Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 2

Baebele—Buka e e Tswang Kwa Modimong

Baebele—Buka e e Tswang Kwa Modimong

1, 2. Ke eng fa re ka re Baebele ke mpho e e molemo e Modimo a re neileng yone?

O IKUTLWA jang fa tsala ya gago e go naya mpho e o neng o sa e lebelela? O swegaswega pelo go e bula e bile o itumeletse go bo tsala ya gago e ile ya akanya ka wena. O mo leboga fela thata.

2 Baebele ke mpho e Modimo a re neileng yone. E na le tshedimosetso e re ka se e boneng gope go sele. Ka sekai, e re bolelela gore Modimo o ile a bopa magodimo, lefatshe mmogo le monna wa ntlha le mosadi. E na le melaometheo e e ka re thusang fa re na le mathata. Baebele e re tlhalosetsa se Modimo a ikaeletseng go se dira go fetola lefatshe leno. Baebele ke mpho e e molemo fela thata!

3. Go ithuta Baebele go tla go thusa jang?

3 Fa o ntse o ithuta Baebele, o tla lemoga gore Modimo o batla gore o nne tsala ya gagwe. Fa o ntse o ithuta ka ene, o tla atamalana le ene fela thata.

4. Ke eng se se go kgatlhang ka Baebele?

4 Baebele e ranoletswe mo dipuong di ka nna 2 600 mme go printilwe Dibaebele di le dibilionebilione. Batho ba le bantsi ba na le yone ka dipuo tsa bone e bile ba a e bala. Mme beke le beke batho ba feta milione ba nna le yone. Boammaaruri ke gore, ga go na buka epe e e tshwanang le Baebele.

5. Ke eng fa re re Baebele e “tlhotlheleditswe ke Modimo”?

5 Baebele e “tlhotlheleditswe ke Modimo.” (Bala  2 Timotheo 3:16.) Mme batho bangwe ba ka ipotsa go re: ‘Go tla jang gore re re Baebele e tswa kwa Modimong mme gone e kwadilwe ke batho?’ Baebele ka boyone ya re: “Batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa [kgotsa ba kaelwa] ke moya o o boitshepo.” (2 Petere 1:21) Seno se tshwana le fa rrakgwebo a kopa mokwaledi wa gagwe gore a mo kwalele lekwalo. Ke mafoko a ga mang a a mo lekwalong leo? Ke a rrakgwebo e seng a mokwaledi. Ka tsela e e tshwanang, mafoko a a mo Baebeleng ke a Modimo e seng a batho ba a ba dirisitseng go e kwala. Modimo o ne a ba kaela gore ba kwale dikakanyo tsa gagwe. Tota Baebele ke “lefoko la Modimo.”—1 Bathesalonika 2:13; bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 2.

Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e gone ka dipuo di le dintsi

 BAEBELE E BOAMMAARURI

6, 7. Ke eng fa re re Baebele ga e ikganetse?

6 Baebele e kwadilwe mo dingwageng di feta 1 600. Bakwadi ba yone ba ne ba sa tshele ka nako e le nngwe. Ba bangwe ba ne ba rutegile thata mme ba bangwe ba sa rutega go le kalo. Ka sekai, mongwe wa bone e ne e le ngaka. Ba bangwe e ne e le balemi, batshwaraditlhapi, badisa, baporofeti, baatlhodi le dikgosi. Tota le fa e kwadilwe ke batho ba ba farologaneng, Baebele ga e bue dilo tse di sa tshwaneng. Yotlhe e a dumalana. *

7 Dikgaolo tsa ntlha tsa Baebele di re tlhalosetsa kwa mathata a batho a simologileng gone mme tsa bofelo di re bolelela se Modimo a tla se dirang go a rarabolola le go fetola lefatshe go nna paradaise. Baebele e bua ka se se ileng sa direga dingwaga di le diketekete tse di fetileng e bile e bontsha gore boikaelelo jwa Modimo bo nna bo ntse bo diragala ka dinako tsotlhe.

8. Naya dikai tse di bontshang gore Baebele e boammaaruri fa e bua ka dilo tsa saense.

8 Baebele ga se buka e e rutang dilo tsa saense kgotsa e e ka dirisiwang kwa sekolong mme gone e tlhalosa dilo tsa saense jaaka di ntse. Lebaka la seno ke ka gonne Baebele e tswa kwa Modimong. Ka sekai, buka ya Baebele ya Lefitiko e tlhalosa ditaelo tse Modimo a neng a di naya Baiseraele go ba thusa go thibela malwetse gore a se ka a anama. Ditaelo tseno di kwadilwe dingwagangwaga pele batho ba ka itse gore megare e baka malwetse jang. Gape Baebele ga e bolo go tlhalosa gore lefatshe ga le a tshegediwa ke sepe. (Jobe 26:7) Mme fa batho ba le bantsi ba  ne ba dumela gore lefatshe le sephaphathi, Baebele yone e ne e ruta gore le kgolokwe.—Isaia 40:22.

9. Ntlha ya go bo bakwadi ba Baebele ba ne ba ikanyega e re thusa go tlhaloganya eng?

9 Baebele e boammaaruri fa e bua ka ditiragalo tse di fetileng. Mme ga se ka dinako tsotlhe bakwadi ba hisitori ba buang boammaaruri ka gonne bangwe ba bone ga ba ikanyege. Ka sekai, ka dinako tse dingwe ga ba kwale gore naga ya bone e ile ya fenngwa. Mme bakwadi ba Baebele ba a ikanyega ka gonne ba ile ba kwala ka go fenngwa ga naga ya Iseraele. Gape ba ile ba kwala ka diphoso tse ba ileng ba di dira. Ka sekai, mo bukeng ya Baebele ya Dipalo, Moshe o re bolelela ka phoso e e masisi e a ileng a e dira le gore Modimo o ne a tshwanelwa ke go mo e otlhaela. (Dipalo 20:2-12) Tsela e bakwadi ba Baebeleng ba neng ba ikanyega ka yone e bontsha gore Baebele ke buka e e tswang kwa Modimong. Seno se raya gore re ka e ikanya.

BUKA E E NANG LE DIKGAKOLOLO TSE DI THUSANG

10. Ke eng fa kgakololo ya Baebele e ka re thusa le gompieno?

10 Baebele e ‘tlhotlheleditswe ke Modimo e bile e tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo.’ (2 Timotheo 3:16) Kgakololo ya Baebele e ka re thusa le gompieno. Jehofa ke ene a re bopileng, ka jalo, o tlhaloganya tsela e re akanyang ka yone le e re ikutlwang ka yone. O re itse botoka go feta kafa re ikitseng ka gone mme o batla gore re itumele. O itse se se re siametseng le se se ka re bakelang mathata.

11, 12. (a) Mathaio kgaolo 5 go ya go 7 e na le kgakololo efe e e molemo e Jesu a neng a re naya yone? (b) Ke eng gape se re ka ithutang sone mo Baebeleng?

11 Buka ya Baebele ya Mathaio kgaolo 5 go ya go 7 e na le kgakololo e e molemo thata e Jesu a neng a bua ka yone  malebana le kafa re ka itumelang ka gone, kafa re ka dirisanang sentle le ba bangwe ka gone, kafa re ka rapelang ka gone le kafa re tshwanetseng go dirisa madi ka gone. Le fa kgakololo eno e ile ya kwalwa dingwaga di le 2 000 tse di fetileng, e sa ntse e thusa fela thata le gompieno.

12 Gape Baebele e na le melaometheo e e tswang kwa go Jehofa e e re thusang go tshela botoka, go nna badiri ba ba siameng le go tshedisana le ba bangwe ka kagiso. Melaometheo ya Baebele e ka re thusa ka dinako tsotlhe go sa kgathalesege gore re bomang, re nna kwa kae kgotsa gore re na le mathata a a ntseng jang.—Bala Isaia 48:17; bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 3.

O KA IKANYA BOPOROFETI JO BO MO BAEBELENG

Mokwadi wa Baebele e bong Isaia o ne a porofeta gore motse wa Babelona o tla senngwa

13. Isaia o ne a porofeta gore go tla direga eng ka motse wa Babelona?

13 Bontsi jwa boporofeti jo bo mo Baebeleng bo setse bo diragaditswe. Ka sekai, Isaia o ne a porofeta gore motse wa Babelona o tla senngwa. (Isaia 13:19) O ne a tlhalosa kafa motse oo o neng o tlile go senngwa ka teng. Motse o ne o na le ditswalo tse dikgolo e bile o dikologilwe ke noka. Mme Isaia o ne a porofeta gore noka eo e ne e tla kgala mme ditswalo di tlogelwe di butswe. Batho ba ba tlhaselang motse oo ba ne ba tla o gapa ntle le go lwa. Isaia o ne a bo a porofeta gore monna yo o bidiwang Kurose ke ene a tla gapang motse oo wa Babelona.—Bala Isaia 44:27–45:2; bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 4.

14, 15. Boporofeti jwa ga Isaia bo ne jwa diragadiwa jang?

14 Dingwaga di le makgolo a mabedi fa boporofeti jono bo sena go kwalwa, masole a ne a goroga mme a tlhasela Babelona. A ne a eteletswe pele ke mang? Fela jaaka boporofeti bo ne bo tlhalositse, e ne e le Kurose kgosi ya Peresia. Isaia o ne a opile kgomo lonaka.

 15 Bababelona ba ne ba le mo moketeng mo bosigong jo ba neng ba tlhaselwa ka jone. Ba ne ba akanya gore ba sireletsegile ka gonne ba ne ba na le dipota tse dikgolo e bile ba dikaganyeditswe ke noka. Kurose le masole a gagwe ba ne ba epa mosele go fokotsa metsi a noka eo mme kgabagare ba kgona go feta. Mme masole a ne a tla kgona jang go tsena mo motseng o o neng o dikaganyeditswe ke  dipota tse dikgolo? Fela jaaka boporofeti bo ne bo boleletse pele, ditswalo tsa motse oo di ne di tlogetswe di atlhame mme masole a tsena mo motseng mme a o gapa.

16. (a) Isaia o ne a porofeta eng ka Babelona? (b) Re itse jang gore boporofeti jwa ga Isaia bo ile jwa diragadiwa?

16 Isaia o ne a porofeta gore ga go motho ope yo o neng a tla feleletsa a nna mo Babelona gape. O ne a kwala a re: “Ga a kitla a nniwa, le fa e le go nna le lefelo la bonno kokomana morago ga kokomana.” (Isaia 13:20) A seno se ne sa direga? Gone jaanong lefelo le motse oo o neng o le kwa go lone, le le sekgala sa dikilometara di ka nna 80 go ela kwa borwa jwa Baghdad, Iraq, ke matlotla fela. Le gompieno ga go na ope yo o nnang koo. Jehofa o ne a feela Babelona “ka lofeelo lo lo nyeletsang [kgotsa o ne a mo fedisa].”—Isaia 14:22, 23. *

Marope a motse wa Babelona

17. Ke eng fa re ka ikanya ditsholofetso tsotlhe tsa Modimo?

17 Ntlha ya go bo go na le boporofeti jo bontsi jaana jo  bo diragaditsweng, e bontsha gore re ka ikanya se Baebele e se buang ka isagwe. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla dira lefatshe paradaise fela jaaka a solofeditse. (Bala Dipalo 23:19.) Re solofetse go bona “botshelo jo bo sa khutleng jo Modimo, yo a ka se kang a aka, a bo solofeditseng pele ga dinako tse di nnetseng ruri.”—Tito 1:2. *

BAEBELE E KA FETOLA BOTSHELO JWA GAGO

18. Paulo o ne a reng ka “lefoko la Modimo”?

18 Re ithutile gore ga go na buka epe e e tshwanang le Baebele. Ga e ikganetse e bile e bua boammaaruri fa e tlhalosa dilo tsa saense le tsa hisitori. Gape e na le kgakololo e e molemo e bile e na le boporofeti jo bontsi jo bo setseng bo diragaditswe. Mme ga se gone gotlhe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Lefoko la Modimo le a tshela.” Seo se kaya eng?—Bala Bahebera 4:12.

19, 20. (a) Baebele e ka go thusa jang gore o itlhaloganye? (b) O ka bontsha jang gore o lebogela mpho eno?

19 Baebele e kgona go fetola botshelo jwa gago. E kgona go go thusa gore o itlhaloganye sentle. E ka go thusa go tlhaloganya dikakanyo le maikutlo a gago a a kwa teng. Ka sekai, re ka nna ra akanya gore re rata Modimo. Mme go bontsha gore re a mo rata, re tshwanetse go dira se Baebele e reng re se dire.

20 Baebele ke buka e e tswang kwa Modimong. O batla gore o e bale, o e ithute le go e rata. Anaanela mpho eno mme o se ka wa kgaotsa go e ithuta. Fa o dira jalo, o tla tlhaloganya se Modimo a ikaeletseng go se direla batho. Kgaolo e e latelang e tla re thusa go tlhaloganya seno botoka.

^ ser. 6 Batho bangwe ba re Baebele e a ikganetsa, mme seo ga se boammaaruri. Bala kgaolo 7 ya buka e e reng Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 16 Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka boporofeti jwa Baebele, o ka bala tsebe 27-29 ya boroutšhara jwa Buka ya Batho Botlhe jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 17 Ntle le boporofeti jo bo buang ka go senngwa ga motse wa Babelona, go na le boporofeti jo bongwe gape jo bo ileng jwa diragadiwa. O ka bona tshedimosetso e e oketsegileng ka ga Jesu Keresete ka go bala Ntlha e e Kwa Bofelong ya 5.