Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 13

Meletlo E e Sa Itumediseng Modimo

Meletlo E e Sa Itumediseng Modimo

“Nnang lo tlhomamise se se amogelesegang mo Moreneng.”—BAEFESO 5:10.

1. Jehofa o gogela batho ba mofuta ofe kwa go ene, mme ke ka ntlha yang fa ba tshwanetse go nna ba thantse semoyeng?

JESU o ne a re: “Baobamedi ba boammaaruri ba tla [obamela] Rara ka moya le boammaaruri, gonne, eleruri, Rara o batla ba ba ntseng jalo go mo obamela.” (Johane 4:23) Fa Jehofa a bona batho ba ba ntseng jalo—fela jaaka le wena a go bone—o ba gogela kwa go ene le kwa go Morwawe. (Johane 6:44) A bo seo e le tshiamelo e kgolo jang ne! Le fa go ntse jalo, batho ba ba ratang boammaaruri jwa Baebele, ba tshwanetse go ‘nna ba tlhomamisa se se amogelesegang mo Moreneng,’ ka gonne Satane ke motsietsi yo mogolo.—Baefeso 5:10; Tshenolo 12:9.

2. Tlhalosa kafa Jehofa a lebang ka gone batho ba ba lekang go kopanya bodumedi jwa boammaaruri le jwa maaka.

2 Akanya ka se se neng sa direga gaufi le Thaba ya Sinai fa Baiseraele ba ne ba kopa Arone gore a ba direle modimo. Arone o ne a ineela mme a dira namane ya gouta a bo a re e emela Jehofa. Go tswa foo o ne a re: “Ka moso go na le moletlo wa ga Jehofa.” A Jehofa o ne a sa tshwenyege fa ba kopanya bodumedi jwa boammaaruri le jwa maaka jalo? O ne a tshwenyega. O ne a bolaya baobamedi ba modingwana oo ba ka nna dikete di le tharo. (Ekesodo 32:1-6, 10, 28) Re ithuta eng mo go seno? Fa re batla go ipoloka re le mo loratong lwa Modimo, ga re a tshwanela go “ama sepe se se seng phepa” mme re tshwanetse go ineela fela mo go Jehofa le go sireletsa boammaaruri gore bo se ka jwa kgotlelwa ka tsela epe.—Isaia 52:11; Esekiele 44:23; Bagalatia 5:9.

3, 4. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ela tlhoko melaometheo ya Baebele fa re sekaseka dingwao le meletlo e e tlwaelegileng?

 3 Ka maswabi, morago ga go swa ga baaposetoloi, ba ba neng ba thibela botlhanogi, batho ba ba ipitsang Bakeresete ba ba neng ba sa rate boammaaruri jwa Baebele ba ne ba simolola go latela dingwao tsa boheitane, go keteka meletlo ya boheitane le malatsi a go tweng a boitshepo, ba bo ba re ke a Bokeresete. (2 Bathesalonika 2:7, 10) Fa o ntse o sekaseka mengwe ya meletlo eno, ela tlhoko kafa e bontshang moya wa lefatshe ka gone, e seng moya wa Modimo. Ka kakaretso, meletlo ya lefatshe e tshwana ka selo se le sengwe: E rotloetsa dikeletso tsa nama, e bile e rotloetsa ditumelo tsa bodumedi jwa maaka le bodimona—e leng dilo tse di tlhaolang “Babelona o Mogolo.” * (Tshenolo 18:2-4, 23) Gakologelwa gape gore Jehofa o ne a iponela ka matlho mekgwa e e makgapha ya bodumedi ya boheitane e dingwao di le dintsi tse di tlwaelegileng di simologileng mo go yone. Ga go pelaelo gore o sa ntse a leba meletlo e e ntseng jalo e le makgapha le gompieno. A ga re a tshwanela go tsaya tsela e a lebang dilo ka yone e le yone ya botlhokwa?—2 Johane 6, 7.

4 Rona Bakeresete ba boammaaruri, re a itse gore meletlo mengwe ga e itumedise Jehofa. Mme re tshwanetse go ikemisetsa tota gore re se ka ra nna le seabe mo go epe ya yone. Go sekaseka mabaka a go bo Jehofa a sa itumelele meletlo e e ntseng jalo go tla re nonotsha gore re ikemisetse go tila sepe fela se se ka re kgoreletsang go tswelela re le mo loratong lwa Modimo.

KOBAMELO YA LETSATSI E NE YA BIDIWA KERESEMOSE

5. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore Jesu ga a ka a tsholwa ka December 25?

5 Baebele ga e umake sepe ka moletlo wa letsatsi la botsalo jwa ga Jesu. Tota e bile, letlha le a tsetsweng ka lone ga le itsewe. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore ga a ka a tsholwa ka December 25 ka kgwedi ya mariga a a bogale mo kgaolong eo ya  lefatshe. * Lebaka lengwe le le ka dirang gore re tlhomamisege ka seno ke gore Luke o kwadile gore fa Jesu a ne a tsholwa, “badisa ba [ne ba] nna kwa nageng” ba disitse matsomane a bone. (Luke 2:8-11) Fa ba ne ba tlwaetse go “nna kwa nageng” ngwaga otlhe, go ne go ka se tlhokege gore seo se umakiwe. Le fa go ntse jalo, ka gonne kwa Bethelehema go na dipula tse di tsididi le kapoko ka nako ya mariga, matsomane a ne a sa tswele kwa ntle ka nako eo mme badisa ba ka bo ba ne ba sa “nna kwa nageng.” Gape, Josefa le Marea ba ne ba ya kwa Bethelehema ka gonne Kaesara Aguseto a ne a laetse gore batho ba balwe. (Luke 2:1-7) Go ne go ka se direge gore Kaesara a laele batho ba ba neng ba sa rate puso ya Roma gore ba tseye loeto go ya kwa metseng ya bagologolwane ba bone mo marigeng a a bogale.

6, 7. (a) Dingwao di le dintsi tsa Keresemose di simologile kae? (b) Ke pharologanyo efe e e leng teng fa gare ga go aba dimpho ka Keresemose le go aba ga Bakeresete?

6 Keresemose ga e a simologa mo Baebeleng mme e simologile mo meletlong ya bogologolo ya boheitane, e e jaaka moletlo wa Baroma wa Saturnalia, o o neng o direlwa Saturn, modimo wa temothuo. Ka tsela e e tshwanang, New Catholic Encyclopedia ya re go ya kafa baobamedi ba modimo Mithra ba neng ba bala ka gone, ba ne ba keteka December 25 e le “letsatsi la botsalo jwa letsatsi le le sa fenngweng.” “Keresemose e simologile ka nako ya fa kobamelo ya letsatsi e ne e dirwa thata kwa Roma,” mo e ka nnang makgolo a mararo a dingwaga morago ga loso lwa ga Keresete.

Bakeresete ba boammaaruri ba aba ka lorato

7 Ka nako ya meletlo ya baheitane, ba ne ba abelana dimpho le go ja dijo tse dintsintsi—mekgwa e e sa ntseng e dirwa le mo moletlong wa Keresemose gompieno. Fela jaaka go sa ntse go direga le gompieno, gantsi ka Keresemose batho ba ne ba sa abe dimpho ba na le boikutlo jo bo tlhalosiwang mo go 2 Bakorintha 9:7, e e reng: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse  mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.” Bakeresete ba boammaaruri ba aba ka ntlha ya lorato, ga ba tseye gore ba tshwanetse go aba dimpho fela ka letsatsi le le rileng, e bile ga ba a lebelela gore le bone ba newe dimpho. (Luke 14:12-14; bala Ditiro 20:35.) Gape ba lebogela thata gore ga ba tlhole ba tsena mo mmudubudung wa Keresemose e bile ga ba ikimetse dikoloto tse dintsi jaaka batho ba bantsi ba dira ka nako eo ya ngwaga.—Mathaio 11:28-30; Johane 8:32.

8. A balepadinaledi ba ne ba abela Jesu dimpho tsa letsatsi la botsalo? Tlhalosa.

8 Mme bangwe ba ka nna ba re, a balepadinaledi ba ne ba se ka ba abela Jesu dimpho tsa letsatsi la botsalo? Nnyaa. Fa ba ne ba aba dimpho ba ne ba tlotla Jesu, yo e neng e le motho wa botlhokwa, mme e ne e le mokgwa o o tlwaelegileng mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele. (1 Dikgosi 10:1, 2, 10, 13; Mathaio 2:2, 11) Tota e bile, ga ba a ka ba tla ka bosigo jo Jesu a tshotsweng ka  jone. Fa ba ne ba tla, Jesu e ne e se losea lo lo neng lo le mo bojelong jwa diruiwa, mme o ne a na le dikgwedi tse dintsi e bile a nna mo ntlong.

SE BAEBELE E SE BUANG KA MALATSI A BOTSALO

9. Ke eng se se itsegeng ka meletlo ya malatsi a botsalo e e umakiwang mo Baebeleng?

9 Le fa go tsholwa ga lesea e sa bolo go nna tiragalo e e itumedisang thata, Baebele ga e umake moletlo ope wa botsalo o o kileng wa direlwa motlhanka wa Modimo. (Pesalema 127:3) A ke phoso go bo o sa umakiwe? Nnyaa, ka go bo go na le meletlo e mebedi ya malatsi a botsalo e e umakiwang—wa ga Faro wa kwa Egepeto le wa ga Herode Antipase. (Bala Genesise 40:20-22; Mareko 6:21-29) Le fa go ntse jalo, meletlo eno ka bobedi ga e tlhalosiwe e le meletlo e e neng e itumedisa—segolobogolo moletlo wa ga Herode Antipase o mo go one Johane Mokolobetsi a neng a kgaolwa tlhogo.

10, 11. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba leba jang meletlo ya malatsi a botsalo, mme ka ntlha yang?

 10 Buka ya tshedimosetso ya The World Book Encyclopedia ya re: “Bakeresete ba bogologolo ba ne ba leba go ketekwa ga letsatsi la motho la botsalo e le ngwao ya boheitane.” Ka sekai, Bagerika ba bogologolo ba ne ba dumela gore motho mongwe le mongwe o na le moya o o mo sireletsang o o nnang teng fa motho a tsholwa mme morago ga moo o bo o mo tlhokomela. Buka e e buang ka malatsi a botsalo e e bidiwang The Lore of Birthdays ya re moya oo “o ne o amana ka tsela nngwe ya masaitsiweng le modimo o o tsetsweng ka letsatsi le motho yoo a tshotsweng ka lone.” Gape malatsi a botsalo ga a bolo go amanngwa thata le tepodinaledi le go dirisa dinaledi go bolelela pele isagwe.

11 Le fa batlhanka ba Modimo ba bogologolo ba ne ba tila dingwao tsa malatsi a botsalo ka gonne di simologile mo boheitaneng le mo ditlwaelong tsa bodimona, gape ba tshwanetse ba bo ba ne ba di tila ka go bo ba kaelwa ke melaometheo. Ka ntlha yang? E ne e le banna le basadi ba ba ikokobeditseng ba ba neng ba sa tseye gore botsalo jwa bone bo ne bo le botlhokwa thata mo e leng gore bo ne bo tshwanetse go ketekiwa. * (Mika 6:8; Luke 9:48) Go na le moo, ba ne ba galaletsa Jehofa le go mo lebogela mpho e e tlhwatlhwakgolo ya botshelo. *Pesalema 8:3, 4; 36:9; Tshenolo 4:11.

12. Letsatsi la rona la loso le ka nna botoka thata jang go na le letsatsi le re tshotsweng ka lone?

12 Modimo o tla nna a gakologetswe batho botlhe ba ba suleng ba ikanyega, mme ruri ba tla tshela gape mo isagweng. (Jobe 14:14, 15) Moreri 7:1 ya re: “Leina le botoka go feta leokwane le le molemo, le letsatsi la loso go feta letsatsi le motho a tsholwang ka lone.” “Leina” la rona ke leina le le molemo le re le  itiretseng le Modimo ka go mo direla ka boikanyegi. Sengwe se re ka se elang tlhoko ke gore tiragalo e le yosi e Bakeresete ba laetsweng gore ba e gopole ga se botsalo mme ke loso lwa ga Jesu, yo “leina” la gagwe le le molemo le a le itiretseng le leng botlhokwa thata gore re bolokwe.—Luke 22:17-20; Bahebera 1:3, 4.

ISTA—KOBAMELO E E BOFITLHA YA MODIMO WA TSALO

13, 14. Dingwao tse di tlwaelegileng tsa Ista di simologile kae?

13 Le fa go bolelwa gore Ista ke moletlo wa go keteka tsogo ya ga Keresete, tota e simologile mo bodumeding jwa maaka. Leina Ista le ile la amanngwa le Eostre, kgotsa Ostara, modimo wa sesadi wa Ba-Anglo-Saxon wa masa le dikgakologo. Mme go tlile jang gore go dirisiwe mae le mebutla ka Ista? Buka ya tshedimosetso ya Encyclopædia Britannica ya re mae “a itsege a tshwantshetsa botshelo jo bosha le tsogo,” mme mmutla ga o bolo go tsewa o tshwantshetsa tsalo. Ka jalo, Ista ke moetlo wa tsalo o batho ba dirang gore o lebege e kete ke moletlo wa go keteka tsogo ya ga Keresete. *

14 A Jehofa a ka letlelela gore go dirwe moetlo o o makgapha wa tsalo go keteka tsogo ya ga Morwawe? Legoka! (2 Bakorintha 6:17, 18) Tota e bile, Baebele ga e re laele gore re keteke tsogo ya ga Jesu. Ka jalo, go ketekiwa ga tsogo ya ga Jesu go bo go twe ke Ista, tota ga go a siama.

HALOWINE GA E BOITSHEPO LE E SENG

15. Halowine e simologile kae, mme ke eng se se ka tswang se kaiwa ke letlha le le tlhophilweng la go keteka letsatsi leno la boikhutso?

15 Halowine, e e itsegeng ka baloi, dipoko le mekgabisa e mengwe e e tshosang e e tsamaisanang le yone, e gape e bidiwang maitseboa a pele ga Letsatsi la Baitshepi Botlhe, e simolotswe ke Ba-Celtic ba bogologolo ba Boritane le Ireland. Ba ne ba keteka moletlo wa Samhain, ke gore “Bokhutlo Jwa Selemo,” fa ngwedi o tletse pele fela ga November 1. Ba ne ba dumela gore ka nako ya moletlo wa Samhain, go bulwa lesire le le fa gare ga batho  le meya mme meya e e molemo le e e bosula e sasanka mo lefatsheng. Go ne go akanngwa gore meya ya baswi e boela magaeng a yone, mme malapa a ne a beela dipoko tseno tse di ba etetseng dijo le dino ka tsholofelo ya go di itumedisa. Gompieno ka moletlo wa Halowine bana ba apara jaaka dipoko kgotsa baloi, ba tsamaya ka ntlo le ntlo ba tshosetsa batho gore ba tla dira mathaithai mangwe fa ba sa newe sengwe se se monate. Ka go dira jalo ba tsweletsa dingwao tsa bogologolo tsa moletlo wa Samhain ba sa lemoge.

BOLOKA MOLETLO WA LENYALO LA GAGO O SA LESWAFALA

16, 17. (a) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba ba rulaganyetsang go nyalana ba tshwanetse go sekaseka dingwao tsa lenyalo tsa mo lefelong la bone go ya ka melaometheo ya Baebele? (b) Ke eng se Bakeresete ba tshwanetseng go se akanyetsa malebana le dingwao tse di jaaka go gasa raese kgotsa dilo tse dingwe?

16 Go ise go ye kae, “ga go na lentswe la monyadi le la monyadiwa le le tla tlholang le utlwiwa mo go [Babelona o Mogolo] gape.” (Tshenolo 18:23) Ka ntlha yang? Ka gonne Babelona o tla bo a sa tlhole a le gone, lengwe la mabaka e le ka ntlha ya mekgwa ya gagwe ya tirisabadimo, e e ka leswafatsang lenyalo go tloga fela ka letsatsi la lenyalo.—Mareko 10:6-9.

17 Dingwao di farologana go ya ka dinaga. Dingwao dingwe tse di ka bonalang di siame di ka tswa di simologile mo mekgweng ya Sebabelona e go tsewang gore e tla tlisetsa banyalani kgotsa balalediwa ba bone ‘masego.’ (Isaia 65:11) Ngwao e nngwe e e ntseng jalo ke ya go gasa raese kgotsa dilo tse dingwe. Mokgwa ono o ka tswa o simologile mo tumelong ya gore dijo di reba meya e e boikepo bogale e bile di dira gore e se ka ya gobatsa monyadi le monyadiwa. Gape raese ga e bolo go amanngwa ka tsela ya masaitseweng le tsalo, boitumelo le botshelo jo boleele. Ruri batho botlhe ba ba batlang go tswelela ba le mo loratong lwa Modimo ba tla tila dingwao tseno tse di seng phepa.—Bala 2 Bakorintha 6:14-18.

18. Ke melaometheo efe ya Baebele e e tshwanetseng go kaela batho ba ba rulaganyetsang lenyalo le ba ba laleditsweng kwa go lone?

18 Ka tsela e e tshwanang batlhanka ba ga Jehofa ba tila mekgwa ya lefatshe e e ka digang manyalo a Bakeresete seriti kgotsa  e e ka kgopisang digakolodi tsa batho bangwe. Ka sekai, fa ba kopilwe go bua mafoko a sekae kwa moletlong wa lenyalo, ba tila go bua dipuo tse di sotlang kgotsa dipuo tse di nang le melaetsa ya tlhakanelodikobo e bile ga ba dire metlae ka batho ba bangwe kgotsa dikakgelo tse di ka tlhabisang batho ba ba sa tswang go nyalana, mmogo le batho ba bangwe ditlhong. (Diane 26:18, 19; Luke 6:31; 10:27) Gape ba tila meletlo ya manyalo ya magasigasi e e sa bontsheng boingotlo, mme e “bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong.” (1 Johane 2:16) Fa o rulaganyetsa lenyalo, o se ka wa lebala gore Jehofa o batla gore letsatsi la gago le le kgethegileng e nne letsatsi le o tla le gopolang ka boitumelo, e seng le o tla le ikwatlhaelang. *

MOKGWA WA GO TSHOLELETSA DIGALASE TSA DINO KWA GODIMO—A O AMANA LE KOBAMELO?

19, 20. Buka nngwe ya re tlwaelo ya go tsholeletsa digalase tsa dino kwa godimo e simologile kae, mme ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba sa tshwanela go e dira?

19 Batho ba tlwaetse go tsholeletsa digalase tsa dino kwa godimo kwa manyalong le kwa dikokoanong tse dingwe. Buka ya International Handbook on Alcohol and Culture ya 1995 ya re: “Tlwaelo eno ya go tsholeletsa digalase tsa dino kwa godimo . . . e ka tswa e le masalela a meetlo ya bogologolo e mo go yone go neng go isediwa medimo ditlhabelo tsa dino . . . mme motho a lebeletse gore o tla newa sengwe se a se kopang ka thapelo e khutshwane ya mafoko a a reng, ‘botshelo jo boleele!’ kgotsa ‘botsogo jo bo molemo!’”

20 Ke boammaaruri gore batho ba le bantsi ba ka tswa ba sa akanye gore go tsholeletsa digalase tsa dino kwa godimo ke mokgwa mongwe wa kobamelo kgotsa wa tumelobotlhodi. Le fa go ntse jalo, tlwaelo ya go tsholeletsa digalase tsa beine kwa godimo e ka lebiwa e le go kopa masego kwa “magodimong,” a e leng maatla mangwe a a fetang a motho, ka tsela e e sa dumalaneng le se se kwadilweng mo Dikwalong.—Johane 14:6; 16:23. *

 “LONA BA LO RATANG JEHOFA, TLHOANG SE SE BOSULA”

21. Ke meletlo efe e e tlwaelegileng e Bakeresete ba e tilang le fa e se ya bodumedi, mme ka ntlha yang?

21 Dinaga dingwe di bontsha kafa mekgwa ya lefatshe e ntseng e nnela maswe kwa pele ka gone—e le sengwe se Babelona o Mogolo o se rotloetsang ka tlhamalalo kgotsa e seng ka tlhamalalo—ka go duelela meletlo e megolo ya go ijesa monate ka tsela e e feteletseng e e tshwarwang ngwaga le ngwaga, e mo go yone batho ba binang ka tsela e e hepisang gongwe e bile e tlotlomatsa botshelo jwa basodoma. A go tla bo go tshwanetse gore ‘motho yo o ratang Jehofa’ a nne gone mo moletlong oo kgotsa a o lebelele? A fa a dira jalo o tla bo a bontsha gore tota o tlhoile se se bosula? (Pesalema 1:1, 2; 97:10) Ruri go tla bo go le molemo go nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa mopesalema yo o neng a rapela jaana: “Dira gore matlho a me a fete a sa bona se se se nang mosola”!—Pesalema 119:37.

22. Mokeresete a ka dira tshwetso leng go ya ka segakolodi sa gagwe gore a o tla nna le seabe mo moletlong mongwe kgotsa nnyaa?

22 Ka nako ya malatsi a meletlo ya lefatshe, Mokeresete o tla nna kelotlhoko gore boitshwaro jwa gagwe bo se ka jwa dira gore batho ba bangwe ba akanye gore le ene o a e keteka. Paulo o ne a re: “E ka ne lo a ja kgotsa lo a nwa kgotsa lo dira sepe fela, dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.” (1 Bakorintha 10:31; bona lebokose la setlhogo se se reng “ Go Dira Ditshwetso ka Botlhale.”) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa tlwaelo nngwe kgotsa moletlo mongwe o sa amane ka gope le bodumedi jwa maaka, e se moletlo wa bopolotiki kgotsa wa bosetšhaba e bile o sa tlole melaometheo epe ya Baebele, Mokeresete mongwe le mongwe a ka itirela tshwetso ya gore a o tla nna le seabe mo go one kgotsa nnyaa. Gape o tla akanyetsa kafa ba bangwe ba ikutlwang ka gone gore a se ka a ba kgopisa.

GALALETSA MODIMO KA LEFOKO LE KA DITIRO

23, 24. Re ka neela bosupi jo bo molemo jang malebana le melao ya ga Jehofa e e siameng?

23 Batho ba le bantsi ba tsaya malatsi a meletlo mengwe e e tlwaelegileng e le nako ya gore ba lelapa le ditsala ba kopane  mmogo. Ka jalo, fa mongwe a tsaya ka phoso gore tsela ya Dikwalo e re dirang dilo ka yone ga e bontshe lorato kgotsa e feteletsa dilo, re ka mo tlhalosetsa ka bopelonomi gore Basupi ba ga Jehofa ba tsaya dikokoano tse di molemo tsa ba lelapa le ditsala di le botlhokwa. (Diane 11:25; Moreri 3:12, 13; 2 Bakorintha 9:7) Re itumelela go kopana mmogo le batho ba re ba ratang ngwaga otlhe, mme ka gonne re rata Modimo le melao ya gagwe e e siameng, ga re batle go leswafatsa dinako tseo tse di itumedisang ka ditlwaelo tse di mo kgopisang.—Bona lebokose la setlhogo se se reng “ Kobamelo ya Boammaaruri e Lere Boitumelo jo Bogolo.”

24 Basupi bangwe ba ile ba atlega fa ba dirisa dintlha tse di mo go kgaolo 16 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? * go tlhalosetsa batho ba ba botsang ka gonne tota ba batla go itse ka bodumedi jwa rona. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore boikaelelo jwa rona ke go ba thusa e seng go ngangisana le bone. Ka jalo re tshwanetse go ba tlotla, re bue ka bonolo mme ‘puo ya rona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai.’—Bakolosa 4:6.

25, 26. Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang go nonofa mo tumelong le go rata Jehofa?

25 Rona batlhanka ba ga Jehofa, re na le kitso. Re itse mabaka a go bo re dumela le go dira dilo tse di rileng mme tse dingwe re sa di dire. (Bahebera 5:14) Ka jalo batsadi, rutang bana ba lona gore ba dirise melaometheo ya Baebele. Fa lo dira jalo, lo nonotsha tumelo ya bone, lo ba thusa go dirisa Baebele go araba batho ba ba botsang ka se ba se dumelang, e bile lo ba tlhomamisetsa gore Jehofa o a ba rata.—Isaia 48:17, 18; 1 Petere 3:15.

26 Batho botlhe ba ba obamelang Modimo “ka moya le boammaaruri” ga ba tile fela meletlo e e seng ya Dikwalo mme gape ba leka go ikanyega mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo. (Johane 4:23) Gompieno, batho ba le bantsi ba tsaya gore ga go kgonege gore motho a ikanyege. Mme jaaka re tla bona mo kgaolong e e latelang, ditsela tsa Modimo di molemo ka dinako tsotlhe.

^ ser. 3 Bona lebokose la setlhogo se se reng “ A ke Tshwanetse go Nna le Seabe mo Moletlong?” Go kwadilwe lenaane la malatsi a le mmalwa a go tweng a boitshepo le meletlo mo kgatisong ya Watch Tower Publications Index, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 5 Go ya ka tatelano ya ditiragalo tse di mo Baebeleng le hisitori ya lefatshe, go bonala Jesu a tshotswe ka 2 B.C.E. ka kgwedi ya Sejuda ya Ethanime, e e tsamaisanang le kgwedi ya September/October mo khalendareng ya gompieno.—Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, tsebe 56-57, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 11 Bona lebokose la setlhogo se se reng “ Malatsi a go Tweng a Boitshepo mo Kobamelong ya ga Satane.”

^ ser. 11 Kgolagano ya Molao e ne e batla gore fa mosadi a sena go tshola ngwana, a ntshetse Modimo tshupelo ya boleo. (Lefitiko 12:1-8) Molao ono o ne o gopotsa Baiseraele gore batho ba fetisetsa boleo mo baneng ba bone mme o ne o tla ba thusa gore ba lebe go tsholwa ga ngwana ka tsela e e siameng e bile o ka tswa o ne o dira gore ba se ka ba latela dingwao tsa baheitane tsa go keteka malatsi a botsalo.—Pesalema 51:5.

^ ser. 13 Gape Eostre (Kgotsa Eastre) e ne e le modimo wa sesadi wa tsalo. Go ya ka Dictionary of Mythology, “o ne a nna kwa ngweding a ruile mmutla o o neng o rata mae mme ka dinako dingwe o ne a tshwantshiwa a na le tlhogo ya mmutla”

^ ser. 18 Bona ditlhogo tse tharo tse di kaga manyalo le dikokoano mo makasineng wa Tora ya Tebelo, wa October 15, 2006, tsebe 18-31.

^ ser. 20 Bona makasine wa Tora ya Tebelo, wa February 15, 2007, tsebe 30-1.

^ ser. 24 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.