Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlha Tse di Kwa Bofelong

Dintlha Tse di Kwa Bofelong

1 JEHOFA

Leina la Modimo ke Jehofa mme le kaya gore “O Dira Gore go Diragale.” Jehofa ke Mothatayotlhe e bile o bopile sengwe le sengwe. O na le maatla a go dira sengwe le sengwe se a se batlang.

Leina la Modimo le ne le kwalwa ka ditlhaka di le nnê tsa Sehebera. Ka Seesemane le emelwa ke ditlhaka YHWH kgotsa JHVH. Leina la Modimo le tlhagelela makgetlo a ka nna 7 000 mo mekwalong ya ntlhantlha ya Sehebera. Batho ba bitsa leina Jehofa go ya ka tsela e puo ya bone e le bitsang ka yone.

Kgao. 1, ser. 15

2 BAEBELE E “TLHOTLHELEDITSWE KE MODIMO”

Modimo ke Mokwadi wa Baebele mme o dirisitse batho go e kwala. Seno se tshwana le fa rrakgwebo a bolelela mokwaledi wa gagwe gore a kwale eng mo lekwalong. Modimo o ne a dirisa moya o o boitshepo go kaela bakwadi ba Baebele gore ba kwale dikakanyo tsa gagwe. Moya o o boitshepo o ne o ba kaela ka ditsela tse di farologaneng, ka dinako tse dingwe o ne o dira gore ba bone dilo tse batho ba bangwe ba neng ba sa di bone kgotsa o dira gore ba lore le go kwala ka ditoro tseo.

Kgao. 2, ser. 5

3 MELAOMETHEO

Tseno ke dithuto tsa konokono tse di mo Baebeleng. Ka sekai, molaomotheo o o reng, “go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo,” o re ruta gore batho ba re fetsang nako e ntsi re na le bone ba ka re tlhotlheletsa ka tsela e e siameng kgotsa e e sa siamang. (1 Bakorintha 15:33) Molaomotheo o o reng, “le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape” o re ruta gore re ka se tile diphelelo tsa ditshwetso tsa rona.—Bagalatia 6:7.

Kgao. 2, ser. 12

  4 BOPOROFETI

Ke melaetsa e e tswang kwa Modimong. E ka nna tlhaloso ya se Modimo a ikaeletseng go se dira, thuto ya boitshwaro, taelo kgotsa katlholo. Gape e ka nna molaetsa wa sengwe se se tla diregang mo nakong e e tlang. Go na le boporofeti jo bontsi jwa Baebele jo bo setseng bo diragaditswe.

Kgao. 2, ser. 13

5 BOPOROFETI JO BO BUANG KA MESIA

Jesu o ile a diragatsa boporofeti jo bontsi jo bo mo Baebeleng jo bo buang ka Mesia. Bona lebokoso le le reng, “ Boporofeti jo bo Buang ka Mesia.”

Kgao. 2, ser. 17, ntlha e e kwa tlase.

6 SE MODIMO A IKAELETSENG GO SE DIRA KA LEFATSHE

Jehofa o ne a bopa lefatshe gore e nne paradaise e batho ba ba mo ratang ba tla nnang mo go yone. Boikaelelo jwa gagwe ga bo ise bo fetoge. Mo nakong e e sa fediseng pelo, Modimo o tla fedisa bosula le go naya batho ba gagwe botshelo jo bo sa khutleng.

Kgao. 3, ser. 1

7 SATANE DIABOLO

Satane ke moengele yo o neng a dira gore batho le baengele ba bangwe ba tsuologele Modimo. O bidiwa Satane, leina le le kayang “Moganetsi” ka gonne o kgatlhanong le Jehofa. Gape o bidiwa Diabolo, leina le le kayang “Mosebi,” ka gonne o ile a bua maaka ka Modimo e bile o tsietsa batho.

Kgao. 3, ser. 4

  8 BAENGELE

Jehofa o ne a bopa baengele pele a bopa lefatshe. O ne a ba bopetse gore ba tshele kwa legodimong. Go na le baengele ba le bantsi thata. (Daniele 7:10) Ba na le maina le botho jo bo sa tshwaneng mme baengele ba ba ikanyegang ba ba ikokobeditseng ba gana go obamelwa ke batho. Ba na le maemo le ditiro tse di farologaneng. Dingwe tsa ditiro tseno di akaretsa go direla fa setulong sa Bogosi sa ga Jehofa, go isa melaetsa ya ga Jehofa, go sireletsa le go kaela batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng, go diragatsa dikatlholo tsa gagwe le go tshegetsa tiro ya go rera. (Pesalema 34:7; Tshenolo 14:6; 22:8, 9) Mo nakong e e tlang, ba tla thusa Jesu go lwa mo ntweng ya Haramagedona.—Tshenolo 16:14, 16; 19:14, 15.

Kgao. 3, ser. 5; Kgao. 10, ser. 1

9 BOLEO

Boleo ke maikutlo, dikakanyo le sepe fela se re se dirang se se leng kgatlhanong le Jehofa kgotsa thato ya gagwe. E re ka boleo bo senya botsala jwa rona le Modimo, o re neile melao le melaometheo e e re thusang go tila go dira boleo ka boomo. Kwa tshimologong, Jehofa o ne a bopa sengwe le sengwe se se na boleo mme fa Adame le Efa ba ne ba tlola taelo ya ga Jehofa, ba ne ba nna baleofi. Ba ne ba tsofala le go swa mme e re ka ba fetiseditse boleo joo mo go rona, re a tsofala e bile re a swa.

Kgao. 3, ser. 7; Kgao. 5, ser. 3

10 HARAMAGEDONA

Eno ke ntwa ya Modimo fa a tla bo a senya Satane le batho ba gagwe ba ba bosula.

Kgao. 3, ser. 13; Kgao. 8, ser. 18

 11 BOGOSI JWA MODIMO

Bogosi Jwa Modimo ke puso e Jehofa a e tlhomileng kwa legodimong. Jesu Keresete ke Kgosi ya jone. Mo nakong e e tlang, Jehofa o tla dirisa Bogosi jwa gagwe go tlosa bosula jotlhe. Bogosi Jwa Modimo bo tla busa lefatshe.

Kgao. 3, ser. 14

12 JESU KERESETE

Modimo o ile a bopa Jesu pele a bopa sengwe le sengwe. Jehofa o ne a mo romela mo lefatsheng gore a tle go re swela. Fa Jesu a sena go bolawa, Jehofa o ne a mo tsosa mo baswing. Gone jaanong Jesu o busa kwa legodimong mo Bogosing Jwa Modimo.

Kgao. 4, ser. 2

13 BOPOROFETI JO BO BUANG KA DIBEKE DI LE 70

Baebele e ile ya porofeta kgotsa ya bolelela pele gore Mesia o tla tla. Seno se ne se tla diragala go ela kwa bokhutlong jwa metlha e e bidiwang dibeke di le 69, e e simologileng ka ngwaga wa 455 pele Keresete a tla mo lefatsheng le go khutla ka ngwaga wa 29.

Re itse jang gore metlha eo e ile ya khutla ka 29? Dibeke di le 69 di ile tsa simologa ka ngwaga wa 455 pele Keresete a tla mo lefatsheng fa Nehemia a ne a goroga kwa Jerusalema le go simolola tiro ya go aga motse oo sesha. (Daniele 9:25; Nehemia 2:1, 5-8) Fela jaaka lefoko la Seesemane “dozen” le dira gore re akanye ka 12, lefoko “beke” le dira gore re akanye ka 7. Go ya ka molao wa boporofeti o o reng “letsatsi le emelwa ke ngwaga,” dibeke tse go buiwang ka tsone mo boporofeting ga se dibeke tsa mmatota tse di nang le malatsi a le supa go na le moo, ke dibeke tse di emelang dingwaga di le supa. (Dipalo 14:34; Esekiele 4:6) Seno se raya gore beke e le nngwe e emela dingwaga di le supa, se se rayang gore dibeke di le 69 ke dingwaga di le 483 (69 x 7). Fa re bala dingwaga di le 483 go tloga mo go 455 pele Keresete a tla mo lefatsheng, re fitlha mo ngwageng wa 29, e leng ngwaga o ka  one Jesu a neng a kolobediwa go nna Mesia!—Luke 3:1, 2, 21, 22.

Boporofeti joo bo ne bo bua ka beke e nngwe gape, e e emelang dingwaga tse dingwe tse supa. Mo go yone nako eo, ka ngwaga wa 33, Mesia o ne a tla bolawa mme go simologa ka ngwaga wa 36, dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo di ne di tla rerwa mo ditšhabeng tsotlhe e seng mo Bajudeng fela.—Daniele 9:24-27.

Kgao. 4, ser. 7

 14 THUTO YA MODIMO RARA, MODIMO MORWA, MODIMO MOYA O O BOITSHEPO KE THUTO YA MAAKA

Baebele e ruta gore Jehofa Modimo ke Mmopi le gore ke ene a bopileng Jesu pele a bopa dilo tse dingwe. (Bakolosa 1:15, 16) Jesu ga se Modimo Mothatayotlhe. Le ka motlha ga a ise a ko a re o lekana le Modimo. Tota e bile, o ne a re: “Rara o mogolo bogolo go nna.” (Johane 14:28; 1 Bakorintha 15:28) Mme madumedi a mangwe a ruta gore Modimo ke medimo e le meraro, gore go na le Modimo Rara, Modimo Morwa le Modimo Moya o o Boitshepo. Thuto eno ga e yo mo Baebeleng. Ke thuto ya maaka.

Moya o o boitshepo ke maatla a Modimo a a sa bonaleng a Jehofa a a dirisang go diragatsa thato ya gagwe. Ga se motho. Ka sekai, Bakeresete ba bogologolo ba ne ba “tlala moya o o boitshepo” e bile Jehofa o ne a re: “Ke tla tshololela mongwe wa moya wa me mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe.”—Ditiro 2:1-4, 17.

Kgao. 4, ser. 12; Kgao. 15, ser. 17

15 SEFAPAANO

Bakeresete ba boammaaruri ga ba dirise sefapaano fa ba obamela Modimo. Ke eng fa ba sa dire jalo?

  1. Sefapaano ga se bolo go dirisiwa mo kobamelong ya maaka. Mo metlheng ya bogologolo, se ne se dirisiwa ke batho ba ba neng ba obamela dilo tsa tlholego le mo meletlong ya tlhakanelodikobo e e neng e direlwa medimo ya baheitane. Mo dingwageng tsa ntlha tse 300 tsa fa Jesu a sena go swa, Bakeresete ba ne ba sa dirise sefapaano fa ba obamela Modimo. Dingwaga moragonyana, Mmusimogolo wa Roma e bong Constantine o ne a dira gore sefapaano e nne letshwao la Bokeresete. Letshwao leo le ne le diretswe go leka go dira gore batho ba rate Bakeresete. Mme sefapaano ga se amane gope le Jesu Keresete. New Catholic Encyclopedia ya re: “Sefapaano se ne se dirisiwa pele Bokeresete bo nna gone e bile se dirisiwa le ke batho ba e seng Bakeresete.”

  2.   Jesu ga a swela mo sefapaanong. Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “sefapaano” sentlentle le kaya “logong,” “kota” kgotsa “setlhare.” The Companion Bible ya re: “Ga go na sepe mo Segerikeng [sa Tesetamente e Ntšha] se se ka dirang gore motho a akanye gore go buiwa ka dikota tse pedi.” Jesu o swetse mo koteng e e tlhamaletseng.

  3. Jehofa ga a re laela gore re dirise ditshwantsho kgotsa matshwao fa re mo obamela.—Ekesodo 20:4, 5; 1 Bakorintha 10:14.

Kgao. 5, ser. 12

16 SEGOPOTSO

Jesu o ne a laela barutwa botlhe ba gagwe gore ba gopole loso lwa gagwe. Ba dira jalo ngwaga le ngwaga ka Nisane 14, e leng letlha le Baiseraele ba neng ba keteka Tlolaganyo ka lone. Senkgwe le beine tse di emelang nama le madi a ga Jesu, di fetisiwa mo bathong ba ba tlileng Segopotsong. Batho ba ba yang go busa le Jesu kwa legodimong ba ja senkgwe le go nwa beine. Batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng ba nna gone kwa Segopotsong go bontsha tlotlo mme gone ga ba je senkgwe le fa e le go nwa beine.

Kgao. 5, ser. 21

17 MOYA [KGOTSA SOUL KA SEESEMANE]

Baebele ya Seesemane ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e dirisa lefoko “moya” [kgotsa “soul”] fa e tlhalosa (1) motho, (2) phologolo, (3) botshelo jwa motho kgotsa jwa phologolo. Dikai dingwe ke tseno:

  • Motho. ‘Mo malatsing a ga Noa, . . . batho ba le mmalwa, e leng, meya e le robedi, ba ne ba rwalwa ka pabalesego go ralala metsi.’ (1 Petere 3:20) Fano lefoko “meya” le kaya batho—Noa, mosadi wa gagwe, bomorwawe ba bararo mmogo le basadi ba bone.

  • Phologolo. “Modimo a tswelela a re: ‘A metsi a nyeule bontsintsi jwa meya [kgotsa dibopiwa tse di] . . . tshelang mme a dibopiwa tse di fofang di fofe fa godimo ga lefatshe  mo phuthologong ya magodimo.’ Mme Modimo a tswelela a re: ‘A lefatshe le ntshe meya [kgotsa dibopiwa tse di] . . . tshelang kafa mefuteng ya [tsone], seruiwa le phologolo e e tsamayang le sebatana sa naga sa lefatshe kafa mofuteng wa sone.’ Mme ga nna jalo.”—Genesise 1:20, 24.

  • Botshelo jwa motho kgotsa jwa phologolo. Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Batho botlhe ba ba neng ba tsoma moya [kgotsa botshelo jwa gago] . . . ba sule.” (Ekesodo 4:19) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a re: “Ke nna modisa yo o molemo; modisa yo o molemo o neela moya [kgotsa botshelo jwa] . . . gagwe mo boemong jwa dinku.”—Johane 10:11.

    Gape fa motho a dira sengwe ka ‘moya otlhe wa gagwe,’ seno se kaya gore o dira sotlhe se a ka se kgonang kgotsa o ntsha ga tshwene. (Mathaio 22:37; Duteronome 6:5) Gape lefoko “moya” le ka dirisiwa go tlhalosa keletso e sebopiwa se se tshelang se nang le yone. Motho kgotsa phologolo e e suleng e ka bidiwa moya o o suleng.—Dipalo 6:6; Diane 23:2; Isaia 56:11; Hagai 2:13.

Kgao. 6, ser. 5; Kgao. 15, ser. 17

18 MOYA [KGOTSA SPIRIT KA SEESEMANE]

Baebele ya Seesemane ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e dirisa lefoko la Sehebera le la Segerika le le ranotsweng e le “moya [kgotsa spirit]” ka ditsela tse di farologaneng. Le fa go ntse jalo, ka dinako tsotlhe le dirisiwa fa go buiwa ka dilo tse motho a sa kgoneng go di bona, jaaka phefo kgotsa mohemo wa motho kgotsa wa phologolo. Gape lefoko leno le ka dirisiwa fa go buiwa ka baengele le ka moya o o boitshepo, o e leng maatla a Modimo a a dirisang. Baebele ga e rute gore go na le karolo nngwe ya motho e e tswelelang e tshela fa a sena go tlhokafala.—Ekesodo 35:21; Pesalema 104:29; Mathaio 12:43; Luke 11:13.

Kgao. 6, ser. 5; Kgao. 15, ser. 17

 19 GEHENA

Gehena ke leina la khuti e e gaufi le Jerusalema e e neng e dirisediwa go fisa matlakala. Ga go na bosupi bope jo bo bontshang gore ka nako ya ga Jesu, khuti eo e ne e dirisediwa go tlhokofatsa kgotsa go fisa batho kgotsa diphologolo tse di tshelang. Ka jalo, Gehena ga e emele lefelo le le sa bonaleng le batho ba ba suleng ba tlhokofadiwang le go fisiwa kwa go lone. Fa Jesu a ne a bua ka Gehena, o ne a bua ka tshenyo ya bosakhutleng.—Mathaio 5:22; 10:28.

Kgao. 7, ser. 20

20 THAPELO YA MORENA

Eno ke thapelo e Jesu a neng a e dirisa go ruta balatedi ba gagwe kafa ba ka rapelang ka gone. E bidiwa Thapelo ya Morena kgotsa Rara wa Rona. Ka sekai, Jesu o ile a re ruta gore re rapele re re:

  • “A leina la gago le itshepisiwe”

    Re rapelela gore leina la Modimo le se ka la gogwa mo seretseng kgotsa gore maaka otlhe a a buiwang ka lone a phimolwe. Go dira jalo, go tla dira gore leina la Modimo le tlotliwe kwa legodimong le mo lefatsheng.

  • “A Bogosi jwa gago bo tle”

    Re rapelela gore puso ya Modimo e fedise lefatshe la ga Satane, e nne yone e busang lefatshe le go le fetola go nna paradaise.

  • “A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng”

    Re rapelela gore boikaelelo jwa Modimo bo diragadiwe gore batho ba ba se nang boleo ba tshele ka bosakhutleng mo Paradaiseng fela jaaka Jehofa a ne a batla kwa tshimologong fa a ne a bopa batho.

Kgao. 8, ser. 2

21 THEKOLOLO

Jehofa o ntshitse thekololo go golola batho mo boleong le mo losong. Thekololo e ne ya duelwa go rekolola botshelo jo bo itekanetseng jo monna wa ntlha e bong Adame a ileng a bo  latlha e bile e letlanya batho le Jehofa. Modimo o ne a romela Jesu gore a tle mo lefatsheng go tla go swela baleofi. Loso lwa ga Jesu lo dirile gore batho botlhe ba nne le tshono ya go tshelela ruri ba se na boleo.

Kgao. 8, ser. 21; Kgao. 9, ser. 13

22 KE ENG FA NGWAGA WA 1914 O LE BOTLHOKWA THATA?

Boporofeti jo bo mo go Daniele kgaolo 4 bo re ruta gore Modimo o ne a tla tlhoma Bogosi jwa gagwe ka 1914.

Boporofeti: Jehofa o ne a dira gore Kgosi Nebukadenesare a lore ka setlhare se segolo se se neng sa remiwa. Mo torong eo, kutu ya setlhare seo e ne ya bofiwa ka tshipi le kgotlho go se thibela gore se se ka sa gola go fitlha lobaka lwa “metlha e supa.” Morago ga moo, setlhare seo se ne se tla gola gape.—Daniele 4:1, 10-16.

Se boporofeti joo bo se kayang: Setlhare se emela bolaodi jwa Modimo. Jehofa o ne a dirisa dikgosi kwa Jerusalema gore di buse setšhaba sa Iseraele. (1 Ditiragalo 29:23) Le fa go ntse jalo, e re ka dikgosi tseo di ile tsa tlogela go ikanyega, puso ya tsone e ne ya khutla. Jerusalema e ile ya senngwa ka ngwaga wa 607 pele Keresete a tla mo lefatsheng. Seo se ne se bontsha gore “metlha e supa” e ne e simologile. (2 Dikgosi 25:1, 8-10; Esekiele 21:25-27) Fa Jesu a ne a re: “Jerusalema o tla gatakwa ke ditšhaba, go fitlha dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba di fela,” o ne a bua ka “metlha e supa.” (Luke 21:24) Ka jalo, “metlha e supa” ga e a fela ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng. Jehofa o ne a solofetsa gore o tla tlhoma Kgosi fa “metlha e supa” e fela. Batho ba ne ba tla segofala ka gonne go busa Kgosi e ntšha e bong Jesu.—Luke 1:30-33.

“Metlha e supa” ke lobaka lo lo kana kang?: “Metlha e supa” e tsere lobaka lwa dingwaga di le 2 520. Fa re bala dingwaga di le 2 520 go tloga mo ngwageng wa 607 pele Keresete a tla mo lefatsheng, re fitlha mo ngwageng wa 1914. Ngwaga oo ke one o Jehofa a neng a tlhoma Mesia e bong Jesu gore e nne Kgosi ya Bogosi jwa gagwe jo bo kwa legodimong.

 Palo ya 2 520 e tswa kae? Baebele ya re metlha e meraro le sephatlo e lekana le malatsi a le 1 260. (Tshenolo 12:6, 14) Ka jalo, “metlha e supa” ke palo eo e menagane gabedi kgotsa malatsi a le 2 520. Fa re dirisa molao wa boporofeti o o reng “letsatsi le emela ngwaga,” malatsi a le 2 520 a lekana le dingwaga di le 2 520.—Dipalo 14:34; Esekiele 4:6.

Kgao. 8, ser. 23

23 MIKAELE MOENGELE YO MOGOLO

Lefoko “moengele yo mogolo” le kaya “kgosi ya baengele.” Baebele e umaka moengele a le mongwe fela yo o nang le sereto seo e bile e mmitsa ka leina e re ke Mikaele.—Daniele 12:1; Jude 9.

Mikaele ke Moeteledipele wa lesomo la baengele ba ba ikanyegang ba Modimo. Tshenolo 12:7 ya re: “Mikaele le baengele ba gagwe ba tlhabana le kgogela . . . le baengele ba yone.” Buka ya Tshenolo ya re Jesu ke Moeteledipele wa lesomo la baengele ba Modimo, ka jalo, Mikaele ke leina le lengwe le Jesu a bidiwang ka lone.—Tshenolo 19:14-16.

Kgao. 9, ser. 4

24 METLHA YA BOFELO

Mafoko ao a kaya nako e mo go yone go diregang ditiragalo tse dikgolo mo lefatsheng, pele ga Bogosi Jwa Modimo bo fedisa lefatshe la ga Satane. Gape Baebele e dirisa mafoko a mangwe a a jaaka “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” le “go nna gone ga Morwa motho” fa e bua ka yone nako eo. (Mathaio 24:3, 27, 37) ‘Metlha ya bofelo’ e simologa fa Bogosi Jwa Modimo bo simolola go busa kwa legodimong ka 1914 mme e tla khutla fa lefatshe la ga Satane le senngwa ka ntwa ya Haramagedona.—2 Timotheo 3:1; 2 Petere 3:3.

Kgao. 9, ser. 5

 25 TSOGO YA BASWI

Tsogo ya baswi ke fa Modimo a tsosa motho yo o neng a sule gore a boe a tshela gape. Baebele e umaka batho ba le robongwe ba ba neng ba tsosiwa mo baswing. Elija, Elisha, Jesu, Petere le Paulo ba ile ba tsosa batho mo baswing. Modimo ke ene a neng a ba naya maatla a go dira jalo. Jehofa o solofetsa gore o tla tsosa “ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang” gore ba tshele mo lefatsheng. (Ditiro 24:15) Gape Baebele e bua ka tsogo ya kwa legodimong. Tsogo eo e direga fa batho ba ba tlhophilweng kgotsa ba ba tloditsweng ke Modimo, ba tsosiwa gore ba ye go tshela le Jesu kwa legodimong.—Johane 5:28, 29; 11:25; Bafilipi 3:11; Tshenolo 20:5, 6.

Kgao. 9, ser. 13

26 BODIMONA

Bodimona ke fa motho a leka go buisana le meya ka tlhamalalo kgotsa a dirisa motho yo mongwe, jaaka ngaka ya moloi, kgotsa motho yo o kgonang go bua le meya. Batho ba ba dirisang bodimona ba dira jalo ka gonne ba dumela thuto ya maaka ya gore meya ya batho ba ba suleng e fetela golo gongwe e bo e fetoga go nna dipoko tse di maatla. Madimona le one a leka go tlhotlheletsa batho gore ba se ka ba ikobela Modimo. Gape bodimona bo akaretsa tepodinaledi, go latlha bola, boselamose, boloi, go dumela mo botlhoding le mo maatleng a a fetang a tlholego. Dilo tseno di fitlhelwa mo dibukeng, mo dimakasineng, mo di-horoscope, mo difiliming, mo dipapatsong le mo mminong mme di dira gore bodimona, boselamose le go nna le maatla a a sa tlwaelegang di lebege di se kotsi. Mediro ya phitlho e e jaaka mpho ya badimo, go sirolola matlapa, go gopola letsatsi le motho a suleng ka lone, go apara diaparo tse dintsho fa mosadi a swetswe ke monna kgotsa go beolwa ga ba masika le ditebelelo, di amana le bodimona. Gantsi batho ba dirisa diokobatsi fa ba leka go dirisa maatla a bodimona.—Bagalatia 5:20; Tshenolo 21:8.

Kgao. 10, ser. 10; Kgao. 16, ser. 4

 27 BOLAODI JWA GA JEHOFA

Jehofa ke Modimo Mothatayotlhe e bile ke ene a bopileng sengwe le sengwe. (Tshenolo 15:3) Dilo tsotlhe tse di mo lefatsheng kgotsa kwa legodimong ke tsa gagwe e bile ke ene a nang le taolo ya tsone. (Pesalema 24:1; Isaia 40:21-23; Tshenolo 4:11) Sengwe le sengwe se a se bopileng se na le melao. Gape Jehofa o na le dithata tsa go tlhoma ope fela yo a mmatlang gore e nne molaodi. Fa re rata Modimo e bile re mo ikobela, re bontsha gore re tshegetsa bolaodi jwa gagwe.—1 Ditiragalo 29:11.

Kgao. 11, ser. 10

28 GO SENYA MPA

Motho o senya mpa fa a bolaya ngwana yo a iseng a tsholwe. Ga se selo se se diregang ka phoso kgotsa ka gonne motho a lwala. Fa mosadi a setse a imile, se se mo popelong ya gagwe ga se selo fela se se sa reng sepe. Ke motho yo o tshelang.

Kgao. 13, ser. 5

29 GO TSHELWA MADI

Ke kalafi e mo go yone madi kgotsa dikarolo tsa one tsa konokono tse nnê di tsewang mo mmeleng wa motho di bo di tsenngwa mo mmeleng wa motho yo mongwe kgotsa fa motho a tshelwa madi a a setseng a bolokilwe kwa bookelong. Dikarolo tsa konokono tse nnê tsa madi ke plasma, disele tse dikhibidu tsa madi, disele tse ditshweu tsa madi le di-platelet.

Kgao. 13, ser. 13

 30 GO KGALEMELA

Fa Baebele e bua ka “go kgalema” ga e bue fela ka go otlhaya. Fa re kgalemelwa, re a kaelwa, re a rutiwa le go baakanngwa. Le ka motlha Jehofa ga a setlhogo fa a otlhaya motho. (Diane 4:1, 2) Jehofa o tlhomela batsadi sekao se se molemo. Kotlhao ya gagwe e molemo thata jaana mo motho a ka e ratang. (Diane 12:1) Jehofa o rata batho ba gagwe e bile o a ba thapisa. O ba naya ditaelo tse di ba thusang go baakanya tsela e e phoso e ba akanyang ka yone le go ba thusa gore ba ithute go akanya le go dira dilo ka tsela e e mo itumedisang. Go kgalemela ngwana go akaretsa go mo thusa go tlhaloganya mabaka a go bo a tshwanetse go ikobela taelo e e rileng. Gape go akaretsa go ruta ngwana go rata Jehofa, Lefoko la gagwe e leng Baebele le go tlhaloganya melaometheo ya yone.

Kgao. 14, ser. 13

31 MADIMONA

Ke dibopiwa tsa semoya tse di bosula tse di sa bonaleng tse di nang le maatla a a fetang a batho. Madimona ke baengele ba ba bosula. Ba ile ba nna bosula fa ba ne ba itira baba ba Modimo le fa ba ne ba sa mo ikobele. (Genesise 6:2; Jude 6) Ba ne ba thusa Satane go tsuologela Jehofa.—Duteronome 32:17; Luke 8:30; Ditiro 16:16; Jakobe 2:19.

Kgao. 16, ser. 4