Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 34

Go Tla Direga Eng fa re Swa?

Go Tla Direga Eng fa re Swa?

JAAKA o itse, gompieno batho ba a tsofala, ba a lwala e bile ba a swa. Le bana ba a swa. A o tshwanetse go boifa loso kana mongwe yo o suleng?— A o itse gore go direga eng fa re swa?—

Ga go na motho ope yo o tshelang gompieno yo o kileng a swa mme a boa a tshela gape gore a tle a re bolelele se se diregang fa motho a sule. Mme fa Jesu, Morutisi yo Mogolo a ne a le mo lefatsheng, go ne go na le monna yo o neng a swa a bo a tsoga. Re ka ithuta gore go direga eng ka batho ba ba swang ka go bala ka monna yono. Monna yoo e ne e le tsala ya ga Jesu mme o ne a nna kwa Bethani, motse o monnye o o gaufi le Jerusalema. Leina la gagwe e ne e le Lasaro, mme o ne a na le bokgaitsadie ba le babedi, e bong Maratha le Marea. A re boneng gore Baebele ya re go ne ga direga eng.

Letsatsi lengwe Lasaro o ne a lwala thata. Ka nako eo, Jesu o ne a le kgakala. Ka jalo Maratha le Marea ba ne ba romela morongwa gore a ye go bolelela Jesu gore kgaitsadiabone, Lasaro, o a lwala. Ba dira seno ka gonne ba a itse gore Jesu a ka tla e bile a ka fodisa kgaitsadiabone. Jesu ga se ngaka, mme o na le maatla a a tswang kwa Modimong a a dirang gore a kgone go fodisa bolwetse jwa mofuta mongwe le mongwe.—Mathaio 15:30, 31.

Le fa go ntse jalo, pele ga Jesu a bona Lasaro, Lasaro o lwala thata a bo a swa. Mme Jesu o bolelela barutwa ba gagwe gore Lasaro o robetse mme O tla ya go mo tsosa. Barutwa ga ba tlhaloganye se  Jesu a se kayang. Ka jalo Jesu o bua jaana ka tlhamalalo: “Lasaro o sule.” Seno se bontsha eng ka loso?— Ee, gore loso lo tshwana le boroko jo bogolo. Ke boroko jo bogolo mo e leng gore motho wa teng ga a lore.

Jaanong Jesu o etela Maratha le Marea. Ditsala tse dintsi tsa lelapa la gabone di setse di gorogile. Ba tlile go gomotsa Maratha le Marea ka gonne kgaitsadiabone a sule. Fa Maratha a utlwa gore Jesu o etla, o ya go mo kgatlhantsha. Go ise go ye kae Marea le ene o a tswa a ya go bona Jesu. O utlwile botlhoko thata e bile o a lela, mme o wela fa dinaong tsa gagwe. Ditsala tse dingwe tse di setseng Marea morago le tsone di a lela.

Morutisi yo Mogolo o botsa gore ba beile kae Lasaro. Batho ba isa Jesu kwa legageng le Lasaro a fitlhilweng kwa go lone. Fa Jesu a bona batho ba lela, le ene o simolola go lela. O itse kafa go tlhokafalelwa ke motho yo o mo ratang go leng botlhoko ka teng.

Go na le leje fa pele ga legaga, mme Jesu a re: “Tlosang leje.” A ba tshwanetse go le tlosa?— Maratha o akanya gore ga ba a tshwanela go le tlosa. A re: “Morena, mo nakong eno o tshwanetse a bo a nkga, gonne ke malatsi a le manè.”

Mme Jesu o mo raya a re: “A ke ne ka se ka ka go bolelela gore fa o ne o ka dumela o ne o tla bona kgalalelo ya Modimo?” Jesu o raya gore Maratha o ne a tla bona sengwe se se neng se tla tlotla Modimo. Jesu o tlile go dira eng? Fa leje le tlosiwa, Jesu o rapela Jehofa ka lentswe le le kwa godimo. Go tswa foo Jesu o bua jaana ka lentswe le le kwa godimo: “Lasaro, tswa!” A o ne a tla tswa?—

A o kgona go tsosa mongwe yo o robetseng?— Ee, fa o mmitsa ka lentswe le le kwa godimo, o tla tsoga. A mme o ka kgona go tsosa motho yo o robetseng mo losong?— Nnyaa. Le fa o ka mmitsa ka lentswe le le kwa godimo jang, motho yo o suleng ga a kitla a go  utlwa. Ga go na sepe se nna kgotsa wena kgotsa motho ope o sele mo lefatsheng a ka se dirang go tsosa baswi.

Jesu o diretse Lasaro eng?

Mme Jesu ene ga a tshwane le rona. O na le maatla a a kgethegileng a a tswang kwa Modimong. Ka jalo fa Jesu a bitsa Lasaro, go direga sengwe se se gakgamatsang. Monna yo o neng a na le malatsi a le manè a sule o tswa mo legageng! O tsositswe! O kgona go hema le go tsamaya le go bua gape! Ee, Jesu o tsosa Lasaro mo baswing.—Johane 11:1-44.

Jaanong akanya fela: Go ne ga direga eng ka Lasaro fa a swa? A karolo nngwe ya mmele wa gagwe—moya wa gagwe—o ne wa tswa mo mmeleng wa gagwe mme wa ya go tshela kwa lefelong le sele? A moya wa ga Lasaro o ne wa ya legodimong? A o ne a tshela koo le Modimo le baengele ba ba boitshepo ka malatsi a le manè?—

Nnyaa. Se lebale gore Jesu o ne a re Lasaro o robetse. Go nna jang fa o robetse? Fa o thulametse, ga o itse se se diregang, ga ke  re?— Mme fa o tsoga, ga o itse gore o na le lobaka lo lo kae o robetse go fitlha o bona nako.

Go ntse jalo ka batho ba ba suleng. Ga ba itse sepe. Ga ba utlwe sepe. Mme ga ba kgone go dira sepe. Go ne go ntse jalo ka Lasaro fa a ne a sule. Loso lo tshwana le boroko jo bogolo jo e reng fa motho a bo robetse a bo a sa gakologelwe sepe. Baebele ya re: “Fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.”—Moreri 9:5, 10.

Lasaro o ne a le mo boemong bofe fa a ne a sule?

Akanya gape ka seno: Fa Lasaro a ne a le kwa legodimong malatsi ao a manè, a o ne a ka se umake sepe ka gone?— Mme fa e le gore o ne a le kwa legodimong, a Jesu o ne a tla mmusetsa mo lefatsheng a mo ntsha kwa lefelong leo le le monate?— Nnyaa!

Le fa go ntse jalo, batho ba bantsi ba re re na le moya, e bile ba re moya o tswelela o tshela fa mmele o swa. Ba re moya wa ga Lasaro o ne o tshela kwa lefelong lengwe. Mme Baebele ga e rialo. Ya re Modimo o dirile monna wa ntlha Adame e le “moya o o tshelang.” Adame e ne e le moya. Baebele gape ya re fa Adame a leofa, o ne a swa. Mme o ne a nna ‘moya o o suleng,’ mme o ne a boela mo loroleng lo a neng a dirilwe ka lone. Gape Baebele ya re bana botlhe ba ga Adame le bone ba ruile boleo le loso.—Genesise 2:7; 3:17-19; Dipalo 6:6; Baroma 5:12.

 Go a bonala gore ga re na moya o o kgaoganang le mebele ya rona. Mongwe le mongwe wa rona ke moya. Mme ka gonne batho ba ruile boleo mo monneng wa ntlha, Adame, Baebele ya re: ‘Moya o o leofang o tla swa.’—Esekiele 18:4.

Ke ka ntlha yang fa go boifa baswi go sa utlwale?

Batho ba bangwe ba boifa baswi. Ba ka se ye gaufi le mabitla ka gonne ba akanya gore baswi ba na le meya e e kgaoganeng le mebele ya bone e e ka nnang ya gobatsa batshedi. A mme motho yo o suleng o ka gobatsa motho yo o tshelang?— Nnyaa.

E bile batho bangwe ba dumela gore baswi ba ka boa e le meya ba tla go etela batho ba ba tshelang. Ka jalo ba beela baswi dijo. Mme batho ba ba dirang jalo ga ba dumele se Modimo a se buang ka baswi. Fa re dumela se Modimo a se buang, re ka se boife baswi. Mme fa e le gore eleruri re leboga Modimo ka go bo re tshela, re tla bontsha seno ka go dira dilo tse Modimo a di amogelang.

Mme o ka nna wa ipotsa: ‘A Modimo o tla tsosa bana ba ba suleng? A ruri o batla go ba tsosa?’ Re tla bua ka seno mo kgaolong e e latelang.

A re bale mo Baebeleng ka boemo jwa baswi le ka gore motho ke moya, mo go Pesalema 115:17; 146:3, 4 le Jeremia 2:34.