Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 10

Go Itse Boammaaruri ka Baengele

Go Itse Boammaaruri ka Baengele

1. Ke eng fa re tshwanetse go ithuta ka baengele?

JEHOFA o batla gore re itse lelapa la gagwe. Baengele ke maloko a lelapa leo. Baebele e ba bitsa “bomorwa Modimo.” (Jobe 38:7) Tiro ya baengele ke eng? Ba ne ba thusa batho jang mo nakong e e fetileng? Mme a ba ka kgona go re thusa gone jaanong?—Bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 8.

2. Baengele ba tswa kae? Modimo o ne a bopa baengele ba le kae ka palo?

2 Re tshwanetse go itse gore baengele ba tswa kae. Bakolosa 1:16 ya re fa Jehofa a sena go bopa Jesu, “dilo tsotlhe tse dingwe di ne tsa bopiwa ka ene kwa magodimong le mo lefatsheng.” Dilo tseo di akaretsa le baengele. Modimo o ne a bopa baengele ba le kae ka palo? Baebele ya re go na le baengele ba le dimilione di le makgolokgolo.—Pesalema 103:20; Tshenolo 5:11.

3. Jobe 38:4-7 ya reng ka baengele?

3 Baebele e re ruta gore Jehofa o ne a bopa baengele pele a bopa batho. Ba ne ba ikutlwa jang fa ba bona lefatshe? Baebele ya re ba ne ba itumetse e bile ba direla Jehofa ba le seoposengwe.—Jobe 38:4-7.

BAENGELE BA THUSA BATHO BA MODIMO

4. Re itse jang gore baengele ba kgatlhegela batho?

4 Baengele ga ba bolo go kgatlhegela boikaelelo jwa ga Jehofa ka batho le ka lefatshe. (Diane 8:30, 31; 1 Petere 1:11, 12) Ba tshwanetse ba bo ba ne ba utlwile botlhoko tota fa ba bona Adame le Efa ba tsuologela Modimo. Ba  tshwanetse ba bo ba utlwa botlhoko le go feta fa ba bona batho ba le bantsi ba sa ikobele Jehofa. Mme ba itumela fela thata fa ba bona motho a ikwatlhaya a bo a boela kwa Modimong. (Luke 15:10) Baengele ba kgatlhegela thata batho ba ba direlang Modimo. Jehofa o dirisa baengele go thusa le go sireletsa batho ba gagwe. (Bahebera 1:7, 14) A re bone dikai dingwe tsa seno.

“Modimo wa me o ne a romela moengele wa gagwe mme a tswala molomo wa ditau.”—Daniele 6:22

5. Baengele ba ne ba thusa batho ba Modimo jang mo nakong e e fetileng?

 5 Jehofa o ne a romela baengele ba le babedi gore ba ye go thusa Lote le ba lelapa la gagwe gore ba falole fa motse wa Sodoma le Gomora o ne o nyelediwa. (Genesise 19:15, 16) Dingwaga di le makgolokgolo morago ga moo, Daniele o ne a latlhelwa mo mongobong wa ditau mme ga di a ka tsa mo ja ka gonne “Modimo . . . o ne a romela moengele wa gagwe mme a tswala molomo wa ditau.” (Daniele 6:22) Moragonyana, Jehofa o ne a romela moengele gore a ye golola Petere mo kgolegelong. (Ditiro 12:6-11) Gape baengele ba ne ba thusa Jesu fa a ne a le mo lefatsheng. Ka sekai, fa Jesu a sena go kolobediwa, “baengele ba ne ba mo direla.” (Mareko 1:13) Pele ga Jesu a bolawa, moengele o ne a tla mme a mo “nonotsha.”—Luke 22:43.

6. (a) Re itse jang gore baengele ba thusa batho ba Modimo gompieno? (b) Re tla araba dipotso dife?

6 Gompieno batho ga ba kgone go bona baengele. Mme Modimo o sa ntse a ba dirisa go thusa batlhanka ba gagwe. Baebele ya re: “Moengele wa ga Jehofa o thibelela go dikologa ba ba mmoifang, mme o a ba namola.” (Pesalema 34:7) Ke eng fa re tlhoka go sirelediwa? Ka gonne go na le baba ba ba maatla ba ba batlang go re gobatsa. Ke bomang? Ba tswa kae? Ba leka jang go re gobatsa? Go bona dikarabo tsa dipotso tseno, a re sekasekeng se se neng sa direga fa Adame le Efa ba sena go bopiwa.

BABA BA RONA BA RE SA BA BONENG

7. Satane o tsieditse batho gore ba dire eng?

7 Mo Kgaolo 3, re ithutile gore moengele mongwe o ne a tsuologela Modimo mme a batla gore batho ba mo obamele. Baebele e mmitsa Satane Diabolo. (Tshenolo 12:9) Gape Satane o ne a batla gore batho ba bangwe le bone  ba tsuologele Modimo. O ne a kgona go tsietsa Efa mme fa e sa le ka nako eo, o tsieditse batho ba le bantsi. Le fa go ntse jalo, batho ba ba jaaka Abele, Enoke le Noa ba ne ba nna ba ikanyega mo go Jehofa.—Bahebera 11:4, 5, 7.

8. (a) Go tlile jang gore baengele bangwe ba fetoge madimona? (b) Madimona a ile a falola Morwalela jang?

8 Ka nako ya ga Noa, go ile ga nna le baengele ba bangwe ba ba neng ba tsuologela Modimo ba bo ba tla mo lefatsheng. Ka ntlha yang? Baebele ya re ba ne ba batla go nna le basadi. (Bala Genesise 6:2.) Mme gone, se ba neng ba se dira se ne se le phoso. (Jude 6) Fela jaaka baengele bao ba ba bosula, batho ba le bantsi ba nako eo ba ne ba nna bosula e bile ba rata ntwa. Jehofa o ne a tsaya tshwetso ya go nyeletsa batho ba ba bosula ka morwalela mme ga sala fela batho ba ba mo reetsang. (Genesise 7:17, 23) Baengele ba ba bosula ba ne ba falola morwalela oo ka go boela kwa legodimong. Baebele e ba bitsa madimona. Ba itlhophetse go tsaya letlhakore la ga Satane mme ba tlhanogela Modimo, ka jalo Diabolo o ne a nna kgosi ya bone.—Mathaio 9:34.

9. (a) Go ne ga direga eng fa madimona a leka go boela kwa legodimong? (b) Re tlile go ithuta ka eng?

9 Jehofa ga a ka a letla madimona go nna karolo ya lelapa la gagwe ka gonne a ne a itirile diganana. (2 Petere 2:4) Madimona ga a tlhole a kgona go iphetola batho, mme a sa ntse a ‘tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni.’ (Tshenolo 12:9; 1 Johane 5:19) Mma re bone gore ba kgona jang go tsietsa batho ba le bantsi jaana.—Bala 2 Bakorintha 2:11.

KAFA MADIMONA A TSIETSANG BATHO KA TENG

10. Madimona a tsietsa batho jang?

10 Madimona a tsietsa batho ka ditsela tse dintsi. Batho  ba ka dirisana le madimona ka tlhamalalo kgotsa ba dirisa mongwe o sele, jaaka ngaka ya bola kgotsa lesankoma. Seno se bidiwa bodimona. Mme Baebele e re tlhagisa gore re tshamekele kgakala le madimona. (Bagalatia 5:19-21) Ka ntlha yang? Fela jaaka motsumi a dirisa serai go thaisa phologolo, madimona le one a dirisa dirai go tshwara batho le go ba laola.—Bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 26.

11. Ke dilo dife tse re tshwanetseng go di tila mme ka ntlha yang?

11 Tsela nngwe e madimona a tsietsang ka yone ke ka go dirisa batho ba go tweng ba kgona go bona masaitsiweng kgotsa dilo tse di tla diregang mo nakong e e tlang. Motho a ka nna a leka go dira jalo ka go leba dinaledi, go latlha ditaola le go dirisa dikarata. Batho ba le bantsi ba akanya gore dilo tseno ga di kotsi mme ga go a nna jalo. Di kotsi thata. Ka sekai, Baebele ya re madimona le batho ba ba bolelelang isagwe pele ke di ya thoteng di bapile. Ditiro 16:16-18 e bua ka “ledimona la boitseanape” le le neng le dira gore mosetsana mongwe a kgone go “bolelela [dilo] pele.” Fa moaposetoloi Paulo a sena go koba ledimona leo, mosetsana yoo o ne a palelwa ke go tlhola a bolelela isagwe pele.

12. (a) Ke eng fa go le kotsi go leka go bua le batho ba ba suleng? (b) Ke eng fa batho ba ba ikobelang Modimo ba sa dire sepe se se amanang le madimona?

12 Go na le tsela e nngwe gape e madimona a tsietsang batho ka yone. A leka go dira gore re dumele gore re kgona go bua le batho ba ba suleng le gore batho bao tota ga ba a swa, ba tshela golo gongwe e bile ba ka kgona go bua le rona kgotsa go re gobatsa. Ka sekai, motho yo o tlhokafaletsweng ke tsala kgotsa wa losika, a ka nna a ya kwa mothong yo go tweng o kgona go bua le batho ba ba suleng. Motho yoo a ka nna a mmolelela sengwe se a se  ratang ka tsala ya gagwe kgotsa wa losika yo o tlhokafetseng le e leng go etsa lentswe la gagwe. (1 Samuele 28:3-19) Gape mo diphitlhong tse dingwe go dirwa dilo jaaka e kete motho yo o suleng o sa ntse a tshela. Go dirwa dilo di tshwana le mekete ya dintsho, mpho ya badimo, batlholagadi ba apesiwa diaparo tse dintsho, ditebelelo jalo le jalo. Fa Bakeresete ba sa dire dilo tseno, ba masika kgotsa baagelani ba bone ba a ba kgala, ba a ba tlhapatsa kgotsa ba emisa go dirisana le bone. Batho ba ba ikobelang Modimo ba a itse gore baswi ga ba tshele golo gongwe. Ga ba kgone go bua le rona e bile ba ka se re gobatse. (Pesalema 115:17) Itlhokomele! Le ka motlha o se ka wa leka go bua le batho ba ba suleng kgotsa madimona le fa e le go dira sepe se se amanang le one.—Bala Duteronome 18:10, 11; Isaia 8:19.

13. Batho ba pele ba kileng ba bo ba tshaba madimona ba kgonne go dira eng?

13 Madimona ga a tsietse batho fela, gape a a ba tshosa. Satane le madimona a gagwe ba bogale jo bo tshabegang ka gonne ba a itse gore ba saletswe ke “lobaka lo lokhutshwane lwa nako” pele Modimo a ba tlosa mo lefatsheng. (Tshenolo 12:12, 17) Mme batho ba pele ba kileng ba bo ba tshaba madimona, ga ba tlhole ba a tshaba. Ba kgonne jang?

EMELANA LE MADIMONA MME O KGAOGANE LE ONE

14. Re ka etsa jang sekao sa Bakeresete ba kwa Efeso?

14 Baebele e re bolelela kafa re ka emelanang le madimona ka teng le go kgaogana le one. Ka sekai, batho bangwe ba kwa Efeso ba ne ba tlhola ba dirisana le madimona pele ba ithuta Dikwalo. Ba kgonne jang go kgaogana le one? Baebele ya re: “Ba le bantsi thata  ba bao ba neng ba dira ditiro tsa maselamose ba ne ba phutha dibuka tsa bone ba bo ba di ja ka molelo fa pele ga mongwe le mongwe.” (Ditiro 19:19) E re ka ba ne ba batla go ikobela Modimo, ba ne ba latlha dibuka tsotlhe tsa maselamose. Le rona re tshwanetse go dira se se tshwanang. Mongwe le mongwe yo o batlang go direla Jehofa o tshwanetse go latlha dilo tse di amanang le madimona. Dilo tseno di akaretsa dibuka, dimakasine, di-horoscope, mmino, metshameko, ditshwantsho tse di dirang gore boselamose le bodimona di lebege e kete di siame fela. Gape di akaretsa dilo tse batho ba di aparang ba re ba itshireletsa mo dilong tse di bosula.—1 Bakorintha 10:21.

15. Ke eng se sengwe gape se re tshwanetseng go se dira gore re emelane le Satane mmogo le madimona a gagwe?

15 Baebele ya re batho ba kwa Efeso ba ne ba sa ntse ba “lwa” le “mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo,” le fa go ne go setse go fetile dingwaga ba latlhile dibuka tsa boselamose. (Baefeso 6:12) Seo se raya gore madimona a ne a sa ntse a leka go ba gobatsa. Ka jalo, ke eng gape se ba neng ba tshwanetse go se dira? Paulo o ne a ba raya a re: “Tsayang thebe e kgolo ya tumelo, e lo tla kgonang go tima [kgotsa go emisa] dibetsa tsotlhe tse di konopiwang tse di fisang tsa yo o boikepo ka yone.” (Baefeso 6:16) Fela jaaka thebe e kgona go sireletsa lesole mo ntweng, tumelo le yone e kgona go re sireletsa. Fa re sa belaele gore Jehofa o tla re sireletsa, re tla kgona go emelana le Satane le madimona a gagwe.—Mathaio 17:20.

16. Re ka nonotsha jang tumelo ya rona?

16 Re ka nonotsha tumelo ya rona jang? Re tshwanetse go bala Baebele letsatsi le letsatsi mme re itlwaetse go  ikaega ka Jehofa gore a re sireletse. Fa re na le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa, Satane le madimona a gagwe ba ka se kgone go re gobatsa.—1 Johane 5:5.

17. Ke eng se sengwe gape se se ka re sireletsang mo madimoneng?

17 Bakeresete ba kwa Efeso ba ne ba tshwanetse go dira eng gape? E re ka ba ne ba tshela mo motseng o o neng o tletse ka bodimona, Paulo o ne a ba raya a re: ‘Tswelelang lo rapela ka lobaka longwe le longwe.’ (Baefeso 6:18) Ba ne ba tshwanetse go kopa Jehofa gore a ba sireletse ka dinako tsotlhe. Le rona re tshela mo lefatsheng le le tletseng bodimona. Ka jalo, re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re sireletse le go dirisa leina la gagwe fa re rapela. (Bala Diane 18:10.) Jehofa o tla araba dithapelo tsa rona fa re tswelela re mo kopa gore a re sireletse mo go Satane.—Pesalema 145:19; Mathaio 6:13.

18, 19. (a) Re ka kgona jang go fenya Satane le madimona a gagwe? (b) Go tla arabiwa potso efe mo kgaolong e e latelang?

18 Fa re latlha sengwe le sengwe se se amanang le bodimona mme re bo re ikanya Jehofa gore o tla re sireletsa, re ka kgona go emelana le Satane le madimona. Ga re a tshwanela go ba tshaba. (Bala Jakobe 4:7, 8.) Jehofa o maatla thata go feta madimona. O ne a a otlhaya ka nako ya ga Noa, mme mo nakong e e tlang o tla a senya gotlhelele. (Jude 6) Gakologelwa gore Jehofa o dirisa baengele ba gagwe go re sireletsa. (2 Dikgosi 6:15-17) Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re thusa go fenya Satane mmogo le madimona a gagwe.—1 Petere 5:6, 7; 2 Petere 2:9.

19 Mme fa e le gore Satane le madimona a gagwe ba bogisa batho mo go kana, ke eng fa Modimo a ise a ba fedise? Potso eno e tla arabiwa mo kgaolong e e latelang.