Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 5

Kafa re ka Nnang re Kgaogane le Lefatshe ka Gone

Kafa re ka Nnang re Kgaogane le Lefatshe ka Gone

“Ga lo karolo ya lefatshe.”—JOHANE 15:19.

1. Jesu o ne a gatelela eng mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo mo lefatsheng e le motho?

MO BOSIGONG jwa bofelo jwa ga Jesu e le motho mo lefatsheng, o ne a bontsha gore o amegile tota ka isagwe ya balatedi ba gagwe. O ne a bo a rapela ka kgang eno, a raya Rraagwe a re: “Ke a go kopa, e seng gore o ba ntshe mo lefatsheng, fa e se gore o ba tlhokomele ka ntlha ya yo o boikepo. Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Johane 17:15, 16) Fa Jesu a ne a kopa jaana ka tlhoafalo, o ne a bontsha gore o rata balatedi ba gagwe thata e bile a bontsha botlhokwa jwa mafoko ano a a neng a a boleletse bangwe ba bone pelenyana mo bosigong joo: “Ga lo karolo ya lefatshe.” (Johane 15:19) Eleruri, go ne go le botlhokwa thata mo go Jesu gore balatedi ba gagwe ba nne ba kgaogane le lefatshe!

2. “Lefatshe” le Jesu a neng a bua ka lone ke eng?

2 “Lefatshe” le Jesu a neng a le umaka le kaya batho botlhe ba ba kgaoganeng le Modimo, ba ba laolwang ke Satane, ba ba fetogileng makgoba a moya o o tswang mo go ene wa bogagapa le boikgogomoso. (Johane 14:30; Baefeso 2:2; 1 Johane 5:19) Eleruri, “botsalano le lefatshe [leo] ke bobaba le Modimo.” (Jakobe 4:4) Le fa go ntse jalo, batho botlhe ba ba batlang go tswelela ba le mo loratong lwa Modimo ba ka nna jang mo lefatsheng mme ba kgaogane le lone? Re tla sekaseka ditsela di le tlhano: ka go nna re ikanyega mo Bogosing jwa Modimo jo bo eteletsweng pele ke Keresete, ka go se tseye letlhakore mo dipolotiking tsa lefatshe, ka go lwantsha moya wa lefatshe, ka go apara le go ipaakanya sentle, ka go ipoloka re na  le leitlho le le sa raraanang le ka go apara diaparo tsa rona tsa tlhabano tsa semoya.

GO NNA RE IKANYEGA E BILE RE SA TSEYE LETLHAKORE

3. (a) Jesu o ne a leba dipolotiki tsa mo motlheng wa gagwe jang? (b) Ke ka ntlha yang fa go ka twe balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu ke baemedi? (Akaretsa le ntlha e e kwa tlase.)

3 Go na le gore Jesu a tsenelele mo dipolotiking tsa mo motlheng wa gagwe, o ne a tlhoma mogopolo mo go rereng ka Bogosi jwa Modimo, e leng puso ya kwa legodimong ya mo isagweng e a tlileng go nna Kgosi ya yone. (Daniele 7:13, 14; Luke 4:43; 17:20, 21) Ka jalo, go a utlwala go bo Jesu a ile a bua jaana fa a ne a le fa pele ga Mmusi wa Roma e bong Ponto Pilato: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.” (Johane 18:36) Balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba etsa sekao sa gagwe ka go ikanyega mo go Keresete le mo Bogosing jwa gagwe le ka go itsise lefatshe ka Bogosi joo. (Mathaio 24:14) Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Jalo re baemedi ba ba emetseng Keresete. Jaaka baemedi ba ga Keresete re a kopa: ‘Letlanang le Modimo.’” *2 Bakorintha 5:20.

4. Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba bontshitse jang gore ba ikanyega mo Bogosing jwa Modimo? (Bona lebokose le le reng “ Bakeresete ba Bogologolo Ba ne Ba sa Tseye Letlhakore.”)

4 Ka gonne baemedi ba emela naga e sele, ga ba itshunye nko mo mererong ya dinaga tse ba leng kwa go tsone; ga ba tseye letlhakore. Le fa go ntse jalo, baemedi ba buelela puso ya naga e ba e emelang. Go ntse jalo le ka balatedi ba ba tloditsweng ba ga Keresete, ba ‘boagi jwa bone bo leng kwa magodimong.’ (Bafilipi 3:20) Tota e bile, ka go bo ba rera ka Bogosi ka tlhagafalo, ba thusitse batho ba le bantsintsi ba “dinku tse dingwe” tsa ga Keresete go ‘letlana le Modimo.’ (Johane 10:16; Mathaio 25:31-40) Bano ba dinku tse dingwe go ka twe ke  barongwa ba ga Keresete, ba eme bomorwarraagwe Jesu ba ba tloditsweng nokeng. Ditlhopha tseno ka bobedi ga di tseye letlhakore mo dipolotiking tsa lefatshe mme ke letsomane le le lengwe le le buelelang Bogosi jwa ga Mesia.—Bala Isaia 2:2-4.

5. Phuthego ya Bokeresete e farologane jang le Baiseraele ba bogologolo, mme pharologano eno e bonala jang?

 5 Go ikanyega mo go Keresete ga se lone fela lebaka la go bo Bakeresete ba boammaaruri ba sa tseye letlhakore. Go farologana le Baiseraele ba bogologolo, ba ba neng ba na le naga e ba neng ba e neilwe ke Modimo, rona re karolo ya bakaulengwe ba lefatshe lotlhe. (Mathaio 28:19; 1 Petere 2:9) Ka jalo, fa re ne re ka tsenelela mo mekgatlhong ya bopolotiki, re ne re se kitla re nna le kgololesego ya go bua ka molaetsa wa Bogosi e bile re ne re tla felelwa ke kutlwano ya Bokeresete. (1 Bakorintha 1:10) Gape, ka nako ya ntwa, re ne re tla lwa le badumedi ka rona, ba re laelwang gore re ba rate. (Johane 13:34, 35; 1 Johane 3:10-12) Ka jalo, go a utlwala go bo Jesu a ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba se ka ba tsenelela mo dintweng. O ne a bo a ba bolelela gore ba rate baba ba bone.—Mathaio 5:44; 26:52; bona lebokose la setlhogo se se reng “ A ke Nna ke sa Tseye Letlhakore?

6. Go ineela ga gago mo Modimong go ama jang kamano ya gago le Kaesara?

6 Rona Bakeresete ba boammaaruri, re ineetse mo Modimong, e seng mo mothong ope, mo mokgatlhong ope wa batho kgotsa mo setšhabeng sepe. Temana ya 1 Bakorintha 6:19, 20 ya re: “Ga lo ba lona, gonne lo ne lwa rekwa ka tlhwatlhwa.” Ka jalo, le fa balatedi ba ga Jesu ba naya “Kaesara” ditshwanelo tsa gagwe ka go mo tlotla, go mo naya makgetho le go mo ikobela ka tsela e e lekanyeditsweng, ba naya “Modimo dilo tsa Modimo.” (Mareko 12:17; Baroma 13:1-7) Seno se akaretsa gore ba mo obamele, ba mo rate ka moya otlhe ba bo ba mo ikobele ka boikanyegi. Fa go tlhokega, ba iketleeleditse go swa ka gonne ba direla Modimo.—Luke 4:8; 10:27; bala Ditiro 5:29; Baroma 14:8.

GO LWANTSHA “MOYA WA LEFATSHE”

7, 8. “Moya wa lefatshe” ke eng, mme moya oo o ‘dira’ jang mo mothong?

7 Tsela e nngwe e Bakeresete ba nnang ba kgaogane le lefatshe ka yone ke ka go lwantsha moya wa lone o o bosula.  Paulo o ne a re: “Re ne ra se ka ra amogela moya wa lefatshe, fa e se moya o o tswang kwa Modimong.” (1 Bakorintha 2:12) O ne a raya Baefeso a re: ‘Nako nngwe lo ne lo tsamaya go ya ka lefatshe leno, go ya ka mmusi wa taolo ya moya, moya o jaanong o dirang mo baneng ba botlhokakutlo.’—Baefeso 2:2, 3.

8 “Moya” wa lefatshe ke maatla a a sa bonaleng a a tlhotlheletsang motho gore a se ka a utlwa Modimo, a a rotloetsang “keletso ya nama le keletso ya matlho.” (1 Johane 2:16; 1 Timotheo 6:9, 10) Moya ono o na le “taolo” mo lefatsheng ka gonne o raela batho ba ba nang le boleo, o bofitlha, ga o ineele e bile o gongwe le gongwe fela jaaka moya o re o hemang. Mo godimo ga moo, o ‘dira’ mo mothong ka go dira gore ka iketlo a nne le mekgwa e e sa siamang, e e jaaka bogagapa, boikgodiso, keletso ya bopelotshetlha le moya wa go itaola mo go tsa boitsholo le go tsuologa. * Fa go buiwa ka tlhamalalo fela, moya wa lefatshe o dira gore mekgwa ya ga Diabolo e gole ka iketlo mo pelong ya motho.—Johane 8:44; Ditiro 13:10; 1 Johane 3:8, 10.

9. Moya wa lefatshe o ka tsena jang mo mogopolong le mo pelong ya rona?

9 A moya wa lefatshe o ka tsena mo mogopolong le mo pelong ya gago? Ee, mme o ka tsena fela fa o o letla ka go se nne kelotlhoko. (Bala Diane 4:23) Gantsi o simolola go go tlhotlheletsa ka tsela e e bofitlha, gongwe ka ditsala tse di ka tswang di bonala e le batho ba ba siameng mme tota ba sa rate Jehofa. (Diane 13:20; 1 Bakorintha 15:33) Gape o ka nna le moya o o bosula ono ka go bala dibuka tse di sa siamang, ka go leba mafelo a Internet a a bontshang ditshwantsho tse di hepisang kgotsa a botlhanogi, ka go itlosa bodutu ka tsela e e sa siamang, le ka go tshameka metshameko e e tseelang kgaisano kwa godimo thata—tota o ka nna le moya oo ka go tlhotlhelediwa ke motho ope fela kgotsa selo sepe fela se se tlisang tsela ya go akanya ya ga Satane kgotsa ya tsamaiso ya gagwe.

10. Re ka lwantsha moya wa lefatshe jang?

 10 Re ka lwantsha jang moya o o kotsi wa lefatshe le go ipoloka mo loratong lwa Modimo? Re ka dira jalo fela ka go dirisa ka botlalo dithulaganyo tsa ga Jehofa tsa semoya le ka go rapelela moya o o boitshepo ka metlha. Jehofa o mogolo thata go feta Diabolo kgotsa lefatshe le le boikepo le le laolwang ke Satane. (1 Johane 4:4) A bo go le botlhokwa jang gore re nne re le gaufi le Jehofa ka thapelo!

 GO APARA LE GO IPAAKANYA SENTLE

11. Moya wa lefatshe o tlhotlheleditse jang mekgwa ya go apara?

11 Sengwe se se bonalang kafa ntle se se bontshang gore motho o tlhotlhelediwa ke moya ofe, ke tsela e a aparang ka yone, e a ipaakanyang ka yone le e a itlhokometseng ka yone mo mmeleng. Mo dinageng di le dintsi, batho ga ba tlhole ba apara sentle gotlhelele mo e leng gore mogasi mongwe wa thelebishene o ne a re mo bogautshwaneng go tla bo go se na tsela ya go lemoga batho ba ba rekisang mmele. Tota le basetsana ba ba iseng ba fitlhe mo dingwageng tsa bone tsa bolesome ba tlhotlhelediwa ke mokgwa ono wa go apara. Lokwalodikgang longwe lo ne lwa bega gore “ba apara diaparo tse di senolang mmele ka tsela e e sa siamang.” Mokgwa o mongwe ke go apara ka tsela e e botlhaswa e e bontshang moya wa botsuolodi le go se itlotle.

12, 13. Ke melaometheo efe e e tshwanetseng go laola tsela e re aparang le go ipaakanya ka yone?

12 E re ka re le batlhanka ba ga Jehofa, go a utlwala gore re batle go lebega sentle, mo go rayang gore re apare ka tsela e e bothakga, re apare diaparo tse di phepa, tse di lebegang sentle le tse di tshwanelang tiragalo e re yang kwa go yone. Ka dinako tsotlhe, tsela e re lebegang ka yone e tshwanetse go bontsha “boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo,” mme batho botlhe—banna kgotsa basadi—“ba ba ipolelang fa ba tlotla Modimo,” ba tshwanetse go nna le dinonofo tseo mmogo le “ditiro tse di molemo.” Gone mme, ga re a amega thata ka gore batho ba re tlhome matlho, re amegile ka go ‘ipoloka mo loratong lwa Modimo.’ (1 Timotheo 2:9, 10; Jude 21) Ee, re batla gore mokgabo wa rona e nne ‘motho wa sephiri wa pelo, o e leng wa botlhokwa jo bogolo mo matlhong a Modimo.’—1 Petere 3:3, 4.

13 Gakologelwa gape gore mekgwa ya rona ya go apara le go ipaakanya e ka tlhotlheletsa kafa ba bangwe ba lebang kobamelo ya boammaaruri ka gone. Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “boingotlo,” fa le dirisiwa mo dikgannyeng tsa boitsholo le naya kgopolo ya go tlotla  maikutlo a ba bangwe le tsela e ba lebang dilo ka yone. Ka jalo re tshwanetse gore pele re akanyetse digakolodi tsa ba bangwe go na le gore re gagamalele se re tsayang e le tshwanelo ya rona malebana le moaparo. Sa botlhokwa le go feta, re batla go tlisetsa Jehofa le batho ba gagwe tlotlo le go itshupa re le badiredi ba Modimo, re dira “dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.”—1 Bakorintha 4:9; 10:31; 2 Bakorintha 6:3, 4; 7:1.

A tsela e ke lebegang ka yone e tlisetsa Jehofa tlotlo?

14. Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife malebana le tsela e re lebegang ka yone le bophepa jwa rona?

14 Moaparo wa rona, tsela e re ipaakanyang ka yone le bophepa di botlhokwa bogolo jang fa re le mo bodireding jwa tshimo kgotsa re le mo pokanong ya Bokeresete. Ipotse jaana: ‘A tsela e ke itlhokometseng ka yone mo mmeleng le e ke lebegang ka yone di dira gore batho ba ntlhome matlho go sa tlhokege? A di tlhabisa ba bangwe ditlhong? A ke tsaya go dirisa ditshwanelo tsa me mo dilong tseno go le botlhokwa thata go na le go tshwanelegela ditshiamelo tsa tirelo mo phuthegong?’—Pesalema 68:6; Bafilipi 4:5; 1 Petere 5:6.

15. Ke ka ntlha yang fa Lefoko la Modimo le sa dire lenaane la melao e e kaga moaparo, go ipaakanya le bophepa?

15 Baebele ga e direle Bakeresete lenaane la melao e e kaga moaparo, go ipaakanya le bophepa. Jehofa ga a batle go re thibela go dirisa kgololesego ya rona ya go itlhophela kgotsa go dirisa bokgoni jwa rona jwa go akanya. Go na le moo, o batla gore re nne batho ba ba godileng semoyeng, ba ba akanyang  ka melaometheo ya Baebele le ba “bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwang ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.” (Bahebera 5:14) Sa botlhokwa le go feta, o batla gore re laolwe ke lorato—lorato lwa go rata Modimo le moagelani. (Bala Mareko 12:30, 31.) Le fa re laolwa ke dilo tseo, re ka kgona go nna le ditsela tse dintsi tse di farologaneng tse re ka aparang le go ipaakanya ka tsone. Seo re se bontshiwa ke kafa boidiidi jwa batho ba ga Jehofa ba ba itumetseng ba aparang ka gone diaparo tsa mefutafuta gongwe le gongwe mo ba phuthegileng gone mo lefatsheng.

GO BOLOKA LEITLHO LA RONA “LE SA RARAANA”

16. Moya wa lefatshe o ganetsana jang le se Jesu a neng a se ruta, mme re tshwanetse go ipotsa dipotso dife?

16 Moya wa lefatshe o a tsietsa mme o tlhotlheletsa batho ba le bantsintsi go batla boitumelo mo mading le mo dikhumong. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a re: “Le e leng fa motho a  na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) Le fa Jesu a ne a sa kgothaletse botshelo jwa boitlami kgotsa go itshotla, o ne a ruta gore botshelo le boitumelo jwa mmatota bo bonwa ke batho ba ba “tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng” le ba ba nang le leitlho ‘le le sa raraanang,’ le le bonang sentle e bile le tlhomame mo dilong tsa semoya. (Mathaio 5:3; 6:22, 23) Ipotse jaana: ‘A tota ke dumela se Jesu a neng a se ruta, kgotsa ke tlhotlhelediwa ke “ramaaka”? (Johane 8:44) Se ke se buang, mekgele ya me, dilo tse ke di tsayang di le botlhokwa le tsela e ke tshelang ka yone di bontsha eng?’—Luke 6:45; 21:34-36; 2 Johane 6.

17. Umaka masego a se kae a a bonwang ke batho ba ba nang le leitlho le le sa raraanang.

17 Jesu o ne a re: “Botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.” (Mathaio 11:19) Akanya ka masego a se kae fela a a bonwang ke batho ba ba nang le leitlho le le sa raraanang. Tirelo e ba e direlang Bogosi e ba lapolosa tota. (Mathaio 11:29, 30) Ga ba tlhobaele go sa tlhokege mme seno se dira gore ba se ka ba ikutlwisa botlhoko mo mogopolong le mo maikutlong. (Bala 1 Timotheo 6:9, 10.) E re ka ba kgotsofalela go nna le dilo tsa konokono tse di tlhokegang mo botshelong, ba na le nako e ntsi e ba ka e dirisang ba na le malapa a bone le ditsala tsa bone tsa Bakeresete. Seo se ka nna sa dira gore ba robale botoka. (Moreri 5:12) Ba bona boitumelo jo bogolo jwa go aba, ba dira jalo ka tsela epe fela e ba ka e kgonang. (Ditiro 20:35) Mme ba ‘tota mo tsholofelong’ e bile ba na le kagiso ya mogopolo le kgotsofalo. (Baroma 15:13; Mathaio 6:31, 32) Ano ke masego a magolo tota!

GO APARA “DIAPARO TSE DI FELETSENG TSA TLHABANO”

18. Baebele e tlhalosa jang mmaba wa rona, mekgwa ya gagwe le mofuta wa ntwa e re leng mo go yone?

18 Batho ba ba ipolokang mo loratong lwa Modimo gape ba sirelediwa semoyeng mo go Satane, yo o batlang go amoga Bakeresete boitumelo, mmogo le botshelo jo bo sa khutleng. (1 Petere 5:8) Paulo o ne a re: “Re lwa, e seng le madi le nama,  mme le dipuso, le balaodi, le babusi ba lefatshe ba lefifi leno, le mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.” (Baefeso 6:12) Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le go “lwa” le bontsha gore ga re lwe re le kgakala le mmaba—gongwe re iphitlhile mo lefelong le le sireletsegileng, ka tsela ya tshwantshetso—mme le bontsha gore re sokasokana le mmaba. Mo godimo ga moo, mafoko a a reng “dipuso,” “balaodi,” le “babusi ba lefatshe” a bontsha gore fa meya e e bosula e tlhasela e a bo e rulagantse dilo sentle e bile e ikaeletse go tlhasela.

19. Tlhalosa diaparo tsa tlhabano tsa semoya tsa Mokeresete.

19 Le fa go ntse jalo, re ka kgona go fenya le fa re na le makoa le mo re tlhaelang gone. Jang? Ka go ‘apara diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong.’ (Baefeso 6:13) Fa Baefeso 6:14-18 e tlhalosa diaparo tseo tsa tlhabano ya re: “Jalo, emang lo nitame, lotheka lwa lona lo gatlhilwe ka boammaaruri, mme lo apere seiphemelo sa sehuba sa tshiamo, le dinao tsa lona di rwele iketleetso ya dikgang tse di molemo tsa kagiso. Mo godimo ga dilo tsotlhe, tsayang thebe e kgolo ya tumelo, e lo tla kgonang go tima dibetsa tsotlhe tse di konopiwang tse di fisang tsa yo o boikepo ka yone. Gape, amogelang tlhoro ya phemelo [kgotsa, tsholofelo] ya poloko, le tšhaka ya moya, e leng, lefoko la Modimo, mme ka mofuta mongwe le mongwe wa thapelo le mokokotlelo lo tswelela lo rapela ka lobaka longwe le longwe ka moya.”

20. Boemo jwa rona bo farologana jang le jwa masole a mmatota?

20 E re ka e le thulaganyo ya Modimo, diaparo tseo tsa tlhabano tsa semoya di tla re sireletsa tota, fa fela re di apara ka dinako tsotlhe. Go farologana le masole a mmatota, a a ka nnang a fetsa nako e ntsi a sa lwe, Bakeresete ba mo ntweng e e kotsi e e se kitlang e fela pele ga Modimo a fedisa lefatshe la ga Satane le go tsenya meya yotlhe e e boikepo mo moleteng. (Tshenolo 12:17; 20:1-3) Ka jalo o se ka wa kgobega marapo fa o lwa le makoa kgotsa dikeletso tse di sa siamang, ka go bo rotlhe re tshwanetse go “itaya” mebele ya rona gore re nne re ikanyega mo go Jehofa. (1 Bakorintha 9:27) Tota fa re sa lwe, ke gone re tshwanetseng go tshwenyega!

21. Ke eng fela se se ka re thusang go fenya mo ntweng ya rona ya semoya?

 21 Mo godimo ga moo, re ka se fenye ntwa eno ka maatla a rona. Ka jalo, Paulo o re gakolola gore re tlhoka go rapela Jehofa “ka lobaka longwe le longwe ka moya.” Gape re tshwanetse go reetsa Jehofa ka go ithuta Lefoko la gagwe le go kopanela le “masole” mmogo le rona ka sebaka sengwe le sengwe, ka go bo ga re rosi mo ntweng eno! (Filemone 2; Bahebera 10:24, 25) Batho ba ba ikanyegang mo dilong tseno tsotlhe ga ba kitla ba fenya fela mme gape ba tla kgona go femela tumelo ya bone fa e lekwa.

IKETLEELETSE GO FEMELA TUMELO YA GAGO

22, 23. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go iketleeletsa go femela tumelo ya rona ka dinako tsotlhe, mme re tshwanetse go ipotsa dipotso dife? (b) Re tla sekaseka kgang efe mo kgaolong e e latelang?

22 Jesu o ne a re: ‘Ka gonne ga lo karolo ya lefatshe, ka lebaka leno lefatshe le lo tlhoile.’ (Johane 15:19) Ka jalo, Bakeresete ba tshwanetse gore ka dinako tsotlhe ba iketleeletse go femela tumelo ya bone mme ba dire jalo ka tlotlo le ka bonolo. (Bala 1 Petere 3:15.) Ipotse jaana: ‘A ke tlhaloganya lebaka la go bo ka dinako tse dingwe Basupi ba ga Jehofa ba sa lebe dilo ka tsela e batho ba le bantsi ba di lebang ka yone? Fa ke lebana le boemo jo bo thata jalo, a ke tlhatswegile pelo tota gore se se bolelwang ke Baebele le setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego se boammaaruri? (Mathaio 24:45; Johane 17:17) Fa ke tshwanetse go dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, a ke ikemiseditse go farologana le batho ba bangwe e bile ke motlotlo ka gone?’—Pesalema 34:2; Mathaio 10:32, 33.

23 Le fa go ntse jalo, gantsi keletso ya rona ya go nna re ikgaogantse le lefatshe e lekiwa ka ditsela tse dingwe tse di bofitlha. Ka sekai, jaaka go umakilwe pelenyana, Diabolo o dirisa boitlosobodutu jwa lefatshe go leka go gogela batlhanka ba ga Jehofa mo lefatsheng. Re ka tlhopha jang boitlosobodutu jo bo molemo jo bo tla re lapolosang le jo bo tla dirang gore re nne le segakolodi se se phepa? Re tla sekaseka kgang eo mo kgaolong e e latelang.

^ ser. 3 Fa e sa le ka Pentekosete ya 33 C.E., Keresete e ntse e le Kgosi ya phuthego ya gagwe ya balatedi ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng. (Bakolosa 1:13) Ka 1914, Keresete o ne a amogela maemo a go nna kgosi ya “bogosi jwa lefatshe.” Ka jalo, jaanong Bakeresete ba ba tloditsweng ba direla gape e le baemedi ba Bogosi jwa ga Mesia.—Tshenolo 11:15.

^ ser. 8 Bona Go Fetolana ka Dikwalo, tsebe 304-308, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 65 Bona setlhogo sa Dintlha Tse di Oketsegileng se se reng, “Go Dumedisa Folaga, go Tsenela Ditlhopho le Tirelo e e Seng ya Bosole.”