Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KAROLO 23

Dikgang Tse di Molemo di a Anama

Dikgang Tse di Molemo di a Anama

Paulo o tsamaya maeto a maleele ka dinao le ka dikepe a rera

FA Paulo a sena go sokologa, o ne a bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ka tlhoafalo—mme seno se ne sa dira gore gangwe le gape motho yono yo pele e neng e le mmogisi, a ganediwe setlhogo. Moaposetoloi yono yo o sa ineeleng o ne a tsaya maeto a le mmalwa a go rera, a tsamaya sekgala se seleele gore a anamise dikgang tse di molemo ka Bogosi jo bo tla diragatsang boikaelelo jo kwa tshimologong Modimo a neng a na le jone ka batho.

Fa Paulo a le kwa Lisetera mo loetong lwa gagwe lwa ntlha lwa borongwa, o ne a fodisa monna yo o neng a tshotswe a golafetse. Boidiidi bo ne jwa simolola go goa bo re Paulo le monna yo o neng a tsamaya le ene e bong Barenabase ke medimo. Banna bano ba babedi ba ne ba tshwaragana le bothata jwa go thibela batho gore ba se ka ba ba ntshetsa ditlhabelo. Le fa go ntse jalo, moragonyana baba ba ga Paulo ba ne ba tlhotlheletsa jone boidiidi jono gore bo nne kgatlhanong le Paulo mme ba mo kgobotletsa ka maje go fitlha ba ithaya ba re o sule. Paulo o ne a falola tlhaselo eo mme moragonyana a boela kwa motseng oo go ya go nonotsha barutwa ka mafoko a a kgothatsang.

Bakeresete bangwe ba Bajuda ba ne ba gatelela gore badumedi ba e seng Bajuda ba ne ba tshwanetse go ikobela dikarolo dingwe tsa Molao wa ga Moshe. Paulo o ne a isa bothata joo kwa banneng ba bagolwane kwa Jerusalema. Fa banna bano ba sena go sekaseka Dikwalo ka kelotlhoko ba kaelwa ke moya o o boitshepo wa Modimo, ba ne ba kwalela diphuthego mme ba di kgothaletsa gore di ithibe mo kobamelong ya medingwana, mo go jeng madi le nama e e sa tshololwang madi le mo kgokafalong. Ditaelo tseno e ne e le “dilo . . . tse di tlhokegang,” mme go ne go sa tlhokege gore motho a bo a latela Molao wa ga Moshe gore a kgone go di ikobela.—Ditiro 15:28, 29.

Mo loetong lwa gagwe lwa bobedi lwa go rera, Paulo o ne a ya kwa Berea, kwa Gerika wa motlha wa gompieno e leng gone. Bajuda ba ba nnang koo ba ne ba amogela lefoko ka tlhagafalo, ba tlhatlhoba Dikwalo letsatsi le letsatsi go tlhomamisa se a neng a ba ruta sone. Le fano gape, kganetso e ne ya mo pateletsa gore a ye kwa lefelong le lengwe, mme mo lekgetlong leno o ne a ya kwa Athena. Paulo o ne a neela puo e e maatla fa pele ga Baathena ba ba rutegileng, mme tsela e a neng a bua ka yone ke sekai se se molemo sa go ithuta go akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe, go dirisa temogo le go bua ka tsela e e tlhatswang pelo.

Fa Paulo a sena go wetsa loeto lwa gagwe lwa boraro lwa go rera, o ne a ya kwa Jerusalema. Fa a le kwa tempeleng, Bajuda bangwe ba ne ba simolola dikhuduego, ba batla go mmolaya. Masole a Roma a ne a tsereganya mme a thamathamisa Paulo ka dipotso. E re ka Paulo e ne e le moagi wa Roma, moragonyana o ne a iphemela fa pele ga Mmusi wa Moroma e bong Felise. Bajuda ba ne ba se na bosupi jwa dilo tse ba neng ba mo latofatsa ka tsone. E le gore Feseto, mmusi mongwe wa Moroma, a se ka a mo neelela Bajuda, Paulo o ne a re: “Ke ikuela kwa go Kaesara!” Feseto o ne a araba a re: “O tla ya kwa go Kaesara.”—Ditiro 25:11, 12.

Go tswa foo Paulo o ne a isiwa kwa Itali ka sekepe gore a letele tsheko. E re ka a ne a thubegelwa ke sekepe mo tseleng, o ne a tshwanelwa ke go fetsa mariga otlhe a le kwa setlhaketlhakeng sa Maleta. Fa a fitlha kwa Roma, o ne a nna dingwaga di le pedi mo ntlong e e hirilweng. Le fa gone a ne a disitswe ke lesole, moaposetoloi yono yo o tlhagafetseng o ne a nna a rera ka Bogosi jwa Modimo mo bathong botlhe ba ba neng ba mo etela.

—E tswa mo go Ditiro 11:22–28:31.