Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BOSOMEROBEDI

O ne A Dira “Ditshwetso mo Pelong ya Gagwe”

O ne A Dira “Ditshwetso mo Pelong ya Gagwe”

1, 2. Tlhalosa loeto lwa ga Marea le gore ke eng se se neng se dira gore lo nne boima.

MAREA o ne a lapile fa a ntse a palame pelesa e e nang le dithoto. O ne a feditse diura a le mo godimo ga phologotswana eno. Fela fa pele ga gagwe, Josefa o ne a tsamaya ka iketlo, a mo eteletse pele go ya kwa Bethelehema e e neng e le kgakala. Marea o ne a utlwa gape ngwana a itshikinya mo sebopelong sa gagwe.

2 Marea o ne a setse a le gaufi le go tshola ngwana; Baebele e tlhalosa gore mo nakong eno o ne “a goletswe.” (Luke 2:5) Fa banyalani bano ba ntse ba feta mo masimong, gongwe balemi bangwe ba ba neng ba lema kgotsa ba jala ba ne ba ba leba mme ba ipotsa gore ke eng fa mosadi yo o goletsweng jaana a ka tsaya loeto. Ke eng se se dirileng gore Marea a tloge kwa legaeng la gagwe kwa Nasaretha mme a tseye mosepele o moleele jaana?

3. Marea o ne a newa kabelo efe, mme ke eng se re tlileng go ithuta sone ka ene?

3 Dilo tseno tsotlhe di simologile dikgwedi di le mmalwa pelenyana fa lekgarebe leno la Mojuda le ne le newa kabelo e go seng motho ope yo o kileng a e newa. O ne a tshwanetse go tshola ngwana yo o neng a tla nna Mesia, Morwa Modimo! (Luke 1:35) Fa nako ya gore a tshole ngwana e ntse e atamela, go ne ga tlhokega gore a tseye mosepele ono. Fa ba ntse ba le mo mosepeleng oo, Marea o ne a lebana le dilo di le dintsi tse di neng tsa leka tumelo ya gagwe. Mma re bone gore ke eng se se mo thusitseng go nna a nonofile semoyeng.

Mosepele Wa go Ya Kwa Bethelehema

4, 5. (a) Ke eng fa Josefa le Marea ba ne ba tsere mosepele go ya Bethelehema? (b) Taelo ya ga Kaesara e ne ya thusa gore go diragadiwe boporofeti bofe?

4 Josefa le Marea e ne e se bone fela ba tsereng mosepele. Kaesara Aguseto o ne a sa tswa go laela gore batho botlhe mo nageng ba tshwanetse go ikwadisa, ka jalo batho ba ne ba tshwanetse go boela kwa metseng e ba tsholetsweng kwa go yone go ya go ikwadisa. Josefa o ne a dira eng? Pego ya re: “Ee, Josefa le ene a tlhatloga go tswa Galalea, a tswa kwa motseng wa Nasaretha, a ya Judea, kwa motseng wa ga Dafide, o o bidiwang Bethelehema, ka gonne a le leloko la ntlo le la lelapa la ga Dafide.”—Luke 2:1-4.

5 Go ne go sa itiragalela fela gore Kaesara a ntshe taelo eno ka nako eo. Boporofeti jo bo neng bo kwadilwe dingwaga di ka nna makgolo a le  supa pelenyana, bo ne bo boleletse pele gore Mesia o ne a tla tsholelwa kwa Bethelehema. Jaanong go ne go na le motse mongwe o o bidiwang Bethelehema o o neng o le bokgakala jwa dikilometara di le 11 fela go tswa mo Nasaretha. Le fa go ntse jalo, boporofeti bo ne bo boletse ka tlhamalalo gore Mesia o ne a tla tsholelwa kwa “Bethelehema Eferatha.” (Bala Mika 5:2.) E le gore baeti ba fitlhe kwa motseng o monnye wa Nasaretha, ba ne ba tshwanetse go tsamaya dikilometara di le 130 mo tseleng e e palamelang ba feta kwa Samarea. Ke one motse wa Bethelehema o Josefa a neng a laetswe go ya kwa go one, ka e ne e le motse wa losika lwa lelapa la ga Kgosi Dafide—lelapa le Josefa le mosadi wa gagwe ba tsholetsweng mo go lone.

6, 7. (a) Ke eng fa mosepele wa go ya Bethelehema o ka tswa o ne o le boima mo go Marea? (b) Fa Marea le Josefa ba sena go nyalana seo se ne sa ama jang ditshwetso tsa ga Marea? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

6 A Marea o ne a tla ema Josefa nokeng mo kgannyeng eno? Kana gone, mosepele ono o ne o tlile go nna boima mo go ene. Go bonala e ne e le mo tshimologong ya letlhabula, ka jalo e ne e le nako ya dipula tsa medupe ka gonne paka ya komelelo e ne e ya bokhutlong. Mo godimo ga moo, polelwana e e reng “a tlhatloga go tswa mo Galalea” e a tshwanela, ka gonne Bethelehema e ne e le bogodimo jwa dimetara di feta 760—e ne e le kwa godimo tota, e leng se se neng se ka dira gore go nne thata go feleletsa mosepele wa malatsi a le mmalwa. Gongwe go ne go tlile go ba tsaya lobakanyana, e re ka boemo jwa ga Marea bo ne bo ka mo tlhoka gore a ikhutse gangwe le gape. Mo nakong eno ya fa lekgarebe  leno le ne le tloga le tshola ngwana le ne le ka batla go nna kwa gae, kwa ba losika le ditsala ba neng ba tla le thusa fa ditlhabi tsa pelegi di simolola. Ga go pelaelo gore o ne a tshwanetse go nna pelokgale gore a tseye mosepele ono.

Loeto lwa go ya kwa Bethelehema lo ne lo le boima

7 Le fa go ntse jalo, Luke o ne a kwala gore Josefa o ne a ya “go kwadisiwa le Marea.” Gape o umaka gore Marea ‘o ne a neetswe Josefa ka nyalo jaaka go ne go solofeditswe.’ (Luke 2:4, 5) E re ka Marea e ne e le mosadi wa ga Josefa, seo se ne se ama tsela e a neng a dira ditshwetso ka yone fela thata. O ne a tsaya monna wa gagwe e le ene a etelelang lelapa pele mo dilong tsa kobamelo, e bile a amogela seabe se a se neilweng ke Modimo sa go nna mothusi wa gagwe ka go ema nokeng ditshwetso tse a neng a di dira. * Ka jalo, o ne a lebana le kgwetlho eno e e neng e ka leka tumelo ya gagwe ka go nna boikobo.

8. (a) Ke eng gape se se ka tswang se tlhotlheleditse Marea go ya le Josefa kwa Bethelehema? (b) Sekao sa ga Marea ke kgothatso ka tsela efe mo bathong ba ba ikanyegang?

8 Ke eng gape se se ka tswang se ile sa tlhotlheletsa Marea go ikoba? A o ne a itse ka boporofeti jo bo reng Bethelehema ke lefelo le Mesia a neng a tla tsholelwa kwa go lone? Baebele ga e bue sepe ka gone. Go ka  direga gore o ne a itse ka gonne kgang eno e ne e itsewe ke baeteledipele ba bodumedi le ke batho ba bantsi. (Math. 2:1-7; Joh. 7:40-42) Marea o ne a itse Dikwalo sentle. (Luke 1:46-55) Mme gone, go sa kgathalesege gore Marea o ne a sweditse go tsamaya ka ntlha ya go ikobela monna wa gagwe, taelo ya puso kgotsa boporofeti jwa ga Jehofa—kgotsa ka ntlha ya mabaka ano otlhe—o tlhomile sekao se se molemo tota. Ruri Jehofa o tsaya boikutlo jwa go ikoba le go nna kutlo jo banna le basadi ba nang le jone bo le botlhokwa. Sekao sa ga Marea se re kgothatsa tota gonne mo motlheng ono wa rona, batho ba le bantsi ga ba rate go ikoba.

Botsalo Jwa ga Keresete

9, 10. (a) Marea le Josefa ba ka tswa ba ne ba akantse ka eng fa ba ntse ba atamela Bethelehema? (b) Josefa le Marea ba ne ba ya go nna kae, mme ka ntlha yang?

9 Marea o tshwanetse a bo a ile a itumela tota fa a bona Bethelehema a le kgakajana. Marea le Josefa ba ka tswa ba ne ba akanya ka hisitori ya motsana ono fa ba ntse ba tlhatloga dithaba, ba feta fa gare ga ditlhare tsa maungo a motlhware a e neng e le mangwe a maungo a bofelo go rojwa. Fela jaaka Mika a ne a boleletse pele, e ne e le motsana o o nyatsegang e bile o sa akarediwe mo metseng ya Juda; mme gone, ke teng kwa Boase, Naomi mme moragonyana Dafide, ba neng ba tsholelwa teng dingwaga di feta sekete pele Jesu a tsholwa.

10 Marea le Josefa ba ne ba fitlhela go tletse mo motseng. Batho ba bangwe ba ne ba setse ba fitlhile pele ga bone go tla go ikwadisa, mo e leng gore go ne go se na bonno mo phaposing ya baeng. * Go ne go se na se ba ka se dirang ntle le go robala mo setaleng sa diruiwa mo bosigong joo. Akanya fela kafa Josefa a tshwanetseng a bo a ne a tshwenyegile ka gone fa a bona mosadi wa gagwe a le mo ditlhabing tse di botlhoko tse a iseng a ko a tsamaye a nne le tsone, e bile di ntse di oketsega! O ne a simolola go utlwa ditlhabi tsa pelegi a le mo lefelong leno le le nyatsegang—setale sa diruiwa.

11. (a) Ke eng fa basadi ba le bantsi ba tlhaloganya kafa Marea a neng a ikutlwa ka gone? (b) Jesu e ne e le “leitibolo” ka ditsela dife?

11 Bontsi jwa basadi ba tlhaloganya kafa Marea a neng a ikutlwa ka gone. Dingwaga di ka nna 4 000 pelenyana, Jehofa o ile a bolelela pele gore ka ntlha ya boleo jo re bo ruileng, basadi botlhe ba tla nna le ditlhabi fa ba tshola bana. (Gen. 3:16) Ka jalo Marea le ene o tshwanetse a bo ile a nna le ditlhabi tseo. Pego ya ga Luke ga e tlhalose ditlhabi tse Marea a ileng a nna le tsone, ya re: “A belega morwawe, leitibolo.” (Luke 2:7) Ee, “leitibolo” la gagwe le ne la tsholwa—ngwana wa ntlha mo baneng ba bangwe ba ga Marea ba gongwe ba neng ba le supa. (Mar. 6:3) Le fa go ntse jalo, yono o ne a se kitla a tshwana le bone. E ne e se fela leitibolo la ga Marea mme gape e ne e le “leitibolo la popo yotlhe” ya ga Jehofa, Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo!—Bakol. 1:15.

12. Marea o ne a latsa ngwana kae, mme lefelo leo le farologane jang le se se bontshiwang ke metshameko le ditshwantsho tse di takilweng?

 12 Jaanong pego eno e umaka ntlha nngwe e e itsegeng thata: “A mo phuthela ka dihapo tsa matsela a bo a mo latsa mo bojelong jwa diruiwa.” (Luke 2:7) Lefatshe ka bophara, metshameko le ditshwantsho tse di takilweng tse di bontshang botsalo jwa ga Jesu di feteletsa dilo fa di bontsha tiragalo eno. Mme gone, ela tlhoko se tota se diragetseng. Bojelo jwa diruiwa ke mogopo o diphologolo di fepiwang le go jela mo go one. Se lebale gore lelapa leno le ne le nna mo bojelong jwa diruiwa, e leng lefelo le le neng le se na moya o o phepa kgotsa le sa siamela gore batho ba nne mo go lone—ka nako eo le gompieno. Tota ga go batsadi bape ba ba neng ba ka tlhopha go tsholela ngwana wa bone mo bojelong jwa diruiwa fa go ne go na le lefelo le lengwe. Batsadi ba le bantsi ba batlela bana ba bone se se molemo. Ruri Marea le Josefa ba ne ba batlela Morwa Modimo se se molemo bogolo!

13. (a) Marea le Josefa ba ile ba bontsha jang gore ba kgotsofaletse se ba nang le sone? (b) Gompieno batsadi ba ba botlhale ba ka etsa jang Marea le Josefa ka go dira gore dilo tsa botlhokwa e nne tsone di tlang pele?

13 Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba letla gore maemo a bone a ba kgobe marapo; ba ne ba kgotsofalela se ba neng ba na le sone. Ka sekai, ela tlhoko gore Marea o ne a tlhokomela losea, a lo hapa ka dihapo tsa matsela, a bo a lo robatsa mo bojelong jwa diruiwa gore lo thuthafale lo bo lo sireletsege. Marea ga a ka a letla gore go tlhobaela ka maemo a gagwe a nako eo go mo kgoreletse gore a dire sotlhe se a neng a ka se kgona go tlhokomela losea lwa gagwe. Tota e bile, Marea le Josefa ba ne ba itse gore selo sa botlhokwa thata se ba neng ba ka se direla ngwana yono ke go mo tlhokomela ka dilo tsa semoya. (Bala Duteronome 6:6-8.) Gompieno, batsadi ba ba botlhale le bone ba akanyetsa kgang eno ya botlhokwa fa ba godisa bana ba bone mo lefatsheng leno le le sa reng sepe ka go direla Modimo.

Ketelo e e Neng ya ba Kgothatsa

14, 15. (a) Ke eng fa badisa ba ne ba tlhoafaletse go bona ngwana? (b) Badisa ba ne ba dira eng fa ba sena go bona Jesu a le mo bonnong jwa diruiwa?

14 Ka tshoganyetso go ne ga direga sengwe se se neng sa fetola boemo. Badisa ba ne ba tsena ka potlako mo setaleng, ba tlhoafaletse go bona lelapa leno mme segolobogolo ngwana. Banna bano ba ne ba itumetse tota, difatlhego tsa bone di tsabakela ka boitumelo. Ba ne ba tla ba potlakile jalo ba tswa kwa dithabeng kwa ba neng ba nna gone le matsomane a bone. * Ba ne ba bolelela batsadi bano ba ba gakgametseng ka sengwe se se kgatlhang se ba sa tswang go se bona. Fa ba ntse ba le kwa dithabeng bosigo ba tlhokometse matsomane a bone, ka tshoganyetso fela moengele o ne a iponatsa kwa go bone. Kgalalelo ya ga Jehofa e ne  ya nyedima mo lefelong lotlhe, mme moengele o ne a ba bolelela gore Keresete, kgotsa Mesia, o sa tswa go tsholwa kwa Bethelehema. Ba ne ba tla fitlhela ngwana a robetse mo bojelong jwa diruiwa, a hapilwe ka dihapo tsa matsela. Go tswa foo, go ne ga direga sengwe se se kgatlhang le go feta—go ne ga bonala lesomo le legolo la baengele, le opela ka kgalalelo ya Modimo!—Luke 2:8-14.

15 Ga go gakgamatse go bo banna bano ba ba boikobo ba ile ba potlakela kwa Bethelehema. Ba tshwanetse ba bo ba ile ba itumelela go bona losea lo lo sa tswang go tsholwa lo robetse fa moengele a rileng ba tla le fitlhela gone. Ga ba a ka ba didimala fela ka dikgang tseno tse di monate. ‘Ba ne ba itsise lefoko. Mme botlhe ba ba neng ba utlwa ba gakgamala ka ntlha ya dilo tse ba neng ba di bolelelwa ke badisa.’ (Luke 2:17, 18) Go bonala baeteledipele ba bodumedi ba metlha eo ba ne ba nyatsa badisa. Le fa go ntse jalo, ga go pelaelo gore Jehofa o ne a tsaya banna bano ba ba ikokobeditseng le ba ba ikanyegang ba le botlhokwa. Mme gone, ketelo eno e ile ya ama Marea jang?

Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a tsaya badisa ba ba ikokobeditseng le ba ba ikanyegang ba le botlhokwa

16. Marea o ne a bontsha jang gore o ne a akanya thata ka se se buiwang, mme ke eng se se mo thusitseng gore a tswelele a na le tumelo e e nonofileng?

16 Le fa Marea a ne a sa ntse a lapisitswe ke ditlhabi tsa pelegi, o ne a reetsa lefoko lengwe le lengwe ka kelotlhoko. Mme ga a ka a reetsa fela: “Marea a simolola go boloka mafoko ano otlhe, a dira ditshwetso mo pelong ya gagwe.” (Luke 2:19) Ruri lekgarebe leno le ne le akanya thata ka se se buiwang. O ne a itse gore molaetsa ono wa moengele o ne o le botlhokwa thata. Modimo wa gagwe, Jehofa, o ne a batla gore a itse le go lemoga gore morwawe o botlhokwa go le kana kang. Ka jalo ga a ka a reetsa fela. O ne a boloka mafoko ano mo pelong ya gagwe gore a nne a tlhatlhanye ka one gangwe le gape mo dikgweding le mo dingwageng tse di neng di tla latela. Seno ke sone selo sa botlhokwa se se dirileng gore Marea a tswelele a na le tumelo botshelo jotlhe jwa gagwe.—Bala Bahebera 11:1.

Marea o ne a reetsa badisa ka kelotlhoko mme a boloka mafoko a bone mo pelong

17. Re ka latela sekao sa ga Marea jang mo dilong tsa semoya?

17 A o tla latela sekao sa ga Marea? Jehofa o tladitse Lefoko la gagwe ka boammaaruri jwa dilo tsa botlhokwa tsa semoya. Le fa go ntse jalo, boammaaruri joo bo ka re solegela molemo fela fa re bo tsaya tsia. Re dira seo ka go bala Baebele ka metlha—e seng e le buka fela e e kwadilweng mme e le Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. (2 Tim. 3:16) Go tswa foo, fela jaaka Marea, re tshwanetse go boloka dilo tsa semoya mo dipelong tsa rona le go tlhatlhanya ka tsone. Fa re tlhatlhanya ka se re se balang mo Baebeleng, re akanyetsa ditsela tse re ka dirisang kgakololo ya ga Jehofa ka botlalo ka tsone, tumelo ya rona e tla nonofa mme e gole.

 Dipolelo Tse Dingwe Tse di Neng di Tshwanetse go Bolokwa

18. (a) Marea le Josefa ba ne ba ikobela jang Molao wa ga Moshe fa Jesu e sa ntse e le losea? (b) Tshupelo e Josefa le Marea ba neng ba e ntsha kwa tempeleng e ne e senola eng ka maemo a bone a tsa itsholelo?

18 Fa ngwana a na le malatsi a le robedi, Marea le Josefa ba ne ba mo rupisa go ya ka Molao wa ga Moshe, mme ba mo raya leina Jesu, jaaka ba laetswe. (Luke 1:31) Mme mo letsatsing la bo40, ba ne ba tsamaya le ene go tswa kwa Bethelehema ba ya kwa Jerusalema, e e neng e le sekgala sa dikilometara di ka nna lesome, mme ba ntsha tshupelo ya go itshekisa e Molao o neng o letla gore batho ba ba humanegileng ba e ntshe—maeba a mabedi kgotsa maphoi a mabedi. Ga ba a ka ba itetla go tlhajwa ke ditlhong ka go bo ba ne ba sa kgone go ntsha phelefu le leeba tse batsadi ba bangwe ba neng ba di ntsha. Le fa ba ntshitse go le gonnye fela, ba ne ba kgothadiwa tota fa ba le koo.—Luke 2:21-24.

19. (a) Ke mafoko afe a mangwe a Simeone a neng a a bolelela Marea gore a a boloke mo pelong ya gagwe? (b) Ana o ne a dira eng fa a bona Jesu?

19 Monnamogolo mongwe yo o bidiwang Simeone o ne a ba atamela mme a bolelela Marea dilo tse dingwe tse a neng a tla di boloka mo pelong ya gagwe. Simeone o ne a solofeditswe gore pele a swa o tla bona Mesia, mme moya o o boitshepo wa ga Jehofa o ne wa mo itsise gore Jesu yo mmotlana e ne e le ene Mmoloki yo o boleletsweng pele. Gape Simeone o ne a tlhagisa Marea ka botlhoko jo letsatsi lengwe a neng a tla tshwanelwa ke go bo itshokela. O ne a re Marea o tla ikutlwa e kete tšhaka e telele e phunyeleditswe mo go ene. (Luke 2:25-35) Tota le mafoko ao a a neng a mo tlhagisa ka maemo a a botlhoko a a neng a tla  direga, a ka tswa a ile a thusa Marea go itshoka fa nako eo e e boima e fitlha dingwaga di le 33 moragonyana. Fa Simeone a sena go bua dilo tseno, moporofeti wa mosadi yo o bidiwang Ana o ne a bona Jesu yo mmotlana mme a simolola go bua ka ene mo go botlhe ba ba neng ba letetse kgololo ya Jerusalema.—Bala Luke 2:36-38.

Marea le Josefa ba ne ba kgothadiwa thata kwa tempeleng ya ga Jehofa kwa Jerusalema

20. Go isa Jesu kwa tempeleng kwa Jerusalema e ne ya nna tshwetso e e molemo ka tsela efe?

20 Ruri Marea le Josefa ba ne ba dirile tshwetso e e molemo ka go tlisa ngwana wa bone mo tempeleng ya ga Jehofa kwa Jerusalema! Go dira jalo go ne ga thusa ngwana wa bone gore a nne gone ka metlha kwa tempeleng ya ga Jehofa. Fa ba le koo, ba ne ba direla Jehofa ka bojotlhe mme ba ne ba rutiwa le go kgothadiwa. Ruri mo letsatsing leo tumelo ya ga Marea e ne e nonofile fa a tswa mo tempeleng, pelo ya gagwe e tletse ka dilo tse di botlhokwa tse a neng a tla tlhatlhanya ka tsone le go di bolelela batho ba bangwe.

21. Re ka dira jang gore tumelo ya rona e tswelele e nonofa fela jaaka ya ga Marea?

21 Go itumedisa tota go bona batsadi gompieno ba latela sekao seo. Batsadi ba Basupi ba ga Jehofa ba tla le bana ba bone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete. Batsadi bano ba dira sotlhe se ba ka se kgonang fa ba direla Modimo, e bile ba kgothatsa badumedi ka bone. Mme fa ba tswa kwa dipokanong ba tswa ba nonofile, ba itumetse e bile ba na le dilo di le dintsi tse di molemo tse ba ka di bolelelang batho ba bangwe. Go a itumedisa go kopana le batho ba ba ntseng jalo. Fa re ntse re dira jalo, tumelo ya rona e tla nonofa le go feta, fela jaaka ya ga Marea.

^ ser. 7 Ela tlhoko pharologano e e mo polelong eno le mo tlhalosong ya mosepele o o nnileng gone pele ga ono: “Marea a nanoga . . . a ya” go etela Elisabetha. (Luke 1:39) Ka nako eo, e re ka Marea a ne a beeleditswe mme a ise a nyalwe a ka tswa a ile a tsamaya a sa buisana le Josefa. Fa ba sena go nyalana, le fa gone ba ne ba tsere mosepele mmogo, Baebele e tlhalosa fa Josefa e le ene a neng a tsaya mosepele, e seng Marea.

^ ser. 10 Mo motlheng oo go ne go tlwaelegile gore mo metseng go nne le lefelo le baeti le ditlhopha tsa batho ba ba leng mo mosepeleng ba robalang mo go lone.

^ ser. 14 Lebaka la go bo badisa bano ba ne ba nna kwa ntle le matsomane a bone le bontsha boammaaruri jwa se se bolelwang ke ditiragalo tsa Baebele: Keresete ga a tsholwa ka Sedimonthole, ka nako ya fa matsomane a ne a tla bo a tswaletswe gaufi le legae, go na le moo, o ne a tsholwa mo masimologong a Diphalane.