Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 2

O ka Dira Jang Gore o Nne O na Le Segakolodi se se Siameng?

O ka Dira Jang Gore o Nne O na Le Segakolodi se se Siameng?

“Nnang le segakolodi se se siameng.” —1 PETERE 3:16.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa mmapa o le botlhokwa thata, mme o ka tshwantshiwa jang le segakolodi?

MOTHO yo o tsamayang ka sekepe o ralala makhubu a lewatle le legolo; mongwe yo o tsamayang ka dinao o ralala naga e go se nang batho mo go yone; rasefofane o tsamaisa sefofane sa gagwe mo godimo ga maru a magolo mo lefaufaung. A o itse gore batho bano botlhe ba tshwana ka eng? Mongwe le mongwe wa bone a ka nna mo mathateng a magolo fa a se na mmapa, bogolo jang fa a se na sepe sa segompieno se se ka mo kaelang.

2 A re re o tsamaya mo lefelong le o sa le itseng. O na le mmapa o o ka go kaelang. Fa e le gore ditlhaka tsa one di bonala sentle e bile lefelo le o yang kwa go lone le bonala sentle mo go one, mmapa ono o tla go kaela. O ka se latlhege fa o o latela. Ka tsela nngwe, mmapa o ka tshwantshiwa le mpho ya  botlhokwa e Jehofa a re neileng yone e leng segakolodi. (Jakobe 1:17) Fa re ka bo re se na segakolodi, go ka bo go se na sepe se se re kaelang. Fa segakolodi se dirisiwa sentle, se ka re thusa go bona tsela e e siameng mo botshelong le go e kgomarela. Ka jalo a re sekasekeng gore segakolodi ke eng le gore se bereka jang. Morago ga moo re tla tlotla ka dintlha tseno: (1) Kafa segakolodi se ka thapisiwang ka gone, (2) lebaka la go bo re tshwanetse go akanyetsa digakolodi tsa ba bangwe, le (3) kafa segakolodi se se siameng se re solegelang molemo ka gone.

SE SEGAKOLODI E LENG SONE LE KAFA SE BEREKANG KA GONE

3. Ke eng se totatota se kaiwang ke lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore “segakolodi,” mme bokao joo bo tlhalosa bokgoni bofe jo batho e leng bone fela ba nang le jone?

3 Mo Baebeleng, lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “segakolodi” totatota le kaya “go ikitse kgotsa go itlhaloganya.” Go farologana le dibopiwa tse dingwe tsotlhe tsa mo lefatsheng, rona re na le bokgoni jo re bo neilweng ke Modimo jwa go ikitse. Ka tsela ya tshwantshetso, re ka ema go se kae ra itshekatsheka, re bo re sekaseka gore a re na le mekgwa e e siameng ya boitsholo. E re ka segakolodi se ntse jaaka mosupi kgotsa moatlhodi yo o mo teng ga rona, se ka tlhatlhoba dilo tse re di dirang, maikutlo a rona le dilo tse re di tlhophang. Se ka re kaela go dira tshwetso e e molemo kgotsa sa re tlhagisa gore re se ka ra dira tshwetso e e sa siamang. Morago ga moo, se ka re ritibatsa maikutlo ka go bo re dirile tshwetso e e molemo kgotsa sa re tshwenya thata ka go bo re dirile tshwetso e e sa siamang.

4, 5. (a) Re itse jang gore Adame le Efa ba ne ba na le digakolodi, mme ke eng se se neng sa direga ka gonne ba ne ba itlhokomolosa molao wa Modimo? (b) Ke dikai dife tse di bontshang gore banna ba ba ikanyegang ba metlha ya pele ga Bokeresete ba ne ba dirisa digakolodi tsa bone?

4 Bokgoni jono jo re tsholwang re na le jone bo sa le bo tsentswe mo monneng le mo mosading wa ntlha. Adame le Efa ba ne ba bontsha gore ba na le digakolodi. Seno se bontshiwa ke gore ba ne ba tlhabiwa ke ditlhong fa ba sena go leofa. (Genesise 3:7, 8) Ka maswabi, segakolodi se se molato se ne se  ka se ka sa ba solegela molemo ka nako eo. Ba ne ba itlhokomolositse molao wa Modimo ka boomo. Ka jalo ba ne ba itse se ba neng ba se dira fa ba ne ba tlhopha go tsuologa, go nna baganetsi ba ga Jehofa Modimo. E re ka e ne e le batho ba ba itekanetseng, ba ne ba itse se ba neng ba se dira mme ba ne ba ka se ka ba boela gape kwa Modimong.

5 Go farologana le Adame le Efa, batho ba le bantsi ba ba sa itekanelang ba ne ba utlwa fa digakolodi tsa bone di ba tlhagisa. Ka sekai, monna yo o ikanyegang e bong Jobe o ne a re: “Ke ngangatletse tshiamo ya me, mme ga nkitla ke e lesa; pelo ya me e ka se nkgobe ka ntlha ya lepe la malatsi a me.” * (Jobe 27:6) Jobe o ne a tlhomamisa gore o reetsa segakolodi sa gagwe, a se letla gore se mo kaele mo go se a se dirang le mo ditshwetsong tsa gagwe. Ka gone o ne a ka kgona go bua a tlhatswegile pelo gore segakolodi sa gagwe ga se a ka sa mo kgoba kgotsa sa mo tlhokofatsa, sa dira gore a tlhabiwe ke ditlhong le go ipona molato. Ela tlhoko pharologanyo e e neng e le teng fa gare ga ga Jobe le Dafide. Fa Dafide a ne a bontsha go nyatsa Saulo, kgosi e e tloditsweng ke Jehofa, go ne ‘ga diragala morago ga foo gore pelo ya ga Dafide e nne e mo tshwenye.’ (1 Samuele 24:5) Eleruri go tshwenngwa thata jalo ke segakolodi go ne ga solegela Dafide molemo, ga mo ruta go tila go nyatsa batho jalo morago ga moo.

6. Ke eng se se bontshang gore segakolodi ke mpho e e neilweng batho botlhe?

6 A batlhanka ba ga Jehofa ke bone fela ba ba nang le mpho eno ya segakolodi? Akanya ka mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga moaposetoloi Paulo: “Le fa e le leng fela fa batho ba ditšhaba ba ba se nang molao ba dira ka tlholego dilo tsa molao, batho bano, le mororo ba se na molao, bone ka bobone ke  molao. Ke bone tota ba ba bontshang fa kgang ya molao e kwadilwe mo dipelong tsa bone, fa segakolodi sa bone se naya bosupi kaga bone e bile, mo gare ga dikakanyo tsa bone, ba a latofadiwa kgotsa ga ba bonwe molato.” (Baroma 2:14, 15) Tota le batho ba ba sa itseng melao ya ga Jehofa gotlhelele ka dinako tse dingwe ba ka tlhotlhelediwa ke segakolodi go dira tumalanong le melaometheo ya Modimo.

7. Ke ka ntlha yang fa segakolodi se ka nna sa se ka sa bereka sentle ka dinako tse dingwe?

7 Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe segakolodi se ka nna sa se ka sa bereka sentle. Ka ntlha yang? Akanya ka setshwantsho se se umakilweng kwa tshimologong. Fa mmapa o sa bonale sentle, o ka go latlha. Gape fa o sa o dumele, o bo o sa o latele mme o tsaya tsela e wena o akanyang gore e siame, o ka latlhega. Ka tsela e e tshwanang, fa segakolodi sa rona se tlhotlhelediwa ke dikeletso tsa bogagapa tsa pelo ya rona, se ka nna sa re latlha. Mme fa se sa kaelwe sentle ke Lefoko la Modimo, re ka nna ra palelwa ke go farologanya se se molemo le se se bosula mo dikgannyeng di le dintsi tse di botlhokwa. E le gore segakolodi sa rona se bereke sentle, re tlhoka go kaelwa ke moya o o boitshepo wa ga Jehofa. Paulo o ne a re: “Segakolodi sa me se naya bosupi kaga me mo moyeng o o boitshepo.” (Baroma 9:1) Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisa jang gore segakolodi sa rona se dumalana le moya o o boitshepo wa ga Jehofa? Re ka dira jalo ka go se thapisa.

KAFA RE KA THAPISANG SEGAKOLODI SA RONA KA GONE

8. (a) Pelo e ka ama segakolodi jang, mme ke eng se re tshwanetseng go tshwenyega thata ka sone fa re dira ditshwetso? (b) Ke ka ntlha yang fa Mokeresete a sa tshwanela go ikaega fela ka segakolodi se se phepa? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

8 O dira jang tshwetso o kaelwa ke segakolodi? Go bonala batho bangwe ba sekaseka kafa ba ikutlwang ka gone ba bo ba dira tshwetso ya gore ba dire eng. Morago ga moo ba ka nna ba re, “Seo ga se tshwenye segakolodi sa me.” Dikeletso tsa pelo di ka nna maatla thata, e bile di ka tlhotlheletsa segakolodi. Baebele ya re: “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le  sengwe mme e gagamalela se e se batlang. Ke mang yo o ka e itseng?” (Jeremia 17:9) Ka jalo se pelo ya rona e se eletsang, ga e a tshwanela go nna sone selo sa botlhokwa thata. Go na le moo, re batla go sekaseka pele gore ke eng se se tla itumedisang Jehofa Modimo. *

9. Go boifa Modimo ke eng, mme go tshwanetse ga ama segakolodi sa rona jang?

9 Fa e le gore tota tshwetso ya rona e ikaegile ka segakolodi sa rona se se thapisitsweng, e tla bontsha kafa re boifang Modimo ka gone, e seng dilo tse rona re di ratang. Akanya ka sekai sengwe se se tshwanelang. Mmusi yo o ikanyegang Nehemia o ne a na le tshwanelo ya go batla gore batho ba kwa Jerusalema ba mo neye dituelo dingwe le makgetho. Le fa go ntse jalo, o ne a se ka a dira jalo. Ka ntlha yang? O ne a sa batle le go leka gore a se ka a amogelwa ke Jehofa ka ntlha ya go gatelela batho ba Modimo. O ne a re: “Ke ne ka se ka ka dira jalo ka ntlha ya go boifa Modimo.” (Nehemia 5:15) Go botlhokwa thata gore re boife Modimo go tswa pelong, re boife ka pelo yotlhe go itumolola Rraarona yo o kwa legodimong. Go boifa Jehofa ka go mo tlotla jalo go tla re tlhotlheletsa go batla kaelo mo Lefokong la Modimo fa re tshwanetse go dira ditshwetso.

10, 11. Ke melaometheo efe ya Baebele e e amanang le kgang ya go nwa bojalwa, mme re ka bona jang kaelo ya Modimo malebana le go e dirisa?

10 Ka sekai, akanya ka kgang ya bojalwa. Bontsi jwa rona re a tle re lebane le tshwetso eno mo dikokoanong, A ke tla nwa kgotsa ga nkitla ke nwa? Sa ntlha, re tshwanetse go ithuta. Ke melaometheo efe ya Baebele e e dirang mo kgannyeng eno? Baebele ga e kgale go nwa bojalwa ka tekano. E baka Jehofa ka ntlha ya mpho ya beine. (Pesalema 104:14, 15) Le fa go ntse jalo, Baebele e kgala go nwa bobe le mediro ya ditlhapelo.  (Luke 21:34; Baroma 13:13) Gape, e umaka botagwa fa e bua ka maleo a mangwe a a masisi thata, a a jaaka kgokafalo le boaka. *1 Bakorintha 6:9, 10.

11 Segakolodi sa Mokeresete se rutiwa le go tsibosiwa ke melaometheo e e ntseng jalo. Ka jalo fa re tshwanetse go dira tshwetso ka go nwa kwa kokoanong nngwe, re tshwanetse go ipotsa dipotso tse di tshwanang le tseno: ‘Go rulaganngwa kokoano ya mofuta ofe? A go ka direga gore e se ka ya laolega, e nne modiro wa ditlhapelo? Nna ke na le mekgwa efe? A ke eletsa bojalwa, a nka se tshele kwantle ga jone, a ke bo dirisa go laola maikutlo le boitshwaro jwa me? A ke kgona go ikgapa gore ke se ka ka nwa bobe?’ Fa re ntse re akanya ka melaometheo ya Baebele le dipotso tse di tsogang, re tshwanetse go rapela Jehofa gore a re kaele. (Bala Pesalema 139:23, 24.) Ka tsela eno, re kopa Jehofa go re kaela ka moya wa gagwe o o boitshepo. Gape re thapisa segakolodi sa rona gore se tsamaisane le melaometheo ya Modimo. Le fa go ntse jalo, go na le lebaka le lengwe le re tshwanetseng go le ela tlhoko fa re dira ditshwetso.

KE KA NTLHA YANG FA RE TSHWANETSE GO AKANYETSA DIGAKOLODI TSA BA BANGWE?

Segakolodi se se thapisitsweng ka Baebele se ka go thusa go dira tshwetso ya gore a o nwe bojalwa kgotsa o se ka wa bo nwa

12, 13. Mangwe a mabaka a go bo digakolodi tsa Bakeresete di farologana ke afe, mme re tshwanetse go itshwara jang fa go na le pharologano eno?

12 Ka dinako tse dingwe o ka nna wa gakgamadiwa ke kafa digakolodi tsa Bakeresete di farologanang ka gone. Motho mongwe o tsaya mokgwa mongwe kgotsa tlwaelo nngwe e kgopisa; mme yo mongwe o a e rata e bile ga a bone lebaka lepe la go e kgala. Ka sekai, mo kgannyeng ya go nwa, mongwe a ka itumelela go nwa le ditsala di le mmalwa fa ba ntse ba itisitse mmogo maitseboa; yo mongwe a ka kgopisiwa ke mokgwa ono. Ke ka ntlha yang fa batho ba leba dilo ka ditsela tse di farologaneng jaana, mme seo se tshwanetse go ama ditshwetso tsa rona jang?

13 Batho ba farologana ka ntlha ya mabaka a le mantsi.  Maemo a batho ba goletseng mo go one a farologane fela thata. Ka sekai, bangwe ba itse sentle bokoa jo ba neng ba lwantshana le jone mo nakong e e fetileng—gongwe ba sa kgone go atlega go bo fenya ka metlha. (1 Dikgosi 8:38, 39) Fa go tliwa mo kgannyeng ya bojalwa, batho bano ba tla nna le segakolodi se se dirang gore ba akanye ka kelotlhoko ka kgang eno. Fa motho yo o ntseng jalo a go etela kwa legaeng la gago, go a utlwala gore segakolodi sa gagwe se ka mo tlhotlheletsa gore a gane go nwa bojalwa fa o bo mo naya. A o tla kgopisega? A o tla mo pateletsa? Nnyaa. E ka ne o itse mabaka a gagwe kgotsa o sa a itse—e le mabaka a a ka nnang a se ka a batla go a bua ka nako eo—lorato lwa bokaulengwe lo tla go tlhotlheletsa gore o mo akanyetse.

14, 15. Digakolodi tsa batho ba phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga di ne di farologana mo kgannyeng efe, mme Paulo o ne a akantsha eng?

14 Moaposetoloi Paulo o ne a lemoga gore gantsi Bakeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba na le digakolodi tse di farologaneng gotlhelele. Ka nako eo, Bakeresete bangwe ba ne ba tshwenyega ka ntlha ya dijo dingwe tse di neng di ntsheditswe medingwana ditlhabelo. (1 Bakorintha 10:25) Segakolodi sa ga Paulo se ne se sa tshwenngwe ke dijo tseo tse morago ga moo di neng di rekisiwa kwa marekisetsong. Mo go ene, medingwana e ne e sa tshele; dijo di ne di tswa kwa go Jehofa e bile e le tsa gagwe, ka jalo e ne e ka se nne tsa medingwana. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a tlhaloganya gore bangwe ba ne ba sa lebe kgang eno ka tsela e e tshwanang le ya gagwe. Bangwe ba ka tswa ba ne ba tseneletse thata mo kobamelong ya medingwana pele e nna Bakeresete. Mo go bone, sepe fela se pele se neng se amana le kobamelo ya medingwana se ne se kgopisa. Paulo o ne a rarabolola kgang eno jang?

15 Paulo o ne a re: “Mme rona ba ba nonofileng re tshwanetse go sikara makoa a ba ba sa nonofang, mme re sa iitumedise. Gonne le Keresete tota o ne a se ka a iitumedisa.” (Baroma 15:1, 3) Paulo o ne a re re tshwanetse go baya dilo tse bakaulengwe ba rona ba di tlhokang kwa pele ga tsa rona, fela jaaka Keresete a ne a dira. Mo kgannyeng e nngwe e e tsamaisanang le eno, Paulo o ne a bolela gore o ne a ka mpa a tlogela go ja nama gotlhelele  go na le gore a kgopise nku e Keresete a neng a e ntsheditse botshelo jwa gagwe.—Bala 1 Bakorintha 8:13; 10:23, 24, 31-33.

16. Ke ka ntlha yang fa ba ba nang le segakolodi se se ba thibelang go dira dilo dingwe ba tila go atlhola ba segakolodi sa bone se farologanang le sa bone?

16 Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba nang le digakolodi tse di ba thibelang go dira dilo dingwe ga ba a tshwanela go tshwaya ba bangwe phoso, ba batla gore batho botlhe ba lebe dikgang tse di amang segakolodi fela jaaka bone. (Bala Baroma 14:10.) Tota re tshwanetse go dirisa segakolodi sa rona go ikatlhola, e seng go atlhola ba bangwe. Gakologelwa mafoko a ga Jesu: “Tlogelang go atlhola gore lo tle lo se ka lwa atlholwa.” (Mathaio 7:1) Botlhe mo phuthegong ba tshwanetse go tila go ganetsana ka dikgang tse di amang segakolodi. Go na le moo, re tshwanetse go batla go rotloetsa lorato le kutlwano, re agane e seng go senyana.—Baroma 14:19.

 KAFA SEGAKOLODI SE SE SIAMENG SE KA RE SOLEGELANG MOLEMO KA GONE

Segakolodi se se siameng se ka re kaela mo botshelong, sa dira gore re ipele le go nna le kagiso ya mogopolo

17. Go diragetse eng ka digakolodi tsa batho ba le bantsi gompieno?

17 Moaposetoloi Petere o ne a re: “Nnang le segakolodi se se siameng.” (1 Petere 3:16) Segakolodi se se phepa mo matlhong a ga Jehofa Modimo ke mpho e e molemo thata. Ga se tshwane le digakolodi tsa batho ba le bantsi gompieno. Paulo o ne a tlhalosa batho ba ba “tshwailweng mo digakoloding tsa bone jaaka e kete ka tshipi e e babolang.” (1 Timotheo 4:2) Tshipi e e babolang e fisa letlalo, mo le salang le na le lebadi e bile le sa utlwe botlhoko. Batho ba le bantsi ba na le segakolodi se tota se suleng—se se dipadi e bile se sa tlhole se utlwa botlhoko mo e leng gore ga se tlhole se tlhagisa motho, se mo thiba kgotsa se mo tshwenya ka go dira gore a tlhabiwe ke ditlhong kgotsa a ipone molato ka ntlha ya go dira phoso. Batho ba le bantsi gompieno ba itumelela go itlhokomolosa maikutlo a bone fa ba ikutlwa ba le molato.

18, 19. (a) Go ikutlwa o le molato kgotsa go tlhabiwa ke ditlhong go ka go solegela molemo jang? (b) Re ka dira eng fa segakolodi sa rona se tswelela se re bona molato ka ntlha ya maleo a mo nakong e e fetileng a re setseng re a ikwatlhaetse?

 18 Totatota, go ikutlwa re le molato e ka tswa e le tsela e segakolodi se re bolelelang ka yone gore re dirile phoso. Fa maikutlo a a ntseng jalo a tlhotlheletsa moleofi go ikwatlhaya, tota le fa a dirile maleo a a masisi a ka itshwarelwa. Ka sekai, Kgosi Dafide o ne a nna le molato wa go dira boleo jo bo masisi mme o ne a itshwarelwa ka gonne o ne a ikwatlhaya go tswa pelong. O ne a tlhoile phoso e a neng a e dirile e bile a ikemiseditse go ikobela melao ya ga Jehofa go simolola ka nako eo mme seo se ne sa dira gore a iponele ka boene gore Jehofa o “molemo e bile o iketleeleditse go itshwarela.” (Pesalema 51:1-19; 86:5) Le fa go ntse jalo, go tweng fa re tswelela re ipona molato thata e bile re tlhabiwa ke ditlhong fa re sena go ikwatlhaya le go itshwarelwa?

19 Ka dinako tse dingwe segakolodi se ka tshwaya moleofi phoso thata, sa dira gore a nne a ikutlwa a le molato tota le morago ga lobaka lo loleele go ikutlwa jalo go sa tlhole go thusa ka sepe. Mo maemong ao, re ka tlhoka go tlhomamisetsa pelo ya rona e e re bonang molato gore Jehofa o mogolo go feta tsela e re ikutlwang ka yone. Re tshwanetse go dumela le go amogela gore o a re rata mme o tla re itshwarela, fela jaaka re kgothatsa ba bangwe go dira jalo. (Bala 1 Johane 3:19, 20.) Kafa letlhakoreng le lengwe, segakolodi se se phepa se lere kagiso ya mogopolo, go ritibala le boipelo jo bogolo jo bo sa bonweng motlhofo mo lefatsheng leno. Batho ba le bantsi ba ba kileng ba dira boleo jo bo masisi ba ne ba gololesega ka tsela e e molemolemo jalo mme gompieno ba kgona go nna le segakolodi se se siameng fa ba ntse ba direla Jehofa Modimo.—1 Bakorintha 6:11.

20, 21. (a) Buka eno e diretswe go go thusa go dira eng? (b) Rona Bakeresete re na le kgololesego efe, mme re tshwanetse go e dirisa jang?

20 Buka eno e diretswe go go thusa go bona boipelo joo, go nna o na le segakolodi se se siameng mo metlheng eno ya bofelo ya tsamaiso ya ga Satane ya dilo. Gone mme, buka eno e ka se tlhalose sengwe le sengwe ka melao le melaometheo yotlhe ya Baebele e o tshwanetseng go akanya ka yone le go e dirisa mo maemong a a tlhagang letsatsi le letsatsi. Mo godimo ga moo, o se ka wa lebelela gore go nne le melao e e tlhamaletseng mo  dikgannyeng tse di amang segakolodi. Boikaelelo jwa buka eno ke go go thusa go ruta le go tsibosa segakolodi sa gago ka go ithuta kafa o ka dirisang Lefoko la Modimo ka gone mo botshelong jwa gago jwa letsatsi le letsatsi. Go farologana le Molao wa ga Moshe, “molao wa ga Keresete” o kgothaletsa ba ba o latelang gore ba tshele go ya ka segakolodi le molaomotheo go na le ka melao e e kwadilweng. (Bagalatia 6:2) Ka jalo Jehofa o naya Bakeresete kgololesego e e sa tlwaelegang. Le fa go ntse jalo, Lefoko la gagwe le re gakolola gore le ka motlha re se dirise kgololesego eo jaaka “sesiro sa bosula.” (1 Petere 2:16) Go na le moo, kgololesego eo e re naya sebaka se se molemo sa go bontsha gore re rata Jehofa.

21 Fa o sekaseka ka thapelo kafa o ka dirisang melaometheo ya Baebele sentle ka gone mo botshelong e bile o dira dilo kafa o sweditseng ka gone, o tla tswelela ka thulaganyo e e botlhokwa e o e simolotseng fa o ne o simolola go itse Jehofa. ‘Bokgoni jwa gago jwa go lemoga’ bo tla thapisiwa “ka go dirisiwa.” (Bahebera 5:14) Segakolodi sa gago se se thapisitsweng ka Baebele se tla go solegela molemo letsatsi lengwe le lengwe la botshelo jwa gago. Fela jaaka mmapa o o kaelang motsamai, segakolodi sa gago se tla go thusa go dira ditshwetso tse di itumedisang Rrago yo o kwa legodimong. Eno ke tsela e e tlhomameng ya go ipoloka o le mo loratong lwa Modimo.

^ ser. 5 Ga go na lefoko lepe le le reng “segakolodi” mo Dikwalong Tsa Sehebera. Le fa go ntse jalo, go bereka ga segakolodi go bonala sentle mo dikaing tse di tshwanang le seno. Lefoko “pelo” gantsi le kaya motho wa kafa teng. Mo dikaing tse di tshwanang le seno, go bonala le kaya karolo e e rileng ya motho wa kafa teng—segakolodi sa gagwe. Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “segakolodi” le tlhaga makgetlho a ka nna 30.

^ ser. 8 Baebele e bontsha gore ga se ka dinako tsotlhe go nna le segakolodi se se phepa go lekaneng. Ka sekai, Paulo o ne a re: “Ga ke lemoge sepe ka ga me. Le fa go ntse jalo ga ke supiwe ke le yo o siameng ka seno, mme yo o ntshekatshekang ke Jehofa.” (1 Bakorintha 4:4) Tota le ba ba bogisang Bakeresete, jaaka Paulo a ne a tlhola a dira, ba ka dira jalo ka segakolodi se se phepa ka gonne ba akanya gore Modimo o amogela se ba se dirang. Go botlhokwa gore segakolodi sa rona se nne phepa mo matlhong a rona le mo matlhong a Modimo.—Ditiro 23:1; 2 Timotheo 1:3.

^ ser. 10 Go tshwanetse ga lemogiwa gore dingaka di le dintsi tsa re ga go kgonege gore batho ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa ba nwe ka tekano; mo go bone, go nwa “ka tekano” go raya go sa nwe.