busa Kgosi Jeroboame II wa bogosi jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele. Go ne go setse go fetile lobaka lo loleele Elija a sule; motlhatlhami wa gagwe e bong Elisha o ne a swa fa go ne go busa rraagwe Jeroboame. Le fa Jehofa a ne a dirisitse banna bao go tlosa kobamelo ya ga Baale, Baiseraele ba ne ba leofa ka boomo gape. Jaanong naga e ne e laolwa ke kgosi e e neng ya “tswelela go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.” (2 Dikg. 14:24) Ka jalo, tiro ya ga Jona e tshwanetse ya bo e ne e se motlhofo e bile e sa itumedise. Le fa go ntse jalo, o ne a e dira ka boikanyegi.

5 Le fa go ntse jalo, letsatsi lengwe go ne ga direga sengwe sa botlhokwa mo botshelong jwa ga Jona. Jehofa o ne a mo naya kabelo, mme Jona o ne a bona go le thata go e dira. Jehofa o ne a mo kopile go dira eng?

“Nanoga, ya Kwa Ninife”

6. Jehofa o ne a naya Jona kabelo efe, mme ke eng fa e ne e ka bonala e le kabelo e e boima?

6 Jehofa o ne a raya Jona a re: “Nanoga, ya kwa Ninife motse o mogolo, mme o bolele teng gore bosula jwa bone bo tlile fa pele ga me.” (Jona 1:2) Ga go gakgamatse go bo kabelo eno e ne e bonala e le boima. Ninife e ne e le dikilometara di ka nna 800 go ya kwa botlhaba, e leng loeto lo lo ka tsayang mo e ka nnang kgwedi fa motho a tsamaya ka dinao. Le fa go ntse jalo, dikgwetlho tsa loeto loo di ne di ka lebega di le motlhofo go na le tiro e a neng a tshwanetse go e dira. Jona o ne a tshwanetse go ya Ninife go ya go itsise Baasiria ba ba neng ba itsege ka thubakanyo le bosetlhogo molaetsa wa ga Jehofa wa katlholo. Fa batho ba Modimo ba ne ba sa reetse, Jona o ne a ka solofela eng mo baheitaneng bao? Motlhanka a le mongwe wa ga Jehofa o ne a tla atlega jang mo motseng o mogolo wa Ninife o o neng o tla bidiwa “motse wa tshololo ya madi”?—Nah. 3:1, 7.

7, 8. (a) Jona o ile a bontsha jang gore o ikemiseditse go tshabela kabelo e Jehofa a neng a mo e neile? (b) Ke eng fa re sa tshwanela go akanya gore Jona e ne e le legatlapa?

7 Gongwe Jona o ne a ipotsa dipotso tseo. Legale ga re itse. Se re se itseng ke gore o ne a sia. Jehofa o ne a laetse Jona gore a ye kwa botlhaba; mme ene o ne a ya kwa bophirima jo bo kgakala. O ne a ya kwa lotshitshing lwa lewatle, kwa motseng o o nang le boemakepe o o bidiwang Jopa, kwa a neng a palama sekepe se se yang kwa Tareshishe. Bakanoki bangwe ba re Tareshishe e ne e le kwa Spain. Fa go le jalo, Jona  o ne a tsamaya dikilometara di ka nna 3 500 go tswa kwa Ninife. Loeto loo lwa go ya kwa ntlheng e nngwe ya Lewatle le Legolo lo ne lo ka tsaya ngwaga! Ruri Jona o ne a ikemiseditse go tshabela kabelo e Jehofa a mo e neileng!—Bala Jona 1:3.

8 A re tshwanetse go akanya gore Jona e ne e le legatlapa? Ga re a tshwanela go itlhaganelela go mo atlhola. Jaaka re tla bona, o ne a le pelokgale ka tsela e e tlhomologileng. Mme gone, fela jaaka mongwe le mongwe wa rona, Jona o ne a sa itekanela e bile a dira diphoso di le dintsi. (Pes. 51:5) Tota ke mang wa rona yo a iseng a ko a boife?

9. Ka dinako dingwe re ka ikutlwa jang ka dikabelo tse Jehofa a re nayang tsone, mme ke boammaaruri bofe jo re tshwanetseng go bo gopola fa re lebane le maemo ao?

9 Ka dinako dingwe go ka bonala e kete Modimo o re kopa go dira sengwe se se thata, se re ka se kgoneng go se dira. Re ka nna ra boifa go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, e leng tiro e Bakeresete ba tshwanetseng go e dira. (Math. 24:14) Go motlhofo go lebala boammaaruri jono jo Jesu a neng a bo bua: “Dilo tsotlhe di a kgonega mo Modimong.” (Mar. 10:27) Fa ka dinako dingwe re lebala boammaaruri jono, gongwe re tla tlhaloganya bothata jo Jona a neng a na le jone. Mme gone, go sia ga ga Jona go ne ga felela ka eng?

Jehofa o Kgalema Moporofeti wa Gagwe yo o Seng Kutlo

10, 11. (a) Jona a ka tswa a ne a akantse ka eng fa sekepe sa dithoto se tloga mo boemakepeng? (b) Ke kotsi efe e e neng ya tlhagela sekepe le batsamayakasekepe?

10 Akanya fela Jona a palama sekepe sa dithoto, se gongwe e neng e le sa Bafonekia. A lebile kapotene le setlhopha sa gagwe fa ba ntse ba tshwaregile ka go rulaganya dilo gore ba simolole loeto lwa bone. Fa ba ntse ba katoga lotshitshi lwa lewatle, Jona a ka tswa a ne a akanya gore o falotse se a neng a se boifa thata. Mme ka tshoganyetso fela, maemo a bosa a ne a fetoga.

11 Diphefo tse di maatla di ne tsa dira gore lewatle le gakale mme makhubu a lone a ne a ka senya le dikepe tsa gompieno. Go ne go ka tsaya lobaka lo lo kae gore sekepe seo sa logong se go bonalang se ne se le sennye, se thubege se bo se nwele mo makhubung ao a a maatla a lewatle? A ka nako eo Jona o ne a itse se a neng a se kwala moragonyana—gore ‘Jehofa ka boene o romela phefo e kgolo kwa lewatleng’? Ga re itse. Le fa go ntse jalo, o ne a bona gore batsamaisasekepe ba ne ba simolola go goa ba rapela medimo ya bone e e farologaneng, mme o ne a itse gore ga e ka ke ya thusa. (Lefi. 19:4) Pego ya gagwe ya re: “Sekepe se ne se tloga se thubega.” (Jona 1:4) Jaanong Jona o ne a ka rapela jang Modimo yo a neng a sa batle go diragatsa thomo ya gagwe?

12. (a) Ke eng fa re sa tshwanela go itlhaganelela go pega Jona molato wa go bo a ile a robala fa setsuatsue se ntse se gaketse? (Bona le ntlha e e kwa tlase.) (b) Jehofa o ile a senola jang gore setsuatsue se bakilwe ke mang?

12 E re ka Jona a ne a bona gore ga go se a ka se dirang go thusa batsamaisasekepe, o ne a ya kwa tlase mo sekepeng mme a bona lefelo le  a neng a rapama mo go lone. O ne a thulamela. * Kapotene o ne a fitlhela Jona a robetse, a mo tsosa mme a mo pateletsa gore le ene a rapele modimo wa gagwe fela jaaka ba bangwe ba ne ba dira. E re ka batsamaisasekepe ba ne ba tlhatswegile pelo gore setsuatsue seno se laolwa ke maatla mangwe a a fetang a tlholego, ba ne ba latlhela bola go bona gore ke mang wa batho ba ba mo sekepeng yo o ka tswang a dirile gore ba lebane le bothata jono. Ga go pelaelo gore Jona o ne a garoga pelo fa bola bo bontsha gore banna ba ba mo sekepeng ga ba na molato. Go ise go ye kae, go ne ga bonala gore ke mang yo o bakileng bothata. Jehofa o ne a senola gore ke mang yo o bakileng setsuatsue ka go dira gore bola bo bontshe gore Jona ke ene a leng molato!—Bala Jona 1:5-7.

13. (a) Jona o ne a bolelela batsamaisasekepe eng? (b) Jona o ne a laela batsamaisasekepe go dira eng, mme ka ntlha yang?

13 Jona o ne a bolelela batsamaisasekepe sengwe le sengwe. O ne a ba tlhalosetsa gore ke motlhanka wa Modimo mothatayotlhe, Jehofa. Modimo yono o ne a mo romile mme Jona a se ka a dira se a se romilweng, seo sa kgopisa Modimo, mme sa ba tsenya botlhe mo kotsing. Banna bao ba ne ba tshogile; Jona o ne a kgona go bona seo mo matlhong a bone. Ba ne ba mmotsa gore ba dire eng ka ene gore ba boloke sekepe le matshelo a bone. O ne a reng? Jona a ka tswa a ile a tshosiwa ke go akanya a nwela mo lewatleng leo le le tsididi, le le galefileng. Mme gone, goreng a ne a tsenya banna bano mo kotsing ntswa a itse gore a ka ba boloka? Ka jalo o ne a ba raya a re: “Ntsholetseng mme lo ntatlhele mo lewatleng, mme lewatle le tla lo sisibalela; ka gonne ke a lemoga gore ke ka ntlha ya me go bo lo tletswe ke setsuatsue se segolo seno.”—Jona 1:12.

14, 15. (a) Re ka etsa jang tumelo ya ga Jona? (b) Batsamaisasekepe ba ne ba dira eng fa Jona a re ba mo latlhele mo lewatleng?

14 Legatlapa le ne le ka se bue mafoko ano. Jehofa o tshwanetse a bo a ile a itumedisiwa ke go bona bopelokgale jwa ga Jona le moya wa go intsha setlhabelo mo nakong eo e e thata. Seno se re bontsha kafa tumelo ya ga Jona e neng e nonofile ka gone. Re ka e etsa ka go dira gore dilo tse batho ba bangwe ba amegileng ka tsone di tle pele ga tsa rona. (Joh. 13:34, 35) Fa re bona mongwe a tlhoka dilo tsa go itshedisa, a tshwenyegile mo maikutlong kgotsa a tlhoka go nonotshiwa semoyeng, a re ithaopela go mo thusa? Fa re dira jalo ruri re itumedisa Jehofa!

15 Gongwe batsamaisasekepe le bone ba ne ba amilwe ke se Jona a neng a ba laela go se dira, ka gonne kwa tshimologong ba ne ba sa batle go mo latlhela mo lewatleng! Le fa go ntse jalo, ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba tswe mo setsuatsueng seo—mme ga ba a ka ba  atlega. Se ne sa gakala le go feta. La bofelo ba ne ba lemoga gore ga go sepe se ba ka se dirang. Ba ne ba tlhaeletsa kwa Modimong wa ga Jona e bong Jehofa gore a ba utlwele botlhoko, go tswa foo ba tsholetsa Jona mme ba mo latlhela mo lewatleng.—Jona 1:13-15.

Jona o ne a laela batsamaisasekepe gore ba mo tsholetse mme ba mo latlhele mo lewatleng

Jona o Utlwelwa Botlhoko e Bile o a Gololwa

16, 17. Tlhalosa se se ileng sa diragalela Jona fa a ne a latlhelwa mo lewatleng. (Bona le ditshwantsho.)

16 Jona o ne a wela mo makhubung a a galefileng. Gongwe o ile a kgaratlha, a leka go kokobala mo godimo ga metsi, mme fa a le mo gare ga lefulo la metsi o ne a bona sekepe se tsamaya ka bofefo. Le fa go ntse jalo, makhubu a ne a mo phaila a dira gore a nwele mo metsing. O ne a ya kwa tlase, a feletswe ke tsholofelo.

17 Moragonyana Jona o ne a tlhalosa kafa a neng a ikutlwa ka gone ka nako eo. O ne a akanya ka dilo dingwe mo botshelong jwa gagwe. O ile a hutsafala thata fa a akanya gore o ne a se kitla a tlhola a bona tempele e ntle ya ga Jehofa e e kwa Jerusalema. O ile a akanya a nweelela kwa tengteng ga lewatle, gaufi le mo dithaba di simologang, kwa mofero wa lewatle o neng o ka mo thathelela gone. Go bonala lefelo leo e ne e tla nna lebitla la gagwe.—Bala Jona 2:2-6.

18, 19. Go ne ga direga eng ka Jona fa a le kwa tengteng ga lewatle, o ne a mediwa ke setshedi sa mofuta ofe, mme ke mang yo o neng a tlhotlheletsa ditiragalo tseno? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

 18 Iketle pele! Go ne go na le sengwe se se tsamayang fa gaufi—setshedi se segolo, se sentsho. Setshedi seno se ne sa tla kwa go ene ka bonako. Se ne sa bula molomo wa sone o mogolo mme sa mo kometsa!

Jehofa o ne a “rulaganya gore go nne le tlhapi e kgolo gore e metse Jona”

19 Jona o tshwanetse a bo a ne a akanya gore ke bokhutlo jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, o ne a lemoga sengwe se se gakgamatsang. O ne a sa swa! O ne a sa robega, a sa silwa e bile a sa ntse a kgona go hema. O ne a sa ntse a tshela mo lefelong le e neng e tshwanetse go nna lebitla la gagwe. Jona o ne a gakgametse. Ga go pelaelo gore Modimo wa gagwe, Jehofa, ke ene a neng a “rulaganya gore go nne le tlhapi e kgolo gore e metse Jona.” *Jona 1:17.

20. Re ka ithuta eng ka Jona mo thapelong e a neng a e rapela fa a le mo mpeng ya tlhapi e kgolo?

20 Go ne ga feta metsotso le diura. Fa Jona a le mo lefifing leo le lentshontsho le a iseng a ko a tsamaye a le bone, o ne a nna le nako ya go akanya le go rapela Jehofa Modimo. Re ka kgona go ithuta go le gontsi ka ene mo thapelong ya gagwe e e kwadilweng mo kgaolong ya bobedi ya buka ya Jona. E bontsha gore Jona o ne a na le kitso e tseneletseng ya Dikwalo, ka gonne gangwe le gape e umaka Dipesalema. Gape e bontsha gore o ne a na le nonofo nngwe e e amang pelo: tebogo. Jona o ne a konela jaana: “Nna, ke tla go ntshetsa setlhabelo ka lentswe la go ntsha ditebogo. Se ke se ikanetseng, ke tla se diragatsa. Poloko ke ya ga Jehofa.”—Jona 2:9.

21. Jona o ne a ithuta eng ka poloko, mme ke thuto efe ya botlhokwa e re tshwanetseng go e gopola?

21 Fa Jona a ne a le mo lefelong leo le a iseng a ko a akanye gore a ka iphitlhela a le mo go lone—“mo tengteng ga tlhapi”—o ne a ithuta gore Jehofa o kgona go boloka mongwe le mongwe, gongwe le gongwe le ka nako nngwe le nngwe. Le fa a ne a le koo, Jehofa o ne a bona motlhanka yoo wa gagwe yo a neng a tshwenyegile, mme a mmoloka. (Jona 1:17) Jehofa ke ene fela a ka dirang gore motho a tshele malatsi a le mararo le masigo a le mararo mo mpeng ya tlhapi e kgolo. Le gompieno go molemo go gopola  gore Jehofa ke “Modimo yo mohemo wa gago o leng mo seatleng sa gagwe.” (Dan. 5:23) Re a hema e bile re a tshela ka ntlha ya gagwe. A re lebogela seo? A ga re ikutlwe re patelesega go ikobela Jehofa?

22, 23. (a) Go bontsha tebogo ga ga Jona go ne ga lekwa jang? (b) Re ka ithuta eng mo go Jona malebana le diphoso tse re di dirang?

22 Go ne ga direga eng ka Jona? A o ne a ithuta go bontsha Jehofa tebogo ka go nna kutlo? O ne a dira jalo. Morago ga malatsi a le mararo le masigo a le mararo, tlhapi e ne ya ya kwa lotshitshing lwa lewatle mme “ya tlhatsetsa Jona mo lefatsheng le le omileng.” (Jona 2:10) Akanya fela—morago ga seno sotlhe, Jona o ne a sa tlhoke go thuma gore a fitlhe kwa lotshitshing! Mme gone, o ne a tshwanetse go bona gore o tswa jang mo lotshitshing loo. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, moya wa gagwe wa go bontsha tebogo o ne wa lekwa. Jona 3:1, 2 ya re: “Go tswa foo lefoko la ga Jehofa la tla kwa go Jona lekgetlo la bobedi, le re: ‘Nanoga, ya kwa Ninife motse o mogolo, mme o o bolelele polelo e ke e buang le wena.’” Jona o ne a tla dira eng?

23 Jona ga a ka a okaoka. Re bala jaana: “Jona a nanoga mme a ya kwa Ninife tumalanong le lefoko la ga Jehofa.” (Jona 3:3) Ee, o ne a nna kutlo. Eleruri, o ne a ithutile mo diphosong tsa gagwe. Le mo ntlheng eno re tshwanetse go etsa tumelo ya ga Jona. Rotlhe re a leofa; rotlhe re dira diphoso. (Bar. 3:23) Mme gone, fa re dirile phoso, a re a itlhoboga kgotsa re ithuta mo diphosong tsa rona re bo re tswelela re direla Modimo re le kutlo?

24, 25. (a) Ke masego afe a kgabagare Jona a ileng a a bona fa a sa ntse a tshela? (b) Ke masego afe a Jona a tla a bonang mo isagweng?

24 A Jehofa o ne a segofatsa Jona ka ntlha ya go nna kutlo? Eleruri o ne a dira jalo. Sa ntlha, go bonala kgabagare Jona a ile a utlwa gore batsamaisasekepe bale ba ne ba bolokwa. Setsuatsue se ne sa kgaotsa ka bonako fela fa Jona a sena go laela gore a latlhelwe mo lewatleng, mme batsamaisasekepe bao ba ne ba “simolola go boifa Jehofa thata” mme ba mo isetsa setlhabelo go na le go se isetsa medimo ya bone ya maaka.—Jona 1:15, 16.

25 Masego a mangwe a magolo a ne a tla dingwaga di le dintsi moragonyana. Jesu o ne a dirisa nako ya fa Jona a ne a le mo tlhaping e kgolo e le boporofeti jo bo tshwantshetsang nako ya fa a tla bo a le mo lebitleng kgotsa kwa Sheole. (Bala Mathaio 12:38-40.) Ruri Jona o tla itumelela go itse ka masego ao fa a tsosiwa mo baswing go tla go tshela mo lefatsheng! (Johane 5:28, 29) Le wena, Jehofa o batla go go segofatsa. Fela jaaka Jona, a o tla ithuta mo diphosong tsa gago mme o nne kutlo le go bontsha moya wa go intsha setlhabelo?

^ ser. 4 Kgang ya gore Jona o tswa kwa motseng wa Galalea e a kgatlha ka gonne fa Bafarasai ba ne ba bua ka Jesu, ba ne ba bua jaana ka lenyatso: “Hukutsa mme o tlhokomele gore ga go na moporofeti yo ruri a tla tsosiwang kwa Galalea.” (Joh. 7:52) Baranodi le babatlisisi ba le bantsi ba akanya gore Bafarasai ba ne ba bolela gore ga go na moporofeti ope yo o kileng a nna teng kgotsa yo o tla nnang teng a tswa mo Galalea ya maemo a a kwa tlase. Fa e le gore ba ne ba akanya jalo, ba ne ba itlhokomolosa hisitori le boporofeti.—Isa. 9:1, 2.

^ ser. 12 Fa Septuagint e gatelela kafa Jona a neng a thulametse ka gone, e oketsa ka gore o ne a gona. Le fa go ntse jalo, go na le gore re tseye gore Jona o ne a robetse ka go bo a sa kgathale, re ka nna ra gopola gore ka dinako tse dingwe batho ba ba kotlomaneng pelo ba fekeediwa ke boroko. Mo diureng tsa bofelo tsa ga Jesu tse di ngomolang pelo kwa tshimong ya Gethesemane, Petere, Jakobe le Johane ba ne ba “otsela ka ntlha ya khutsafalo.”—Luke 22:45.

^ ser. 19 Lefoko la Sehebera le le ranoletsweng mo Segerikeng e le “tlhapi” le kaya “setshedi se se boitshegang sa mo lewatleng” kgotsa “tlhapi e kgolo.” Le fa go se na tsela epe ya go tlhomamisa gore e ne e le setshedi sa mofuta ofe sa mo lewatleng se se neng sa metsa Jona, go lemogilwe gore mo lewatleng la Mediterranean go na le dishaka tse dikgolo tse di ka kgonang go kometsa motho. Go na le dishaka tse dikgolo kwa mafelong a mangwe; shaka ya leruarua e kgona go nna boleele jwa dimetara di le 15—gongwe le go feta!