Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BOSOMEAMABEDI

“Ke Dumetse”

“Ke Dumetse”

1. Tlhalosa khutsafalo ya ga Maratha le gore e ne e bakilwe ke eng.

MARATHA o ne a sa kgone go lebala lebitla la ga kgaitsadie—logaga lo kgoro ya lone e neng e thibilwe ka leje. Pelo ya gagwe e ne e rotha madi. O ne a sa dumele gore Lasaro yo a neng a mo rata o tlhokafetse. E ne e le malatsi a le manè fela a tlhokafetse mme mo go Maratha go ne go lebega e kete ke lobaka lo loleele a le mo khutsafalong, a nna le baeng e bile a gomodiwa.

2, 3. (a) Maratha o tshwanetse a bo a ile a ikutlwa jang fa a bona Jesu? (b) Mafoko a botlhokwa a Maratha a ileng a a bua a bontsha eng ka ene?

2 Jaanong gaufi le Maratha go ne go eme monna mongwe yo e neng e le tsala e kgolo ya ga Lasaro. Maratha o tshwanetse a bo a ile a hutsafala le go feta fa a bona Jesu ka gonne ke ene fela mo lefatsheng lotlhe yo o ka bong a kgonne go boloka botshelo jwa ga kgaitsadie. Mme gone, o ne a gomodiwa ke go bo a ne a na le Jesu kwa ntle ga motsana wa Bethani o o mo mohapheng wa thaba. Mo nakong e khutshwane e Maratha a neng a na le Jesu ka yone, o ne a kgothadiwa thata le go gomodiwa ke bopelonomi le kutlwelobotlhoko ya ga Jesu. Jesu o ne a mmotsa dipotso tse di neng tsa mo thusa go akanya ka tumelo ya gagwe le ka se a se dumelang ka tsogo ya baswi. Motlotlo oo o ne wa dira gore Maratha a bue mafoko a botlhokwa go gaisa ape fela a a kileng a a bua: “Ke dumetse gore o Keresete Morwa Modimo, Yo o tlang mo lefatsheng.”—Joh. 11:27.

3 Mafoko ano a bontsha gore Maratha e ne e le mosadi yo o nang le tumelo e e nonofileng. Tshedimosetso e nnye e Baebele e re bolelelang yone ka ene e re ruta dithuto tsa botlhokwa tse di ka re thusang go nonotsha tumelo ya rona. Go bona kafa e ka re thusang ka gone, a re sekasekeng pego ya ntlha e e buang ka Maratha mo Baebeleng.

“O a Tlhobaela e Bile o Tshwenyegile”

4. Ke ka tsela efe lelapa la gaabo Maratha le neng le sa tlwaelega, mme kamano ya ga Jesu le lelapa leo e ne e ntse jang?

4 E ne e le dikgwedi pele Lasaro a tlhokafala. O ne a sa ntse a tsogile sentle. O ne a tloga a amogela moeng wa botlhokwa thata e bong Jesu Keresete kwa legaeng la gaabo kwa Bethani. Lelapa leno la ga Lasaro, Maratha le Marea le ne le sa tlwaelega—bana ba motho ba bararo  ba ba setseng ba godile mme botlhe ba nna mmogo mo legaeng le le lengwe. Babatlisisi bangwe ba akanya gore Maratha e ka tswa e ne e le ene yo mogolo mo go bone e re ka e ne e le ene a amogelang baeng e bile ka dinako tse dingwe go umakiwa ene pele. (Joh. 11:5) Ga go na bosupi jo bo bontshang gore ope wa bone o kile a nyala kgotsa a nyalwa. Se re se itseng ke gore ba ne ba nna ditsala tse dikgolo tsa ga Jesu. Mme fa Jesu a ne a rera kwa Judea kwa batho ba neng ba mo ganetsa thata e bile ba mo tlhoile, o ne a nna kwa legaeng la bone. Mme ga go pelaelo gore o ne a itumelela thata go nna kwa legaeng leo la batho ba ba mo emang nokeng le le go renang kagiso mo go lone.

5, 6. (a) Ke eng fa Maratha a ne a tshwaregile thata fa Jesu a ba etetse? (b) Marea o ne a dirisa jang tshono ya fa Jesu a ne a ba etetse?

5 Maratha o ne a dira ka natla gore baeng ba ikutlwe ba amogelesegile mo legaeng la gaabo. E re ka e ne e le mosadi yo o senatla, go bonala a ne a nna a tshwaregile ka ditiro tsa mo lapeng. Le mo lekgetlong leno fa Jesu a ba etetse o ne a ntse a tshwaregile. Go ise go ye kae o ne a setse a baakanyetsa moeng wa gagwe wa botlhokwa, gongwe le bangwe ba a neng a tsamaya le bone letlepu la dijo. Mo metlheng eo, go amogela baeng go ne go le botlhokwa thata. Fa moeng a goroga, o ne a atliwa, a rolwa bompaatšhane, a tlhapisiwa dinao mme mo tlhogong a tshasiwa leokwane le le lapolosang le le le nkgang monate. (Bala Luke 7:44-47.) Go ne go tlhomamisiwa gore o newa dijo le lefelo le le siameng le a tla latsang tlhogo mo go lone.

6 Maratha le Marea ba ne ba tshwaregile ba ipaakanyetsa go amogela moeng wa bone. Marea, yo ka dinako tse dingwe a neng a tsewa a amega ka batho e bile a akanyetsa dilo kwa teng go feta Maratha, o tshwanetse a bo a ile a thusa mogolowe pele. Mme fa Jesu a sena go goroga, dilo di ne tsa fetoga. Jesu o ne a bona ketelo eo e le tshono ya go ruta batho ba ba neng ba le foo—mme o ne a e dirisa ka botlalo! E re ka Jesu a ne a sa tshwane le baeteledipele ba bodumedi ba motlha oo, o ne a tlotla basadi e bile a ba ruta ka Bogosi jwa Modimo, e leng kgang ya konokono e a neng a rera ka yone mo bodireding jwa gagwe. Marea o ne a itumelela tshono eno, mme a nna fa dinaong tsa gagwe a reetsa sengwe le sengwe se a neng a se bua.

7, 8. Ke eng fa Maratha a ile a tlala pelo, mme o ne a ntsha bogale joo jang?

7 Maratha o tshwanetse a bo a ile a tlala pelo. O ne a tlile go apaya dijo tse dintsi le go dira dilo tse dingwe go tlhokomela baeng ba gagwe, ka jalo o ne a simolola go tlhobaela le go tshwenyega. Fa a ntse a ya kwa godimo le kwa tlase a semeletse mme a bona monnawe a ntse fela a sa mo thuse, a o ne a galefa, a fegelwa kgotsa a sosobanya sefatlhego? Fa e le gore o ile a dira jalo go ne go ka se gakgamatse. O ne a ka se kgone go dira tiro eno yotlhe a le esi!

8 Kgabagare Maratha o ne a palelwa ke go itshwara. O ne a tsena Jesu ganong, mme a phatloga ka bogale a re: “Morena, a ga go go re sepe go bo nnake a ntlogetse ke dira dilo ke le nosi? Jalo, mmolelele gore le ene a nthuse.” (Luke 10:40) Tota o ne a dirisitse mafoko a a  bogale. Dithanolo di le mmalwa di ranotse potso ya gagwe jaana: “Morena, a ga o kgathale . . . ?” Go tswa foo o ne a kopa Jesu gore a kgaleme Marea mme a mo laele gore a tle go mo thusa.

9, 10. (a) Jesu o ne a araba Maratha jang? (b) Re itse jang gore Jesu o ne a se kgatlhanong le go bo Maratha a ile a dira ka natla go ba baakanyetsa dijo?

9 Gongwe karabo ya ga Jesu e ile ya gakgamatsa Maratha fela jaaka e sa bolo go gakgamatsa babadi ba le bantsi ba Baebele. O ne a mo araba ka bonolo a re: “Maratha, Maratha, o a tlhobaela e bile o tshwenyegile ka dilo tse dintsi. Mme, go tlhokega dilo di sekaenyana fela, kgotsa se le sengwe fela. Marea ene o tlhophile karolo e e molemo, mme ga e na go tsewa mo go ene.” (Luke 10:41, 42) Jesu o ne a raya jang? A o ne a raya gore Maratha ga a dire gore dilo tsa semoya di tle pele? A o ne a se na sepe le gore Maratha o dira ka natla go ba baakanyetsa dijo tse di monate?

Le fa Maratha a ne a ‘tlhobaela e bile a tshwenyegile ka dilo tse dintsi,’ o ne a amogela kgalemelo ka boikokobetso

10 Nnyaa. Jesu o ne a bona gore Maratha o dira jalo ka lorato le ka boikaelelo jo bo siameng. Gape o ne a sa tseye gore go ntsha ga tshwene fa o amogetse baeng go phoso. O ne a kile a ya kwa ‘modirong wa mokete o mogolo’ o Mathaio a neng a mo diretse one. (Luke 5:29) Kgangkgolo fano e ne e se dijo tsa ga Maratha; go na le moo e ne e le gore ke dilo dife tse a dirang gore di tle pele. O ne a tshwaregile thata jaana ka go apaya letlepu la dijo mo a ileng a lebala dilo tse di botlhokwa thata. Ke dilo dife tseo?

Jesu o ne a anaanela moya wa ga Maratha wa go rata go amogela baeng mme o ne a itse gore o dira jalo ka lorato le ka boikaelelo jo bo siameng

11, 12. Jesu o ne a kgalema Maratha jang ka tsela e e bonolo?

11 Jesu, Morwa yo o tsetsweng a le esi wa ga Jehofa Modimo, o ne a tlile mo legaeng la gaabo Maratha go ba ruta boammaaruri. Go ne go se sepe se se ka nnang botlhokwa go feta seo, tota le dijo tse di monate tsa ga Maratha le dilo tse dingwe tse a ileng a di dira. Ga go pelaelo gore Jesu o ne a hutsafadiwa ke go bo Maratha a latlhegelwa ke tshono eo e e molemo ya go nonotsha tumelo ya gagwe, le fa go ntse jalo, o ne a mo letla gore a itlhophele. * Mme gone, Maratha o ne a sa tshwanela go kopa Jesu gore a pateletse Marea gore le ene a latlhegelwe.

12 Ka jalo Jesu o ne a kgalema Maratha ka tsela e e bonolo, a boaboeletsa leina la gagwe ka tsela e e tla mo ritibatsang maikutlo, mme a mo tlhomamisetsa gore ga a tlhoke go ‘tlhobaela le go tshwenyega ka dilo tse dintsi.’ Dijo tse di motlhofo mme di se dintsi di ne di tla bo di lekane, bogolo jang fa go na le letlepu la dijo tsa semoya. Ka jalo, Jesu o ne a ka se amoge Marea “karolo e e molemo” e a neng a e tlhophile—ya go ithuta mo go ene!

13. Re ka ithuta eng mo go se Jesu a ileng a se bolelela Maratha?

 13 Gompieno balatedi ba ga Keresete ba ka ithuta go le gontsi mo go se se neng sa direga kwa gaabo Maratha. Le ka motlha ga re a tshwanela go letla sepe se nna botlhokwa go feta se re se “tlhokang semoyeng.” (Math. 5:3) Le fa re batla go etsa bopelotshweu le bonatla jwa ga Maratha, ga re a tshwanela go ‘tlhobaela le go tshwenyega’ thata ka dilo tse di seng botlhokwa fa re amogela baeng mo re ka felelang re latlhegetswe ke dilo tse di botlhokwa thata. Fa re kopane le badumedi ka rona, lebaka la konokono e a bo e le go kgothatsana le go abelana dimpho tsa semoya, e seng go ja dijo tsa maemo. (Bala Baroma 1:11, 12.) Tota le fa re dirile dijo tse di motlhofo, re ka nna le kokoano e e kgothatsang.

 Kgaitsadie Yo a Mo Ratang o a Swa—A bo A Tsosiwa

14. Ke eng fa re ka re Maratha o tlhomile sekao se se molemo ka go amogela kgalemelo?

14 A Maratha o ile a amogela kgalemelo e e bonolo ya ga Jesu le go ithuta sengwe mo go yone? Tota ga go pelaelo ka seo. Moaposetoloi Johane o simolola pego e e kgatlhang ka kgaitsadie Maratha ka go re gopotsa seno: “Jaanong Jesu o ne a rata Maratha le monnawe le Lasaro.” (Joh. 11:5) E ne e setse e le dikgwedi di le mmalwa loeto lwa ga Jesu kwa Bethani lo lo tlhalositsweng kwa godimo lo fetile. Go bonala sentle gore Maratha ga a ka a ngala; o ne a sa kgopisiwa ke kgakololo e e lorato e Jesu a ileng a mo naya yone. O ne a e amogetse. Le mo kgannyeng eno, Maratha o ne a re tlhomela sekao se se molemo sa tumelo ka gonne rotlhe re a tle re tlhoke go gakololwa ka dinako dingwe.

15, 16. (a) Maratha o ile a dira eng fa kgaitsadie a kubugelwa ke bolwetse? (b) Ke eng fa Maratha le Marea ba ile ba felelwa ke tsholofelo?

15 Fa kgaitsadie a ne a kubugelwa ke bolwetse, Maratha o ne a mo tlhokomela. O ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go okobatsa ditlhabi tsa gagwe le go mo thusa gore a nne botoka. Le fa go ntse jalo, bolwetse jwa ga Lasaro bo ne jwa etegela. Bokgaitsadie ba ne ba nna ba mo tlhokometse letsatsi le letsatsi. Maratha o tshwanetse a bo a ne a nnetse go leba sefatlhego sa ga kgaitsadie se se wetseng ka ntlha ya bolwetse, a gopola dingwaga tse dintsi tse ba di feditseng mmogo le dilo tse di itumedisang le tse di hutsafatsang tse di ba diragaletseng.

16 Fa Maratha le Marea ba bona gore Lasaro o tloga a swa, ba ne ba romela molaetsa kwa go Jesu. O ne a rera kwa lefelong le go neng go ka tsaya malatsi a le mabedi go ya kwa go lone. Molaetsa wa bone o ne o sa raraana: “Morena, bona! yo o mo ratang o a bobola.” (Joh. 11:1, 3) Ba ne ba itse gore Jesu o rata kgaitsadiabone, mme ba dumela gore o tla dira sengwe le sengwe se a ka se kgonang go thusa tsala ya gagwe. A ba ne ba na le tsholofelo ya gore Jesu a ka goroga pele Lasaro a swa? Fa e le gore go jalo, ga go a ka ga direga jaaka ba ne ba solofetse. Lasaro o ne a swa.

17. Ke eng se se neng se tshwentse Maratha, mme o ile a itshwara jang fa a utlwa gore Jesu o atamela motse?

17 Maratha le Marea ba ne ba hutsafalela kgaitsadiabone, ba baakanyetsa phitlho ya gagwe le go amogela baeng ba bantsi ba ba tswang mo Bethani le kwa mafelong a a mabapi. Mme Jesu o ne a ise a bonale. Fa malatsi a ntse a feta, Maratha a ka tswa a ile a tshwenyega le go feta. Kgabagare, morago ga malatsi a le manè Lasaro a tlhokafetse, Maratha o ne a utlwalela gore Jesu o atamela motse. E re ka Maratha e ne e le mosadi yo o matlhagatlhaga, tota le mo nakong eno e a neng a le mo khutsafalong ka yone, o ne a tsamaya a sa bolelela Marea mme a itlhaganelela go ya go kgatlhantsha Jesu.—Bala Johane 11:18-20.

18, 19. Ke tsholofelo efe e Maratha a neng a na le yone, mme ke eng fa tumelo ya gagwe e ne e nonofile?

 18 Fa Maratha a bona Mong wa gagwe, o ne a mmolelela sengwe se ene le Marea ba neng ba ntse ba tshwenyegile ka sone ka malatsi a le mmalwa: “Morena, fa o ka bo o ne o le fano kgaitsadiake o ka bo a sa swa.” Mme gone, Maratha o ne a sa felelwa ke tsholofelo le tumelo. O ne a tswelela ka go re: “Mme le fa go ntse jalo mo nakong eno ke a itse gore dilo tsotlhe fela tse o di kopang mo Modimong, Modimo o tla go di naya.” Ka yone nako eo, Jesu o ne a mmolelela sengwe go mo nonotsha tumelo: “Kgaitsadio o tla tsoga.”—Joh. 11:21-23.

19 Maratha o ne a akanya gore Jesu o bua ka tsogo ya baswi ya mo isagweng, ka jalo a mo raya a re: “Ke a itse gore o tla tsoga mo tsogong ya baswi ka letsatsi la bofelo.” (Joh. 11:24) Ruri tumelo ya gagwe mo thutong eno e ne e nonofile tota. Baeteledipele bangwe ba bodumedi ba Bajuda ba ba bidiwang Basadukae, ba ne ba sa dumele gore go tla nna le tsogo ya baswi, le fa gone e ne e le thuto e e utlwalang sentle e e tswang mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng. (Dan. 12:13;  Mar. 12:18) Mme Maratha o ne a itse gore Jesu o ne a ruta ka tsholofelo ya tsogo le gore go na le batho bangwe ba a ileng a ba tsosa mo baswing—le fa go ne go se ope wa bone yo o suleng lobaka lo loleele jaaka Lasaro. O ne a sa itse se se tla diragalang.

20. Tlhalosa bokao jwa mafoko a ga Jesu a a sa lebalesegeng a a mo go Johane 11:25-27 le tsela e Maratha a neng a araba ka yone.

20 Go tswa foo, Jesu o ne a bua mafoko ano a a sa lebalesegeng: “Ke nna tsogo le botshelo.” Tota Jehofa Modimo o neile Morwawe taolo ya go tsosa baswi botlhe mo isagweng. Jesu o ne a botsa Maratha jaana: “A o dumela seno?” Mme Maratha o ne a araba ka tsela e e bontshitsweng kwa tshimologong ya kgaolo eno. O ne a dumela gore Jesu ke Keresete kgotsa Mesia, gore ke Morwa wa ga Jehofa Modimo le gore ke ene yo baporofeti ba neng ba boleletse pele gore o tla tla mo lefatsheng.—Joh. 5:28, 29; Bala Johane 11:25-27.

21, 22. (a) Jesu o ile a bontsha jang tsela e a ikutlwang ka yone fa a le mo gare ga batho ba ba hutsafetseng? (b) Tlhalosa kafa Lasaro a ileng a tsosiwa ka gone mo baswing.

21 A Jehofa Modimo le Morwawe e bong Jesu Keresete ba tsaya tumelo e e tshwanang le ya ga Maratha e le botlhokwa? Dilo tse Maratha a neng a di bona tse di neng tsa direga morago ga moo di re naya karabo. O ne a itlhaganela a ya go bitsa monnawe. Moragonyana o ne a lemoga gore Jesu o utlwile botlhoko tota fa a ntse a tlotla le Marea le batho ba bantsi ba ba hutsafetseng ba ba nang le ene. O ne a bona Jesu a tsholola dikeledi go bontsha kafa loso lo utlwisang botlhoko ka teng. Maratha o ne a utlwa Jesu a laela gore leje le tlosiwe mo lebitleng la ga kgaitsadie.—Joh. 11:28-39.

22 E re ka Maratha a ne a le bonako go akanyetsa dilo, o ne a re leje le se ka la tlosiwa gonne setopo sa ga Lasaro se tshwanetse sa bo se setse se nkga, ka gonne a na le malatsi a le manè a tlhokafetse. Jesu o ne a mo gopotsa a re: “A ke ne ka se ka ka go bolelela gore fa o ne o ka dumela o ne o tla bona kgalalelo ya Modimo?” E re ka a ne a dumela o ne a bona kgalalelo ya ga Jehofa Modimo. Gone fela foo, Jehofa o ne a naya Morwawe maatla a gore a tsose Lasaro! Akanya ka tiragalo eno e Maratha a neng a se kitla a e lebala botshelo jotlhe jwa gagwe: Jesu a tlhaeletsa a re, “Lasaro, tswa!”; go utlwala mokgwasa mo logageng fa Lasaro a rula mo baswing, a sa ntse a hapilwe ka matsela a a dirisiwang go hapa setopo, o tla ka iketlo kwa kgorong ya logaga; Jesu o laela gore ba ‘mmofolole mme ba mo lese a tsamaye’; mme go tlhomamisa gore tota o tsogile, Maratha le Marea ba itatlhela ka boipelo jo bogolo mo matsogong a ga kgaitsadiabone mme ba a mo atla. (Bala Johane 11:40-44.) Jaanong pelo ya ga Maratha e ne e phophoma ka boitumelo!

Tumelo e Maratha a neng a na le yone mo go Jesu e ne ya segofadiwa fa ene le Marea ba bona kgaitsadiabone a tsosiwa mo baswing

23. Ke eng se Jehofa le Jesu ba batlang go go direla sone, mme wena o tshwanetse go dira eng?

23 Pego eno e bontsha gore tsogo ya baswi ga se go ijesa dijo tsa ditoro; ke thuto ya Baebele e e kgothatsang e bile ke bosupi jwa gore e  kile ya diragala. (Jobe 14:14, 15) Jehofa le Morwawe ba iketleeleditse go segofatsa botlhe ba ba nang le tumelo, fela jaaka ba ile ba dira ka Maratha, Marea le Lasaro. Le wena ba tla go segofatsa fa o ka nna le tumelo e e nonofileng.

“Maratha O ne A Direla”

24. Selo sa bofelo se Baebele e se buang ka Maratha ke sefe?

24 Jaanong Baebele e umaka Maratha lekgetlo la bofelo. E ne e le kwa tshimologong ya beke ya bofelo ya botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng. E re ka Jesu a ne a itse sentle mathata a a neng a tlile go lebana le one, o ne a ya go nna gape kwa legaeng la ditsala tsa gagwe le le renang kagiso, kwa Bethani. Fa a le koo o ne a tla tsamaya dikilometara di le tharo go ya Jerusalema. Jesu le Lasaro ba ne ba ja kwa ntlong ya ga Simone wa molepero mme ke teng kwa re utlwang go buiwa ka Maratha lekgetlo la bofelo: “Maratha o ne a direla.”—Joh. 12:2.

25. Ke eng fa e le tshegofatso gompieno go bo diphuthego di na le basadi ba ba jaaka Maratha?

25 Ruri mosadi yoo e ne e le senatla! Lekgetlo la ntlha fa go buiwa ka ene mo Baebeleng o semeletse; lekgetlo la bofelo fa go buiwa ka ene o sa ntse a semeletse, a dira sotlhe se a ka se kgonang go tlhokomela batho ba a ba ratang. Le gompieno diphuthego tsa balatedi ba ga Keresete di segofaditswe ka basadi ba ba tshwanang le Maratha—ba ba pelokgale le ba ba pelotshweu, ba ka metlha ba bontshang tumelo ya bone ka go intsha setlhabelo le go thusa ba bangwe. A Maratha o ile a tswelela a dira fela jalo? Go bonala jalo. Fa e le gore o ile a dira jalo, seo se ne se tla mo solegela molemo ka gonne o ne a sa ntse a tla lebana le mathata.

26. Tumelo ya ga Maratha e ne ya mo thusa go dira eng?

26 Mo malatsing a se kae, Maratha o ne a tshwanelwa ke go itshokela go bona Mong wa gagwe yo a mo ratang e bong Jesu a bolawa setlhogo. Mo godimo ga moo, bone babolai bao ba baitimokanyi ba ba bolaileng Jesu, ba ne ba ikemiseditse go bolaya le Lasaro ka gonne go tsosiwa ga gagwe mo baswing go ne go nonotsha tumelo ya batho ba le bantsi. (Bala Johane 12:9-11.) Mme kgabagare Maratha le monnawe le kgaitsadie ba ba neng ba ratana thata ba ne ba kgaoganngwa ke loso. Ga re itse gore seo se diragetse jang kgotsa leng, mme re ka tlhomamisega ka seno: Tumelo e e nonofileng ya ga Maratha e ne ya mo thusa go itshoka go fitlha kwa bokhutlong. Ke gone ka moo go leng botlhokwa gore Bakeresete gompieno ba etse tumelo ya ga Maratha.

^ ser. 11 Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa letlelele basadi go tsena dikolo. Ba ne ba rutiwa go dira ditiro tsa kwa gae. Ka jalo, Maratha a ka tswa a ne a bona go sa tlwaelega gore mosadi a nne fa dinaong tsa morutisi gore a ithute.