Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 7

A o Tsaya Botshelo bo le Botlhokwa Jaaka Modimo a bo Tsaya?

A o Tsaya Botshelo bo le Botlhokwa Jaaka Modimo a bo Tsaya?

“O na le motswedi wa botshelo.”—PESALEMA 36:9.

1, 2. Ke mpho efe e e tswang kwa Modimong e e botlhokwa thata gompieno, mme ke ka ntlha yang fa go le jalo?

RRAARONA yo o kwa legodimong o re neile mpho e e botlhokwa thata—mpho ya go tshela re le batho ba ba botlhale ba ba kgonang go etsa dinonofo tsa gagwe. (Genesise 1:27) Ka gonne re na le mpho eo e e botlhokwa thata, re kgona go tlhaloganya kafa melaometheo ya Baebele e re solegelang molemo ka gone. Fa re dirisa melaometheo eno, re ka nna batho ba ba godileng semoyeng ba ba ratang Jehofa le ba ‘bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisitsweng gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.’—Bahebera 5:14.

2 Go botlhokwa thata gompieno gore re tlhaloganye kafa melaometheo ya Baebele e re solegelang molemo ka gone, ka go bo dilo di setse di raraane thata mo lefatsheng mo e leng gore ga go kgonege gore go nne le melao e e ka akaretsang maemo otlhe a a ka nnang teng mo botshelong. Seno se bonala sentle mo go tsa kalafi, segolobogolo malebana le melemo e e tswang mo mading le kalafi e go dirisiwang madi mo go yone. Kgang eno e botlhokwa mo bathong botlhe ba ba batlang go ikobela Jehofa. Le fa go ntse jalo, fa re tlhaloganya melaometheo ya Baebele e e malebana le kgang eno, re tshwanetse go kgona go dira ditshwetso tse di botlhale tse di tla dumalanang le segakolodi sa rona le go re boloka mo loratong lwa Modimo. (Diane 2:6-11) Sekaseka mengwe ya melaometheo eno.

BOTSHELO LE MADI DI BOITSHEPO

3, 4. Baebele e umaka boitshepo jwa madi leng lekgetlho la ntlha, mme seo se theilwe mo melaometheong efe?

3 Lekgetlho la ntlha la fa Jehofa a ne a bolela kafa botshelo le madi di amanang thata ka gone le kafa di leng boitshepo ka gone,  e ne e le fela fa Kaine a sena go bolaya Abele. Modimo o ne a raya Kaine a re: “Reetsa! Madi a ga monnao a goela kwa go nna go tswa mo mmung.” (Genesise 4:10) Mo matlhong a ga Jehofa, madi a ga Abele a ne a tshwantshetsa botshelo jwa gagwe, jo bo neng bo kgaupeditswe setlhogo. Ka jalo, go ka twe madi a ga Abele a ne a goela kwa Modimong gore a a busolosetse.—Bahebera 12:24.

4 Morago ga Morwalela wa motlha wa ga Noa, Modimo o ne a letla batho gore ba je nama ya diphologolo mme a ba laela gore ba se ka ba ja madi a tsone. Modimo o ne a re: “Fela nama e e nang le moya wa yone—madi a yone—lo se ka lwa e ja. Mme, mo godimo ga moo, madi a lona, a meya ya lona, ke tla a lopa.” (Genesise 9:4, 5) Taelo eno e ama ditlogolwana tsotlhe tsa ga Noa go tla go fitlha mo motlheng wa rona. E gatelela se Modimo a neng a se boleletse Kaine—gore madi a emela moya kgotsa botshelo jwa dibopiwa tsotlhe. Gape molao oo o supa gore Jehofa, Motswedi wa botshelo, o tla sekisa batho botlhe ba ba sa tlotleng botshelo le madi.—Pesalema 36:9.

5, 6. Molao wa ga Moshe o ne wa bontsha jang gore madi a boitshepo e bile a botlhokwa thata? (Bona gape le lebokose le le reng “ Tlotla Botshelo Jwa Diphologolo.”)

5 Dithuto tseno tse pedi tse di botlhokwa thata di ne tsa umakiwa le mo Molaong wa ga Moshe. Lefitiko 17:10, 11 ya re: “Fa e le motho ope . . . yo o jang madi a mofuta ope, ruri sefatlhego sa me se tla galefela moya ope o o jang madi, mme ruri ke tla o kgaola mo bathong ba ga one. Gonne moya wa nama o mo mading, mme nna ka bonna ke a lo beetse mo sebesong gore lo direle meya ya lona tetlanyo, ka gonne madi ke one a dirang tetlanyo ka moya o o mo go one.” *—Bona lebokose le le reng “ Madi a Kgona go Dira Tetlanyo.”

6 Fa madi a phologolo e e tlhabilweng a ne a sa dirisiwe mo sebesong, a ne a tshwanetse go tshololelwa fa fatshe. Ka jalo, ka tsela ya tshwantshetso, botshelo bo ne bo busediwa go Mong wa jone wa ntlhantlha. (Duteronome 12:16; Esekiele 18:4) Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go feteletsa  dilo mme ba leke go ntsha lerothodi lengwe le lengwe la madi mo nameng ya phologolo. Moiseraele o ne a ka ja nama ya phologolo ka segakolodi se se phepa fa e le gore e ne e tlhabilwe e bile e tsholotswe madi ka tshwanelo, ka gonne seo se ne se tla bontsha gore o tlotla Moneibotshelo.

7. Dafide o ne a bontsha jang gore o tlotla boitshepo jwa madi?

7 Dafide, “monna yo o amogelwang ke pelo ya [Modimo]” o ne  a tlhaloganya melaometheo ya molao wa Modimo malebana le madi. (Ditiro 13:22) Ka nako nngwe fa a ne a nyorilwe thata, banna ba gagwe ba le bararo ba ne ba tsena ka dikgoka mo bothibelelong jwa baba, ba ga metsi mo mogobeng mme ba a lere kwa go ene. Dafide o ne a dira eng? O ne a re: “A ke tla nwa madi a banna ba ba bayang meya ya bone mo kotsing ka go ya?” Mo go Dafide, go nwa metsi ao go ne go tla tshwana le go nwa madi a banna ba gagwe ba ba neng ba tsentse matshelo a bone mo kotsing ka go ya go a ga. Ka jalo le fa a ne a nyorilwe, o ne “a a tshololela kwa go Jehofa.”—2 Samuele 23:15-17.

8, 9. A tsela e Modimo a lebang botshelo le madi ka yone e ne ya fetoga fa phuthego ya Bokeresete e tlhomiwa? Tlhalosa.

8 Dingwaga di ka nna 2 400 Noa a sena go bolelelwa molao o o malebana le madi le dingwaga di ka nna 1 500 kgolagano ya Molao e sena go dirwa, Jehofa o ne a tlhotlheletsa setlhopha se se laolang sa phuthego ya bogologolo ya Bokeresete go kwala jaana: “Moya o o boitshepo le rona ka borona re bone go le molemo go se lo okeletse mokgweleo o mongwe, fa e se dilo tseno tse di tlhokegang, go nna lo ithiba mo dilong tse di isediwang medingwana ditlhabelo le mo mading le mo dilong tse di kgamilweng le mo kgokafalong.”—Ditiro 15:28, 29.

9 Eleruri, setlhopha se se laolang sa bogologolo se ne sa lemoga gore madi a boitshepo le gore go a dirisa ka tsela e e sa tshwanelang ga go a siama fela jaaka go obamela medingwana kgotsa go akafala. Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba leba kgang eno ka tsela e e tshwanang. Mo godimo ga moo, ka gonne ba dirisa melaometheo ya Baebele, ba kgona go itumedisa Jehofa fa ba dira ditshwetso malebana le go dirisa madi.

GO DIRISIWA GA MADI MO KALAFING

Nka tlhalosetsa ngaka jang ka tshwetso e ke e dirileng malebana le gore a ke tla amogela dikarolwana tsa madi kgotsa nka se di amogele?

10, 11. (a) Basupi ba ga Jehofa ba leba jang go tshelwa madi a a feletseng le dikarolo tse dikgolo tsa madi? (b) Bakeresete ba ka leba dilo ka tsela e e sa tshwaneng mo dintlheng dife malebana le madi?

10 Basupi ba ga Jehofa ba lemoga gore go “ithiba mo . . . mading” go raya gore ga ba a tshwanela go dumela go tshelwa madi le go aba madi a bone kgotsa go a boloka gore ba tle ba a tshelwe. Ka ntlha ya gore ba tlotla molao wa Modimo, ga ba amogele le  dikarolo tse nnè tse dikgolo tsa madi: disele tse dikhibidu, disele tse ditshweu, dipolatelete le polasema.

11 Gompieno, dikarolo tse dikgolo tsa madi di kgaoganngwa go nna dikarolwana, mme dikarolwana tseno di bo di dirisiwa ka ditsela tse di farologaneng. A Mokeresete a ka amogela dikarolwana tseo tsa madi? A o di tsaya e le “madi”? Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso mo kgannyeng eno. Go ntse jalo le ka mekgwa ya kalafi e e jaaka hemodialysis, hemodilution, le cell salvage e mo go yone go dirisiwang madi a gago, fa fela a ne a sa bolokiwa.—Bona Dintlha Tse di Oketsegileng tsa setlhogo se se reng, “Dikarolwana Tsa Madi le Mekgwa ya Karo.”

12. Re tshwanetse go leba le go dira dilo jang mo dikgannyeng tse di amang segakolodi?

12 A dikgang tse motho a itirelang tshwetso mo go tsone ga di botlhokwa go le kalo mo go Jehofa? Di botlhokwa ka gonne o kgatlhegela thata kafa re akanyang ka gone le gore re tlhotlhelediwa ke eng. (Bala Diane 17:3; 21:2; 24:12.) Ka jalo fa re sena go kopa Jehofa  gore a re kaele e bile re dirile dipatlisiso ka kelotlhoko ka molemo mongwe kgotsa mokgwa mongwe wa kalafi, re tshwanetse go reetsa segakolodi sa rona se se thapisitsweng ka Baebele. (Baroma 14:2, 22, 23) Mme gone, ba bangwe ga ba a tshwanela go re direla ditshwetso, le gone ga re a tshwanela go botsa ba bangwe jaana, “O ne o tla dira eng fa o ne o le mo boemong jo ke leng mo go jone?” Mo dikgannyeng tse di ntseng jalo, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go “rwala morwalo wa gagwe.” *Bagalatia 6:5; Baroma 14:12; bona lebokose la setlhogo se se reng “ A ke Tsaya Madi a le Boitshepo?

MELAO YA GA JEHOFA E BONTSHA GORE KE RRE YO O LORATO

13. Melao le melaometheo ya ga Jehofa e bontsha eng ka ga gagwe? Tshwantsha.

13 Melao le melaometheo e e mo Baebeleng e bontsha gore Jehofa ke Moneimolao yo o botlhale le Rre yo o lorato yo o amegang thata ka gore dilo di tsamaele bana ba gagwe sentle. (Pesalema 19:7-11) Le fa molao wa go ‘ithiba mo mading’ e ne e se molao wa botsogo, o re sireletsa gore re se ka ra tsenwa ke malwetse a a bakwang ke go tshelwa madi. (Ditiro 15:20) Tota e bile, batho ba le bantsi mo go tsa kalafi ba re go ariwa kwantle ga go tshelwa madi ke “mokgwa o o molemo thata” wa kalafi o o dirisiwang mo metlheng ya segompieno. Mo Bakereseteng ba boammaaruri, seo se bontsha gore Jehofa o botlhale ka tsela e e se nang selekanyo e bile ke rre yo o lorato.—Bala Isaia 55:9; Johane 14:21, 23.

14, 15. (a) Tsela e Modimo a ratang batho ba gagwe ka yone e ne e bonala mo melaong efe? (b) O ka dirisa jang melaometheo e melao eno ya pabalesego e theilweng mo go yone?

14 Melao e mentsi e Modimo a neng a e neile Baiseraele ba bogologolo e ne e bontsha gore o amega ka batho ba gagwe. Ka sekai, o ne a batla gore matlo a Baiseraele a nne le lobotana lo lo thekeletsang borulelo go thibela dikotsi, e re ka go ne go direlwa dilo tse dintsi kwa marulelong. (Duteronome 22:8; 1 Samuele 9:25, 26; Nehemia 8:16; Ditiro 10:9) Gape Modimo o ne a laela gore dipoo tse di kotsi di tshwanetse go nna di disitswe. (Ekesodo  21:28, 29) Go itlhokomolosa ditaelo tseno go ne go bontsha go sa amege gotlhelele ka batho ba bangwe mme go ne go ka felela ka gore motho a nne le molato wa madi.

15 O ka dirisa jang melaometheo e melao eno e theilweng mo go yone? Akanya ka koloi ya gago, tsela e o kgweetsang ka yone, diruiwa tsa gago, legae la gago, lefelo le o berekang kwa go lone le mofuta wa boitlosobodutu jo o bo tlhophang. Mo dinageng dingwe, dikotsi ke tsone tse gantsi di bolayang basha go feta sepe se sele, gantsi e le ka ntlha ya gore ba tsenya matshelo a bone mo kotsing go sa tlhokege. Le fa go ntse jalo, basha ba ba batlang go tswelela ba le mo loratong lwa Modimo ba tsaya botshelo bo le botlhokwa mme ga ba batle go itlosa bodutu ka go dira dilo tse di kotsi. Ga ba akanye ka tsela ya boeleele ya gore ka gonne e le basha ba ka se gobale. Go na le moo, ba itumelela bosha jwa bone ka go se itlisetse masetlapelo go sa tlhokege.—Moreri 11:9, 10.

16. Ke molaomotheo ofe wa Baebele o o amang kgang ya go senya mpa? (Bona gape le ntlha e e kwa tlase.)

16 Tota le botshelo jwa lesea le le iseng le tsholwe bo botlhokwa thata mo matlhong a Modimo. Kwa Iseraeleng wa bogologolo, fa mongwe a ne a ka gobatsa mosadi wa moimana mme a bo a swa kgotsa lesea la gagwe le swa ka ntlha ya seo, Modimo o ne a tsaya motho yo o molato e le mmolai, mme o ne a tshwanetse go ntsha “moya mo boemong jwa moya.” * (Bala Ekesodo 21:22, 23.) Ka jalo, akanya kafa Jehofa a tshwanetseng a bo a ikutlwa ka gone fa a bona masea a mantsintsi a a iseng a tsholwe a bolawa ka boomo ngwaga le ngwaga ka go ntshiwa ga dimpa, a le mantsi a bolawa ka ntlha ya gore batho ba ikakanyetsa ba le bosi fela e bile ba tseneletse thata mo boitsholong jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo.

17. O ne o ka gomotsa jang motho yo o sentseng mpa pele ga a itse melao ya Modimo?

17 Mme go tweng ka mosadi yo o sentseng mpa pele ga a itse boammaaruri jwa Baebele? A Modimo a ka se ka a mo utlwela  botlhoko? Nnyaa ga go reye jalo! Tota e bile, motho yo o ikwatlhayang ka tsela ya mmatota a ka solofela gore Jehofa o tla mo itshwarela mo motheong wa madi a a tsholotsweng a ga Jesu. (Pesalema 103:8-14; Baefeso 1:7) Eleruri, Keresete ka boene o ne a re: “Ke tlile  go biletsa, e seng batho ba ba siameng, mme baleofi kwa boikwatlhaong.”—Luke 5:32.

TILA GO AKANYA KA TSELA E E BOSULA!

18. Baebele e tlhalosa jang gore lebaka le legolo la go bo go na le dipolao tse dintsi ke lefe?

18 Mo godimo ga go sa utlwise batho ba bangwe botlhoko, Jehofa gape o batla gore re tlose mo dipelong tsa rona lebaka le legolo le le dirang gore go nne le dipolao di le dintsi—letlhoo. Moaposetoloi Johane o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o tlhoileng mokaulengwe wa gagwe ke mmolai.” (1 Johane 3:15) Motho yo o ntseng jalo ga a tlhoa mokaulengwe wa gagwe fela mme o eletsa gore a ka bo a sule. Letlhoo la gagwe le ka bonala ka gore a mo senye leina mo go maswe kgotsa a mo latofatse ka maaka ka dilo tse e leng gore fa di ka bo di le boammaaruri di ne di ka lere katlholo ya ga Jehofa. (Lefitiko 19:16; Duteronome 19:18-21; Mathaio 5:22) A bo go le botlhokwa gore re tlose letlhoo lepe le le ka tswang le le mo dipelong tsa rona!—Jakobe 1:14, 15; 4:1-3.

19. Motho yo o tshelang ka melaometheo ya Baebele o leba jang ditemana tse di jaaka Pesalema 11:5 le Bafilipi 4:8, 9?

19 Gape batho ba ba tsayang botshelo bo le botlhokwa jaaka Jehofa a bo tsaya e bile ba batla go ipoloka mo loratong lwa gagwe ba tila mefuta yotlhe ya thubakanyo. Pesalema 11:5 ya re: “Moya wa [ga Jehofa] o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.” Temana eo ga e tlhalose botho jwa Modimo fela; ke molaomotheo o o amang tsela e re tshwanetseng go tshela matshelo a rona ka yone. E tlhotlheletsa batho ba ba ratang Modimo go tila mofuta mongwe le mongwe wa boitlosobodutu o o ka dirang gore motho a rate thubakanyo. Ka tsela e e tshwanang, mafoko a a reng Jehofa ke “Modimo wa kagiso” a tlhotlheletsa batlhanka ba gagwe go tlatsa megopolo ya bone le dipelo tsa bone ka dilo tse di rategang, tse di molemo le tse di tshwanelwang ke pako, tse di dirang gore go nne le kagiso.—Bafilipi 4:8, 9.

O SE KA WA AMANA LE MEKGATLHO E E NANG LE MOLATO WA MADI

20-22. Bakeresete ba itshwara jang malebana le lefatshe, mme ka ntlha yang?

20 Mo matlhong a Modimo, lefatshe lotlhe la ga Satane le na le  molato wa madi. Tsamaiso ya lone ya dipolotiki, e mo Dikwalong e tshwantshiwang le dibatana tse di setlhogo, e bolaile dimilione tsa batho, go akaretsa le batlhanka ba ga Jehofa ba le bantsi. (Daniele 8:3, 4, 20-22; Tshenolo 13:1, 2, 7, 8) Mekgatlho ya tsa kgwebo le saense e ile ya dirisana le mebuso eno ya sekadibatana, mme ya dira dibetsa tse di kotsi fela thata, mme ka go dira jalo ya itirela poelo ya madi a mantsi. Kgang ya gore “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo” e boammaaruri tota!—1 Johane 5:19.

21 Ka ntlha ya gore balatedi ba ga Jesu “ga ba karolo ya lefatshe” mme ga ba tseye letlhakore mo dipolotiking le mo dintweng tsa lone, ba tila go nna le molato wa madi ka bobone le jaaka setšhaba. * (Johane 15:19; 17:16) Mme ba etsa Keresete ka gore ba se ka ba dirisa dikgoka fa ba bangwe ba ba bogisa. Go na le moo, ba rata baba ba bone, e bile ba a ba rapelela.—Mathaio 5:44; Baroma 12:17-21.

 22 Mo godimo ga moo, Bakeresete ba boammaaruri ba tila go inaakanya le “Babelona o Mogolo,” mmusomogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, yo gape a nang le molato o mogolo thata wa madi. Lefoko la Modimo la re: “Go ne ga fitlhelwa madi a baporofeti le a baitshepi mo go ene le a botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.” Ka jalo, re tlhagisiwa jaana: “Tswang mo go ene, batho ba me.”—Tshenolo 17:6; 18:2, 4, 24.

23. Go tswa mo Babelona o Mogolo go raya eng?

23 Go tswa mo Babelona o Mogolo ga go reye fela go iphimola leina kwa kerekeng. Gape go akaretsa go ila mekgwa e e bosula e bodumedi jwa maaka bo e amogelang kgotsa bo e buelelang phatlalatsa—dilo tse di tshwanang le boitsholo jo bo sa siamang, go inaakanya le dipolotiki le go gagamalela dikhumo ka bogagapa. (Bala Pesalema 97:10; Tshenolo 18:7, 9, 11-17) Gantsi ditiro tseno di ile tsa felela ka tshololo e ntsi ya madi!

24, 25. Ke eng se se ka dirang gore Modimo a utlwele botlhoko motho yo o nang le molato wa madi yo o ikwatlhayang? (b) Seno se re gopotsa thulaganyo efe ya mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele?

24 Pele ga re tsena mo kobamelong ya boammaaruri, rotlhe re ne re tshegetsa tsamaiso ya ga Satane ka tsela nngwe, mme ka jalo re ne re na le molato wa madi ka selekanyo se se rileng. Le fa go ntse jalo, ka gonne re ile ra fetola boitshwaro jwa rona, ra nna le tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Keresete e bile re ineetse mo Modimong, jaanong re amogelwa ke Modimo e bile re sirelediwa semoyeng. (Ditiro 3:19) Tshireletso eo e re gopotsa metse ya botshabelo mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele.—Dipalo 35:11-15; Duteronome 21:1-9.

25 Thulaganyo eo e ne e bereka jang? Fa Moiseraele a ne a ka bolaya mongwe ka phoso, o ne a tshwanetse go tshabela kwa motseng mongwe wa botshabelo. Fa baatlhodi ba ba tshwanelegang ba sena go dira tshwetso ka kgang eo, motho yo o bolaileng yo mongwe ka phoso o ne a tshwanetse go nna mo motseng wa botshabelo go fitlha moperesiti yo mogolo a swa. Morago ga moo o ne a ka nna gongwe le gongwe. Ruri seo ke sekao se se tlhomologileng sa kutlwelobotlhoko ya Modimo le sa kafa a tsayang botshelo jwa motho bo le botlhokwa thata ka gone! Metse eo ya bogologolo ya botshabelo e tshwana le thulaganyo ya Modimo  gompieno, e e theilweng mo setlhabelong sa thekololo sa ga Keresete, e e re sireletsang gore re se ka ra bolaelwa go tlola ka phoso molao wa Modimo o o malebana le boitshepo jwa botshelo le madi. A o anaanela thulaganyo eo? O ka bontsha jang gore o a e anaanela? Tsela nngwe ke ka go laletsa ba bangwe gore ba amogele tshireletso ya Modimo, segolobogolo fa “pitlagano e kgolo” e ntse e atamela ka bonako.—Mathaio 24:21; 2 Bakorintha 6:1, 2.

ANAANELA BOTSHELO KA GO RERA MOLAETSA WA BOGOSI

26-28. Boemo jwa rona gompieno bo tshwana jang le jwa ga moporofeti Esekiele, mme re ka ipoloka jang mo loratong lwa Modimo?

26 Boemo jwa batho ba Modimo mo motlheng wa rona bo re gakolola jwa moporofeti wa bogologolo Esekiele, yo Jehofa a neng a mo tlhoma gore e nne molebeledi wa semoya wa ntlo ya Iseraele. Modimo o ne a re: “O tla utlwa lefoko [la me] . . . o bo o ba naya tlhagiso e e tswang mo go nna.” Fa Esekiele a ne a ka tlhokomologa thomo ya gagwe, o ne a tla nna le molato wa madi a batho ba ba neng ba tla bolawa fa Jerusalema e senngwa. (Esekiele 33:7-9) Mme Esekiele o ne a le kutlo ka jalo a se ka a nna le molato wa madi.

27 Gompieno, re gaufi le bofelo jwa lefatshe lotlhe la ga Satane. Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ba go tsaya e le boikarabelo le tshiamelo go bolela ka “letsatsi la pusoloso” la Modimo le go bolela molaetsa wa Bogosi. (Isaia 61:2; Mathaio 24:14) A o nna le seabe ka botlalo mo tirong eno e e botlhokwa? Moaposetoloi Paulo o ne a tsaya thomo ya gagwe ya go rera masisi. Ka ntlha ya seo, o ne a ka re: “Ke phepa mo mading a batho botlhe, gonne ga ke a ithiba go lo bolelela boikaelelo jotlhe jwa Modimo.” (Ditiro 20:26, 27) A bo a re tlhometse sekao se se molemo jang se re ka se etsang!

28 Gone mme, e le gore re ipoloke mo loratong lwa ga Jehofa yo e leng rre yo o lorato, re tshwanetse go dira se se fetang fela go leba botshelo le madi jaaka Jehofa a di leba. Gape re tshwanetse go nna re le phepa kgotsa re le boitshepo mo matlhong a gagwe, jaaka re tla bona mo kgaolong e e latelang.

^ ser. 5 Lokwalopaka lwa Scientific American lo bolela jaana malebana le se Modimo a neng a se bua: “Le fa polelo eno e ka tsewa e le tshwantshiso, gape e boammaaruri le ka tsela ya mmatota: mofuta mongwe le mongwe wa sele ya madi o a tlhokega gore re tshele.”

^ ser. 12 Bona Tsogang! ya August 2006, tsebe 3-12, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 16 Bakwadi ba didikishinare ba re mafoko a temana eo ya Sehebera “go bonala a ka se ka a kaya go gobala ga mosadi fela.” Ela tlhoko gape gore Baebele ga e bue sepe ka gore Jehofa o atlhola motho fa leseanyana le le iseng le tsholwe le na le lobaka lo lo kana kang.

^ ser. 70 Bona Dintlha Tse di Oketsegileng tsa Setlhogo se se reng, “Dikarolwana Tsa Madi le Mekgwa ya Karo” go bona tshedimosetso e e oketsegileng.