Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 10

Lenyalo—Mpho e e Tswang Kwa Modimong yo o Lorato

Lenyalo—Mpho e e Tswang Kwa Modimong yo o Lorato

“Mogala o o menaganeng seraro ga o ka ke wa kgaoganngwa sebedi ka bonako.”—MORERI 4:12.

1, 2. (a) Re ka nna ra ipotsa dipotso dife malebana le batho ba ba sa tswang go nyalana, mme ka ntlha yang? (b) Re tla tlotla ka dipotso dife mo kgaolong eno?

A O RATA go ya manyalong? Batho ba le bantsi ba a go itumelela ka gonne manyalo a ka nna monate tota. Banyadi ba a bo ba le bantle thata, e bile difatlhego tsa bone di phatsima ka boitumelo! Mo letsatsing leo, ba rumaruma fela mme ba solofetse gore ba tla nna le isagwe e e itumedisang.

2 Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore manyalo gompieno a lebana le mathata. Le fa re eleletsa banyalani ba basha molemo, ka dinako tse dingwe re ka ipotsa jaana: ‘A ba tla itumela mo lenyalong la bone? A le tla nnela ruri?’ Dikarabo tsa dipotso tseo di tla laolwa ke gore a monna le mosadi ba ikanya kgakololo ya Modimo ka lenyalo e bile ba a e dirisa. (Bala Diane 3:5, 6.) Ba tshwanetse ba dira jalo gore ba nne ba le mo loratong lwa Modimo. Jaanong a re sekasekeng dikarabo tsa Baebele tsa dipotso tseno tse nnè: O tshwanetse go nyala kgotsa go nyalwa ka mabaka afe? Mme o tshwanetse go tlhopha molekane yo o ntseng jang? O ka ipaakanyetsa lenyalo jang? Mme ke eng se se ka thusang banyalani gore ba nne ba itumetse mo lenyalong la bone?

BATHO BA TSHWANETSE GO NYALA KA MABAKA AFE?

3. Ke ka ntlha yang fa go tla bo go se botlhale go nyala ka mabaka a a sa utlwaleng?

3 Batho bangwe ba dumela gore lenyalo ke lone le dirang gore batho ba itumele—gore o ka se ka wa kgotsofala kgotsa wa itumela mo botshelong fa o se na molekane wa lenyalo. Seo ga se boammaaruri le e seng! Jesu, monna yo o neng a sa nyala, o ne  a bitsa go nna o sa nyala kgotsa o sa nyalwa a re ke mpho, mme o ne a rotloetsa batho ba ba ka kgonang go tshola mpho eo gore ba dire jalo. (Mathaio 19:11, 12) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a tlhalosa melemo ya go nna o se mo lenyalong. (1 Bakorintha 7:32-38) Jesu le Paulo ga ba a ka ba baya molao mo kgannyeng eno; e bile tota, go “iletsa gore go tsenwe mo lenyalong” go tlhalosiwa e le nngwe ya “dithuto tsa madimona.” (1 Timotheo 4:1-3) Le fa go ntse jalo, batho ba ba batlang go direla Jehofa ba sa kgorelediwe ke sepe ba ka solegelwa molemo thata ke go nna ba se mo lenyalong. Ka jalo, go tla bo go se botlhale go nyala ka mabaka a a sa utlwaleng a a jaaka go nyala ka gonne dithaka tsa gago di nyala.

4. Lenyalo le le atlegileng ke motheo o o molemo wa go godisa bana ka tsela efe?

4 Kafa letlhakoreng le lengwe, a go na le mabaka a a utlwalang a gore motho a nyale kgotsa a nyalwe? Ee. Lenyalo le lone ke mpho e e tswang kwa Modimong wa rona yo o lorato. (Bala Genesise 2:18.) Ka jalo le na le melemo mengwe e bile le ka tlisa boitumelo. Ka sekai, lenyalo le le atlegileng ke motheo o o molemo wa botshelo jwa lelapa. Bana ba tlhoka go golela mo legaeng le le ritibetseng, ba na le batsadi ba ba ba godisang, ba ba ba ratang, ba ba ba otlhayang le go ba kaela. (Pesalema 127:3; Baefeso 6:1-4) Le fa go ntse jalo, go godisa bana ga se lone fela lebaka la go bo batho ba nyalana.

5, 6. (a) Go ya ka Moreri 4:9-12, melemo mengwe ya go nna le tsala e o atamalaneng thata le yone ke efe? (b) Lenyalo le ka tshwana jang le mogala o o menaganeng seraro?

5 Sekaseka temana ya setlhogo sa kgaolo eno mmogo le ditemana tse di tlang pele ga yone: “Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe, ka gonne ba na le maduo a a molemo a tiro ya bone ya bonatla. Gonne fa a le mongwe wa bone a ka wa, yo mongwe o ka kgona go tsosa molekane wa gagwe. Mme go tla nna jang fa yo o esi fela a wa mme go se na yo mongwe go mo emisa? Mo godimo ga moo, fa ba babedi ba robala mmogo, ruri ba tla thuthafala; mme a le mongwe fela a ka thuthafala jang? Mme fa mongwe a ka fekeetsa yo mongwe a le nosi, ba le babedi ba ka kgona go emelana le ene. E bile mogala o o menaganeng seraro ga o ka ke wa kgaoganngwa sebedi ka bonako.”—Moreri 4:9-12.

 6 Ditemana tseno di bua thata ka botlhokwa jwa go nna le tsala. Boammaaruri ke gore, fa batho ba nyalane ba nna ditsala tse di atamalaneng thata. Jaaka ditemana tseno di bontsha, lenyalo le ka dira gore batho bano ba babedi ba thusane, ba gomotsane le go sireletsana. Lenyalo le nonofa thata fa le sa kopanya batho ba babedi fela. Mogala o o menaganeng sebedi o ka kgaoganngwa motlhofo, jaaka temana eno e bontsha. Mme fa go logagantswe megala e meraro mmogo go ka se nne motlhofo go e kgaoganya. Fa monna le mosadi ba tsaya go itumedisa Jehofa go le botlhokwa thata, lenyalo la bone le tshwana le mogala oo o o menaganeng seraro. Jehofa o nna le seabe sa botlhokwa mo lenyalong leno, mme le nonofa eleruri.

7, 8. (a) Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba ba lwang le dikeletso tsa tlhakanelodikobo kgakololo efe? (b) Baebele e re thusa gore re lebe lenyalo jang ka tsela e e tshwanetseng?

7 Gape dikeletso tsa tlhakanelodikobo di ka kgotsofadiwa ka tshwanelo mo lenyalong fela. Fa batho ba nyalane, go ka bolelwa sentle gore tlhakanelodikobo e a ba itumedisa. (Diane 5:18) Le fa motho yo o seng mo lenyalong a fetile se Baebele e se bitsang “nako ya bosha”—nako e ka yone dikeletso tsa tlhakanelodikobo di simololang go nna maatla—o ka tswa a sa ntse a lwa le dikeletso tsa tlhakanelodikobo. Fa a sa lwantshe dikeletso tseno, di ka felela di mo digetse mo boitsholong jo bo leswe kgotsa jo bo sa tshwanelang. Paulo o ne a tlhotlhelediwa gore a kwalele batho ba ba seng mo lenyalong kgakololo eno: “Fa ba se na boikgapo, a ba tsene mo lenyalong, gonne go botoka go tsena mo lenyalong go na le go fisiwa ke kgotelo.”—1 Bakorintha 7:9, 36; Jakobe 1:15.

8 Le fa motho a ka tswa a na le mabaka afe a go nyala kgotsa a go nyalwa, o tshwanetse go leba dilo sentle. Jaaka Paulo a boletse, ba ba tsenang mo lenyalong “ba tla nna le pitlagano mo nameng ya bone.” (1 Bakorintha 7:28) Batho ba ba mo lenyalong ba lebana le mathata a ba ba seng mo go lone ba ka se lebaneng le one. Mme fa o tlhopha go tsena mo lenyalong, o ka fokotsa jang mathata a o tla lebanang le one mme wa oketsa masego a o tla a bonang? Sengwe se o ka se dirang ke go tlhopha molekane ka botlhale.

 MOLEKANE YO O SIAMENG WA LENYALO KE YO O NTSENG JANG?

9, 10. (a) Paulo o ne a dirisa papiso efe go bontsha kafa go leng kotsi ka teng go ikgolaganya le batho ba ba sa dumeleng? (b) Gantsi go tlhokomologa kgakololo ya Modimo ya gore motho a se ka a nyalana le motho yo o sa dumeleng go felela ka eng?

9 Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala molaomotheo mongwe wa botlhokwa o motho a tshwanetseng go o dirisa fa a tlhopha molekane wa lenyalo: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng e le mo go sa lekalekaneng.” (2 Bakorintha 6:14) Papiso ya gagwe e ne e theilwe mo ntlheng nngwe ya botshelo jwa temothuo. Fa go panwa diphologolo tse pedi tse di sa lekaneng gotlhelele ka bogolo le ka nonofo, di tla utlwa botlhoko ka bobedi jwa tsone. Ka tsela e e tshwanang, mathata a ka se tlhokege fa motho yo o dumelang a nyalane le yo o sa dumeleng. Fa molekane yo mongwe a batla go nna a le mo loratong lwa ga Jehofa mme yo mongwe a sa kgathale ka seo, dilo tse ba di tsayang di le botlhokwa mo botshelong ga di na go tshwana, e bile ba ka nna le mathata a magolo. Ka jalo, Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete gore ba nyale kgotsa ba nyalwe “mo Moreneng fela.”—1 Bakorintha 7:39.

10 Bakeresete bangwe ba ba seng mo lenyalong ba ile ba dira tshwetso ya gore go botoka gore ba pataganele jokwe ka mo go sa lekalekaneng go na le gore ba tswelele ba jewa ke bodutu. Ba bangwe ba swetsa ka gore ba itlhokomolose kgakololo ya Baebele ba bo ba nyalana le motho yo o sa direleng Jehofa. Gantsi seo se felela ka mahutsana. Batho bano ba iphitlhela ba nyalane le motho yo ba sa kgoneng go tlotla le ene ka dilo tsa botlhokwatlhokwa mo botshelong. Ba ka nna ba jewa ke bodutu thata go feta fa ba ne ba ise ba nyale kana ba nyalwe. Se se itumedisang ke gore go na le Bakeresete ba le diketekete ba ba seng mo lenyalong ba ba ikanyang kgakololo ya Modimo mo ntlheng eno e bile ba e latela. (Bala Pesalema 32:8.) Le fa ba solofela gore letsatsi lengwe ba tla tsena mo lenyalong, ba nna ba sa nyala kgotsa ba sa nyalwa go fitlha ba bona molekane mo gare ga batho ba ba obamelang Jehofa Modimo.

11. Ke eng se se ka go thusang go tlhopha molekane wa lenyalo ka botlhale? (Bona lebokose le le reng “ Ke Batla Molekane yo o Ntseng Jang?”)

11 Gone ke boammaaruri gore ga se gore motlhanka mongwe le mongwe fela wa ga Jehofa e ka nna molekane yo o siameng  wa lenyalo. Fa e le gore o akanyetsa go tsena mo lenyalong, batla motho yo botho jwa gagwe le mekgele ya gagwe ya semoya e tsamaisanang le ya gago, le yo o ratang Modimo jaaka wena. Setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego se gatisitse dikgatiso tse dintsi tse di buang ka kgang eno, mme go ka nna molemo gore o sekaseke kgakololo eo ya Dikwalo ka thapelo, o bo o e letle gore e go kaele fa o dira tshwetso eno ya botlhokwa. *Bala Pesalema 119:105.

12. Mo dinageng di le dintsi go na le tlwaelo efe malebana le lenyalo, mme ke sekai sefe mo Baebeleng se se re kaelang mo ntlheng eno?

12 Mo dinageng di le dintsi, go tlwaelegile gore batsadi ba tlhophele ngwana wa bone molekane wa lenyalo. Batho ba le bantsi ba ditso tseo ba dumela gore batsadi ke bone ba leng botlhale e bile ba nang le maitemogelo go feta bana ba bone, ka jalo ke bone ba ka kgonang go dira tshwetso e e botlhokwa jalo. Gantsi manyalo a mo go one banyalani ba a bong ba batletswe balekane a a atlega, fela jaaka mo metlheng ya Baebele. Sekai sa fa Aborahame a ne a roma motlhanka wa gagwe gore a ye go batlela Isake mosadi se tshwaretse batsadi ba ba ka tswang ba le mo seemong se se ntseng jalo gompieno thuto e e molemo. Madi le maemo e ne e se tsone dilo tsa botlhokwa mo go Aborahame. Go na le moo, o ne a tsaya matsapa a go batlela Isake mosadi mo bathong ba ba neng ba obamela Jehofa. *Genesise 24:3, 67.

O KA IPAAKANYETSA JANG GO NNA LE LENYALO LE LE ATLEGILENG?

13-15. (a) Molaomotheo o o mo go Diane 24:27 o ka thusa jang lekawana le le batlang go nyala? (b) Morweetsana a ka dirang gore a ipaakanyetse lenyalo?

13 Fa e le gore tota o batla go nyala kgotsa go nyalwa, o tshwanetse go ipotsa gore, ‘A tota ke ipaakantse?’ Seo ga se laolwe  fela ke gore o ikutlwa jang ka lorato, tlhakanelodikobo, botsala kgotsa go nna le bana. Mme go na le maikarabelo mangwe a mongwe le mongwe yo o batlang go nyala kgotsa go nyalwa a tshwanetseng go a akanyetsa.

14 Lekawana le le batlang mosadi le tshwanetse go akanya thata ka molaomotheo ono: “Baakanyetsa tiro ya gago kwa ntle, mme o e ipaakanyetse kwa tshimong. Morago ga moo gape o age ba ntlo ya gago.” (Diane 24:27) Temana eno e kayang? Mo metlheng eo, fa monna a ne a batla go ‘aga ntlo ya gagwe,’ kgotsa go simolola lelapa ka go nyala, o ne a tshwanetse go ipotsa jaana, ‘A ke tla kgona go tlamela mosadi le bana bape ba re ka nnang le bone?’ O ne a tshwanetse go bereka pele, a tlhokomela masimo a gagwe, kgotsa dijalo. Molaomotheo ono o a dira le gompieno. Monna yo o batlang go nyala o tshwanetse go ipaakanyetsa boikarabelo joo. Fa fela a sa ntse a kgona, o tla tshwanelwa ke go bereka. Lefoko la Modimo le bontsha gore monna yo o sa tlhokomeleng ba lelapa la gagwe ka se ba se tlhokang mo nameng, mo maikutlong le semoyeng, o bosula go feta motho yo o se nang tumelo!—Bala 1 Timotheo 5:8.

15 Mosadi yo o dirang tshwetso ya gore a nyalwe, le ene o dumela go rwala maikarabelo mangwe a a bokete. Baebele e bua molemo ka bokgoni le dinonofo dingwe tse mosadi a ka tlhokang go nna le tsone fa a ntse a thusa monna wa gagwe e bile a tlhokometse ba lelapa la gagwe. (Diane 31:10-31) Banna le basadi ba ba itlhaganelelang lenyalo mme ba sa ipaakanyetsa go rwala maikarabelo a lone, tota ba ikakanyetsa ba le bosi, ga ba akanye ka se ba tla se direlang motho yo e tla nnang molekane wa bone wa lenyalo. Mme sa botlhokwa le go gaisa, batho ba ba akanyetsang lenyalo ba tshwanetse gore ba bo ba ipaakantse semoyeng.

16, 17. Batho ba ba ipaakanyetsang go tsena mo lenyalong ba tshwanetse go akanya ka melaometheo efe ya Dikwalo?

16 Go ipaakanyetsa lenyalo go akaretsa go akanya ka maikarabelo a monna le mosadi ba a filweng ke Modimo. Monna o tshwanetse a itse gore go nna tlhogo ya lelapa la Bokeresete go kaya eng. Maikarabelo ano ga a mo neye tetla ya gore a nne mogateledi. Mo boemong jwa moo, o tshwanetse go etsa tsela e Jesu a dirisang botlhogo ka yone. (Baefeso 5:23) Ka tsela e e tshwanang, mosadi wa Mokeresete o tshwanetse go tlhaloganya seabe sa mosadi se se  nang le seriti. A o iketleeleditse go ikobela ‘molao wa monna wa gagwe’? (Baroma 7:2) O setse a le kafa tlase ga molao wa ga Jehofa le wa ga Keresete. (Bagalatia 6:2) Taolo e monna wa gagwe a tla bong a na le yone mo lelapeng e tla bo e le molao o mongwe gape. A o tla kgona go ema nokeng le go ikobela taolo ya monna yo o sa itekanelang? Fa mosadi a bona gore a ka se itumelele go dira jalo, go ka nna molemo gore a se ka a nyalwa.

17 Mo godimo ga moo, molekane mongwe le mongwe o tshwanetse a iketleeletsa go naya molekane wa gagwe dilo tse di kgethegileng tse a di tlhokang. (Bala Bafilipi 2:4.) Paulo o ne a kwala a re: “A mongwe le mongwe wa lona ka bongwe a rate mosadi wa gagwe jalo jaaka a ithata; kafa letlhakoreng le lengwe, mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.” Paulo o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo go lemoga gore monna o na le sengwe se se kgethegileng se a se tlhokang, e leng go ikutlwa a tlotliwa thata ke mosadi wa gagwe. Mosadi le ene o tlhoka sengwe se se kgethegileng—go ikutlwa a ratiwa ke monna wa gagwe.—Baefeso 5:21-33.

Baratani ba le bantsi ba rulaganya ka botlhale gore go nne le mongwe yo o ba bayang leitlho

18. Ke ka ntlha yang fa batho ba ba ratanang ba tshwanetse go nna boikgapo?

18 Ka jalo, nako ya thatano ga se ya go ijesa monate fela. Ke nako ya gore monna le mosadi ba ithute go dirisana sentle, ba bone gore a go tla bo go le molemo gore ba nyalane. Gape ke nako ya go nna boikgapo! Ba ka ikutlwa ba na le keletso e e maatla ya go bontshana lorato ka tsela e e tshwanetseng banyalani fela—mme gone ke ga tlholego go nna le maikutlo a a ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, batho ba tota ba ratanang ba tla tila go dira sepe fela se se ka senyang kamano ya moratiwa wa bone le Modimo. (1 Bathesalonika 4:6) Ka jalo, fa e le gore o ratana le mongwe, nna boikgapo; nonofo eo e ka go solegela molemo botshelo jwa gago jotlhe, le fa o ka nyala kgotsa wa se ka wa nyala.

O KA DIRA JANG GORE LENYALO LA GAGO LE NNELE RURI?

19, 20. Tsela e Mokeresete a lebang lenyalo ka yone e tshwanetse ya farologana jang le tsela e batho ba le bantsi mo lefatsheng gompieno ba le lebang ka yone? Tshwantsha.

19 Fa banyalani ba batla gore lenyalo la bone le nnele ruri, ba tshwanetse go leba maitlamo a lenyalo ka tsela e e  tshwanetseng. Mo dibukeng le mo difiliming, gantsi kwa bokhutlong banyalani ba feleletsa ba itumetse fela jaaka batho ba eletsa gore go nne jalo mo manyalong a bone. Mme mo botshelong jwa mmatota, lenyalo ga se bokhutlo; tota lenyalo ke tshimologo—tshimologo ya sengwe se Jehofa a neng a rulaganyeditse gore se nnele ruri. (Genesise 2:24) Ka maswabi, batho ba bantsi mo lefatsheng gompieno ga ba lebe dilo jalo. Mo ditsong dingwe, batho ba tlhalosa lenyalo ba re le tshwana le megala e mebedi e e bofilweng lefuto. Ba ka tswa ba sa lemoge gore setshwantsho seo se tlhalosa sentle kafa batho ba bantsi ba lebang lenyalo ka teng. Ke eng fa go ka tualo? Le fa lefuto le le bofilweng sentle le tshwanetse go gagamala fa go tlhokega, selo se sengwe se se bontshang gore lefuto le bofilwe sentle ke gore le kgone go bofololwa motlhofo.

20 Batho ba le bantsi gompieno ba tsaya gore lenyalo ke selo sa nakwana. Ba tsena mo go lone motlhofo fela ka gonne ba tsaya gore le tla ba naya se ba se tlhokang, mme ba batla gore fela fa go nna thata ba kgone go tswa mo go lone. Le fa go ntse jalo, gakologelwa papiso e Baebele e e dirisang fa e bua ka lenyalo—e le tshwantsha le mogala. Megala kgotsa dikgole tse di diretsweng dikepe tsa kwa lewatleng di diretswe gore di nnele ruri, di se ka tsa tlhatlhamologa kgotsa tsa thathologa le fa go ka nna le matsubutsubu a a kana kang. Lenyalo le lone le diretswe gore le nnele ruri. Gakologelwa gore Jesu o ne a re: “Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” (Mathaio 19:6) Fa o tsena mo lenyalong, o tshwanetse go leba lenyalo fela jalo. A maitlamo a a ntseng jalo a dira gore lenyalo e nne mokgweleo? Nnyaa.

21. Monna le mosadi ba tshwanetse go lebana ka tsela e e ntseng jang, mme ke eng se se ka ba thusang go dira jalo?

21 Ka metlha monna o tshwanetse go leba mosadi wa gagwe ka tsela e e siameng, mme mosadi le ene o tshwanetse go leba monna wa gagwe jalo. Fa mongwe le mongwe wa bone a leka go tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tsa yo mongwe le mo maitekong a a a dirang, lenyalo la bone le tla ba itumedisa e bile le tla ba lapolosa. A go bona se se molemo  mo molekaneng yo o sa itekanelang ke go itlhokomolosa boammaaruri? Jehofa ga a ke a itlhokomolosa boammaaruri, mme go botlhokwa mo go rona gore ka metlha o bona se se molemo mo go rona. Mopesalema o ne a botsa jaana: “Fa nkabo o lebelela ditlolo, wena Jah, Jehofa, ke mang yo o neng a ka ema?” (Pesalema 130:3) Banna le basadi le bone fela jalo, ba tshwanetse go bona se se molemo mongwe mo go yo mongwe le go itshwarelana.—Bala Bakolosa 3:13.

22, 23. Aborahame le Sara ba ne ba tlhomela banyalani ba gompieno sekao se se molemo jang?

 22 Lenyalo le ka itumedisa thata fa le ntse le tshwareletse fa dingwaga di ntse di feta. Baebele e re bolelela kaga lenyalo la ga Aborahame le Sara fa ba setse ba godile. Botshelo jwa bone ruri bo ne bo na le mathata le dikgwetlho. Akanya fela gore Sara, yo o ka tswang a ne a le mo dingwageng tsa bo60, o ne a ikutlwa jang fa a tshwanelwa ke go tlogela legae la gagwe la manobonobo kwa motseng o o humileng wa Ure a bo a ya go nna mo megopeng botshelo jwa gagwe jotlhe. Le fa go ntse jalo, o ne a ikobela botlhogo jwa monna wa gagwe. E re ka e ne e le motlatsi le mothusi wa mmatota wa ga Aborahame, o ne a nna tlotlo mme a mo ema nokeng gore ditshwetso tsa gagwe di atlege. Mme o ne a sa dire fela gore go lebege e kete o a ikoba. Tota le fa a buela “kafa teng,” o ne a bitsa monna wa gagwe morena. (Genesise 18:12; 1 Petere 3:6) O ne a tlotla Aborahame go tswa pelong.

23 Mme gone seo ga se reye gore ka dinako tsotlhe Aborahame le Sara ba ne ba leba dilo ka tsela e e tshwanang. Sara o kile a ntsha kakantsho e e neng e “sa itumedise gotlhelele” mo go Aborahame. Le fa go ntse jalo, Aborahame o ne a reetsa lentswe la mosadi wa gagwe ka boikokobetso jaaka fa Jehofa a ne a mo laetse, mme seo se ne sa tlisetsa lelapa la gagwe masego. (Genesise 21:9-13) Gompieno banna le basadi, tota le ba ba nang le dingwaga tse dintsi ba nyalane, ba ka ithuta dilo tse dintsi mo banyalaning bano ba ba neng ba rata Modimo.

24. Manyalo a a tlisetsang Jehofa Modimo tlotlo ke a a ntseng jang, mme a dira seo jang?

24 Mo phuthegong ya Bokeresete, go na le manyalo a le mantsintsi a a itumetseng—manyalo a mo go one mosadi a tlotlang monna wa gagwe thata, monna a ratang mosadi wa gagwe e bile a mo tlotla, mme boobabedi ba dira mmogo gore go dira thato ya ga Jehofa go tle pele mo botshelong jwa bone. Fa o swetsa ka gore o tsene mo lenyalong, e kete o ka tlhopha molekane wa gago ka botlhale, wa ipaakanyetsa lenyalo sentle, mme wa leka go nna le lenyalo le le renang kagiso le lorato, le le tlotlang Jehofa Modimo. Fa o dira jalo, ruri lenyalo la gago le tla go thusa gore o nne o le mo loratong lwa Modimo.

^ ser. 11 Bona kgaolo 2 ya buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 12 Ditlhogo tsa lotso dingwe tse di ikanyegang di ne di na le basadi ba feta a le mongwe. Fa Jehofa a ne a dirisana le ditlhogo tsa lotso le Baiseraele ba tlholego, o ne a letlelela batho go nyala lefufa. Ga se ene a simolotseng thulaganyo eo ya go nyala lefufa, mme o ne a e laola. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba nna ba gopotse gore Jehofa ga a tlhole a letla baobamedi ba gagwe go nyala lefufa.—Mathaio 19:9; 1 Timotheo 3:2.