Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 6

Re ya Kae fa re Swa?

Re ya Kae fa re Swa?

1-3. Ke dipotso dife tse batho ba ipotsang tsone ka loso, mme madumedi a di araba jang?

BAEBELE ya re letsatsi lengwe “loso lo tla bo lo seyo.” (Tshenolo 21:4) Mo Kgaolo 5, re ithutile gore thekololo e dira gore re kgone go tshelela ruri, le fa go ntse jalo, batho ba sa ntse ba swa. (Moreri 9:5) Ka jalo, nngwe ya dipotso tse re ipotsang tsone ke go re: Go direga eng ka rona fa re swa?

2 Karabo ya potso eno e botlhokwa thata fa re tlhokafaletswe ke mongwe yo re mo ratang. Re ka nna ra ipotsa go re: ‘O ile kae? A o a re bona? A o kgona go re thusa? A re tla tsamaya re mmona gape?’

3 Madumedi a le mantsi a araba dipotso tseno ka ditsela tse di farologaneng. Madumedi a mangwe a re fa o dira dilo tse di siameng o ya legodimong mme fa o dira dilo tse di bosula o ya go sha kwa diheleng. A mangwe a re fa o swa, o fetoga moya o bo o ya go tshela le ba masika ba ba setseng ba tlhokafetse. Gape a mangwe a re fa o swa o bo o atlholwa, o tsholwa gape o le motho o sele kgotsa phologolo.

4. Ke eng se madumedi a le mantsi a dumalanang ka sone?

4 Go bonala madumedi a ruta dilo tse di sa tshwaneng. Mme go na le sengwe se a dumalanang ka sone. A ruta gore fa motho a swa, go na le sengwe mo go ene se se tswelelang se tshela. A seo se boammaaruri?

RE YA KAE FA RE SWA?

5, 6. Go direga eng ka rona fa re swa?

5 Jehofa o a itse gore go direga eng ka rona fa re swa e  bile o re bolelela gore fa motho a swa botshelo jwa gagwe bo a khutla. Botshelo ga bo tshwane le loso. Ka jalo, fa motho a swa, maikutlo le dikakanyo tsa gagwe ga di fetele golo gongwe. * Fa motho a tlhokafetse, ga a bone, ga a utlwe e bile ga a kgone go akanya.

6 Kgosi Solomone o ne a re “baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” Baswi ga ba kgone go re rata kgotsa go re tlhoa ka gonne “ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa Sheole [kgotsa kwa lebitleng].” (Bala Moreri 9:5, 6, 10.) Mme Baebele mo go Pesalema 146:4 ya re fa motho a tlhokafala “dikakanyo” tsa gagwe di a swa.

SE JESU A NENG A SE BUA KA LOSO

Jehofa o ne a bopetse batho gore ba tshelele ruri mo lefatsheng

7. Jesu o ne a tshwantsha loso le eng?

7 Fa tsala ya ga Jesu e bong Lasaro e ne e tlhokafetse, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lasaro tsala ya rona o ile go ikhutsa [kgotsa o robetse].” Jesu o ne a sa bue ka go ikhutsa ga mmatota ke ka moo a neng a feleletsa a re: “Lasaro o sule.” (Johane 11:11-14) Jesu o ne a tshwantsha loso le boroko. Ga a ka a re Lasaro o kwa legodimong kgotsa gore o na le mongwe wa losika yo o setseng a tlhokafetse. Gape ga a ka a re Lasaro o kwa diheleng kgotsa gore o fetogile motho kgotsa phologolo nngwe. Go ne go ntse jaaka e kete Lasaro o robetse boroko jo bo tseneletseng. Go na le ditemana tse dingwe tse di tshwantshang loso le boroko. Baebele ya re fa Setefane a ne a bolawa, o ne “a robala mo losong.” (Ditiro 7:60) Gape moaposetoloi Paulo o ne a re Bakeresete  bangwe ba ne ba “robetse mo losong.”—1 Bakorintha 15:6.

8. Re itse jang gore Modimo o ne a sa batle gore batho ba swe?

8 A fa Modimo a ne a bopa Adame le Efa, o ne a itse gore ba tla swa? Nnyaa! Jehofa o ne a batla gore ba itumelele botshelo ba sa swe. O ba bopile ba na le keletso ya go tshelela ruri. (Moreri 3:11) Fela jaaka batsadi ba sa rate go bona bana ba bone ba tsofala le go swa, Jehofa le ene o ikutlwa fela jalo ka rona. Mme fa e le gore Modimo o ne a batla gore re tshelele ruri, ke eng fa re swa?

 KE ENG FA RE SWA?

9. Ke eng fa go ne go se thata gore Adame le Efa ba ikobele taelo ya ga Jehofa?

9 Kwa tshimong ya Edene, Jehofa o ne a raya Adame a re: “O ka nna wa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana gore o bo o kgotsofale. Mme fa e le setlhare sa kitso ya molemo le bosula sone o se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.” (Genesise 2:9, 16, 17) Go ne go se thata gore ba ikobele taelo eo e bile Jehofa o ne a na le tshwanelo ya go bolelela Adame le Efa gore ke eng se siameng le gore ke eng se se sa siamang. Fa ba ka bo ba ile ba ikobela taelo eo, ba ne ba tla bo ba bontsha gore ba tlotla Jehofa e bile ba lebogela sengwe le sengwe se a ba neileng sone.

10, 11. (a) Satane o ne a tsietsa Adame le Efa jang? (b) Ke eng fa Adame le Efa ba ne ba se na seipato?

10 Ka maswabi, Adame le Efa ba ne ba tlhopha go tlola taelo ya ga Jehofa. Satane o ne a raya Efa a re: “A tota go ntse jalo gore Modimo o rile lo se ka lwa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana?” Mme Efa o ne a re: “Re ka ja leungo la ditlhare tsa tshingwana. Mme fa e le go ja leungo la setlhare se se fa gare ga tshingwana, Modimo o rile, ‘Lo se ka lwa ja mo go sone, nnyaa, lo se ka lwa se ama gore lo se ka lwa swa.’”—Genesise 3:1-3.

11 Go tswa foo Satane o ne a re: “Ruri ga lo kitla lo swa. Gonne Modimo o a itse gore mo go lone letsatsi le lo jang mo go sone ka lone ruri matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.” (Genesise 3:4-6) Satane o ne a dira gore Efa a akanye gore a ka kgona go itirela tshwetso ya gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Mme o ne a mmolelela maaka ka se se tla diregang fa a tlola taelo ya Modimo.  Satane o ne a raya Efa a re ga a kitla a swa, ka jalo, Efa o ne a ja leungo leo mme morago a le naya monna wa gagwe. Adame le Efa ba ne ba itse gore Jehofa o ba boleletse gore ba se ka ba ja leungo leo. Ba ne ba tlola taelo e e tlhamaletseng e bile e se thata. Se ba neng ba se dira se ne se bontsha gore ba nyatsa Modimo. Ba ne ba se na seipato!

12. Ke eng fa go swabisa thata go bo Adame le Efa ba ile ba tlola taelo ya ga Jehofa?

12 Go swabisa tota go bo batsadi ba rona ba ntlha e bong Adame le Efa ba bo ba ile ba nyatsa Mmopi wa bone jaana. O ne o tla ikutlwa jang fa e re o godisitse ngwana a bo a go tlhanogela a dira dilo tse o sa di mo rutang? A o ne o se kitla o phatloga pelo?

Adame o bopilwe ka lorole, mme o fetogile lorole gape

13. Jehofa o ne a kaya eng fa a ne a re “o tla boela mo loroleng”?

13 Go tlhoka kutlo ga ga Adame le Efa go ile ga dira gore ba latlhegelwe ke tshono ya go tshelela ruri. Jehofa o ne a raya Adame a re: “Gonne o lorole mme o tla boela mo loroleng.” (Bala Genesise 3:19.) Seo se ne se raya gore Adame o tla nna lorole gape jaaka e kete ga a ise a ko a bopiwe. (Genesise 2:7) Fa Adame a sena go leofa o ne a swa mme a se ka a tlhola a nna teng.

14. Ke eng fa re swa?

14 Fa Adame le Efa ba ka bo ba ile ba ikobela Modimo, ba ka bo ba  sa ntse ba tshela le gompieno. Mme e re ka ba sa mo ikobela, ba ne ba leofa mme ba feleletsa ba sule. Boleo bo tshwana le bolwetse jo bo maswe jo re bo tshetsweng ke batsadi ba rona ba ntlha. Re swa ka ntlha ya gore rotlhe re tsholwa re na le boleo. (Baroma 5:12) Mme seo ga se se Modimo a se ikaeletseng ka batho. Modimo ga a ise a ko a eletse go bona batho ba swa, tota e bile Baebele ya re loso ke “mmaba.”—1 Bakorintha 15:26.

BOAMMAARURI BO A RE GOLOLA

15. Go itse boammaaruri ka loso go re golola jang?

15 Go itse boammaaruri ka loso go re golola mo dithutong tse dintsi tsa maaka. Baebele e ruta gore baswi ga ba utlwe botlhoko e bile ga ba hutsafale. Ga re kgone go bua le bone mme le bone ga ba kgone go bua le rona. Ga re kgone go thusa baswi mme le bone ga ba kgone go re thusa. Ga re a tshwanela go ba boifa ka gonne ga ba ka ke ba re gobatsa. Mme dikereke di le dintsi di ruta gore baswi ba tshela golo gongwe e bile re ka ba thusa fa re duela baruti kgotsa batho bangwe ba go tweng ba kgona go bua le baswi. Fa re itse boammaaruri ka loso, ga go na ope yo o ka re tsietsang ka maaka ao.

16. Madumedi a le mantsi a ruta maaka afe ka baswi?

16 Satane o dirisa madumedi go re aketsa mme o dira gore re akanye gore baswi ba sa ntse ba tshela. Ka sekai, madumedi mangwe a ruta gore fa re swa go na le karolo nngwe ya rona e e tswelelang e tshela golo gongwe. A bodumedi jwa gago le jone bo go ruta jalo kgotsa a bo go ruta se Baebele e se buang ka baswi? Satane o dirisa maaka go kgaoganya batho le Jehofa.

17. Ke eng fa kgang ya gore batho ba tlile go shela ruri mo diheleng e tlhapatsa Jehofa?

17 Se dikereke di se rutang se a tshosa. Ka sekai, tse  dingwe di ruta gore batho ba ba bosula ba tlile go shela ruri mo diheleng. Maaka ao a tlhapatsa Jehofa. Ga a ka ke a letlelela batho gore ba boge jalo! (Bala 1 Johane 4:8.) O ne o ka ikutlwa jang ka motsadi yo o otlhayang ngwana wa gagwe ka go tsenya diatla tsa gagwe mo molelong? O ne o tla akanya gore ke motho yo o setlhogo tota. O ne o ka se batle go utlwa sepe ka ene. Mme Satane o batla re ikutlwa jalo ka Jehofa!

18. Ke eng fa re sa tshwanela go tshaba baswi?

18 Dikereke dingwe di ruta gore fa batho ba swa, ba fetoga meya. Dikereke tseo di ruta gore re tlotle meya eo kgotsa re e tshabe ka gonne e ka nna ditsala tse ditona tsa rona kgotsa ya nna baba ba ba setlhogo. Batho ba le bantsi ba dumela maaka ao. Ba tshaba baswi e bile ba a ba obamela go na le go obamela Jehofa. Gopola gore baswi ga ba na maikutlo, gape ga ba kgone go lemoga sepe, ka jalo ga re a tshwanela go ba tshaba. Jehofa ke ene a re bopileng. Ke Modimo wa boammaaruri ka jalo, re tshwanetse go obamela ene fela.—Tshenolo 4:11.

19. Go itse boammaaruri ka loso go re thusa jang?

19 Fa re itse boammaaruri ka loso, ga go na bodumedi bope jo bo ka re tsietsang. Boammaaruri jono bo re thusa go tlhaloganya bokamoso jo bo molemo jo Jehofa a re solofetsang jone.

20. Re tla ithuta ka eng mo kgaolong e e latelang?

20 Bogologolo motlhanka wa Modimo e bong Jobe o ne a botsa a re: “Fa monna yo o nonofileng a swa a o ka tshela gape?” (Jobe 14:14) A ruri go a kgonega gore motho yo o suleng a tshele gape? Se Modimo a re bolelelang sone mo Baebeleng se itumedisa fela thata. Re tla ithuta ka sone mo kgaolong e e latelang.

^ ser. 5 Batho bangwe ba dumela gore fa motho a tlhokafala, moya wa gagwe ga o swe. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala Ntlha e e Kwa Bofelong ya 17 le 18.