Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BOSOMESUPA

“Bona! Lelata la ga Jehofa!”

“Bona! Lelata la ga Jehofa!”

1, 2. (a) Marea o ne a dumedisiwa jang ke moeng wa motswakwa? (b) Marea o ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso efe mme e ne ya fetola jang botshelo jwa gagwe?

MAREA o ne a gadima a gakgametse fa moeng a tsena mo legaeng la gagwe. Moeng yono ga a ka a mmotsa gore rraagwe kgotsa mmaagwe o kae. O ne a etetse ene! Marea o ne a tlhomamisegile gore moeng yono ga a tswe mo Nasaretha. E re ka motse wa bone o ne o le monnye, batho ba e seng ba motse oo ba ne ba bonala. Mme moeng yono ene, o ne a tla bonala gore ke motswakwa gongwe le gongwe kwa a yang teng. O ne a dumedisa Marea ka tsela e e sa tlwaelegang, a re: “Dumela wena yo o ratilweng segolo, Jehofa o na le wena.”—Bala Luke 1:26-28.

2 Baebele e re itsise Marea, morwadia Heli, wa motse wa Nasaretha kwa Galalea ka tsela eo. E simolola go bua ka ene ka nako e a neng a tshwanelwa ke go dira tshwetso ya botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe. O ne a beeleditswe ke monna wa mmetli e bong Josefa—yo o neng a sa huma mme gone a ikanyega mo Modimong. Ka jalo, go bonala a ne a setse a rulagantse botshelo jwa gagwe—go tshela botshelo jo bo sa raraanang a thusa monna wa gagwe Josefa go tlhokomela lelapa. Le fa go ntse jalo, ka tshoganyetso fela, o ne a iphitlhela a na le moeng yono yo o mo leretseng kabelo e e tswang kwa Modimong, boikarabelo jo bo neng bo tla fetola botshelo jwa gagwe.

3, 4. Gore re kgone go itse Marea sentle, ke eng se re tshwanetseng go se tlhokomologa, mme re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go eng?

3 Batho ba le bantsi ba a gakgamala fa ba lemoga gore Baebele ga e bue go le gontsi ka Marea. Ga e bue thata ka tsela e a godileng ka yone, e bua go le gonnye ka botho jwa gagwe mme ga e umake sepe ka ditebego tsa gagwe. Le fa go ntse jalo, se Lefoko la Modimo le se buang se senola go le gontsi ka ene.

4 Gore re itse Marea sentle, re tshwanetse go tlhokomologa dikgopolo tse dintsi tse madumedi a a farologaneng a di rutang ka ene. Ka jalo, a re tlhokomologeng tsela e a tlhalosiwang ka yone mo ditshwantshong tse dintsi tse di pentilweng, tse di dirilweng ka mmabole kgotsa ka letsopa. Gape re tlhokomologe le dithuto tse di raraaneng tse di dirileng gore mosadi yono yo o boikobo a tlotlomadiwe thata ka maina a a jaaka, “Mmaagwe Modimo” le “Kgosigadi ya Legodimo.” Go na le moo, a re tlhomeng mogopolo mo go se tota Baebele e se tlhalosang ka ene. E re  naya kitso ya botlhokwa ka tumelo ya gagwe le kafa re ka e etsang ka gone.

O Etelwa ke Moengele

5. (a) Re ka ithuta eng mo go Marea mo tseleng e a ileng a itshwara ka yone fa Gabariele a mo dumedisa? (b) Ke thuto efe ya botlhokwa e re ka ithutang yone mo go Marea?

5 Moeng wa ga Marea e ne e se motho fela yo o tlwaelegileng. E ne e le moengele Gabariele. Fa a bitsa Marea, “wena yo o ratilweng segolo,” Marea o ne a “tshwenyega fela thata” ka ntlha ya mafoko ao mme a ipotsa gore, ke eng fa a mo dumedisa ka tsela eo e e sa tlwaelegang. (Luke 1:29) O ne a ipotsa gore o ratilwe segolo ke mang? Marea o ne a sa lebelela gore a ratege thata mo bathong. Le fa go ntse jalo, moengele o ne a bua ka go ratiwa ke Jehofa Modimo. Marea o ne a tsaya seo se le botlhokwa thata. Le fa go ntse jalo, ga a ka a nna mabela, a tsaya fela gore o amogelwa ke Modimo. Fa re leka ka natla go amogelwa ke Modimo, re sa nne mabela re tsaya fela gore o setse a re amogela, re tla ithuta thuto ya botlhokwa e lekgarebe leno le neng le e tlhaloganya ka botlalo. Modimo o ganetsa ba ba mabela mme o rata ba ba ikokobeditseng e bile o ba ema nokeng.—Jak. 4:6.

Marea ga a ka a nna mabela, a tsaya fela gore o amogelwa ke Modimo

6. Moengele o ne a naya Marea tshiamelo efe e e kgethegileng?

6 Marea o ne a tshwanetse go nna boikokobetso jalo ka gonne moengele o ne a tlile go mo naya tshiamelo nngwe e e kgethegileng thata. Moengele o ne a mmolelela gore o tlile go tshola ngwana yo o neng a tla nna mogolo mo bathong botlhe. Gabariele o ne a re: “Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe, mme o tla busa ntlo ya ga Jakobe ka bosaengkae e le kgosi, mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.” (Luke 1:32, 33) Ga go pelaelo gore Marea o ne a setse a itse ka tsholofetso e Modimo a neng a e dirile le Dafide dingwaga di feta sekete pele ga foo—gore mongwe wa ditlogolwana tsa gagwe o ne a tla busa ka bosakhutleng. (2 Sam. 7:12, 13) Ka jalo, morwawe o ne a tla nna Mesia yo batho ba Modimo ba neng ba sa bolo go mo leta ka makgolokgolo a dingwaga!

Moengele Gabariele o ne a naya Marea tshiamelo e e kgethegileng thata

7. (a) Potso e Marea a neng a e botsa e ne e senola eng ka ene? (b) Ke eng se basha gompieno ba ka ithutang sone mo go Marea?

7 Gape moengele o ne a mmolelela gore morwawe o ne a tla “bidiwa Morwa Mogodimodimo.” Mosadi yono yo e neng e le motho wa mo lefatsheng o ne a ka kgona jang go tshola Morwa Modimo? Tota e bile, Marea o ne a tla kgona jang go nna le morwa? O ne a beeleditswe ke Josefa mme ba ise ba nyalane. Marea o ne a botsa ka tlhamalalo a re: “Seno se tla nna jang, e re ka ke sa tlhakanele dikobo le monna?” (Luke 1:34) Ela tlhoko gore Marea o ne a sa tlhabisiwe ditlhong ke bokgarebane jwa gagwe. Go na le moo, o ne a tlotlomatsa boitsheko jwa gagwe. Gompieno  basha ba le bantsi ba itlhaganelela go tlhakanela dikobo ba ise ba tsene mo lenyalong mme ba sotla ba ba sa direng jalo. Ruri lefatshe le fetogile. Mme Jehofa ene ga a ise a fetoge. (Mal. 3:6) Fela jaaka mo motlheng wa ga Marea, o rata thata batho ba ba kgomarelang melao ya gagwe ya boitsholo.—Bala Bahebera 13:4.

8. Le fa Marea a ne a sa itekanela, o ne a tla kgona jang go tshola ngwana yo o itekanetseng?

8 Le fa Marea e ne e le motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo, e ne e le motho yo o sa itekanelang. Ka jalo, o ne a tla kgona jang go tshola ngwana yo o itekanetseng, Morwa Modimo? Gabariele o ne a re: “Moya o o boitshepo o tla tla mo go wena, le maatla a Mogodimodimo a tla go okama. Ka lebaka leo le se se tsalwang se tla bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.” (Luke 1:35) Boitshepo bo kaya go nna “phepa,” “go itsheka.” Gantsi bana ba gotsa bosaitekanelang le boleo mo batsading ba bone. Le fa go ntse jalo, mo kgannyeng eno Jehofa o ne a tlile go dira kgakgamatso nngwe. O ne a tla tlosa botshelo jwa Morwawe kwa legodimong mme a bo tsenye mo popelong ya ga Marea a bo a dirisa maatla a gagwe a a dirang kgotsa moya o o boitshepo go “okama” Marea, e le go sireletsa ngwana gore a se ka a itshekololwa ke boleo. A Marea o ne a dumela tsholofetso eo ya moengele? O ne a araba jang?

Kafa Marea a Neng a Araba Gabariele ka Teng

9. (a) Ke eng fa go sa siama gore batshwayadiphoso ba belaele pego e e ka ga Marea? (b) Gabariele o ne a nonotsha tumelo ya ga Marea ka tsela efe?

9 Batho bangwe ba ba belaelang kgang eno go akaretsa le baithutabodumedi bangwe ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete, ga ba dumele gore kgarebane e ka tshola ngwana. Go sa kgathalesege gore ba rutegile go le kana kang, ga ba tlhaloganye boammaaruri jono jo bo sa raraanang. Fela jaaka Gabariele a bontshitse, “mo Modimong ga go polelo e e se kitlang e kgonega.” (Luke 1:37) Marea o ne a dumela gore mafoko a ga Gabariele a boammaaruri ka gonne e ne e le lekgarebe le le nang le tumelo e kgolo. Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore Marea o ne a dumela sengwe le sengwe fela se a se bolelelwang. Fela jaaka motho mongwe le mongwe yo o akanyang, Marea o ne a tlhoka bosupi jo bo tla mo thusang gore a dumele kgang eo. Gabariele o ne a ikemiseditse go mo naya bosupi jo bo oketsegileng. O ne a mmolelela ka mosadi mongwe wa losika lwa gagwe yo o godileng e bong Elisabetha, yo go neng go itsiwe gore ke moopa. Modimo o ne a dirile gore a kgone go ithwala ka tsela ya kgakgamatso!

10. Ke eng fa re sa tshwanela go tsaya fela gore tshiamelo e Marea a neng a e neilwe e ne e sa tshose e bile e se thata?

10 Jaanong Marea o ne a tla dira eng? O ne a neilwe kabelo e bile a na le bosupi jwa gore Modimo o tla dira sotlhe se Gabariele a se buileng. Ga re a tshwanela go tsaya fela gore tshiamelo eno e ne e sa tshose e bile e se thata. Go ne go na le sengwe se a neng a tlhoka go se akanyetsa, o ne a beeleditswe ke Josefa. A o ne a sa ntse a tla mo nyala fa a lemoga gore o ithwele? Sengwe gape ke gore kabelo eno ka boyone e ne e lebega  e le maikarabelo a a boima. O ne a tlile go tshola botshelo jwa motho wa botlhokwa go gaisa dibopiwa tsotlhe tsa Modimo—Morwa yo o rategang wa Modimo! O ne a tla tshwanelwa ke go mo tlhokomela fa e sa ntse e le lesea le le sa kgoneng go itirela sepe le go mo sireletsa mo lefatsheng le le boikepo. Ruri jono e ne e le boikarabelo jo bo boima!

11, 12. (a) Banna ba ba nonofileng le ba ba ikanyegang ba ne ba dira eng fa Modimo a ba naya dikabelo tse di gwetlhang? (b) Tsela e Marea a neng a araba Gabariele ka yone e ne e senola eng ka ene?

11 Baebele ya re ka dinako tse dingwe, tota le banna ba ba ikanyegang ba ne ba okaoka go amogela dikabelo tse di gwetlhang tse Modimo a neng a ba naya tsone. Moshe o ne a re ga se seleta mo puong, ka jalo ga a ka ke a kgona go nna mmueledi wa Modimo. (Ekes. 4:10) Jeremia le ene o ne a gana mme a re e sa ntse e le “mosimanyana fela,” o sa ntse a le monnye thata go ka dira tiro e Modimo a neng a mo abetse yone. (Jer. 1:6) Mme Jona ene o ne a tshabela kabelo ya gagwe! (Jona 1:3) Marea ene o ne a tla dira eng?

12 Tota le gompieno batho ba le bantsi ba ba nang le tumelo ba itse karabo ya gagwe e e bontshang boikokobetso le go nna kutlo. O ne a raya Gabariele a re: “Bona! Lelata la ga Jehofa! E kete go ka ntiragalela kafa polelong ya gago.” (Luke 1:38) Lelata e ne e le lone motlhanka wa maemo a a kwa tlasetlase; botshelo jwa gagwe bo ne bo le mo diatleng tsa mong wa gagwe. Eo ke tsela e Marea a neng a ikutlwa ka yone ka Mong wa gagwe, Jehofa. O ne a itse gore o bolokesegile mo diatleng tsa gagwe, gore Jehofa o ikanyega mo go ba ba ikanyegang mo go ene le gore o tla mo segofatsa fa a ntse a iteka ka natla go dira kabelo eno e e gwetlhang e a neng a e neilwe.—Pes. 18:25.

Marea o ne a itse gore o bolokesegile mo diatleng tsa Modimo wa gagwe yo o ikanyegang, Jehofa

13. Fa go dira se Modimo a re kopang sone go bonala go le thata e bile go sa kgonege, re ka solegelwa molemo jang ke sekao sa ga Marea?

13 Ka dinako tse dingwe, Modimo o re kopa go dira dilo dingwe tse mo matlhong a rona di ka nnang tsa bonala di le thata e bile di sa kgonege. Le fa go ntse jalo, mo Lefokong la gagwe o re naya mabaka a le mantsi a gore re mo ikanye, re bo re ipeye mo diatleng tsa gagwe fela jaaka Marea a ne a dira. (Dia. 3:5, 6) A re tla dira jalo? Fa re ka dira jalo o tla re segofatsa, a re naya mabaka a gore re nne le tumelo e e nonofileng mo go ene.

O Etela Elisabetha

14, 15. (a) Jehofa o ne a segofatsa Marea jang fa a ne a etetse Elisabetha le Sekarea? (b) Mafoko a ga Marea a a begilweng mo go Luke 1:46-55 a re senolela eng ka ene?

14 Marea o ne a tsaya dikgang tse Gabariele a neng a mmolelela tsone ka ga Elisabetha di le botlhokwa thata. Mo basading botlhe ba ba leng teng mo lefatsheng, ke mang tota yo a neng a ka tlhaloganya maemo a gagwe botoka? Marea o ne a itlhaganelela kwa nageng e e dithaba ya  Juda, loeto lo gongwe lo neng lo tsaya malatsi a le mararo kana a le manè. Fa Marea a tsena mo lelapeng la ga Elisabetha le moperesiti Sekarea, Jehofa o ne a mo naya bosupi jo bongwe gape jo bo nonofileng jo bo neng bo tla nonotsha tumelo ya gagwe. Elisabetha o ne a utlwa Marea a mo dumedisa mme ka yone nako eo, lesea le le mo popelong ya gagwe le ne la tlola ka boitumelo. O ne a tlala moya o o boitshepo mme a bitsa Marea, “mmaagwe Morena wa me.” Modimo o ne a senoletse Elisabetha gore morwa wa ga Marea e ne e tla nna Morena wa gagwe, Mesia. Gape Elisabetha o ne a tlhotlhelediwa gore a bake Marea ka ntlha ya boikanyegi jwa gagwe le go nna kutlo a re: “Gape go itumela ene yo o dumetseng.” (Luke 1:39-45) Ee, sengwe le sengwe se Jehofa a neng a se solofeditse Marea se ne se tla diragala!

Botsala jwa ga Marea le Elisabetha e ne e le tshegofatso mo go bone boobabedi

 15 Morago ga moo Marea o ne a araba. Mafoko a gagwe a bolokilwe mo Lefokong la Modimo. (Bala Luke 1:46-55.) Mafoko ano ke one a maleele a Marea a kileng a a bua a a begilweng mo Baebeleng mme a senola go le gontsi ka ene. Tsela e a bakang Jehofa ka yone go bo a mo segofaditse ka tshiamelo ya gore e nne ene mmaagwe Mesia, e bontsha kafa a tletseng tebogo le kanaanelo ka gone. E bontsha kafa a nang le tumelo e kgolo ka gone fa a re Jehofa o folosa ba ba mabela le gore o maatla e bile o thusa batho ba maemo a a kwa tlase le ba ba humanegileng ba ba batlang go mo direla. Gape e senola kafa a nang le kitso ka gone. Go ya kafa go fopholediwang ka gone, o ne a umaka Dikwalo tsa Sehebera ka makgetlo a feta 20! *

16, 17. (a) Marea le morwawe ba ile ba bontsha jang boikutlo jo re tshwanetseng go bo etsa? (b) Ke eng se loeto lwa ga Marea kwa go Elisabetha lo re gakololang sone?

16 Ga go pelaelo gore Marea o ne a tlhatlhanya thata ka Lefoko la Modimo. Le fa go ntse jalo, go na le gore a bue megopolo ya gagwe, o ne a ikokobetsa mme a letla gore Dikwalo e nne tsone di buang. Letsatsi lengwe morwa yo ka nako eo a neng a ntse a gola mo popelong ya gagwe le ene o ne a tla nna le boikutlo jo bo tshwanang mme a re: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng.” (Joh. 7:16) Go molemo gore re ipotse: ‘A ke bontsha tlotlo e e ntseng jalo le tshisimogo mo Lefokong la Modimo? Kana a ke bona go le molemo go buelela dikgopolo le dithuto tsa me?’ Re itse sentle se Marea a ileng a se dira.

17 Marea o ne a nna le Elisabetha dikgwedi di ka nna tharo, ga go pelaelo gore ba ne ba kgothatsana fela thata. (Luke 1:56) Pego ya Baebele e e tlhalosang loeto lono e re gakolola kafa go nna le ditsala go ka re solegelang molemo ka gone. Fa re batla ditsala tse tota di ratang Modimo wa rona Jehofa, ga go pelaelo gore re tla gola semoyeng mme re atamalane le ene. (Dia. 13:20) Kgabagare, e ne e le nako ya gore Marea a boele gae. Josefa o ne a tla reng fa a utlwa ka boemo jwa gagwe?

Marea le Josefa

18. Marea o ne a bolelela Josefa eng, mme Josefa o ne a dira eng?

18 Marea ga a ka a leta go fitlha go bonala gore o ithwele. O ne a tshwanetse go bolelela Josefa ka gone. Pele a ka bua le ene, o tshwanetse a bo a ne a ipotsa gore monna yono yo o siameng le yo o boifang Modimo o ne a tla tsaya dikgang tseno jang. Le fa go ntse jalo, o ne a ya kwa go ene mme a mmolelela dilo tsotlhe tse di mo diragaletseng. O ka akanya fela gore Josefa o tshwanetse a bo a ne a tshwenyegile jang. O ne a batla go dumela mokapelo yono wa gagwe, mme go ne go bonala mokapelo yono a sa ikanyega mo go ene. Baebele ga e re bolelele gore o ne a akanya eng. Mme gone ya re o ne a dira tshwetso ya go tlhala Marea, gonne mo motlheng oo batho ba ba beeletsaneng ba ne ba tsewa ba  nyalane. Le fa go ntse jalo, o ne a sa batle go mo tlhabisa ditlhong mo bathong ba bangwe kgotsa go dira gore a otlhaiwe, ka jalo o ne a tlhopha go mo tlhala mo sephiring. (Math. 1:18, 19) Marea o tshwanetse a bo a ne a utlwa botlhoko tota fa a ntse a lebile monna yono yo o molemo a tshwenyegile ka ntlha ya boemo jono jo bo sa tlwaelegang. Mme gone ga a ka a mo galefela.

19. Jehofa o ile a thusa Josefa jang go dira tshwetso e e siameng?

19 Jehofa o ne a thusa Josefa go dira tshwetso e e siameng. Moengele wa Modimo o ne a bolelela Josefa mo torong gore tota Marea o ne a ithwele ka tsela ya kgakgamatso. Josefa o tshwanetse a bo a ile a ikutlwa a imologile! Jaanong Josefa le ene o ne a dira se Marea a neng a se dirile kwa tshimologong—a dira go ya ka se Jehofa a neng a mo kaela sone. O ne a nyala Marea, mme a ipaakanyetsa go tsaya boikarabelo jo bo kgethegileng jwa go tlhokomela Morwa wa ga Jehofa.—Math. 1:20-24.

20, 21. Ke eng se banyalani le batho ba ba akanyetsang lenyalo ba ka ithutang sone mo go Marea le Josefa?

20 Go ka nna molemo gore—banyalani le batho ba ba akanyetsang lenyalo—ba ithute mo banyalaning bano ba basha ba ba tshetseng dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng. Fa Josefa a bona mosadi wa gagwe a ntse a dira ditiro tse di dirwang ke bommè, o tshwanetse a bo a ile a itumedisiwa ke go bo moengele wa ga Jehofa a ile a mo kaela. O tshwanetse a bo a ile a bona botlhokwa jwa go ikaega ka Jehofa fa motho a dira ditshwetso tse dikgolo. (Pes. 37:5; Dia. 18:13) E re ka jaanong e ne e le tlhogo ya lelapa, ga go pelaelo gore o ne a le kelotlhoko e bile a le pelonomi fa a dira ditshwetso.

21 Mme gone, re ka swetsa ka goreng ka go dumela ga ga Marea go nyalana le Josefa? Le fa kwa tshimologong go ne go le thata gore Josefa a dumele se Marea a mmolelelang sone, Marea o ne a mo leta gore a dire tshwetso ka gonne Josefa ke ene e neng e tla nna tlhogo ya lelapa. Ruri seno e ne e le thuto ya botlhokwa mo go Marea le mo basading ba Bakeresete gompieno. Kgabagare, dilo tseno tshotlhe di tshwanetse tsa bo di ile tsa ruta Josefa le Marea go le gontsi ka botlhokwa jwa go ikanyega le go buisana.—Bala Diane 15:22.

22. Lenyalo la ga Josefa le Marea le simolotse jang, mme ba ne ba letetswe ke eng?

22 Ruri banyalani bano ba basha ba simolotse lenyalo la bone sentle. Boobabedi ba ne ba rata Jehofa Modimo go feta dilo tsotlhe mme ba tlhoafaletse go dira thato ya gagwe e le batsadi ba ba nang le maikarabelo le ba ba lorato. Ke boammaaruri gore ba ne ba letetswe ke masego a magolo—le dikgwetlho tse dikgolo. Ba ne ba letetswe ke go godisa Jesu, yo o neng a tla nna monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela mo lefatsheng.

^ ser. 15 Go bonala Marea a ile a umaka mosadi mongwe yo o ikanyegang yo o neng a bidiwa Hana yo le ene Jehofa a ileng a mo segofatsa ka go dira gore a tshole ngwana.—Bona lebokose le le reng, “Dithapelo Tse Pedi Tse di Tlhomologileng,” mo Kgaolo 6.