Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BOLESOME

O ne A Femela Kobamelo ya Boammaaruri

O ne A Femela Kobamelo ya Boammaaruri

1, 2. (a) Batho ba gaabo Elija ba ne ba sotlegile ka tsela efe? (b) Elija o ne a lebane le kganetso efe kwa Thabeng ya Karemele?

ELIJA o ne a lebile boidiidi fa bo ntse bo goga maoto bo tlhatloga Thaba ya Karemele. Tota le fa e ne e le ka makuku e bile go sa ntse go le lefitshwana, go ne go se thata go bona gore batho bano ba sotlilwe ke khumanego. Dingwaga di le tharo le halofo tsa komelelo di ne di ba sotlile fela thata.

2 Mo gare ga bone, go ne go gwanta baporofeti ba ga Baale ba le 450 ba ba tletseng boikgogomoso e bile ba tlhoile Elija moporofeti wa ga Jehofa fela thata. Kgosigadi Jesebele o ne a bolaile batlhanka ba ga Jehofa ba le bantsi, mme Elija o ne a sa ntse a eme a nitame kgatlhanong le kobamelo ya ga Baale. Ebu, mme gone e ne e tla nna ka lobaka lo lo kae? Gongwe baperesiti bano ba ne ba akanya gore e re ka Elija a le nosi, o ne a tla ba boifa. (1 Dikg. 18:4, 19, 20) Kgosi Ahabe le ene o ne a tlile, a palame kara ya gagwe ya segosi. Le ene o ne a ila Elija lekongkong.

3, 4. (a) Ke eng fa Elija a ka tswa a ne a tshogile fa go nna masa mo letsatsing leo le e neng e tla nna la botlhokwa? (b) Re tlile go sekaseka dipotso dife?

3 Moporofeti yono yo e neng e le ene fela a emang kobamelo ya boammaaruri nokeng, o ne a tloga a bona ditiragalo tse a iseng a tsamaye a di bone mo botshelong jwa gagwe. Fa Elija a ntse a lebile batho ba tlhatloga, o ne a itse gore go ise go ye kae ba ne ba tla itse gore tota ke mang yo o nang le maatla, gore a ke Modimo kgotsa ke batho ba ba boikepo. O ne a ikutlwa jang fa go nna masa? O tshwanetse a bo a ne a tshogile gonne e le “motho yo o nang le maikutlo a a tshwanang le a rona.” (Bala Jakobe 5:17.) Mme gone re ka tlhomamisega ka selo se le sengwe: E re ka Elija a ne a dikologilwe ke batho ba ba se nang tumelo, kgosi ya bone ya motlhanogi le baperesiti bao ba babolai, o ne a ikutlwa a le nosi.—1 Dikg. 18:22.

4 Mme gone, ke eng se se neng se tsentse Iseraele mo mathateng ano? Pego eno e go ama jang? Ela tlhoko kafa Elija a neng a na le tumelo ka gone le gore rona re ka ithuta eng mo go ene gompieno.

Bothata Jo bo Sa Bolong go Nna Teng bo Tloga bo Rarabololwa

5, 6. (a) Baiseraele ba ne ba lebane le bothata bofe? (b) Ke jang Kgosi Ahabe a ileng a kgopisa Jehofa fela thata?

5 Mo e batlang e le dingwaga tsotlhe tsa botshelo jwa ga Elija, o ne  a lebile a sa kgone go dira sepe fa kobamelo ya ga Jehofa, e e neng e le karolo ya konokono ya naga ya gaabo le ya batho ba gaabo, e ne e tlhokomologiwa le go gatakiwa. Aitsane, Baiseraele ba ne ba na le lobaka lo loleele ba na le bothata jwa go tlhopha fa gare ga kobamelo e e itshekileng le ya maaka, le fa gare ga kobamelo ya ga Jehofa Modimo le kobamelo ya medingwana ya ditšhaba tse di neng di ba dikologile. Bothata joo bo ne jwa gakala thata mo motlheng wa ga Elija.

6 Kgosi Ahabe o ne a kgopisitse Jehofa fela thata. O ne a nyetse Jesebele, morwadia kgosi ya Sidona. Jesebele o ne a ikemiseditse go anamisa kobamelo ya ga Baale mo nageng ya Iseraele le go fedisa kobamelo ya ga Jehofa. Go ise go ye kae, Ahabe o ne a ineela go laolwa ke Jesebele. Ahabe o ne a agela Baale tempele le sebeso a bo a etelela pele mo go obameleng modimo ono wa boheitane.—1 Dikg. 16:30-33.

7. (a) Ke eng se se neng se dira gore kobamelo ya ga Baale e nne makgapha? (b) Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Baebele ga e ikganetse fa e bua ka boleele jwa leuba la mo motlheng wa ga Elija? (Akaretsa le  lebokose.)

7 Ke eng se se neng se dira gore kobamelo ya ga Baale e nne makgapha? E ne e hepisa Iseraele, e raela batho ba le bantsi gore ba tlogele go obamela Modimo wa boammaaruri. Gape bodumedi jono bo ne bo dira dilo tse di ferosang sebete le tse di setlhogo. Bo ne bo rotloetsa boaka jwa banna le basadi mo tempeleng, ditiro tsa tlhakanelodikobo le go ntsha bana ditlhabelo. Jehofa o ne a tsibogela seo ka go romela Elija kwa go Ahabe go mo itsise ka leuba le le neng le tla ba aparela go fitlha moporofeti wa Modimo a itsise gore le fedile. (1 Dikg. 17:1) Go ne ga feta dingwaga di le mmalwa pele Elija a tla go bona Ahabe gape le go mmolelela gore a phuthele batho le baporofeti ba ga Baale kwa Thabeng ya Karemele. *

Ka tsela nngwe, dilo dingwe tse di neng di tlhotlheletsa batho thata mo kobamelong ya ga Baale di sa ntse di ba tlhotlheletsa thata le gompieno

8. Pego e e malebana le kobamelo ya ga Baale e re ama jang gompieno?

8 Mme gone, kgang eno ya moruthutha e re ama jang gompieno? Batho bangwe ba ka akanya gore kgang ya kobamelo ya ga Baale ga e re ame ka gope gompieno, e re ka rona re se na ditempele le dibeso tsa ga Baale. Mme pego eno ga se hisitori fela ya bogologolo. (Bar. 15:4) Lefoko “Baale” le kaya “mong.” Jehofa o ne a raya batho ba gagwe a re ba tshwanetse go tlhopha ene gore e nne “baale” wa bone kgotsa monna yo e leng mong wa bone. (Isa. 54:5) A ga se boammaaruri gore batho ba sa ntse ba direla beng ba ba farologaneng go na le gore ba direle Modimo Mothatayotlhe? Go sa kgathalesege gore batho ba dirisa botshelo jwa bone go batla madi, go bereka, go itlosa bodutu, go iitumedisa ka tlhakanelodikobo kgotsa go obamela medimo e mentsi e e obamelwang go na le go direla Jehofa, ba a bo ba itlhophela mong wa bone. (Math. 6:24; bala Baroma 6:16.) Tota  re ka re ka tsela nngwe dilo dingwe tse di neng di tlhotlheletsa batho thata mo kobamelong ya ga Baale di sa ntse di ba tlhotlheletsa thata le gompieno. Go tlhatlhanya ka kganetsano eo ya bogologolo fa gare ga ga Jehofa le Baale go ka re thusa go dira tshwetso e e botlhale fa re tlhopha gore re tla direla mang.

‘Ba ne Ba Okaoka’—Jang?

9. (a) Ke eng fa Thaba ya Karemele e ne e le lefelo le le siametseng go senola kobamelo ya ga Baale? (Bona le ntlha e e kwa tlase.) (b) Elija o ne a raya batho a reng?

9 Fa o le mo setlhoeng sa Thaba ya Karemele o ne o kgona go bona sengwe le sengwe sentle—go simolola mo mokgatšheng o o phothoselang wa Kishone o o kwa tlase go ya kwa Lewatleng le Legolo (Lewatle la Mediterranean) le le gaufi, le go ya kwa dithabeng tsa Lebanona kwa ntlheng e e kgakala ya bokone. * Mme fa letsatsi le tlhaba mo letsatsing  leo la botlhokwa, go ne go bonala sentle gore naga eo e mo seemong se se maswe. Naga e pele e neng e nonne e Jehofa a neng a e neile bana ba ga Aborahame, jaanong e ne e sa tlhole e ungwa. Jaanong e ne e fisitswe ke letsatsi, e senyegile ka ntlha ya boeleele jwa batho bano ba Modimo! Fa batho bao ba ntse ba phuthega, Elija o ne a ba atamela mme a re: “Lo tla okaoka fa gare ga maikutlo a mabedi a a sa tshwaneng ka lobaka lo lo kae? Fa Jehofa e le Modimo wa boammaaruri, mo saleng morago; mme fa Baale e le ene, mo saleng morago.”—1 Dikg. 18:21.

10. Ke ka tsela efe batho ba motlha wa ga Elija ba neng ba “okaoka fa gare ga maikutlo a mabedi a a sa tshwaneng,” mme ba ne ba lebetse boammaaruri bofe jwa botlhokwa?

10 Elija o ne a kaya eng fa a bua ka go “okaoka fa gare ga maikutlo a mabedi a a sa tshwaneng”? Tota batho bao ba ne ba sa lemoge gore ba ne ba tshwanetse go tlhopha fa gare ga kobamelo ya ga Jehofa le kobamelo ya ga Baale. Ba ne ba tsaya gore ba ne ba ka obamela Jehofa le Baale—gore ba ne ba ka kokobetsa Baale ka dingwao tsa bone tse di makgapha mme ba ntse ba kopa Jehofa Modimo melemo mengwe. Gongwe ba ne ba akanya gore Baale o tla segofatsa dijalo le metlhape ya bone, fa “Jehofa wa masomosomo” ene a tla ba sireletsa mo ntweng. (1 Sam. 17:45) Ba ne ba lebetse boammaaruri bongwe jwa botlhokwa—jo batho ba le bantsi ba sa ntseng ba sa bo lemoge le gompieno. Jehofa ga a batle go obamelwa le medimo e mengwe. O batla gore re obamele ene fela e bile o tshwanelwa ke kobamelo eo. Ga se fela gore ga a batle go obamelwa le medimo e mengwe, tota go a mo kgopisa!—Bala Ekesodo 20:5.

11. O akanya gore se Elija a neng a se bua kwa Thabeng ya Karemele se ka re thusa jang go sekaseka dilo tse di tlang pele mo botshelong le mo kobamelong ya rona?

11 Ka jalo Baiseraele bao ba ne ba “okaoka” jaaka motho yo o batlang go tsamaya mo ditseleng tse pedi ka nako e le nngwe. Le gompieno batho ba le bantsi ba dira phoso e e tshwanang, ba letla “bobaale” ba bangwe go nna karolo ya botshelo jwa bone ba bo ba kgaphela kobamelo ya Modimo kwa thoko. Go reetsa fa Elija a ikuela ka tlhoafalo mo go rona gore re se ka ra okaoka, go ka re thusa go sekaseka gape dilo tse di tlang pele mo botshelong le mo kobamelong ya rona.

Teko e e Botlhokwa Thata

12, 13. (a) Elija o ne a re go dirwe teko efe? (b) Re ka bontsha jang gore re ikanya Jehofa fela jaaka Elija?

12 Jaanong Elija o akantsha gore go dirwe teko nngwe. Teko eo e ne e le motlhofo thata. Baperesiti ba ga Baale ba ne ba tshwanetse go tlhoma sebeso le go baya setlhabelo mo go sone; morago ga moo ba ne ba tshwanetse go rapela modimo wa bone gore a tshube molelo. Elija le ene o ne a tla dira se se tshwanang. O ne a re: “Modimo . . . yo o arabang ka molelo ke ene Modimo wa boammaaruri.” Elija o ne a itse sentle gore Modimo wa boammaaruri ke mang. Tumelo ya gagwe e ne e nonofile tota mo e leng gore ga a ka a okaoka go letla baporofeti ba ga Baale gore ba dire sengwe le sengwe se se ka ba thusang. O ne a ba letla  gore e nne bone ba simololang. Ka jalo ba ne ba tlhopha poo ya bone ya setlhabelo mme ba rapela Baale. *1 Dikg. 18:24, 25.

13 Ga re tshele mo metlheng ya dikgakgamatso. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a fetoga. Re ka mo tshepa fela jaaka Elija a ne a mo tshepa. Ka sekai, fa batho bangwe ba sa dumalane le se Baebele e se rutang, ga re a tshwanela go boifa go ba letla go tlhalosa se ba se dumelang. Fela jaaka Elija, re ka ikanya Modimo wa boammaaruri go rarabolola kgang. Ga re dire seo ka go ikaega ka botlhale jwa rona, go na le moo re ikaega ka Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng, le le diretsweng ‘go tlhamalatsa dilo.’—2 Tim. 3:16.

Elija o ne a itse gore kobamelo eno ya ga Baale ke ya maaka, mme o ne a batla gore batho ba Modimo le bone ba lemoge seo

14. Elija o ne a sotla baporofeti ba ga Baale ka tsela efe, mme ka ntlha yang?

14 Baporofeti ba ga Baale ba ne ba baya setlhabelo sa bone mo sebesong mme ba bitsa modimo wa bone. Ba ne ba nna ba goa ba re: “Baale, re arabe tlhe!” Go ne ga feta metsotso ga ba ga feta le diura tse dintsintsi ba ntse ba goa. Baebele ya re: “Mme go ne go se na lentswe lepe, e bile go se na ope yo o arabang.” Fa e nna sethoboloko Elija o ne a simolola go ba sotla a re Baale o tshwanetse a bo a tshwaregile thata go ba araba, kgotsa a ile go ithoma kwa ntlwaneng kgotsa a robetse mme mongwe a tshwanetse go mo tsosa. Elija o ne a raya baganetsi bao a re: “Bitsang ka lentswe le le kwa godimo thata.” Eleruri, o ne a itse gore kobamelo eno ya ga Baale ke ya maaka, mme o ne a batla gore batho ba Modimo le bone ba lemoge seo.—1 Dikg. 18:26, 27.

15. Kgang ya baperesiti ba ga Baale e bontsha jang boeleele jwa go tlhopha ope fela go nna mong wa rona kwantle ga ga Jehofa?

15 Baperesiti ba ga Baale ba ne ba gakala le go feta, ba “biletsa kwa godimo thata le go itshegaka go ya ka mokgwa wa bone ka dithipa tse di magale mabedi le ka marumo, go fitlha ba dira gore madi a elele mo go bone.” Mme seo ya nna matsapa a bophiri fela! “Go ne go se na lentswe lepe, go se na ope yo o arabang, e bile go se na ope yo o reetsang.” (1 Dikg. 18:28, 29) Tota, go ne go se na Baale. O ne a itlhametswe ke Satane go raela batho gore ba se ka ba obamela Jehofa. Boammaaruri ke gore, go tlhopha mong ope fela ntle le Jehofa go felela ka maswabi, tota le go tlhabisiwa ditlhong.—Bala Pesalema 25:3; 115:4-8.

Karabo

16. (a) Go bo Elija a ile a baakanya sebeso sa ga Jehofa kwa Thabeng ya Karemele, go ka tswa go ile ga gakolola batho eng? (b) Elija o ile a bontsha jang gape gore o ikanya Modimo wa gagwe?

16 Ka lotlatlana e ne ya nna nako ya gore Elija le ene a dire setlhabelo.  O ne a baakanya sebeso sa ga Jehofa se go neng go bonala sentle gore se sentswe ke baba ba kobamelo e e itshekileng. O ne a dirisa matlapa a le 12, gongwe a gakolola ba le bantsi mo setšhabeng sa ditso di le 10 tsa Iseraele gore ba ne ba sa ntse ba le kafa tlase ga Molao o o neng o neilwe ditso tsotlhe tse 12. Go tswa foo o ne a baya setlhabelo sa gagwe mo sebesong mme a tshela sengwe le sengwe ka metsi a gongwe a tserweng mo Lewatleng la Mediterranean le le neng le le gaufi. O ne a bo a dira gore go epiwe mosele go dikologa sebeso, mme wa tladiwa ka metsi. Go bontsha kafa a ikanyang Modimo wa gagwe thata ka gone, o ne a letla baporofeti ba ga Baale go dira sengwe le sengwe se se ka ba thusang, mme ene a dira dilo tse di neng di tla dira gore go nne thata gore molelo o tuke.—1 Dikg. 18:30-35.

Thapelo ya ga Elija e ne e bontsha gore o sa ntse a kgathalela batho ba gaabo, ka go bo o ne a tlhoafaletse go bona Jehofa a busa ‘pelo ya bone’

17. Thapelo ya ga Elija e ne ya bontsha jang gore ke dilo dife tse a di tsayang e le tsa botlhokwa, mme re ka etsa jang sekao sa gagwe fa re rapela?

17 Fa sengwe le sengwe se setse se siame, Elija o ne a rapela. Thapelo ya ga Elija e e sa raraanang le e e tlhamaletseng e ne e bontsha sentle gore ke dilo dife tse a neng a di tsaya di le botlhokwa. Sa ntlha e bile e le sa botlhokwa le go feta, o ne a batla gore go itsege gore Baale e ne e se “Modimo mo Iseraele,” mme Jehofa e ne e le ene Modimo wa bone. Sa bobedi, o ne a batla gore mongwe le mongwe a itse gore ene e ne e le motlhanka fela wa ga Jehofa; kgalalelo yotlhe le tlotlo di tshwanetse go newa Modimo. Sa bofelo, o ne a bontsha gore o sa ntse a kgathalela batho ba gaabo, ka go bo a ne a tlhoafaletse go bona Jehofa a busa ‘pelo ya bone.’ (1 Dikg. 18:36, 37) Go sa kgathalesege matlhotlhapelo otlhe a a neng a bakilwe ke go tlhoka tumelo ga bone, Elija o ne a sa ntse a ba rata. Fa re rapela Modimo, a le rona re ka bontsha boikokobetso, gore re amegile ka leina la Modimo, le gore re utlwela botlhoko batho ba bangwe ba ba tlhokang thuso?

18, 19. (a) Jehofa o ne a araba jang thapelo ya ga Elija? (b) Elija o ne a laela batho gore ba dire eng, mme ke eng fa baperesiti ba ga Baale ba ne ba sa tshwanelwe ke go utlwelwa botlhoko?

18 Pele ga Elija a rapela, boidiidi jo bo neng bo le foo bo tshwanetse jwa bo bo ne bo ipotsa gore a Jehofa o ne a tla mo swabisa fela jaaka Baale a ba swabisitse. Mme gone, morago ga thapelo, ga go a ka ga nna le nako ya go ipotsa dipotso. Pego eno ya re: “Foo molelo wa ga Jehofa wa tla o wa mme wa ja tshupelo e e fisiwang le dikgong le maje le lorole, le metsi a a neng a le mo moseleng wa a laila.” (1 Dikg. 18:38) Ruri ba ne ba arabegile jaanong! Mme ba ne ba dira eng?

“Foo molelo wa ga Jehofa wa tla o wa”

19 Botlhe ba ne ba re: “Jehofa ke Modimo wa boammaaruri! Jehofa ke Modimo wa boammaaruri!” (1 Dikg. 18:39) Kgabagare ba ne ba bona boammaaruri. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ise ba bontshe tumelo epe. Tota e bile, go dumela gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri fa ba sena go  bona molelo o wa kwa legodimong morago ga thapelo, go ne go sa bontshe gore tota ba na le tumelo. Ka jalo Elija o ne a kopa gore ba bontshe tumelo ya bone ka tsela e nngwe. O ne a ba kopa gore ba dire sengwe se ba neng ba tshwanetse go bo ba se dirile dingwaga di le dintsi pelenyana ga foo—go ikobela Molao wa ga Jehofa. Molao wa Modimo o ne o re baporofeti ba maaka le baobamedi ba medingwana ba tshwanetse go bolawa. (Dute. 13:5-9) Baperesiti bano ba ga Baale e ne e le baba ba ga Jehofa Modimo, mme ba ne ba dira kgatlhanong le maikaelelo a gagwe ka boomo. A ba ne ba tshwanetse go utlwelwa botlhoko? A mme bone ba ile ba utlwela botlhoko bana ba ba se nang molato ba ba neng ba fisiwa ba tshela go nna ditlhabelo tsa ga Baale? (Bala Diane 21:13; Jer. 19:5) Ruri banna bano ba ne ba sa tshwanelwe ke go utlwelwa botlhoko! Ka jalo, Elija o ne a laela gore ba bolawe, mme ba ne ba bolawa.—1 Dikg. 18:40.

20. Ke eng fa kgang e batshwayadiphoso ba gompieno ba tshwenyegang ka yone e e ka ga go bolawa ga baperesiti ba ga Baale e sa utlwale?

20 Batshwayadiphoso ba gompieno ba ka nna ba nyatsa tsela e teko eno ya kwa Thabeng ya Karemele e feletseng ka yone. Batho bangwe ba ka nna ba tshwenyega ka gore batho ba ba tlhagafaletseng bodumedi ba e dirisa go kgothaletsa ditiro tse di setlhogo tse di bakwang ke letlhoo la bodumedi. Mme ka maswabi, gompieno go na le batho ba le bantsi ba ba ipolelang gore ba rata bodumedi mme ba le setlhogo. Le fa go ntse jalo, Elija o ne a sa nna jalo. O ne a dira mo boemong jwa ga Jehofa fa a bolaya baobamedi bao gore a diragatse tshiamo. Gape, Bakeresete ba mmatota ba a itse gore ga ba a tshwanela go bolaya batho ba ba bosula jaaka Elija a ile a dira. Go na le moo, ba latela molao o barutwa botlhe ba ga Jesu ba neng ba tshwanetse go o ikobela, o o fitlhelwang mo mafokong a Keresete a neng a a bolelela Petere: “Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone, gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.” (Math. 26:52) Mo isagweng, Jehofa o tla dirisa Morwawe go diragatsa tshiamiso ya Gagwe.

21. Sekao sa ga Elija se ka solegela jang Bakeresete ba boammaaruri ba gompieno molemo?

21 Mokeresete wa boammaaruri o na le boikarabelo jwa go tshela botshelo jo bo bontshang gore o na le tumelo. (Joh. 3:16) Tsela nngwe ya go dira jalo ke go etsa banna ba ba ikanyegang ba ba jaaka Elija. O ne a obamela Jehofa fela mme a kgothaletsa le ba bangwe go dira se se tshwanang. O ne a senola ka bopelokgale bodumedi jo bo tsietsang jo Satane a bo dirisang go raela batho gore ba se ka ba obamela Jehofa. Mme o ne a ikanya Jehofa go rarabolola mathata go na le go ikaega ka bokgoni jwa gagwe le go dira dilo ka tsela ya gagwe. Eleruri, Elija o ne a femela kobamelo e e itshekileng. E kete rotlhe re ka etsa tumelo ya gagwe!

^ ser. 9 Gantsi Thaba ya Karemele e nna e na le dimela tse ditala, gangwe le gape fa diphefo tse di bongola tse di tswang mo lewatleng di ntse di tlhatloga mo mekgokoloseng ya yone, di nesa dipula le monyo o montsi. E re ka go ne go tsewa gore Baale ke ene a nesang pula, go bonala thaba eno e ne e le lefelo le le botlhokwa la go mo obamela. Ka jalo, Karemele e e omeletseng le e e se nang dimela e ne e le lefelo le le siameng la go senola gore kobamelo ya ga Baale ke maaka.

^ ser. 12 Go bonala Elija a ile a ba raya a re: ‘Lo se ka lwa fisa setlhabelo ka molelo.’ Bakanoki bangwe ba re ka dinako tse dingwe baobamedi bao ba medingwana ba ne ba dirisa dibeso tse kafa tlase di nang le phatlha e tshesane e e itsiweng ke bone fela, gore go bonale e kete molelo o tshubilwe ke maatla mangwe a a sa tlwaelegang.