Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 6

Kafa o ka Tlhophang Boitlosobodutu jo bo Siameng ka Gone

Kafa o ka Tlhophang Boitlosobodutu jo bo Siameng ka Gone

“Dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.”—1 BAKORINTHA 10:31.

1, 2. Ke eng se re ka se tlhophang mo kgannyeng ya go itlosa bodutu?

AKANYA fela o tloga o ja leungo le le monate mme o bo o lemoga gore karolo nngwe ya lone e bodile. O tla dira eng? O ka nna wa ja leungo lotlhe, go akaretsa le karolo e e bodileng; o ka nna wa latlha leungo leo lotlhe, le yone karolo e e bodileng; kgotsa o ka nna wa ntsha karolo e e bodileng ya leungo leo o bo o ja karolo e e siameng. O tla tlhopha go dira jang?

2 Ka tsela nngwe, boitlosobodutu bo tshwana le leungo leo. Ka dinako tse dingwe, o batla go itlosa bodutu, mme o lemoga gore boitlosobodutu jo bontsi jo bo leng gone gompieno bo senya boitsholo, e bile tota bo bodile. Ka jalo, o tla dira eng? Bangwe ba ka nna ba amogela se se bosula mme ka jalo ba amogela boitlosobodutu jotlhe jo bo leng gone mo lefatsheng leno. Ba bangwe ba ka nna ba tila boitlosobodutu jotlhe go tlhomamisa gore ga ba itlose bodutu ka sepe se se kotsi. Ba bangwe bone ba ka nna kelotlhoko gore ba tile boitlosobodutu jo bo kotsi mme ka dinako tse dingwe ba itlose bodutu ka dilo tse di siameng. O tshwanetse go tlhopha go dira jang gore o ipoloke mo loratong lwa Modimo?

3. Jaanong re tla sekaseka eng?

3 Bontsi jwa rona re ne re tla tlhopha tsela ya boraro. Re lemoga gore re tlhoka go itlosa bodutu ka tsela nngwe mme re batla go itlosa bodutu fela ka tsela e e siameng. Ka jalo, re tshwanetse go sekaseka kafa re ka farologanyang ka gone boitlosobodutu jo bo siameng le jo bo sa siamang. Le fa go ntse  jalo, sa ntlha, a re sekasekeng gore boitlosobodutu jo re bo tlhophang bo ka ama jang go obamela ga rona Jehofa.

“DIRANG DILO TSOTLHE KGALALETSONG YA MODIMO”

4. Boineelo jwa rona bo tshwanetse go ama jang boitlosobodutu jo re bo tlhophang?

4 Nako nngwe e e fetileng, Mosupi mongwe yo o godileng yo o kolobeditsweng ka 1946 o ne a re: “Ke tlhomamisa gore ke nna gone ka metlha mo puong nngwe le nngwe ya kolobetso le go e reetsa ka kelotlhoko, jaaka e kete go tlile go kolobediwa nna.” Ka ntlha yang? O ne a tlhalosa jaana, “Go nna ke akantse ka boineelo jwa me go ntse go nthusa gore ke nne ke ikanyega.” Kwantle ga pelaelo le wena o tla dumalana le mafoko ao. Go ikgopotsa gore o solofeditse Jehofa gore o tla dirisa botshelo jotlhe jwa gago go mo direla, go go tlhotlheletsa gore o itshoke. (Bala Moreri 5:4.) Tota e bile, go tlhatlhanya ka boineelo jwa gago go tla ama tsela e o lebang bodiredi jwa Bokeresete ka yone mmogo le dikarolo tse dingwe tsotlhe tsa botshelo—go akaretsa le boitlosobodutu. Moaposetoloi Paulo o ne a gatelela kafa seo se leng boammaaruri ka gone fa a ne a kwalela Bakeresete ba motlha wa gagwe jaana: “E ka ne lo a ja kgotsa lo a nwa kgotsa lo dira sepe fela, dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.”—1 Bakorintha 10:31.

5. Lefitiko 22:18-20 e re thusa jang go bona tlhagiso e e sa bolelweng ka tlhamalalo e e mo go Baroma 12:1?

5 Sengwe le sengwe se o se dirang  mo botshelong se amana le kobamelo ya gago mo go Jehofa. Fa Paulo a ne a kwalela Baroma, o ne a dirisa mafoko a a maatla go gatelela ntlha eno e e boammaaruri mo badumeding ka ene. O ne a ba kgothatsa jaana: “Lo ise mebele ya lona setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo ka maatla a lona a go akanya.” (Baroma 12:1) Mmele wa gago o akaretsa mogopolo wa gago, pelo ya gago le maatla a gago. O dirisa dilo tseno tsotlhe fa o direla Modimo. (Mareko 12:30) Paulo a re tirelo eo e re e dirang ka moya otlhe ke setlhabelo. Ka tsela nngwe lefoko “setlhabelo” le a tlhagisa, mme e se ka tlhamalalo. Mo Molaong wa ga Moshe, Modimo o ne a sa amogele setlhabelo se se golafetseng. (Lefitiko 22:18-20) Ka tsela e e tshwanang, fa setlhabelo sa Mokeresete sa semoya se leswafetse ka tsela nngwe, Modimo ga a kitla a se amogela. Mme seo se ka direga jang?

6, 7. Mokeresete a ka leswafatsa mmele wa gagwe jang, mme diphelelo e ka nna dife?

6 Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba kwa Roma jaana: “Lo se ka lwa tswelela lo isa ditokololo tsa lona [“dikarolo tsa lona tsa mmele,” New International Version] boleong.” Gape Paulo o ne a ba raya a re ba ‘bolaye ditlwaelo tsa mmele.’ (Baroma 6:12-14; 8:13) Pelenyana mo lekwalong la gagwe, o ne a umakile dikai dingwe tsa ‘ditlwaelo tseo tsa mmele.’ Re bala jaana ka batho ba ba nang le boleo: “Molomo wa bone o tletse go tlhapatsa.” “Dinao tsa bone di bofefo go tsholola madi.” “Ga go na poifo ya Modimo fa pele ga matlho a bone.” (Baroma 3:13-18) Mokeresete o ne a tla bo a leswafatsa mmele wa gagwe fa a dirisa “ditokololo” tsa gagwe kgotsa dikarolo tsa mmele go dira mekgwa eo ya boleo. Ka sekai, fa Mokeresete gompieno a lebelela ka boomo dilo tse di makgapha tse di jaaka ditshwantsho tse di hepisang kgotsa a lebelela thubakanyo e e setlhogo, o “isa [matlho a gagwe] boleong” mme ka jalo o leswafatsa mmele otlhe wa gagwe. Kobamelo ya gagwe e tla bo e le setlhabelo se se sa tlholeng se le boitshepo e bile Modimo ga a na go se amogela. (Duteronome 15:21; 1 Petere 1:14-16; 2 Petere  3:11) A bo go tlhopha boitlosobodutu jo bo sa siamang go na le matswela a a botlhoko jang ne!

7 Eleruri, tsela e Mokeresete a tlhophang boitlosobodutu ka yone e na le diphelelo tse di masisi. Ka jalo, ga go pelaelo gore re batla go tlhopha boitlosobodutu jo bo tla tokafatsang setlhabelo sa rona mo Modimong e seng go se leswafatsa. Jaanong a re sekasekeng kafa re ka farologanyang ka gone boitlosobodutu jo bo siameng le jo bo sa siamang.

“TLHOANG SE SE BOIKEPO”

8, 9. (a) Ka kakaretso boitlosobodutu bo ka kgaoganngwa ka mefuta efe e mebedi? (b) Ke mefuta efe ya boitlosobodutu e re e tilang, mme ka ntlha yang?

8 Ka kakaretso, boitlosobodutu bo ka kgaoganngwa ka mefuta e mebedi. Mofuta wa ntlha o akaretsa boitlosobodutu jo Bakeresete ba bo tilang gotlhelele; mofuta o mongwe ke boitlosobodutu jo Bakeresete ba ka nnang ba bo amogela kgotsa ba se bo amogele. A re simololeng ka go sekaseka mofuta wa ntlha—boitlosobodutu jo Bakeresete ba bo tilang.

9 Jaaka go tlhalositswe mo go Kgaolo 1, mefuta mengwe ya boitlosobodutu e bontsha ditiro tse Baebele e di kgalang ka tlhamalalo. Ka sekai, akanya ka mafelo a Internet le difilimi, mananeo a thelebishene le mmino tse di bontshang bosetlhogo jo bo feteletseng kgotsa bodimona kgotsa ditshwantsho tse di hepisang kgotsa tse di kgothaletsang mekgwa ya boitsholo jo bo sa siamang jo bo makgapha. Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go tila mefuta eno e e sa siamang ya boitlosobodutu ka gonne e dira gore ditiro tse di sa dumalaneng le melaometheo ya Baebele kgotsa tse di dirang gore batho ba tlole melao ya Baebele di lebege e kete di siame. (Ditiro 15:28, 29; 1 Bakorintha 6:9, 10; Tshenolo 21:8) Fa o tila boitlosobodutu jo bo sa siamang jono, o bontsha Jehofa gore ruri o ‘tlhoile se se boikepo’ mme ka metlha o “furalela se se bosula.” Ka tsela eo, o na le ‘tumelo e e se nang boitimokanyo.’—Baroma 12:9; Pesalema 34:14; 1 Timotheo 1:5.

10. Ke tsela efe e e kotsi ya go akanya malebana le boitlosobodutu, mme ke ka ntlha yang fa go le kotsi go akanya jalo?

10 Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba akanya gore ga go  kotsi go lebelela boitlosobodutu jo bo bontshang boitsholo jo bo sa siamang fela jaaka bo ntse. Ba re, ‘Nka nna ka bo lebelela mo difiliming kgotsa mo thelebisheneng, mme le ka motlha nka se dire dilo tse di ntseng jalo.’ Go akanya jalo go a tsietsa e bile go kotsi. (Bala Jeremia 17:9.) Fa re itlosa bodutu ka go lebelela dilo tse Jehofa a di kgalang, a tota re ‘tlhoile se se boikepo’? Go lebelela boitsholo jo bo bosula ka metlha go tla dira gore re se ka ra tlhola re lemoga se se bosula le se se molemo. (Pesalema 119:70; 1 Timotheo 4:1, 2) Mokgwa oo o ka ama se re se dirang kgotsa kafa re lebang boitshwaro jwa ba bangwe jwa boleo ka gone.

11. Bagalatia 6:7 e ile ya diragala jang malebana le boitlosobodutu?

11 Tota seno se ile sa direga. Bakeresete bangwe ba ne ba dira boitsholo jo bo sa siamang ka gonne ba ne ba tlhotlhelediwa ke boitlosobodutu jo ba neng ba bo lebelela ka metlha. Ba ne ba ithuta ka tsela e e botlhoko gore “le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.” (Bagalatia 6:7) Mme o ka tila diphelelo tseo tse di utlwisang botlhoko. Fa mo mogopolong wa gago o jala se se molemo, o tla roba matswela a a itumedisang.—Bona lebokose la setlhogo se se reng “ Ke Tshwanetse go Tlhopha Boitlosobodutu Jwa Mofuta Ofe?

DITSHWETSO TSE RE DI ITIRELANG TSE DI THEILWENG MO MELAOMETHEONG YA BAEBELE

12. Bagalatia 6:5 e amana jang le boitlosobodutu, mme ke eng se se ka re kaelang fa re itirela ditshwetso?

12 Jaanong a re sekasekeng mofuta wa bobedi—boitlosobodutu jo bo bontshang ditiro tse Lefoko la Modimo le sa di kgaleng ka tlhamalalo e bile le sa bolele ka tlhamalalo gore di siame. Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso ya gore ke boitlosobodutu bofe jo a bonang bo siame fa a tlhopha mo mofuteng oo wa boitlosobodutu. (Bala Bagalatia 6:5.) Le fa go ntse jalo, fa re tshwanelwa ke go tlhopha mo mofuteng oo wa boitlosobodutu, go na le sengwe se se ka re kaelang. Baebele e na le melaometheo, kgotsa dithuto tsa motheo tse di dirang gore re lemoge tsela e Jehofa a akanyang ka yone. Fa re ela melaometheo eno tlhoko, re tla kgona go  lemoga “se e leng thato ya ga Jehofa” mo dilong tsotlhe, go akaretsa le boitlosobodutu jo re bo tlhophang.—Baefeso 5:17.

13. Ke eng se se tla re tlhotlheletsang go tila boitlosobodutu jo bo ka se itumediseng Jehofa?

13 Ke boammaaruri gore Bakeresete ga ba na bokgoni jo bo lekanang jwa go lemoga dilo tse di amanang le boitsholo. (Bafilipi 1:9) Mo godimo ga moo, Bakeresete ba lemoga gore mo kgannyeng ya boitlosobodutu, batho ga ba rate dilo tse di tshwanang e bile ga ba tlhoe dilo tse di tshwanang. Ka jalo, ga re a tshwanela go lebelela gore Bakeresete botlhe ba tla dira ditshwetso  tse di tshwanang kgo. Le fa go ntse jalo, fa re tswelela re letla melaometheo ya bomodimo go tlhotlheletsa megopolo le dipelo tsa rona, re tla tlhoafalela thata go tila mofuta ope wa boitlosobodutu jo bo ka se itumediseng Jehofa.—Pesalema 119:11, 129; 1 Petere 2:16.

14. (a) Ke ntlha efe e re tshwanetseng go e akanyetsa fa re tlhopha boitlosobodutu? (b) Re ka dira jang gore dilo tse di direlwang Bogosi e nne tsone tse di tlang pele mo botshelong?

14 Fa o tlhopha boitlosobodutu, go na le ntlha e nngwe e e botlhokwa e o tshwanetseng go e akanyetsa: nako ya gago. Boitlosobodutu jo o bo tlhophang bo senola se o bonang se siame, mme nako e o e fetsang mo go jone yone e senola dilo tse o di tsayang di le botlhokwa. Gone mme, dilo tsa semoya ke tsone tse di botlhokwa thata mo Bakereseteng. (Bala Mathaio 6:33.) Ka jalo, ke eng se o ka se dirang go tlhomamisa gore dilo tse di direlwang Bogosi di tla pele mo botshelong jwa gago? Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale, lo ithekela nako e e lo siametseng.” (Baefeso 5:15, 16) Eleruri, go nna le nako e e rileng e o e beelang kwa thoko go itlosa bodutu go tla go thusa gore o nne le nako ya go dira “dilo tse di botlhokwa thata”—ditiro tse di tla tokafatsang bomoya jwa gago.—Bafilipi 1:10.

15. Ke ka ntlha yang fa go le botlhale go nna kelotlhoko thata fa re tlhopha boitlosobodutu?

15 Gape go botlhale gore re nne kelotlhoko thata fa re tlhopha boitlosobodutu. Seo se bolela eng? Akanya gape ka sekai sa leungo. Fa o sa batle go ja karolo e e senyegileng ya leungo ka phoso, ga o ntshe karolo e e senyegileng fela, mme o nna kelotlhoko thata mo o ntshang le karolo e e e dikologileng. Ka tsela e e tshwanang, go botlhale go nna kelotlhoko thata fa o tlhopha boitlosobodutu. Mokeresete yo o botlhale ga a tile fela boitlosobodutu jo go bonalang sentle gore ga bo dumalane le melaometheo ya Baebele mme o tila le mefuta ya boitlosobodutu jo bo belaetsang kgotsa jo go lebegang bo na le dilo tse di ka senyang kamano ya gagwe le Jehofa. (Diane  4:25-27) Go latela kgakololo e e mo Lefokong la Modimo go tla go thusa go dira fela jalo.

“DILO LE FA E LE DIFE TSE DI ITSHEKILENG”

Go dirisa melaometheo ya bomodimo fa re tlhopha boitlosobodutu go re sireletsa mo kotsing ya semoya

16. (a) Re ka bontsha jang gore re leba boitsholo ka tsela e Jehofa a bo lebang ka yone? (b) O ka dirisa jang melaometheo ya Baebele ka dinako tsotlhe mo botshelong jwa gago?

16 Fa Bakeresete ba boammaaruri ba tlhopha boitlosobodutu, sa ntlha ba akanyetsa tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone. Baebele e senola tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone le melao ya gagwe. Ka sekai, Kgosi Solomone o umaka dilo di le mmalwa tse Jehofa a di tlhoileng, tse di jaaka “loleme lo lo maaka, le diatla tse di tshololang madi a a se nang molato, pelo e e logang maano a a utlwisang botlhoko, dinao tse di itlhaganeletseng go sianela kwa bosuleng.” (Diane 6:16-19) Tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone e tshwanetse go ama jang tsela e wena o di lebang ka yone? Mopesalema o kgothatsa jaana: “Lona ba lo ratang Jehofa, tlhoang se se bosula.” (Pesalema 97:10) Boitlosobodutu jo o bo tlhophang bo tshwanetse go bontsha gore ruri o tlhoile se Jehofa a se tlhoileng. (Bagalatia 5:19-21) Gakologelwa gape gore se o se dirang mo sephiring ke sone se se senolang sentle gore o motho wa mofuta ofe go feta se o se dirang phatlalatsa. (Pesalema 11:4; 16:8) Ka jalo, fa o eletsa thata gore mo botshelong jwa gago jotlhe o dire se se tsamaisanang le tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone mo dikgannyeng tsa boitsholo, o tla dira ditshwetso tse ka dinako tsotlhe di dumalanang le melaometheo ya Baebele. O tla dira jalo nako le nako fa o dira ditshwetso.—2 Bakorintha 3:18.

17. Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife pele ga re tlhopha boitlosobodutu?

 17 Ke eng gape se o ka se dirang go tlhomamisa gore o tla dira tumalanong le tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone fa o tlhopha boitlosobodutu? Akanya ka potso eno, ‘Seno se tla nkama jang e bile se tla ama jang kamano ya me le Modimo?’ Ka sekai, pele ga o swetsa go lebelela filimi nngwe kgotsa go se e lebelele, ipotse jaana, ‘Dilo tse di bontshiwang mo filiming eno di tla ama jang segakolodi sa me?’ A re sekasekeng gore ke melaometheo efe e e ka dirisiwang mo kgannyeng eo.

18, 19. (a) Molaomotheo o o mo go Bafilipi 4:8 o ka re thusa jang go bona gore a boitlosobodutu jwa rona bo siame? (b) Ke melaometheo efe e mengwe e e ka go thusang go tlhopha boitlosobodutu jo bo siameng? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

18 Go na le molaomotheo o o botlhokwa mo go Bafilipi 4:8, e e reng: “Dilo le fa e le dife tse di boammaaruri, dilo le fa e le dife tse di tsewang ka masisi, dilo le fa e le dife tse di siameng, dilo le fa e le dife tse di itshekileng, dilo le fa e le dife tse di rategang, dilo le fa e le dife tse di buiwang molemo, le fa e le molemo ofe o o gone le selo le fa e le sefe se se tshwanelwang ke pako se se gone, tswelelang lo akanya ka dilo tseno.” Gone ke boammaaruri gore Paulo o ne a sa bue ka boitlosobodutu mme o ne a bua ka go tlhatlhanya ga pelo, mo go tshwanetseng ga remelela mo dilong tse di itumedisang Modimo. (Pesalema 19:14) Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Paulo a ka dirisiwa le mo kgannyeng ya boitlosobodutu. Jang?

19 Ipotse jaana, ‘A difilimi tse ke di tlhophang, metshameko ya dibidio, mmino kgotsa mefuta e mengwe ya boitlosobodutu e tlatsa mogopolo wa me ka “dilo le fa e le dife tse di itshekileng”?’ Ka sekai, fa o sena go lebelela filimi nngwe, go tlala ditshwantsho tse di ntseng jang mo mogopolong wa gago? Fa e le tse di itumedisang, tse di itshekileng le tse di lapolosang, go raya gore boitlosobodutu jwa gago bo ne bo siame. Le fa go ntse jalo, fa filimi e o neng o e lebeletse e dira gore o akanye ka dilo tse di sa itshekang, seo se raya gore boitlosobodutu jwa gago bo ne bo sa siama e bile bo le kotsi. (Mathaio 12:33; Mareko 7:20-23) Ka ntlha yang? Ka gonne go akanya ka dilo tse di  seng phepa tse di amanang le boitsholo go kgoreletsa kagiso ya gago ya mogopolo, go gobatsa segakolodi sa gago se se thapisitsweng ka Baebele, e bile go ka senya kamano ya gago le Modimo. (Baefeso 5:5; 1 Timotheo 1:5, 19) E re ka boitlosobodutu jo bo ntseng jalo bo le kotsi mo go wena, ikemisetse go bo tila. * (Baroma 12:2) O tshwanetse go tshwana le mopesalema yo o neng a rapela Jehofa jaana: “Dira gore matlho a me a fete a sa bona se se se nang mosola.”—Pesalema 119:37.

BATLELA BATHO BA BANGWE MOLEMO

20, 21. Temana ya 1 Bakorintha 10:23, 24 e amana jang le go tlhopha boitlosobodutu jo bo siameng?

20 Paulo o ne a umaka molaomotheo wa konokono wa Baebele o re tlhokang go o akanyetsa fa re dira ditshwetso mo dikgannyeng tsa botho. O ne a re: “Dilo tsotlhe di kafa molaong; mme ga se dilo tsotlhe tse di agang. A mongwe le mongwe a nne a batle, e seng molemo wa gagwe, fa e se wa motho yo mongwe.” (1 Bakorintha 10:23, 24) Molaomotheo oo o amana jang le go tlhopha boitlosobodutu jo bo siameng? O tshwanetse go ipotsa jaana, ‘Boitlosobodutu jo ke bo tlhophang bo tla ama ba bangwe jang?’

21 Segakolodi sa gago se ka nna sa go letla go itlosa bodutu ka tsela nngwe e o tsayang gore e “kafa molaong,” kgotsa e a amogelesega. Le fa go ntse jalo, fa o lemoga gore badumedi ba bangwe ba digakolodi tsa bone di sa ba letleng go nna le seabe mo mefuteng mengwe ya boitlosobodutu ba tsaya gore boitlosobodutu jo o bo tlhophang bo a belaetsa, o ka nna wa swetsa ka gore o se ka wa nna le seabe mo go jone. Ka ntlha yang? Ka gonne ga o batle go ‘leofela bakaulengwe ba gago’—kgotsa le e leng go “leofela Keresete,” jaaka Paulo a boletse—ka go dira gore go nne boima thata gore badumedi ka wena ba nne ba ikanyega mo Modimong. O ela kgakololo eno tlhoko: “Ithibeng mo go nneng ba ba kgopisang.” (1 Bakorintha 8:12; 10:32) Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba reetsa kgakololo ya ga Paulo e e  bontshang go akanyetsa ba bangwe le go nna le temogo, ka go tila boitlosobodutu jo bo ka tswang bo le kafa “molaong” mme bo sa ‘age.’—Baroma 14:1; 15:1.

22. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba amogela tsela e ba bangwe ba lebang dilo ka yone mo dikgannyeng tsa botho le fa e farologane le ya bone?

22 Le fa go ntse jalo, go batlela batho ba bangwe molemo go akaretsa selo se sengwe gape. Mokeresete yo segakolodi sa gagwe se sa mo letleng go dira dilo dingwe ga a tshwanela go pateletsa batho botlhe mo phuthegong ya Bokeresete gore ba dumalane le se ene a se tsayang e le boitlosobodutu jo bo siameng. Fa a ne a ka dira jalo, o ne a tla tshwana le mokgweetsi yo o kgweetsang mo mmileng o mogolo mme a batla gore bakgweetsi ba bangwe botlhe ba ba tsamayang ka mmila oo ba tsamaye ka lobelo lo ene a batlang go tsamaya ka lone. Go ne go ka se utlwale gore mokgweetsi a batle gore go nne jalo. Ka ntlha ya lorato lwa Bokeresete, motho yo o nang le segakolodi se se mo thibelang go dira dilo dingwe o tshwanetse go tlotla badumedi ka ene ba ba lebang boitlosobodutu ka tsela e e sa tshwaneng le ya gagwe mme le yone e tsamaisana le melaometheo ya Bokeresete. Ka tsela eo, o dira gore go nna ‘tekatekano ga gagwe go itsiwe mo bathong botlhe.’—Bafilipi 4:5; Moreri 7:16.

23. O ka tlhomamisa jang gore o tlhopha boitlosobodutu jo bo siameng?

23 Fa re sobokanya dintlha tse di fa godimo, o ka tlhomamisa jang gore o tlhopha boitlosobodutu jo bo siameng? O se ka wa amogela mofuta ope wa boitlosobodutu jo bo bontshang ditiro tse di tlhabisang ditlhong tsa boitsholo jo bo sa siamang fela jaaka di ntse, tse Lefoko la Modimo le di kgalang ka tlhamalalo. Latela melaometheo ya Baebele e e ka dirisiwang mo mefuteng ya boitlosobodutu e e sa umakiwang ka tlhamalalo mo Baebeleng. Tila boitlosobodutu jo bo gobatsang segakolodi sa gago, mme o ikemisetse go tlogela mefuta ya boitlosobodutu jo bo ka kgopisang ba bangwe, segolobogolo badumedi ka wena. E kete tshwetso ya gago e e nitameng ya go dira jalo e ka galaletsa Modimo le go boloka wena le lelapa la gago lo le mo loratong lwa gagwe.

^ ser. 19 Melaometheo e mengwe e e ka dirisiwang malebana le boitlosobodutu e mo go Diane 3:31; 13:20; Baefeso 5:3, 4; le Bakolosa 3:5, 8, 20.